Pegelo ya Kopano ya Kabinete e e Tshwerweng ka Laboraro, 2 Ngwanaitseele 2022

A.    Merero ya ga Jaanong
1.    Samiti ya Moporesitente e e ka ga Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng le Dipolao tsa Basadi (GBVF)


1.1.    Kabinete e itumedisitswe ke go tshwarwa ga Samiti ya Moporesitente e e ka ga GBVF kwa Gallagher Estate kwa Midrand, Gauteng ka la bo 1 le la bo 2 Ngwanaitseele 2022 ka molaetsamogolo yo o reng: “Go Rwala Maikarabelo, Go Potlakisa Twantsho ya Ditiro Tseno mmogo le Go Dira Modumo ka Tsona, GONA JAANONG!”
1.2.    Mo samiting eno go builwe ka kgatelopele eo e setseng e dirilwe mo go tsenyeng tirisong maikano a a dirilweng mo Samiting eno ya Moporesitente e e neng e tshwerwe mo ngwageng wa 2018, mo go neng ga totobadiwa maikano a naga eno a go nna le ditharabololo tse di mosola tse di lekaneng tsa go lwantsha GBVF re le seoposengwe. 
1.3.    Bao ba neng ba tsaya karolo kwa samiting eno e e tsereng matsatsi a le mabedi ba ne ba rwala maikarabelo ka tiro e e dirilweng mo go tsenyeng tirisong Leano la Naga la Togamaano mo Mererong ya GBVF, e leng leano leo maitlhomo a lona e leng go dira gore go nne le pholisi le leano la go tsamaisa tiro ya makala a mantsi a a farologaneng ka thulaganyo e le nngwe gore re kgone go matlakafatsa dikgato tsa go tsibogela bothata jono jwa GBVF re le puso e bile re le naga yotlhe. 
1.4.    Samiti eno e ne e le yona e e tlhokagalang gore batho ba bue puo pha ka tseo ba atlegileng mo go tsona le tseo e santseng e le tlhobaboroko mo go lwantshaneng le GBVF. Mo samiting eno go builwe gape le ka botlhokwa jwa go ipopa ngatana mmogo le ka dilo tse ditona tse di ka fitlhelelwang fa re na le tsotlhe tse di tlhokagalang go lwantshana le bothata jono le fa tsotlhe tseo di dirisiwa ka tshwanelo.
1.5.    Seo re utlwaneng ka sona kwa samiting eno se bontsha botlhokwa jwa tirisanommogo e puso e nang le yona le maphata a mangwe a mekgatlho ya baagi, dikgwebo, bao e dirisanang le bona mo go fetoleng maemo, ba dikereke mmogo le maphata a mangwe jaaka botlhe ba dirisana mmogo mo go lwantshaneng le GBVF. 
1.6.    Tse dingwe tsa ditharabololo tse di tlhagisitsweng ke go tlamela NSP ka matlole a a lekaneng gore e kgone go samagana le GBVF, go dira gore fa go ka fitlhelwang ba sa dira seo ba tshwanetseng go se dira ba di game ba sa di tlhapela, mmogo le go dira gore ditheo tsa naga, tsa diporofense le tsa dkgaolo tseo e leng tsona tseo batho ba ikarabelang mo go tsona di neelwa matla a mantsi a go kgalema ditiro tseo di sa tsamayeng ka tshwanelo. 
1.7.    Kabinete e ne ya gatelela gore ga go tiragalo epe ya tirisodikgoka kgotsa ya go bogisa batho ba bangwe e go tla itshokelwang yona. Kabinete e ikuela mo baaging gore ba tobane mo matlhong le ditiragalo tsa GBVF ka go tshwarisa beng ba tsona kwa mapodising. Gotlhe mo setšhabeng sa rona re tshwanetse go dira gore go nne boima gore go diragale ditiragalo tsa GBVF.

