Kwadisa dijo tsa leruo le dijo tsa diphologolo tsa gae

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Kaga go kwadisa dijo tsa leruo le dijo tsa diphologolo tsa gae

Go tlhagisa kgotsa go rekisa dijo tsa leruo kgotsa tsa diphologolo tsa gae, o tshwanetse go kwadisa le Mokwadisi wa Molao 36 wa 1947.

Dijo tsa leruo le dijo tsa diphologolo tsa gae le dilo tse di dirwang ka go thubaganya kgotsa go sila dijo, divithamini, kgotsa diminerale. Di dirisiwa go fepa diphologolo tsa gae le leruo.O tshwanetse go bo o nna mo Aforikaborwa kgotsa motho wa semolao yo o nang le kantoro mo Aforikaborwa go ka dira kopo.Fa dijo tsa leruo kgotsa dijo tsa diphologolo tsa gae tse o batlang go di kwadisa di setse di kwadisitswe ke motho yo mongwe, o tshwanetse go bona tetla e e kwadilweng go tswa go motho yoo pele o di kwadisa.

Pele o isa kopo ya gago, o tshwanetse go romela sampole ya dijo tsa leruo kgotsa diphologolo tsa gae kwa laboratoring e e maleba. Kumo e tshwanetse go sekasekwa go ya ka ditlhokego tse di rileng. Laboratori eo e tshwanetse go go naya setifikheiti sa tshekatsheko se o tshwanetseng go se kgomaretsa mo kopong ya gago. Mokwadisi a ka se amogele kopo ya gago ntle le setifikheiti sa tshekatsheko se se tswang kwa laboratoring e e maleba.

Ela tlhoko: O tshwanetse go ntšhwafatsa kwadiso morago ga dingwaga di le tharo. Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi le tla go itsise fa o tshwanetse go ntšhwafatsa. Tshedimosetso e tshwana le fa o ntšhwafatsa setlhongwa sa go opafatsa.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Isa sampole ya dijo tsa leruo kgotsa dijo tsa diphologolo tsa gae kwa laboratoring e e maleba go tlhatlhobiwa le go rebolelwa setifikheiti sa laboratori.
  2. Kwalela Mokwadisi lekwalo le le nang le tshedimosetso e:
    • Dijo tsa leruo kgotsa dijo tsa diphologolo tsa gae 
    • Nomorokwadiso ya dijo tsa leruo kgotsa tsa diphologolo tsa gae, fa di setse di kwadisitswe neela lebaka la thomelo (nomorokwadiso ya dijo tsa leruo kgotsa tsa diphologolo tsa gae, kgotsa o tsenya dijo tsa leruo kgotsa tsa diphologolo tsa gae tse dingwe mo kumong e e kwadisitsweng) 
    • Tetla e e kwadilweng, fa dijo tsa leruo kgotsa tsa diphologolo tsa gae di kwadisitswe ke motho yo mongwe
    • Setifikheiti sa tshekatsheko go tswa kwa laboratoring Bopaki jwa tuelo le referense. Se ga se tlhokege fa o isa kopo ya gago ka seatla mme o duela madi a a seatleng kwa Lefapheng la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi (DAFF).
    • Pakana kgotsa leibole ya kumo
  3. Sitlholola le go tlatsa foromo ya setifikheiti sa kwadiso. Foromo e tshwanetse go saeniwa ke Mokhomišenara wa Maikano. Ga go na foromo ya setifikheiti sa thekontle. 
  4. Kgomoretsa lekwalo, leibole ya kumo le setifikheiti sa tshekatsheko go tswa kwa laboratoring mo foromong ya kopo.
  5. Isa diforomo tsa kopo (ya tota le khopi) le ditlankana tse di kgomareditsweng go: The Registrar: Act No. 36 of 1947, Private Bag X343, Pretoria, 0001 kgotsa o ka di isa ka seatla go: The Registrar: Act No. 36 of 1947, Agriculture Place, 20 Steve Biko Street, Arcadia Pretoria
  6. Duela tlhotlhwa e e beilweng. Fa o posa kopo ya gago o tshwanetse go duela tlhotlhwa e e beilweng ka otara ya poso go Mokaedikakaretso wa Temothuo. Fa o isa kopo ka seatla o ka duela tlhotlhwa e e beilweng ka seatla. Tsenya tshedimosetso e e tshwanang le ya setlhongwa sa opafatso.
    Account name: NDA-ACT36 of 1947
    Account number: 11 2031 02
    Branch code: 01 0845
    Bank name: Standard Bank
    Ref: 11FF1 le leina la setlamo.

Nako ya tiragatso

Go tsaya dikgwedi di ka nna nne

Tuelo ke bokae

Dituediso tsa 2024/25

O ka golagana le mang

 

Administration

Lindinkosi Lembethe
Tel: 012 319 6863
E-mail: LindinkosiL@daff.gov.za

National office
Tel: 012 319 6657
Fax: 012 319 7179
Physical address: 20 Steve Biko Street, Arcadia, Pretoria
Postal address: Private Bag X343, Pretoria 0001
Web address: http://www.old.dalrrd.gov.za/Branches/Agricultural-Production-Health-Fo…

Share this page