Pegelo ya Kopano ya Kabinete e e Tshwerweng ka Laboraro la bo, 13 Mopitlwe 2024

A.  Merero ya ga Jaanong 

1.  Ikonomi
1.1.  Merero ya Kgwebisano
1.1.1.  Kabinete e neseditse pula dikgato tsa Kokoanotheomolao ya Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika tsa go amogela dithulaganyo tse di botlhokwa mmogo le ditshweetso tse di amang Letsholo le le Sutisang Dikgoreletsi mo Kgwebisanong ya Dinaga tsa Aforika (AfCFTA). Tseno di tsenyeletsa Thulaganyo ya go Tsenya Basadi le Bašwa mo Kgwebisanong e leng thulaganyo ya matlhoadibona, mmogo le Thulaganyo ya go Beeletsa mo Dikgwebong tsa Dikhomphiutha le Diinthanete. 
1.1.2.  Mo Kokoanotheomolaong eo, e e neng e tsenetswe ke Moporesitente Cyril Ramaphosa, go dumelanwe gape le gore go tlhomiwe melao e le mmalwa mo dikgwebong tsa diaparo le mo  dikgwebong tse di rileng tsa diphatse tsa dijanaga, go ya ka tshweetso ya bofelo e e tserweng ke Lekgotla la Ditona tsa AfCFTA. Kabinete e akgotse Kantoro ya Tona ya Kgwebisano, Intaseteri le Dikgaisano tsa Dikgwebo mabapi le tiro eo ba e dirileng mo go direng gore go feletse go kgonagetse go ka gwebisana ka AfCFTA, mme dithoto tsa ntlha ke tseo di lebileng kwa nageng ya Ghana le ya Kenya. 
1.1.3.  Kabinete e nopotse dintlha tseo di tlhageletseng mo Khonferenseng ya bo 13 ya Ditona (MC13) tsa Mokgatlo wa Lefatshe wa Kgwebisano ya Dinaga (WTO) mmogo le go itumelela kgato ya mokgatlho ono ya go amogela sedirisiwa sa naga ya Aforika Borwa sa go baakanya Tumelano ya Kemonokeng ya Lephata la Boreatlhapi. Naga ya Aforika Borwa e nnile tokololo ya bo 71 ya WTO go ka baakanya Tumelano eno mme e ne ya bontshiwa tlotlo ka ga seo e se dirileng ka go dira gore motsing o e tlisang diphetogo tsa yona go tshwarwe moletlo yo o itlhophileng wa go tswalela kopano ya eno ya MC13. Kabinete e neseditse pula tiragalo ya go amogela ditokololo tse dingwe gape di le pedi go ka nna ditokololo tse dingwe tsa WTO, mme tsona ke naga ya Timor Leste mmogo le ya Comoros; mmogo le tiragalo ya tumelano ya go itshomola ga nnyane ga nnyane (go na le go ikubula) mo merokotsong eo e abelwang Dinaga tseo di Iseng di Tlhabologo go le Kalo (LDC). 
1.1.4.  Kabinete e tsibogetse gore go dinaga di le mmalwanyana tsa Aforika tseo dikgato tsa tsona tsa dipeelo tsa tlhabololo di retetseng gore di di fitlhelele mme seno bontsi jwa sona bo diragetse ka ntlha ya go enngwa kgatlhanong ke dinaga tse di nang le diikonomi tse dikgolo tse di gatetseng pele. Tseno di tsamaisana le boitaolelo jwa dinaga tse di santseng di iketetsa mo diintasetering, tumelano mo lephateng la temothuo e e thusang dinaga tseno gore di kgone go rekisetsa dinaga tse dinaga tse di gatetseng pele mmogo le go naya balemirui ba dinaga tse di kwa kgaolong ya borwa mo lefatsheng ka bophara ditšhono, mmogo le dikgato tse dingwe gape tsa go ikgatosa go thaya ditlhapi ka bontsi jo bo feteletseng mmogo le dikgato tsa go busetsa kwa morago dikgato tse di utlwanetsweng tse di sa tlhaloganyegeng tse di tsamaisanang le tshomarelo ya tlhago tse di jaaka Dikgato tsa Melelwane ya Kgotlhelo ya Loapi tsa Dinagakopano tsa Yuropa. 
1.1.5.  Kabinete e nopotse gape le leeto le le tserweng ke Tona ya Kgwebisano, Intaseteri le Dikgaisano tsa Dikgwebo go leba kwa nageng ya China ka maitlhomo a go bokeletsa kemonokeng e e tla samaganang le dipeeletso mo tlhagisong ya dikuno ka fa nageng ya Aforika Borwa, mmogo le mo lephateng la dijanaga. Mo dikopanong tseno go tshwerwe tse dingwe le ditlamo tse dikgolo mo lefatsheng tse di agang dibeteri tsa dijanaga tse di tsamayang ka motlakase, difeme tsa tshipi le lesenke mmogo le tsa motlakase mmogo le ditlamo tsa naga ya Aforika Borwa tse di dirang kwa nageng ya China mo maphateng a a jaaka la dikhemikhale, la diinšorense balwetse mo maokelong, la melemo, la meepo mmogo le mo go la matlole. Mo leetong leo Tona Ebrahim Patel o ne a tsenela moletlo wa go totla mokganni wa sekepe wa naga ya China kwa Zheng He Memorial kwa Nanjing e leng mokganni wa sekepe yo a tsereng Leeto la Botlhano la go Batlana le Letlotlo mo kontinenteng ya Aforika magareng ga ngwaga wa 1417 go ya go wa 1419, eleng selo se se dirileng gore go feletswe go butswe lefelo la boemelakepe le go gwebisanwang kwa go lona kwa botlhaba jwa Aforika. Gompieno naga ya China ke e nngwe ya dinaga tse dikgolo tse kontinente ya Aforika e gwebisanang le tsona, mme se se diriwang ga jaana ke go alelela mo tirisanommogo e e sa bolong go nna teng dingwaga di le 600 tse di fetileng. 

2.  Bojanala
2.1  Pegelo ya Dikgatelopele tse di setseng di Dirilwe mo go Direng gore re Tlhatloseng Dipalo tsa Bojanala ba ka fa Nageng le ba Boditšhabatšhaba mmogo le Boleng jwa Mafelo a Bojanala
2.1.1   Kabinete e ne ya bewa mo dinakong ka kgatelopele e e diriwang mo go direng gore re tlhatloseng Dipalo tsa Bojanala ba ka fa Nageng le ba Boditšhabatšhaba mmogo le Boleng jwa Mafelo a Bojanala
2.1.2  Thebolo ya pegelo ya sešweng ya Setheo sa Dipatlisiso tsa Dipalopalo sa Aforika Borwa (StatsSA) ka ga bajanala ba ba gorogang ka fa nageng go tswa kwa dinageng tsa boditšhabatšhaba go tloga ka Ferikgong go fitlha ka Sedimonthole 2023 e bontsha kgolo ya ka fao lekala la bojanala la Aforika Borwa le ratiwang ke bajanala ba dinaga tsa boditšhabatšhaba mo palo ya bona mo pakeng eno e fitlhileng go dimilione di le 8.5 mme palo eno e tlhatlogile ka palo e e gagamatsang jaaka e tlhatlogile ka 48.9% fa e bapisiwa le palo ya mo ngwageng wa 2022. 

2.2  Go samagana le Tshalelomorago ya Thebolo ya Dilaesense tsa Batlhankedi ba ba Felegetsang Bajanala
2.2.1   Kabinete e beilwe mo dinakong ka seo se setseng se dirilwe mo go samaganeng le tshalelomorago ya thebolo ya Dilaesense tsa Batlhankedi ba ba Felegetsang Bajanala
2.2.2  Lefapha la Bojanala le tla dirisana le ditheo tse di matshwanedi, mekgatlo e e matshwanedi mmogo le Komiti ya Nakwana e e Laolang Dipalangwa tse di Rwalang Baagi ya Lefapha la Dipalangwa go dira bonnete jwa gore maemo a a tokafala le go tisbogela ka bonako dikopo tsa go rebolelwa Dilaesense tsa Batlhankedi ba ba Felegetsang Bajanala
2.2.3   Maano a a lebeletsweng a tsenyeletsa a go dirisana mmogo le Lefapha la Dipalangwa mo go tleng ka Tikwatikwe ya Megala e e tla samaganang le dingongora tsa bafelegetsi ba bajanala.
2.2.4   Tona ya Lefapha la Dipalangwa o laetsa batlhankedi ba ditheo tsa molao ba diporofense le ba mebasepala gore di se tlhole di otlhaya Batlhankedi ba ba Felegetsang Bajanala ba ba letetseng karabo mabapi le kopo e ba e dirileng.

