Pegelo ya Kopano ya Kabinete Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya Laboraro, 12 Tlhakole 2025 e e Kopaneng le Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya Laboraro, 29 Ferikgong 2025

A.    Merero ya ga Jaanong

1.    Puo ya Maemo a Setšhaba (SoNA) ya Ngwaga wa 2025

1.1.    Kabinete e tlhagisitse kemonokeng ya yona e e tsetsepetseng mo go seo Moporesitente Cyril Ramaphosa a buileng ka sona mo go SoNA ya gagwe ya ngwaga wa 2025 fa a ne a eme setšhaba ka lefoko ka la bo 06 Tlhakole 2025 fa a bua ka ponelopele e kgolo ya go aga setšhaba se mo go sona maAforika Borwa otlhe a iponelang ka go lekalekana khumo le ditšhono tsa naga eno. 
1.2.    Moporesitente o ikuetse mo go maAforika Borwa otlhe go tshwaragana mme ba tsaye dikgato tsa go tla ka ponelopele e botlhe ba dumelanang ka yona mmogo le lerato le botlhe ba nang le lona mo go ageng Aforika Borwa e e tswelang botlhe molemo.
1.3.    Leano la Tlhabololo la Pakagare (MTDP) le lentšhwa le ema nokeng matsholo a puso gore a tle a direle setšhaba sotlhe mo nageng mme e leng seo se tla dirang gore maikaelelo a Puso e e Tshwaraganetsweng ya Naga (GNU) a kgone go diragadiwa. Gare ga tse dingwe, maitlhomo a MDTP ke go fokotsa botlhokatiro, tshokolo mmogo le ditlhwatlhwa tse di tsweletseng go tlhatloga tsa dilwana tse setšhaba se iphedisang ka tsona mmogo le go lwantshana le ditiragalo tsa botlhokotsebe le tsa bogodu.
1.4.    Letsholo la dipeeletso tse dikgolo la bokanaka dibilione tsa diranta di le 940 le Moporesitente Ramaphosa a buileng ka lona, le le tla tshegetsang kago ya mafaratlhatlha a mantšhwa le kgodiso ya a a ntseng a le teng mo pakeng ya dingwaga di feta di le tharo tse di tlang, le baya kwa setlhoeng kago ya mafaratlhatlha mo kgolong ya ikonomi ya naga ya rona le mo go tlholeng ditiro.
1.5.    Puo eno e tlhagisitse ditsela tse di tlhamaletseng tse di tla samaganang le dikgwetlho tse di leng teng mo mebasepaleng, segolobogolo mo go tlhokomeleng mafaratlhatlha a a botlhokwa. Puo eno e tlhagisitse gape le tshedimosetso e e tseneletseng e e ka ga ka fao go tla samaganwang le dikgwetlho tsa go tlhaela ga metsi mo nageng ya rona, go tsenyeletsa le go godisa mafaratlhatlha a mentsi mme seo se tla diragadiwa ka go beeletsa dibilione tsa diranta di le 23 mo diporojekeng di le supa tse dikgolo tsa mafaratlhatlha a metsi.
1.6.    Moporesitente Ramaphosa o tlhagisitse maikano a puso a go ema nokeng maAforika Borwa ka go ba tlamela ka matsholo a a farologaneng a go tlhokomela setšhaba mo mererong ya kalafo, thuto, tlhokomelo ya baagi, katiso le tlhatlhelelo ya baagi mmogo le matsholo a go thapa baagi mo metseng, diphesente di ka nna 60 tsa letlole la naga a dirisediwang go duela megolo ya go tlhokomela setšhaba.
1.7.    Moporesitente o totobaditse ntlha ya gore naga ya rona e a ipusa e bile e na le temokerasi ya molaotheo, mmogo le gore naga ya Aforika Borwa e tla tswelela go emelela batho, mmogo le ba bangwe go ralala le lefatshe ba ba santseng ba le ka fa tlase ga go busiwa ka molao wa tshipi le ka fa tlase ga kgatelelo 
1.8.    Kabinete e ikuetse mo makaleng otlhe mo setšhabeng go ema nokeng matsholo otlhe a Moporesitente a buileng ka ona mo go SoNA mme ba dirisane le puso jaaka re rulaganya setšhaba sa rona go tsaya leeto le re tla tsenang mo go lona mo ngwageng yo re o tobileng.

2.    Go Tshwaraganela Naga ya Aforika Borwa

2.1.    Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go ipopa ngatana go ema nokeng naga ya rona e ntle mo dinakong tsa gompieno tse go gasaganeng tshedimosetso e e latlhetsang, ya maaka le ya go menelana lemena eo maitlhomo a yona e leng go buelela puso ya naga ya rona maaka mmogo le go thuba kgolaganyo mo setšhabeng sa rona.
2.2.    Ga re a tshwanela go letlelela maaka go re phuaganya; re setšhaba se se nonofileng se se nang le dilo di le dintsi tse re tshwanang ka tsona e bile mo hisetoring ya rona go itshupile gore ga go kgwetlho epe e re kileng ra mekamekana le yona ya re palela. Maina a rona a a bediwa gore re emelele naga ya rona e re e ratang, e leng naga e e ikokotletseng ka meetlo ya temokerasi e e buang ka go se tlhoane ka ntlha ya semorafe, go itshokelana, go utlwelana botlhoko, go nna le kagiso, go nna le phimolakeledi, go nna le kgololesego le go dira gore batho ba nne le seriti.
2.3.    Jaaka re itse sentle seo se kileng sa re diragalela mo nakong e e fetileng, ga re kitla re ikgatolosa ditiragalo tse di diragalang mo lefatsheng tse di iponagatsang gore ke tsa dikgatakako tsa ditshwanelo tsa batho, e bile ga re kitla re itlhokomolosa batho ba ba tlhokileng lesego ba ba itlhokelang fela gore re ba emelele ka lentswe la rona gore re kgaleme ditiragalo tse di diragalang ba tle ba se boge phetelela. Kabinete e boeletsa mafoko a ga Moporesitente Ramaphosa gore setšhaba sa rona ga se kitla se iteseletsa gore go tshamekelwe fa godimo ga tlhogo ya sona.
2.4.    Naga ya Aforika Borwa ke legae la mang le mang yo a nnang mo go yona, e bile re seoposengwe le fa re ntse re farologane. Tla re emeng ka lefoko le le lengwe re emeleleng dikgatlhegelo tsa naga ya rona, boipuso jwa yona le temokerasi ya yona e e ikaegileng ka molaotheo. Mmogo re aga setšhaba se se rotloetsang puisano le setšhaba, go ipopa ngatana le go rata mongwe le mongwe jaaka re ithata, go sa kgathalesege gore motho yoo ke wa morafe ofe.

