Moporesitent Cyril Ramaphosa: Puo e e ka ga Kgatelopele e e Dirilweng ka fa Nageng ya Aforika Borwa mo go Samaganeng le go Anama ga Leroborobo la Mogare wa Coronavirus (COVID-19)

MaAforika Borwa a gaetsho,

Jaanong re setse re na le matsatsi a le 11 re tsene mo ngwageng yo mošwa.

Jaaka gale, ke le eletsa lotlhe tsotlhe tse di molemo mo ngwageng ono wa 2021.

Re tsena mo ngwageng ono re phophoma ka tsholofelo – tsholofelo ya gore gongwe mo ngwageng ono naga ya rona e tla itharabologelwa mo boitekanelong jwa yona, tsholofelo ya gore gongwe ngwaga o mošwa o tla imolola batho boima jo bantseng ba bo jarile le go digela matswalo a bona, le tsholofelo ya gore gongwe re tla aga sešwa matshelo a batho le ka fao ba iphedisang ka gone.

Mme jaanong, fa e le gore re batla go bona ditsholofelo tsa rona tsa monongwaga e nna ditiragalo tsa boammaruri, re tshwanetse go tshwaragana gore re fenye leroborobo leno le le setlhogo, le le tlhasetseng le le ganang go fela la mogare wa corona.

Leroborobo leno ka fa nageng ya rona ke gona le gakalang le go feta jaanong.

Dipalopalo tsa dikgetse tse dintšhwa jaanong, tsa bao ba amogetsweng kwa dipetlele le bao ba thutseng botala ka tlhogo di kwa godimo go gaisa kwa tshimologong fa dikgetse tsa ntlha di ne di rekotiwa ka fa nageng ya rona ka Mopitlwe 2020.

Fa e sale go tloga ka Letsatsi la Ngwaga o Mošwa, re setse re rekotile ditshwaetso tse dintšhwa tsa mogare wa corona di ka nna 190 000

Naga e setse e rekotile dintsho di le 4 600 tsa COVID-19 mo ngwageng ono fa esale o roga.

Fa e sale leroborobo leno le simolola, Aforika Borwa e setse e rekotile palogotlhe e e fetang 1.2 milione ya dikgetse tsa COVID-19.

Re rekotile dintsho di feta di le 33 000 mme batho ba feta ba le 148 000 ba setse ba amogetswe kwa bookelong.

Mo palolong ya baagi ba naga ya rona, porofense e e nnileng le palo e e kwa godimo ya dikgetse mo matsatsing a le supa a a fetileng e nnile KwaZulu-Natal, mme ya latelwa ke ya Kapa Bophirima, Gauteng, Limpopo le ya Mpumalanga.

Ditshwaetso tse dintšhwa tsa kwa KwaZulu-Natal le kwa Kapa Bophirima di goletse ka bonako mme jaanong di setse di fetile seemo sa go gakala sa kwa tshimologong ya bolwetse jono.

Ditshwaetso kwa Gauteng di tsweletse go tlhatloga ka bontsi mme go solofetswe fa di tla tlhatlogelapele ka baagi ba bangwe gape ba bantsi ba Gauteng ba tla bo ba boela morago kwa porofenseng eno go latela matsatsi a boikhutso.

Le fa go le jalo, re tiisiwa mmoko ke dipalo tsa Kapa Botlhaba, le fa tota di santse di le kwa godimo,  ga di sa le kwa godimo go tshwana le ka fao di ne di le mo gare ga kgwedi ya Sedimonthole.

Mo dikarolong di le mmalwanyana ka fa nageng, palo ya balwetse ba ba amogelwang kwa dipetlele le yona e kwa godimo go feta ya bao ba amogetsweng fa mogare ono o ne o simolola.

Ga jaanong go setse go na le batho ba feta ba le 15 000 ba ba tshwerweng ke COVID-19 kwa dipetlele naga ka bophara, e leng seo se imetsang maokelo, badiredi le didirisiwa tsa one.

Kotara ya balwetse botlhe ba ba nang le COVID-19 kwa dipetlele ba tsentswe okisijene.

Kajalo, re tsepamisitse mogopolo thata mo maokelong a rona gore re oketse palo ya meteme ya okisijene le go bulela sešwa dipetlele tsa nakwana tse di leng kgakajana le baagi.

Diphatlhatiro tse dingwe gape tse di neng di bulegile go thapiwa batho mo go tsona, mme didirisiwa tsa go iphemela di disitswe ka leitlho le le ntšhotšho ka tshwaraganelommogo le Kantoro ya Kobamelo ya Maemo a Boitekanelo.

