Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 5 Sedimonthole 2024 05 Sedimonthole 2024

A. Merero ya ga Jaanong
1. Samiti ya Dinaga di le Someamabedi (G20) 
1.1. Naga ya Aforika Borwa e tsere maemo a yona semmuso a go nna Monnasetulo wa G20 ka la bo 01 Sedimonthole 2024, mme seno se raya gore ke naga ya ntlha mo kontinenteng ya Aforika go okama maemo ano. Molaetsamogolo wa naga ya Aforika Borwa wa G20 o re “Go nna seoposengwe, Go Lekalekana le go Somarela”.
1.2. Go tshwara kopano ya G20 go bulela setšhaba sa rona ditšhono tse dintsi tse di sa tekatekeng tse di bayang naga ya Aforika Borwa mo maemong a mantle mo go nneneng le seabe mo matsholong a Kgolo ya Ikonomi e e Tswelang Botlhe Molemo, a go Tlhola Ditiro mmogo le a go Fokotsa go se Lekalekane ga baagi. 
1.3. Re solofela go bona kgolo ya ikonomi mo maphateng a tshwana le la bojanala le borobasogo, gonne baeteledipele botlhe ba ba tla bong ba tsenetse kopano eno, batlhankedi ba ba thusanang le baeteledipele bano mmogo le ba malapa ba tshwara dikopano di feta di le 130 pele go ka tshwarwa Kopano eno ya Baeteledipele. 
1.4. Diporofense tsotlhe di tla unngwelwa jaaka di tla tshwara Dikopoano tsa Ditorna kgotsa Dikopano tsa go Tsamaisa Tiro. Mo go gateng mo motlhaleng wa naga ya Brazil, naga ya Aforika Borwa e tla tshwara Kopano ya Botlhabakgobe ya G20 mo mekgatlho ya baagi e tla nnang le seabe mmogo le go thankgolola setlhopha se se ntšhwa sa go bontshana sa Township20 (TS20) mo go tla mekamekanwang le bokgoni jwa go itirela letseno ga makeišene a naga ya Aforika Borwa fa go tla mo maphateng a go betla, go itlhamela, setso, matlole mmogo le go itshimololeleng dikgwebo. Tshedimosetso ka botlalo mabapi le Kopano ya Botlhabakgobe ya G20 mmogo le ya TS20 e tla tle e phasaladiwa mo tsamaong ya nako. 
1.5. Dikopano tsa go tsmaisa tiro tsa ntlha tsa Baeteledipele, mmogo le tsa Matlole le tsa Batlatsi ba Dibankakgolo di tla tshwarwa ka la bo 09 go fitlha ka la bo 10 Sedimonthole 2014 mme tsa kwa porofenseng ya Gauteng tsona di tla tshwarwa ka la bo 11 go fitlha ka la bo 12 Sedimonthole 2020. Go bona tshedimosetso ka botlalo ka ga G20 e e tla tshwrelwang mo nageng ya Aforika Borwa etela webesaete ya www.G20.org
1.6. Kabinete e laletsa botlhe ba ba batlang go ema nokeng Kopano ya G20 e e tla Tshwarelwang mo nageng ya Aforika Borwa go tshwarisana tiro eno le puso. Bao ba nang le kgatlhegelo ba ka romela maikaelelo a bona a gore ba na le kgatlhegelo mo go g20sponsorship@dirco.gov.za pele la bo 31 Mopitlwe 2025 le konosela.

2. Ikonomi
2.1. Dipatlisiso tsa Kgweditharo tsa Dipalopalo tsa Badiri
2.1.1. Kabinete e itumelela dipalopalo tse di itumedisang tsa batho ba ba nang le ditoro, tse di bontshang gore dipalopalo tsa batho ba ba nang le ditiro di tlhatlogile ka batho ba le 294 000 go fitlha go ba le 16.9 milione mo kotareng ya boraro ya ngwaga wa 2024, mo palo ya batho ba ba tlhokang ditiro e fokotsegileng go fitlha go diphesente di le 32.1% go tloga go di le 33.5% mo kotareng ya bobedi. Dipalopalo tse dintsi tse di oketsegileng re di bona kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba (mo go thapilweng batho ba le 83 000),Kapa Bophirima (mo go thapilweng batho ba le 75 000), Bokone Bophirima (mo go thapilweng batho ba le 69 000) mmogo le Mpumalanga (mo go thapilweng batho ba le 49 000). 
2.1.2. Se se botlhokwa go gaisa ke gore palo yotlhe ya bašwa ba ba senang ditiro (ba dingwaga di le 15 go fitlha go di le 34) e fokotsegile ka ba le 171 000 mo ga jaanong e emeng mo go ba le dimilione di le 4,8 fa ka fa letlhakoreng le lengwe lona bašwa ba ba nang le ditiro palo ya bona e oketsegile ka ba le 66 000 mo ga jaanong e emeng mo go ba le dimilione di le 5,8. Le dipalopalo tsa basadi ba ba nang le ditiro le tsona di tlhatlogile ka ba le 97 000 mo ga jaanong e emeng mo go ba le dimilione di le 7,5. 
2.1.3. Dipalopalo tse diitumedisang tseno tsa go tlholwa ga ditiro ke ka ntlha ya matsapa a a tserweng mo tsamaisong ya puso ya borataro jaaka go ne ga tsewa tshwetso ya go tsenya tirisong Leano la Itharabologelo le Kagosešwa ya Ikonomi (ERRP) mme tseno ke ditlamorago tsa teng.
2.2. Mo Kotareng ya Boraro Seelosotlhe sa Ditlhagisiwa tsa Naga mo Ngwageng (GDP) se wela tlase le fa go na le Dipoelo tsa Ikonomi tse di Itumedisang
2.2.1. Kabinete e tsibogetse GDP e e wetseng kwa tlase ka diphesente di le 0.3% mo kotareng ya boraro ya monongwaga wa 2024, mo lephata la diintaseteri tsa temothuo, merero ya dikgwa le tsa go thea ditlhapi le fokotsegileng ka palo e kgolo go gaisa e e kanaka diphesente di le 28.8%, mme seabe se segolo se se bakileng kwelotlase eno ke go tlhokega ga pula jaaka ba Setheo sa Dipatlisiso tsa Dipalopalo sa Aforika Borwa (StatsSA) se begileng gore go fokotsega ga dipalopalo tseno ke ka ntlha ya go fokotsega ga ditlhagisiwa tse di kotulwang kwa masimong.
2.2.2. Le fa mo kotareng ya boraro GDP e wetse kwa tlase, Kabinete e itumelela dipegelo tse di itumedisang tsa merero ya ikonomi tse di rebotsweng ke ba Setheo sa Matlole sa Boditšhabatšhaba (IMF) mmogo le ba setheo sa go sekaseka maemo a go ka beelediwa mo setšhabeng sa Standard & Poor's (S&P) jaaka letsholo la go tsosolosa maemo le le tshwaraganetsweng la Operation Vulindlela le simolola go nna le dipoelo. 
2.2.3. S&P e tlhatlositse gape le maemo a dipeeletso a setlamo sa Eskom a go ka beeletsa ka fa nageng le kwa dinageng tsa kwa ntle, mme seno se bontsha ka fao puso e dirileng ka natla ka gone go ka dira gore maemo a matlole a Eskom a kgone go nna le maatla le gore setheo seno se kgone go ikatlapela mme seno se kgonagetse ka ntlha ya go nna le Komiti ya Naga ya Merero ya Matsapa a Motlakase, matsapa a a tserweng ke Boto ya Eskom mmogo le setlhopha sa Khuduthamaga ya Baeteledipele ba Eskom.
2.2.4. Kabinete e itumeletse gape le tshwetso e e tserweng ke ba Bankakgolo ya Aforika Borwa ya go kgaola maemo a boleng jwa madi a dikadimo a dibanka ka dikgato di le 25 go tloga mo go diphesente di le 8% go fitlha go di le 7.75%. Palo e e kwa tlase eno e tla fokoletsa batho ba ba jarileng boima jwa dikoloto le go dira gore bophelo bo se ture go le kalo fa ka fa letlhakoreng le lengwe seno se tla rotloetsa bagwebi go tswelela go godisa dikgwebo tsa bona gore ikonomi e tle e kgone go gola.

2.3. Dipeeletso 
2.3.1. Kabinete e itumeletse mafoko a Saudi Arabia a gore e tlile go beeletsa dibilione di le R9.5 mo go ageng lefelo la go gakolosa polatinamo mmogo le lesenke kwa kgaolong ya Waterberg kwa porofenseng ya Limpopo. 
2.3.2. Dipeeletso tse dintšhwa tse dikgolo tseno di bontsha ka fao babeeletsi ba nang le tshepo ka gone mo setšhabeng sa rona e bile di agelela mo godimo ga seo se setseng se dirilwe mo letsholong la go ngokela dipeeletso le le rebotsweng mo tsamaisong ya puso ya borataro mo re boneng setšhaba sa rona se fitlhelela dipeeletso tse dintsi go feta tseo se neng se di lebeletse mo palo ya tsona e fetileng tse di neng di lebeletswe ka diphesente di le 26% mo go fitlheletsweng maikano a go dira dipeeletso tse di ka dirang ditirilione di le R1,51. Naga ya Aforika Borwa ga jaanong e samagane le go ka bokeletsa dipeeletso tse dintšhwa tse di ka dirang ditirilione di le R2 mo sebakseng sa dingwaga tse dingwe tse di tlang di le tlhano magareng ga wa 2023 go fitlha go wa 2028.
2.4. Setlamo sa Difofane sa Aforika Borwa (SAA)
2.4.1. Kabinete e akgotse Setlamo sa Difofane sa Aforika Borwa ka tiro e ntle e se e dirileng, mo go nopotsweng kgatelopele e e setseng e dirilwe mo go ritibatseng maemo a sona a matlole. Fa e sale go tloga ka ngwaga wa 2012, SAA e kgonne go dira merokotso e e kanaka dimilione di le R252 mo ngwageng wa matlole wa 2022/23 mme le letseno la setlamo seno le tlhatlogile go tloga go dibilione di le R2 go fitlha go di le R5.7.
2.4.2. Se se gagamatsang le go feta ke gore SAA e kgonne go fitlhelela seno mme e na fela le difofane di ka nna thataro kgotsa robedi mo maetong otlhe a le robongwe a sona fa ngwaga wa matlole wa 2022/23 o ragoga. F e sale go tloga ka motsi oo palo ya difofane tseno e setse e menagane gabedi, mo se nang le difofane tse di lebang kwa dinageng tse dingwe ka fa kontinenteng, mmogo le go oketsa maeto a sona gore jaanong a nne a le 16.