3.  Merero ya Boditšhabatšhaba
3.1. Naga ya Palestina (Go Aga Aforika yo o Botoka ke go Aga Lefatshe le le Botoka)
3.1.1.  Re utlwela botlhoko baagi ba naga ya Palestina ba ba tsweletseng go bolawa le go sotliwa, mme Kabinete e ntse e eme ka le le reng go emisiwe ka gangwe ntwa e e runtseng koo. Re santse re na le tshepo ya gore boikuelo jwa naga ya Aforika Borwa jwa go tlhatlhela kgetse ka lepotlapotla kwa Kgotlatshekelong ya Lefatshe kwa bofelong bo tla dira gore ntwa e e tsweletse g e fedisiwe le go dira gore thuso e e tlhokagalang e kgone go romelwa koo. Kopo e e dirilweng ke naga ya Aforika Borwa maitlhomo a yona e ne e le go fedisa ntwa ya matlho a mahibidu e e tsweletseng, mmogo le go dira gore batho botlhe ba ba gapilweng mo ntweng ba busediwe kwa magaeng a bona ka gangwe, mmogo le go dira gore taelo e e dirileng gore go se nne le ope yo a tsenang le go tswa kwa Gaza e phimolwe.
3.1.2 Naga ya Aforika Borwa e santse e ipoeletsa gore tharabololo e e tla tlisang kagiso ya boammaruri ke ya 'Go Kgaoganya Dinaga Tseno ka Bobedi'. 

3.2.  Khomišene ya Dinagapedi (BNC) ya Aforika Borwa le Ghana
3.2.1.  Kabinete e neseditse pula dipuisano tse di nnileng teng mo Khomišeneng ya Dinagapedi (BNC) ya Aforika Borwa le Ghana e leng tsona tse di dirang gore tirisanommogo magareng ga dinaga ka bobedi di gagamale.
3.2.2.  Dinaga ka bobedi di buisane ka mokgwa o di tla godisang kgwebisano mmogo le go kopanya ikonomi ya dinaga tsa Aforika ka go dirisa mokgwa wa go rekelana go ya ka Letsholo le le Sutisang Dikgoreletsi mo Kgwebisanong ya Dinaga tsa Aforika (AfCFTA). Ka la bo 31 Ferikgong 2024, naga ya Aforika Borwa e rometse morwalo wa yona wa ntlha wa dithoto tseo di rekilweng ke naga ya Ghana mmogo le dinaga tse dingwe ka go dirisa Tumelano ya AfCFTA.
3.2.3.  Mo matlhong a naga ya Aforika Borwa naga ya Ghana e tla tswelela go nna naga e e botlhokwa thata e e dirisanang le naga ya Aforika Borwa. Mo dingwageng di feta di le 10 tse di fetileng, ditlamo tsa naga ya Aforika Borwa di setse di samagane le diporojeke di feta di le 170 kwa nageng ya Ghana, tse di jang boleng jo bo kanaka Ditolara tsa Amerika di le 1,4 bilione tsa madi a a beeleditsweng. Ditlamo tsa naga ya Aforika Borwa di teng gape le mo intasetering ya meepo kwa nageng ya Ghana.

4.  Tshireletsego le pabalesego
4.1.  Ditiragalo tsa go Bogisa le go Bolaya Batho ba Sesadi (GBVF) mmogo le go Sireletsa Bana
4.1.1.  Jaaka lefatshe le tla bo le keteka Letsatsi la Lefatshe la Basadi ka Labotlhano wa la bo 8 Mopitlwe 2024, Kabinete e boeleditse boikuelo jwa yona mo banneng jwa naga ya Aforika Borwa gore ba lwantshane le leru la GBVF. Re ikuela mo banneng go nna le seabe mo Letsholong la Matsatsi a le 365 a go se Dirise Tirisodikgoka mo Basading le mo Baneng. 
4.1.2.  Ga e kitla e nna seomodiro gore morago ga dingwaga di le 30 re le mo temokerasing basadi le bana ba santse ba tshela ka fa tlase ga letshogo la gore kana le bona ba ka tsoga ba wetswe ke leru leno. Selo seno ga se tsamaisane ka gope le meetlo ya molaotheo wa naga ya rona ya temokerasi, e leng e e buang ka ditshwanelo tsa batho, go neela batho tlotlo mmogo le go dira gore batho botlhe ba lekalekane.
4.1.3.  Kabinete e tshwenyegile thata fa go tla mo pabalesegong ya bana go latela dipegelo tsa mo malobanyaneng tsa go thopiwa ga bana mo mafelong a a farologaneng ka fa nageng. Batsadi le bagodisi ba bana mmogo le batlhokomedi ba bana ba tshwanetse go ntsha matlho dinameng fa go tla mo go babalelelng bana le go itse gore ba tshamekela kae fa ba setse le bona mme ba tshwanetse go ruta bana gore ba itlhokomele jang. Jaaka Botho e le selo se batho ba se itseng sentle, baagi mo motseng go ikuelwa mo go bona go thusana go tlhoma bana matlho.
4.1.4.  Kabinete e akgotse mapodisi mmogo le baagi ba Saldanha Bay kwa Kapa Bophirima go latela gore go tshwarwe babelaelwa ba go belaelwang ba amega mo kgetseng ya ngwana wa dingwaga di le thataro e bong Joslin Smith yo a timetseng.
4.1.5.  Kabinete e ema le baagi mo thapelong ya bona le mo dikgatong tseo ba di tsayang go lwela gore bana ba bantsi ba ba thopilweng mo nakong e e fetileng ba busediwe gae ba sena le ka lebadi. Kabinete e ikuela go motho yo mongwe le yo mongwe yo a ka tswang a utlwetse mofetsho mongwe ka yo mongwe wa bana bano go ikgolaganya le seteišene sa sepodisi se se gaufi le mo a nnnang gone kgotsa a letsetse Mogala wa go Lwantshana le Ditiro tsa Bosenyi  ka ponyo ya leitlho mo go 08600 10111  

4.2  Mogwanto o o Seng mo Molaong wa Batlhankedi ba Dikantoro tsa Masepala wa eThekwini
4.2.1   Kabinete e tshwenngwa ke mogwanto o o seng mo molaong wa batlhankedi ba dikantoro tsa masepala wa eThekwini, mme seno se dirile gore batho ba melelane meno mmogo le go timela baagi metsi le mabone.  
4.2.2   Ka ntlha ya mogwanto ono baagi ba iphitlhetse ba le mo tlalelong ka ntlha ya go tlhoka metsi, mabone le go se latiwe ga ditlakala, mme seno ke go gatakaka ditshwanelo tsa batho le go ikgatosa Molaotheo. Maitsholo a a jaaka ano ga a kitla a letlelelwa mme Kabinete e ikuela mo mapodising go dira sengwe le sengwe se se kgonagalang go ka sireletsa ditshwanelo tsa batho. 
4.2.3  Go tswalelwa ga ditirelo tse di botlhokwa tse di jaaka maokelo ke ditiro tsa maiteko a polao ya batho e se ka maikaelelo mme fa go na le motho yo a ka fitlhelwang a dira seno motho yoo o tla di gama a sa di tlhapela.