Dipatlisiso tse di dirilweng ke borasaense ba rona di utolotse gore ditshwaetso tse dintsi tse re itemogelang tsona di tlhotlhelediwa bogolosegolo ke mogare wa corona o o farologaneng le o o tlwaelegileng o o itsegeng ka gore ke 501.v2.

Mogare ono o o sa tshwaneng le o otlwaelegileng o bonwe lantlha mo nageng ya Aforika Borwa ka kgwedi ya Ngwanaitseele.

Re itse sentle gore mogare ono o o sa tshwaneng le o otlwaelegileng o anama ka lebelo le le kwa godimo go gaisa la mogare o o tlwaelegileng.

Seno re se bona ka bontsintsi jwa dipalo tsa batho ba ba tshwaetsegileng mo nakong e e khutshwanyana.

Tshedimosetso e e ntseng e nna teng ga jaana e tshitshinya gore mogare ono o o sa tshwaneng le o otlwaelegileng ga o na bolwetse jo bo gatelelang jalo go tshwana le o o tlwaelegileng.

Le fa go le jalo, o imetsa maokelo gonne dipalo tsa bao ba tshwaetsegang di oketsega ka bonako mme dipetlele di tlala ka bonko.

Fela e nngwe ya dilo tse di botlhokwa tse re di itseng ka ga mogare ono o o sa tshwaneng le o otlwaelegileng ke gore re ka thibela go tshwaetsana ka one ka go tsaya tsone dikgato tse re sa bolong go di tsaya mo malobeng tso go itshireletsa le go sireletsa ba bangwe.

A re gakologelweng gore kana mogare ono o ebela mo moweng.

Ka jalo re tshwanetse go ikgatosa mafelo a a sa tsenelweng ke mowa, a go kitlaneng batho mo go one mme re se atumelane le batho ba bangwe.

Ka ntlha ya gore mogare ono o o sa tshwaneng le o otlwaelegileng o fetalana moroba, go botlhokwa thata gore yo mongwe le yo mongwe wa rona a ntshe matlho dinameng mo mafelong a re yang kwa go ona le mo bathong bao re buisanang le bona.

Ga re a tshwanela go itlhokomolosa epe fela ya ditaolelo tsa boitekanelo tseo re ntseng re di latela.

Go bua nnete se mogare ono o o sa tshwaneng le o otlwaelegileng se re bolelelang sona ke gore re tshwanetse go itlhokomela thata, go ikobela thata melaokiletso le go latela ka tlhomamo ditaolelo tsa boitekanelo.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Le fa tota leroborobo leno le ntshitse ga tshwene ka fa nageng ya rona, seo ga se ree gore re itlhoboge.

Jaaka re bontshitse mo dikgweding di le 10 tse di fetileng, ditshwetso tsa rona di na le seabe mo dikgatong tseo re di tsayang le mo go anameng ga bolwetse jono.

Re bontshitse gore ka go tshwaraganela kgetse ya tsie re ka kgona go fetola seemo.

Jaaka re simolola monongwaga, a re ithulaganyeng gore ono ngwaga re busetse maemo sekeng.

A re utlwaneng gore ke eng se re tshwanetseng go se dira – mme re se dire – gore re fedise leroborobo leno mo ngwageng wa 2021.

Sa ntlha, re tshwanetse go dira tsotlhe mo maatleng a rona go fokotsa lebelo la ditshwaetsego mme, fela jaaka re dirile mo nakong e e fetileng, re bo re fedise ditshwaetsego.

Sa bobedi, re tla thankgolola lenaane le legolo la moento go thusa gore batho ba naga ya rona ba se tshwaetsege mme seno se tla fokotsa go anama ga mogare ono.

Fa re ka tsepamisa mogopolo mo dintlheng di le pedi tseno tse di botlhokwa, fa re ka tsaya dikgato ka lepotlapotla le ka maikemisetso, re tla kgona go thibela ditshwaetso tse dingwe gape di le dintsi, ra kgona go boloka matshelo, go aga sešwa ikonomi ya rona mme kwa bokhutlhong ra fedisa bolwetse jono.

Tiro ya ntlha e re tshwanetseng go e dira – go fokotsa lebelo la ditshwaetsego – re setse re na le didirisiwa tsotlhe tse re di tlhokang go e diragatsa.

