Pegelo ya Kopano ya Kabinete e e Tshwerweng ka Laboraro, 16 Ngwanaitseele 2022

A.    Merero ya ga Jaanong
1.    Leano la go Beeletsa mo Phetogong ya Motlakase o o sa Kgotlheleng Tikologo (JET-IP) 


1.1.    Leano la go Beeletsa mo Phetogong ya Motlakase o o sa Kgotlheleng Tikologo la naga ya Aforika Borwa le akgotswe go utlwagala kwa Kopanong ya bo 27 ya Khonferense ya Dinagakopano e e ka ga Phetogo ya Maemo a Loapi (COP27) e e neng e tshwaretswe kwa Sharm El-Sheikh, kwa Egepeta go tloga ka la bo 6 go fitlha ka la bo 18 Ngwanaitseele 2022. 

1.2.    Leano leno la rona le legolo le le akgotsweng ke Badirisanimmogo ba Rona ba Dinaga tsa Boditšhabatšhaba – United Kingdom, United States, Germany, France, European Union mmogo le badirisanimmogo ba bangwe mo mererong ya loago – le tlhalosa ka tlhamalalo dikgato tsa rona tsa go tswa mo tirisong ya motlakase wa ga jaana go tsena mo go oo o sa kgotlheleng tikologo. Leano leno le na gape le seabe le mo matsapeng a a tswewang mo lefatsheng a go lwantshana le phetogo ya loapi mmogo le mo maanong a tlhabololo a go samaganweng le ona ga jaana le a mo isagong.

1.3.    Leano leno, le le tlotlomaditsweng tota ka gore le tlisa diphetogo tse dintšhwa, le bona kemonokeng ya matlole go tswa mo dinaga tse di gatetseng pele gore di kgone go diragatsa maikano a tsona a go lwantshana le phetogo ya maemo a loapi. Leano leno le nopola dikarolo tse di botlhokwa tse go tshwanetsweng go beelediwang mo go tsona mo tlhagisong ya motlakase o o sa kgotlheleng tikologo, mo tlhagisong ya dijanaga tse di dirisang motlakase le leokwane la gase le le sa kgotlheleng tikologo e leng tse di tla dirisiwang go bulela dikgato tsa go fetola metlakase e re e dirisang go simolola go dirisa e e sa kgotlheleng tikologo. 

2.    Khonferense ya Makoko a a Tshegetsang Ditharabololo tsa Maemo a Phetogo ya Loapi 
2.1.    Kabinete e eme nokeng boikuelo jo bo dirilweng kwa go COP27 e e neng e tshwaretswe kwa Sharm El-Sheikh, kwa Egepeta go tloga ka la bo 6 go fitlha ka la bo 18 Ngwanaitseele 2022 jo bo reng dinaga di tshwanetse go tswelela go diragatsa dintlha tse go ipeetsweng tsona mo Tumelanong e e Utlwanetsweng ke Dinaga kwa Teropong ya Paris e e reng go tshwanetswe go samaganwe le go fokodiwa ga mogote mo lefatsheng ka ditekeri selešiase di le 1.5.

2.2.    Kemonokeng ya rona mo ntlheng ya go fokodiwa ga mogote mo lefatsheng ka ditekeri selešiase di le 1.5 ke selo se se botlhokwa thata mo nageng ya Aforika Borwa jaaka re le karolo ya kontinenteng ya Aforika e bile gape re le naga e e santseng e tlhabologa e tlhabologo ya yona mo go thuseng baagi le ikonomi di anngwang tota ke ditlamorago tsa phetogo ya maemo a loapi. 

2.3.    Kabinete e dumelane le boikuelo jo bo dirilweng ke dinaga tsa Aforika jwa gore dinaga tse di gatetseng pele di tshwanetse go diragatsa lefoko la bona la go solofetsa gore le tla ema nokeng dinaga tse di santseng di iketetsa jaaka di solofeditse mo ditokomaneng ka bobedi ba tsona e leng Leano la go Tsamaisa Tiro ya Dinagakopano (UN) mo Mererong ya go Fetola Maemo a Loapi mmogo le ya Tumelanong e e Utlwanetsweng ke Dinaga kwa Teropong ya Paris. Tseno di tsenyeletsa gape le boikuelo ja gore dinaga tse di gatetseng pele e tshwanetse go nna tsna tse di gogang kwa pele dikgato tsa go fokotsa kuelelo ya kgotlhelo ya tikologo mmogo le go tlamela ka matlole dinaga tse di santseng di iketetsa gore le tsona di kgone go tsaya dikgato go samagana le phetogo ya maemo a loapi. 