B.  Go Baya Kabinete mo Dinakong
Ditirelo tsa Setšhaba

1.  Go isiwa ga Leano la go Tsaya Dikgato la Botlhano la Tirisanommogo e e leng mo Phatlhalatseng ya Puso (OGP) ya Aforika Borwa, jaaka e le Karolo ya go Tsenya Tirisong Leano la go Tsaya Dikgato tsa Letsholo la go Sekasekana Makoa la Dinaga tsa Aforika 
1.1  Kabinete e beilwe mo dinakong ka go Isiwa ga Leano la go Tsaya Dikgato la Botlhano la OGP ya Aforika Borwa, jaaka e le Karolo ya go Tsenya Tirisong Leano la go Tsaya Dikgato tsa Letsholo la go Sekasekana Makoa la Dinaga tsa Aforika ka molaetsamogolo yo o reng: Go Bokeletsa Dikgato tsa Tsosoloso ya OGP mo Aforika Borwa - Leano la Naga la Botlhano la OGP la go Tsaya Dikgato la go Tloga ka Ngwaga wa 2023 go Fitlha ka wa 2026.
1.2   OPG ke mokgatlho wa batho ba ba tlisang diphetogo ba ba direlang puso le ba ba sa direleng puso mme ba samagana le go fetola ka fao puso e abelanang ka ditirelo ka teng mo baaging. Ka OGP mebuso mmogo le mekgatlho ya baagi ba loga maano a dingwaga di le pedi mmogo a go tsaya dikgato, mo go nang le dikgato tse di utlwagalang, go dira maikano ka merero e e farologaneng. OGP e dira gore mekgatlho ya baagi e nne le seabe mo go baakanyeng mmogo le mo go tlhokomeleng mebuso. Mo maanong a sešweng a naga ya Aforika Borwa Lefapha la Bodiredipuso le Tsamaiso (DPSA) le dirisana mmogo le Lekgotla la Dipatlisiso tsa Saense le Diintaseteri (CSIR) mmogo le maphata a mangwe fa go tla mo mererong e e jaaka ya go itlhamela ditsela tse di ka tlhabololang ka fao kabo ya ditirelo e rebolwang ka teng ka fa nageng. 
1.3  Seno se thusa Aforika Borwa go tlhagisa tshedimosetso e ntsi e baagi ba ka e solang mosola jaaka e le selo seo se tsamaisanang le go nna le puso ya go tlhoka lehunelo. Leano la go Tsaya Dikgato la Botlhano la OPG la 2023-2026 le tla solwa mosola ka go tsenya tirisong Leano la go Tsaya Dikgato la Letsholo la go Itshekatsheka Makoa ga Dinaga tsa Aforika gore le tsamaisane le dintlha tse di neseditsweng pula ke Kabinete tsa letsholo la go tsamaisa puso gore bobedi bo kgone go tsamaisana. 

2.  Pegelo ya seo se Setseng se Dirilwe mo go Konosetseng Letsholo la go Tlhatlhoba ka fao Batlhankedi ba Bagolo ba Puso ba Iphedisang ka Teng
2.1  Kabinete e amogetse Pegelo ya seo se Setseng se Dirilwe mo go Konosetseng Letsholo la go Tlhatlhoba ka fao Batlhankedi ba Bagolo ba Puso ba Iphedisang ka Teng.
2.2  Kwa bokhutlhong jwa Ferikgong  2023 Mafapha a Puso ya Naga a le 24 mmogo le Mafapha a Mebuso ya Diporofense a le 71 a ntshitse dipegelo tsa gore a setse a konoseditse dithulaganyo tsa bona tsa go tlhatlhoba ka fao batlhankedibagolwane ba puso ba iphedisang. Ka dikgato tse dingwe gape tseno, re bone palo e oketsega ya a mangwe a le mantsinyana a mafapha a le ona a ikobela kgato eno fa Mopitlwe 2023 a garela jaaka mafapha a puso ya naga a le 36 le a mebuso ya diporofense a le 89 le ona a ntsha dipegelo. 
2.3  Kgatelopele eno ke kgato e namagadi ya dikgato tsa go utolola bonweenwee mo pusong le mo go direng gore puso e dire ka manontlhotlho.

3.  Pegelo ya se se Setseng se Dirilwe mo go Tsereganyeng Dikgetse tsa Dikgato tsa Kgalemo ya Batlhankedibagolo ba Puso tse di Saletseng kwa Morago
3.1  Kabinete e amogetse Pegelo ya se se Setseng se Dirilwe mo go Tsereganyeng Dikgetse tsa Dikgato tsa Kgalemo ya Batlhankedibagolo ba Puso tse di Saletseng kwa Morago
3.2  Fa tiro eno e ne e simolola ka la bo 1 Diphalane 2023 mafapha a puso ya gaga a le supa a ne a na le dikgetse di le 250 tse di neng di saletse morago mme mafapha a le 20 a mebuso ya diporofense o na a ne a na le dikgetse di le 172 tse di neng di saletse morago. 
3.3  Ka thuso ya Lefapha la Bodiredipuso le Tsamaiso (DPSA), mafapha a naga ano a le supa a ka kgona go ka rarabolola dikgetse di le 133 mo go di le 250 mme seno se tla raya gore a kgonne go konosetsa diphesente di le 53 tsa dikgetse tseno, mme ka fa letlhakoreng le lengwe mafapha a le 20 a mebuso ya diporofense ona a ka kgona go ka rarabolola dikgetse di le 68 mo go di le 172 me seno se tla raya gore a kgonne go konosetsa diphesente di le 40.
3.4  Kabinete e laetse DPSA gore e dire bonnete jwa gore Tsamaiso ya Dikgetse go ralala le puso e a gagamadiwa.

4.  Pegelo ya se se Setseng se Dirilwe mo go Tlhomiweng ga Rejisetara e Kgolo ya Dikgatokgalemo ya Maphata Otlhe a le Mararo a Puso
4.1  Kabinete e amogetse Pegelo ya se se Setseng se Dirilwe mo go Tlhomiweng ga Rejisetara e Kgolo ya Dikgatokgalemo ya Maphata Otlhe a le Mararo a Puso.
4.2  Go tlhomiwa ga Pegelo ya se se Setseng se Dirilwe mo go Tlhomiweng ga Rejisetara e Kgolo ya Dikgatokgalemo ya Maphata Otlhe a le Mararo a Puso ke e nngwe ya dikgato tse di solofeditsweng ke Moporesitente Cyril Ramaphosa go latela gore Khomišene ya Diphuruphutso tse di Mabapi le go Goga Puso ka Nko, Bonweenweele Bogwenegwene e dire ditshitshinyo tse di amogetsweng ke Palamente ka la bo 22 Diphalane 2022.
4.3  Kabinete e nopotse kgatelopele e e setseng e dirilwe magareng ga paka ya la bo 1 Moranang 2023 go fitlha ka ya la 31 Ferikgong 2024.
4.4  Tiro e e namagadi ya go tlhomiwa ga Regisetara e Kgolo eno e setse e garetswe e bile e setse e dirisitswe go lekelela gore e tla dira sentle mo diwebesaeteng tse re nang le tsona, go saletse fela gore go garelwe thulaganyo ya bofelo ya go e nesetsa pula gore e siametse go ka dirisiwa.

Lephata la Thuto
5.  Pegelo ya se se Setseng se Dirilwe mo go Bulweng ga Diyunibesiti di le Pedi  
5.1  Kabinete e amogetse Pegelo ya se se Setseng se Dirilwe mo go Bulweng ga Diyunibesiti di le Pedi e leng Yunibesiti ya Saense le Boitshimololedi ya kwa Ekurhuleni mmogo le Yunibesiti ya Katiso le Tlhatlhelelo ya Mapodisi kwa Hammanskraal.
5.2  Maitlhomo a kgato eno ke go fokotsa tlhaelo e e leng teng ya ditheo tsa thuto e kgolwane mmogo le go dira gore ditheo tsa thuto le katiso e kgolwane di kgona go tsibogela seo naga e se tlhokang gore kgone go katisa le go tlhatlhelela batho ba ba tla alogang ka kitso le bokgoni jwa go samagana le seo naga e se tlhokang.

