Pegelo ya Kopano ya Kabinete e e Tshwerweng ka Laboraro la bo, 27 Mopitlwe 2024

A.    Merero ya ga Jaanong 

1.    Merero ya Boditšhabatšhaba

1.1.    Tshwetso ya Lekgotla la Tshireletso ya Baagi la Mokgatlo wa Dinagakopano (UN) Mabapi le Maemo a kwa Gaza
1.1.1.    Kabinete e neseditse pula Tshwetso ya Lekgotla la Tshireletso ya Baagi la Mokgatlo wa Dinagakopano e e tserweng ka Mosupologo wa la bo 25 Mopitlwe 2024 e e dirang boikuelo jwa gore mo kgweding eno e leng Kgwedi e e Boitshepo ya Ramadan, ntwa e e tsweletseng e emisiwe, batho botlhe ba ba golegilweng ba gololwe, mmogo le go letlelela gore thuso e letlelelwe go leba kwa baaging ba Gaza.
1.1.2.    Ditshwetso tseno ke go bontsha ka fao naga ya Aforika Borwa e neng e nepile ka gona mo go tseyeng tshwetso ya yona ya go lwela gore ntwa e fedisiwe le ditiragalo tsa go gatakakiwa ga ditshwanelo tsa baagi ba Palestina di fedisiwe mmogo le go lokolola batho botlhe ba ba golegilweng ke Hamas.
1.1.3.    Ditshwetso tsa Lekgotla leno ga di ikgatoloswe mme maphata otlhe a tshwanetse go di obamela mme lekgotla leno le tshwanetse go dira bonnete jwa gore maphata otlhe a ikobela ditshwetso tsa lona. 
1.1.4.    Go amogelwa ga Tshwetso eno ya Lekgotla la Tshireletso ya Baagi la Mokgatlo wa UN ke kgato e e botlhokwa thata gape le mo go letleleleng gore thuso e letlelelwe go leba kwa baaging ba ba e tlhokang.
1.1.5.    Kabinete e santse e eme ka le le reng gore go rene kagiso mo dinageng ka bobedi e leng ya Iseraele le ya Palestina, seno se tla diragadiwa fa fela dinaga ka bobedi di ka dumelana gore Dinaga ka Bobedi di ikemele go se nne gore e nngwe e ka fa tlase ga e nngwe fela jaaka go ne ga diriwa ka melelwane e e neng ya tlhomiwa mo ngwageng wa 1967. 

1.2.     Go Bulelwa Sešwa ga Dimaraka tsa Mokgatlho wa Dinaga tsa Yuropa go Letlelela Aforika Borwa go di Rekisetsa
1.2.1.    Kabinete e itumeletse kgato ya Mokgatlho wa Dinaga tsa Yuropa e e ka ga Komiti ya Dinaga tsa Yuropa e e Emetseng Taolo ya Dijalo, Diphologolo, Dijo le Dijo tsa Diphologolo tse di Rekiwang kwa Dinageng tsa kwa Ntle e e tsereng tshwetso ya go busetsa naga ya Aforika Borwa mo Lenaaneng la Mametlelelo ya bo IV ya Dinaga tsa Aforika tse di senang Malwetse a Dipitse (AHS).
1.2.2.    Sikarolo tse di kwalolotsweng sešwa mo lenaaneng leno di tsenyeletsa go letlelela semmuso naga ya Aforika Borwa go nna lefelo le le rebolelang tetla ya dipitse tse di kwadisiwetsweng go ka tseewa koo go leba kwa Dinageng tsa Yuropa mme seno se tla diriwa fa go sena go konosediwa paka e e tlhokagalang ya go baya leitlho phologolo eno ka fa nageng le pele e ka tswa ka fa nageng.
1.2.3.    Kabinete e roletse hutshe matsapa a a dirilweng ke ba Lefapha la Temothuo, Pusetsomafatshe le Tlhabololo ya Metsemagae mmogo le ba Setheo sa Aforika Borwa sa Dithulaganyo tse di Tlhomilweng go Samagana le Kalafo ya Dipetse jaaka ba dirile gore naga ya Aforika Borwa e busediwe mo lenaaneng leno morago ga dingwaga di le 13 fa e sale e ntshiwa mo lenaaneng leno gore e se tlhole e kgona go rekisetsa Dinaga tsa Yuropa Dipitse tse di Kwadisitsweng.

1.3.    Leeto la go Ikitsise la ga Moporesitente wa Naga ya Mozambique Ngaka Nangolo Mbumba 
1.3.1.    Kabinete e itumeletse dikgato tsa go bontsha tshwaragano e dinaga ka bobedi di nang le yona jaaka ka la bo 18 Mopitlwe 2024 go ne go tshwerwe mokete wa Leeto la go Ikitsise la ga Moporesitente wa Naga ya Mozambique Ngaka Nangolo Mbumba yo ga jaana e leng Moporesitente wa bone yo a tseneng mo legatong la Moporesitente yo a tlhokafetseng e bong Ngaka Hage Geingbob. 
1.3.2.    Moporesitente Ramaphosa o amogetse ka diatla tsoopedi Moporesitente Mbumba yo a neng a tsamaya le Tona ya Kgwebisano le Intaseteri mmogo le ya Temothuo mme ba ne ba neelwa tšhono ya go atlhaatlha dilo dingwe le bankane ba bona ka fa thoko le go rarabolola dikgoreletsi dingwe tse di leng teng tse di amanang le go kgoreletsa ditlhagisiwa tsa temothuo tsa naga ya Aforika Borwa go leba kwa nageng ya Namibia mmogo le go garela Ditumelano tse di Kwalolotsweng Sešwa tse di ka ga Kgwebisano le Tirisanommogo mo Dipeeletsong magareng ga dinaga ka bobedi.

2.    Ikonomi

2.1.    Dipoelo tsa Semphosiamo se se ka ga Kago ya Mafaratlhatlha a a tla Nnelang Ruri
2.1.1.    Kabinete e itumeletse dipuisano magareng ga puso le makala a poraefe kwa Semphosiamong sa Boraro se se ka ga Kago ya Mafaratlhatlha a a tla Nnelang Ruri (SIDS), e e neng e tshwerwe ke Lefapha la Ditiro tsa Puso le Mafaratlhatlha a Setšhaba jaaka e le karolo ya maikano a puso a go sola mosola kago ya mafaratlhatlha a setšhaba a a botlhokwa a go dira gore naga ya rona e boele mo kgolong.
2.1.2.    Mo semphosiamong seno go sekasekilwe dintlha di le dintsinyana tse di tsenngwang tirisong go dira bonnete jwa gore go agiwa mafaratlhatlha ka bontsi le ka lebelo le le kgonagalang, mmogo le go tlisa diphetogo mo lephateng la go aga mafaratlhatlha a setšhaba gore seno se kgone go naya beng ba dikgwebo maatla le go ba tiisa mmoko gore ba dire dipeeletso.
2.1.3.    Mo semphosiamong seno go atlhaatlhilwe gape le kgatelopele e e setseng e dirilwe mo nageng fa go tla mo go tsenyeng tirisong Diporojeke tse Maano a tsona a Golaganeng (di-SIP) tse boleng jwa tsona bo tlhatlogileng go tloga go R340 bilione ka Phukwi 2020 go fitlha go R540 bilione ga jaanong. Diporojeke di le 18 tse boleng jwa tsona bo balelwang go R10 bilione, tse di ka ga go agela baagi bonno, go aga ditsela, go aga matamo le mafelo a go tlhatswa metsi a kelelo ya leswe di setse di konoseditswe, diporojeke tse dingwe gape tse di ka jang R233 bilione go samaganwe le tsona mme diporojeke tse dingwe gape tse di ka jang R170 bilione di santse di le mo thulaganyong ya go ntsha dithendara tsa tsona. 

2.2.    Dipoelo tsa Khonferense ya Bobedi ya Beng ba Diintaseteri tsa Bana ba Mmala wa Sebilo tsa go Romela Ditlhagisiwa kwa Dinageng tsa kwa Ntle
2.2.1.    Kabinete e itumeletse tiro e e tswileng diatla ya go bontsha bokgoni jwa naga e e dirilweng ke diintaseteri tsa bana ba mmala wa sebilo mo Khonferenseng ya Bobedi ya Beng ba Diintaseteri tsa Bana ba Mmala wa Sebilo tsa go Romela Ditlhagisiwa kwa Dinageng tsa kwa Ntle e e neng e tshwerwe mo malobanyaneng e e neng e tsenetswe ke batho ba feta ba le 1 300 ba ba neng ba tlile go bontsha bokgoni jwa bona mmogo le ba bangwe ba ba neng ba tlile go bogela ba le 205, mo tiro yotlhe e neng e emetse letseno le le fetang dibilione di le lesome tsa diranta.
2.2.2.    Go ne ga begiwa kwa khonferenseng gore difeme di feta di le 1 714 tse di thapang batho ba le 161 000 le tsona di unngwetswe mo Letsholong la Beng ba Diintaseteri ba Bathobantsho.
2.2.3.    Letseno fa le feletse la feme le balelwa go R183bilione, mo palo ya ditiro tse di tobaneng le intaseteri eno mmogo le ditiro tse di ikokotletseng ka ditiro tsa lephata le lengwe go tshegetsa intaseteri eno di fetang di le 282 000.