3.    Go Lwantshana le Bonweenwee
3.1.    Kabinete e itumedisitswe ke seo se dirilweng mo malobeng e leng go tshwara batho ba ba amegang mo ditiragalong tsa go goga puso ka nko mmogo le go thopa dithoto tsa bona. Ditiragalo tseno ke sesupo sa gore tiro e e dirilweng ke Khomišene ya Diphuruphutso tse di Mabapi le go Goga Puso ka Nko, go Dira Bonweenwee le Bokhukhuntshwane mo Pusong mmogo le mo Ditheong tsa Puso di simolola go nna le dipoelo. 

3.2.    Batho ba ba dirang bonweenwee mmogo le bao ba dirang gore bana ba rona ba nne le bokamoso jo bo letobo ga ba batlege mo setšhabeng sa rona. Puso e itomile sesino fa go tla mo go samaganeng le bonweenwee ka tsela e e kgopo e e sa tshabeng sepe e bile e sa tsee letlhakore. 

3.3.    Kabinete e ikuela mo baaging gore ba tshwarise batho botlhe ba ba dirang ditiro tsa bonweenwee kwa ditheong tsa molao kgotsa ka go loma tsebe ba Mogala wa Tshoganyetso e leng Mogala wa Naga wa Twantsho ya Bonweenwee: 0800 701 701. Batho ba ba lomang mogala ono tsebe ba ka nne ba kopa go nna botlhokaina.

4.    Leeto la Semmuso la Moporesitente kwa Nageng ya Kenya 
4.1.    Kabinete e itumedisitswe ke Leeto la Semmuso la Moporesitente Cyril Ramaphosa, kwa Nageng ya Kenya go latela gore a lalediwe ke Moporesitente ka ene e bong Ngaka William Ruto.

4.2.    Mo leetong leo go atlhaatlhilwe dilo di tshwana le Foramo ya Kgwebisano moo go neng go buiwa ka go gwebisana le go beeletsa mo dinageng ka bobedi e leng ya Kenya le ya Aforika Borwa. Mo leetong leno go ne ga saeniwa ditumelano tsa go dirisana mo ditirelong tsa tlhokomelo ya batshwariwa, tsa go agela baagi magae, tsa didirisiwa tsa dikgaso tse di reediwang le tse di bogelwang mmogo le mo ditirelong tsa go tlhatlhelela badiredi ba Sekolo sa Naga sa Katiso le Tlhatlhelelo ya Badiredipuso (NSG).

4.3.    Baeteledipele bano bobedi jwa bona bo ne jwa atlhaatlhaa merero e e ka ga ditumelano tsa tirisanommogo ya dipuso tse di farologaneng, maemo a ikonomi, a kgaolo le a kontinente. Naga ya Kenya ke e nngwe ya dinaga tse di gwebisanang go utlwagala tota le naga ya Aforika Borwa fa go tla mo Dinaga tse di Dirisanang Mmogo tse di kwa Borwa jwa Aforika (SADC), mme seno se raya gore Aforika Borwa ke yona e e rekisetsang Kenya ditlhagisiwa tse dintsi mo kontinenteng ya rona Naga ya Aforika Borwa e romela ditlha. Naga ya Aforika Borwa e rekiseditse naga ya Kenya ditlhagisiwa di ka dira boleng jwa go feta R6-bilione mo ngwageng wa 2021. 

5.    Dipula tse di Bogale
5.1.    Kabinete e ikuela mo baaging gore ba ntshe matlho dinameng mo dipuleng tse di bogale, segolobogolo mo dipuleng tse di nang ka magadima. Puso mmogo le Setheo sa Naga ya Aforika Borwa sa Tirelo ya Maemo a Loapi bobedi ba tla tswelela go sedimosetsa baagi ka maemo a ga jaana a loapi mmogo le ka ponelopele ya maemo ano.

5.2.    Baagi ba elediwa gore ba se tsamaele gaufi le mo metsi a mantsi a sianang ka lobelo, ba se thumele mo go ona kgotsa ba se kgabaganye mo metsing ano ka dijanaga tsa bona. O se ke wa leka go kgabaganya mo metsi a tletseng gonne a ka go gogola. Dira bonnete jwa gore ka gale bana ba gago ba bolokesegile e bile mo ba tsamayang go babalesegile. 