2.    Tshireletsego le pabalesego 
2.1.    Kabinete e netefaleditse baagi gore Setheo sa Naga sa Ditheo tse di Kopaneng go Lwantshana le Botlhokotsebe le go Abelana ka Tshedimosetso e e ka ga Bosenyi (NATJOINTS) – seo mo go sona e leng mafapha a puso a a farologaneng mo Setho sa Phemelo ya Puso (SSA) e leng sona se se di gogang kwa pele mmogo le Setheo sa Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) le Setheo sa Masole a Naga (SANDF) - jaaka ba na le batlhankedi ba tiro ya bona e leng go batlisisa ditiro tsa bokhukhuntshwane tse di bayang mo kotsing tshireletso ya naga ya rona mmogo le tsona ditiro tsa menolopuso.
2.2.    NATJOINTS e sekaseka maemo a pabalesego ka fa nageng gangwe le gape go bona gore ga go matshosetsi a a rileng a a tshosetsang pabalesego. Jaaka e le karolo ya ditumelano magareng ga ditheo tsa go lwantsha botlhokotsebe mo dinageng tse dingwe tsotlhe, Aforika Borwa le yona e bona dipoelo mo ntlheng ya go abelana ka tshedimosetso e e ka dirang bonnete jwa gore naga e a bolokesega. 
2.3.    Kabinete e ikuela mo baaging go nna ba ntshitse matlho dinameng mme ba begele ditheo tsa molao ka ga sengwe le sengwe se ba se belaelang e le se se seng mo molaong. O seke wa didimala; fa o bona sengwe se se belaetsang, begela ditheo tsa molao - fa rotlhe re dirisana re ka kgona go dira gore setšhaba sa rona se babalesege.

3.    Puo ya Ngwaga wa 2022 ya Pholisi ya Maano a go Rulaganyetsa Tiriso ya Matlole mo Pakeng ya Dikgwedi di le Tharo (MTBPS)

3.1.    Kabinete e leboga dikgato tse di tsentsweng tirisong mo go MTBPS ya 2022 tse di ka ga go busetsa maemo a matlole a puso sekeng, le fa maemo a ikonomi a lefatshe a tshosa. 
3.2.    Dikgato tse Tona ya Matlole Rre Enoch Godongwana a buileng ka tsona kwa Palamenteng, kwa Motsekapa ka Laboraro wa la bo 26 Diphalane 2022 di ne di tsenyeletsa le go fokotsa thata tiriso ya matlole a puso mo go dirisiwang matlole a mantsi go feta a go kgonnweng go a kokoanya mo lekgetong maitlhomo e le go tokafats leano la naga ya rona la go tsamaisa tiro ya matlole, go ema nokeng maemo a rona mo ikonoming mmogo le go dira gore moAforika Borwa mongwe le mongwe a nne le tshepo e e tletseng gore maemo a ikonomi ya naga ya rona mo isagong a tla fetoga.
3.3.    Maano a a leng teng a go oketsa matlole a go emela motsi wa tlala a re thusa gore re kgone go samagana le mathata a tshwana le a a tlhodilweng ke tlhago. MTBPS ya 2022 e re thusa gape le gore re kgone go kgarametsa dilo tse di botlhokwa mo mafaratlhatlheng a rona mmogo le mo matsholong a kabo ya ditirelo, mmogo le go dira gore re nne le ditharabololo tse dingwe tse di ka ga thusang baagi ba naga ya rona ba ba dikobodikhutshwane mmogo le ba ba leng mo tlalelong. 
3.4.    Kabinete e ikuela mo makaleng otlhe a a samaganang le merero ya go tswela baagi le ikonomi mosola gore a dirisane le puso gore a kgone go godisa ikonomi ya rona gore e kgone go tokafatsa matshelo a baagi ba naga yotlhe ya rona.