Lefapha la Temothuo, Pusetsomafatshe le Tlhabololo ya Metsemagae
6.  Pegelo ya se se Setseng se Dirilwe mo go Tsenyeng Tirisong Leanokonokono la Masimo a go Jadiwang Motekwane wa Cannabis le wa Hemp
6.1  Kabinete e amogetse Pegelo ya se se Setseng se Dirilwe mo go Tsenyeng Tirisong Leanokonokono la Masimo a go Jadiwang Motekwane wa Cannabis le wa Hemp mme seno ke karolo ya leano la puso la go tlhoma intaseteri ya Lekala la Motekwane.
6.2  Maitlhomo ke go tla ka leano la go tsamaisa tiro ya go tlhoma, go godisa le go tlhabolola intaseteri ya naga ya Aforika Borwa ya Metekwane ya Cannabis le ya Hemp gore intaseteri eno e kgone go nna le seabe mo go godiseng ikonomi le mo go thuthuseng diphatlhatiro.
6.3  Ka ngwaga wa 2020, Tona ya Boitekanelo o ne a dumelana di diphetogo tse di dirilweng gore dijalwa tsa Motekwane wa Cannabis di wele ka fa tlase ga Lenaneo la Molao wa Dijalo le Didirisiwa tse Dingwe tse go Diriwang Melemo ka Tsona fa Tona ya Temothuo, Pusetsomafatshe le Tlhabololo ya Metsemagae ene a dumelane le gore Motekwane wa Hemp o wele ka fa tlase ga Lenaneo la Dijalwa tse di Lemiwang la Molao wa go Tlhabolola Dijalo wa Ngwaga wa 1976.
6.4  Lekgotla la Dipatlisiso mo Mererong ya Temothuo le tswelela g tlhabolola sejalwa sa motekwane wa Hemp gore o kgone go tlhagisa mefuta e e farologaneng, mme tiro eno e enngwe nokeng ke Lefapha la Temothuo, Pusetsomafatshe le Tlhabololo ya Metsemagae, gore e re fa ngwaga wa go jala sejalo seno o goroga ka ngwaga wa 2025 go bo go na le dipeo tse di lekaneng. 
6.5  Fa Lefapha la Boitekanelo ka Setheo sa lona sa Taolo ya Melemo ya Boitekanelo ya Aforika Borwa lona le tla bo le samagane le go samagana le ditshwaelo tse di romelwang kwa go lona mabapi le go dira diphetogo tse dingwe gape mo Lenaneong la Molao wa Dijalo le Didirisiwa tse Dingwe tse go Diriwang Melemo ka Tsona gore Lefapha la Boitekanelo le kgone go laola seelo sa Motekwane wa Cannabis mo melemong e e tla dirisiwang, Lefapha la Temothuo, Pusetsomafatshe le Tlhabololo ya Metsemagae lona le tla samagana le go laola ka fao Metekwane ya Cannabis le ya Hemp lengwang le go silwa ka gona gore e kgone go tsamaisana le ditlhokwa tsotlhe tsa semmuso tseo e tshwanetsweng go dirisediwa tsona, go tshwana le go dirisiwa ke diintaseteri, go dirisiwa mo didirisiweng tsa go tlotsa letlalo, go dirisiwa ke batho mmogo le go dirisiwa le mo dijong.

7.  Pegelo ya se se Setseng se Dirilwe mo go Kgoneng go Tlhagisa Meento kwa Lefelong la go Tlhagisa Ditlhagisiwa tsa Kalafo la kwa Onderstepoort (OBP) mmogo le kwa Lekgotleng la Dipatlisiso mo Mererong ya Temothuo
7.1  Kabinete e beilwe mo dinakong ka Pegelo ya se se Setseng se Dirilwe mo go Kgoneng go Tlhagisa Meento kwa Lefelong la go Tlhagisa Ditlhagisiwa tsa Kalafo la kwa Onderstepoort (OBP) mmogo le kwa Lekgotleng la Dipatlisiso mo Mererong ya Temothuo jaaka maitlhomo e le go dira bonnete jwa gore naga e na le meento go ka thibela le go fodisa malwetse a diphologolo a a dirang gore dijo ka fa nageng di tlhaele, batho ba lwale mmogo le go dira gore batho ba sokole. 
7.2  Kabinete e tsebositswe ka maano a go gata motlhala dikgato tsa go simolola le go garela dithulaganyo tsa go aga lefelo le lentšhwa la Tlhatlhobo le Kalafo ya Bolwetse jwa Leruo gore naga ya Aforika Borwa e kgone go ithulaganya sentle mo go tleng ka meento ya bolwetse jwa leruo e e tla samaganang le bolwetse jo bo maleba e e tla tlhabelwang ngwaga o mongwe le o mongwe mmogo le go dirisiwa fa go runtse leroborobo leno. Seno se tla fokotsa ditiragalo tsa go reka kwa dinageng tsa kwa ntle meento.

8.  Pegelo ya se se Setseng se Dirilwe mo go Potlakiseng go Fetola Beng ba Lefatshe
8.1  Kabinete e amogetse le go sekaseka Pegelo ya se se Setseng se Dirilwe mo go Potlakiseng go Fetola Beng ba Lefatshe ka fa nageng. Letsholo la go Potlakisiwa ga Phetolo ya Beng ba Lefatshe ke go tsibogela Ditshitshinyo tse di amogetsweng tsa Phanele ya go Eletsa Moporesitente e e ka ga Merero ya Kabosešwa ya Naga le ya Temothuo e e neileng Kabinete ka ngwaga wa 2019 Pegelo ya Ditshitshinyo tsa yona mo ntlheng eno.
8.2  Matsholo a a farologaneng a go fetola beng ba lefatshe le ona a tswelela go tsenngwa tirisong mme dipegelo tse di ka ga tswelopele e di a dirileng e na ya begelwa Kabinete ka ditsela tse di latelang:
8.3  Ka go dirisa dikarolo tsa Molao wa go Fetola Mafelo a a Rileng a Metsemagae wa ngwaga wa 1998, diheketara di le 593 67 di buseditswe beng ba tsona 
8.4  Thulaganyo ya go Rebolwa ga Mafatshe a Puso e konoseditswe mme diheketara tsa mafatshe a puso a go ka lengwang mo go ona di ka nna 659 602 di abetswe beng ba ona.
8.5  Khomišene ya Ditopotuelo tsa Mafatshe e setse e garetse ditopotuelo di le 83 056 fa Sedimonthole 2023 a ne a goroga, mafatshe a mangwe a ka dira diheketara di le 3 889 701 le ona a rekilwe ka dibilione di le R25, mme bajalefa ba bangwe bona ba ne ba duelwa ka madi a a ka dirang dibilione di le R23. 
8.6  Letsholo la pusetsodinaga go fitlha ga jaana le setse le unngwetse batho ba le 2 345 547 ba ba emetseng malapa a le 460 952. Mo malapeng ano batho ba le 177 504 ke malapa a a tlhokometsweng ke basadi fa malapa a le 1 266 ona e le a a tlhokometsweng ke batho ba ba tshelang ka bogolofadi.    

Lephata la go Agela Baagi Bonno
9.  Pegelo ya se se Setseng se Dirilwe mo go Tsenyeng Tirisong Pholisi ya Leano la go Tsamaisa Tiro ya Letlole la Tirisanommogo ya go Fetola Mafelo a Baipei 
9.1  Kabinete e amogetse Pegelo ya se se Setseng se Dirilwe mo go Tsenyeng Tirisong Pholisi ya Leano la go Tsamaisa Tiro ya Letlole la Tirisanommogo ya go Fetola Mafelo a Baipei e e sa bolong go itsisiwe mo ngwageng wa matlole wa 2019/2020
9.2    Maitlhomomagolo a letlole leno ke go ema nokeng malapa gore a kgone go rebolelwa ditirelo tse di botlhokwa tse di jaaka tsa metsi, motlakase, ditsela, metsero e e hupang metsi a a gasaganang mo dikontiring, go thotiwa ga ditlakala mmogo le tsa kgeleloleswe.
9.3  Maitlhomo e ne e le go fetola mafelo a baipei a le 1 500 mme kgatelopele e e dirilweng ke e e begilweng fa tlase:
9.3.1    Mafelo a baipei a le 578 a fetile mo Kgatong ya Ntlha ya tiro eno mme yona e raya gore go setse go dirilwe leano la tiro le go tlhotlhomisa dilo tse di tla tlhokagalang mo go tlhabololeng mafelo ano a baipei 
9.3.2   Mafelo a baipei a le 1 497  a fetile mo Kgatong ya Bobedi ya tiro eno mme yona e samagana le go dira bonnete jwa gore batho bano ba tla nnela ruri mo lefelong leo mmo go raya gore lefatshe le rekilwe le go tsenngwa ga ditirelo tse di botlhokwa tsa nakwana tse di jaaka metsi le kgeleloleswe fa go santse go letetswe gore mafelo ao a rulaganngwe sentle semmuso, mmogo le  
9.3.3   Mafelo a baipei a le 197 a a setseng a tsenyeditswe dilo tsotlhe tse di tlhokagalang.