Re le baagi ka bongwe jwa rona, re le malapa, re le ditlamo, re le setšhaba, re itse sentle seo re tshwanetseng go se dira.

Ke itumedisitswe ke ka fao batho ba tsibogetseng boikuelo jwa gore ba apare dimaseke fa ba le fa gare ga batho, go nne re a itse gore eno ke e nngwe ya ditsela tse di mosola tsa go thibela go tshwaetsana ka mogare ono.

Ke rata go leboga maAforika Borwa otlhe a a aparang maseke ka gale.

Ono ke motsi o yo mongwe le yo mongwe wa rona a tshwanetseng go swetsa gore a ka se atlane le batho ba bangwe go sa tlhokagale.

Ke rata go ka tsaya motsotso ono go gatelela kgang ya maso, e leng one a a tsweletseng go tsewa jaaka dikopano tseo di gasang bolwetse jono mo go tsona.

Tirelo ya phitlho e e nang le seriti mo go bao re ba ratang ke seo mongwe le mongwe wa rona a nang le sone ka fa teng ga gagwe.

Go na le dilo tseo re di dirang go latela ditso tsa rona; e seng fela ka nako ya poloko mme le mo matsatsing ao go tlisiwang matshidiso ka ona.

Le fa go le jalo tota, tseno ke tse dingwe tsa dilo tseo re tshwanetseng go itlhokomolosa tsona nakwana.

Re tshwere phage ka mangana, ka jalo ditiro tseno tsotlhe tse re tlwaetseng go di dira di re baya mo kotsing – di baya rona, ba lelapa le le leng mo kutlobotlhokong le ba malapa a rona kwa gae mo kotsing.

Nako e tla fitlha mo re kgonang go ya kwa lelapeng le le leng mo khutsafalong go isa matshediso, mo re tla kgonang go kgothatsa sentle baagisani ba rona, ditsala tsa rona le ba masika.

Fela mo nakong eo re leng mo go yona jaanong, gore o babalesege go botlhokwa gore o nne kwa gae.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Ka la bo 28 Sedimonthole 2020, re itsisitse gore naga ya Aforika Borwa e busediwa mo kgatong e e tlhatlhobilweng sešwa ya boraro e le kgato ya go thibela ditshwaetso tse di tlhatlogang ka lebelo.

Re ne gape ra itsise gore dikarolo di le mmalwanyana kwa Kapa Botlhaba, Kapa Bophirima, KwaZulu-Natal, Gauteng, Limpopo le Bokone Bophirima go totobaditswe fa e le mafelo a mogare ono o itelekelang mo go ona.

Jaanong re kgonne go bona tšhono ya go sekaseka dikgato tseno tse di neng di tsentswe tirisong go nna karolo ya kgato e e tlhatlhobilweng sešwa ya boraro go lebeletswe seemo se re leng mo go sona sa leroborobo leno.

Re kgonne gape le go atlhaatlha dintlha tseno le baeteledipele ba merero ya sedumedi, mekgatlho ya baagi, bagwedi, mekgatlho ya badiri le baemedi ba mebuso ya diporofense le ya selegae mmogo le baeteledipele ba merero ya setso mabapi le seabe seo dikgato tseno di nang le sone.

Go latela dikeletso tsa Lekgotla la Naga le le Jarileng Maikarabelo a Mogare wa Corona (NCCC), Kabinete e tsere tshwetso ya gore e se sutise naga mo kgatong e e tlhatlhobilweng sešwa ya boraro.

Ka jalo, bontsi jwa dikgato tse di itsisitsweng ka letsatsi la bo 28 Sedimonthole 2020 di tla tswelela go nna mo tirisong.

  • - Re lebile dikotsi tsa go anama ga ditshwaetso, bontsi jwa dikopano tse di tshwarelwang ka fa teng ga meago le kwa ntle ga meago di tla ilediwa. Tseno go buiwa ka dikopano tsa go ikentsha bodutu, tsa sedumedi, tsa sepolotiki, dikopano tsa magosi mmogo le go kokoana kwa mabaleng a metshameko.

Jaaka re dirile mo malobeng, mo dikopanong tse di ileditsweng tseno ga go buiwe ka diphitlho le tse dingwe di le nnye tse di letleletsweng jaaka di tlhalosiwa mo melawanataolong, go tshwana le kwa mafelong a bojelo, kwa dimusiamong le kwa mafelong a boikatiso.

