Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya Laboraro, 18 Diphalane 2023

A.    Merero ya ga Jaanong
1.    Dpalo tsa Bofelo tsa Naga ya Aforika Borwa tsa Letsholo la Mmalabatho la Ngwaga wa 2022 


1.1.    Kabinete e akgotse Setheo sa Dipatlisiso tsa Dipalopalo sa Aforika Borwa (StatsSA) se se eteletsweng kwa pele ke Motlhankedimogolo wa Mmalabatho, Rre Risenga Maluleke go latela gore se diragatse letsholo la mmalabatho le dirisa didirisiwa tsa thekenoloji go ya ka dithulaganyo tsa Dinagakopano (UN). 
1.2.    Letsholo la bone la mmalabatho la puso ya Aforika Borwa e e tlileng morago ga ya tlhaolele le bontsha go utlwagala ka fao naga eno e ntseng e tlhabologa ka gona mo dingwageng di le 29. 
1.3.    Mogo botlhe ba ba itseng ka fao botshelo bo ne bo le mo motsing wa tlhaolele e bile ba santse ba gopola ka fao go ne go le, ba tla bona phapang e kgolo mo go seo se ribolotsweng ke Letsholo la Mmalabatho la ngwaga wa 2022 moo go bonagalang ka fa Aforika Borwa a tshwaraganetsweng ke merafe yotlhe ka gone e bile go matshwao a a tlhamaletseng a a bonagalang gore go baakanngwa dibe tse di tlhodilweng mo nakong e e fetileng ka go dira gore batho botlhe ba rebolelwe ditirelo ka go tshwana le ka go lekalekana. Letsholo leno la Mmalabatho la ngwaga wa 2022 le bontsha gore diphetogo tsotlhe tse di dirilweng ka fa nageng ya Aforika Borwa ga se selo se se go iphitlhetsweng go thulanwe le sona e se maikemisetso, mme ke ka ntlha ya go tsenngwa tirisong matsholo a a rulagantsweng a go tlisa tlhabologo mo matshelong a baagi fa e sale go tloga ka ngwaga wa 1994. Ka ntlha ya seno, Kabinete e rotloediwa ke kgatelopele e e setseng e dirilwe mo dikarolong tse di farologaneng mo setšhabeng. 
1.4.    Letsholo la Mmalabatho la ngwaga wa 2022 le ribolotse gore dikgato tsa go dira gore go nne le dikolo tsa puso tse thuto mo go tsona e sa duelelweng ke baagi, go nneng le Dikolo tsa Bomapimpana (ECD) mmogo le mo go direng gore kwa dikolong go nne le matsholo a go fepa barutwana go thusitse thata mo go direng gore palo ya barutwana kwa dikolong e oketsege le mo go direng gore barutwana kwa dikolong ba dire bontle mo dithutong tsa bona, segolobogolo mo dikolong tse di potlana le tse digolwane.
1.5.    Tse dingwe tsa dikarolo tse di supang katlego mo go tsona ke mo go tlameleng baagi ka ditirelo go tshwana le mo go tsenyetseng baagi metsi, mabone, kgeleloleswe le go thota ditlakala. 
(a)     Go ya ka dipalopalo tsa ngwaga wa 2022, malapa a ka dira 82,4% a ne a setse a tsenyeditswe metsi ka fa dintlong tsa bona kgotsa ka fa dijarateng tsa bona. 
(b)     Dipalo tsa batho ba ba dirisang dintlwanaboithusetso tse di tsamaisang leswe ka metsi di oketsegile go ka fitlha go 70,8% ka ngwaga wa 2022.
(c)     Malapa a a tsenyeditsweng motlakase a oketsegile go tloga mo go a le 58,1% mo ngwageng wa 1996 go ka fitlha mo go a le 94,7% mo ngwageng wa 2022. 
(d)     Letsholo la Mmalabatho la ngwaga wa 2022 le ribolotse gape le dipalopalo tsa malapa gore di batlile di menagana gabedi go tloga mo go a le dimilione di le 9,1 mo ngwageng wa 1996 go ka nna a le dimilione di le 17,8 mo ngwageng wa 2022, mmogo le palo e e oketsegileng ya batho ba ba nnang mo mafelong a a letleletsweng go ka nniwa mo go ona (mo palo e oketsegileng go tloga mo go ba le 65.1% ka ngwaga wa 1996 go fitlha mo go ba le 88.5% ka ngwaga wa 2022). Le fa tota dipalopalo tseno di re tiisa mmoko, di na gape le dikgwetlho tse dikgolo fa go tla mo kabong ya ditirelo mmogo le mo go ageng mafaratlhatlha a a tlhokagalang. 
1.6.    Puso e samagane le go tlhatlhoba makoa a a nopotsweng mo pegelong ya Letsholo la Mmalabatho la ngwaga wa 2022 mme le tla tla ka ditharabololo tse di tlhokagalang go tswa mo pusong. 
1.7.    Kabinete e itumedisitswe ke seo pegelo eno e se totobaditseng mabapi le tseo go dirilweng bontle mo go tsona fa e sale ka ngwaga wa 1994 go dira gore naga ya Aforika Borwa e nne e e botoka mo go botlhe ba ba tshelang mo go yona, mme e a itse gape le gore go santse go le dikgwetlho di le dintsi tse go tshwanetsweng go samaganwa natso. 
 