3.    Ikonomi

3.1.    Molao wa go Amogiwa ga Lefatshe

3.1.1.    Molao wa go Amogiwa ga Lefatshe wa ngwaga wa 2024, yo mo malobanyaneng o saenilweng gore jaanong o ka amogelwa go nna molao wa semmuso, morago ga gore go latelwe dithulaganyo di gana go fela tsa go batla maikutlo le ditshwaelo tsa baagi, ke molao yo dithulaganyo tsa ona di ikaegileng ka molaotheo yo o netefatsang gore lefatshe le amogiwa ka mokgwa yo o sa tseyeng letlhakore le go latela mabaka a a utlwagalang go abelwa ditlhokwa tsa setšhaba fela jaaka Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996 o kaela. Molao yono ga se semaka mo lefatsheng go nne dinaga tse dingwe mo lefatsheng lotlhe le tsona di na le melao ya go amogiwa ga lefatshe e e lebelelang gore setšhaba se tlhoka dilo tse di rileng mme lefatshe le le rileng le ka solwa mosola go diragatsa ditlhokwa tseo mme e bile gape melao eo e tlhokomela gape le ditshwanelo tsa beng ba mafatshe ao.
3.1.2.    Kabinete e tsibogetse molao wa puso ya Amerika yo o rebotsweng ke Moporesitente Donald Trump, yo o ntshitseng matshwenyego a yona mo ditatofatsong tsa gore naga ya rona e rebola dipholisi tse di tlhaolang batho go ya ka semorafe mmogo le tseo di gatakakang ditshwanelo tsa batho, e leng dilo tseo di gakadiwang thata ke Molao wa go Amogiwa ga Lefatshe. Molao wa Amerika ka bomadimabe o ikeme ka maaka e bile o gata mo motlhaleng wa ditiragalo tsa go phasalatsa maaka mmogo le mo setlwaeding sa go latlhetsa setšhaba ka go se bue nnete ka ga maitlhomo a nnete a molao wa go amogiwa ga lefatshe mme ditiragalo tseno maitlhomo a tsona ke go fuduwa mmudubudu wa go se utlwane ga merafe ka fa nageng ya rona.
3.1.3.    Kabinete e tšhwela ka mathe ditatofatso tsa gore Puso ya Naga ya Aforika Borwa e setse e rebotse letsholo la go amoga batho mafatshe e bile “e tshawra morafe yo o rileng wa batho makgwakgwa”. Naga ya Aforika Borwa ke naga e e nang le temokerasi e e tswang mo molaotheong mme molaotheo ono o ikaegile ka tshireletso ya ditshwanelo tsa batho botlhe ba ba nnang ka fa nageng mme tshireletso eno e tsamaisana le karolo ya Molaotlhomo wa Ditshwanelo tsa Batho le ya Molaotheo. Molaotheo wa naga ya rona o kwadilwe ka mokgwa yo o kgontshang maAforika Borwa otlhe go dirisana mmogo go fedisa ditiragalo tse di saletseng tse di tlhodilweng ke tlhaolele, go tsenyeletsa le tsa go amogiwa ga mafatshe mo pusong ya tlhaolele. 
3.1.4.    Naga ya Aforika Borwa e santse e eme ka le le reng go tshwanetswe go batliwe ditharabololo tse di sa tsenyeletseng tirisodikgoka fa go sa utlwanwe kgotsa mo mefuteng yotlhe ya dikgogakgogano. Naga ya rona e fela pelo gore e tla kopana neng le baemedi ba puso ya Amerika go ba tlhalosetsa ka pholisi ya go fetola batshodi ba lefatshe mmogo le ka merero ya botsalano jwa dinaga tsa rona ka bobedi.

3.2.    Bojanala 

3.2.1.    Kabinete e itumedisitswe ke tshedimosetso ya sešweng e e ka ga dipalopalo tsa batsayamaeto ba ba etelang ka fa nageng e e totobatsang gore lekala la bojanala la naga ya Aforika Borwa le tswelela go gola, mo go amogetsweng baeng ba le dimilione di le 8.92 ka ngwaga wa 2024, e leng palo e e gagamaditseng e e oketsegileng ka diphesente di le 5.1 fa e bapisiwa le ya mo ngwageng wa 2023.
3.2.2.    Kontinente ya Aforika ke yona e e nang le baeng ba bantsi ba ba etelang naga ya Aforika Borwa, mo dimilione di le 6.8 tsa bajanala mo ngwageng wa 2024 e neng e le ba Aforika, mme palo eno e raya gore mo dipalong tsotlhe tsa batho ba ba etelang naga ya rona diphesente di le 76 ke tsa ba ba tswang mo Aforika. Go ya ka Lekgotla la Lefatshe la Merero ya go Tsaya Maeto le ya Bojanala, intaseteri ya bojanala e balelwa mo diintasetering tse di dirang letseno le le kanaka diphesente di le 8.8 mo go Seelosotlhe sa Ditlhagisiwa tsa Naga mo Ngwageng (GDP) mmogo le go tshegetsa ditiro di le dimilione di le 1.68. 
3.2.3.    Kabinete e rotloetsa makala otlhe go sola mosola tšhono eno ka go ema nokeng intaseteri ya bojanala, go tshwara baeng sentle ka fa nageng ya rona mmogo le go rotloetsa baagi ka fa nageng gore le bona ba ikentshe ba tlhabelwe ke phefo ka go jela nala mafelo a bojanala a ka fa nageng a Sho’t Left. Bojanala ba ba batlang tshedimosetso ka botlalo ka ga mafelo a bojanala a naga ya Aforika Borwa e nang le ona ba ka etela webesaete ya www.southafrica.net