4.    Tirisanommogo magareng ga naga ya Aforika Borwa le ya Spain

4.1.    Kabinete e itumedisitswe ke Leeto la Semmuso la go jela naga ya Aforika Borwa nala ke Tonakgolo ya naga ya Spain Pedro Sánchez Pérez-Castejón go tla go tsosolosa botsalano jo bo leng teng jwa dinaga tseno go dira gore bo gagamale le go feta. Tonakgolo o ne a felegeditswe ke Tona ya bona ya Lefapha la Diintaseteri, Kgwebisano le Bojanala e bong Mme Reyes Maroto, mmogo le beng ba dikgwebo ba naga eo.
4.2.    Leeto leno le neile beng ba dikgwebo ba naga ya Aforika Borwa mo makaleng a a farologaneng a dikgwebo tšhono ya go kopana le badirikabona ba naga ya Spain gore ba kgone go dira gore tirisanommogo ya bona mo kgwebisanong le mo dipeeletsong mo maphateng a saense le a boitshimololedi, a bobetli le setso, a metshameko le a thuto e nne e e tseneletseng. Leeto leno le kgarameleditse kwa pele naga ya rona mo dipeeletsong mo kgodisong ya ikonomi.

5.    Dipuisano mo go Direng gore Ethiopia le ya Tigray di Fitlhelele Kutlwano

5.1.    Mo nageng ya Aforika Borwa, go ya ka maikarabelo a yona mo go Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika, go ne ga tshwarelwa dipuisano tsa go diga matshwafo a maphata otlhe a a neng a sa tlhole a utlwana kwa kgaolong ya Ethiopia le ya Tigray, go tloga ka la bo 25 go fitlha ka la bo 30 Diphalane 2022. 
5.2.    Dipuisano tseno di ne di etilwe pele ke Moporesitente wa mo malobeng wa naga ya Nigeria e bong Olusegun Obasanjo, Moporesitente wa mo malobeng wa naga ya Kenya Uhuru Kenyatta mmogo le Motlatsamoporesitente wa mo malobeng wa naga ya Aforika Borwa Phumzile Mlambo-Ngcuka.
5.3.    Kabinete e tlhagisitse kemonokeng ya yona mo dipuisanong tseno tsa go tlisa kagiso e e tla nnelang ruri, fela jaaka go tshwanetse go ya ka maitlhomo a pholisi ya Aforika Borwa ya tirisanommogo le dinaga tsa boditšhaba ya go dira gore mo kontinenteng go se tlhole go nna le dithulano. 

B.    Ditshwetso tsa Kabinete
1.    Leano la Naga la go Tsamaisa Tiro la go Tlhabolola Dikgwebopotlana tse di Golaganeng (NISED) 