2.    Ntwa e e Runtseng Magareng ga Naga ya Iseraele le Palestina 

2.1.    Fa e sale go tloga mo bekeng e e fetileng diketekete tsa baagi ba maIseraele le maPalestina ba tse ba bolaana, fa bontsi bona bo gobatsane. Dinaga ka bobedi di gatakakile melao e mentsi ya Boditšhabatšhaba mme ka ntlha ya seno Kabinete e re go tshwanetse go nne le bao ba rweswang maikarabelo mo ditiragalong tseno mmogo le ditiragalo tsa phimolakeledi. Kabinete e kgalema ka mafoko a a bogale seo se dirilweng ke Hamas jaaka e le tiragalo ya go tlhasela batho ba ba senang molato. Le fa go le jalo, Kabinete e kgalema gape le puso ya Iseraele ka mafoko a a bogale jaaka le yona e itshireletsa ka seo Hamas e se dirileng ka go tswelela go ripitla baagi ba Palestina. Tiragalo ya gore Iseraele e phampholole bookelo jwa Ahli Arab Baptist moo batho ba le 500 ba bolailweng fa ba le 1 000 ba nnile le dikgobalo ke tiragalo ya go ikgatolosa melao ya boditšhabatšhaba gonne fa go runtse ntwa, go ya ka Melao ya go tswa Baagi Thuso ya Boditšhabatšhaba, mafelo a a jaaka maokelo ke mafelo a a sa tshwanelwang go tlhaselwa. Kabinete e ikuela mo go Kgotlatshekelo ya Boditšhabatšhaba ya go Sekela Ditiragalo tsa Bosenyi go dira dipatlisiso ka ga tiragalo eno ya go phampholola le go ripitla baagi mo ntweng e e runtseng eno mme seno ke go dira bonnete jwa gore mo lefatsheng ka bophara setheo seno ga se thanye lomapo lo le mo tsebeng jaaka ditiragalo tseno di ka fetlha ditiragalo tsa letlhoo le le tswileng mo taolong la bosemorafe ntse sona se le teng. Letlhoo la bosemorafe le le kileng la itemogelwa ke ba morafe wa maJuta ke selo se re sa tlholeng re batla go se bona, mme ka jalo gore setheo sa lefatshe se se phuthe diatla se itira e kete ga se bone seo puso ya Iseraele e se dirang baagi ba Palestina ke selo se se tla tlhotlheletsang letlhoo la bosemorafe.
2.2.    Kabinete e dumela gore ditheo tsa boditšhabatšhaba di tshwanetse go samagana le dikgato tsa go batla tharabololo ya go sireletsa ruri baagi ba Iseraele le ba Palestina ka go busetsa sekeng ditumelano tse di fitlheletsweng magareng ga dinaga ka bobedi mo ngwageng wa 1947 tsa gore melelwane ya bona e fitlha kae.
2.3.    Kabinete e ikuela mo go puso ya Iseraele go emisa go phampholola ditheo tse di dirisiwang ke baagi tse di jaaka maokelo, dikolo le dintlo tse ba nnang mo go tsona mmogo le go letlelela gore mebila le mafelo a a rileng di se tlhaselwe mme di dirisiwe go tlisetsa baagi ba kwa Gaza Strip thuso jaaka go ba tlisetsa dijo le melemo.
2.4.    Kabinete e kgalema ka mafoko a a bogale puso ya naga ya Iseraele mo go phamphololeng bookelo jwa Ahli Arab Baptist kwa Gaza mme e tsaya gore seno ke lenyatso le le feletseng la Melao ya go tswa Baagi Thuso ya Boditšhabatšhaba, mme e ikuela mo go Kgotlatshekelo ya Boditšhabatšhaba ya go Sekela Ditiragalo tsa Bosenyi go se senye nako mme e tsaya dikgato kgatlhanong le seno. Fa Kgotlatshekelo ya Boditšhabatšhaba ya go Sekela Ditiragalo tsa Bosenyi mmogo le Setheo sa Dinagakopano go se dikgato dipe tseo ba di tsayang seno se tla bontsha gore tota ga go sa na molao mo ditheoong tsa molao tsa boditšhabatšhaba. 

3.    Leeto la Semmuso la go Jelwa Nala ke Naga ya Netherlands

3.1.    Moporesitente Cyril Ramaphosa o amogetse moeng e bong Kgosi Willem-Alexander mmogo le Kgosigadi Máxima ba bogosi jwa naga ya Netherlands mme leeto leno la semmuso le simolotse ka la bo 18 mme le tla garela ka la bo 20 Diphalane 2023. 
3.2.    Naga ya Netherlands ke e nngwe ya dinaga tse di beeletsang thata mo ikonoming ya naga ya Aforika Borwa e bile ke e nngwe ya dinaga tse di botlhokwa tsa naga ya Aforika Borwa e gwebang le tsona. Dipalo tsotlhe tsa go gwebisana nao di menagane gabedi go tloga mo ngwageng wa 2019 go fitlha mo go wa 2022 mo di fitlheletseng R122 bilione. Naga ya Netherlands e bile gape e mo maemong a bone a dinaga tse bontsi jwa baagi ba tsona ba jelang naga ya Aforika Borwa nala.
3.3.    Dinaga ka bobedi go solofetswe gore di tla godisa tirisanommogo e di nang le yona ka go saena Mmemorantamo wa Ditumelano (MoU) mo go Dirisaneng mo Lephateng la Thuto e Kgolwane le ya Ditiro tsa Diatla. 