3.3.    Kopano e Kgolo ya Beng ba Meepo mo Nageng ya Aforika 

3.3.1.    Kabinete e itumedisitswe ke tiro e e tsamaileng sentle ya go amogela baeng ba ba neng ba tsenetse Kopano e Kgolo ya Beng ba Meepo mo Nageng ya Aforika e e neng e tshwaretswe kwa Motsekapa go tloga ka la bo 02 go fitlha ka la bo 06 Tlhakole 2025 e molaetsamogolo wa yona o neng o re: “Go Dira Bonnete jwa gore Meepo ya Aforika e Tswelela go Dira le mo Isagong”. Kopano eno e tshwerwe lekgetlo la ntlha ka ngwaga wa 1994 mme mo sebakeng sa dingwaga di feta di le 30 tsa temokerasi e setse e godile mo jaanong e leng e nngwe ya dikopano tse dikgolo mo lefatsheng tse go kopanang batlhankedi ba ba nang le seabe se segolo mo meepong.
3.3.2.    Kopano ya monongwaga e ne e tsenetswe le ke baemedi ba metse e meepo e leng mo go yona go fatlhosa beng ba meepo ka ditlhokwa tsa baagi ba metse eo, matshosetsi a ba nang le ona le seabe se diporojeke tsa meepo eno di nang le sona mo baaging bano. E thusitse gape le ka go tlhatlhelela baagi ka go nna le kitso fa go tla mo go nneng le seabe mo go tseyeng ditshweetso ka diporojeke tsa meepo.
3.3.3.    Kabinete e itumeletse tšhono e e tlhodilweng ke kopano eno mo go direng gore naga e nne e nngwe ya tseo di di gogang kwa pele mo dikgwebong tsa meepo mmogo le mo go tlhagiseng ditšhono tsa go dira dipeeletso mo lekaleng la meepo. Bokgoni jwa naga ya rona fa go tla mo meepong ke jwa go epa diminetale tse di farologaneng tsa polatinamo (di-PGM), tshipi ya mankanese mmogo le gauta. Mo ngwageng wa 2023, naga ya Aforika Borwa e ne e le yona mo lefatsheng e e di gogagng kwa pele fa go tla mo go epeng di-PGM, ya thopa maemo a bo 13 mo dinageng tse di tlhagisang gauta ka bontsi mme e bile gape naga ya Aforika Borwa ke e nngwe ya dinaga tse mo lefatsheng di tshwereng diphesente di le 37 mo lefatsheng tsa tshipi ya mankanese

4.    Merero ya Boditšhabatšhaba

4.1.    Paka ya Aforika Borwa ya go Okama Maemo a Boporesitente jwa Mokgatlho wa Dinaga di le Masomeamabedi (G20) 

4.1.1.    Paka ya Aforika Borwa ya go okama maemo a Boporesitente jwa G20 e gatela pele ntle le go kgorelediwa ke sepe mme naga e tla nna le dikgolagano tse dikgolo le dinaga tse dingwe tse e leng karolo ya G20 maitlhomo e le go rarabolola dintlha tse di tlhobaetsang tse lefatshe le tobaneng le tsona gore go fitlhelelwe ditharabololo tse di tla nnelang ruri tse selo sa ntlha se di tla lebanang le sona e tla nnang tlhokomelo ya batho botlhe.
4.1.2.    Go na le dikopano tse dikgolo di le dintsinyana tse di rulaganyeditsweng go tshwarwa mo tsamaong ya ngwaga otlhe, mme tsona di tsenyeletsa kopano ya G20 e e ka ga Setlhopha sa Tiro ya go Tlhola Ditiro mme yona e tla tshwarwa go tloga ka la bo 18 go fitlha ka la bo 21 Tlhakole 2025 mo go tla tsepamisiwang mogopolo mo mererong ya ditiro le ya bathapiwa.
4.1.3.    Kopano ya Ntlha ya Ditona tsa Mafapha a Merero ya Botsalano jwa Dinaga tsa Boditšhabatšhaba e tla tshwarwa go tloga ka la bo 20 go fitlha ka la bo 21 Tlhakole 2025 kwa Johannesburg. Go solofetswe gore mo kopanong eo go tla atlhaatlhiwa merusu e e renang mo lefatsheng ka bophara mmogo le go buisana ka diphetogo tsa go fetola ditheo tsa go busa tsa lefatshe.
4.1.4.    Naga ya rona e ithulaganyetsa go roma baromiwa ba puso mmogo le baeteledipele ba bangwe go leba kwa dinageng tse di farologaneng mo kontinenteng ya Aforika le mo lefatsheng ka bophara go isa molaetsa kwa dinageng tseo wa gore ke eng se naga ya rona e batlang go se diragatsa mo pakeng ya yona ya Boporesitente jwa G20.
4.1.5.    Naga ya Aforika Borwa e tla tshwara gape le kopano ya Ditona tsa Mafapha a Matlole a Dinaga tsa Boditšhabatšhaba e e tla tsenelwang gape le ke Ditlhogo tsa Dibankakgolo tsa Dinaga tseo e e tla tshwarwang go tloga ka la bo 26 go fitlha ka la bo 27 Tlhakole 2025 kwa Cape Town International Convention Centre. Morago ga kopano eno go tla latela kopano e e tshwarwang ke Batlatsi ba Ditlhogo tsa Dibankakgolo tsa Dinaga tseo mme yona e tla tshwarwa ka la bo 24 le la bo 25 Tlhakole 2025. 
4.1.6.    Naga ya Aforika Borwa e okame maemo a Boporesitente jwa G20 ka la bo 01 Sedimonthole 2024 mme ga jaanong go samaganwe le dipuisano tse di tsamaisanang le molaetsamogolo yo o reng: “Go Ipopa Seoposengwe, Go Tlisa Tekatekano le Go Ritibatsa Maemo” mme maitlhomo ke go dira matsapa a gore go se nne le ope yo a tlogelwang kwa morago.

