O tshwanetse go kwadisa sejanaga sa moswi kgotsa se se gapilweng ke banka ka fa tlase ga leina le le ntšhwa kwa bothating jwa kwadiso jo bo gaufi le wena. Romela tse di latelang:
- Lekwaloitshupo la Rephaboliki ya Aforika Borwa (RSA);
- Fa o sena lekwaloitshupo la RSA:
- Lekwaloitshupo le le rebotsweng ke naga e sele kgotsa
- Setifikeiti sa nomoro ya kwadiso ya sejanaga
- Setifikeiti sa kopanelo kgotsa phetoloina fa sejanaga se tlile go kwadiswa ka khamphani
- Polelo ya Tshimologo kgotsa setifikeiti sa phetoloina fa sejanaga se tlile go kwadiswa ka koporasi e e tswaletsweng
- Fa sejanaga se kwadisitswe ka fa tlase ga leina la moswi, lekwalo la bodiragatsi go tswa kwa modiragatsing yo o tlhophilweng
- Fa e le gore sejanaga se gapilweg ke banka, taelo ya kgotlatshekelo kgotsa ditokomane tse di neetsweng ka go ithaopa di saenilwe ke mong, kgotsa lekwalo la maikano ka motshwaratetla.
Tlatsa foromo ya go dira kopo (foromo ya MVR1A kgotsa ya RLV)
Bona go le gontsi mo webesaeteng ya eNaTIS.
- City of Johannesburg
- City of Tshwane
- City of Cape Town
- Nelson Mandela Bay
- Eastern Cape municipalities
- EFreyistata
- EGauteng
- KwaZulu-Natal municipalities
- ELimpopo
- EMphumalanga Kapa
- ENyakatfo Nshonalanga
- ENyakatfo Kapa
- ENshonalanga Kapa
Published Date