4.    Motlakase 

4.1.    Kabinete e beilwe mo dinakong ka ga Tiro ya Tlhagiso ya Motlakase ya Setheo sa Eskom mo pakeng e e garelang ka la bo 16 Diphalane 2023. Mo ntlheng eno, tlhagiso ya motlakase ya Eskom tsamaela mo go dimekawate di le 28 615 go tswa mo go dimekawate di le 27 410 tse re neng re na le tsona mo pakeng ya Motsheganong 2023. 
4.2.    Kabinete e ne gape ya sedimosediwa ka go fokotsega ga ditiragalo tsa go robega ga didirisiwa tsa go fetlha motlakase tse di dirang gore re tlhoke motlakase gore jaanong di tsamaela mo go dimekawate di le 13 743 go tswa mo go di le 17 369 ka Motsheganong 2023. Seno ke ka ntlha ya gore didirisiwa tseno di tsweletse go baakangwa ka tshwanelo. 
4.3.    Kabinete e itumedisitswe gape le ke go busediwa tirisong ga motlakase o o kanaka dimekawate di le 800 ka ntlha ya go busetsa tirisong Yuniti ya 1 ya Seteišene sa Motlakase sa Kusile e e buseditsweng tirong ka bonako jo bo neng bo sa solofelwa. Motlakase ono o tla thusa go oketsa motlakase o re nang le ona le go fokotsa ditiragalo tse di tswileng mo taolong tsa motlakase o o tshabetseng ruri.

5.    Samiti e e ka ga Leokwane la Gase le le sa Kgotlheleng Tikologo

5.1.    Kabinete e itumedisitswe ke go tshwarwa ga Samiti ya bobedi e e ka ga Leokwane la Gase le le sa Kgotlheleng Tikologo kwa Motsekapa. Leokwane la gase le le sa kgotlheleng tikologo le ka kgona go thusa gore re nne le motlakase o mongwe o o sa kgotlheleng tikologo mmogo le go ema nokeng dikgato tsa ka fa nageng tsa go nna le motlakase wa go fetlhiwa ka ditsela tse dintšhwa.
5.2.    Mo dikopanong tse di tshwerweng ka fa thoko mo Samiting eno, naga ya Aforika Borwa e nnile le dikopono tse di ka ga go saeniwa ga Ditumelano le Ditlhogo tsa Mebuso mme maitlhomo e le go thankgolola Letlole la SA-H2 leo le tla samaganang le go tlamela ditiragalo tsa go godisa lephata la naga la leokwane la gase le le sa kgotlheleng tikologo

6.    Maikano a Dipeeletso

6.1.    Kabinete e neseditse pula madi a le kanaka dimilione di le R100 a a beeleditsweng ke setlamo sa go betla didirisiwa tsa motlakase ACTOM jaaka se godisa feme ya sona kwa Pretoria. Seno se dira gore ka fa nageng go nne le setheo se se tlhagisang didirisiwa tsa motlakase, fa ka fa letlhakoreng le lengwe seno se dira gore mmaraka wa motlakase wa go fetlhiwa ka ditsela tse dintšhwa o gole. Peeletso eno e tla tlhola ditiro le ditharabololo mo tlamelong ya motlakase wa go fetlhiwa ka ditsela tse dintšhwa.
6.2.    Mo godimo ga seo, Kabinete e neseditse pula gape le peeletso ya Moove e e ka fitlhang go dimilione di le R284 e leng seo se tla thusang dikgwebopotlana mo lephateng la dipalangwa. Moove e rekile dijanaga di feta di le 2 000 tse di tla dirisiwang ke baitlhamedikgwebo mo lephateng la dipalangwa.

7.    Bosenyi le Bonweenwee

7.1    Kabinete e akgotse matsholo a tirisanommogo ya ditheo tsa molao a go phuruphutsa le go thopa ao a eteletsweng pele ke Tirelo ya Lekgetho la Aforika Borwa (SARS) ka la bo 12 Diphalane 2023, mo setheo sa dipatlisiso tsa bosenyi mmogo le tsa molao a nang a semeletse. Matsholo ano a a tlhomiwang ka maitlhomo a go sala morago mofetsho o o rileng a thusa go thibela naga gore e se latlhegelwe ke letseno le le ka fetang dimilione di le R500 mmogo le go sala morago mofetsho wa batho ba le 14. 

8.    Lady R

8.1.    Kabinete e amogetse dikgato tsa ga Jake Sullivan yo e leng Moeletsi wa Merero ya Pabalesego ya Naga ya Amerika jaaka a amogetse ka diatla tsoopedi gore Moporesitente Cyril Ramaphosa o tseetse tlhogong morero wa Lady R, mmogo le go gatelela gore dinaga ka bobedi e santse e le tse di ntshanang se se mo 'inong. 

9.    Mokgotlhwane wa Leruo la DIkgogo

9.1.    Kabinete e beilwe mo dinakong ka ga seo go samaganweng le sona mo go thibeleng go anama ga Mokgotlhwane wa Leruo la DIkgogo o gape o bediwang 'mokgotlhwane wa dikgogo', o o amileng ikonomi le lekala la dikgogo ka tsela e e sa itumediseng. 
9.2.    Tona ya Temothuo, Pusetsomafatshe le Tlhabololo ya Metsemagae Thoko Didiza, o kopane le ba mabentlelemmogo le ba Mokgatlho wa Barui ba Dikgogo wa Naga ya Aforika Borwa go atlhaatlha morero ono gore go bonwe ditharabololo mabapi le gore mae le nama ya kgogo d se tlhaele. 
9.3.    Kabinete e nopotse gore bontsi jwa barui ba dikgogo le batlhagise ba mae ga bo na bothata jono jwa mokgotlhwane wa dikgogo.