4.2.    Maemo kwa Nageng ya Democratic Republic of the Congo (DRC)

4.2.1.    Kabinete e roletse hutshe bagale ba masole ba le 14 ba naga ya Aforika Borwa ba ba tlhokafetseng kwa DRC mo malobanyaneng fa ba ne ba samagane le letsholong la go tlisa kagiso la go ema nokeng letsholo la Dinagakopano (UN). Masole ano a ne a rometswe kwa nageng eo go ya ka Letsholo la Dinaga tse di Dirisanang Mmogo tse di kwa Borwa jwa Aforika mo Seemong sa DRC (SAMIDRC) mmogo le go ya ka Letsholo la Mokgatlho wa go Ritibatsa Maemo wa Dinagakopano kwa DRC (MONUSCO). 
4.2.2.    Kabinete e totobaditse ntlha ya gore naga ya Aforika Borwa e tla tswelela go tshameka karolo ya yona ya go tlisa kagiso mmogo le ya go ema nokeng dinaga tse dingwe tsa Aforika tseo di re thusitseng gore le rona re gololesege jaaka di ne di tshegetsa lefoko la rona le go re tlamela ka dilwana tse dingwe tse re neng re di tlhoka.
4.2.3.    Kabinete e lomilwe tsebe gape le ka seo se diragalang ga jaana kwa botlhaba jwa DRC mme e dirile boikuelo jwa gore maphata otlhe a ikobele maiteko otlhe a ga jaana ao maitlhomo a ona e leng go fitlhelela ditharabololo, mmogo le go ikobela boikuelo jwa gore ntwa e fedisiwe ka ponyo ya leitlho mme ditirelo tse di botlhokwa di busediwe tirong.
4.2.4.    Kabinete e itumedisitswe gape le ke dikgato tseo baeteledipele ba SADC ba di tsereng tseo maitlhomo a tsona e leng go tla ka tharabololo ya ntwa eo mmogo le go rulaganyetsa gore batho ba ba tlhokafetseng le ba ba gobetseng ba naga ya Aforika Borwa, Malawi le Tanzania ba busediwe kwa dinageng tsa bona. Ditlamorago tsa Kopano ya Ditlhogo tsa Mebuso e e neng e tshwaretswe kwa Tanzania ka la bo 8 Tlhakole 2025 e e neng e le mabapi le ntwa eno e re neile tsholofelo e e seng kana ka sepe fa go tla mo karolong e e aparetsweng ke meruso ya botlhaba jwa DRC. 
4.2.5.    Kabinete e touteletse maikaelelo a setšhaba sa rona a gore go tshwanetswe go fitlhelelwe ditharabololo ntle le ntwa mme ditharabololo tseno di tshwanetse go dira bonnete jwa gore kwa DRC go nna le taolo fa ka fa letlhakoreng le lengwe baagi ba naga ya Congo ba tshwarwa sentle.

5.    Letsholo la Operation Vala Umgodi

5.1.    Kabinete e akgotse matsapa a a dirilweng ke Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) a go lwantshana le ditiragalo tsa bogodu jwa dirašwa tsa meepo ka go dirisa letsholo la Operation Vala Umgodi. Letsholo leno fa e sale ka Sedimonthole 2023 le setse le thusitse gore go tshwarwe batho ba feta 18 000. Magodu a dirašwa tsa meepo a ka nna 1 700 a tshwerwe kwa moepong wa kwa Stilfontein fa e sale go simololwa ka Phatwe 2024. Mo tiragalong eno ya go lwantshana le bogodu jwa dirašwa tsa meepo, go thopilwe gape le ditlhobolo di le 458, dikolo di le 12 000, diteroko di le 283, dijanaga di le 303 mmogo le metšhini e megolo e le 84. Go thopilwe gape le madi a mo seatleng a a kanaka dimilione tsa diranta di le tlhano mmogo le ditaemane tse di tala tse di ka dirang madi a le kanaka dimilione tsa diranta di le 32.
5.2.    Kabinete e itumedisiwa ke matsapa otlhe a a ntseng a diriwa ke sepodisi mo go lwantshaneng le bogodu jwa dirašwa tsa meepo jaaka mo mafelong a a farologaneng ka fa nageng go samaganwe le letsholo leno la Operation Vala Umgodi. 
5.3.    Kabinete e akgotse gape le matsapa a sepodisi a go tshwara mapodisi a le mane a a belaelwang gore ke ona a a fitlhileng le go thusa go tshabisa komangkanna wa digongwana tsa bogodu jwa dirašwa tsa meepo, e bong Neo James Tsoaeli, yo a itsegeng gape ka leina la ‘Tiger’. Kabinete e gateletse gore mapodisi ka dinako tsotlhe a tshwanetse go ipaya mo maemong a a kwa godimo fa go tla mo mekgweng ya bona le mo go direng tiro ya bona ka manontlhotlho. 
5.4.    Kabinete e ikuetse mo go Setheo sa Bosekisi jwa Naga gore se dire bonnete jwa gore batho botlhe ba ba amegang mo ditiragalong tsa mothale ono tsa bogodu ba rwesiwe maikarabelo mme ba rebolelwe katlholo e e bogale go gaisa.