6.    Samiti ya Baeteledipele ba Dinaga di le Someamabedi (G20) 
6.1.    Moporesitente Ramaphosa o ne a tsenetse Samiti ya bo 17 ya G20 kwa Bali kwa nageng ya Indonesia go tloga ka la bo 15 go fitlha ka la bo 16 Ngwanaitseele 2022, e mo go yona baeteledipele mo lefatsheng ba neng ba kopane teng go bontshana ditharabololo mabapi le dikgwetlho tse dikgolo tse dintsi tse lefatshe ka bophara le tobaneng le tsona 
     Ditharabololo tse di solofelwang go fitlhelelwa di tsenyeletsa tse di ka ga tirisanommogo ya dinaga tse di farologaneng mo go tsosoloseng ikonomi ya lefatshe, go dira gore ditheo tsa matlole mo lefatsheng di boele sekeng, go dira gore kgolo e e sa tekatekeng e tswelele go nna teng sebaka se se telele mmogo le go dira gore tsamaiso ya ikonomi mo lefatsheng e gagamadiwe.

6.2.    Molaetsamogolo wa samiti eno ya G20 ya Moporesitente wa Indonesia o re: “Re Thusana go Tsosolosana, Re Tsosolosana Re na le Maatla le go Feta”.

6.3.    Jaaka e le karolo ya tiro ya naga ya rona, Moporesitente Ramaphosa o nnile le seabe mo dikopanong tse di neng di bua ka merero ya boitekanelo, go se felelwe ke dijo le motlakase mmogo le go tshwara le dikopano tse dingwe gape tsa dinaga di le pedi le dinaga tse di botlhokwa tseo re gwebisanang le tsona. 

6.4.    Kabinete e itumedisitswe ke ditharabololo tse di atlhatlhilweng kwa samiting eno, tseo di tsamaisanang le dintlha tse di botlhokwa mo nageng ya rona e leng go fokotsa tshokolo, botlhokatiro le go se lekane re se meno.

7.    Katiso le Tlhatlhelelo ya Bokgoni 
7.1.    Kabinete e itumedisiwa ke dikgato tsa semmuso tsa go thankgolola laboratori e kgolo ya dithuto tsa 4IR kwa Kholejeng ya Katiso le Thuto ya Ditiro tsa Diatla le tsa Setegenik (di-TVET) ya Goldfields kwa Welkom, mo porofenseng ya Foreistata ka Labone wa la bo 10 Ngwanaitseele 2022. Seno se thusa gore go nne le katiso le tlhatlhelelo ya bogoni, boitlhamedi le boitshimololedikgwebo, re le naga re ka kgona go abelana ka ditharabololo tse dintšhwa, tse di botoka le tse di sa diegeng go rarabolola dikgwetlho tse re tobaneng natso tsa tshokolo, go se lekane re se meno mmogo le tsa go tlhoka ditiro.

B.    Ditshwetso tsa Kabinete
1.    Dipegelo tsa Tiro e e Dirilweng mo Kotareng ya Bobedi ya Ngwaga 

1.1.    Kabinete e neseditse pula Dipegelo tsa Tiro e e Dirilweng mo Kotareng ya Bobedi ya Ngwaga go simolola ka la bo 01 Moranang 2022 go fitlha ka la bo 30 Lwetse 2022.Mo dipegelong tseno ga go buiwe fela ka tiro e e dirilweng mo kotareng ya bobedi ya ngwaga, dipegelo tseno di bua gape le ka tshekatsheko ya dintlha tse di botlhokwa mo bogareng jwa paka ya Leano la go Tsamaisa Tiro mo Pakeng ya Ngwaga wa 2019-2024. 

1.2.    Dipegelo tseno di rulagantswe go ya ka ditlhopha di le tlhano (i) setlhopha sa Merero ya Phimolakeledi, Thibelobosenyi le Pabalesego; (ii) setlhopha sa Makala a Merero ya Ikonomi, Dipeeletso, Ditiro le Kago ya Mafaratlhatlha; (iii) setlhopha sa Tlhokomelo ya Baagi, Setšhaba le Katiso ya Batho; (iv) setlhopha sa Ditheo tsa Puso, Batlhankedi ba Puso le Tlhatlhelelo ya Ditheo tsa Naga, mmogo le (v) setlhopha sa Tirisanommogo le Dinaga tsa Boditšhabatšhaba mmogo le go Gwebisana le go Babalelana. 