10  Pegelo ya se se Setseng se Dirilwe mo Diporojekeng tsa Matamo a Bodutelo jwa Polokelo ya Metsi a Mantsi a a sa Tlhatswiwang 
10.1  Kabinete e amogetse Pegelo ya dikgato di le nne tsa se se Setseng se Dirilwe mo Diporojekeng tsa Matamo a Bodutelo jwa Polokelo ya Metsi a Mantsi a a sa Tlhatswiwang e e kwadilweng ke Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe (DWS). 
10.2  Kabinete e tlhaloseditswe gore porojeke ya go oketsa Letamo la Hazelmere e konoseditswe ka katlego mme e jele dimilione di le R820, mme seno se okeditsa lefelo la go bolokela metsi a letamo leno ka dimitara tsa dikhubiki di le dimilione di le  23.9, seno se raya gore letamo leno le oketsegile ka diphesente di le 83. Mo go direng gore metsi ano a a bolokwang a a iseng a tlhatswiwe gore a tlhatswiwe le go fepelwa Teropokgolo ya eThekwini, Boto ya uMngeni-uThukela e garetse porojeke ya go oketsa Lefelo la go Tlhatswa Metsi la Hazelmere gore le kgone go dira gore ka letsatsi le tloge mo go tlhatsweng metsi a le dimilione tsa dilitara di le 55 mme le tlhatswe dimilione tsa dilitara di le 75 mme go dirisitswea matlole a le kanaka dimilione di le R135. Mo dingwageng di le tharo tse di tlang lefelo leno la go tlhatswa metsi le tla okediwa gape gore le kgone go tlhatswa dimilione tsa dilitara di le 90 ka letsatsi mme go tla dirisiwa matlole a le kanaka dimilione di le R25. 
10.3  Porojeke ya Metsi ya Umzimvubu: Porojeke eno e tsere dingwaga di le dintsi e ntse e diegisiwa ka ntlha ya go tlhoka matlole. Porojeke ya go aga tsela e e lebang kwa letamong leo e gaufi le go garelwa, mme go solofetswe gore e tla garelwa ka Seetebosigo 2024. Go agiwa ga letamo go santse go le kgakala le go garelwa mme go solofelwa gore tiro eno e tla garelwa ka ngwaga wa 2028. 
10.4  Go okediwa ga lebota la Letamo la Tzaneen ka dimitara di le tharo go tla oketsa sebaka sa letamo leno sa go bolokela metsi go tloga mo sebakeng se se bolokang bontsi jwa metsi a le dimitara tsa dikhubiki di le dimilione di le 157, 3 go dira gore di fitlhe mo dimitareng tsa dikhubiki di le dimilione di le 193 e leng se se okeditseng lefelo leno ka bogolo jwa diphesente di le 23. Go setse go konoseditswe tiro e e kanaka diphesente di le 40 ya tiro e e santseng e tlhoka go diriwa mme go solofetswe gore tiro eno e tla garelwa ka Mopitlwe 2025 mme e tla ja matlole a le kanaka dimilione di le R555.
10.5  Porojeke ya go okediwa ga lebota la Letamo la Clanwilliam kwa Motsekapa maitlhomo a yona ke go dira gore go nne le metsi a a tla lekanang ditiro tsa temothuo, e leng go thusa balemirui ba ba dikobodikhutshwane ba ba senang ditlogo. Lebota la letamo leno le okediwa ka dimitara di le 13 gore le kgone go bolokela metsi go tloga mo metsing ao le neng le a boloka a le dimitara tsa dikhubiki di le dimilione di le 122 mme le tla kgona go boloka metsi a le dimitara tsa dikhubiki di le 343, mme seno se raya gore polokelo ya metsi e tla oketsega ka diphesente di le 181. Ga jaanong go setse go konoseditswe tiro e e kanaka diphesente di le 34 tsa tiro ya go aga letamo leno mme go solofetswe gore tiro eno e tla garelwa ka Moranang 2028 mme go naganwa gore e tla ja matlole a le kanaka dibilione di le R3.92.  

11. Leano la Ikonomi ya Naga la Tiriso ya Dimela le Ditshedi tse di Farologaneng go Tlhagisa Melemo (NBES)
11.1 Kabinete e sekasekile le go nopola tshekatsheko ya Leano la Ikonomi ya Naga la Tiriso ya Dimela le Ditshedi tse di Farologaneng go Tlhagisa Melemo (NBES). Maitlhomo a NBES ke go sola mosola tiriso ya dimela le ditshedi tse di farologaneng go tlhagisa melemo mo ikonoming ka go tlotlomatsa tshomarelo ya dimela le ditshedi tsa tlhago. Leano leno le tla tlotlomatsa kgolo le phetogo ya lephata la tshomarelo le tiriso ya dimela le ditshedi tse di farologaneng go tlhagisa melemo. 
11.2 NBES e tsamaisana ka botlalo le dintlha tse go ipeetsweng tsona mo Sekwalweng sa Masupatsela sa Tshomarelo ya Tiriso ya Dimela le Ditshedi tse di Farologaneng go Tlhagisa Melemo ka fa Nageng ya Aforika Borwa, mme dintlha tseno di mabapi le go di somarela, go di dirisa ka tlhokomelo, go refosana dipoelo tsa tsona ka go tshwana le ka go lekalekana mmogo le go fetola batsholateu. 
11.3 NBES e tla sekasekwa ka botlalo kwa Kopanong ya Dipeeletso mo Tirisong ya Dimela le Ditshedi tse di Farologaneng go Tlhagisa Melemoe e  tla tshwarwang ke Lefapha la Merero ya Dikgwa, ya Botshwaro jwa Ditlhapile le ya Tikologo mo nakong e e tlang mme e tla tshwarelwa kwa Hoteleng ya Birchwood kwa porofenseng ya Gauteng go tloga ka la bo 25 go fitlha ka la bo 27 Mopitlwe 2024. Moporesitente wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, Rre Cyril Ramaphosa o tla bo a eme kopano eno ka lefoko ka la bo 26 Mopitlwe 2024. Kopano eno e tla tsenelwa ke baeteledipele ba le bantsi ba ba farologaneng mo lephateng la tiriso ya dimela le ditshedi tse di farologaneng go tlhagisa melemo mmogo le batlhankedi ba puso, baeteledipele ba merero ya setso mmogo le baalafi, barutegi, bagwebi, mekgatlho ya baagi mmogo le ya bašwa. 

C. Ditshwetso tsa Kabinete
1.  Go Tlhomiwa ga Legae la Kantoro ya Mokgatlho wa Dinagakopano (UN) ka fa Nageng ya Aforika Borwa

1.1.  Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go Tlhomiwa ga Legae la Kantoro ya Mokgatlho wa Dinagakopano (UN) ka fa Nageng ya Aforika Borwa. 
1.2.  Go tlhomiwa ga Legae la Kantoro ya Mokgatlho wa Dinagakopano (UN) ka fa nageng go tla thusa Aforika Borwa gore e kgone go fitlhelela dintlha tse di botlhokwa tse e batlang go di fitlhelela mo go fetoleng ka fao mafelo a rulaganngweng ka teng, mo go ageng magae mo metseteropong, mo go tlameleng baagi ka dintlo le mafelo a ba ka itshubang mo go ona. 
1.3.  Letsholo leno le tla dira gore re nne le kitso le keletso ya maemo a a kwa godimo mo lefatsheng e e sa feleng e e tswang kwa dinageng tsa boditšhana, go dira gore re nne le kitso e e digogang kwa pele, mmogo le ditharabololo tsa maphata a a farologaneng gore re tle re kgone go nna le ditharabololo tse di babalesegileng, tse di nonofileng, tse botlhe ba unngwelwang mo go tsona, tse di tlisang khumo mmogo le tse di golaganeng gore mafelo a bodulo jwa baagi a kgone go golagana, fela jaaka go nopotswe mo Leanong la Tlhabololo ya Naga (NDP) mmogo le mo Sekwalweng se Iseng se Butswe sa Masupatsela se se buang ka Lephata la go Agela Baagi Bonno.
1.4.  Letsholo leno la UN le tla re tlamela ka pholisi, letsholo, tlhabololo, tlhatlhelelo ya bokgoni le go re ema nokeng ka katiso mmogo le go tsenya tirisong diporojeke tse di rileng tse di tla solwang mosola ke bannaleseabe botlhe ba ba maleba. 