3. Ditharabololo tsa Malwetse a a Tlhodiwang ke Dijo 
3.1. Fa e sale go tloga ka motsi wa puo ya ga Moporesitente Cyril Ramaphosa ka la bo 15 Ngwanaitseele 2024 e e ka ga go tla ka ditharabololo tsa malwetse a a tlhodiwang ke dijo, mabentlele a di-spaza a ka fitlha go 200 000 a setse a etetswe fa ka fa letlhakoreng le lengwe mabentlele a di-spaza a le 1 000 mmogo le mabetlele a dijo a magolo le a go bolokela dijo a tswaletswe. Dithothobolo tsa dijo di tserwe mme le dikotlhao tsa go duedisediwa go tlola molao le tsona di rebotswe. Go tla diriwa dipatlisiso tse dingwe gape tse di tseneletseng tse di totileng batlhagisi ba mefutafuta ya dijo mmogo le bao ba tlhagisang melemo ya go lwantshana le ditshenekegi ya Terbufos go dira bonnete jwa gore go gagamadiwa dikgato tsa go obamela melao ya taolo e e leng teng.
3.2. Setlhopha sa Maphata a a Farologaneng a Naga a go Lwantshana le Bosenyi se tswelela go diragatsa thomo ya puso. 
3.3. Lefapha la Thuso ya Dikgwebopotlana mmogo le la Kgwebisano, Intaseteri le Dikgaisano tsa Dikgwebo di samagane le go garela dithulaganyo tsa go tlhoma Letlole la go Ema Nokeng Dikgwebo tse Dikgolwana le tse di Potlana (R500 milione) mme lona le tla ema nokeng dikgwebo tse beng ba tsona e leng maAforika Borwa tse di leng kwa makeišeneng le kwa metseselegaeng ka gangwe fela fa ba sena go kwadisiwa semmuso ka tshwanelo. 
3.4. Kabinete e gakolola batho botlhe ba ba nang le mabentlele a di-spaza mmogo le ba ba nang le dikgwebo tsa dijo gore ba tshwanetse go ikwadisa kwa dikantorong tsa dimasepala tsa bona pele matsatsi a le 21 a ka konosela go tloga ka letsatsi la bo 15 Ngwanaitseele 2024 mme e bile gape ba tshwanetse go dira bonnete jwa gore dikgwebo tsa bona di itepatepanya le melao ya bophepa le boitekanelo go seng jalo dikgwebo tsa bona di tla tshwanelwa ke go tswalelwa.
3.5. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go nna ba ntshitse matlho dinameng fa ba reka dijo, segolo ba tshwanetse go ikelatlhoko gore ga ba reke dijo tse di fetilweng ke nako. Tla re direng seno gore e nne maikarabelo a rona go ruta bana ba rona gore ba tshwanetse go tlhokomela dijo jang, mmogo le go ba ruta gore ba itse go buisa tshedimosetso e e leng mo diphuthelwaneng tsa dijo. Batho ba ba rekisang mo mebileng mmogo le ba ba rekisang dijo tse di apeilweng ba lopiwa gore ba se ikgatolose melao ya bophepa, mmogo le ya go bolokiwa ga dijo ka tshwanelo, go butswisa dijo mmogo le go phepafatsa mafelo a dijo di apeelwang mo go ona mmogo le didirisiwa tsa go apaya dijo.
3.6. Kabinete e ikuela mo go yo mongwe le yo mongwe yo a bonang mo motseng wa bona go rekisiwa dijo tse di ipitsang ka leina le le rileng leo e seng la tsona mmogo le dijo tse di fetileng ke nako go begela ba Khomišene ya Naga ya Ditshwanelo tsa Bareki mo go 012 065 1940.

4. Tshireletsego le pabalesego 
4.1. Dipegelo tsa Dipalopalo tsa Dikgetse tsa Bosenyi mmogo le Dikgato tsa go Tswelela go Lwantshana le Bosenyi 
4.1.1. Kabinete e amogetse pegelo ya kotara ya bobedi ya dipalopalo tsa dikgetse tsa bosenyi, tse di bontshang gore maiteko a ditheo tsa molao a go lwantshana le bosenyi a simolotse go nna le dipoelo mo re boneng go fokotsega dikgetse tsa dipolao le tsa tirisodikgoka. 
4.1.2. Dikgetse tsa dipolao ka fa nageng ya Aforika Borwa di fokotsegile ka diphesente di le 5.8%, fa tsa petelelo di fokotsegile ka di le 2.5%, mme tsa go kgothosa ka tirisodikgoka di fokotsegile ka di le 8.8%. Mo godimo ga tseno, petelelo e fokotsegile ka diphesente di le 3.1% fa dikgetse tsa bogodu jwa go utswa diphatlho mo dintlong tsa batho le mo mafelong a go sa nneng batho mo go ona di fokotsegile ka diphesente di le 1.3% mmogo le di le 21.1% ka go latelana ga tsona.
4.1.3. Kabinete e neseditse pula gape le dikgato tsa go golega moagi wa naga ya Mexico yo a tshwaretsweng go dira diritibatsi le go itlhokomolosa Molao wa go Tshela Melelwane wa ngwaga wa 2002 (Molao wa bo 13 wa 2002) morago ga gore go rebolwe letsholo le le kopanetsweng ke ditheo tse di farologaneng tse di eteletsweng kwa pele ke sepodisi mo go ribolotsweng lefelo la go apeela diritibatsi kwa Rietfontein, Johannesburg, le go belaelwang le ka ja dimilione di le R100. Mo godimo ga seno, ba Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS), ka go thusiwa ke tshedimosetso e e tswang mo ditheong tsa go bokeletsa tshedimosetso e e mabapi le bosenyi, ba kgonne go golega leteroko le le neng le rwele diritibatsi tsa khokheine e go belaelwang e ka dira madi a le kanaka dimilione di le R86.5 e e neng e tswa kwa nageng ya Brazil e tsena ka fa nageng ka Lebopo la Durban. 
4.1.4. Mo godimo ga seno, babelaelwa ba le batlhano ba ba tumileng ka bogodu jwa go phampholola metšhini ya madi ba thuntshitswe fa ba ne ba thuntshana le sepodisi kwa Emalahleni, kwa porofenseng ya Mpumalanga. Babelaelwa ba ne ba simolola go thuntshana le sepodisi morago ga gore sepodisi se ba thibele mo ba ka tswang gone kwa ntlong eo ba neng ba itshuba mo go yona kwa Schoongezicht kwa Emalahleni.
4.1.5. Kabinete e ikuela mo maphateng otlhe mo setšhabeng go dirisana le sepodisi mo go thuseng go gagamatsa ntwa ya go lwantshana le botlhokotsebe. Ka go tsamaisana tsela mmogo, re ka dira gore metse ya rona le mafelo a boitapoloso jwa baagi e nna mafelo a a babalesegileng fa ka fa letlhakoreng le lengwe re dira gore go se tlhole go nna gope foo ditlhokotsebe di ka itshubang gone.

5. Go Tlhomiwa ga Kopano ya Naga e e ka ga Ditiro tsa go Aga
5.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go Tlhomiwa ga Kopano ya Naga e e ka ga Ditiro tsa go Aga e e neng e tshwerwe ka la bo 19 Ngwanaitseele 2024 ke ba Lefapha la Ditiro tsa Puso le Mafaratlhatlha a Setšhaba mo go neng go samaganwe le merero e e ka ga go dira gore mafelo a go semeletsweng ka ditiro tsa go aga mo go ona go se nne le botlhokotsebe. Kopano eno e ne e tsenetswe ke maphata a a tswang mo pusong mo ditheong tsa ditiro tsa puso le mafaratlhatlha a setšhaba, sepodisi, matlotlo a naga mmogo le ao a samaganang le merero ya ditiro tsa go aga, go atlhaatlha le go dumelana ka dikgato tseo ba tshwanetseng go di tsaya go fedisa tirisodikgoka le bogodu jwa go dira matshosetsi mo bathong gore ba ntshe tuelo e e rileng eleng ditiragalo tse di diragalang mo mafelong a go agiwang mo go ona, mme seno se diegisa thata diporojeke tse dikgolo tsa puso tsa go aga mafaratlhatlha a setšhaba.
5.2. Kabinete e nopotse dikgato tsa go saeniwa ga Boikano jwa kwa Durban jaaka e le maiteko a puso a go dira gore setšhaba se nne le tshepo mo pusong gore e tla kgona go diragatsa diporojeke tsa yona ka nako ntle le go senya madi mo maitekong a yona a go dira gore mo nageng ya Aforika Borwa go nne le diporojeke tse dintsi tsa go aga. 
5.3. Mo boikanong jono go ditharabololo di le dintsinyana tse di tshitshinngwang tse di ka fedisang ditiragalo tse di a tleng di kgoreletsi diporojeke tsa go aga go tswelela pele mme tsona di tla tsenngwa tirisong mo tsamaong ya ngwaga o o tlang. Tsona di tsenyeletsa tsa go gagamatsa molao o o laolang intaseteri ya go aga, go tsenya tirisong dipholisi tse di maleba go godisa intaseteri ya go aga, go tlhabolola tshedimosetso le dithulaganyo tsa go dira dipego mmogo le go tshwara le go isa kwa kgotlatshekelo bao ba tshwarwang ka ditatofatso tsa go batla madi mo beng ba diporojeke tsa go aga. 
5.4. Go tla simololwa gape le ka tiro ya go ema nokeng dikgwebo tse di supogang mmogo le go dira bonnete jwa gore go nna le tlhatlhelelo e e tseneletseng ka bokgoni. Go tla nna gape le matsholo a go tsepamisa mogopolo mo go dirisaneng mmogo go tla ka ditharabololo tsa go mekamekana le matsapa a intaseteri ya kago e kopanang le ona, mme ona a tla tlhabololwa ka go dira gore go nne le tirisanommogo magareng ga bannaleseabe ba intaseteri gore ba kgone go tlhabana botlhale ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsona.