2.3.    Pitso ya go Tlhoma Tiriso ya Dimela le Ditshedi tse di Farologaneng go Tlhagisa Melemo mmogo le Indaba ya Dipeeletso mo Ikonoming
2.3.1.    Kabinete e itumeletse go tshwarwa ga Pitso ya go Tlhoma Tiriso ya Dimela le Ditshedi tse di Farologaneng go Tlhagisa Melemo mmogo le Indaba ya Dipeeletso mo Ikonoming e leng ditiragalo tse di dirileng gore bannaleseabe ba ba farologaneng mo lephateng la Tiriso ya Dimela le Ditshedi tse di Farologaneng go Tlhagisa Melemo ba thologele kwano go tla go sekaseka kgang ya gore lephata leno le ka nna jang le seabe mo ikonoming.
2.3.2.    Kopano eno e neetse batsayakarolo tšhono ya go ka buisana ka Leano la Tiriso ya Dimela le Ditshedi tse di Farologaneng go Tlhagisa Melemo (NBES) le ga jaana le sekasekiwang. Maitlhomo a leano leno ke go tsenya tirisong dikgato tse di tla nnang le mosola mo go somareleng tiriso ya dimela le ditshedi tse di farologaneng go tlhagisa melemo ka fa nageng ya Aforika Borwa, e leng leano le le sa itlhokomoloseng ope le le nang le maikaelelo a go thusa baagi ka go lekalekana

2.4.    Dipoelo tsa Khonferense ya Ditshwanelo tsa Batho
2.4.1.    Kabinete e itumeletse Khonferense ya Ditshwanelo tsa Batho e e tshwerweng ka katlego ya go keteka Dingwaga di le 30 tsa Ditshwanelo tsa Batho e e neng e tshwaretswe kwa Ekurhuleni e go neng ga sekasekwa maemo a ditshwanelo tsa batho ka fa nageng ya Aforika Borwa.
2.4.2.    Kabinete e itumedisitswe ke gore go setse go dirilwe kgatelopele ya dira ga di bonwe mo go direng gore molaotheo le ditshwanelo tsa batho di tsenelele mo setšhabeng mme e bile gape e dumelana le gore go santse go na gape le dilo tse dintsi tse di santseng di tlhoka go ka phetagadiwa go dira bonnete jwa gore baagi botlhe ba tle ba itumelele ka botlalo ditshwanelo tsa bona tsotlhe tse di botlhokwa tsa botho fela jaaka di tlhagisiwa mo Molaotheong.
2.4.3.    Kabinete e ne gape ya itebogela mo baaging botlhe ba naga ya Aforika Borwa gobo ba nnile le seabe mo go ketekeng mekete ya ka fa nageng ya Letsatsi la Ditshwanelo tsa Botho ka la bo 21 Mopitlwe 2024 ka molaetsamogolo yo o reng: “Dingwaga di le Masome a Mararo tsa go Tlotla mmogo le go Tlotlomatsa Ditshwanelo tsa Batho”. Pele go ka rena temokerasi naga ya rona e ne e aparetswe ke ditiragalo tsa go nyatsa batho ba merafe e mengwe, go tlhaola batho ba bangwe le go se tshwarane sentle. 
2.4.4.    MaAforika Borwa a rotloediwa go itebelela bokgakala jo ba tswang gone mme ba bolelele ba bangwe ka fao dingwaga di le masome a mararo tse di fetileng di kgonneng go re thusa gore re fitlhelele ditshwanelo tse di botlhokwa tsa batho le tsosoloso ya seriti sa batho go ya ka Molaotlhomo wa Ditshwanelo. Molaotlhomo wa Ditshwanelo ke karolo ya Molaotheo. 

3.    Merero ya Tsamaiso ya Puso

3.1.    Go Tlhomiwa ga Setlhopha sa Tiro sa Kantoro ya Moporesitente se se Samaganang le Maemo a kwa eThekwini
3.1.1.    Kabinete e itumeletse dikgato tse di tserweng tsa go Tlhomiwa ga Setlhopha sa Tiro sa Kantoro ya Moporesitente se se Samaganang le Maemo a kwa eThekwini se mo go sona go nang le maphata otlhe a puso a le mararo mmogo le lephata la poaefete. 
3.1.2.    Maitlhomomagolo a setlhopha seno ke go samagana le dikgwetlho tse di mabapi le kabo ya ditirelo, phetogo ya maemo a loapi, go aga mafaratlhatlha a setšhaba, go ema nokeng dikgato tsa go thusa ikonomi le baagi mmogo le tsa tsamaiso ya puso ka go tlhoma thulaganyo e e tla dirang matsapa a go dra gore maphata otlhe a le mararo a puso a tshwaraganela tiro mmogo le mekgatlho ya baagi mmogo le maphata a poraefete. 
3.1.3.    Setlhopha sa Tiro sa Kantoro ya Moporesitente se se Samaganang le Maemo a kwa eThekwini se tla samagana segolobogolo le go tsenya tirisong metswedi e mentšhwa le go sola mosola eo e ntseng e le teng, mmogo le go diragatsa bokgoni kwa puso le maphata a poraefete a go tokafatsa ditirelo tsa kabo ya metsi le phepafatso ya kelelo ya metsi a a leswe, kago ya ditsela, pabalesego le tshireletsego, go tokafatsa ditsela tsa rona tsa ka fao re samaganang le ditlamorago tsa ditiragalo tsa masetlapelo, mmogo le go busetsa eThekwini mo maemong a mo malobeng a go nna lefelo le le rategang fa go tla mo go beeletseng mo go lona le mo go le jeleng nala.

4.    Tshireletsego le pabalesego

4.1.    Go Lwantshana le Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng le Dipolao tsa Basadi (GBVF)
4.1.1.    Jaaka e le karolo ya GBVF, Tona mo Kantorong ya Moporesitente e e Samaganang le Merero ya Basadi, Bašwa le Batho ba ba Tshelang ka Bogolofadi, Ngaka Nkosazana Dlamini Zuma o ne a tshwara kopano e e ka ga go kwalwa ga dipholisi mo a neng a na le bakwadi ba dipholisi, bannaleseabe mmogo le baitseanape gore go sekasekwe pholisi ya go thibela ditiragalo tsa GBVF.
4.1.2.    Dipuisano tseno di re naya tšhono ya gore re bontshane, re dire dipatlisiso, re abelane ka maele a gore re ka dira tiro eno sentle jang mmogo le go ithuta mo diphosong tseo di dirilweng mo matsholong a lefatshe a go thibela GBVF, mmogo le go lemosa bakwadi ba dipholisi ka go tswa mo taolong mmogo le ditlamorago tsa GBVF.
4.1.3.    Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go tsaya matsapa a go thibela go bogisiwa ga basadi ka go thusana le batho ba ba fetileng mo mathateng a GBVF mmogo le go dira gore ditlhokotsebe tse di amegang di digame di sa ditlhapela ka go bula dikgetse tsa mofuta mongwe le mongwe wa go bogisiwa kwa mapodising. Thuso e ka bonwa ka go letsetsa Tikwatikwe ya Megala ya GBVF mo go 0800 428 428.

4.2.    Go Lwantshana le Botlhokotsebe
4.2.1.    Kabinete e itumeletse katlholo e e ntshitsweng ke Yuniti e e Batlisisang Dikgetse tse di Itlhophileng (SIU) e e mabapi le setlamo sa mananeo a dikhophiuthara sa kwa nageng ya Jeremane sa SAP e e reng setlamo seno se tshwanetse go duela SIU dimilione di le R500, jaaka seno e le karolo ya dikgato tsa go garela ditumelano tsa dikonteraka di le pedi magareng ga setlamo seno le setlamo sa Eskom tse kgotlatshekelo e neng ya ntsha katlholo ya gore ga di mo molaong mmogo le ya go di beela kwa thoko. Dikontereka ka bobedi jwa tsona setlamo sa Eskom se di abetse setlamo sa SAP ka tsela e e seng mo molaong magareng ga ngwaga wa 2013 le wa 2016.
4.2.2.    Katlholo eno ke e nngwe ya matsapa a a ntseng a tsewa go leka go boelwa ke madi a a latlhegetseng ditheo tsa puso mo pakeng ya fa puso e neng e gogwa ka nko. Puso e tswelela go gagamatsa ntwa ya go lwantshana le bonweenwee mmogo le go dira gore ba ba nang le seabe mo ditiragalong tseno ba rweswe maikarabelo. 

4.3.    Go Tshwarwa ga Batlhanke ba Bagolo ba Puso ya Masepala wa Nongoma
4.3.1.    Kabinete e itumeletse go tshwarwa ga batlhanke ba le bararo ba bagolo ba puso ya Masepala wa Nongoma mmogo le Motlhankedi o Mogolo wa Masepala, Motlhankedimogolo wa Matlole mmogo le Motlhankedi o Mogolo wa Yuniti ya Taolo ya Tlamelo ya Dithoto ka fa masepaleng oo mme ba latofadiwa ka ditatofatso tsa bogodu le bonweenwee mmogo le ditiragalo tsa go timetsa motlhala wa tšhelete ya bogodu.
4.3.2.    Sepodisi se tsweletse go batlisisa ditiragalo tsa ditatofatso tse dingwe.