  • Ditirelo tsa phitlho ga di a tshwanelwa ke go tsenelwa ke batho ba feta ba le 50, mme mo go tsona batho ba tshwanetse ba nne le sekgala se se lekaneng gore ba kgone go katogana, go tshwanetse go nne le dibolayamegare tse di tlodiwang mo diatleng mme batho botlhe ba apare dimaseke.
  • Nako e e beilweng gore batho ba se ebele le masigo jaanong e tla simolola ka ura ya borobongwe bosigo go fitlha ka ura ya botlhano mo matsheng.
  • Batho botlhe ba tshwanetse go apara dimaseke fa ba le fa gare ga batho.
  • Go rekisiwa ga notagi kwa mabentleleng le bojalwa jo bo nwelwang koo bo rekisiwang gone go santse go ileditswe.
  • Maokelo a le malwanyana ka fa nageng ya rona a re begetse gore go ilediwa ga thekiso ya notagi go fokoditse thata dipalopalo tsa dikgobalo tseo gantsi dipetlele di itemogelang tsone mo pakeng ya go Kgaola Ngwaga.

Go botlhokwa thata gore re tswelele go tlhokomela maokelo a rona mo nakong eno ya dikgobalo.

  • Mawatle otlhe, matamo, matsha, dinoka, diphaka tsa sešhaba le mafelo a setšhaba a go šapela a a fitlhelwang mo mafelong a mogare ono o itelekelang mo go ona a tla tswalelwa. Jaaka go dirilwe mo nakong e e fetileng, mafelo a dijalo tsa tlhago, diphaka tsa ka fa nageng le diphaka tse dingwe moo go nang le taolo ya go laola bao ba tsenang mo go tsona a tla tswelela go direla setšhaba.

E nngwe ya dikgwetlho tse re nang le tsona jaaka matsatsi a boikhutso a lebile bokhutlhong jaana ke tshubetlhelano e re e bonang kwa melelwaneng ya rona e mentsi e e ka fa nageng.

Ntlha eno e dirile gore batho ba le bantsi ba tshwaetsege ba ntse ba letile gore ba kwadisiwe mme e bile gape go ntse go le boima go netefatsa gore ditlhokwa tsotlhe tsa boitekanelo tse di tlhokegang fa motho a tsena ka fa nageng ya Aforika Borwa di a obamelwa, ka ntlha ya fa e le batho ba le bantsi ba ba fitlhileng ba sena bopaki jwa go dira diteko tsa COVID-19.

Go fokotsa tshubetlhelano le dikotsi tsa go tshwaetsana, Kabinete e tsere tsheetso ya gore melelwane e le 20 ya ka fa nageng e ga jaana e butsweng e tla tswalelwa ka la bo 15 Tlhakole mabapi le ditirelo tsa go tsena le go tswa ka fa nageng.

Eno e tsenyeletsa le melelwane e e dirisiwang thata e leng molelwane wa Beitbridge, wa Lebombo, wa Maseru Bridge, wa Oshoek, wa Ficksburg le wa Kopfontein.

Le fa e tla bo e tswaletswe batho ba tla letlelelwa go tsena le go tswa ka fa nageng fa e le gore:

  • ba rwele leokwane, merwalo le dithoto,
  • ba tlhoka tirelo ya boitekanelo ya tshoganyetso mabapi le bolwetse jo bo leng kotsi thata,
  • ke baagi ba maAforika Borwa, ba ba neilweng maemo a boAforika Borwa kgotsa e le bao ba nang le di-Visa tse di leng mo nakong mme ba boelang gae,
  • ke ditipolomate,
  • ke baagi ba dinaga tsa kwa ntle mme ba boela kwa dinageng tsa bobona,
  • ke batho ba ba tsenang sekolo ka fa nageng ya rona ba tswa kwa dinageng tse di mabapi mme ba tla ka fa nageng le go boela kwa dinageng tsa bona letsatsi le lengwe le le lengwe ka ntlha ya sekolo.

Lenaneo le le feletseng la bao ba tla letlelelwang go kgabaganya e tla nna karolo ya melawanataolo ya kgato eno.

Go botlhokwa gore dikgato tsa Kgato ya Boraro di tswelele go dirisiwa go fitlha re kgabaganya seemo se se rotogileng sa ditshwaetso tse dintšhwa mme re setse re na le bonnete jwa gore lebelo la ditshwaetso le wetse kwa tlase thata mo re ka kgonang go ka repisa melaokiletso e e leng mo tirisong ga jaana.