1.1.    Kabinete e neseditse pula Leano la Naga la go Tsamaisa Tiro la NISED gore le tsenngwe tirisong. Leano la ntlha la Kgodiso ya Boitshimololedikgwebo ba Dikgwebopotlaka (ISPESE) le ne la simololwa go tsenngwa tirisong ka ngwaga wa 2005. ISPESE eo mo legatong la yona go tseneng NISED e dira gore Sekwalwa sa Masupatsela sa ngwaga wa 1995 se se buang ka Leano la Naga la go Tsamaisa Tiro la go Aga le go Tlhabolola Dikgwebopotlana ka fa Nageng ya Aforika Borwa le tsenngwe tirisong.
1.2.    Leano la Naga la go Tsamaisa Tiro la NISED le tlhagisa maano a a golagantsweng a go gagamatsa le go ema nokeng batho ba ba itshimololelang dikgwebopotlana le tse dikgolonyana. Leano leno le tlhagisa leano la go tsamaisa tiro le le tsamaisiwang ka tshwanelo go dira gore botlhe ba ba nang le seabe mo maphateng otlhe a a botlhokwa ba tsamaise tiro ka tshwanelo. 
1.3.    Monongwaga ka kgwedi ya Moranang Kabinete e ne ya dumela gore go ka phasaladiwa sekwalwa sa ntlha se se santseng se tlhoka gore se sekasekwe sa NISED gore baagi ba dire ditshwaelo ka ga sona. Go tswa mo ditshwaelong tse dintsi tseno leano leno le ne la tokafadiwa ka ditshwaelo go tswa mo baaging mmogo le go tswa mo Lekgotleng la Naga la Tlhabololo ya Ikonomi le Ditiro (NEDLAC), leno ke lekgotla le mo go lona go nang le bagwebi, mekgatlho ya baagi, ya badiri, batlhankedi ba diyunibesiti mmogo le ba puso mo maitlhomo e leng go samagana le matsapa a a leng teng mo ikonoming, mo ditirong le mo go tokafatseng maemo a naga e tobaneng le ona a mothale ona oo.
2.    Sekwalwa sa Ntlha se se Santseng se Tlhoka gore se Sekasekwe se se Buang ka Pholisi ya Ditirelo tsa go Thusa Baagi ba ba Tshelang ka Bogolofadi
2.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Sekwalwa sa Ntlha se se Santseng se Tlhoka gore se Sekasekwe se se Buang ka Pholisi ya Ditirelo tsa go Thusa Baagi ba ba Tshelang ka Bogolofadi. Sekwalwa seno se dira gore Sekwalwa sa Masupatsela se se buang ka Ditshwanelo tsa Batho ba ba Tshelang ka Bogolofadi mmogo le Tumelano ya Mokgatlho wa Dinagakopano (UN) e e buang ka Ditshwanelo tsa Batho ba ba Tshelang ka Bogolofadi di tsenngwe tirisong (UNCPRD).
2.2.    Pholisi eno e eletsa Lefapha la Tlhabololo ya Loago gore le kgone go abela ka tshwanelo ditirelo tsa lona mo bathong ba ba tshelang ka bogolofadi mmogo le mo ba malapa a batho bano.
2.3.    E tlhagisa ka fao maemo a sa letleng ka teng le ka fao a tswelelang go kganela bathong ba ba tshelang ka bogolofadi go ka nna le seabe mo ditirong tse di botlhokwa mo setšhabeng, mmogo le go dira gore ba se nne le seabe mo ditirong tsa go thusa baagi le tsa go nna le seabe mo ikonoming. Pholisi eno e tlhagisa dikakanyo tse di ka dirisiwang mo go tlhomeng maemo leitlho go dira bonnete jwa gore dikgato tse di tsewang go tokafatsa maemo di diragadiwa jaaka go tshwanetse mo mafapheng a a matshwanedi.
2.4.    Aforika Borwa ke e nngwe ya dinaga tse di saenetseng UNCPRD mmogo le Lekwalo la Ditshwanelo tsa Batho tse di Buang ka Ditshwanelo tsa Batho ba ba Tshelang ka Bogolofadi mo Kontinenteng ya Aforika. 

3.    Kopano ya Setlhopha sa Baemedi ba Maphata a Puso a ka fa Nageng e e Buang ka Phetogo ya Maemo a Loapi (IPCC)

3.1.    Ka Seetebosigo 2023 Mokgatlho wa IPCC o tla tshwara kopano ya bona ya bosupa e e ka ga go sekaseka tiro ya yona. IPCC – e mo go yona go nang le baemedi ba le 195-ba e leng batlhankedi ba puso mo mokgatlhong wa UN – ke bona ba ba rweleng maikarabelo a go sekaseka tiro e e setseng e dirilwe mo mererong ya saense, botegeniki le mo go ya kitso ya merero ya go tlhokomela baagi le ikonomi, mme maitlhomo a kopano eno ke go eletsa batho ba ba tsayang ditshweetso gore ba itse gore ke eng se se tlholang phetogo ya maemo a loapi, se se e amang le seo se ka diriwang go samagana le yona.
3.2.    Mo kopanong eno e e tla tshwarwang ka 2023, go solofetswe gore IPCC e tla tlhopha motho yo mongwe yo a tla okamang maemo a monnasetulo. Kabinete ya rona e setse e neseditse pula leina la ga Moporofesara Debra Roberts go tswa kwa Yunibesiting ya KwaZulu-Natal gore e nne ene yo a okamang maemo ano.
3.3.    Moporofesara Roberts o diragaditse tiro ya IPCC sentle mo go buleng baagi matlho ka fa kontinenteng ya Aforika. Ga jaana moporofesara yo ke tokololo ya Mokgatlho wa IPCC. Fa a ka bo a tlhophiwa e tla nna ene mosadi wa ntlhantlha e bile gape e tla nna motho wa ntlhantlha go tswa mo Aforika yo a okamang maemo ano. Go tlhophiweng ga gagwe go tla bontsha setšhaba tiro e ntle e e diriwang ke basadi mo kontinenteng ya Aforika. 