5.    Dingwaga di le 30 tsa Kgololesego le Temokerasi
5.1.    Ka la bo 5 Moranang 2024 naga ya Aforika Borwa e tla thankgolola letsholo meletlo ya go simolola go keteka Dingwaga di le 30 tsa Kgololesego le Temokerasi. 
5.1.1.    Go ketekiwa ga Dingwaga di le 30 tsa Kgololesego le Temokerasi go re naya tšhono ya gore re keteke leeto le le gagamatsang leo re le tsereng mo go ageng temokerasi e e sa tlhaolaneng eo maAforika Borwa otlhe molao o ba nonang ka leitlho le le tshwanang mme e bile naga eno e tswelela go dira ka natla go dira gore ditšhono tse di tlhodiwang batho ba di fitlhelele ka go lekalekana. 
5.1.2.    Go thankgololwa ga mekete eno go tla tshwaya semmuso tshimologo ya go keteka dingwaga di le 30 tsa temokerasi ya batho botlhe mmogo le ya go keteka Ditiragalo tsa Kgwedi ya go Keteka Kgololesego.
5.1.3.    Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe gore a nne le seabe mo go ketekeng kgato eno e e botlhokwa e naga e e fitlheletseng e e kgonagetseng ka ntlha ya puso e e sa tseweng ke ditsuatsue ka go bontsha batho gore go tshela ka fa tlase ga temokerasi ya naga ya Aforika Borwa go raya eng fa o bapisa seno le motsi wa fa go ne go tshelelwa ka fa tlase ga puso ya tlhaolele. Seno se re naya gape le tšhono ya go sekaseka diphetogo tse di setseng di dirilwe fa e sale ka ngwaga wa 1994, dikgwetlho tse di santseng di saletse morago mmogo le dilo tse re tshwanetseng go di dira gore re kgone go gatela pele. 

6.    Pabalesego mo Matsatsing a Khunologo ya Tsogo ya Morena
6.1.1.    Kabinete e batla go eletsa masego go Makeresete le Majuta jaaka ba tla bo ba keteka matsatsi a boikhutso a ditumelo tsa bona e bong Matsatsi a Khunologo ya Tsogo ya Morena le a go ja Selalelo.
6.1.2.    Mo pakeng eno maAforika Borwa a le mantsi a tla tsaya maeto go ralala le naga go ya go jela bamalapa a bona nala mmogo le ditsala mme seno se tla dira gore mo ditseleng go bo go se ka motho e le mmu le matlakala. Kabinete e ikuela mo go batho botlhe ba ba tla bong ba tsena mo maetong ano gore ba obamele melao ya tsela mmogo le go tlotlana jaaka badirisi ba tsela. Sepodisi sa mebila ga se sa tlo nna le kutlwelobotlhoko mo badirising ba tsela ba ba kgannang botlhaswa, ba ba kgannang ka tsela e e senang maikarabelo le ba ba kgannang ka lebelo le le kwa godimo.
6.1.3.    Batsadi mmogo le bagodisi ba bana go ikuelwa mo go bona go dira bonnete jwa gore ka dinako tsotlhe ba itse koo bana ba bona ba leng mmogo le go dira gore fa ba ba tlogela le mongwe ba ba tlogela le motho yo mogolo yo a nang le maikarabelo. Fa go lwe kwa mafelong a go thuma, kwa mawatleng kgotsa gongwe le gongwe gaufi le metsi bana ba tshwanetswe go tlhokomelwa ka tlhokomelo e e tseneletseng.
6.1.4.    Mapodisi a tla bo a gasagane go ralala le naga a a tla bong a letetse go thibela, go lwantshana le go ema bosenyi kwa pele mo pakeng eno ya matsatsi a boikhutso mmogo le mo morago ga matsatsi ano. 

6.2.    Go Disiwa ga Melelwane
6.2.1.    Kabinete e itumedisitswe gape le ke matsapa a a dirilweng ke Setheo sa go Disa Melelwane (BMA) a a ka go oketsa dikgato tsa go disa melelwane le go fokotsa mokitlano o o tleng o nne teng kwa mafelong a go tsena ka fa nageng fa go le paka ya Matsatsi a Khunologo ya Tsogo ya Morena.
6.2.2.    BMA e tla atolosa diura tsa go dira kwa mafelong a a rileng a a botlhokwa a go tsena ka fa nageng mme e tla romela batlhankedi ba bangwe ba feta ba le 400 gore ba kgone go thusa palo e e oketsegileng ya batho ba ba tla bong ba tsaya maeto.
6.2.3.    Leano la ga jaana la tiro mo pakeng eno ya Matsatsi a Khunologo ya Tsogo ya Morena le enngwe nokeng ke Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS), Setheo sa Tirelo ya Lekgetho la Aforika Borwa (SARS), Setheo sa Masole a Naga (SANDF) mmogo le Setheo sa Dipalangwa tsa Mebila e e Kgabaganyang Melelwane.
6.2.4.    Kabinete e akgotse tiro e e dirilweng ke BMA e ka la bo 1 Moranang 2024 e tla bong e tshwara ngwaga o le mongwe e tlhomilwe. Setheo seno se setse se tshwere batho ba feta 270 000 ba ba neng ba leka go tsena ka fa nageng ya Aforika Borwa ka tsela e e seng mo molaong mmogo le go thibela ditiragalo tsa go tlola melelwane ka ditsela tse di seng mo molaong, go thibela ditiragalo tsa go tsenya batho ka fa nageng ka mekgwa e e seng mo molaong mmogo le tsa go utswa batho, mmogo le go thibela ditiragalo tsa bosenyi tsa go utswa dilo kwa dinageng tse dingwe ka go di kgabaganyisa melelwane go di rekisa kwa dinageng tse dingwe.

B.    Go Baya Kabinete mo Dinakong
1.    Matsapa a Metsi

1.1.    Kabinete e itumeletse metseletsele ya dikgato tse di tserweng mo go rarabololeng matsapa a metsi gore batho ba tle ba nne le metsi a a ba lekaneng mmogo le a a lekaneng go ka thusa makala a ikonomi, le fa re ntse re sena metswedi e le mekalo ya metsi.

1.1.1.    Dikgato tse di Tserweng tsa go Samagana le Tlamelo ya Metsi kwa Musina
1.1.1.1.    Kabinete e ne ya bewa mo dinakong mabapi le go saeniwa ga tumelano magareng ga naga ya Aforika Borwa le ya Zimbabwe gore letsatsi le lengwe le le lengwe metsi a le kana ka dimekalitara di le 41 a bulelwe go tloga kwa Lefelong la go Tlhatswa Metsi la Beitbridge kwa nageng ya Zimbabwe gore a ye kwa Masepaleng wa Selegae wa Musina, kwa Limpopo gore seno e tle e nne thusonyana ya nakwana go thusa go fokotsa matsapa a a leng teng a tlhaelo ya metsi kwa Musina. Tiro ya go tsenya dipeipi tsa botelele jwa dikhilomitara di le 20 mmogo le go tsenya dipompo tse di tla pompang metsi ano e tla simolola mo nakong e e sa fediseng pelo.

1.1.2.    Tlamelo ya Metsi kwa Porofenseng ya Gauteng le kwa Motsemogolong wa eThekwini
1.1.2.1.    Kabinete e ne ya nopolelwa a mangwe a mabaka a magolo a a tlholang tlhaelo ya metsi mkwa Gauteng le kwa eThekwini mme a mangwe a mabaka ke ka ntlha ya dipalo tse di oketsegetseng ruri tsa baagi, metsi a a dutlang mo dipeiping tsa masepala ka ntlha ya go onala ga mafaratlhatlha ano a masepala mmogo le motlakase o o tshabetseng ruri o o dirang gore dipompo tse di pompelang metsi mo matamong di diege go tlatsa metsi mo matamong ao. 
1.1.2.2.    Kabinete e beilwe mo dinakong ka kgatelopele e e setseng e dirilwe mo go agiweng ga Kgaolo ya Bobedi ya Metsi a a tswang kwa Dithabeng tsa Naga ya Lesotho mmogo le ka Porojeke ya Metsi ya Umkhomazi e leng diporojeke tse di tlhometsweng gore re se tlhole re itemogela matsapa a metsi mme Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe le dirisana le diteropokgolo tse di amegang gore le kgone go tlhabolola le go ntšhwafatsa mafaratlhatlha a a onetseng a metsi gore go se tlhole go nna le metsi a mantsi a a dutlang mo mebileng. 
1.1.3.    Kabinete e tlhomile Setlhophatiro sa Merero ya Metsi se monnasetilo wa sona e tla nnang Motlatsamoporesitente Paul Mashatile mme sona se tla samagana le tharabololo ya dikgwetlho tsa tlamelo ya metsi tseo naga e tobaneng le tsona.
1.1.4.    Setlhopha seno se tla bopiwa ke mafapha a le mmalwa e bong Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe, Lefapha la Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso (CoGTA), Lephata la go Agela Baagi Bonno, Lefapha la Ditiro tsa Puso le Mafaratlhatlha a Setšhaba, Lefapha la Temothuo, Pusetsomafatshe le Tlhabololo ya Metsemagae mmogo le Sepodisi.