10.    Letsatsi le Ditlhopha tsa Aforika Borwa di tla Bong di Thulana le tsa Engelane 

10.1.    Ka Lamatlhatso, 21 Diphalane 2023, ditlhopha di le pedi tse dikgolo tsa naga ya Aforika Borwa di tla thulana le tsa Engelane mo metshamekong ya tsona ya Sejana sa Lefatshe.
10.2.    Kabinete e ikuela mo setšhabeng go ema nokeng ditlhopha tsa naga jaaka di tla bo di thulana le tsa Engelane mo motshamekong wa Sejana sa Lefatshe wa Kerikete kwa nageng ya India le wa Sejana sa Lefatshe tsa Rakabi kwa nageng ya Fora.
10.3.    Ditlhopha tsa Naga ya rona di tswelela go re gopotsa ka fao naga ya Aforika Borwa e leng naga e e dirang ka botswapelo ka gone mme ke tsona tse di re bayang mo papaneneng ka ka fao re leng seoposengwe ka gone re le naga le go bontsha gore naga ya rona e emetswe ke batho ba merafe efe – go nna moAforika Borwa. 
10.4.    Jaaka setlhopha sa Proteas le sa Springboks di tlabo di thulana le ditlhopha tse dingwe mo metshamekong, go mo go rona re le naga go dira bonnete jwa gore kemonokeng ya rona le bona ba a e utlwa, gore re baagi ba naga e e ganang nang ya banyana go ka phuaganngwa.

11.    Letsatsi la Naga la Kgololesego ya Bobegakgang mo go Ketekeng Segopotso sa bo 46 sa Laboraro o o Wetsweng ke Leru le Lentsho 

12.1    Ka la bo 19 Diphalane 2023 Khalentara ya Naga ya Aforika Borwa e re gopotsa ka fao go leng botlhokwa ka gona go nna le bobegakgang jo bo sa sitisiweng go dira tiro ya jona. Mo go lona letsatsi leno mo ngwageng wa 1977, puso ya Tlhaolele e ne ya iletsa makwalodikgang a le mabedi, e bong la The World le la The Weekend World ka maitlhomo a go kgaola molomo wa bobegakgang gore o se tlhole o pepesa dikgang tse di ka dditiragalo tse di setlhogo tse puso eno e neng e di dira. Go ne gape ga golegwa Morulaganyi wa lekwalodikgang leno la The World e bong Percy Qoboza mmogo le ba bangwe ba babegadikgang ba ba neng ba sola mosola bobegakgang go ntshetsa mo pepeneneng ditiragalo tse di setlhogo tsa puso ya tlhaolele.
12.2    Baagi ba naga ya rona ya temokerasi ba ne ba lwela gore bobegakgang bo se ilediwe go dira tiro ya jona mme seno e nne karolo ya ditshwanelo tse di botlhokwa tsa puso ya temokerasi le gore e nne karolo ya Molaotheo. Go fitlha mo motsing ono, bobegakgang jo bo sa ilediweng go dira tiro ya jona bo na le karolo e e botlhokwa thata mo go direng gore re nne le setšhaba se botlhe ba tseewang tsia le se se neelwang tshedimosetso. 

(e)    Ditshwetso tsa Kabinete tse di Tserweng mo Kopanong e e Itlhophileng ya Kabinete e e Neng e Tshwerwe ka la bo 04 Diphalane 2023

1.    Pegelo ya Naga ya Ngwaga wa 2023 ya Dipeelo tsa Tlhabololo ya Leruri (di-SDG)

1.1    Kabinete e neseditse pula Pegelo ya Naga ya Aforika Borwa ya Ngwaga wa 2023 ya Dipeelo tsa Tlhabololo ya Leruri, mmogo le go gololwa ga yona ka Lwetse 2023. 
1.2    Kabinete e totobaditse gore ke fela Setheo sa Dipatlisiso tsa Dipalopalo sa Aforika Borwa (StatsSA) se le esi seo se ikemetseng seo se rweleng maikarabelo a go tlhagisa dipalopalo ka fa nageng.

2.    Setheo sa Naga ya Aforika Borwa se se Rweleng Maikarabelo a go Dira Bonnete jwa gore Batshameki ba Metshameko ga ba Dirise Diritibatsi: Morero o o ka ga go se Latele Molao wa Lefatshe wa go se Dirise Diritibatsi tse di Nayang Batshameki Mafolofolo (WADA).
2.1    Kabinete e sekasekile le go nesetsa pula dikgato tsa go kwalola sešwa Molao wa Setheo sa Naga ya Aforika Borwa se se Rweleng Maikarabelo a go Dira Bonnete jwa gore Batshameki ba Metshameko ga ba Dirise Diritibatsi, Molao wa bo 25 wa 2006 go dira bonnete jwa gore o tsamaisana le Molao wa Lefatshe wa go se Dirise Diritibatsi tse di Nayang Batshameki Mafolofolo.
(f)    Ditshwetso tsa Kabinete tse di Tserweng mo Kopanong ya Kabinete e e Neng e Tshwerwe ka la bo 18 Diphalane 2023
1.    Leano la go Tsamaisa Tiro la Sepodisi sa Ditirelo tsa Matlole (FATF) 
1.1    Kabinete e nopotse kgatelopele e e dirilweng mo go samaganeng le ditiragalo tsa go baya naga leitlho le le ntšhotšho ka ntlha ya ditiragalo tse di seng mo molaong tsa tiriso ya madi tseo di nopotsweng ke FAFT, kgatelopele e e dirilweng mo go sekasekeng dikgato tsa setegeniki di ka nna 14 tseo kobamelo ya tsona e tlhaelang mmogo le kgatelopele e e itumedisang mo dikgatong di ka nna 17 mo go di le 22 tse di tsamaisanang le Leano la go Tsaya Dikgato la ntlha. 
1.2    Kabinete e neseditse pula Leano la go Tsamaisa Tiro le le Samaganang le Matsholo a a Tlhomiwang ka Maitlhomo a go sala Morago Mofetsho o o Rileng a go Kgaoletsa Tiriso ya Matlole gore ditheo tsotlhe maitsholo a tsona e nne a a lolameng fa di sekaseka batho kgotsa ditheo go ya ka karolo ya bo 23 ya Molao o o Kwalolotsweng Sešwa wa Tshireletso ya Temokerasi e e Dirisang Molaotheo Kgatlhanong le Ditiragalo tsa Menolopuso le Ditiragalo tsa Mothale oo (POCDARATA).