Ke rata go ka leboga bogolosegolo bakereki ka tshegetso ya bona le go tlhaloganyeng ga bona fa e sale re welwa ke leroborobo leno.

Mekgatlho ya sedumedi ga ya fokotsa kgotsa go fetola fela ditiro tsa yone le ditsela tseo e rorisang mmuso wa magodimo ka tsone, di abelane gape le ka thuso ya go thoba matswalo, ya go tshegetsa batho, ya go fepa setšhaba le ya go thusa ka ditirelo tse dingwe tsa loago mo setšhabeng.

Go tota go utlwisa botlhoko gore mo nakong eo mo go yona batho ba totang ba tlhoka go digelwa matswalo le go fepiwa dijo tsa semowa, ka maswabi ke yona nako eo mo go yona melaokiletso e e mabapi le dikopano tsa sedumedi le tsa methale e mengwe e santseng e le mo tirisong.

Dipatlisiso di ribolotse dikotsi di le mmalwanyana tse di tlhodiwang ke ditiro tsa sedumedi le tse di tlhodiwang ke dikopano tse dingwe. Tsone di tsenyeletsa le dikotsi tse di tlhodiwang ke mafelo a a sa tsenelweng ke mowa, matšhwititšhwiti a batho, go nnela gaufi le batho ba bangwe, go nna mo lefelong le le lengwe sebaka le go buela kwa godimo mmogo le go opela.

Re tla tswelela go buisana le baeteledipele ba merero ya sedumedi mabapi le ditsela tse di siameng tse di bolokesegileng tseo re ka kgonang go di dira gore re kgone go thusa bontsi jwa barapedi gore ba kgone go galaletsa mmuso wa magodimo e le phuthego fa ka mo letlhakoreng le lengwe ba thusana le rona mo go somareleng matshelo a batho.

Jaanong jaaka dikolo le ditheo tse dingwe tsa thuto di ipaakanyetsa go simolola ngwaga o mošwa,go na le ketsaetsego e e tlhaloganyegang ya gore a seno ke kakanyo e e siameng jaaka re setse re dubana le thankga ya ditshwaetso tse di ipoang sebedi jaana.

NCCC e gare e samagane le yona ntlha eno, mme e tla re mo matsatsing a a tlang ya rebola ditshupetsokaelotse tse di mabapi le yona ntlha eno.

Jaaka baagi ba boela ditirong ka fa nageng go latela gore ba keteke matsatsi a meletlo ya boikhutso, go botlhokwa gore mafelo otlhe a tiro a tswelele go diragatsa ditaolelo tsa ona tsa pabalesego le go netefefatsa gore ditaolelo tseno di obamelwa ka botlalo.

Tiro ya rona ya bobedi jaaka re samagane le go itharabologelwa ke go diragatsa thibelaketegelo mo baaging ba rona ka go diragatsa lenaane le legolo la moento.

Go tlhagisiwa ga meento e le mmalwanyana e e nang le mosola ke selo sa botlhokwa thata e bile se supa kgatelopele e kgolo fa e sale leroborobo leno le nna teng lefatshe ka bophara.

Ga re a bolo gore moento o o dirang o tla fetola seemo seno thata.

Moento o naya batho mo lefatsheng tšhono ya go laola leroborobo leno la mogare wa corona.

Motho yo o entileng ga go bonolo gore a ka lwala kgotsa a bolawa ke COVID-19.

Fa batho ba bantsi ba setse ba entile, re tla nna mo seemong se se itsegeng ka gore ke sa ‘ipabalesego ya baagi go se tshwaetsege’ kgotsa ‘ipabalesego ya setšhaba go se tshwaetsege’.

Seemo seno ke fa bontsi jwa baagi ba sa tshwaetsege mme ka go dira jalo ba tla bo ba babalela bao ba tshwaetsegang bonolo, mme seno se tla dira gore go anama ga mogare ono go laolege.

Le fa tota re sa itse gore palo e e tlhokegang gore re fitlhelele ‘ipabalesego ya baagi go se tshwaetsege' ke bokae, borasaense ba rona ba nagana gore fa 67% ya baagi mo setšhabeng sa rona e ka entiwa re ka fitlhelele seno.

Seno se raya gore re tlhoka batho ba le dimilione di le 40 mo Aforika Borwa go fitlhelela seno.

Re tsentse tirisong leano le le feletseng la moento le ka lona re tla kgonang go fitlhelela dikarolo tsotlhe tsa ka fa nageng.