2.    Kago ya Ikonomi 

2.1.    Tshekatsheko ya Pholisi ya Diintaseteri mmogo le ya Leano le le Okilweng Sešwa la Diintaseteri
2.1.1.    Kabinete e beilwe mo dinakong ka kgatelopele e e setseng e dirilwe mabapi le go tsenya tirisong Leano le Pholisi ya Diintaseteri tsa Aforika Borwa mo Tsamaisong ya Puso ya Borataro.
2.1.2.    Tsamaisong ya Puso ya Borataro e ne ya tlhoma Leano le le Okilweng Sešwa la Diintaseteri, mme lona le ne la tsepamisa mogopolo mo go tsenyeng tirisong dipholisi tse di sa bolong go amogelwa fa e sale go tloga ka ngwaga wa 1994, mo go neng ga tliwa ka thulaganyo e ntšhwa ya go tsamaisa thulaganyo ya diintaseteri, go diragatsa Maano a Dikonokono a a dirileng gore diintaseteri di enngwe nokeng ke bannaleseabe ba le bantsi mo puso, lephata la poraefete, mekgatlho ya badiri mmogo ba kwalang le go tsenya tirisong maano a ba a kwadileng.
2.1.3. Tse Dingwe tsa Dintlha tse Dikgolo tse di ka ga Leano le le Okilweng Sešwa la Diintaseteri di tsenyeletsa:
2.1.3.1. Go dira gore diintaseteri di itshigetse ka ditirelo tsa ka fa nageng maitlhomo e le go rotloetsa ditheo tsa puso le ditlamo tsa poraefete go oketsa setlwaedi sa go reka ditlhagisiwa tse di dirilweng ka fa nageng.
2.1.3.2. Matsholo a go bokeletsa dipeeletso maitlhomo e le go tsosolosa serodumo sa naga sa go tshepiwa ke babeeletsi jaaka puso e tsere matsapa a go tsosolosa dithulaganyo tse di botlhokwa tsa dipeeletso. 
2.1.3.3. Tumelano ya Kgwebisano e e Senang Dikgoreletsi mo Dinageng tsa Kontinente ya Aforika (AfCFTA) ke letsholo le maitlhomo a lona e leng go aga le go somarela kgolo ya ikonomi ya naga ya Aforika Borwa mo dingwageng tse di tlang di le masomesome.
2.1.3.4. Go fetola Molao wa Dikgaisano mo maitlhomo e leng go oketsa maatla a Khomišene e e Okameng Merero ya Dikgaisano tsa Dikgwebo gore e kgone go samagana le le diphetogo tsa go dira gore ikonomi e se sekamele ka fa letlhakoreng le le esi mmogo le go tlhotlheletsa gore go nne le phethogo mo bathong ba ba tshwereng ikonomi.
2.1.3.5. Go tsepamisa mogopolo mo dikgatong tsa go phetagatsa Letsholo la Beng ba Diintaseteri ba Bathobantsho mo kemonokeng e kgolo le thuso di tla okediwang gore difeme tse beng ba tsona e leng bathobantsho mmogo le tseo di laolwang ke batho di kgone go thusiwa gore di gole.
2.1.3.6. Go tlhoma dithulaganyo tsa go nna le “diintaseteri tse di dirisang motlakase o o sa kgotlheleng tikologo” ka go phasalatsa Leanokonokono le le buang ka maano a go dira diintaseteri tsa Motlakase wa go Fetlhiwa ka Ditsela tse Dintšhwa mmogo le tsa Dijanaga tse di Tsamayang ka Motlakase le tsa Leokwane la Gase le le sa Kgotlheleng Tikologo.
2.1.4. Tona ya Kgwebisano, Intaseteri le Dikgaisano tsa Dikgwebo (DTIC) o tla lokolola pegelo e e nang le dintlha ka botlalo mabapi le dikgatelopele e e dirilweng.

2.2.    Go Tsenngwa Tirisong ga Maanokonokono a Maphata a Dikgwebo a a Welang ka fa Tlase ga Tlhokomelo ya DTIC go ya ka Leano le le Okilweng Sešwa la Diintaseteri 
2.2.1.    Kabinete e beilwe mo dinakong mabapi le kgatelopele e e setseng e dirilwe mo go tsenyeng tirisong Maanokonokono a Maphata a Dikgwebo a a Welang ka fa Tlase ga Tlhokomelo ya DTIC go ya ka Leano le le Okilweng Sešwa la Diintaseteri. 
2.2.2.    Ka go sola mosola didirisiwa tsa pholisi ya intaseteri ga jaana go samaganwe le go tsenngwa tirisong Maanokonokono a le supa, mme maitlhomo ke go dira gore go nne le bokgoni, go oketsa dipeeletso mmogo le go rekelwa ga dikgwebo tsa ka fa nageng, go oketsa ditšhono tsa go rekisetsa dinaga tsa kwa ntle ditlhagisiwa tsa ka fa nageng, go somarela le go oketsa ditiro. 
2.2.3.    Maitlhomo a maano ano ke go dira gore e nne setlwaedi go nna le diintaseteri, dikgaisano, go oketsa setlwaedi sa go rekela dikgwebo tsa ka fa nageng gore re kgone go nna le phetogo mo ikonoming mmogo le go tlhola ditiro. Maano ano a bua ka batho ba ba dirang ba ba leng kana ka 740 075 mme mo go bona go buiwa ka basadi le bašwa go ralala le naga.
2.2.4.    Maano ano a fitlhelwa mo maphateng a a latelang: Lephata la Dikgogo, Lephata la Tshukiri, la Diaparo, la Masela, la Ditlhako le Letlalo, la Tshipi, la Kago ya Dithoto mmogo le Ditirelo tsa Dikgwebo tsa Lefatshe.n
2.2.5.    Tona ya DTIC o tla tle a golola pegelo ka botlalo e e nang le tshedimosetso e e ka ga ka fao leano leno le tla tsenngwang tirisong ka gone. 
2.3.    Kgatelopele e e Dirilweng mo Letsholong la Phetolelokgaso go ya go ya Dijithale (BDM) 
2.3.1.    Kabinete e amogetse tshedimosetso e e e bayang mo dinakong ka ga kgatelopele e e setseng e dirilwe mo go ipaakanyetseng dikgato tsa bofelo tsa go tima kgaso ka marang a analoko ka la bo 31 Sedimonthole 2024. 
2.3.2.    Ka fa nageng thulaganyo ya Kgato ya Ntlha ya letsholo la phetolokgaso go tsena go ya dijithale ditirelo tsotlhe tsa kgaso ya marang a analoko a fokoditsweng go fitlha go Dimekahetse di le 694 mmogo le go letlelela gore go gololwe makhubu a kgaso kwa ditlamong tsa megala go ya jaaka dilaesense tsa Bothati jwa Ditlhaeletsano jo bo Ikemetseng jwa Aforika Borwa (Icasa) di laela. 
2.3.3.    Kgato ya Bobedi ke e e tsweletseng ya go tima didirisiwa tsotlhe tse di setseng di le 191 tsa kgaso ka marang a analoko mo go tse di fetang di le 1 000 tse di neng di le teng, fa ka fa letlhakoreng le lengwe go tla tswelela ka dikgato tsa phetolokgaso mmogo le go kwadisa malapa a a tlhokang thuso gore a tsenyediwe mabokoswana a marang a kgaso. 

2.4.    Kgatelopele e e Setseng e Dirilwe mo go Tsenyeng Tirisong Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Masupatsela mo Mererong ya go Thusa Baagi 
2.4.1.    Kabinete e neetswe pegelo e e ka ga kgatelopele e e setseng e dirilwe mo go tsenyeng tirisong Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Masupatsela mo Mererong ya go Thusa Baagi se se tlhalosang metheo le dikaelo tse di tshwanetsweng go latelwa mo go rulaganyeng sešwa mananeo a ka fa nageng a go thusa baagi gore a kgone go dira botoka go gaisa gore a tle a thuse batho ba ba tlhokang thuso. 
2.4.2.    Maitlhomo ke go dira gore naga e nne le thulaganyo ya thuso ya baagi e e kgonang go thusa batho ba ba tlhokang thuso eno, e matlole a yona a kgonang go thusa batho ba ba tlhokang thuso mmogo le e e dirang ka matsetseleko fa go tla mo go samaganeng le ditlhokwa tsa batho humanegileng go gaisa mo setšhabeng sa rona. 
2.4.3.    Lefapha la Thuso ya Baagi le kwadile Sekwalwa sa Bofelo sa Tetlelelo ya Tiragatso ya Tiro ya go Dira gore go Nne le Thulaganyo e le Nngwe ya Ditirelo tsa Tlhokomelo ya Baagi mmogo le go fetola merero ya dituelelo tsa go rola tiro e leng e nngwe gape ya dikgato tse di tla samaganang le tlhokomelo ya baagi mmogo le go samagana le dintlha tse thulaganyo eno e retelelwang ke go samagana natso ka melao ya tlhokomelo ya baagi jaaka e le tsona dintlha tseno tse di dirileng gore go kwadiwe Sekwalwa sa Masupatsela. 
2.4.4.    Dintlha tse di solofetsweng tse di kwalolotsweng sešwa di tsenyeletsa tse di ka ga go tlhoma Setheo sa Letlole la Naga la Madi a Tlhokomelo ya Baagi, go oketsa dithuso tsa baagi mmogo le go kwalola sešwa thulaganyo yotlhe ya tlhokomelo ya baagi. 