2.    Leano la go Rekisa Leokwane la Gase le le sa Kgotlheleng Tikologo (GHCS)

2.1.    Kabinete e neseditse pula GHCS gore naga ya Aforika Borwa e ka simolola go e tsenya tirisong. GHCS e tla netefatsa gore naga ya Aforika Borwa e nna naga e e nang le seabe se segolo mo tlhagisong le mo go rekisetseng dinaga tsa boditšhaba leokwane la gase le le sa kgotlheleng tikologo. 
2.2.    Puso e nopotse diporojeke tse di ka tlamelwang ka matlole go thusa ka leokwane la gase le le sa kgotlheleng tikologo mme e bile go setswe go amogetswe le ditshwaelo di le dintsi go tswa kwa bannaleseabeng mabapi le sekwalwa se iseng se butswe sa Lokwalotshwaelo lwa Puso. 
2.3.    GHCS e dira gore Leano la Leokwane la Gase la Naga ya Aforika Borwa le le sa bolong go nesediwa pula ke Kabinete ka ngwaga wa 2007 le diragadiwe go dira gore naga e kgone go dira gore leokwane la gase e nne le lengwe la diikokotlelo tsa ikonomi ya rona. E tsamaisana gape le Leano la Mosupetsatsela la Leokwane la Gase le le kwadilweng ke Lefapha la Saense le Boitshimololedi le le sa bolong go nesediwa pula ke Kabinete mo ngwageng wa 2021. 

3.    Sekwalwa se se ka ga Thulaganyo e e Tshwanetsweng go Latelwa go Kwalola Sešwa Ditumelano tse di ka ga seo Tlolomolao e leng Sona mmogo le Melato e Mengwe e e dirilweng ka fa sefofaneng. 

3.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go kwalola sešwa sekwalwa seno se se dirisiwang gore se kgone go thibela maitsholo a a maswe a a sitisang ba bangwe ba banamedi mo difofaneng. 
3.2.    Sekwalwa se se ka ga Thulaganyo e e Tshwanetsweng go Latelwa go Kwalola Sešwa Ditumelano tse di ka ga seo Tlolomolao e leng Sona mmogo le Melato e Mengwe e e dirilweng ka fa sefofaneng go dumelanwe ka sona kwa Montréal, Canada ka la bo 04 Moranang 2014 mme se simolotswe go tsenngwa tirisong ka la bo 01 Ferikgong 2020.

4.    Go Tshwara Mmogo Khonferense ya Boraro ya Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika e e ka ga go Nna Tlhogo ya Lelapa ka Tsela e e Tshwanetseng gore re Fedise Pogiso ya Basadi le Basetsanyana

3.1    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa Go Tshwara Mmogo Khonferense ya Boraro ya Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika e e ka ga go Nna Tlhogo ya Lelapa ka Tsela e e Tshwanetseng gore re Fedise Pogiso ya Basadi le Basetsanyana (EVAWG) mme khonferense eno e tla tshwarwa ke naga ya Aforika Borwa mmogo le ya Comoros.
3.2    Khonferense eno e tla tshwarwa magareng ga la bo 27 - 28 Ngwanaitseele 2023 kwa Johannesburg ka molaetsamogolo yo o reng “Go Dumelana go dira gore maikano a dipolotiki tsa kgaolo e nne seoposengwe fa go tla mo go Fediseng Pogiso ya Basadi le Basetsanyana mo kontinenteng ya Aforika.

5.    Phetogo ya Motlakase o o sa Kgotlheleng Tikologo (JET) 

5.1.    Kabinete e nopotse kgatelopele e e setseng e dirilwe mo go tsenyeng tirisong Leano la go Beeletsa mo Phetogong ya Motlakase o o sa Kgotlheleng Tikologo (JET-IP).
5.2.    Kabinete e amogetse gape le Naga ya Bogosi ya Netherlands mmogo le ya Denmark jaaka e le karolo ya Badirisanimmogo ba Rona ba Dinaga tsa Boditšhabatšhaba (IPG) mo mererong ya JET-IP mme e bile gape e neseditse pula le maikano a mantšhwa a JET-IP a a dirilweng mabapi le dinaga tseno mmogo le a a dirilweng ke naga ya Canada, Spain le ya Switzerland mo ngwageng wa 2023.
5.3.    Kabinete e santse e tshwenngwa ke go tlhoka maikano ga dinaga tse di gatetseng pele mabapi le gore ba ntshe ka fa potaneng ba tlamele letsholo la JET mme e gateletse gape le maikano a naga ya Aforika Borwa a go fetolela ko metlakaseng e e siametseng tikologo go ya ka ditlhokwa tsa motlakase tse e nang le tsona.

(g)     Go Thapiwa 
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.
1.    Ms Irene Mashudu Tendani as Chief Financial Officer at the Department of Trade, Industry and Competition.
2.     Ms Shireen Said as Deputy Director-General: Constitutional Development at the Department of Justice and Constitutional Development. 
3.    Mr Lucky Charles Mohalaba as DDG: Court Administration at the Department of Justice and Constitutional Development. 
4.    Mr Siza Dennis Sibande as Senior Executive Officer: Property Management Trading Entity of the Department of Public Works and Infrastructure.
5.    Ms Luyanda Kafile as DDG: Programme Management Office and Special Projects in the Department of Public Works and Infrastructure 

6.    Appointment of members of the Onderstepoort Biological Products Board

6.1.    Prof Peace Mabeta;
6.2.    Dr Natalie Skeepers 
6.3.    Mr Mokutule Kgobokoe;
6.4.    Ms Sinovuyo Matai;
6.5.    Mr Rajesh Mahabeer;
6.6.    Dr Len Konar; and
6.7.    Dr Linda Makuleni – Tompson

7.    Appointment of Board of Trustees of the Independent Development Trust 

7.1.    Mr Kwazikwenkosi Innocent Mshengu
7.2.    Ms Lindelwa Nonjabulo Dlamini

(h)     Ditiragalo tse di Tlang

1.    Puo ya Pholisi ya Tekanyetsokabo ya Kgweditharo (MTBPS) 

1.1.    Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa go reetsa le go bogela Pegelo ya Puo ya Pholisi ya Tekanyetsokabo ya Kgweditharo ya ngwaga wa 2023 ka la bo 01 Ngwanaitseele 2023.
1.2.    Puo eno e tlhalosa ka tsenelelo madi a a okeditsweng mo ditekanyetsong tsa naga mme e bile gape ke karolo e e botlhokwa thata mo nageng ya Aforika Borwa ya thulaganyo ya go rwala maikarabelo mo tekanyetsokabong. 

2.    Imbizo ya Moporesitente ya Leano la Tiragatso ya Kabo ya Ditirelo le le Ikaegileng ka Ditikologo (DDM)
2.1.    DDM ya Imbizo ya ga Moporesitente e e tla tshwarelwang kwa Masepaleng wa JB Marks, kwa Tikologong ya Dr Kenneth Kaunda kwa Bokone Bophirima ka la bo 20 Diphalane 2023, e tla kgontsha puso go ikutlwela ka ditsebe tsa yona dilelo tsa baagi mmogo le go tlhalosetsa baagi bano ditharabololo tseo e di dirisang go samagana le dilelo tsa bona.

3.    Kgwedi ya Bosetšhaba ya Temososetšhaba ka ga Ditshwanelo tsa Batho ba ba nang le Bogolofadi 

3.1.    Kabinete e neseditse pula maikano a monongwaga a go keteka Kgwedi ya Bosetšhaba ya Temososetšhaba ka ga Ditshwanelo tsa Batho ba ba nang le Bogolofadi, mme kgwedi eno e ketekiwa ngwaga o mongwe le o mongwe go tloga ka la bo 03 Ngwanaitseele go fitlha ka la bo 03 Sedimonthole. Molaetsamogolo wa monongwaga wa 2023 ke “Go Kokoanya le go Potlakisa Ditshwanelo tsa Batho ba ba nang le Bogolofadi gore di se salele morago mo Isagong”. 
3.2.    Letsholo leno le samagane le go lemosa baagi ka tseo batho ba ba tshelang ka bogolofadi ba itemogelang tsona mo setšhabeng sa rona, mmogo le go keteka kgatelopele e e setseng e dirilwe ka fa nageng mmogo le bulela batho ba ba tshelang ka bogolofadi ditšhono gore le bona ba kgone go ka nna le seabe mo kgolong ya ikonomi. Tona mo Kantorong ya Moporesitente e e Samaganang le Merero ya Basadi, Bašwa le Batho ba ba Tshelang ka Bogolofadi mo nakong e e sa fediseng pelo o tla tlhagisa matsholo a a tla dirisiwang mo kgweding ya temososetšhaba. 

4.    Letsatsi la go Keteka Dijo tsa Lefatshe la Naga ya Aforika Borwa la ngwaga wa 2023

4.1.    Letsatsi la go Keteka Dijo tsa Lefatshe la Naga ya Aforika Borwa la ngwaga wa 2023 le tla ketekiwa ka la bo 26 Diphalane 2023 kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal, kwa Tikologong ya King Cetshwayo kwa Masepaleng wa Selegae wa Umhlathuze. Letsatsi la go Keteka Dijo tsa Lefatshe le tsepamisa mogopolo mo go nneng le dijo tse di sa tlhaeleng mmogo le mo go tleng ka ditharabololo tse di tla fedisang khumanego. Le fa pegelo ya Mmalabatho ya Ngwaga wa 2022 e bontshitse gore le fa go na le malapa a maAforika Borwa a a santseng a lema dilwana tse di jewang, ke fela malapa a le mmalwanyana a a tlhagisang dijo tse di rekisiwang. Eno ke tiro e puso ya rona e tla samaganang le yona fa e leka go tshegetsa lekala la temothuo la naga ya rona le le matlhagatlhaga gore le kgone go nna le seabe ka botlalo mo tlhagisong ya ditlhagisiwa tsa temothuo mmogo le mo go direng gore naga ya rona e se tlhole e tlhaela dijo le mo go direng gore seno se tlhole ditiro.

5.    Foramo ya Kgato ya go Oketsa Ditšhono tsa go Godisa Ikonomi ya Aforika (AGOA)

5.1.    Naga ya Aforika Borwa e tla tshwara Foramo ya AGOA ya bo 20 kwa Johannesburg, mo nageng ya Aforika Borwa go tloga ka la bo 02 go fitlha ka la bo 04 Ngwanaitseele 2023.
5.2.    AGOA ke sekema sa go gwebisana se se sekametseng ka fa letlhakoreng le le rileng se se letlelelang dinaga tsa Aforika gore di gwebisane le Amerika ntle le go duedisiwa ditshuga le go duedisiwa methamo.Mo Foramong eno go tla tshwarwa gape le 'Dipontsho tsa Dilo tse di Dirilweng ka fa Kontinenteng ya Aforika' go bontsha ka fao kgaolo ya kontinente e nang le dilo tse di botlhokwa mo ikonoming.
5.3.    Go lebeletswe gore faramo eno e tla tsenelwa ke baromiwa ba le 700 mme mo go bona e tla bo e le Ditona tsa Dinaga tse di ka fa Tlase tsa Bogare jwa Aforika tse di rweleng maikarabelo a Kgwebisano, go tsenyeletsa le ba naga ya Aforika Borwa le ba ba tla bong ba emetse merero ya Kgwebisano kwa nageng ya Amerika, baromiwa ba palamente ya Amerika, Komiti ya Kgaolo ya Aforika e e Samaganang le Merero ya Ikonomi, mekgatlho ya baagi mmogo le baamedi ba lekala la dikgwebo. 

6.    Ditlhatlhobo tsa Materiki (NSC) 

6.1.    Ditlhatlhobo tsa Setifikheiti sa Materiki sa Lekwalo la Naga la Dithuto tse Dikgolwane di tla simolola ka la bo 30 Diphalane 2023. Kabinete e eletsa masego Barutwana ba Materiki ba Ngwaga wa 2023 mmogo le barutwana ba bangwe botlhe ba ba tla bong ba kwala ditlhatlhobo tsa bona tsa bofelo mo ngwageng. Kabinete e ikuela mo batsading le mo bagodising ba bana go ema nokeng barutwana mo nakong eno ya dipharagobe mo dithutong tsa bona. 

7.    Khonferense ya bo Supa ya Lefatshe e e Mabapi le Pholisi ya Notagi

7.1.    Naga ya Aforika Borwa e tla tshwara Khonferense ya Bosupa ya Lefatshe e e Mabapi le Pholisi ya Notagi kwa Motsekapa go tloga ka la bo 24 go fitlha ka la bo 26 Diphalane 2023. Mo khonferenseng eno go tla logiwang maano a ka bonako a go samagana le mathata a a tlhodiwang ke notagi ka go tla ka dipholisi tsa sesaense. 

Melaetsa
1.    Melaetsa ya go Akgola


1.1    Kabinete e akgola setlhopha sa bagale ba lefatshe mo metshamekong ya rakabi sa Springboks jaaka ba phunyeleditse kwa Makgaolakgannyeng a Metshameko ya Sejana sa Lefatshe sa Ngwaga wa 2023 e e tshamekelwang kwa nageng ya Fora, mmogo le go dira gore toro ya rona ya go nna bagale ba bagapa sejana sa lefatshe gabedi ka go tlhomagana e se nne mmuwane. #Stronger Together. 
1.2    Kabinete e akgotse setlhopha sa motshameko wa Kerikete sa Proteas, jaaka se šašarile Australia mo motshamekong wa bona wa bobedi mo Motshamekong wa Kgwele ya Kerikete wa Sejana sa Lefatshe wa Ngwaga wa 2023, o o tshamekelwang kwa nageng ya India.
1.3    Kabinete e akgotse Mofenyi wa Dikabo tsa Mmino, Black Coffee jaaka e le ene moAforika Borwa wa ntlha wa DJ e bile e le motlhagisi wa dipina gore a tlatse e be go tshologe lebala la Madison Square Garden kwa New York kwa nageng ya Amerika ka la bo 07 Diphalane 2023.
1.4    Mme Mary Vilakazi, yo e nnileng ene mosadi wa ntlha go thapiwa jaaka Mokaedikhuduthamagamogolo (CEO) wa banka ya FirstRand. O simolotse go iponela tiro ya gagwe ya ntlha kwa setlamong sa tiro ya dithulaganyo tsa matlole a setheo sa PwC, mo e neng e le yo mongwe wa batlhankedi ba bannye ba ba neng ba okame maemo a go nna balekane mo setlamong seno ka ngwaga wa 2005. O setse a kile a okama maemo a le mantsinyana a khuduthamaga le ao e seng a khuduthama a tsamaiso ya ditheo, e bile e ne e le Motlhankedimogolo wa Ditirelo mo setlamong seno sa FirstRand pele a ka tlhatlosiwa go ka nna CEO.
1.5    Kabinete e akgotse maAforika Borwa ao a tlhagisitseng Batho ba ba Nang le Serodumo ba Letsopa la seAforika (MIPAD) go bontsiwa tlotla mo ngwageng wa 2023 mo lenaneong la lefatshe ka bophara la batho ba le 100; (i) mo lekwalokgatisong la Health & Wellness Edition mmogo le mo go la (ii) 100 Under 40 Edition.MIPAD e nopola batho, mekgatlho kgotsa dipuso bao ba dirileng bontle mo go itsosoloseng le mo go tsosoloseng batho ba letsopa la seAforika mo lefatsheng ka bophara. MaAforika Borwa a a bontshitsweng tlotla mo kgatisong ya 40 Edition ke Khosi Twala e leng Mofenyi wa mo Lenaneong la Big Brother Africa Titans, mmogo le Nwabisa Matyumza, yo e leng Mokaedi wa Setlamo sa MultiChoice Africa. Mo kgatisong ya 100 Health Care Edition, go bontshitswe tlotla go Ngaka Joe Phaahla, e bong Tona ya Boitekanelo, Geetha Tharmaratnam, Motlhankedimogolo wa Seabe sa Dipeeletso mo Setheong sa Mokgatlho wa Lefatshe wa Merero ya Boitekanelo (WHO), mmogo le Kuseni Dlamini, Monnasetulo wa Setlamo sa Melemo sa Aspen.
1.6    Tona ya Ditirelo tsa Bosiamisi le tsa Kgopololo ya Batshwariwa Rre Ronald Lamola jaaka a tlhophilwe go nna Motlatsamoporesitente wa Mokgatlho wa Badiredi ba Lephata la Molao wa Dinaga tsa Aforika le tsa Asia mo Kopanong ya Ngwaga le Ngwaga ya bo 61 e e tshwaretsweng kwa Indonesia.
1.7    Rrer. Stavros Nicolaou yo e leng motlhankedi yo mogolo kwa Setlamong sa Melemo sa Aspen jaaka a abetswe Kabo ya Ngwaga wa 2023 ya Tirelo ya Setšhaba ya Naga ya Greece jaaka e le karolo ya Dikabo tse naga eno e di rebolang tsa Argo. Dikabo tsa Argo di abelwa baagi ba naga ya Greece ba ba dirileng tiro ka botswapelo mo lefatsheng ka bophara ba ba dirang bontle mo makaleng a a farologaneng. 
1.8    Setlhopha se se Emetseng Naga ya Aforika Borwa sa batshameki ba Diolimphiki se se tlotlilweng ka la bo 03 Diphalane 2023 ke Moporesitente Cyril Ramaphosa jaaka ba dirile bontle monongwaga kwa Metshamekong ya Lefatshe ya Diolimphiki kwa nageng ya Jeremane ka Seetebosigo 2023. Setlhopha sa Naga se boile gae ka dimetale di le 49 mme mo go yona di le 22 e ne e le tsa gauta fa di le 20 e le tsa selefera mme di le 07 e le tsa poronse.

2.    Melaetsa ya Matshediso 

Kabinete e romela matshediso a yona kwa ba lelapa le ditsala tsa: 
2.1    Mme Lydia Komape, molweladitshwanelo tsa badiri yo gape e neng e le tokololo ya Kokoanotheomolao ya Naga go tloga ka 1994 go fitlha ka 2009 mmogo le go nna tokololo ya Kokoanotheomolao ya Porofense ya Limpopo go tloga ka ngwaga wa 2009 go fitlha ka wa 2019. O ne a beile mo sehubeng sa gagwe kgodiso ya ditshwanelo tsa badiri, go neela basadi ba kwa metseselegaeng maatla le go golola bana ba mmala wa sebilo.
2.2    Motshamekedi wa maloba wa setlhopha sa naga sa rakabi yo gape e neng e le mokatisi wa setlhopha sa bomagogorwane sa Springbok Eric Sauls, yo e neng e le ene mokatisimogolo wa setlhopha sa ntlha sa naga ya Aforika Borwa sa batshameki ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 21 (U21) fa se ne se fenya mogope wa U21 ka ngwaga wa 1999. 
2.3    Moporofesara Hoosen ‘Jerry’ Coovadia, motlhankedi yo a di gogang kwa pele mo mererong ya saense yo a neng a di goga kwa pele mo go lweleng gore melemo ya go thibela tshwaetso ya mogare wa lebolelateng e neelwe balwetse botlhe ba ba nang le Mogare wa Lebolelateng (HIV) mmogo le ba ba nang le Bolwetse jwa Lebolelateng (AIDS) mo dingwageng tsa bo ma 1990 le go tla ka kwano. Dipatlisiso tsa gagwe tse di fetotseng maemo tse di ka ga go tshwaediwa ga lesea ke mme wa lona ka HIV le AIDS mmogo le tse di ka ga go tla ka melemo e mentšhwa ya go boloka dimilionemilione tsa matshelo a batho.
2.4    Ditokololo tsa Setheo sa Masole a Naga (SANDF) tse di latlhegetsweng ke matshelo a bona mo ditiragalong di le pedi tse di sa amaneng. Go tlhokafetse masole a le marataro go latela gore go runye molelo wa dira ga di bonwe o o meditseng Lefelo la go Katisetsa Masole a Ntwa a Aforika Borwa kwa lefelong la sesole la kwa Lohatla kwa porofenseng ya Kapa Bokone. Tiragalo e nngwe gape ke ya masole a le robedi a Setlhotshwana sa Sesole sa Ntwa sa Naga ya Aforika Borwa a a tlhokafetseng mo kotsing fa a ne a lebile teng kwa Lohatla. 
2.5    Mokomišenara wa Tirelo ya Sepodisi sa Bogosi jwa Eswatini William Dlamini mmogo le ba lolapa le losika lwa gagwe go latela gore a neele botshelo jwa gagwe a lebile kwa Eswatini a tswa a le kwa Angola koo a neng a tsenetse Khonferense ya bo 26 ya Sepodisi sa Lefatshe mo Kgaolong ya Aforika.
2.6    Puso le baagi ba naga ya Afghanistan morago ga gore kwa nageng eno go nne le thoromo ya lefatshe e e meditseng diketekete tsa matshelo a batho.
2.7    Puso le baagi ba naga ya Finland go latela gore Moporesitente wa mo malobeng Attisahri a thule botala ka tlhogo. Moporesitente Attisahri mmogo le Moporesitente Ramaphosa ba ne ba goga kwa pele mogwanto wa dingwaga tsa bo 1990 wa naga ya maIrish o o neng o sena mmudubudu.
 
Dipotsolotso: Mme Nomonde Mnukwa – Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere
Mogala: 083 653 7485

Share this page

Similar categories to explore