C.    Ditiragalo tse di Tlang
1.     Letsholo la Ngwaga wa 2022 la go Lwela Ditshwanelo tsa Basadi la Matsatsi a le 16 


1.1.    Naga ya Aforika Borwa e tla keteka mmogo le lefatshe Letsholo la go Lwela Ditshwanelo tsa Basadi la Matsatsi a le 16 la go Ema Kgatlhanong le GBV, le le tla simololwang go ketekiwa go tloga ka la bo 25 Ngwanaitseele mo go tla bong go ketekiwa Letsatsi la Lefatshe la go Fedisa Tirisodikgoka mo Basading, mme le tla garela ka la bo 10 Sedimonthole, fa go tla bo go ketekiwa Letsatsi la Ditshwanelo tsa Batho.
1.2.    Kabinete e neseditse pula molaetsamogolo wa monongwaga o o reng "Go nna le Ditshwanelo mo Mererong ya go Thusa Baagi le Ikonomi go dira gore basadi ba kgone go ikemela kgatlhanong le ditiragalo tsa go bogisa le go bolaya basadi: Go Kopana, Go Dirisana Mmogo le go Nna le Ditumelano".
1.3.    Monongwaga ka nako ya go keteka Letsholo la go Lwela Ditshwanelo tsa Basadi la Matsatsi a le 16 la go Ema Kgatlhanong le Tirisodikgoka mo Basading le mo Baneng, naga ya Aforika Borwa e tla tsepamisa mogopolo wa yona mo go buleng baagi matlho ka ntlha ya go tsenya tirisong Leano la Naga la Togamaano mo Mererong (NSP) ya GBVF. Maitlhomo a leano ke go dira gore go nne le pholisi le leano la go tsamaisa tiro ya makala a mantsi a a farologaneng ka thulaganyo e le nngwe gore re kgone go matlakafatsa dikgato tsa go tsibogela bothata jono jwa GBVF re le puso e bile re le naga yotlhe. 

2.    Kgwedi ya Bosetšhaba ya Temososetšhaba ka ga Ditshwanelo tsa Batho ba ba nang le Bogolofadi (DRAM) mmogo le Letsatsi la Naga la go Keteka Batho ba ba Nang le Bogolofadi 

2.1.    Kabinete e dumelane le kakanyo ya go keteka DRAM le Letsatsi la Naga la go Keteka Batho ba ba Nang le Bogolofadi mmogo le molaetsamogolo wa kakanyo eno, mo go tla ketikiwang go tloga ka la bo 3 Ngwanaitseele go fitlha ka la bo 3 Sedimonthole. Molaetsamogolo wa teng o re: “Go Matlafatsa Batho ba ba Nang le Bogolofadi ka go ba tlamela ka didirisiwa tse ba di tlhokang, ka go ba ema nokeng le ka go dira gore ditikologo tse ba leng mo go tsona e nne tse di babalesegileng”. 
2.2.    Molaetsamogolo ono o gatelela botlhokwa jwa go fedisa dilo tsotlhe tse di kgoreletsang batho ba ba nang le bogolofadi. Dilo tseno di tsenyeletsa gape le didirisiwa tse ba di tlhokang, ka go ba ema nokeng le ka go dira gore ditikologo tse ba leng mo go tsona e nne tse di babalesegileng mo go bona, mmogo le go amogela gore ga se batho botlhe ba ba tshelang ka bogolofadi ba o ka ba supang gonne ba bangwe ga ba bonagale.
2.3.    Mekete eno e e tla ketekiwang kgwedi yotlhe e tla bula baagi matlho mmogo le go ba bontsha kgatelopele e e setseng e dirilwe ka fa nageng mo go netefatseng gore ditshwanelo tsa batho ba ba tshelang ka bogolofadi, jaaka go tlhalosiwa mo Molaotheong wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996. Mekete eno e tla totobatsa gape le dilo tse go santseng go tlhokwa gore go samaganwe natso tse batho ba ba tshelang ka bogolofadi ba santseng ba itemogela tsona kwa mafelong ao ba dirang kwa go ona.