6.    Merero ya Kemonokeng ya Setšhaba 

6.1.    Lephata la Thuto

6.1.1.    Kabinete e akgotse barutwana ba materiki ba ngwaga wa 2024 jaaka ba fitlheletse dipholo tse dintle go gaisa fa e sale go tloga ka ngwaga wa 1994, jaaka go falotse palo ya barutwana ba le kanaka diphesente di le 87,3, mme seno se raya gore palo eno e tlhatlogile ka diphesente di le 4,4 go tloga ka ngwaga wa 2023. Barutwana ba le 615 429 ba falotse ditlhatlhobo tsa bona tsa Lekwalo la Naga la Dithuto tse Dikgolwane, mme mo go bona botlhe, barutwana ba ba batlileng go dira halofo ya palo ya bona ba falotse ka dipholo tse di ba letlang go ka tsweletsa dithuto tsa bona kwa diyunibesiting, fa barutwana ba le 320 000 bona ba falotse ka dinaledi.
6.1.2.    Dipholo tseno tsa barutwana ba materiki ba ngwaga wa 2024 ke sesupo sa kgatelopele e re setseng re e dirile, jaaka re tla bo re keteka Dingwaga di le 30 tsa Kgololesego le Temokerasi. Di supa gape le gore re busetsa kwa morago lefa le le neng le logetswe maano la puso ya tlhaolele la go dira gore tshika morago ga tshika e palelwe ke go tswa mo tshokolong, la khumanego le la go tlhoka ga baagi ba bantsi ba naga ya Aforika Borwa.

6.2.    Madi a loago 

6.2.1.    Kabinete e ikuetse mo go batho botlhe ba ba amogelang megolo ya go thusa setšhaba ya puso go leba kwa dikantorong tsa Postbank go ya go fetola Karata ya Mmala wa Gauta ya bona ya Setheo sa Tshireletso ya Loago sa Aforika Borwa (SASSA) mme ba ikwadisetse Karata ya Mmala o Montsho pele ga Labotlhano wa la bo 28 Tlhakole 2025 gore ba tle ba kgone go tswelela go amogela dituelelo tsa megolo ya bona ya SASSA.
6.2.2.    Baagi ba ba amogelang megolo ya go thusa setšhaba ba ka leba kwa dikantorong tse di gaufi le bona tsa Postbank tse di fitlhelwang mo meagong ya mabentlele go tshwana le ya Checkers, Shoprite, Pick n Pay, Usave, mmogo le Boxer ko ba ka iponelang Dikarata tsa bona tsa Mmala o Montsho.
6.2.3.    Fa la bo 28 Tlhakole 2025 le sena go garela, Dikarata tsa Mmala wa Gauta tsa SASSA ga di sa tlhole di tla dira fa o batla go e dirisa kwa ATM le kwa mabentleleng.

6.3.    Dipalopalo tsa Dikotsi tsa mo Mebileng mo Pakeng ya Dikeresemose

6.3.1.    Kabinete e nopotse gore dipalopalo tsa ntlha tsa ngwaga wa matlole wa 2024/25 tsa matsholo a Dikotsi tsa mo Mebileng mo Pakeng ya Dikeresemose di bontsha gore dikotsi tsa mo mebileng, segolobogolo tse di tlhodiwang ke maitsholo a a botlhaswa a batho, di tsweletse go dira gore naga ya rona e aparelwe ke leru le lentsho.
6.3.2.    Mo dipalopalong tsotlhe tsa dikotsi tseno, diphesente di le 87 tsa tsona ke tse di bakilweng ke maitsholo a a botlhaswa mo mebileng mme ona a tsenyeletsa a batho ba ba thulang batho ba bangwe ka dijanaga mme morago ba le botse phokoje, a batho ba ba kgabaganyang mebila gongwe le gongwe le mo ba sa tshwanelang go kgabaganya teng, a batho ba ba kgannang ba lapile, a batho ba ba retelelwang ke go laola dijanaga tse ba di kgannang, a go siana ka lebelo le le kwa godimo go feta selekano mo mebileng, a go kganna ba bo hupile mmogo le a go sega tsebe ka sejanaga le mo go sa tshwanelang.
6.3.3.    Kabinete e ikuetse mo go batho botlhe ba ba dirisang mebila ya naga ya rona go fetola maitsholo a bona, mmogo le mo go mapodisi a mo mebileng go dira gore botlhe ba ba gatakakang melao ya tsela ba di game ba sa di tlhapela. Dikotsi tseno tsa mo mebileng di tlhakatlhakanya matshelo a batho ba ba senang molato, di tlogela malapa a le mo khutsafalong e e seng kana ka sepe mmogo le go dira gore ikonomi ya naga ya rona e dirise dibilione tsa diranta ka ngwaga go dirolola diphoso tseno.

B. Ditshwetso tsa Kabinete tse di Tserweng mo Kopanong e e Itlhophileng ya Kabinete e e Neng e Tshwerwe ka la bo 29 Ferikgong 2025 

Kopanong e e Itlhophileng ya Kabinete e tshwerwe ka la bo 29 Ferikgong go atlhaatlha dintlha di le dintsinyana tse di botlhokwa tse di amang merero ya ka fa nageng le ya boditšhabatšhaba.

