Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Mongongoregi kgotsa motswasetlhabelo ofe fela wa bosenyi, a ka dira tlhagiso ka go kwala kgotsa go tsenela kopano ya Boto ya Parole fa molatofadiwa a sekasekelwa go bewa mo paroleng kgotsa mo ka fa tlase ga tlhokomelo ya kgopololo.
Dikgato tse di latelwang
- Mongongoregi kgotsa motswasetlhabelo ofe fela wa bosenyi o tshwanetse go itsise Boto ya Tlhokomelo ya Kgopololo le Parole (CSPB) ka go kwala fa a eletsa go dira tlhagiso kgotsa go tsenela kopano ya Boto ya Parole.
- Boto e tla itsise mongongoregi kgotsa motswasetlhabelo ka go kwala e mo tlhalosetsa gore a ka dira tlhagiso kwa go mang le gore leng. Letlha le lefelo la kopano ya Boto ya Parole le tsona di tla itsisiwe.
- Ke maikarabelo a mongongoregi kgotsa motswasetlhabelo go itsise Mokhomišenara kgotsa CSPB fa aterese ya gagwe e fetoga.
Boemo jwa tirelo
Boto ya Parole e tla itsise mongongoregi kgotsa motswasetlhabelo ka go kwala ka dintlha tsa tlhagiso le kopano e e maleba ya Boto ya Parole.
Diforomo tse tladiwang
Request to make a representation to a Parole Board (Kopo ka mongongoregi go ka dira tlhagiso kwa Boto ya Tlhokomelo ya Kgopololo le Parole)
Tel: 012 307 2998 | 012 307 2999
Physical address:
124 WF Nkomo Street
Poyntons West Block
Pretoria
0001
Postal address:
Department of Correctional Services
Private Bag X136
Pretoria
0001