2.5    Pegelo e e Mabapi le Kgatelopele e e Setseng e Dirilwe mo go Tsenyeng Tirisong Dintlha tse di Rebotsweng mo Pegelong ya Samiti e e Buang ka Dinaga tse di Laolwang ke Magosi e e Neng e Tshwerwe go tloga ka la bo 27 go fitlha ka la bo 28 Motsheganong 2022
2.5.1    Kabinete e amogetse pegelo e e mabapi le kgatelopele e e setseng e dirilwe mo go tsenyeng tirisong dintlha tse di rebotsweng mo Pegelong ya Samiti e e Buang ka Dinaga tse di Laolwang ke Magosi e e Neng e tshwerwe go tloga ka la bo 27 go fitlha ka la bo 28 Motsheganong 2022. 
2.5.2    Kabinete e tsopoletswe gore tiro e e setseng e dirilwe mo go tsenyeng tirisong dintlha tse di ka ga ditshwetso tse go dumelanweng ka tsona mo samiting eo ke tse di latelang
2.5.2.1     Kantoro ya Kokoanotheomolao ya Naga (NA) e neseditse pula dikgato tsa go kwalola sešwa Rejisetara ya Ditene tsa Madulo tse di leng mo molaong gore ba Ditshwanelo tsa Mafatshe di tle di Rekotiwe mme rejisetara eno ga jaana e ka fa teng ga diatla tsa Kokoanotheomolao ya Diporofense (NCOP) gore le yona e e sekaseke. 
2.5.2.2    Letsholo la go Lekelela go Rekota Ditshwanelo tsa Mafatshe ga jaanong le lekelelwa kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba kwa motseng wa Bogosi jwa Amahleke.
2.5.2.3     Sekwalwa se Iseng se Butswe se se ka ga Tlhokomelo ya Taolo ya Mafatshe a Segosi go samaganwe le dikgato tsa go se sekaseka ka go batla maikutlo a bannaleseabe pele se ka romelwa kwa Kabineteng gore e se nesetse pula.
2.5.2.4    Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng e laetse Batlatsatona botlhe ba maphata a a maleba gore ba tshware kopano le baemedi ba merafe ya maKhoi le maSan go latela gore baemedi bano ba tlhagise dingongora kwa Samiting eno. 

2.6.    Pegelo e e Mabapi le Kgatelopele e e Setseng e Dirilwe mo go Tsenyeng Tirisong Diporojeke di le Pedi tse Dikgolo tsa go Agela Baagi Madulo kwa Porofenseng ya Gauteng mo Malapa a ka nna a le 68 000 a neetsweng Madulo 
2.6.1.    Mo Puong ya Maemo a Setšhaba (SoNA) ya ngwaga wa 2023 Moporesitente Cyril Ramaphosa o ne a itsese fa go tla nna le diporojeke di le pedi tse digolo tsa go agela baagi madulo kwa Lufhereng kwa Teropokgolong ya Johannesburg mmogo le kwa Mooikloof kwa Teropokgolong ya Tshwane. Kabinete e ne ya enngwa ka lefoko mabapi le kgatelopele e e setseng e dirilwe mo go samaganeng le diporojeke tse di kgolo tseno ka bobedi jwa tsona tsa go agela baagi madulo. 
2.6.2.    Kabinete e ne ya itsisewe gore dintlo di le 4 323 di setse di feditswe go agiwa kwa Lufhereleng. Porojeke eno e diriwa mo lefatsheng la bogolo jwa diheketara di le 2 000 mme lefatshe leno mo go lona go ka kgonwa go agiwa dintlo di le 32 000. Maitlhomomagolo a porojeke eno ke go samagana le batho ba ba leng mo lenaneong la ba ba letetseng dintlo ba ga jaana ba nnang mo mafelong a baipei le ba ba nnang mo mekhukhung kwa Soweto. 
2.6.3.    Fa e le porojeke ya kwa Mooikloof yona go solofetswe gore teng go tla agiwa dintlo di le 50 000 tse di tla jang dibilione di le R34 mo pakeng ya dingwaga di le 10 go ya go di le 15. Kgwetlho e kgolo e go tobanweng le yona ke ya go nna le mmetela o mogolo wa mafaratlhatlha a a tlhokang dibilione di le R1.1 gore a agiwe ka fa nageng ya Aforika Borwa gore a tle a kgone go ema nokeng baagi ba dintlo mo Teropokgolong ya Tshwane mme magareng ga tse dingwe tse dintsi seno se tla dira gore go nesediwe pula dikgato tse di tlhokagalang tsa kago ya mafaratlhatlha. 

2.7.    Pegelo e e Mabapi le Kgatelopele e e Setseng e Dirilwe mo go Tsenyeng Tirisong Lenaneo la go Kopanya Matsholo a Kago ya Madulo (IRDP)
2.7.1.    Lenaneo la go Kopanya Matsholo a Kago ya Madulo le dira gore go nne le kgonagalo ya go ka reka lefatshe, go tlhokomela mafelo a bodulo a a ka dirisediwang ditiro ka gofarologana go akaretsa le mafelo a go dira dikgwebo, a botlhabakgobe, a dikolo le a maokelo mmogo le mafelo a go dula baagi ba ba nang le letseno le le kwa tlase, ba ba nang le letseno le le seng le le nnye go le kalo mmogo le ba ba nang le letseno le le kwa godimo. 
2.7.2.    Kabinete e itsisitswe gore mo go a le 300 000 a go neng go lepanwe nao mo Leanong la go Tsamaisa Tiro mo Pakeng ya Ngwaga wa 2019-2024, mafelo a feta a le 191 000 a a tlhokometsweng ke ona a a ntshitsweng mme seno se raya gore go fitlheletswe 63%. Mafelo a a tlhokometsweng ke a a leng mo diatleng tsa mebuso ya diporofense le mebuso ya dimasepala. 

C. Ditshwetso tsa Kabinete
1.    Go tserwe tshwetso ya go kopanya Setheo sa Matlole a Dikgwebopotlana (SEFA) le Setheo sa Kago ya Dibanka tsa Dikoporasi (CBDA) gore e nne Setheo sa Matlole a go Aga Dikgwebopotlana (SEDFA). 
1.1.    Kabinete e amogetse Pegelo ya se se Setseng se Dirilwe mo go kopanyeng setheo sa SEDA, Sefa mmogo le sa CBDA, go nna setheo sa SEDFA. 
1.2.    Kabinete e amogetse kopo ya go kopa go okeletswa paka ya go garela thulaganyo eno ya go kopanya ditheo tseno ka dikgwedi di le 20, e bong setheo sa SEDA, Sefa mmogo le sa CBDA, go nna setheo sa SEDFA. 
1.3.    Kabinete e amogetse gore go tlhomiwe setheo sa nakwana se se tla samaganang le diphetogo tseno gore e nne sona se se tla rulaganyang dikgato tsa go tlhoma setheo se sentšhwa sa SEDFA gore se kgone go dira tiro ya sona e ntšhwa. 
1.4.    Setheo seno sa nakwana se tla dira sebaka sa dikgwedi di le 24 mme se tla tsamaisiwa ke batho ba le 13 ba bontsi jwa bona bo thapilweng mo dibotong tsa ditheo tseno tse di leng teng e bong sa SEDA, Sefa mmogo le sa CBDA. 

2.    Pholisi e e ka ga go Dira gore Madi a go Tlhokomela Baagi a Thuse Gape le Batho ba ba Dirang Ditiro tse di sa Reng Sepe Gore le Bona ba Nne le Megolo ya go Rola Tiro le ya fa ba ka Tlhagelwa ke Kotsi 
2.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Pholisi e e ka ga go Dira gore Madi a go Tlhokomela Baagi a Thuse Gape le Batho ba ba Dirang Ditiro tse di sa Reng Sepe Gore le Bona ba Nne le Megolo ya go Rola Tiro le ya fa ba ka Tlhagelwa ke Kotsi
2.2.    Maitlhomo a pholisi e no ke go samagana le makoa a a leng teng mo thulaganyong ya tlhokomelo ya baagi gore le batho ba ba dirang ditiro tse di sa reng sepe mmogo le ba megolo ya bona e leng kwa tlase mme ba sa gole megolo ya tlhokomelo ya baagi gore le bona ba unngwelwe ka go neelwa megolo ya fa ba rola tiro, fa ba ka nna le dikgobalo tse di feletsang di ba golofaditse, mmogo le megolo e e salelang ba lelapa fa badiri bano ba sa tlhole ba tshela mo lefatsheng le le ka kwano. 
2.3.    Pholisi eno e a dumela gore le fa tota naga ya Aforika Borwa e tsentse letsogo go utlwagala mo go thuseng baagi ka megolo mo dimilione tsa batho ba ba humanegileng go nang le setseka se ba iponelang sona, melao e e leng teng ga e letlelele gore batho ba ba dirang ditiro tse di sa reng sepe le bona ba thusiwe. Seno se dira gore batho bano ba modimo ba le bona ba tlhokang thuso ba se kgone go thusega mme seno se dira gore fa ba setse ba godile ba bo ba tswelela go dira ka ntlha ya megolo e mennye e e sa kgoneng go ba tlhokomela. Pholisi eno e tshitshinya gore batho ba kgone go iponela merokotso go sa le gale fa ba ipolokela setseka sa gore ba nne le sengwe fa ba rola tiro, fa ba ka golofala kgotsa fa ba sa tlhole ba tshela mo lefatsheng le le ka kwano gore ba lelapa go nne le megolo e e ba salelang.

3.    Pholisi e e Kwalolotsweng Sešwa e e ka ga go Somarela le go Dirisa ka Tlhokomelo Ditlou, Ditau, Mangau le Ditshukudu 
3.1.    Kabinete e amogetse gore go tsenngwe tirisong pholisi e e kwalolotsweng sešwa e e ka ga go somarela le go dirisa ka tlhokomelo ditlou, ditau, mangau le ditshukudu. Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Pholisi eno se itshetlegile ka Sekwalwa sa Masupatsela se se ka ga go Samarela le go Tlhokomela Tiriso ya Dimela le Ditshedi tse di Farologaneng mme yona e ne ya gatisiwa gore e tsenngwe tirisong ka la bo 14 Seetebosigo 2023.
3.2.    Sekwalwa se Iseng se Butswe seno se tsepamisitse mogopolo segolobogolo mo go fetoleng ditiragalo tse di tlwaelegileng tsa go se tlhokomele tlhago ka go rotloetsa gore go nne le tlhokomelo ya ditshedi tsotlhe di le tlhano tsa tlhago e bong ditlou, ditau, mangau le ditshukudu tse dintsho le tse tshweu mmogo le go tla ka pholisi e e tla kaelang gore ditshedi tseno go tla gwebiwa jang ka tsona mo go gwebeng le dinaga tsa boditšhabatšhaba. 
3.3.    Sekwalwa se Iseng se Butswe sa pholisi eno se tshitshinya dintlha di le tharo tsa go gweba le dikgwebo tsa boditšhabatšhaba mme tsona ke tse di latelang: 
3.3.1.    Go tlhotlheletsa gore go nne le thekisetsano ya diphologolo tseno di le tlhano kwa dinageng tse di seng kgakala jalo ka boagisani kgotsa le dinaga tse dingwe tse di matshwanedi tse di nang le mafelo a a siametseng go ka tlhokomela ditshedi tseno mo dinageng tsa kontinente ya Aforika;
3.3.2.    Naga ya Aforika Borwa e tla dirisana mmogo le dinaga tse di seng kgakala jalo le yona gore e kgone go ema nokeng tshitshinyo ya go go gwebisana le dinaga tsa boditšhabatšhaba ka dinaka tsa ditshukudu tse di sa tshwanelwang go bolaiwa, maitlhomo e le go di somarela gore dipalo tsa tsona di tle di kgone go ata; mmogo le 
3.3.3.    Go simolola go gweba ka dinaka tsa ditlou fa dipalo tsa tsona di simolola go kgona go ata.
3.4.    Sekwalwa se iseng se butswe sa pholisi eno se tshitshinya gape le dikgato tse dingwe gape di le tharo tsa tshomarelo ya tlhago gore tlhokomelo ya diphologolo e kgone go tlhabololwa ka mekgwa e e latelang:
3.4.1.    Go fedisa setlwaedi sa go rua ditau ka go di tswalela maitlhomo e le go gweba ka tsona, go fedisa ditiragalo tsa go atisa dipalo tsa ditau ka bontsi mo mafelong a di tswaletsweng mo go ona, mmogo le go fedisa ditiragalo tsa go gweba ka ditau tse di tswaletsweng le go atisa ditau tse di tswaletsweng; 
3.4.2.    Go fedisa ditiragalo tsa go rua ditshukudu jaaka diphologolo tsa kwa gae le ditiragalo tsa go gagamatsa ditsela tsa go di tlhokomela; mmogo le
3.4.3.    Go oketsa tshomarelo le tlhokomelo ya go dirisa mangau.

4.    Pholisi ya Naga ya Tshedimosetso ya Dikhomphiutha le Tiriso ya Serala sa Polokelotshedimoso sa Cloud 
4.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Pholisi ya Naga ya Tshedimosetso ya Dikhomphiutha le Tiriso ya Serala sa Polokelotshedimoso sa Cloud mmogo le go phasaladiwa ga Molao wa Didirisiwa tsa Motlakase tsa go Tlhaeletsana (Molao wa bo 36 wa Ngwaga wa 2005) mo Kaseteng ya Puso. 
4.2.    Maitlhomo a pholisi eno ke go gagamatsa bokgoni jwa puso jwa go abela baagi ba yona ditirelo mmogo le go dira bonnete jwa gore tshedimosetso e nna e ntse e le malalaalaotswe go ka tlhatlhelela baagi. Pholisi eno gape e baya naga ya Aforika Borwa mo maemong a go tshwana le a mafatshe a mangwe jaaka re bona gore go na le kgolo e e seng kana ka sepe mo ikonoming ya didirisiwa tsa dikhomphiutara, mme kgolo eno e di gogwa kwa pele ke thekenoloji ya dikhomphiutara ya cloud.
4.3.    Maitlhomo a pholisi eno ke go dira gore maAforika Borwa ba kgone go bona boleng jo bo leng teng mo ikonoming ya go thusa baagi jo bo tlisiwang ke tshedimosetso go dira gore dipholisi tse di leng teng di bue ka lefoko le le esi, mmogo le melao le melawanataolo. Pholisi eno gape e lekelela go tsenya mo tirisong tikologo e e siameng e e bulelang batho dikgoro go dira gore ditheo tsa tshedimosetso di kgone go dira tiro e e tswileng diatla
4.4.    Maitlhomo a pholisi eno ke go dira gore go nne le tikologo e e bulelang batho dikgoro tsa go ka nna batlamedi ba ditirelo tsa tshedimosetso ya cloud gore re kgone go nna le ikonomi e e thusang baagi. Gang fela fa pholisi eno e sena go tsenngwa tirisong, e tla dira gore go nne le kgolaganyo le tshedimosetso ka ntlha ya ditirelo tsa cloud; e tla phimola melawanataolo e e kgoreletsang gore go nne le dikgaisano mo lephateng leno mmogo le go thusa dikgwebopotlana, tse dikgolwane le tse dikgolo (di-SMME) gore di kgone go gaisana.

5.    Leanokonokono la Gase la Ngwaga wa 2023
5.1    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Leanokonokono la Gase gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga sona. Leanokonokono leno le tla dirisiwa jaaka sedirisiwa sa pholisi jaaka le tla fatlhosa intaseteri ya digase mo dipeeletsong ka fa nageng mmogo le go dira bonnete jwa gore bokgoni le kgolo ya intaseteri eno e tswela ikonomi molemo. 
5.2    Leanokonokono leno le tla dira gore go nne le ikonomi e e itshetlegileng mo gaseng ya tlhago e babeeletsi ba tla ratang go beeletsa mo go yona mmogo le go nna le motswedi yo mongwe gape wa motlakase mo lephateng la motlakase ka fa nageng. 
5.3    Leano leno gape le ema nokeng maitlhomo a naga a go oketsa metswedi e e farologaneng ya motlakase ka fa nageng gore e kgone go feletsa e sa tlhole e itshetlegile mo diteišeneng tsa motlakase tse di dirisang malatlha go fetlha motlakase. Gase ke selo se se botlhokwa thata mo mefuteng ya motlakase ka fa kontinenteng ya Aforika jaaka go na le koketsego e kgolo ya tlhokagalo ya motlakase mo lefatsheng.