1.    Maemo a Pabalesego mo Kgaolong e e kwa Borwa jwa DRC

1.1.    Kabinete e lomilwe tsebe ka maemo a pabalesego kwa kgaolong ya borwa jwa DRC ao a dirileng gore masole a SAMIDRC mmogo le a MONUSCO a naga ya Aforika Borwa, Tanzania, Malawia le Uruguay a latlhegelwe ke matshelo a ona. 
1.2.    Kabinete e rometse matshediso a yona kwa go ba malapa le ditsala mmogo la kwa masoleng a a neng a dira mmogo le masole a maAforika Borwa a le 14 a a latlhegetsweng ke matshelo a bona mo matsholong a go tlisa kagiso a SAMIDRC le a MONUSCO 
1.3.    Kabinete e rometse matshediso a yona gape le kwa mebusong kwa ditšhabeng tsa dinaga tsa United Republic of Tanzania, Malawi mmogo le Uruguay jaaka le bona ba latlhegetswe ke matshelo a masole a bona. 
1.4.    Puso ya naga ya Aforika Borwa e tswelela go ema nokeng matsholo otlhe a a etelelwang kwa pele ke SADC, Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU) mmgo le a UN mo go tliseng kagiso kwa botlhaba jwa DRC jaaka seno e le karolo ya maiteko a AU a 2063 a a mabapi le go fedisa dintwa.

2.    Go Gogelwa kwa Morago ga Matlole a go re tswa Thuso a Puso ya Amerika

2.1.    Kabinete e tsopoletswe ka ga dikgato tsa Puso ya Amerika tsa go gogela kwa morago matlole o go re tswa thuso le gore dikgato tseno di tla nna le seabe se se kanakang mo nageng ya Aforika Borwa, segolobogolo mo matsholong a HIV/AIDS le a TB. 

2.2.    Naga ya Aforika Borwa mo ngwageng wa matlole wa 2024/25 e ne e samagane le letsholo le le namagadi la go thibela HIV/AIDS, go dira diteko, go okobatsa bolwetse le go bo tlhokomela mo ditikologong di le 52 mme letsholo leno le biditse madi a le kanaka dibilione tsa diranta di le 46.8. Mo kemonokeng eo re neng re e amogela ka Letsholo la Moporesitente wa Naga ya Amerika mo Leanong la go Tsibogela Kalafo ya AIDS (PEPFAR), leo le enngwang nokeng gape le ke Setheo sa Puso ya Amerika sa Merero ya go Tlisa Tlhabologo mo Dinageng tsa Boditšhabatšhaba, le thusa naga ya rona ka go nna le seabe se se kanaka diphesente di le 17 tsa madi otlhe a re buileng ka ona ano mme le thusa mo ditikologong di le 27 mo diporofenseng di le robedi.

2.3.    Puso ya naga ya Aforika Borwa ke yona e e tlamelang letsholo la melemo ya go okobatsa le go thibela go tshwaetsana ka kokwanatlhoko ya lebolelateng ka diphesente di le 90 mme Letlole la Thuso ya Lefatshe lona le thusa ka go tlamela ka matlole a a ka dirang diphesente di le 10 tse di setseng. Mo ntlheng eno, matlole a PEPFAR a duelela fela megolo ya badiredi ba ba thusang mo ditikologong tseno di le 27 mmogo le go duelela dithulaganyo tse di ba kgontshang go dira tiro ya bona.

2.4.    Puso e a itse gape le gore tshwetso eno ya go gogela kwa morago matlole le yona ka boyona e gogetswe morago nakwana sebaka sa matsatsi a le 90 go kgontsha Puso ya Amerika go itshekatsheka sentle pele e ka tsaya tshwetso ya bofelo.

2.5.    Kabinete e batla go netefaletsa maAforika Borwa otlhe gore puso ga e kitla e letlelela gore maemo a tswe mo taolong mo a tla dirang gore moAforika Borwa mongwe le mongwe yo a nwang melemo a iphitlhele a palelwa ke go nwa melemo ya gagwe.

C. Bao ba Thapilweng

Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.

1.1.    Kabinete e dumelane mo ntlheng ya gore go atolosiwe konteraka ya tiro ya ga Mme Nompumelelo Mpofu gore a tswelele go okama maemo a Mokaedikhuduthamagamogolo (CEO) wa Setlamo sa Mafelo a Boemafofane a Aforika Borwa (ACSA) SOC Limited ka sebaka sa dikgwedi di le 17, go simolola ka la bo 01 Tlhakole 2025.

1.2.    Kabinete e ikuetse mo go ACSA go baya kwa setlhoeng tlhokomelo le tsosoloso ya meago le dithoto, mmogo le go dira bonnete jwa gore monongwaga setheo seno se dira tiro e e tswileng diatla fa go tla mo tsamaisong ya batsayamaeto le dithoto ka go dira bonnete jwa gore di tsamaisiwa ka nako le ka thulaganyo e e tshwanetseng mo meagong yotlhe ya boemelafofane .

1.3.    Kabinete e dumelane gape le mo ntlheng ya go thapiwa ga ditokololo tse e seng tsa khuduthamaga mo Botong ya Sekema sa Naga sa Thuso ya Baithuti ka Ditšhelete tsa go Tsweletsa Dithuto (NSFAS): 
a.    Ngaka Karen Stander (Monnasetulo);
b.    Mme Ndileka Portia Loyilane;
c.    Moatefokate Richardt Tlou Ramashia;
d.    Rre Lavandran Nanda Gopaul;
e.    Mme Philisiwe Sibiya;
f.    Mme Clarinda Elizabeth Simpson;
g.    Mme Prashika Mahesh; 
h.     Ngaka Siyanda Brightboy Mngadi;
i.    Mme Karabo Mohale;
j.    Mme Mampiane Johanna Maphutha;
k.    Ngaka Mugwena Maluleke; mmogo le
l.    Ngaka Marcia Socikwa.