Eno e tla nna tiro e kgolo e e matswakabele eo naga ya rona e iseng e bo e samagane le yona fa e sale.

E tlo nna e e namagadi go gaisa lenaane la kalafi ya HIV le go gaisa gape le la ditlhopho tsa rona tsa naga, tsa porofense le tsa dipusoselegae ka re tshwanetse go fitlhelela batho ba bantsi thata mme re direla mo nakong e khutshwanyana thata.

E tla tlhoka gore maphata otlhe a puso, maphata otlhe a setšhaba le baagi botlhe ba naga ya rona ba tsenye letsogo go utlwagala.

Leano la rona le na le dikarolo di le mmalwanyana.

Karolo ya ntlha ya leano la rona ke go reka meento e e lekaneng gore re kgone go fitlhelela seemo se re se batlang sa ‘ipabalesego ya baagi go se tshwaetsege’.

Ga jaanong re samagane le thulaganyo ya go reka meento ka go dirisa metswedi e le meraro: ka go dirisa letsholo la Mokgatlho wa Merero ya Boitekanelo wa Lefatshe (WHO) la COVAX, ka go dirisa letsholo la moento la Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU) mmogo le ka go ikopantsha ka namana le batlhagisi ba moento.

Jaaka ke setse ke tlhalositse mo nakong e e fetileng gore Aforika Borwa ke karolo ya letsholo la COVAX, mo dinaga di abelanang ka metswedi ya tsona go tshegetsa tlhagiso ya moento ka maitlhomo a gore dinaga tsotlhe di kgaogane ka go lekana meento e e dirang.

Go fela jao ka re tla neelwa meento e e tla neelwang 10% tsa baagi ba naga ya rona go tswa mo go COVAX.

Jaaka naga ya rona e le monnasetulo wa AU, re ne ra tlhoma Setlhophatiro sa Aforika sa go Reka Moento gore se samagane le tiro ya go rekela kontinente ya rona moento. Meento eno e tla rekiwa ka mmetela mme dinaga tsa Aforika di tla kgona go ithekela meento eno mo motsweding ono.

Go akanngwa gore Aforika yotlhe e tla tlhoka meento e le bilione le halofo gore e kgone go ka dira gore 60% ya baagi ba yone ba se tshwaetsege.

Ka go nna le dipuisano tse di boima le batlhagisi ba meento, setlhophatiro se se romilweng se dirile tiro e ntle thata gore se kgone go rekela dinaga tsa kontinente ya rona meento eno.

Puso ya Aforika Borwa gape ka fa letlhakoreng le lengwe e ntse e tsweletse go buisana le batlhagisi ba le mmalwanyana ba meento mme e setse e na le sebaka se se fetang dikgwedi di le thataro.

Ka ntlha ya tlhokego e kgolo mo lefatsheng ya moento mmogo le bokgoni jo bogolo jwa go reka jwa dinaga tse di humileng, re dira tsotlhe tse re ka di kgonang go ka reka meento e mentsi ka mo re ka kgonang ka bonako jo bo kgonegang.

Le fa go na le dipuisano di le mmalwanyana tse di solofetsang magareng ga rona le batlhagisi ba moento ba le bantsinyana tseo di santseng di tla garelwa, go fitlha mo motsing ono re kgonne go reka meento e le dimilione di le 20 eo e tla tlisiwang mo kgaolong ya ntlha ya ngwaga.

Re tla dira dikitsiso tse dingwe fa re konosetsa dipuisano tsa rona le batlhagisi ba moento.

Karolo ya bobedi ya leano la rona ke go nopola batho ba ba leng kwa setlhoeng bao ba tshwanetseng go neelwa moento fa re ntse re amogela meento eno mo tsamaong ya ngwaga.

Mo Kgatong ya Ntlha, fa dipaki tsa ntlha tsa moento di goroga, re tla di neela badiredi ba tsa boitekanelo ba ba di gogang kwa pele ba le 1.2 milione.

Mo Kgatong ya Bobedi, fa meento e mengwe e goroga, re tla e neela badiredi ba ba botlhokwa ba ba jaaka mapodisi, badiredi ba masepala le badiredi ba bangwe ba ba di gogang kwa pele. Re tla neela gape le batho ba ba leng kwa ditheong di tshwana le mafelo a tlhokomelo ya batsofe, mafelo a tlhokomelo ya bana le batho ba ba humanegileng mmogo le mafelo a batshwariwa, batho ba ba setseng ba fetile dingwaga di le 60 mmogo le bagodi ba ba nang le malwetse a a  iphitlhileng. Mo kgatong eno re solofela gore re tla kgona go fitlhelela palogotlhe ya batho ba le dimilione di le 16.