6.    Leano la Koketsego ya Dithoto tsa Meago ya Puso
6.1.    Kabinete e eme nokeng dikgato tsa go tsenya tirisong Leano la Koketsego ya Dithoto tsa Meago ya Puso gore e nne lona leano la go tla ka dikakanyo tse dintšwa, go oketsa tiro e e tswileng diatla le go nna mosola ga ditheo tsa puso tse di laolang dithoto tsa meago jaaka re santse re tobane le dikgwetlho tse di tsweletseng tsa ikonomi.
6.2.    Maitlhomo a leano leno ke go dira gore dithoto tsa meago tsa puso di kgona go itlhokomela ka botsona mme dikgato tsa go dira letseno maitlhomo a tsona ke go bulela ditšhono mo mebarakeng e go iseng go bonwe bokgoni jwa yona mo lephateng le legolo la dithoto tsa meago ya puso, mme dikgato tseno di tsenyeletsa:
6.2.1.     Go sekaseka ditšhono tse dintsi tse di farologaneng mo lephateng la dikgwebo tsa kagong ya dintlo ka go nna batsholadišere mo ditheong tsa puso le tsa poraefete ka go adimisa dithoto tseno sebaka sa dingwaga di le 20 go fitlha go di le 30 mo baadimisi ba neelwang tšhono ya go tsosolosa paka ya go adimisa dithoto tseno sebaka se se sa feteng dingwaga di le 99.
6.2.2.     Go tsosolosa dikonteraka tsa go adima dithoto tseno maitlhomo e le go dira gore go nne le letseno le le tsenang, jaaka paka ya ntlha ya dingwaga di le tlhano ya go adima dithoto e lebile go garela.
6.2.3.     Go bulela boleng le go rulaganya Setheo sa Tlhomolelo ya Dithoto tsa Puso (Setheo sa Lefapha la Ditiro tsa Puso le Mafaratlhatlha a Setšhaba (DPWI)) gore e nne sona se se diragatsang tiro eno ka go simolola le go tsenya tirisong dikgato tse dintšhwa tsa go tsamaisa tiro tse di iseng di tle di dirisiwe gore di tswele mosola kgato eno. 
6.2.4.     Dithulaganyo tsa tsamaiso ya matlole di tla simololwa gore go tle go logiwe maano a go boelwa ke merokotso mo dipeeletsong tse di tla diriwang mo Ditheong tsa Tirisanommogo ya Puso le ditheo tsa Poraefete; matsholo a go aga, go tsamaisa le go rekisetsa le go tsosolosa, go laola le go abelana.

7.    Melawanataolo ya go Tsamaisa Tiro ya go Lwantshana le Botlhokotsebe jo bo Reriwang
7.1    Kabinete e neseditse pula Melawanataolo ya go Tsamaisa Tiro ya go Lwantshana le Botlhokotsebe jo bo Reriwang mme eno ke kgato e e iseng e tle e diriwe fa e sale go nna le Molao wa Naga wa Maano a Ditirelo tsa go Tlhwaya Tsebe Mabapi le Bosenyi jo bo Rerwang ka ngwaga wa 1994, mmogo le dikgato tse di tserweng morago ga tsa molao ono e leng tsa go tlhoma Komiti ya Tsamaiso ya Tiro ya go Lwantshana le Botlhokotsebe jo bo Reriwang (NICOC), jaaka fa e sale dikgato ka bobedi tseno di tsewa go ne go ise go tle go nne le Melawanataolo ya go tsamaisa tiro ya go lwantshana le botlhokotsebe jo bo reriwang. 
7.2    Leno ke le lengwe la mabaka a a dirileng gore tsamaiso ya tiro ya go lwantshana le botlhokotsebe jo bo reriwang ka fa nageng e nne bokoa. Ntlha eno fa e sale go tloga ka ngwaga wa 2006 Dikomiti tsa Tshekatsheko ya Maemo di ntse di sa bolo go ngunanguna ka yona. Ka jalo, go feletsa kwa bofelong re rebotse melawanataolo eno ke kgato e e botlhokwa e re e fitlheletseng fa e sale go nna le temokerasi ka fa nageng. 
7.3    Melawanataolo e tla naya Kantoro ya Motsamaisi maatla mmogo le go rulaganya ka tshwanelo tiro ya ditheo tsa naga tsa go lwantshana le botlhokotsebe jo bo reriwang. Melawanataolo eno e tla thusa gape le mo go tliseng phapang magareng ga batlhankedi ba Komiti le batlhankedi ba Kantoro ya Motsamaisi.

D.    Melaotlhomo

1.    Molaotlhomo yo o Kwalolotsweng Sešwa wa Makwalo a Bodulo a a Gatisitsweng mo Khomphiuteng 
1.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Molaotlhomo yo o Kwalolotsweng Sešwa wa Makwalo a Bodulo a a Gatisitsweng mo Khomphiuteng gore baagi ba ntse se se mo mafatlheng a bona ka ga kakanyo eno. Maitlhomo a Molaotlhomo yono ke go kwalolasešwa Molao wa Makwalo a Bodulo a a Gatisitsweng mo Khomphiuteng wa ngwaga wa 2019 e bong Molao wa go Ikwadisetsa Makwalo a Bodulo wa ngwaga wa 1937 mmogo le Molao wa Makwalo a Bodulo a Kgaolo e e Rileng ya Madulo wa ngwaga wa 1986 go nne ka o motsotso melao eno ka bobedi e setse e felelwa ke nako. 
1.2.    Molaotlhomo yono o tla samagana le ditshiamelo tsa ikonomi e e tshwaraganetsweng ya Aforika Borwa mmogo le go boloka ditshwanelo tsa beng ba bodulo. Diphetogo tse di dirilweng ka botsona di na le dintsanantsana tsa botegeniki e bile maitlhomo a tsona ke go tswela mosola beng ba mafatshe mmogo le go sireletsa ditshwanelo tsa go nna le lefatshe gore batho ba ba nang le makwalo a bodulo ditshwanelo tsa bona di se gatakakiwe. 
2.    Molaotlhomo wa Naga wa Ngwaga wa 2024 wa Tlhokomelo le Tshomarelo ya Tlhago mo Tikologong wa Tiriso ya Dimela le Ditshedi tse di Farologaneng go Tlhagisa Melemo 
2.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Molaotlhomo wa Tiriso ya Dimela le Ditshedi tse di Farologaneng go Tlhagisa Melemo wa Ngwaga wa 2024 gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga ona. Molaotlhomo ono o tsena mo legatong la Molao wa Naga wa Tlhokomelo le Tshomarelo ya Tlhago mo Tikologong wa Tiriso ya Dimela le Ditshedi tse di Farologaneng go Tlhagisa Melemo (NEMBA) Molao wa bo 10 wa 2004 yo ga jaana o sa tlholeng o le mosola. NEMBA ga jaana e na le dikgoreletsi di le dintsi e bile ga e kgone go re tswela molemo, mme seno se dira gore go nne le dikgato di le dintsi tse di tlhokagalang fa go tshwanetswe go rebolelwe batho tetla mmogo le go nna le dikgato di le dintsi tsa melawanatalo tse di tshwanetsweng go latelwa fa batho ba reboletswe tetle. 
2.2.    Fa Molaotlhomo ono wa Tiriso ya Dimela le Ditshedi tse di Farologaneng go Tlhagisa Melemo e sena go nna molao o tla dira gore go nne le Sekwalwa sa Masupatsela mo Mererong ya go Somarela le go Tlhokomela Tiriso ya Dimela le Ditshedi tse di Farologaneng go Tlhagisa Melemo ka fa Nageng ya Aforika Borwa mme sona se tla tsenngwang tirisong ka tshwanelo. Molaotlhomo yono o tla kgontsha lephata leno gore le se nne le dikgoreletsi tse dintsi mme e bile gape o tla dira gore naga e kgone go ikamanya ka tshwanelo le ditumelano tse naga ya Aforika Borwa e leng karolo ya tsona mo lefatsheng ka bophara. 
2.3.    Molaotlhomo yono o tshitshinya gore go nne le dikgato tse di tla kgontshang phetogo ka bonako mo lephateng la tiriso ya dimela le ditshedi tse di farologaneng go tlhagisa melemo. 

3.    Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Ngwaga wa 2024 wa Melao ya Mebuso ya Mebasepala
3.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Ngwaga wa 2024 wa Melao ya Mebuso ya Mebasepala gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga ona. Maitlhomo a molaotlhomo ono ke go sekaseka melao e e farologaneng ya melao ya mebuso ya mebasepala ka maitlhomo a go dira gore go nne le tsamaiso e e lolameng ya ditheo tsa mebuso ya mebasepala mmogo le kabelo ya ditirelo tse di tswileng diatla. Maitlhomo a seno ke go dira gore go nne le kabo ya ditirelo e e tokafetseng le go dira gore makgotla ano a nne le bokgoni. 
3.2.    Molaotlhomo yono o kwalola sešwa Molao wa Ngwaga wa 1998 wa Ditheo tsa Mebasepala; Molao wa Ngwaga wa 2000 wa Dithulaganyo tsa Mebasepala; mmogo le Molao wa Ngwaga wa 2004 wa Dituediso tsa Dithoto tse di Agilweng mo Mebasepaleng.

4.    Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Ngwaga wa 2023 wa Ditheo tsa Mebasepala
4.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Ngwaga wa 2023 wa Ditheo tsa Mebasepala, mme ona o itsege thata ka leina la “Molaotlhomo wa Puso ya Mebasepala ka Makoko a a Farologaneng”. Maitlhomo a molaotlhomo ono ke go tlhagisa molao o o tlhamaletseng o o tla thusang go kaela makoko a a farologaneng gore a tlhoma jang puso e e tshwaraganelwang ke makoko ka go farologana, mmogo le go tlhagisa dithulaganyo tse di tla fokotsang dikgwetlho tse di tleng di nne teng mo pusong e e tshwaraganetsweng ke makoko ka go farologana mo mebusong ya mebasepala. 
4.2.    Go na le tlhokagalo ya gore go nne le leano la go tsamaisa tiro ya puso e e tshwaraganetsweng ke makoko a a farologaneng mo mebasepaleng gore go tle go se nne le kgoreletso ya kabo ya ditirelo. 