2.  Pholisi ya Naga e e ka ga Kemonokeng ka Botlalo ya Batlhagisi ba Ditlhagisiwa (NPCPDS)
2.1.  Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go tsenya tirisong NPCPDS. Maitlhomo a magolo a pholisi eno ke go laola le go kaela dikgato tsa go ema nokeng batlhagisi ba maphata a a farologaneng, mme seno se tla dira gore re tsosolose didirisiwa tsa tlhago, e leng selo se se tla dirang gore re nne le lephata la temothuo le le fetogeling le le le gaisanang le a mangwe le le tla somarelegang.
2.2.   Le samagana gape le go eletsa ditharabololo tsa puso mmogo le kemonokeng e e tlamelwang batlhagisi ba maphata a a farologaneng a temothuo. Matsholo a go ema nokeng batlhagisi ka fa nageng ga jaana a kgaogane e bile a mo diatleng tsa mafapha a a farologaneng a puso. Pholisi e ntšhwa ya ga jaana e rulaganngwe ka mokgwa o e tla bokeletsang dithuso tsotlhe tsa batlhagisi go tswa kwa pusong le kwa makaleng a poraefete mo lefelong le le esi.
2.3.  Pholisi eno e tshitshinya dikgato tsa go tlhatlhelela bokgoni jo batlhagisi mmogo le batlhankedi ba lephata la temothuo ba nang le bona mmogo le go tsenya tirisong dikgato tse di sa bolayeng tlhago tsa tlhagiso. Seno ke go dira bonnete jwa gore Aforika Borwa e sireletsa le go tlhabolola ditlhagisiwa tse di seng bontsi jo bo kalo tse di jaaka lefatshe, metsi, tiriso ya dimela le ditshedi tse di farologaneng go tlhagisa melemo mmogo le didirisiwa tsa ditshedi ka go lwela le go ema nokeng dikgato tsa gore ditlhagisiwa tsa lephata la temothuo di tlhagisiwe ka tsela e e sa bolayeng tlhago. 
2.4.  Se sengwe gape ke gore pholisi eno e tshitshinya gore go nne le mokgwa wa tlamelo ya matlole o o tobaneng po le maphata a a rileng mme matlole ano e ka nna matlole a a abiwang ke puso mmogo le madikadimo go ema nokeng batlhagisi. Dikgato tseno di tla fokotsa sekgele sa go se lekalekane ga batlhagisi mmogo le go tokafatsa sekgele sa batlhagisi ba bathobantsho mo dikgwebong tsa temothuo. Baagi ba ka buisa pholisi eno mo webesaeteng ya www.dalrrd.gov.za.

3.  Leano la Intaseteri ya Ditlakala tsa Dithaere (IWTMP)
3.1  Kabinete e neseditse pula Leano la Intaseteri ya Ditlakala tsa Dithaere (IWTMP) gore le tsenngwe tirisong. Seno ke morago ga gore go nne le dithulaganyo tse dintsi tse di botlhokwa tse di tsereng dingwaga di sena pala mme mo go tsona re bua gape le ka dikopano tse dintsi tse di farologaneng tse re di tshwereng mo go batleng maikutlo a baagi le bannaleseabe. 
3.2  IWTMP e tlhagisa leano la go fedisa ditlakala tsa dithaere tsotlhe mo di bolokwang teng fa ka fa letlhakoreng le lengwe le lebeletse go ka fao dithaere tse di diriwang di tlhagisiwang ka teng. Seno se tla diriwa ka go dirisa leano la go tlhagisa ditlakala tsa dithaere tse dingwe mme lona le tla e nngwa nokeng ke puso ka matsholo a go tlhola dimaraka tsa ditlakala tseo. Ditiragalo tsa go sela ditlakala tsa dithaere le tsona di tla okediwa, mme di tla enngwa nokeng ke dikgato tse di dirang ka botswerere tsa go laola tlhokomelo ya dipalangwa tse di rwalang ditlakala tseno mmogo le mafelo a ditirelo tseno a a kwa dikgaolong.
3.3  IWTMP e na gape le thuso ya go ema nokeng batho ba ba itshimololelang dikgwebopotlana, tse dikgolwana le tse dikgolo (di-SMME) kwa makeišeneng go ya ka Leano la go Tsenya Tirisong Pholisi ya go Tsosolosa Ikonomi ya Makeišene a ka fa Nageng mo e tla tsepamisa mogopolo mo bašweng, mo basading mmogo le mo bathong ba ba tshelang ka bogolofadi. Ditšhono tseno go buiwa le ka tsa go tlhoma mafelo a go lata ditlakala le mafelo a go tsholela ditlaka tseno mo diporofenseng tsotlhe tseno di le robongwe. 
3.4  Di-SMME di tla enngwa nokeng ke Lefapha la Merero ya Dikgwa, ya Botshwaro jwa Ditlhapile le ya Tikologo mmogo le Lefapha la Tlhokomelo ya Dikgwebopotlana mme di ka sola seno mosola ka go itseela ditšhono tse di tlhagelelangmo lephateng la kgodiso ya lephata la ditlakala tsa dithaere. Mmemorantamo wa Ditumelano (MoU) magareng ga mafapha ka bobedi o o buang ka go ema nokeng di-SMME o tla tlhatlhobiwa gore o tle o bue gape le ka ditlakala tsa dithaere.
3.5  Leano leno le teng mo webesaeteng ya Lefapha la Merero ya Dikgwa, ya Botshwaro jwa Ditlhapile le ya Tikologo: ya www.dffe.gov.za. 

4.  Go Phimolwa ga Tumelano ya go Rekisetsa Setheo sa Kgwebo e e Itlhomileng Pele ka Maano sa Takatso Setlamo sa Difofane tsa Aforika Borwa (SAA) 
4.1.  Kabinete e dumelane le dikgato tsa go phimola tumelano magareng ga SAA le Takatso. Seno se latela gore go garelwe dipuisano tse di gogileng sebaka sa dingwaga di ka nna tharo mo puso e neng e buisana le Setlamo sa Takatso jaaka setlamo sa poraefete gore se dirisane le SAA.
4.2.  Fa go tla mo dithotong tsa setšhaba, puso e ne ya tshwanela ke go baya kwa pele ntlha ya go duelelwa seo se e siametseng gore se kgone go tswela setšhaba mosola. Boammaruri ke gore dithoto tsa SAA boleng jwa tsona jaanong bo fetogile thata go gaisa ka fao bo neng bo le ka teng mo pakeng ya leroborobo la COVID-19 fa Takatso e ne e tlhophiwa gore e tla nna yona e e tla rekang setlamo seno sa difofane.
4.3. SAA e tla tswelela go nna setheo sa puso mme ga jaanong maemo a botoka mo se ka kgonang go ikgoga sebakanyana se se sa fediseng pelo.

5.  Leano la Pabalesego ya Naga
5.1    Mo go obameleng Molao wa Naga wa Maano a Ditirelo tsa go Tlhwaya Tsebe Mabapi le Bosenyi jo bo Rerwang, Kabinete e neseditse pula Leano la Naga la Ditirelo tsa go Tlhwaya Tsebe Mabapi le Bosenyi jo bo Rerwang fela jaaka le kwadilwe ke Komiti ya Naga ya Taolo ya Ditirelo tsa go Tlhwaya Tsebe Mabapi le Bosenyi jo bo Rerwang e leng lona le le tla kaelang Pholisi ya Naga ya Maano a Ditirelo tsa go Tlhwaya Tsebe Mabapi le Bosenyi jo bo Rerwang.

6.  Dipalopalo tse di Balelwang ke Setheo sa Ditirelo tsa go Tlhwaya Tsebe Mabapi le Bosenyi jo bo Rerwang Mmogo le Ditlha tse di Botlhokwa tse Setheo sa Ditirelo tsa go Tlhwaya Tsebe Mabapi le Bosenyi jo bo Rerwang di Samaganeng Nao 
6.1  Mo go obameleng Molao wa Naga wa Maano a Ditirelo tsa go Tlhwaya Tsebe Mabapi le Bosenyi jo bo Rerwang, Kabinete e sekasekile Dipalopalo tse di Balelwang ke Setheo sa Ditirelo tsa go Tlhwaya Tsebe Mabapi le Bosenyi jo bo Rerwang Mmogo le Ditlha tse di Botlhokwa tse Setheo sa Ditirelo tsa go Tlhwaya Tsebe di samaganeng nao fela jaaka e kwadilwe ke Komiti ya Naga ya Taolo ya Ditirelo tsa go Tlhwaya Tsebe Mabapi le Bosenyi jo bo Rerwang.

7.  Dingwaga di le 30 tsa Kgololesego le Temokerasi
7.1 Naga ya Aforika Borwa e tla bo e tshwara dingwaga di le fa e sale 30 go tloga ka motsi wa la bo 27 Moranang 1994. Go tlotlomadiwa ga ntlha eno e e ka ga ka fao temokerasi ya naga ya rona e tswelelang go gola ka gone ke selo se se tlhokang gore se tlotlomaidwe ke naga ka bophara.
7.2 Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go tsenya tirisong letsholo la Dingwaga di le 30 tsa Kgololesego le Temokerasi gore le gasiwe ka ka nageng le kwa dinageng tsa boditšhaba. Maphata otlhe a puso, bannaleseabe, badirisanimmogo mo mererong ya loago mmogo le baagi botlhe ba tla bua ka lefoko le le nngwe mo go diragatseng letsholo leno.
7.3 Maitlhomo a letsholo la go keteka Dingwaga di le 30 tsa Kgololesego le Temokerasi ke:
7.3.1  Go dira gore naga yotlhe e keteke seo naga e kgonneng go se fitlhelela mo dingwageng di le 30 tsa puso ya temokerasi le go tshela re le setšhaba se se lokologileng sa temokerasi. 
7.3.2  Go nopola dilo tse di fitlheletsweng ke puso ya temokerasi fa e sale ka ngwaga wa 1994. 
7.3.3  Go baya mo pepeneneng le go bontsha seo batho ba setseng ba se fitlheletse, seo ditšhaba le naga e setseng e se fitlheletse ka ntlha ya puso ya temokerasi.
7.4  Letsholo leno le bua ka dintlha di le nne: (i) Batho (ii) Puso (iii) Kgololesego ya botlhe, mmogo le (iv) mekete ya letsholo leno.