Mo Kgatong ya Boraro, fa batlhagisi ba moento ba ntse ba oketsega,  re tla kgona go dira gore bagodi ba ba iseng ba entiwe ba le dimilione di le 22.5 ba entiwe.

Mme ka nako eo re tla bo re kgonne go enta maAforika Borwa a le dimilione di le 40, e leng palo e e tseewang gore e bapile le eo e tlhokagalang ya ipabalesego ya baagi go se tshwaetsege.

Karolo ya boraro ya leano la rona ke go romela meento mo dikgaolong tsotlhe tsa ka fa nageng le go enta bao ba nopotsweng e le bona ba ba tshwanetsweng go entiwa.

Re tlhomile komiti ya naga ya taolo ya dithulaganyo, e leng yona eo e kopanyang maphata a a botlhokwa a puso, lekala la poraefete le bannaleseabe ba bangwe go disa gore leano la naga le kgone go diragadiwa.

Re tla enta batho kwa dipetlele, kwa ditleliniking, ka go dirisa matsholo a a latelang batho kwa mafelong a ba nnang mo go ona, mmogo le kwa makaleng a poraefete a a jaaka kwa disejering tsa dingaka, kwa dikhemiseng le kwa mafelong a batho ba dirang kwa go ona.

Re nnile le dipuisano di le mmalwanyana le bannaleseabe mo dibekeng tsa mo malobeng tse di fetileng e le maitlhomo a go dira gore re nna le letsholo la moento le le tsenyeletsang botlhe le le tsamaisiwang ka tolamo.

Go utlwanetswe tirisanommogo magareng ga puso, dikema tsa tirelo ya inšorense ya boitekanelo le makala a poraefete gore ba thusane go reka, go tlamela ka matlole le go phasalatsa meento.

Re bona phatlha e e botlhokwa e e ka thibiwang ke mekgatlho ya badiri, baeteledipele ba merero ya setso le badumedi gore ba phasalatse tshedimosetso e e nepagetseng ka ga meento le go netefatsa gore ba tsaya karolo e kgolo mo letsholong la moento.

Re leboga ditshwaelo tse di dirilweng ke mekgatlho ya baagi mmogo le tsa ba bangwe mo go re thuseng go tlhagisa leano la naga le le mosola, le fa tota ditshwaelo tsa bona di ne di sa sekamela ka fa letlhakoreng la puso.

Re samagane le go golaganya metswedi yotlhe ka botlalo mmogo le bokgoni jwa naga ya rona go dira gore e nne sestlhopha se le sengwe seo maitlhomo a sona e leng go dira gore re nne le moento.

Kgolaganyo eno, e leng e nngwe ya tse di botlhokwa tse re nnileng le tsona mo hisitoring ya rona, e botlhokwa thata jaaka re semeletse mmogo gore re fenye ntwa eno kgatlhanong le COVID-19.

Ka fa nageng ya rona go santse go na le ba bangwe ba ba santseng ba na le ketsaetsego ya meento eno, e bile gape go na gape le tshedimosetso e ntsi e e senang nnete e e ntseng e gasiwa ka meento ya COVID-19.

Kana meento ga se selo se sentšhwa ka e sa bolo go dirisiwa go lwantshana le malwetse a a jaaka sekonkonyane le pholio. Bana ba entiwa gangwe le gape go ba sireletsa mo malwetseng a le mantsi a a jaaka mauwe, mmoko, mme le batho ba ba tsayang maeto go leba kwa dinageng tse dingwe ba tlhabelwa moento wa malwetse a a jaaka letshoroma.

Moento yo mongwe le yo mongwe o o tshwanetsweng go dirisiwa mo letsholong la rona o tla tshwanelwa ke gore pele o dirisiwa o nesediwa pula ke ba Bothati jwa Taolo ya Melemo ya Boitekanelo ya Aforika Borwa, mme bothati jono bo dirisa maemo a a gagametseng a a kwa godimo a lekala la saense go netefatsa gore molemo mongwe le mongwe o babalesegile e bile o molemo mo bathong ba ba tla o dirisang.

Leano la moento la naga ya Aforika Borwa le mo tseleng.

Re a tlhaloganya gore rotlhe re batla go itse gore moento ono o tla goroga neng.