1.3.    Dipegelo tseno di tlhalosa ka botlalo dintlha tse di botlhokwa go tswa mo dipeelong di le supa tse di botlhokwa tse puso e ipeetseng tsona mme re dirisa tshedimosetso e e gatisitsweng mo dipegelong tsa mafapha a a farologaneng, dipalopalo go tswa mo dipegelong tsa Setheo sa Dipatlisiso tsa Dipalopalo sa Aforika Borwa (StatsSA) mmogo le mo dipegelong tsa ditheo tsa thuto e kgolwane. Tshedimosetso eno e a sekasekiwa go netefatsa boammaruri jwa yona go ya ka Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba: Ponelopele ya 2030 

1.4.    Kabinete e itumedisitswe ke tiro e ntle e go begilweng ka yona mo dikarolong dingwe mo go bonagalang gore go diragaditswe bontle go feta le ka fao go neng go lebeletswe. Le fa go le jalo, Kabinete e tshwenngwa ke dikarolo dingwe moo go gogwang maoto mo dipegelong tseno. Kabinete e neseditse pula ditharabololo tse di tsitshintsweng tse di tla tleng di tsenngwa tirisong go dira gore tiro e e saletseng kwa morago e potlakisiwe. 

1.5.    Lefapha la Tiromaano,Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro e tla re mo nakong e e sa fediseng pelo la nna le dipuisano le bobegakgang go tlhalosa dipegelo tseno ka botlalo. 

2.    Pholisi ya Dikgato tsa go Thibela Thekiso ya Dikgorokgoro go Dira gore Ikonomi le Mafaratlhatlha a Setšhaba di se Tlhole di Senyetswa
2.1    Kabinete e ne ya sekaseka le go nesetswa pula dikgato di le dintsinyana tsa go thibela gore ikonomi le mafaratlhatlha a setšhaba di se tlhole di senyetswa ka go dira gore dikgorokgoro le ditshipi tse di sa tlholeng di dirisiwa di se tlhole di rekisiwa. 

2.2    Seno se dirilwe morago ga gore go phasaladiwe lekwalo la melao ya puso ka la bo 5 Phatwe 2022 go kopa baagi go ntsha se se mo mafatlheng a bona ka ga lona le le bediwang “Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Melao e e Tshitshinngwang go Thibela Ditiro tsa go Gweba ka Ditshipi tse di Botlhokwa le tse di Seng Botlhokwa, Ditshipi le Masenke a Dikgerekgere le Dikorokoro le go Dira gore Thekiso ya Tsona e Tsmaisane le Molao mme Maitlhomo e le go Thibela Ditiragalo tsaTshenyetso ya Ikonomi le Mafaratlhatlha a Setšhaba”, mme lona le golotswe ke Tona ya Lefapha la Kgwebisano, Intaseteri le Dikgaisano tsa Dikgwebo; mme le ditshwaelo tse dintsintsi tsa baagi re setse le tsona re di amogetse. 

2.3    Dintlha ka botlalo tse di ka ga dikgato tse jaanong di tla tsewang di tla rulaganyediwa gore di phasaladiwe mo Lekwalong la Semmuso le le Gatisang Melao ya Puso mme le tla gatisiwa ke Kantoro e e jarileng maikarabelo ano mme GCIS yona e tla re ka gangwe fela fa tiro ya molao e sena go garela ya dira bonnete jwa gore e gasa mo bobegakganyeng dikgato ka botlalo ka ntlha eno. 

2.4    Aforika Borwa e tla tšhotlha kgang eno gape le Dinaga tsa Borwa tse di Santseng di Tlhabologa, Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika mmogo le Lekala la Tlhatlhobo ya Dithoto kwa Melelwaneng maitlhomo e le go dira bonnete jwa gore re dikadikana le bosenyi jono mo kgaolong ya rona. 

C.    Ditiragalo tse di Tlang
1.    Semphosiamo ya Aforika Borwa ya go Aga Mafaratlhatlha a Setšhaba a a tla Nnelang Ruri (SIDSSA)

1.1.    Ba Mafaratlhatlha a Aforika Borwa, mmogo le ba GIZ, e leng setheo sa go aga mafaratlhatlha sa naga ya German, ba tla tshwara SIDSSA ya boraro kwa Motse Kapa kwa Century City go tloga ka la bo 28 go fitlha ka la bo 30 Ngwanaitseele 2022. Semphosiamo ya monongwaga e tla bua ka leokwane la gase le le sa kgotlheleng tikologo jaaka selo se se botlhokwa thata mo go godiseng lekala la rona le maano a naga a go beeletsa a tshwanetseng go tobana le lona.

1.2.    Semphosiamo e tla kopanya mo lefelong le le esi batlhankedi ba ba tsayang ditshwetso tse dikgolo, ditheo tsa matlole, tsa thuto e kgolwane mmogo le ditheo tsa molao tsa boditšhabatšhaba. Semphosiamo eno e tla neela naga ya rona tšhono ya gore e bontshe lefatshe mafelo a yona a magolo le a a sa tlhokeng matlole a mantsi a maemo a a kwa godimo mo lefatsheng a go tlhagisa leokwane la gase le le sa kgotlheleng tikologo.

