Go tsosolosa botho

By Nomonde Mnukwa

E nngwe ya dilo tse di botlhokwa tse re ithutileng tsona mo nakong ya leroborobo la COVID-19 ke gore botshelo bo botlhokwa thata e bile ga go motho yo a tlhodilweng gore e ne ka nosi a kgone go phela a le esi kgakala le batho ba bangwe.

Ka nako ya leroborobo batho ba le bantsi ba ne ba tshwarwa ke malwetse a kgatelelo ya maikutlo ka ntlha ya go nna sebaka ba le esi. Seno se re bontshitse ka fao go leng botlhokwa ka gone go nna mmogo le ka fao go bua le batho ba bangwe go dirang gore botshelo jwa rona bo nne le bokao ka gone mmogo le go re thusa go itharabologelwa mo dikgwetlhong tse botshelo bo nang le tsona. 

Go boeleng sekeng ga botshelo go re thusitse gore re kgone go tsosolosa botho le go tshela mmogo e leng selo se se botlhokwa thata mo setšhabeng sa rona. Mo ditiragalong tsa botshelo jwa rona tsotlhe, re bontshitse gore re na le maatla fa re le ngatana nngwe e bile re kgona go fenya le dikgwetlho tse di boitshegang.

Naga ya rona e ikaegile ka ditiro tse dintle tsa batho ba yona mmogo le botsalano jwa bona. Ke go ipopa ngatana ga rona mmogo le go farologana ga rona go go dirang gore naga ya Aforika Borwa e nne moganka. Go ipopa ngatana gono go bidiwa Botho, e leng selo se se bontshang seo motho e leng sona le go bontsha seo botho e leng sona. 

Lefoko le Botho ke lefoko le le fitlhelwang mo dipuong tsa seAforika mme le raya gore “motho ke motho ka batho ba bangwe”, mme seno se raya gore se motho e leng sone ke ka ntlha ya batho ba bangwe kgotsa o ka re nna ke seo re leng sona, o raya gore motho o tlhoka batho ba bangwe go nna se e leng sone. 

Seno se tlhalosa gore yo mongwe le yo mongwe wa rona a ka ntsha bokgoni jwa gagwe jotlhe fa fela re thusana le go gopola gore re a tlhokana mo botshelong gore re tshele botshelo jo bo feletseng le go nna le setšhaba se se botoka. 
Se sengwe gape ke gore Botho jwa rona bo bontsha ka fao jaaka maAforika Borwa re nang le ngwaoboswa e e lobebe e e mofutho e e ikaegileng ka dintlha tse di botlhokwa tse di jaaka kutlwelobotlhoko, go naganela ba bangwe, go nna le botho mo bathong, go ba tshwara ka go lekalekana, ka seriti le ka go ba dira seoposengwe. 

Jaaka re isa naga ya rona kwa pele, go ikuelwa mo go rona rotlhe gore re tsosolose Botho gore re bo dirise ka tsela e bo tla re tswelang mosola ka yona gore botshelo jwa motho mongwe le mongwe bo nne botoka. Jaaka re semeletse go aga setšhaba sa rona, tla re emaneng nokeng le go rotloetsana gore re ipope ngatananngwe. 

Mo go tlhatlheleleng sešwa lefa la rona maAforika Borwa a batla gore re tle ka ditsela tse di nang le Botho tsa botshelo mme re tlhoka fela go simolola ka ditsela tse di sa reng sepe fela tse di jaaka go reetsa batho ba bangwe le go ba tsibogela ka dikeletso, go ba tlhatlhelela ka dikgakololo kgotsa go ba bontsha kutlwelobotlhoko fa e le gore ba hutsafetse. 

Gore go nne le Botho go tlhoka gore le rona re tsenye letsogo ka go thusa mo metseng e re tswang mo go yona mme re ka dira seno ka go neela batho ba ba humanegileng, ka go thusa batsofe, ka go ithaopa go thusa mo mafelong a a tlhokomelang batho ba ba tlhokang tlhokomelo, ka go itlhamela matsholo a go fepa batho kgotsa ka go simolola matsholo a ditshingwana gore di kgone go thiba tlala mo metseng e e humanegileng. 

Re ka ithaopa ka go nna le seabe mo matsholong a go disa mafelo a re nnag mo go ona mmogo le go ema nokeng diforamong tse di dirisanang le sepodisi mo mererong ya pabalesego mo metseng ya rona mme ra thusa go lwantshana le bosenyi mo metseng ya rona. Go tsaya dikgato tse di jaaka go se reke dilwana tse di utswitsweng kgotsa tse e seng tsa nnete mmogo le go begela seteišene sa mapodisi se se gaufi nao ke dikgato tse di ka thusang go lwantshana le bosenyi. 

E nngwe ya ditiragalo tsa botlhokotsebe jo bo setlhogo jo bo tlhokang gore re bo lwantshe re ipopile ngatananngwe ke Ditiragalo tsa go Bogisa le go Bolaya Batho ba Sesadi (GBVF). Re ka nna le seabe ka go begela seteišene se se gaufi sa mapodisi ka ditiragalo tseno tsa go bogisa le go melela basadi le bana meno mme ra thusa batswasetlhabelo ba ba bogang bano go feta mo matlhotlhapelong a a ba aparetseng ka go ba ema nokeng le go ba thoba maikutlo. 

Tla re emeng gape nokeng le bana ba rona ka go ba naya nako ya rona le go ba ruta mekgwa e e siameng. E nngwe ya mekgwa eno ke go ba ruta gore ba se itshiele kgotsa go dirisa diritibatsi gonne dilo tseno di baya matshelo a bona mo kotsing. 

MaAforika Borwa otlhe, segolobogolo bašwa, go ikuelwa mo go bona “GO GANA NANG!” diritibatsi le didirisiwa tse di seng mo molaong tsa tagi. Re tshwanetse go gagamatsa dikgato tsa go lwantshana le diritibatsi le didirisiwa tsa tagi gonne ga go ope yo kwa bofelong a sa amegeng.

Mo go diragatseng Botho, tla re thuseng bašwa ba rona ka go dira matsapa a gore mo dikarolong tseo re nang le maatla mo go tsona re ba tlholela ditiro tsa bona tsa ntlha. Fa re ka tlholela bašwa ba bantsi ditiro, go tla kgonagala gore re kgone go aga setšhaba sa rona le go ragela kgakala botlhokatiro.
Puso mo letlhakoreng la yona e tla lwela gore baagi ba ipope seoposengwe mo go emeng kgatlhanong le dikgwetlho tse di re farafereng ka go diragatsa matsholo a temososetšhaba mmogo le a go tshwara dipitso. 

Rotlhe re ka dira gore naga ya Aforika Borwa e nne naga e e gaisang ka go diragatsa Botho le go itlwaetsa go dira dilo re le seoposengwe. Ka go dira jalo re ka kgona go aga setšhaba se se dirang ka botswapelo se se tswelang batho botlhe molemo.

Nomonde Mnukwa is Acting Director General of GCIS 

img

Share this page