D.  Melaotlhomo
1.  Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Bofaladi wa Ngwaga wa 2023
1.1.  Kabinete e neseditse pula Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Bofaladi wa Ngwaga wa 2023 gore o isiwe kwa Palamente. Maitlhomo a Molaotlhomo yono ke go diragatsa katlholo ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo e e rebotsweng ka la bo 29 Seetebosigo 2017 mmogo le ya la bo 30 Diphalane 2023 ka go kologana ga tsona. 
1.2.  Maitlhomo a Molaotlhomo ono ke go samagana le dikatlholo di le pedi tse di rebotsweng ke Kgotlatshekelo ya Molaotheo mme e dira seno ka go kwalola sešwa Karolo ya bo 34 (1)(b) le (d) tsa Molao ono, mme seno se tla dira gore motho yo mongwe le yo mongwe yo go fitlhelwang gore o ka fa nageng go se mo molaong go ya ka Karolo ya bo 34(1) ya Molao ono o isiwa kwa kgotlatshekelo ka sebele pele diura di le 48 di ka garela go tloga ka motsotso yo a golegweng ka ona, gore e tle e nne kgotlatshekelo e e tla laolang gore go tswelela go golega motho yoo pele a ka busediwa gae go tla unngwela molao jang.
1.3.  Molaotlhomo ono o samagana le ditlhokwa tsa molao tse batlhankedi ba merero ya bofaladi mmogo le ba kgotlatshekelo ba tshwanetseng go di diragatsa. 

E.  Ditiragalo tse di Tlang
1.  Letsatsi la Ditshwanelo tsa Batho
1.1.  Letsatsi la Ditshwanelo tsa Botho le tla ketekiwa kwa Lebaleng la Metshameko la George Thabe kwa harpeville, Gauteng ka Labone wa la bo, 21 Mopitlwe 2024. 
1.2.  Letsatsi la Ditshwanelo tsa Botho le tla bontsha tlotlo go Ditiragalo tsa Dipolao tse di Setlhogo tse di diragetseng kwa Sharpeville ka ngwaga wa1960 mo batho ba ba neng ba rebotse mogwanto o o neng o sena mmudubudu ba gwantela gore go fedisiwe molao o o neng o ba tlhaola wa gore ba rwale makwaloitshupo ba neng ba jewa ke ditlhobolo tsa mapodisi a puso ya tlhaolele mme ba bangwe ba ne ba iponela dikgobalo tse di masisi. 
1.3.  Go tshwarela moletlo ono kwa Sharpeville ke sesupo sa gore puso e batla go bontsha ka fao e tlotlang batho ba ba ikentshitseng setlhabelo ka teng mo go lweleng le mo go bolaelweng go lwela kgololesego kwa Sharpeville mmogo le kwa mafelong a mangwe a mantsi ka fa nageng ya Aforika Borwa. 

2.  Letsatsi la Lefatshe la Tshomarelo ya Metsi
2.1.  Naga ya Aforika Borwa e santse e le lefelo le le sokolelang metsi mme mo Bekeng e e ka ga Metsi a Naga e e tla tshwarwang go tloga ka la bo 20 go fitlha ka la bo 26 Mopitlwe 2024 temoso le matlafatso ya baagi ka go ba ruta ka maikarabelo a bona mo go tlhokomeleng metsi e tla nna selo se se kwa setlhoeng. 
2.2.  Beke eno e thulanan le Letsatsi la Tshomarelo ya Metsi ka Labotlhano wa la bo 22 Mopitlwe 2024, le le tsamaisanang le Molaetsamogolo yo o reng: “Gore go Rene Kagiso Re Ithokela Metsi” mme ona o tsepamisa mogopolo mo seabeng se se botlhokwa se metsi a nang le sona mo lefatsheng.
2.3.  Metsi ke selo se se botlhokwa thata mo setšhabeng se sengwe le se sengwe se se atlegang mo botshelong, e bile ke sona selo sa ntlha se se tlhokagalang fa o tlhoka go nna le tswelelopele le go gola. Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe le dira ka natla go dira bonnete jwa gore sedirisiwa seno se se tlholang botshelo se tswelele go tlisa tlhabologo jaaka re tla bo re garela Dingwaga di le 30 re le mo Kgololesegong.
2.4.  Kabinete e ikuela mo baaging botlhe gore e nne bona basireletsi ba setlhokwa seno sa rona se se botlhokwa. Yo mongwe le yo mongwe o na le sengwe se a ka se dirang mo go somareleng metsi le mo go direng gore a se re felele gore re kgone go nna le metsi a a lekanetseng batho botlhe. 

3.  Letsatsi la Lefatshe la go Tlhotlheletsa Twantsho ya Bolwetse jwa Lehuba (TB)
3.1.  Go ketekiwa ga Letsatsi la Lefatshe la go Tlhotlheletsa Twantsho ya Bolwetse jwa Lehuba (TB) ka Latshipi, 24 Mopitlwe 2024 ke selo se se re gopotsang gore TB e santse e le jo bongwe jwa malwetse a a tlholang malwetse le maso ka fa nageng ya Aforika Borwa. 
3.2.  Naga ya Aforika Borwa ke e nngwe ya dinaga tse di amilweng tota ke TB e bile re na gape le dikgwetlho tsa gore ba bangwe ba balwetse ba rona ba TB ga ba fetse melemo ya bona ya kalafi. Matsapa ano a gagamadiwa gape le ke fa TB e galefa go ka palela melemo ya TB. 
3.3.  Le fa go le jalo, TB yona e a kgona go alafega mme le melemo ya kalafi ya go okonatsa bolwetse jono le yona e teng. Fa e le gore o opiwa ke tlhogo, o a bopama, o tshologa sethitho bosigo kgotsa o na le sebaka sa dibeke di feta di le pedi o ntse o gotlhola, dira bonnete jwa gore o ya go tlhatlhoba ka bonako gore ga o na TB.

4.  Khonferense ya Beng ba Diintaseteri ba Bana ba Mmala wa Sebilo
4.1.  Khonferense ya Bobedi ya Beng ba Diintaseteri tsa Bana ba Mmala wa Sebilo tsa go Romela kwa Dinageng tsa kwa Ntle Ditlhagisiwa e tla tshwarelwa kwa Sandton Convention Centre kwa Johannesburg ka Laboraro, 20 Mopitlwe 2024. 
4.2.  Mo khonferenseng eno go tla tlotlomadiwa dikgwebo tse di dirang ka botswapelo mmogo le go tlotlomatsa dikgwebo tse dikgolo tse di atlegang le tseo di tlang ka dikakanyo tse dintšhwa, mmogo le go tlhola ditiro, go nna le maitsholo a a siameng a dikgwebo mmogo le go dira tiro e e boleng.

5.  Khonferense e kgolo ya Naga ya Ditshwanelo tsa Batho ka fa Nageng ya Aforika Borwa
5.1.  Khonferense e kgolo ya Naga ya Ditshwanelo tsa Batho ka fa Nageng ya Aforika Borwa e tla tshwarelwa kwa Hoteleng ya Birchwood go tloga ka la bo 18 go fitlha ka la bo 20 Mopitlwe 2024 ka molaetsamogolo yo o reng: “Dingwaga di le Masome a Mararo tsa go Tlotla le go Tlotlomatsa Ditshwanelo tsa Batho”.