1.3.    Tlhokagalo ya leokwane la gase le le sa kgotlheleng tikologo go tshwana le amoniya le leokwane la maaka la difofane e a oketsega mo lefatsheng. Lefapha la Saense le Boitshimololedi la naga ya Aforika Borwa ga le a bolo go dira dipatlisiso ka leokwane la gase le le sa kgotlheleng tikologo mme le ne lebeletse thata lephata la dinamelwa tse di sa kgotlheleng tikologo mmogo le go ka dirisa ditshipi tse di welang mo setlhopheng sa ditshipi tsa polatinamo. 

1.4.    Monongwaga kwa tshimologong Kabinete e ne ya nesetsa pula Leano le Legolo la Lephata la Leokwane la Gase. Leano leno ke le lengwe la maano a mantsi a puso a go eletsa ditkgato tse pholisi e ka di tsayang maitlhomo e le go dira gore maphata a puso le a poraefete mmogo le ditheo tsa rona ba tshwarisane tiro gore re fitlhelele ponelopele ya rona e e buang ka lefoko le le lengwe la ka fao re ka solang mosola leokwane la gase mmogo le dithekenoloji tsa lona, jaaka e le karolo ya go tlhabolola ikonomi ya naga le go fitlhelela maikano a re ipeetseng ona a go nna le tikologo e e sa kgotlhelweng.

1.5.    Ka fa nageng ya Aforika Borwa leokwane la gase le dirisiwa ka bontsi mo lekaleng la phepafatso ya dikhemikhale le leokwane, le fa go le jalo fa le tlhagisiwa le tlhagisiwa go sa lebelelwa gore le dirisiwe jaaka sedirisiwa sa motlakase o o sa kgotlheleng tikologo mme le dirisiwa mo dilong tse di jaaka malatlha le gase ya tlhago.

D.    Go Thapiwa
     Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.
1.    Mme Phindile Baleni o thapilwe go okama maemo a Mokaedikakaretso (DG) kwa Kantorong ya Moporesitente le go nna Mokwaledi wa Kabinete (Konteraka ya gagwe e otlolositswe ka dingwaga di le tlhano). 
2.    Ngaka Philemon Mphathi Mjwara o thapilwe go okama maemo a DG kwa DSI (Konteraka ya gagwe e otlolositswe ka ngwaga o le mongwe). 

3.    Kabinete e dumelane le Tona ya DTIC go thapa batho ba ba latelang:
4.    Boto ya Setheo sa Aforika Borwa sa Peo ya Maemo a Boleng: 
a.    Ngaka Sandile Bethuel Malinga (Monnasetulo);
b.    Rre Tumisang Tsehlo; 
c.    Ngaka Rudzani Nemutudi 
d.    Mme Deidré Penfold.
e.    Ngaka Nandipha Madiba
f.    Mme Gloria Mnguni
g.    Ngaka Ron Josias
h.    Ngaka Mukondeleli Grace Kanakana-Katumba

5.    Boto ya Lekgotla la go Sekela Dikgetse tsa Ditlamo 
a.    Moatlhodi Dennis Davis (Monnasetulo) 
b.    Mme Minah Tong-Mongalo (Motlatsamonnasetulo)
c.    Mme Daiane Terblanche 
d.    Mme Hlaleleni Kathleen Dlepu
e.    Moporofesara Clement Marumoagae
f.    Rre Joshua Sesha Kadish
g.    Rre Richard Bradstreet.
h.    Rre Fulufhedzani Shane Mudzunga
i.    Mme Nomagcisa Cawe
j.    Rre Brian Jennings
k.    Ngaka Alli Chicktay 

6. Ngaka Mashilo Boloka: Mokaedikhuduthamagamogolo yo a tshwereng marapo nakwana mo Botong ya Difilimi le Diphasalatso. 
    O thapilwe gape le mo Botong ya ditokololo di le thataro ya Mogala wa Tshoganyetso wa Mokgatlho wa Lefatshe (INHOPE). INHOPE ke mokgatlho wa lefatshe o o tlhomilweng ka ngwaga wa 1996 kwa nageng ya Netherland maitlhomo e le go sireletsa Bana gore ba se Bone Ditshwantsho le Diphasalatso tsa Thobalano.

Dipotsolotso:
Mme Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete 
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore