Kopo ya thekontle kgotsa go tsamaisiwa ga nama e tala kgotsa go feta mo Aforikaborwa

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga kopo ya thekontle kgotsa tsamaisiwa ga nama e  tala go akaretsa mateng go tla mo kgotsa go feta mo Aforikaborwa

Fa o batla go rekantle nama e e foresee (e tala) go e tlisa mo Rephaboliking ya Aforikaborwa, kgotsa go fetisa nama eo mo Aforika Borwa, molao o tlhoka gore o dire kopo ya phemiti ya thekontle ya diphologolo kgotsa phemiti ya phetiso fo tswa go Mokaedi wa Boitekanelo jwa Diphologolo. O tshwanetse go bona phemiti pele merwalo e tloga kwa nageng e e rekwang kwa go yona.

Mokaedi wa Boitekanelo jwa Diphologolo mo Aforikaborwa o tla rebola phemiti ya thekontle ya diphologolo kgotsa phemiti ya phetiso ya nama e e foreše (e tala) ya dinaga tse a sekasekileng le go amogela ditirelo tsa diphologolo le maemo a boitekanelo jwa diphologolo kwa go tsona. (Tshedimosetso e e ka fitlhelwa mo go ElmarieV@daff.gov.za , Mogala 012 319 7700 kgotsa fekese 012 329 6892).

Go na le ditsamaiso tse di farologang tsa thekontle go ya ka dikumo le maemo a boitekanelo jwa diphologolo mo dinageng tse di farologaneng. Jaaka ditlhokego tsa boitekanelo di fetogafetoga, golagana le Bokaedi jwa Boitekanelo jwa Diphologolo(Mogala: 012 319 7420 /7524 /7700, Fekese 012 329 6892) go bona dintlha tsa sešweng. Diphemiti tsa thekontle ya diphologolo di dira mo pakeng e e lekanyedtsweng ya morwalo o le mongwe.

Dithenkontle tse di fetang mo nageng ya boraro ga di amogelege.
 
Ke maikarabelo a gago jaaka morekantle go buisa e go ikobela melawana ya phemiti ya thekontle ya diphologolo.

Go ya ka Meat Safety Act, 2000 (Molao 40 wa 2000) nama e e gatseditsweng le e e tsidifaditsweng e ka rekwantle fela go tswa kwa botlhabelong, mafelong a go sega le go rulaganya nama a a amogetsweng ke Motlhankedikhuduthamaga wa Bosetšhaba wa Aforikaborwa.

Lenane la mafelo a a dumeletsweng le ka fitlhelwa fa here kgotsa leletsa 012 319 7700 kgotsa romela kopo ka fekese go 012 329 6892.

Dithoto tsa nama e e rekilweng kwa moseja mme e tla ka dikepe di ka tlisiwa mono fela ka ditshodi tsa rifa. Ga go kitla go amogelwa dithoto tsa bontsi tse di kgaogantsweng. Nama e e foreše (e tala) e ka rekwa ntle fela fa e gatseditswe kgotsa e tsidifaditswe ka dithemphereitšha tse di tlhalositsweng mo phemiting ya thekontle ya diphologolo.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Tlatsa foromo ya kopo ya go rekantle/go fetisa nama go tla/feta mo Aforikaborwa.
  2. Fa dikumo di feta mo teng ga Rephaboliki ya Aforika Borwa, o tshwanetse go romela khopi ya phemiti ya thekontle go tswa kwa nageng e di yang kwa go yona mmogo le phemiti ya phetiso ya diphologolo. 
  3. O tshwanetse go duelela phemiti eo.
  4. Tsenya madi a tuelo mo akhaontong ya Lefapha:
    Leina la banka: Standard Bank of South Africa
    Mong wa akhaonto: National Department of Agriculture
    Nomoro ya akhaonto: 011219556 International Band
    Lekala: 010845
    IB brand 0001982 Centre Code
    Swift Code: SBZA-ZAJJ
    Leina la lekala: Arcadia.
  5. Fa o dira kopo boemong jwa mongwe, tsweetswee netefatsa gore o duela ka leina la motho yoo kgotsa setlamo seo. Referense e tshwanetse go nna leina le sefane sa morekantle.
  6. Dituelo di ka dirwa le kwa dikantorong tsa Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi tse di mo lenaneng la dintlha tsa tlhaeletsano.
  7. Maikarabelo a dituediso tsa banka le dituediso tsa Banka ya naga e nngwe ke a gago, lefapha le ka se rebole phemiti fa tlhotlhwa yotlhe  e ise e amogelwe. (E sekasekwa ngwaga le ngwaga mme e phasaladiwa mo teng ga Kuranta ya Puso). 
  8. Tšheke e tshwanetse go duelwa go Mokaedikakaretso: Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi mme e kgomarediwa mo foromong ya kopo le go romelwa ka poso.
  9. Romela foromo e e tladitsweng le bopaki jwa tuelo go:
    The Director: Animal Health
    Import Export Policy Unit
    Private Bag X138
    Pretoria
    0001
    South Africa.
  10. Ga go dikopo tse di tla diragadiwang ntle le bopaki jwa tuelo. Bopaki jwa tuelo bo tshwanetse go romelwa ka fekese go: 012 329 8292 e lebisitswe: Ina Labuschagne.
  11. Tsweetswee tlhalosa mo foromong gore a o tla ya go tsaya phemiti kgotsa o e romelelwe ka poso.
  12. Morago ga go amogela foromo ya kopo e e tladitsweng le bopaki jwa tuelo, Phemiti ya Thekontle ya Diphologolo le Setifikheiti sa Boitekanelo jwa Diphologolo di tla rebolwa mme di romelwa kwa go wena.
  13. O tshwanetse go bona setifikheiti sa boitekanelo jwa diphologolo go tswa go bothati jwa naga e o rekang kwa go yona pele dikumo tseo di romelwa. Setifikheiti se sa boitekanelo se tshwanetse go ikobela melawana e e tlhagelelang mo phemiting ya thekontle ya diphologolo ya Aforikaborwa kgotsa e le e e buisanetsweng ke bothati jwa tsa diphologolo jwa Aforikaborwa le jwa naga e e romelang ntle. 
  14. Fa o tlhoka tshedimosetso malebana le ditlhokego tsa kumo e e rileng ya diphologolo, o ka bona dikhopi tsa dikao tsa Phemiti ya Thekontle ya Diphologolo le Setifikheiti sa Boitekanelo jwa Diphologolo go tswa Kantorong ya Diphemiti.
  15. O tshwanetse go bontsha Motlhankedi wa Taolo ya Direkwantle mo Aforikaborwa dilo tse di latelang kwa bogorogelong:
    1. Phemiti ya Tota ya Thekontle ya Leruo
    2. Setifikheiti  sa Tota Boitekanelo jwa Leruo.
  16. Dithoto tsotlhe tsa nama di tshwanetse go tlhatlhobiwa kwa mafelong a a tlhagelelang mo phemiting ya thekontle:
    • Durban: Mogala: 031 337 4346/7 
    • Cape Town: Mogala: 021 551 2050 
    • City Deep (tse di tswang fela kwa dinageng tse di mabapi): Mogala: 011 613 1636 
    • Port Elizabeth (dira dithulaganyo pele): Mogala: 041 585 8907.

Nako ya tiragatso

Fa motlhankedi wa tsa diphologolo kwa kantorong ya bosetšhaba a setse a amogetse thekontle, go tsaya matsatsi a tiro a le mararo go ya go a le matlhano go diragatsa kopo le go rebola phemiti.

Tuelo ke bokae

R220

O ka golagana le mang

 

Share this page