5.    Molaotlhomo wa Tsamaiso ya Maphata a Puso, Kemonokeng le Ditharabololo (IMSI) 
5.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Molaotlhomo wa IMSI gore o tle o atlhaatlhiwe. Molaotlhomo ono o tla dirisiwa jaaka kalafi ya dikgwetlho tse dintsi tse di farologaneng tse go itemogetsweng tsona fa puso e gapeletsega go dirisa karolo ya bo 100 le ya bo 139 ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996. 
5.2.    Karolo ya bo 100 e naya puso ya naga maatla a go tsaya dikgato fa puso ya porofense e retelelwa ke go tsamaisa ka tolamo kabo ya ditirelo mme karolo ya bo 139 yona e naya khuduthamaga ya porofense maatla a go tsaya dikgato fa puso ya masepala e retelelwa ke go dira tiro ya yona go ya ka melao le Molaotheo.
5.3.    Molaotlhomo ono wa IMSI o tla tlhagisa dikgato tsa molao tse di tshwanetsweng go dirisiwa go samagana le dikgwetlho tsa go dirisa karolo ya bo 139 mme e tla laola ka fao karolo eno ya Molaotheo e tsenngwang tirisong ka teng, mmogo le dithulaganyo tse di maleba tse di tshwanetsweng go latelwa. E tla ema nokeng mebasepala e e tlhokang kemonokeng eno mmogo le go thusa go tlhoma leitlho mebasepala eo gore e tle e kgone go fitlhelela maikarabelo a yona go ya ka melao ya Molaotheo.

E.    Go Thapiwa

Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.
1.    Konteraka ya tiro ya ga Rre Sipho Abednego Mosai ya go nna Mokaedikhuduthamagamogolo wa Setlamo sa Rand Water nako ya yona e atolositswe. 
2.    Konteraka ya tiro ya ga Mme Meme Sejosengwe ya go nna Tlhogo ya Merero ya Kantoro ya Moatlhodimogolo wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo nako ya yona e atolositswe.

3.    Go thapiwa ga Ditokololo tsa Lekgtla la Setheo sa Taolo ya Melao ya Intasereri Ditirelo tsa Phemelo (PSIRA)
3.1    Ngaka Audrey Leah Mofomme (Monnasetulo);
3.2    Moatefokate Simosenkosi Chamane;
3.3    Mme Pretty Makukule; mmogo le 
3.4    Mme Nothando Nana Sabela 

4.    Go Thapiwa ga Setheo sa Nakwana sa go Fetola Setheo sa go Tlhoma Ditirelo tsa Matlole a go Thusa Dikgwebopotlana 
4.1    Rre Thembinkosi Bonakele (Monnasetulo);
4.2    Mme Phelisa Nkomo;
4.3    Mme Nozuko Makhanda;
4.4    Rre Motse Mfuleni;
4.5    Mme Phumeza Mqingwana;
4.6    Rre Bonolo Ramokhele;
4.7    Rre Avuyile Xabadiya;
4.8    Rre Pat Makape;
4.9    Mme Xoli Daku;
4.10    Rre Luyanda Ntuane;
4.11    Rre Sifiso Mtsweni;
4.12    Rre Siyakhula Simelane; mmogo le 
4.13    Mme Keabetswe Mogorosi

5.    Ditiragalo tse di Tlang

5.1    Samiti ya Dipalangwa e e ka ga go Namela Dipalangwa Tsotlhe
5.1.1    Lefapha la Dipalangwa le tla bo le tshwere Samiti ya Dipalangwa e e ka ga go Namela Dipalangwa Tsotlhe kwa porofenseng ya Gauteng sebaka sa matsatsi a le mabedi mo bekeng e e tla simololang ka la bo 29 Moranang 2024.
5.1.2    Samiti eno ke e nngwe ya dikgato tsa go dira bonnete jwa gore naga ya Aforika Borwa e tlosa dikgoreletsi tsotlhe tse di kgoreletsang batho ba ba tshelang ka bogolofadi, batho ba ba tsofetseng, bana mmogo le batho ba ba senang ditlogo go ka dirisa dipalangwa tsotlhe jaaka baagi ba bangwe mo setšhabeng. Dintlha tse go tla buisanwang ka tsona mo kopanong eno di botlhokwa mo go kaeleng naga ya Aforika Borwa gore yona e tla dira jang gore dipalangwa tsa yona tsotlhe batho botlhe ba kgona go di dirisa, segolobogolo dipalangwa tse di rwalang baagi gore go se nne le ope yo a retelelwang ke go di dirisa ka ntlha ya mabaka a a mo amang.
5.1.3    Mo samiting eno Lefapha la Dipalangwa mmogo le ditheo tse dingwe tsa lona, mebuso ya diporofense mmogo le ya mebasepala botlhe ba tla tlhagisa maano a ba a logileng a go dira bonnete jwa gore dipalangwa tsotlhe di kgonwa godirisiwa ke batho botlhe e ka tswa e le dipalangwa tse di fofange, tse di tsamayang mo metsing, dipalangwa tse di tsamayang mo mebileng mmogo le tse di tsamayang mo diporong, bojotlhe jwa tsona di tshwanetse go dirisiwa ke batho ba ba tshelang ka bogolofadi mmogo le batho ba ba senang ditlogo. 

G.    Melaetsa

Melaetsa ya go Akgola

Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go: 

  • Rre Lesetja Kganyago jaaka a thapilwe lekgetlo le lengwe gape go nna Mmusi wa Bankakgolo ya Aforika Borwa. 
  • Mme Nomfundo Tshazibana mmogo le Ngaka Rashad Ismail Cassim ka go latelana ga bona jaaka ba thapilwe lekgetlo le lengwe gape go nna Batlatsi ba Mmusi wa Bankakgolo ya Aforika Borwa. 
  • Ngaka Mampho Modise yo a thapilweng go nna Motlatsi wa Mmusi wa Bankakgolo ya Aforika Borwa.
  • Setlhopha sa baopedi ba naga ya Aforika Borwa sa Akustika Chambers Singers jaaka se fentse Sekgele sa Makgaolakgang a Dikgaisano tsa Bagale ba Dikhoare tsa Vox Lucensis sa Ngwaga wa 2024 kwa nageng ya Italy.
  • Kabinete le yona e eme ka lefoko la ga Moporesitente Cyril Ramaphosa jaaka a akgotse Moporesitente Vladimir Putin go latela gore Moporesitente yono a fenye ditlhopho tsa go nna Moporesitente wa naga ya Russia lekgetlo le lengwe gape. Kabinete e gopotsana gape le ka maikano a a dirilweng ke naga ya Aforika Borwa mmogo le ya Russia a gore dinaga ka bobedi di tla dirisana mmogo mo mererong ya dinaga tsa mafatshe, mmogo le go dirisa boleloko jwa dinaga ka bobedi mo maemong a Dinagakopano, a G20, a BRICS mmogo le a mo mekgatlhong e mengwe gape ya lefatshe.
  • Kabinete le yona e eme ka lefoko la ga Moporesitente Cyril Ramaphosa jaaka a akgotse Moporesitente yo ga jaana a tlhophilweng wa naga ya Rephaboliki ya Senegal e bong Rre Bassirou Diomaye Faye. Moporesitente o ne gape a akgola baemedi ba makoko a a neng a gaisanela ditlhopho jaaka ba itshupile gore ditlhogo tsa bona di fodile ka go amogela gore ba latlhegetswe ke sefoka mo ditlhophong. Naga ya Aforika Borwa mmogo le ya Senegal ke ditsala tsa go ntshana se se mo inong fa go tla mo mererong ya kgwebisano le ya botsalano jwa baagi mme seno ke ka ntlha ya botsalano jo bo tswang kwa lowe jo bo fetlhilweng ke nako ya fa re ne re le mo kgaratlhong ya go lwantshana le puso ya tlhaolele. Moporesitente Ramaphosa o rile: “Ke ka ntlha ya ditiro tsa baagi ba naga ya Senegal mo nakong ya fa go ne go le lefifi la tla re tshwaraneng ka dijase mo kwa bofelong re neng ra tsaya ditshwetso tsa go tsaya dikgato tsa go aga sešwa Aforika ka go itlhophela go tsaya dikgato tse di renang kagiso tsa go fetola puso go na le go itlhophela go fetola puso ka tirisodikgoka”.

H.    Melaetsa ya Matshediso

Kabinete e romela matshediso a yona kwa ba lelapa le ditsala tsa: 

  • Baagi ba naga ya Russia mmogo le puso ya teng go latela gore go nne le tiragalo ya maiteko a tlhaselo ya setšhaba kwa ntlwanalehalahaleng ya go tshwarela dikonsarata e e kwa Teropokgolong ya Crocus kwa Moscow mo go tlhokafetseng batho ba le 137. 
  • Baagi ba naga ya Amerika mmogo le puso ya teng go latela gore Leborogo la Francis Scott Key kwa Baltimore le gosomele, kwa kgaolong ya Maryland. Ga jaanong go santse go na le batho ba le barataro ba go santseng go sa itsiwe gore ba kae.

Dipotsolotso: Mme Nomonde Mnukwa – Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere
Mogala: 083 653 7485

Share this page

Similar categories to explore