Jaaka re samagane le go reka melemo e e lekaneng le fa e le selo seo se tlhokagalang thata mo lefatsheng ka bophara, re tla dira tsotlhe tse re ka di kgonang go netefatsa gore thulaganyo eno e nna e e senang lehunelo le gore tshedimosetso yotlhe e nna teng.

Ke ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go nna karolo ya letsholo leno le legolo la moento wa mogare wa corona.

Le fa tota go tla nna boima, ga nna marara le go nyemisa mmoko, go botlhokwa gore re dire seno mmogo, re lebile naga ya rona le batho ba borona.

Jaaka re le mo leetong leno la go lwantshana le leroborobo la mogare wa corona, ga re a tshwanela go itlhokomolosa go samagana le tirisodikgoka eo banna ba e dirang mo basading le mo baneng mme re dire seno ka lebelo le ka tshwanelo.

Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng le Dipolao tsa Basadi (GBVF) ke leroborobo la naga ya rona la bobedi.

Re samagane le go dira maano a go dira gore re fetole mekgwa le maitsholo a batho a a sa siamang.

Go naya motlhala, puso e ntse e dirisana mmogo le mekgatlho e le mmalwanyana ya baagi go lemosa bakganni ba dithekesi le balaodi ba dithekesi ka ga go tlhorisa batho ba bong jo bongwe, ka ditiro tse di tsamaelanang le go bogisa batho ba bong jo bo rileng, go dirisa maatla a bonna ka tsela e e sa tshwanelang mmogo le GBVF maitlhomo e le go fetola maitsholo a bona.

Go naya motlhala o mongwe gape, mekgatlho ya sedumedi e rebotse letsholo la go lemosa baeteledipele ba merero ya sedumedi ka go dirisa maatla a bona a bonna go gatelela basadi le go diragatsa GBV mo kerekeng.

Re samagane le go tshegetsa matlafatso ya basadi mo mererong ya ikonomi bogolosegolo mo nakong eno ya COVID-19. Yona e tsenyeletsa le katiso ya basadi ba ba nang le dikgwebo go ba thusa gore ba kgone go fitlhelela ditšhono tsa go fitlhelela dithendara tsa puso.

Go fedisa go tlhokofadiwa mo maikutlong ga basadi kwa ditirong, Aforika Borwa e samagane le thulaganyo ya go saenela tumelano ya Kopanokgothakgothe ya bo 190 ya Mekgatlho ya Boditšhabatšhaba ya Merero ya Badiri (ILO), e leng yona e e tlhomang maemo a lefatshe a go sireletsa basadi le batho ba ba leng mo tlalelong kwa mafelong a tirelo.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Go setse go fetile sebaka sa halofo ya ngwaga fa ke ne ke bua le lona ka setsuatsue sa mogare wa corona se se tsubutlang go ralala le naga ya rona.

Mo nakong eo ke rile setsuatsue sa mogare wa corona se bogale thata e bile se tsubutla ka bogale go gaisa ditsuatsue tse dingwe tse re kileng ra kopana le tsona.

Jaanong re fa gare ga mpa ya setsuatsue seno.

Ga re itse gore se tla tsubutla sebaka se se kanakang e bile ga re itse le gore se se tla galefa go fitlha kae.

Fela re a itse gore re tshwanetse go digela matswalo.

Re a itse gore re tshwanetse go itshireletsa le go sireletsa bao re tshelang le bona.

Re itse sentle se re tshwanetseng go se dira go fenya leroborobo leno - re le naga, re le kontinente e bile gape re le baagi mo lefatsheng ka bophara.

Re tshwanetse go tsaya dikgato re le mo maikemisetsong a a tshwanang, re tlhaloganye gore se yo mongwe le yo mongwe wa rona a se dirang se botlhokwa mo go rona, mo ba lelapeng la rona, mo baaging ba rona le mo setšhabeng sa rona.

Fa re ka dirisanammogo jaaka re dirile mo dikgweding di le dintsi tse di fetileng, fa re ka tswelela ka maitlhomo a rona, re tla itemogela ngwaga yo mošwa yo rotlhe re fisegelang go nna le ona.

Kwa bokhutlong re tla nna le kagiso, ra digela matswalo le go nna le pholo e rotlhe re e batlang.

Re tla aga sešwa matshelo a rona le a naga ya rona.

A Modimo a tshegofatsa naga ya Aforika Borwa le go boloka setšhaba sa yona.

Ke a leboga.

Share this page

Similar categories to explore