6. Kopano le Baeteledipele ba Merero ya Setso
6.1. Kabinete e nopotse dikopano tsa sešweng tse di tsamaileng sentle magareng ga puso le Ntlo ya Bosetšhaba ya Dikgosi le Segosi sa ma-Khoi-San mo maitlhomo e neng e le go gagamatsa tirisanommogo le go samagana le dintlha tse di botlhokwa tse di amang baagi ba kwa metseselegae ba ba emetsweng ke dikgosi tsa bona mo kopanong eo.
6.2. Kopano eno e thusitse go dira gore go nne le dipuisano tse di utlwagalang tse di ka ga merero e e amanang le bogosi le ditšhaba tsa magosi, mmogo le tshedimosetso e e ka ga Molaotlhomo wa Bogosi jwa Setso sa ma-Khoisan o o phasaladitsweng mo lekwalong la puso ka la bo 29 Ngwanaitseele 2024 gore baagi ba ntshe maikutlo a bona ka ga ona.
6.3. Kopano eno ke karolo ya tiro e e tsweletseng e e tsamaisiwang ke Setlhophatiro sa Ditona tsa Mafapha a a Kopanetseng Tiro (IMTT) se se tlhomilweng ke Moporesitente Ramaphosa se monnasetulo wa sona e leng Motlatsamoporesitente Paul Mashatile mo go direng bonnete jwa gore boikuelo le selelo sa magosi bo sekegelwa tsebe le go tsibogelwa ka botlalo. 
6.4. Mo kopanong eno, Ditona tsa Kabinete tseo e leng karolo ya IMTT ba ne ba baya batlakopanong mo dinakong le go ba tlhalosetsa ka kgatelopele e e setseng e fitlheletswe mo ditheong tseo di leng mo magetleng a bona tse di jaaka tsa boitekanelo, lefatshe, metsi le kgeleloleswe mmogo le madulo.

7. Merero ya Setšhaba 
7.1. Barutwana ba Materiki wa Ngwaga wa 2024
7.1.1. Kabinete e akgotse Lefapha la Thuto ya Motheo mmogo le Barutwana ba Materiki wa Ngwaga wa 2024 jaaka ba konoseditse ka katlego Ditlhatlhobo tsa Ngwaga wa 2024 tsa Lekwalo la Naga la Dithuto tse Dikgolwane. 
7.1.2. Puso e tlhomile mafelo a go kwalela ditlhatlhobo a le 181 go ralala le naga mme mafelo ano a tlhatlhobilwe mme go fitlhetswe gore a siametswe go ka dirisediwa go kwalela ditlhatlhobo mo go ona. Dipholo tsa naga tsa barutwana ba materiki di tla phasaladiwa ka la bo 13 Ferikgong 2025, mme mafapha a thuto a diporofense ona a tla phasalatsa dipholo tsa bona ka la bo 14 Ferikgong 2025.
7.2. Letsatsi la Lefatshe la go Tlhotlheletsa Twantsho ya AIDS 
7.2.1. Motlatsamoporesitente Mashatile, mmogo le Lekgotla la Naga ya Aforika Borwa la AIDS ba thankgolotse Letsatsi la Lefatshe la go Tlhotlheletsa Twantsho ya AIDS ka la bo 1 Sedimonthole 2024 ka molaetsamogolo yo o reng: “Ditshwanelo ka go Lekalekana, Tlhokomelo ya Kalafi ka go Lekalekana,” e leng molaetsa yo o ikuelang gore go nne le tekatekano, seriti le go fitlhelela kabo ya dtirelo tsa tlhokomelo ya balwetse ka go lekalekana magareng ga maAforika Borwa otlhe, go sa kgathalesege gore ba le ditlogo kgotsa ga ba na tsona, ke ba bong bofe, ke ba tumelo efe kgotsa ba ratana le batho ba bong jo bo fe.
7.2.2. Go lepalepanngwa le molaetsamogolo yono, puso e tswelela ka maiteko a go gagamatsa ntwa ya go lwantshana le HIV le AIDS, mme e ema nokeng bao ba wetsweng ke leru leno. Letsatsi leno le re gopotsa gore HIV le AIDS di santse di le teng mme rotlhe re tshwanetse go dirisana mmogo go lwantshana le kokwanatlhoko eno, segolo jang ka go itlwaetsa go se tsene mo thobalanong o sa ikatega. Bašwa ba bantsi ba setse ba na le HIV, segolobogolo makgarebe mme ba. a a nang le dingwaga di le 15 le di le 24, mo beke nngwe le nngwe e rekotang dikgetse tse dintšwa mo rekoto e le nngwe ya beke e bontshang batho ba le 1 300.
7.2.3. Ono e ne e le motsotso yo gape o nayang naga ya Aforika Borwa tšhono ya go sekaseka kgatelopele e kgolo e e setseng e dirilwe mo go lwantshaneng le bolwetse jwa AIDS le jwa Lehuba (TB). Mo lefatsheng lotlhe naga ya rona ke yona e e di gogang kwa pele mo thebolelong ya melemo ya go okobatsa le go thibela go tshwaetsana ka kokwanatlhoko ya lebolelateng, jaaka balwetse ba feta dimilione di le 5.7 ba amogela melemo eno.
7.2.4. Tiragalo eno ya go thankgolola Letsatsi la Lefatshe la go Tlhotlheletsa Twantsho ya AIDS le diragala ka motsi o le mongwe le wa Letsatsi la Naga la go Rapela la ngwaga wa 2024 le le neng le tshwaretswe kwa Lebaleng la Metshameko la FNB mo dikereke ka mefuta di neng di kopanetse teng go rapelela naga ya rona. Letsatsi leno la thapelo le rulagantswe ke ba Motsepe Foundation mme dinaga tse dintsi mo lefatsheng di na le letsatsi leno go rotloetsa badumedi ka mefuta go rapelela baeteledipele ba dinaga tsa bona mmogo le baagi ba dinaga tsa bona.

7.3. Letsholo la go Lwela Ditshwanelo tsa Basadi la Matsatsi a le 16 
7.3.1. Monongwaga go ketekiwa ngwaga wa bo 26 wa go keteka Letsholo la Matsatsing a le 16 la go Ema Kgatlhanong le Tirisodikgoka mo Basading le mo Baneng mme molaetsamogolo wa mokete ono ke o o reng: “Dingwaga di le 30 tsa go Dirisana Mmogo mo go Fediseng Tirisodikgoka mo Basading le mo Baneng”. 
7.3.2. Letsholo leno le thankgolotswe ka la bo 25 Ngwanaitseele mme le tla garela ka la bo 10 Sedimonthole 2024. Mo go emeng nokeng Letsholo la Matsatsing a le 16 la go Ema Kgatlhanong le Tirisodikgoka mo Basading le mo Baneng, Letsatsi la Naga la Banna go Ema Kgatlhanong le Tirisodikgoka mo Basading le Dipolao tsa Basadi (GBVF) le tla tshwarelwa kwa Durban, kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal ka la bo 6 Sedimonthole 2024, mme le tla ketikiwa ka go dira mogwanto o o tla simololang kwa Phakeng ya King Dinuzulu mme wa leba kwa Boemelatereneng jwa Stamford Hill. 
7.3.3. Letsatsi la Naga la Banna go Ema Kgatlhanong le Tirisodikgoka mo Basading le Dipolao tsa Basadi ke letsatsi le le ketekiwang ngwaga o mongwe le o mongwe le maitlhomo a lona e leng go lemosa setšhaba ka seabe seo GBVF e nang le sona mo setšhabeng mmogo le go ruta baagi gore go nna le batho ba bong jo bo farologaneng ga go reye gore ga ba lekalekane. Kopano eno e tla tsenelwa ke Motlatsamoporesitente Mashatile mmogo le Kgosi Misuzulu kaZwelithini.