1.4.    Ditokololo tseno e tla nna karolo ya Boto eno, go ya fela jaaka Molao o kaela.

D. Ditshwetso tsa Kabinete tse di Tserweng mo Kopanong ya Kabinete e e Neng e Tshwerwe ka la bo 12 Tlhakole 2025

1.    Go Nna Karolo ya Thulaganyo ya Tlhokomelo ya Mafelo a a Kopanetsweng a Mawatle - Tumelano e go Dumelanweng ka yona kwa Nairobi 

1.1.    Kabinete e amogetse dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Tumelano ya ICZM e e ka ga Mawatle a a ka fa Kgaolong ya Bophirima jwa India.
1.2.    Tumelano eno e go Dumelanweng ka yona kwa Nairobi ke leano la go tsamaisa tiro le le thusang maphata otlhe gore ka bo ona kgotsa ka go ipopa ngatana a diragatse dikgato tse go utlwanweng ka tsona tsa ICZM mo Kgaolong ya Bophirima jwa India. Tirisanommogo eno e e magareng ga puso, mekgatlho ya baagi le makala a poraefete e tla tlisa Kgaolong ya Bophirima jwa India e e nang le dinoka tse di itumedisang, mafelo a a gaufi le mawatle mmogo le mawatle. Naga ya Aforika Borwa e tsentse tirisong tumelano eno ka la bo 12 Lwetse 2023. 
1.3.    Tumelano eno e bulela ditšhono di gana go fela mo nageng ya Aforika Borwa, mme di akaretsa le tsa bokgoni jwa naga jwa go samagana le seabe se phetogo ya maemo a loapi e nang le sona,fa ka fa letlhakoreng le lengwe e samagana le go rotloetsa tiriso ya dimela le ditshedi tse di farologaneng go tlhagisa melemo le go nna le tlhago e e senang bana ba phefo.

2.    Khonferense ya Ditona tsa Mafapha a Lefatshe ka Bophara a a Emang Nokeng Dkgwebopotlana le tse Dikgolonyana (di-SME) 

2.1.    Kabinete e neseditse pula dikgang tsa gore naga ya Aforika Borwa ke yona e e tla tshwarang Khonferense eno ya Ditona tsa Mafapha a Lefatshe ka Bophara a a Emang Nokeng di-SME, mme e tla diragatsa maikarabelo ano ka go thusana le Tikwatikwe ya Boditšhabatšhaba e e ka ga go Gwebisana, mme e tla tshwarelwa kwa Durban go simolola ka la bo 22 go fitlha ka la bo 24 Phukwi 2025. Khonferense eno e tla tsenelwa ke baromiwa go tswa kwa dinageng di le 190 mme maitlhomo ke go rulaganya gore re nne le tirisanommogo e e tla re thusang mo go ageng dikgwebopotlana, tse dikgolwane le tse dikgolo tsa maemo a boditšhabatšhaba (di-MSME). 
2.2.    Khonferense eno e tla naya naga ya Aforika Borwa tšhono ya gore le yona e bontshe bokgoni jwa yona mo go buleng di-MSME mme seno se tla dira gore naga eno e nne mo maemong a a itumedisang fa go tla mo go ngokeleng dipeeletso le mo go rulaganyetseng go dirisana mmogo mo go tlhomeng di-MSME.

3.    Go Tshwara Samiti ya Lefatshe ya Batlhankedi ba ba Fofisang Difofane ba mo Nakong e e Tlang (NGAP) 

3.1.    Kabinete e neseditse pula dikgang tsa gore go tla tshwarelwa ka fa nageng Samiti ya Lefatshe ya NGAP mme go tshitshinngwa gore e tshwarelwe kwa Johannesburg go tloga ka la bo 22 go fitlha ka la bo 25 Moranang 2025. Setheo sa Taolo ya Difofane tse di Rwalang Baagi tsa Naga ya Aforika Borwa se tla tshwara samiti eno ka go dirisanammogo le Mokgatlo wa Boditšhabatšhaba wa Difofane tse di Rwalang Baagi, e leng setheo sa UN se se dirang ka ditiro tse di sa tlwaelegang. 
3.2.    Samiti eno e botlhokwa thata mo lephateng la difofane gonne e rotloetsa mebuso go dirisana mmogo gore e kgone go bona gore ke fa kae fao e tlhaelang gone fa go tla mo go thapeng badireding mmogo le mo go nopoleng ditlhokwa tsa lephata leno. Ga se fela gore seriti sa naga se tla fetoga mo lephateng la difofane la boditšhabatšhaba, jaaka naga ya Aforika Borwa e tla bo e le yona e go tshwaretsweng kopano eno kwa go yona, mme se sengwe gape ke gore kopano eno e tla naya naga ya Aforika Borwa tšhono ya go kopanya lephata la difofane gore le tle le kgone go loa maano a a tla dirang gore NGAP e se nyelele. Kopano eno e tla naya gape le bašwa ba naga ya Aforika Borwa tšhono ya gore ba iponele kitso le tlhatlhelelo e ba e tlhokang go ka feletsa ba iponetse ditiro mo lephateng la difofane.

E. Bao Ba Thapilweng

Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.

1.    Rre Riedewaan Bakardien o thapilwe go nna Mokaedikhuduthamagamogolo (CEO) mo Setheo sa Naga sa go Sela Ditlakala tsa Didirisiwa tse di Dirisang Matlhasedi a Lesedi. 

2.    Go thapiwa ga ditokololo tsa Boto ya Postbank SOC Limited 
(a)    Rre Khayalethu William Ngema (Monnasetulo);
(b)    Mme Karabo Joyce Siyila;
(c)    Rre Krishen Ganas Sukdev;
(d)    Rre Ismail Adam Mamoojee;
(e)    Mme Nthatho Minyuku;
(f)    Mme Wongakazi Faith Helen Majola; mmogo le 
(g)    Mme Noluyolo Yoza Jekwa.

F.    Ditiragalo tse di Tlang

1.    Lekgotla la Lephata la Thuto ya Motheo

1.1.    Moporesitente Ramaphosa o tla ema ka lefoko Lekgotla la Thuto ya Motheo ka Labone wa la bo 27 Tlhakole 2025 kwa Hoteleng ya Birchwood kwa OR Tambo Conference Centre kwa Johannesburg. Kopano eno e tla tshwarwa ka molaetsamogolo yo o reng: “Go Gagamatsa Metheo ya go Ithuta gore re tle re nne le Bokamoso jo bo Senang Bana ba Phefo jo bo Siametseng Thulaganyo ya Thuto.”.