6.  Semphosiamo ya Aforika Borwa ya go Aga Mafaratlhatlha a Setšhaba a a tla Nnelang Ruri (SIDSSA) ya Ngwaga wa 2024 
6.1   SIDSSA ya ngwaga wa 2024 e tla tshwarelwang kwa Motsekapa go simolola ka la bo 17 go fitlha ka la bo 19 Mopitlwe 2024. SIDSSA e tla tsenelwa ke bannaleseabe ba ba farologaneng ba lephata la mafaratlhatlha ba ba leng botlhokwa thata mo go godiseng dipeeletso mo mafaratlhatlheng a ka fa nageng.
6.2   Go aga mafaratlhatlha ke selo se se botlhokwa thata mo pusong ya boratao e e busang ga jaana, seno ke ka ntlha ya gore go dira jalo go tla thusa go godisa ikonomi le go tlhola ditiro. Mo SIDSSA eno go tla tlhagisiwa e nngwe ya dikgatelopele tse di setseng di dirilwe mo go diragatseng Leano la go Beeletsa mo Mafaratlhatlheng le le neseditsweng pula ke Kabinete ka Motsheganong 2020. 

F.  Go Thapiwa
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.
1.  Go thapilwe MmeThato Ramaili go nna Mokaedikhuduthamagamogolo (CEO) wa Setheong sa Melao ya Taolo ya Batlhankedi ba Thekiso ya Dintlo.

2.  Ditokololo tsa Boto ya Lefa la Setheo se se Kopantsweng sa Letlole le le Botlhokwa la Motlakase: 
2.1.  Mme Unati Figlan (o thapilwe go nna Monnasetulo);
2.2.  Rre Tembinkosi Bonakele;
2.3.  Rre Petrus Fusi;
2.4.  Rre Llewellyn Delport: Mokaedi yo seng wa Khuduthamaga; 
2.5.  Mme Ditsietsi Morabe: Motlhankedimogolo wa Matlole wa Setlamo; mmogo le
2.6.  Mme Brenda Moagi: Motlhankedimogolo wa Kobamelomelao wa Setlamo.

3.  Go Thapiwa ga Ditokololo tsa Boto ya Setheo sa Naga sa Setlamo sa Leokwane sa Naga ya Aforika Borwa:
3.1.  Rre Sipho Mkhize (o thapilwe go nna Monnasetulo);
3.2.  Rre Phumzile E. Kedama;
3.3.  Mme Makgola Mokololo;
3.4.  Rre Mxolisi C. Koyo;
3.5.  Mme Phumeza Z. Dhlamini;
3.6.  Mme Nosizwe Nokwe-Macamo;
3.7.  Rre Sam Moleko;
3.8.  Ngaka Nompumelelo P. Siswana; mmogo le 
3.9.  Mme Lauren Petersen. 

G.    Melaetsa
1.    Melaetsa ya go Akgola

 Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go: 

  • Ngaka Phil Mjwara, Mokaedimogolo wa Lefapha la Saense le Boitshimololedi go latela gore a abelwe Kabo ya Moporesitente mo Dikabong tse di neng di tshwerwe mo malobeng tsa ngwaga wa bo 10 tsa Dikabo tsa Naga ya Aforika Borwa tsa Tiro e e Tswileng Diatla mo Lephateng la Lekgotla la go Dira Dipatlisiso mo Lephateng la Kalafo tse di neng di tshwaretswe kwa Motsekapa ka Labone wa la bo 7 Mopitlwe 2024. O tlotlomaditswe ka tiro e ntle e a e dirileng mo go eteleleng kwa pele merero ya saense ya Aforika Borwa kwa dinageng tsa boditšhwaba.
  •  Moporofesara Busani Ngcaweni, Tlhogo ya Sekolo sa Naga sa Katiso le Tlhatlhelelo ya Badiredipuso (NSG) jaaka a tlhophilwe go nna Tlhogo ya Mokgatlho wa Setheo sa Tlhatlhelelo ya Batlhankedi ba Taolo Ba Aforika.
  • Setlhopha se se Emetseng Naga ya Aforika Borwa mo makgaolakganyeng a batshameki ba Motshameko wa Kerikete ba ba nang le Dingwaga tse di kwa Godimo ga di le 40 mo Metshamekong ya Kerikete ya Sejana sa Lefatshe e e neng e tshamekelwa kwa Motsekapa ka Labotlhano wa la bo 1 Mopitlwe 2024.
  • Rre Shaun Maswanganyi, ramabelo wa naga ya Aforika Borwa yo a tlhomileng rekoto e ntšhwa ya naga ya Aforika Borwa mo metshamekong ya banna ya mabelong a makhutshwane a dimitara di le 200 kwa metshamekong ya kwa Texas mo bokhutlhong jwa beke. Maswanganyi o gapile motshameko ka disekone di le 20.41 mo a kgabotseng rekoto e e neng e e tlhomilwe ke Ncincilili Titi, e a sa bolong go e tlhoma ka ngwaga wa 2018 e neng e le disekone di le 20.45.
  • Ngaka Carrie Anne Minnaar, ngaka ya moaAforika Borwa e e tumileng lefatshe ka bophara mmogo le badirimmogo ba gagwe ba kwa Yunibesiting ya Dithuto tsa Bookelo ya Wits Donald Gordon. Tiro e ba e ribolotseng mo dipatlisisong tsa go alafea kankere ya molongwana wa popelo e ka tswela dimilionemilione tsa basadi molemo. 
  • Ngaka Johan ‘Rassie’ Erasmus, go latela gore Yunibesiti ya Bokone Bophirima e mo abele tlotla ka tekerii ya maemo a bongaka. 

2.    Melaetsa ya Matshediso
Kabinete e romela matshediso a yona kwa ba lelapa le ditsala tsa: 

  • Moporofesara Edward Webster, yo a neng a na le dingwaga di le 82, moeteledipele wa merero ya thuso ya baagi, ditheo tsa thuto e kgolwane mmogo le go lwela ditshwanelo tsa badiri yo a sa bolong go tshwara maemo a a farologaneng a go ruta le go dira dipatlisiso mo diyunibesiting tse dintsi tse di farologaneng tsa ka fa nageng tseo di di gogang kwa pele. O nnile le seabe se segolo mo go tlhatlheleleng ba bangwe ba bantsi ba barutegi, mme bontsi jwa bona ga jaanong ke bona ba ba di gogang kwa pele mo ditheong tsa thuto, mo mekgatlhong ya badiri, mo dipatlisisong mmogo le mo go sekasekeng dipholisi.
  • Moporofesara Mulalo Reuben Doyoyo, yo a neng a na le dingwaga di le 53, yo e neng e le motlhami yo a itsegeng wa dilo, motlhankedi yo a neng a dira ka boenjenere jwa tlisotlhabologo mme e bile e nnile moporofesara yo a neng a okama maemo a boeteledipele a santse a le monnye, jaaka e kile ya nna moeteledipele wa barutwana kwa sekolong se a tseneng kwa go sona sa Mbilwi magareng ga ngwaga wa 1986 le wa 1988. E ne ya nna mogatisi wa lekwalo la Baithuti ba Dithuto tsa Setheo sa Boenjenere jwa Difofane fa a ne a santse a ithuta kwa Yunibesiti ya Kapa Bophirima. Morago ga gore a konosetse dithuto tsa gagwe tsa ditekerii di le pedi tsa dimasetase magareng ga ngwaga wa 1995 le wa 1996, o ne a tsweletsa dithuto tsa gagwe tsa dipatlisiso tsa kitso ya bongaka kwa Yunibesiting ya Setheo sa Thekenoloji sa Massachusetts. E rile fa a ntse a dira e le motlhatlheledi kwa Sekolong sa Dithuto tsa Boenjenere jwa Tlisotlhabologo le Tlhokomelo ya Tikologo mo Yunibesiting ya Setheo sa Sekolo sa Dithuto tsa Thekenoloji sa Georgia, o ne a itlhamela Laboratori ya Marang a Lesedi, mme yona e ne e tobane le dipatlisiso tsa marang a lesedi. 
  • Batho ba le 13 ba ba tlhokafetseng mo kotsing ya base le teroko mo Mmileng wa Noka ya Thaba ya Hex kwa Kapa Bophirima ka Lamatlhatso wa la bo 9 Mopitlwe 2024.
  • Mme Ongeziwe Kamlana, yo a neng a na le dingwaga di le17, moithuti wa Mophato wa bo 12 kwa Sekolong se se Golwane sa Fezeka, kwa Motsekapa, yo a timetseng ka Lamatlhatso wa la bo 17 Tlhakole 2024 yo mmele wa gagwe yo o jelweng ke molelo o fitlhetsweng mo mogoafatsheng yo o tukileng kwa Nokeng ya Kuils.

Dipotsolotso: Mme Nomonde Mnukwa – Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere
Mogala: 083 653 7485

Share this page

Similar categories to explore