8. Merero ya Boditšhabatšhaba 
8.1. Kgotlatshekelokgolo ya Merero ya Bosenyi Lefatshe ka Bophara (ICC)
8.1.1. Kabinete e itumelela ditaelo tsa kgotla ya ICC tsa gore yo a busang naga ya Iseraele e bong Benjamin Netanyahu, mmogo le Tona ya Sesole sa naga eno e bong Yoav Gallant mmogo le wa Sesole sa Hamas e bong Mohammed Deif gore ba tshwarwe. Kgato eno e botlhokwa thata mo dikgatong tsa bosiamisi mo go phimoleng keledi baagi ba kwa Palestina bao ba ntshitsweng setlhabelo mo ntweng ya sesole le mo go gagolweng ka dikgoka ga ditshwanelo tsa bona tsa botho.
8.1.2. Naga ya Aforika Borwa e santse e eme ka la gore e dumela mo molaong wa boditšhabatšhaba mme e ikuela mo dinageng tsotlhe tse e leng karolo ya molao ono go diragatsa boikano jwa tsona jwa Rome Statute. Re ikuela mo lefatsheng ka bophara go se ikgatolose molao mmogo le go rwesa maikarabelo bao ba gatakang ditshwanelo tsa batho.
8.2. Khonferense ya Dinagakopano (UN) ya Maemo a Phetogo ya Loapi (COP29) 
8.2.1. Kabinete e itumeletse dintlha tseo go dumelanweng ka tsona mo go COP29, go dumelanwe ka gore go tshwanetswe go logiwe leano le lentšhwa la go tlamela dinaga ka matlole gore di kgone go itshireletsa le go sireletsa ditšhaba tsa bona mmogo le ikonomi ya tsona gore phetogo ya maemo a loapi e se dire gore ba welwe ke dintelo. 
8.2.2. Jaaka e itsege ka gore ke Ntlha e Ntšhwa e e Tshwaraganetsweng e e Totobaditsweng ya go Tlamela ka Matlole Merero ya Phetogo ya Loapi, maitlhomo a ntlha eno e ntšhwa e go tlamela ka matlole a a menaganeng gararo a dinaga tse di santseng di iketetsa, go tloga mo go a a kana ka dibilione tsa ditolara di le 100 ka ngwaga go dira gore a nne kanaka dibilione tsa ditolara di le 300 ka ngwaga fa ngwaga wa 2035 o goroga. 
8.2.3. Naga ya Aforika Borwa e tsaya ditiragalo tsa phetogo ya maemo a loapi jaaka bothata jo bogolo mo lefatsheng ka bophara mme e setse e ikamantse le go Dirisana le Ditheo tse Dingwe tsa Metlakase go Fetola Phepelo ya Motlakase mme e dirisa metlakase e e sa kueletseng mesi e mentsi mo ikonoming ya yona jaaka seno e le karolo ya boikano jwa yona jwa go boloka lefatshe gore le se hupelwe ke mesi e e kotsi.
8.3. Khomišene ya Dinagapedi (BNC) ya Naga ya Nigeria le ya Aforika Borwa
8.3.1. Kopano ya bo 11 ya BNC ya naga ya Nigeria le ya Aforika Borwa e ne e tshwerwe ka Labobedi, la bo 3 Sedimonthole 2024 ka fa nageng ya Aforika Borwa mo maitlhomo e neng e le go godisa botsalano jwa dinaga ka bobedi. Dinaga ka bobedi di saenile ditumelano di le dintsinyana mmogo le Dimemorantamo tsa go Dirisanammogo tse maitlhomo a tsona e leng go tokafatsa matshelo a baagi ba dinaga ka bobedi.

9. Ditlhopho tsa Naga ya Namibia 
9.1. Kabinete e akgola Moporesitente yo a tlhophilweng e bong Netumbo Nandi-Ndaitwah jaaka a fentse ditlhopho tsa go nna Moporesitente wa Naga ya Namibia mme e bile ke Mosadi wa ntlha mo nageng eo go ka nna Moporesitente. 
9.2. Kabinete e akgotse gape le baagi ba naga ya Namibia jaaka ba tswile ka makatlanamane go ya ditlhophong le go neela Khomišene ya Ditlhopho ya Naga ya Namibia sebaka sa gore se garele tiro ya yone ya go bala dipholo tsa ditlhopho tsa Boporesitente le tsa Kokoanotheomolao ya Naga.

10. Pabalesego mo Pakeng ya Dikeresemose 
10.1. Kabinete e eletsa maAforika Borwa otlhe paka e e babalesegileng ya meletlo ya keresemoso, mme e bile e gakolola batho botlhe gore ba se itebale gore rotlhe re na le seabe se re tshwanetseng go se diragatsa mo go direng gore re nne le matsatsi a a tletseng boitumelo a keresemose a gape botlhe ba tla bong ba bolokesegile mo go ona. 
10.2. Kabinete e gakolola batho botlhe gore mapodisi a mo mebileng, ditheo tsa sepodisi mmogo le batlhankedi ba bangwe go tswa mo ditheong tse dingwe tsa puso ba tla bo ba tlhanaketse ka go disa maemo mo pakeng eno go netefatsa gore baagi ba babalesegile. 
10.3. Tiro e ba tla bong ba samagane le yona e tla tsenyeletsa ya go paraka ditsela, go emisa dijanaga le go di phuruphutsa mmogo le go gata motlhala wa babelaelwa bao ba batliwang ke sepodisi. Maitlhomo a go dira gore mapodisi a tswe ka makatlanamane ke go thibela bosenyi, go lwantshana le botlhokotsebe mmogo le go pota kwa pele bogodu jo bo tsamaisanang le tirisodikgoka pele bo ka diragadiwa mo pakeng eno ya matsatsi a boikhutso le mo matsatsing a a tla latelang a morago ga a boikhutso.
10.4. O ka nna le seabe mo go direng gore re nne le paka ya keresemose e e babalesegileng ka go dira bonnete jwa gore ka dinako tsotlhe o obamela melao ya tsela. O seke wa itshiela bojalwa fa o itse gore o tla tshwanelwa ke go kganna, mme e bile gape o se tobatobetse mogala go romela molaetsa o kganna. 
10.5. Kabinete e ikuela mo batsading le mo batlhokomeding ba kgodiso ya bana e leng mo matsogong a bona go ntsha matlho dinameng fa go tla mo go tlhokomeleng bana ba rona, segolobogolo fa ba le kwa metsing mo mafelong a go thuma, kwa mawatleng kgotsa gaufi le dinoka. Ga go ngwana o a tshwanetsweng go itlhokomoloswa a le gaufi le mafelo a go thumela kgotsa gaufi le mawatle mme o tshwanetse a apesiwe diaparo tse di matshwanedi tsa phemelo fa a le foo. O se itshiele bojalwa fa bana ba setse le wena mo mafelong a go thumela kgotsa mo mawatleng mme o dire bonnete jwa gore fa mafelo a go thumelwa a sa dirisiwe a tswalelwa ka tshwanelo gore bana ba se kgone go a fitlhelela. 
10.6. Ka gale re ikuela mo baaging go itlhokomela le go ntsha matlho dinameng fa ba le mo matsatsing a boikhutso kgotsa fa ba tlhabile kgobe ka mmutla. Itlwaolole go tsamaya o tshwere madi a a boitshegang mo go wena; go na le go dira jalo o ka mpa wa tsamaya o tshere dikarata tsa banka kgotsa wa duelela ka khomphiutara kgotsa ka mogala wa seatla fa o reka. Fa o duelela o se ntshe madi a bontsi jo bo boitshegang a a tla go biletsang dinokwane. 
Naga ya Aforika Borwa e na le mawatle a mantsi a baagi ba ka a dirisang, go kganetsa batho ba bangwe go dirisa mawatle a naga ke maitsholo a a tswileng mo tseleng a a kganetsang ba bangwe go itumelela tshwanelo ya bona ya go ya gongwe le gongwe koo ba batlang go ka ya teng, mme tshwanelo eno e botlhokwa thata gonne e sireleditswe ke Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996.

B. Go Baya Kabinete mo Dinakong

1. Motlakase
1.1. Kabinete e akgotse tiro e e tsweletseng go tsenngwa tirisong ka katlego ya Leano la Naga la go Tseela Motlakase Dikgato e e etilweng kwa pele ke Tona ya Merero ya Metlakase le Maokwane, Ngaka Kgosientsho Ramokgopa. Go tsenngwa tirisong ga leano leno go dirile gore re nne le matsatsi a le 252 motlakase o sa tshabe. 
1.2. Go tsenngwa tirisong ga Leano la go Tseela Motlakase Dikgato go dirile gore re kgone go boloka madi ngwaga le ngwaga mo go dirisitsweng madi a le kanaka dibilione di le R17.37 go reka leokwane la disele e leng madi a a kwa tlase ga a a kanaka dibilione di le R24.15 a a dirisitsweng mo ngwageng yo o fetileng.
1.3. Kabinete e ne gape ya sedimosediwa ka letsholo le le tsamaisitsweng ka katlego la porojeke ya Eskom ya go tsenya tirisong dinomoro tsa go baya mo dinakong Mabokoswana a Motlakase o o Rekelwang kwa Pele (KRN). Bareki ba motlakase ba feta dimilione di le 5.5 ba setse ba le mo KRN2 mme ba ntse ba reka motlakase ntle le go kgorelediwa ke sepe.
1.4. Porojeke eno ya KRN e thusitse go fokotsa palo ya batho ba ba ntseng ba sa duelele motlakase go tloga go ba le dimilione di le 2.1 mme ga jaanong go setse ba le dimilione di le 1.7. Eskom e tla tsaya dikgato ka go farologana go dira bonnete jwa gore e fokotsa palo ya batho bano ba le dimilione di le 1.7 ba ba sa dueleleng motlakase.
1.5. Eskom gape e tla tsaya dikgato tsa go fetola mabokoswana a motlakase a a sa direng sentle a dimitara, mme go tla thusiwa pele bareki ba ba ntseng ba reka motlakase. Dinako tsa go lata mabokoswana ano di tla itsisiwe mo metseng e e matshwanedi gore mabokoswana ano a dimitara a tla ntshiwa neng.

2. Kinolo ya Dikgwebo mo Mathateng a Matlole mmogo le go Bulwa Sešwa Moepo wa Lily
2.1. Kabinete e sedimositswe ka ga kgatelopele e e setseng e dirilwe mo dikgatong tsa go inola kgwebo mo mathateng le go bulwa sešwa ga Moepo wa Lily, o ka la bo 4 Moranang 2016 morago ga gore go nne le matsapa mo moepong oo o neng wa beiwa mo maemong a go sekasekiwa gore o tshwanetswe go inolwa mo mathateng a matlole kgotsa jang.
2.2. Tona ya Lefapha la Metswedi ya Dimenerale Leokwane, Rre Gwede Mantashe, o santse a tswelela go buisana le beng ba moepo mmogo le Batlhankedi ba ba Samaganeng le Tiro ya go Inola Kgwebo mo Mathateng a Matlole mme maitlhomo a seno ke go dira gore moepo ono o boele o bulwe le go tswela malapa a a amegileng mosola, go boelwe go bonwe batho ba bararo ba ba seleng ba timelela mo moepong oo mmogo le go tsosolosa maemo a ikonomi a kgaolo eo moepo o leng mo go yona. 
2.3. Morago ga gore go dumelanwe ka dintlha tse di rileng ka la bo 10 Motsheganong 2024 magareng ga Lefapha la Metswedi ya Dimenerale le Leokwane, beng ba moepo mmogo le setlamo se segolo se se neng se adima moepo ono madi, Tona ya lefapha leno e ne ya tshwara kopano le bannaleseabe botlhe mo go neng ga atlhaatlhiwa dintlha tse di latelang:
2.3.1. Setlamo sa Vantage Goldfields se tla rulaganya matlole le go tla ka matlole a a tla duelelang gore moepo ono o bulwe sešwa fa la bo 31 Phukwi 2024 le goroga;
2.3.2. Megolo ya badiredi e e saletseng kwa morago;
2.3.3. Go tla ka leano la go thapa badiredi ba mo malobeng ba moepo ba ba santseng ba sokodisiwa ke go iponela ditiro; mmogo le
2.3.4. Mo pakeng e khutshwanyana moepo o ka simolola go dirisa lefelo la polokelo ya dimenerale tse di sitsweng go ka itirela letseno.

3. Naga ya Aforika Borwa e Tlhophilwe Lekgetlho la Ntlha go Nna Motlatsamonnasetulo wa Lekgotlakhuduthamaga la Merero ya Bojanala la Dinagakopano (UN) mo Ngwageng wa 2025
3.1. Kabinete e tsibositswe gore kwa Kopanong ya Lekgotlakhuduthamaga la Merero ya Bojanala la UN e e neng e tshwaretswe kwa Cartagena, kwa Colombia ka Ngwanaitseele 2024 Tona ya naga ya rona ya Bojanala o ne a tlhophiwa go emela naga mo maemong a Motlatsamonnasetulo wa Lekgotlakhuduthamaga la Merero ya Bojanala la UN mo Ngwageng wa 2025.
3.2. Maemo ano a tla gagamatsa seabe sa naga ya Aforika Borwa mo go direng gore bojanala e nne sebetsa sa go godisa ikonomi, go tlhola ditiro mmogo le go tlhotlheletsa ditiragalo tsa bojanala mo kontinenteng jaaka naga ya Aforika Borwa e tla bo e okame maemo a boporesitente mo kopanong ya G20.

4. Metsi a Botlhokwa
4.1. Kabinete e tsibositswe ka dikgato tse di farologaneng tse di setseng di tserwe go samagana le dikgwetlho tsa go tlamela setšhaba ka metsi. 
4.1.1. Dipeipi tsa Metsi tse di Dutlang
4.1.1.1. Kabinete e itsisitswe gore Masepala wa eThekwini mmogo le setlamo sa Joburg Water ba simolotse ka tiro ya bona ya go fetola maemo a metsi ka go thusiwa le ke Letsholo la go Ema Nokeng Diteropokgolo la Lefapha la Naga la Matlole.
4.1.1.2. Ba Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe, Lefapha la Naga la Matlole, Mokgatlho wa Dipusoselegae wa Aforika Borwa (Salga) mmogo le Bankatlhabololo ya Dinaga tsa Borwa jwa Aforika ba kopantse ditlhogo ba bula Kantoro ya Tirisanommogo mo Mererong ya Metsi mme kantoro eno e tla thusana le dimasepala ka matlole a a leng teng go ka tlamela mefutafuta ya diporojeke, mmogo le diporojeke tse di ka ga go fokotsa metsi a a sa duelelweng lekgetho. Teropokgolo ya eThekwini, Buffalo City, City of Tshwane, Mangaung le wa Nelson Mandela di thusiwa ka go nopola diporojeke tse di ka tlamelwang ka matlole. 
4.1.1.3. Lefapha la Naga la Matlole, ka letsholo la lona la go dirisana le maphata a poraefete le a puso, le thusana le masepala wa City of Johannesburg gore maphata a poraefete a kgone go o thusa ka go fokotsa seelo sa metsi a a sa duelelweng.

4.1.2. Kemonokeng ya Ditheo tsa Ditirelo tsa Metsi
4.1.2.1. Kabinete e itsisitswe gore mo godimo ga go ema nokeng dimasepala tse di tsewang jaaka tse di nang le Dithata tsa go Abelana ka Ditirelo tsa Metsi ka go di tlamela ka matloe, go na le matsholo a le mabedi a go fetola maemo a a ntseng a tsenngwa tirisong ke Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe mmogo le Lefapha la Naga la Matlole. ka go latelana ga ona. Tse di latelang ke dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tsa Molao wa Ditirelo tsa Metsi wa ngwaga wa 1997 (Molao wa bo 108 wa 1997) mmogo le mo Letsholong la go Fetola Ditirelo tsa go Gweba tsa Diteropokgolo.

4.1.3. Leano la Paka e Telele la go Laola Metswedi ya Metsi 
4.1.3.1. Kabinete e tlhaloseditswe gore go maano a go samaganweng le ona go netefatsa gore metsi ka fa nageng ga a tlhaele
4.1.3.1.1. Porojeke ya go Bokeletsa Metsi ya kwa Olifantspoort le kwa Ebenezer maitlhomo a yona ke go oketsa tlamelo ya metsi kwa masepaleng wa Polokwane le wa Capricon. Kgato e go samaganweng le yona ga jaanong ya porojeke eno e simolotswe mo ngwageng wa matlole wa 2022/23 mme e tlile go garelwa ka Phukwi 2025. Tiro e go samaganweng le yona eno e tsenyeletsa go tsenya dipeipi le diteišene tsa metsi mo metsi a tla pompiwang gone go tswa kwa lefelong la go tlhatswetsa metsi la kwa Olifantspoort le kwa Ebenezer. 
4.1.3.1.2. Porojeke ya Mmetela wa Metsi ya Sinthumule Kutama maitlhomo a yona ke go tlamela metsi a mangwe gape kwa Makhado mme yona go solofetswe gore e tla garelwa ka Ferikgong 2025.
4.1.3.1.3. Porojeke ya Mmetela wa Metsi ya Mooihoek e samagane le go godisa Lefelo la go Tlhatswetsa Metsi la Mooihoek, go tsenya peipi e e tsamaisang mmetela wa metsi go a isa kwa metseng e e kwa magaeng e le 13, mmogo le kwa Burgersfort. Rakonteraka o santse a feleletsa go garela porojeke eno mme ga jaanong go letetswe fela gore masepala a tlhomele mafaratlhatlha a one. 
4.1.3.1.4. Porojeke ya Mmetela wa Metsi ya Nebo maitlhomo a yona ke go tlamela metse e e kwa magaeng e le 40 ka metsi kwa masepaleng wa Makuduthamaga le wa Greater Fetakgomo Tubatse. Go solofetswe gore masepala o tla thapa rakoneraka mo ngwageng wa matlole wa 2025/26 go garela porojeke eno.
4.1.3.1.5. Porojeke ya Mmetela wa Metsi ya Moutse maitlhomo a yona ke go tlamela ka metsi go tswa kwa Lefelong la go Tlhatswetsa Metsi la kwa Groblersdal go ya kwa metseng e e kwa magaeng e le 40 ya kwa Moutse mo masepaleng wa Ephraim Mogale le wa Elias Motsoaledi. Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe le rometse baitseanape ba lona go dira bonnete jwa gore fa Lwetse 2025 o goroga porojeke eno e bo e garetse.
4.1.3.1.6. Porojeke ya Mmetela wa Metsi ya Loskop maitlhomo a yona ke go tlamela ka metsi metse e e kwa magaeng kwa Botlhaba jwa Moutse, Mpumalanga le Limpopo, mme go solofelwa gore e tla re ka Mopitlwe 2025 porojeke eno e garelwe.
4.1.3.1.7. Porojeke ya go tlamela ka metsi ya Mametja maitlhomo a yona ke go tlamela ka metsi metse e e kwa magaeng e le 28 mo Masepaleng wa Selegae wa Maruleng, mme Kgato ya Ntlha ya porojeke eno go lebeletswe gore e tla garelwa ka Sedimonthole 2024 fa Kgato ya Bobedi yona e tla simololwa ka ngwaga wa 2025.
4.1.3.1.8. Porojeke ya Metsi ya Giyani: Tiro ya go tsosolosa lefelo la go tlhatswetsa metsi e garetswe ka Seetebosigo 2024, mme metse e e kwa magaeng e le 11 mo go e le 24 e e tshwanetswng go tswelwa mosola ke lefelo leno e setse e na le metsi mo dijarateng tsa bona. Metse e e kwa magaeng e mengwe e le 13 e e santseng metsi a ise a fitlhe mo go yona go solofetswe gore ka Sedimonthole 2024 le yona e tla bo e na le metsi. Kgato ya Bobedi ya porojeke eno e e ka ga go fetisetsa metsi ano kwa metseng e e kwa magaeng e le 31 go solofetswe gore e tla simolola ka Moranang 2025.

4.1.4. Tlamelo ya Metsi kwa Hammanskraal
4.1.4.1. Kabinete e itumeletse gore Kgato ya Ntlha ya ditirelo tsa bodutelo jwa metsi jwa Klipdrift, jo go solofelwang bo tla tlamela setšhaba sa Hammanskraal ka metsi a a kanaka dilitara di le dimilione di le 12.5 ka letsatsi, e garetswe. Setlamo sa Magalies Water mmogo le Masepala wa City of Tshwane ga jaanong ba samagane le go phepafatsa dipeipi tsa go tsamaisa metsi tse di tla dirisediwang go isa metsi kwa baaging. Fa tiro eno e sena go garelwa, go tla diriwa diteko tse dingwe gape tsa metsi go netefatsa gore metsi ano ke a a phepa e bile a siametse go ka nwewa. Fa dikgato tsotlhe di setse di garetswe ka botlalo, dilitara di le dimilione di le 50 tsa metsi a a tlhatswitsweng di tla tsenngwa mo lenaneong la metsi a a ffepelwang setšhaba.

C. Ditshwetso tsa Kabinete

1. Leano la go Tsamaisa Tiro ya Pholisi ya Naga e e ka ga Metshameko ya Basadi 
1.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go tsenya tirisong Leano la go Tsamaisa Tiro ya Pholisi ya Naga e e ka ga Metshameko ya Basadi. 
1.2. Maitlhomo a pholisi eno ke go tlhatlosa palo ya basadi ba ba nnang le seabe mo metshamekong le mo go eteleleng kwa pele, mmogo le go tlhaloganya sentle gore go okediwa ga seabe sa basadi mo metshamekong le mo ditirong tsa boeteledipele mo metshamekong go tla fokotsa thata kgang ya go se lekalekane ga batho ba bong jo bo farologaneng mo dikarolong di le dintsi tsa metshameko tse di tlhaolang basadi. Pholisi eno e batla gore go nne le tekatekano mmogo le go dira gore basadi ba neelwe tlotlo e e ba tshwanetseng le go se tlhaelediwe matlho mo ditirong tsa seporofešenale, go akaretsa le gore ba neelwe megolo e e lekanang fela le ya banna ba le bona e leng batshameki ba metshameko.
1.3. Pholisi eno e tlhagisa dikgato tse di tla tsewang go tsholetsa le go ema nokeng basadi mo metshamekong mmogo le go tsenya tirosng matsholo a a tla samaganang le go fedisa go se lekalekane ga batho ba bong jo bo farologaneng mo metshamekong le mo mekgatlhong ya metshameko. E samagana gape le dikgoreletsi tse di thibelang basadi go tsena mo mererong ya metshameko tse di jaaka go tlhokagala ga matlole go thusa basadi mo metshamekong, go se enngwe nokeng ka matlole ga metshameko ya basadi mmogo le go naya basadi megolo e e sa lekaneng le ya banna.

2. Leano la go Fokotsa Ditshenyegelo tsa Dijo le go Senyega ga Dijo
2.1. Kabinete e neseditse pula Leano la go Fokotsa Ditshenyegelo tsa Dijo le go Senyega ga Dijo gore le ka tsenngwa tirisong.
2.2. Maitlhomo a leano leno ke go fokotsa ditshenyegelo mo dijong le go bola ga dijo mo dikgwebong tse di tlhagisang dijo, go fokotsa palo ya dijo tse di senyegang go sa tlhokagale mme seno se tla diriwa ka go dirisa didirisiwa le thekenoloji, ka go oketsa dijo mmogo le go fokotsa maemo a loapi a a sa siamang. Ntlha eno e tsamaisana le dikgato tsa puso tsa go fokotsa ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa go reka dijo.
2.3. Gare ga tse dingwe tse dintsi, leano leno le tlhagisa melao le ditharabololo, maitsholo le maemo, kemonokeng e e maleba ya matlole mmogo le dituelelo tsa go leboga bao ba tsayang dikgato go fokotsa tatlhegelo le tshenyegelo ya dijo.
Leano leno le tla nna le mosola mo go fokotseng tlala le mo go direng gore go nne le dijo tse di lekaneng.

3. Sekwalwa sa Masupatsela se se Buang ka Bonno jwa Baagi
3.1. Kabinete e neseditse pula Sekwalwa sa Masupatsela se se Buang ka Bonno jwa Baagi, mme eno ke kgato e kgolo e e setseng e tserwe ke naga mo dikgatong tsa yona tsa go dira gore re nne le setšhaba se se lekalekanang, se botlhe ba nang le seabe e bile se semeletse.. 
3.2. Maitlhomo a sekwalwa seno ke go dira gore go tliwe ka leano la go tsamaisa tiro le le nang le pholisi e e manontlhotlho fa go tla mo mererong ya go agela setšhaba bonno, go thusa go rarabolola matsapa ao re itemogetseng one mo nakong e e fetileng mmogo le go kopanya megopolo ya go samagana le dithulaganyo tsa go fedisa go kgaoganya madulo go ya ka sebomorafe, go dira gore setšhaba se kopane mmogo le go dira gore go nne le tirisanommogo. 
3.3. Maitlhomo a sekwalwa seno ke go naya bokao jwa pholisi, go neelana ka maatla a go dira gore go nne le ditheo tse di tla tsamaisang tiro eno, go thusa go dira gore dikarolo tse dintšhwa tsa molao o o kwalolotsweng sešwa wa ga jaana di tsenngwe tirisong ka tshwanelo go ya ka leano la go tsamaisa tiro, mmogo le go dira gore go nne le dipuisano tse di tseneletseng magareng ga bannaleseabe ba merero ya bonno mmogo le go tsaya dikgato go ralala le maphata le dikgaolo ka go farologana ga tsona.
3.4. Sekwalwa seno sa Masupatsela se fetile mo diatleng tse dintsi tsa bannaleseabe mo se neng sa sekasekiwa ka botlalo, mmogo le diatleng tsa baagi go utlwa maikutlo a bona ka ga sona mmogo le go bokeletsa le ditshwaelo tsa mekgatlho ya baagi, ya barutegi le ya mafapha a lephata leno. 
3.5. Ditshwaelo tsotlhe tse re di kwaletsweng re di sekasekile mme ra di tsenyeletsa mo tokomaneng ya bofelo. Go nesediwa pula ga sekwalwa seno ke kgato e kgolo thata gonne go raya gore maikarabelo a lefapha jaanong ga a felele fela mo go diseng dikgatlhegelo tsa puso kanosi mme go raya gore jaanong le tla thusa, la ema nokeng, la rulaganya le go laola maano, dikgato tsa go aga le go tlhokomela madulo gore a agiwa ka mokgwa o o kopanyang setšhaba ka mokgwa o o tsepameng.
3.6. Kgato eno ke e kgolo thata mo e re bayang gaufi le go fitlhelela Dipeelo tsa Tlhabololo e e Nnelang Ruri tsa Dinagakopano, segolobogolo Peelo ya bo 11, e e buang ka go aga diteropo le ditšhaba tse di tsepameng.

4. Leano la go Tlhatlosa Serodumo la go Godisa Bojanala 
4.1. Kabinete e neseditse pula Leano la go Tlhatlosa Serodumo la go Godisa Bojanala gore le tsenngwe tirisong. Maitlhomo a leano leno ke go dira gore bojanala bo dirisiwa mo go godiseng ikonomi e botlhe ba nang le seabe mo go yona, go tlhola ditiro le go fokotsa tshokolo. 
4.2. Leano la go Tlhatlosa Serodumo la go Godisa Bojanala le itshetlegile ka tirisanommogo ya maphata a puso le a poraefete mme maitlhomo ke go go godisa le go somarela kgato eno. Leano leno le tla matlafatsa gape le maemo a naga ya Aforika Borwa mo ditirelong tsa difofane tsa ka fa nageng.

5. Maikarabelo a Khomišene ya Aforika Borwa ya Ditshwanelo tsa Batho (SAHRC) go Dirisiwa jaaka Setheo sa Naga sa go Thibela Dikgato tsa Tlaleletso mo Kopanokgothakgotheng e e ka ga go Ema Kgatlhanong le go Sokolotiwa ga Batho (OPCAT) 
5.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go rwesa SAHRC maikarabelo a go nna Setheo sa Naga sa go Thibela dithulaganyo tsa OPCAT. OPCAT ke tumelano ya boditšhabatšhaba eo maitlhomo a yona e leng go thibela ditiragalo tsa go sokolota batho mmogo le go tshwara batho setlhogo, ka tsela e batho ba sa tshwanelwang go tshwarwa ka yona kgotsa kgotsa go ba nyenyefatsa kgotsa go ba sotla.
5.2. Maikarabelo ano ke a a tsamaisanang le Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996 mmogo le maitlhomo a pholisi ya naga fa go tla mo mererong ya boditšhabatšhaba e e ka ga go tsholetsa le go sireletsa ditshwanelo tsa batho.

D. Molaotlhomo
1. Molaotlhomo yo o Kwalolotsweng Sešwa wa Merero ya Dikgotlatshekelo tsa Molao wa Ngwaga wa 2024
1.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Molaotlhomo yo o Kwalolotsweng Sešwa wa Merero ya Dikgotlatshekelo tsa Molao wa Ngwaga wa 2024. 
1.2. Maitlhomomagolo a Molaotlhomo ono ke go kwalola sešwa Melao e le mentsinyana e e Kwadilweng ke Ditheo tsa Molao eo e laolwang ke Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo. Maitlhomo a dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa ke go samagana le matsapa a a iponagatsang le a setegeniki a a sa amogelesegeng, mmogo le a a ka ga go ikamanya le Dikatlholo tsa Kgotlatshekelo ya Molaotheo.

E. Ba Ba Thapilweng
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang. 
1. Mme Mary Lerato Morake o thapilwe go nna Mokaedikhuduthamagamogolo (CEO) wa Setheo sa Taolo ya Pokeletso ya Metsi a Vaal sebaka sa dingwaga di le tlhano.
2. Rre Bernard Swaswa Ntlhoro o thapilwe go nna CEO wa Setheo sa Taolo ya Pokeletso ya Metsi a Pongola-Umzimkulu.
3. Rre Cecil Khosa o thapilwe go nna CEO Setheo sa Naga ya Aforika Borwa sa Taolo ya Taemane le Dimenerale tse di Botlhokwa.
4. Rre Mziwabantu Dayimani o thapilwe go nna CEO wa Setheo sa Naga sa Matlole a go Godisa Dikgwebo.
5. Mme Mmakgoshi Lekhethe o thapilwe go nna CEO wa Setheo sa Tlhabololo ya Dikoporasi.
6. Go thapiwa ga ditokololo tse e seng tsa khuduthamaga mo botong ya Setheo sa Dibetsa (ARMSCOR):
a. Ngaka Lesiba Alex Mahapa (Monnasetulo);
b. Mme Maki Ndlovu (Motlatsamonnasetulo);
c. Mme Peta Nonceba Mashinini;
d. Rre Zane Oswald Cleophas;
e. Mme Masande Booi;
f. Rre Raymond Mlungwana Vokwana;
g. Ngaka Elsie Molokwane; 
h. Mme Mmathabo Abigail Sukati; le
i. Rre Ntshengedzeni Michael Tshivhase.

7. Go thapiwa ga ditokololo tsa Boto ya Ditirelo tsa Maemo a Bosa ya Aforika Borwa:
(a) Mme Sandika Daya (Monnasetulo);
(b) Moporofesara Sylvester Mpandeli (Motlatsamonnasetulo);
(c) Ngaka Lesley Luthuli;
(d) Mme Mpho Gift Mogodi,
(e) Ngaka Phumudzo Tharaga;
(f) Moporofesara Thando Ndarana;
(g) Mme Makua Zondi Balebetje;
(h)Moatefokate Ikaneng Mokgosi;
(i) Mme Ane Bruwer; le 
(j) Ngaka Prittish Dala

8. Go thapiwa ga ditokololo tsa boto ya Setheo sa Taolo ya Pokeletso ya Metsi a Mzimvubu- Tsitsikamma: 
(a) Rre Simphiwe Nicholus Khondlo; 
(b) Mme Fiona Sephton;
(c) Mme Fezeka Mkile;
(d) Rre Samir Randera-Rees;
(e) Mme Margaret Wollf;
(f) Mme Salome Chiloane- Nwabueze;
(g) Moporofesara Winston Plaatjes;
(h) Mme Nicky McLeod;
(i) Ngaka Patricia-Ann Scherman; le 
(j) Rre Thembelani Nkele.

9. Go thapiwa ga ditokololo tsa boto ya Setlamo sa Broadband Infraco:
(a) Mme Zandile Kabini (o thapilwe sešwa jaaka Monnasetulo) 
(b) Mme Mathapelo Mzizi;
(c) Mme Ulandi Exner;
(d) Rre Loyiso Tyira (o thapilwe gape);
(e) Rre Patrick Makape; le 
(f) Mme Bojane Segooa;

10. Go thapiwa ga ditokololo tse e seng tsa khuduthamaga mo Lekgotleng la Setheo sa Melao ya go Laola Dithulaganyo tsa go Agela Setšhaba Dintlo: 
(a) Mme Pulane V. Thobejane (Monnasetulo);
(b) Mme Ayanda Olifant;
(c) Rre Justice M. Makoko;
(d) Rre Tumisho M. Makofane;
(e) Rre Kevin Kiewitz;
(f) Mme Refilwe Rapotu;
(g) Mme Keletso P. Mokoena;
(h) Ngaka Xitshembiso Russel Mulamula;
(i) Mme Lindiwe N. Mjobo;
(j) Rre Naledzani R. Sengani;
(k) Rre James M. Maboa; le 
(l) Ngaka Soraya Beukes.
11. Go thapiwa ga Boto ya Setheo sa Kago ya Dintlo:
(a) Hosi Pheni C. Ngove (Monnasetulo); 
(b) Mme Nelisiwe G. Baai (Motlatsamonnasetulo);
(c) Ngaka Alex Lesiba Mahapa; le 
(d) Mme Nalini Maharaj
12. Go thapiwa ga ditokololo tsa Komiti ya Setšhaba ya Dikema tsa Ditirelo tsa Moombata:
(a) Rre Jacob Khawe (Monnasetulo);
(b) Mme Maria Dumakude (Motlatsamonnasetulo);
(c) Rre Heinrich G. April;
(d) Rre Simon M. Molefe; 
(e) Mme Samkelisiwe F. Khumalo; le
(f) Mme Lerato Moamogwa.

13. Go thapiwa ga Boto ya Setheong sa Melao ya Taolo ya Batlhankedi ba Thekiso ya Dintlo: 
(a) Mme Queendy R.M. Gungubele (Monnasetulo);
(b) Rre Johan D. Van der Walt;
(c) Mme Pamela Nonkulululeko Makhubela;
(d) Moatefokate Mxolisi Sphamandla Nene;
(e) Rre Kebeditswe H. Medupe;
(f) Rre Dikgang M. Stock;
(g) Mme Dalphline H.C. Ewerste;
(h) Mme Kedibone R. Tsiloane; le
(i) Mme Nomxolisi M. Moagi

14. Go thapiwa ga ditokololo tsa Lekgotla la go Kwadisa Baagi ba Dintlo tsa Bodulo ka fa Nageng: 
(a) Mme Noxolo Kiviet (Monnasetulo);
(b) Moporofesara Mandla J. Radebe (Motlatsamonnasetulo);
(c) Mme Renaire Shelley Huntley;
(d) Rre Kganki S. Matabane;
(e) Mme Nontuthuko Q. Chiluvane;
(f) Mme Morwesi Ramonyai-Thonga;
(g) Mme Siphindile S. Memela;
(h) Mme Nomthandazo Lucia Ngcobo;
(i) Rre Donovan Goliath;
(j) Moporofesara Sijekula Mbanga; le
(k) Rre M. Lehlogonolo Alfred Masoga.

F. Ditiragalo tse di Tlang

1. Kgwedi ya Poelano
1.1 Ka kgwedi ya Sedimonthole maga ya Aforika Borwa e tla keteka Kgwedi ya Poelano ka molaetsamogolo yo o reng: “Go Fodisa Dintho tsa mo Nakong e e Fetileng le go Samagana le go Simolola Bokamoso jo Bontšhwa”. Kgwedi eo ke segopotso sa go ikuela mo maphateng otlhe mo setšhabeng go nna le seabe se se bonagalang mo go direng gore setšhaba se bone pholo mo dilong tse di busula tseo mo malobeng di neng di diriwa.
1.2 Mokete wa monongwaga o tsamaisana le wa go keteka Dingwaga di le 30 tsa Temokerasi mme go tla lebelelwa gape le tiro eo e dirilweng ke Khomišene ya Setšhaba ya go Buwa Nnete ka Seo se Diragetseng mo Pusong ya Tlhaolele le go Boelana ga Setšhaba (TRC), e leng kgato e e thusitseng naga ya rona gore e kgone go mekamekana le kutlobotlhoko e e tlhodilweng ke puso ya tlhaolele. TRC e thusitse gore go rene kagiso, poelano, go tlhaloganyana le go ipopa seopo se le sengwe. 
1.3 Moletlo wa Ngwaga wa 2024 wa go Keteka Letsatsi la Poelano o tla tshwarwa ka la bo 16 Sedimonthole 2024 kwa Masepaleng wa Matzikama kwa porofenseng ya Kapa Bophirima. O tla latelwa ke dipuisano le batlholagadi ba bagale ba naga ya rona ba ba lobileng matshelo a bona. Mo dipuisanong tseno re solofela gore go botlhale jo re tla tsamayang re itopela bona ka tsebe le go re tiisa maatla gore re kgone go tswelela pele ka leeto la go aga naga ka tsela eo bokoko le bo ntatemogolo khukhu ba rona ba neng ba fisegela go e aga ka gone.

2. Kamano le Dinaga tsa Boditšhabatšhaba 
2.1 Motlotlegi Moporesitente wa naga ya Rephaboliki ya Angola, Rre João Manuel Gonçalves Lourenço, o tla jela naga ya Rephaboliki ya Aforika Borwa nala mo Leetong la Semmuso la Moporesitente go Etela ka Mabaka a Tiro Naga ya rona ka la bo 12 Sedimonthole 2024, jaaka a tla bo a tsibogela taletso e e ntshitsweng ke Moporesitente Ramaphosa. 
2.2 Leeto leno le tla gagamatsa botsalano magareng ga naga ya Aforika Borwa le ya Angola mmogo le go tsepamisa mogopolo mo dipuisanong tsa boikaniso jwa go rwala marapo ga naga ya Aforika Borwa le Angola mo BNC ya ngwaga wa 2025 e e tla bong e tshwaretswe kwa nageng ya Angola. Ditlhogo tseno tsa Dipuso di tla tšhotlha gape le kgang e e ka ga go tlhabana botlhale ka maemo a dikgaolo tsa bona, kontinente ya bona mmogo le maemo a lefatshe a a ba amang.
2.3 Moporesitente Ramaphosa o tla tsaya Leeto la Moporesitente go Etela ka Mabaka a Tiro Naga ya Democratic Republic of Algeria ka la bo 5 le la bo 6 Sedimonthole 2024. Leeto leno le tla sekaseka ditsela tse dingwe tse di ka dirisiwang go godisa botsalano jwa dinaga ka bobedi mo makaleng a a farologaneng mmogo le mogopolo o bobedi re nang le ona mo mererong ya Kutlwano ya Dipolotiki tsa MaAforika.

G. Melaetsa

1. Melaetsa ya go Akgola
Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go:
• Tona Ronald Lamola, yo a rwesitsweng Tlotla ya Naledi e e Dirang ka Botswerere go bontsha tlotla mo tirong ya gagwe ya go ema nokeng naga ya Palesetina le mo boeteledipeleng jwa gagwe jwa go goga kwa pele kgetse e naga ya Aforika Borwa e e tlhatlhetseng kgatlhanong le naga ya Iseraele e e ka ga polao ya batho ekete ke ditshenekegi.
• Lefapha la Naga la Matlole, jaaka le rebotse dibonte tsa Amerika di le kanaka dibilione di le R3,5 ka mogobagoba wa dingwaga di le 12 le di le 30 mo Lepatlelong la kwa Nageng ya London la Dimaraka tsa go Reka le go Rekisa Dišere. 
• Moporofesara Thumbi Ndung'u, yo e leng mobatlisisi wa malwetse a HIV le TB kwa yunibesiting ya KwaZulu-Natal, yo a tlhophilweng go emela dikabo tsa tlotla tsa Ditheo tsa Naga ya Amerika mo Dithutong tsa Bongaka. Go fenya tlotla eno ke kgato e e tlotlegang thata mo lephateng la boitekanelo le la bongaka.
• Moporofesara Thuli Madonsela, jaaka a tlhophilwe ke Komiti ya Boditšhabatšhaba ya Metshameko ya Diolimphiki go nna karolo ya Lekgotla la Boditšhabatšhaba le le Tlotlegang la go Utlwanela Tharabololo e e Tshitshintsweng mo Tshekatshekong ya Kgotlhang mo Mererong ya Metshameko mme o tla okama maemo ano sebaka sa paka e e setseng ya go tloga go ngwaga wa 2023 go fitlha go wa 2026, go tsena mo legatong la Moatlhodimogolo Yvonne Mokgoro go latela gore a thule botala ka tlhogo.
• Setlhopha sa Bafana Bafana, se se kgonneng go fitlhelela maemo a go tsenela metshameko ya Sejana sa Dinaga tsa Aforika sa Ngwaga wa 2025. 
• Setlhopha sa di-Springboks, ka go fenya maemo a a kwa godimo mo Metshamekong ya Lefatshe ya Rakabi morago ga gore se fenye motshameko wa sona le setlhopha sa Engelane, mmogo le go akgola le Pieter-Steph du Toit, yo a gapileng maemo a Motshameki yo o Diphatsa mo Metshamekong ya Lefatshe ya Rakabi mo Ngwageng. 
• Nkosinathi Maphumulo, yo a tumileng ka leina la DJ Black Coffee, jaaka a fentse Maemo a go Nna DJ yo o Diphatsa mo Lefatsheng mo Ngwageng wa 2024.
• Palesa Desiree Shilabje, yo a tumileng ka leina la DJ DESIREE, jaaka a fitlheletse Maemo a Lefatshe a go Nna Setswerere se se Dirileng Bontle mo Ngwageng wa 2024 mo Dikabong tsa Lefatshe tsa Ngwedi wa Gauta tse di neng di tshwaretswe kwa nageng ya Spain. 
• Wouter Kellerman, yo a fentseng Dikabo tsa Grammy, yo e leng moAforika Borwa yo a letsang fulutu, moitlhamedi wa dipina le motlhagisi wa dipina, jaaka a tlhophilwe go tsenela Dikabo tsa Grammy tsa Baopedi ba Dipina tsa Segompieno, mo karolong ya mebino ya Mmino wa Molotsana kgotsa Alebamo ya Megwanto jaaka alebamo ya gagwe ya sešweng ya Triveni e tsamaisana le mebino eno.
• Johan Lange, lepodisi la batshwariwa la Aforika Borwa jaaka a abetswe maemo a go nna Raditshipi wa Moganka mo Dikgaisanong tsa Lefatshe tsa go Gaisana ka Dikgoka mo Metshamekong ya go Tlhokomela Mebele mo Metshamekong e e kwa godimo ga e le 40.
• Magau Ramaila yo a fentseng korone ya go nna Mošwa wa Mabontle yo a Gaisang mo Dikgaisanong tsa Ngwaga wa 2024.
2. Melaetsa ya Matshediso
Kabinete e romela matshediso a yona kwa ba lelapa le ditsala tsa:
• Mme Louise Asmal, moeteledipele wa letsholo la boditšhabatšhaba la go lwantshana le puso ya tlhaolele yo gape e neng e le mookapelo wa ga Tona ya mo malobeng e e ithobaletseng ya Thuto e Kgolwane, e bong Moporofesara Kader Asmal. E ne e le yo mongwe wa batho ba ba tlhamileng Mokgatlho wa Batho ba Iriland ba ba Emang Kgatlhanong le Puso yaTlhaolele.
• Ngaka Faustine Ndugulile, Tona ya Boitekanelo ya maloba ya naga ya Tanzania, yo a neng a tlhophiwa go nna Mokaedi wa Mokgatlho wa Lefatshe wa Merero ya Boitekanelo (WHO) mo Kgaolong ya Aforika yo a neng a tshwanetse go tsaya marapo mo ngwageng yo o tlang. Kabinete e romela matshediso kwa Pusong ya Naga ya Tanzania mmogo le kwa baaging ba naga eo, mmogo le kwa Kgaolong ya Aforika ya WHO jaaka leso la Ngaka Ndugulile le ne le sa solofelwa.
• Rre Naphtall Manana, yo botshelo jwa gagwe jotlhe a ineetseng mo go lweleng phimolakeledi le kgololesego ya maAforika Borwa otlhe. Go ikentsha setlhabelo ga gagwe mmogo le go ineela mo go lweleng kgololesego ke selo se se re rotloetsang gore re tswelele go dirisana mmogo gore re kgone go aga isago e e botoka mo go maAforika Borwa otlhe. Mo boeteledipeleng jwa gagwe o dirile go tlala seatla, a dira jaaka modiredipuso yo o tshepagalang le go dira jaaka motipolomate mo maemong a boditšhabatšhaba. Moambasatara Naphtal Manana o ne a emelela meetlo ya temokerasi, go se tlhaolane ka semorafe, go se tlhaolane ka song, go ipopa ngatana le go nna setšhaba se se atlegileng.
• Rre Mallele Petje, yo e neng e le Monnasetulo wa Komiti ya Merero ya Boruni mo Lefapheng la Thuto la Porofense ya Mpumalanga, yo ka motsi mongwe a neng a direla Puso ya Porofense ya Gauteng (GPG) jaaka Mokaedi yo Mogolo wa Lefapha mo Kantorong ya Tonakgolo. Mo maemong a mantsi a a kileng a a okama, one a dira jaaka Motlhankedimogolo mo Lefapheng la Thuto la Porofense ya Gauteng (GDE).
• Moporofesara Enos Ngutshane yo e neng e le monnasetulo wa Mokgatlho wa Tsamaiso ya Taolo ya Kgotlatshekelo ya Khomišene ya Thuanyo, Tsereganyo le Katlholelo mo Mererong ya Dikgogakgogano tsa kwa Tirong (CCMA). E ne e le molweladitshwanelo tsa batho mme o tla gopolwa ka seabe sa gagwe se segolo se a nnileng le sona mo mererong ya ditiro ka fa nageng. 
• Rre Imran Vanker, yo a nnileng le seabe se segolo mo lephateng la boruni, mo a kileng ya nna Monnasetulo wa Komiti ya Boruni ya Setheo sa Dinagakopano, ya nna Mokaedi wa Maemo mo Botong e e Ikemetseng ya Bolaodi jwa Baruni mo a neng a tlhoma Komiti ya Maiseo a Bruni mmogo le Komiti ya Maemo a Boruni mo Nageng ya Aforika Borwa. 
• Rre Lucas “Masterpieces” Moripe, motshameki yo a tumileng wa kgwele ya dinao ka fa nageng ya Aforika Borwa yo a tumileng ka leina le a le neilweng ke barati ba kgwele ya dinao la "Modingwana wa Kgwele ya Dinao". Leina la gagwe le tla sala le rona jaaka Lebala la Metshameko la kwa Atteridgeville la Lucas "Masterpieces" Moripe, le reeletswe ka ene ka ngwaga wa 2010.
• Rre Breyten Breytenbach, yo e neng e le mokwadi wa moAforika Borwa wa dipoko, dibuka tsa dinaane, e le motaki le molweladitshwanelo tsa batho. O ne a itsege thata ka gore ke moboki yo a sa ithapeletseng puso e e gatelelang batho e bile o ne a sa batle go utlwa sepe ka puso ya tlhaolele.
• Rre Jean-Jacques Cornish, motlhankedi wa go bega dikgang yo a neng a tlotlega, morulaganyi wa dikgang e bile gape e le motlhankedi yo a dirang ditshwaelo mo dikgang tse di amang Aforika, yo a dirileng bonnete jwa gore dikgang tsa naga ya Aforika Borwa di a gasiwa mo lefatsheng ka bophara. O nnile gape le seabe mo go direng gore batho ba tlhaloganye sentle gore matsapa a kontinente le ditšhono tsa yona di tlhodiwa ke eng sentlentle.

Dipotsolotso: Mme Nomonde Mnukwa – Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere
Mogala: 083 653 7485

 

Share this page

Similar categories to explore