G.    Melaetsa

1.    Melaetsa ya go Akgola

Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go:

  • Mme Tshego Gaelae, yo a fentseng korone ya go nna Mmabontle wa Lefatshe mo Ngwageng wa 2025 mme ke ene mosadi wa ntlha wa motho yo montsho go ka fenya korone eno e e tlotlomadiwang.
  • Rre Wouter Kellerman, moAforika Borwa yo a tumileng ka mmino wa dilediiwa tsa melotsana jaaka a fentse Kabo ya Grammy mo Moletlong wa bo 67 wa Dikabo tsa di Grammy o o neng o tshwaretswe kwa Los Angeles, kwa Amerika, ka la bo 2 Tlhakole 2025. Kellerman o fentse Kabo ya Grammy ya Best New Age, ka alebamo ya gagwe ya Ambient or Chant Album for Triveni, e mo go yona a dirisaneng le motshameki wa tšhelo wa naga ya Japan e bong Eru Matsumoto mmogo le seopedi sa naga ya India e bong Chandrika Tandon.
  • Moatefokate Andy Mothibi, yo e leng Tlhogo ya Yuniti e e Batlisisang Dikgetse tse di Itlhophileng (SIU), jaaka a tlhophilwe lekgetlo le lengwe gape go nna Motlatsi wa Moporesitente mo Setheong sa Kgaolo ya Aforika mmogo le go nna karolo ya Komiti ya Khuduthamaga mo Setheong sa Boditšhabatšhaba sa go Lwantshana le Ditiragalo tsa Bogodu.
  • Mme Maria Ramos, jaaka a thapilwe go nna Monnasetulo yo montšhwa wa banka e kgolo kwa nageng ya United Kingdom e bong Standard Chartered.
  • Moporofesara Refiloe Masekela jaaka a nopotse monongwaga gore e nne ene yo a amogelang Kabo e e tlotlegang ya Lefatshe ya Kalafo ya Malwetse a Mafatlha. Moporofesara Masekela e ne e le ene mosadi wa ntlha wa motho yo montsho dingwaga di le 18 tse di fetileng go ka nna ngaka ya malwetse a mafatlha. Ke moAforika Borwa wa boraro go ka fenya kabo eno.
  • Rre Dricus du Plessis, jaaka a dirile bontle mo go sireletseng lepanta la gagwe la Mogale wa Metshameko ya Ultimate Fighting Championship la batshameki ba boima jo bo fa gare lekgetlo la bobedi morago ga gore a fenye motshameki ka ene wa naga ya Amerika Sean Strickland ka tshwetso e e tserweng ke balaodi ba motshameko mme motshameko o ne o tshwaretswe kwa Sydney, kwa nageng ya Australia ka la bo 09 Tlhakole 2025. Du Plessis o tokafaditse gape le ka fao a fentseng motshameko ka teng jaaka jaanong a setse a fentse metshameko e le robongwe, e leng palo e e kwa godimo fa e sale metshameko ya batshameki ba boima jwa fa gare e nna teng.
  • Mme Prudence Sekgodiso jaaka a phimotse rekoto e e saleng e tlhodiwa ke ene ka go feta dimitara di le 800 mo dikgaisanong tsa metshameko ya basadi fa a ne a gaisana mo metshamekong ya World Athletics Indoor Tour Gold e e neng e Karlsruhe, kwa nageng ya Germany ka la bo 07 Tlhakole 2025. O garetse lebelo la gagwe morago ga gore le mo tsaye sebaka se se kanaka 1:59.88.

2.    Melaetsa ya Matshediso

Kabinete e romela matshediso a yona kwa ba lelapa le ditsala tsa:

  • Masole a Naga ya Aforika Borwa a mabedi a a tlhokafetseng fa serori se ba neng ba se nametse se menoga mo mmileng wa R31 fa gare ga Koopmansfontein le Delportshoop.
  • Baagi le puso ya Namibia go latela gore Rre Sam Nujoma, Moporesitente wa ntlha wa Namibia fa e sena go gololwa, a thule botala ka tlhogo. Rre Nujoma o ne a eteletse kwa pele ntwa ya go lwela gore naga ya gaabo e gololwe ka 1990 morago ga gore a tlhome mokgatlho wa dipolotiki wa naga ya Namibia yo o neng o itsege ka South West Africa People’s Organisation ka dingwaga tsa bo ma1960.
  • Mme Senamile Masango, mosadi wa ntlha wa mothomontsho wa moAforika Borwa go ka nna motlhankedi wa disaense tsa nyutleliya. E ne e le ene mosadi wa mothomontsho wa ntlha go nna karolo ya Setlhopha se se neng se goga Aforika kwa pele mo go direng dipatlisiso kwa Mokgatlhong wa Yuropa wa go Dira Dipatlisiso ka Nyutleliya, e leng laboratori e kgolo go di gaisa tsotlhe mo lefatsheng e e dirang dipatlisiso ka dikarolo tsa fisekise.
  • Rre Douw Steyn, radikgwebo, moitlhamedi wa dikgwebo le motho yo a ratang go thusa ba bangwe yo tsholofelo ya gagwe e e sa tseyeng ke ditsuatsue mo bokgoning jo naga ya Aforika Borwa e nang le jona e mo kgarameditseng gore a dire dipeeletso le go thankgololo matsholo ka fa nageng. Rre Steyn o tswetse naga mosola ka botlhale jwa gagwe jwa dikgwebo, ka go nna moeteledipele yo a nang le ponelopele mmogo le go thusa ditšhaba di le dintsi ka tiro ya gagwe ya go thusa ba ba tlhokang thuso.

Dipotsolotso: Mme Nomonde Mnukwa – Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere
Mogala: 083 653 7485

Share this page

Similar categories to explore