D.    Melaetsa
1.    Melaetsa ya go Akgola

    Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go: 

  • Sekolo sa Edendale Technical Secondary School sa kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal jaaka se fentse Sejana sa Metshameko ya Kgwele ya Dinao mo Dikolong sa CAF.

2.    Melaetsa ya Matshediso 
     Kabinete e romela matshediso a yone le kutlwelobotlhoko kwa go ba lelapa le ditsala tsa: 

  • Rre Jeremy Mansfield (59), modiredi yo a neng a tumile yo e leng kgale a direla kgaso mo thelebišeneng le mo seyalemoweng yo tiro ya gagwe a e dirileng bontle tota, yo a gapileng dikabo di le dintsinyana.
  • Mme Nelisiwe Magubane (56), yo e neng e le Mokaedikakaretso wa Lefapha la Eneji (le ga jaanong e leng Lefapha la Metswedi ya Dimenerale le Eneji (DMRE)). O ne a tlotliwa tota fa go tla mo mererong ya intaseteri ya metlakase.

E.    Go Thapiwa
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.

a.    Mogeneralemogolo wa Sepodisi Siphosihle Thumy Nkosi – o thapilwe go nna Motlatsi wa Tlhogo ya Setheo sa Naga sa Dipatlisiso tsa Melato e Megolo ya Botlhokotsebe (DPCI). 
b.    Moperikatiri Nicholaas Jacobus Gerber – o thapilwe go nna Motlatsi wa Tlhogo ya Setheo sa DPCI mo Porofenseng ya Mpumalanga. 
c.    Moperikatiri Gopaul Govender – o thapilwe go nna Motlatsi wa Tlhogo ya Setheo sa DPCI mo Porofenseng ya Limpopo. 
d.    Moperikatiri Stephen Molefi Mabuela – o thapilwe go nna Motlatsi wa Tlhogo ya Setheo sa DPCI mo Porofenseng ya Kapa Bokone. 

Boto ya Naga ya Setheo sa Tlhabololo: 
a.    Mme Tanya T Smith;
b.    Livhuwani Matsila yo e leng Kgosana;
c.    Mme Nozabelo Ruth Bhengu;
d.    Mme Happy Ralinala;
e.    Ngaka Olwethu Sipuka;
f.    Rre Thembinkosi Matthews Josopu;
g.    Mme Sibongile Mncwabe (Lefapha la Ditheo tse Dikgolo tsa Thuto le Katiso);
h.    Rre Mojalefa Mohoto (Lefapha la Thuso ya Dikgwebopotlana);
i.    Mme Rosemary Puleng Lukwago-Mugerwa (Lefapha la Ditiro tsa Puso le Mafaratlhatlha a Setšhaba);
j.    Mme Nomthandazo Lichie Moyo (Lefapha la Temothuo, Pusetsomafatshe le Tlhabololo ya Metsemagaet); mmogo le 
k.    Rre Pieter Pretorius (Lefapha Pusotshwaraganelo)

Dipotsolotso: Mme Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete 
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore