Puo ya Maemo a Setshaba ka Motlotlegi Jacob G Zuma, Moporesitente wa Rephaboliki ya Aforika Borwa ka tiragalo ya kopanotshwaraganelo ya Palamente, Motsekapa

14 Feb 2013

Mmusakgotla yo o tlotlegang wa Kokoanotheomolao ya Bosetšhaba,
Modulasetulo wa Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense (NCOP);
Motlatsammusakgotla wa Kokoanotheomolao ya Bosetšhaba le Motlatsamodulasetulo wa NCOP;
Motlatsamoporesitente wa Rephaboliki, Motlotlegi Kgalema Motlanthe;
Moporesitente wa maloba Thabo Mbeki le Mohumagadi Mbeki;
Moporesitente wa maloba De Klerk le Mohumagadi De Klerk,
Batlatsabaporesitente ba maloba Bahumagadi Phumzile Mlambo-Ngcuka le Baleka Mbete,
Motlotlegi Moatlhodimogolo wa Rephaboliki, le ditokololo tsotlhe tse di tlotlegang tsa Bosiamisi;
Motlotlegi Peeroo, Modulasetulo wa Foramo ya Palamente ya Setšhaba sa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika,
Ditona le Batlatsatona ba ba tlotlegang,
Ditonakgolo le Babusakgotla ba ba tlotlegang ba diporofense tsa rona;
Modulasetulo wa Mokgatlho wa Puso ya Selegae wa Aforika Borwa, le boeteledipele jotlhe jwa pusoselegae;
Modulasetulo wa Ntlo ya Bosetšhaba ya Magosi;
Ditlhogo tsa Ditheo tsa Puso tseo di tshegetsang Temokerasi ya Molaotheo;
Mmusisi wa Banka ya Rasefe; Mohumagadi Gill Marcus,
Motlatsamodulasetulo wa Khomišene ya Bosetšhaba ya Maano (NPC) le Motlatsamoporositente wa ANC, Rre Cyril Ramaphosa mmogo le Batlhankedi botlhe ba ANC,
Baeteledipele go tswa kwa maphateng a kgwebo, a metshameko, a setso, a bodumedi le a mangwe otlhe,
Ditokololo tsa ditheo tsa sedipolomate, Baeng ba ba kgethegileng e bile ba tlotlega,
Ditokololo tse di tlotlegang,
MaAforika Borwa ka nna,
Dumelang botlhe mo maitseboeng ano, sanibonani nonke, molweni.

Nte ke leboge Batlhankedi ba Tsamaiso ka go nnaya tšhono eno ya go kgaogana lenaane la rona la ditiro la ngwaga wa 2013, le kopanotshwaraganelong ya Palamente.

Re dumedisa botlhe ba ba bogetseng kgaso eno kwa magaeng a bone le kwa ditikwatikweng tsa go bogela tsa Mokgwa wa Puso wa Tlhaeletsano le Tshedimosetso go ralala naga, go akaretsa ba ba kwa Khayelitsha, Nyanga le Gugulethu mono Motsekapa.

Nte ke leboge botlhe ba ba nnileng le tshwaelo mo thulaganyong ya puo eno. Ke amogetse melaetsa e le mmalwa ka emeile, twitter le Facebook.

Gape ke nnile le nakonyana le barutwana ba Mophato wa bo 12 ba ba tlhagisitseng maikutlo a bone malebana le se se tshwanetseng go akarediwa mo puong eno. Ke bone e le ditshwaelo tse di nang le tshedimosetso e ntsi tota e bile di humile.

Ditokololo tse di tlotlegang,

Bakaulengwe le ditsala,

Ka la bo15 Phatwe ngogola, NPC e neetse Moporesitente Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP), e leng ponelopele ya naga mo dingwageng di le 20 tse di latelang, mo go yone ntlo eno e e tlotlegang.

NDP e na le ditshitshinyo tsa go samagana le mathata a lehuma, go tlhoka tekatekano le botlhokatiro.

Ke mosupatsela o o lebisang kwa Aforika Borweng eo mo go yone botlhe ba tla nnang le metsi, motlakase, kgelelo ya leswe, ditiro, dintlo, dipalangwa tsa botlhe, dijo tse di lekaneng, thuto, tshireletsego ya loago, tlhokomelo ya boitekanelo ya boleng, boitapoloso le tikologo e e phepa.

Go fitlhelela diphitlhelelo tseno go nnile boima mo malobeng, ka ntlha ya kwelotlase ya ikonomi mo lefatsheng lotlhe.

Matsapa a kwa Eurozone a ama ikonomi ya rona ka ntlha ya fa Eurozone e le molekane yo mogolo wa rona wa bogwebisani, yo a amogelang diphesente di ka nna 21 tsa diromelwantle tsa rona.

Kgolo ya Palogotlhe ya Ditlhagiswa tsa Naga ya rona e solofetswe go fitlhelela 2.5%, e leng kwelotlase go tswa go 3.1% mo ngwageng o o fetileng. Re tlhoka seelo sa kgolo se se fetang diphesente di le tlhano go tlhama ditiro tse dingwe.

NDP e tlhagisa mekgwa ya tsereganyo e e ka tokafatsang ikonomi. Phitlhelelo e e beilweng ya go tlhamiwa ga ditiro e tlhomilwe go nna dimilione di le 11 ka ngwaga wa 2030 mme ikonomi e tlhoka go gola gararo go tlhama ditiro tse di tlhokegang.

Mo kopanong ya me ya bofelo le lephata la kgwebo, lephata leno le kaile gore go re ikonomi e gole gararo, re tshwanetse go tlosa dikgoreletsi dingwe.

Re tla golagana le kgwebo, badiri le balekane ba loago mo go batleng ditharabololo. Ga go na lephata lepe le le ka fitlhelelang maitlhomo a re a ipeetseng fa le dira ka nosi.

Ditokololo tse di tlotlegang,

Jaanong ke rata go bega ka tswelelopele e e nnileng gona fa e sale ka Puo ya Maemo a Setšhaba ya bofelo gammogo le go bua le ka lenaane la rona la ditiro la ngwaga wa 2013.

Ke tla lebelela ditlapele di le tlhano – e leng thuto, boitekanelo, ntwa kgatlhanong le bosenyi, go tlhama ditiro tse di nang le seriti ga mmogo le tlhabololo ya metseselegae le ntšhwafatso ya naga.

Ngogola ke buile le setšhaba ka ga maano a mafaratlhatlha a puso.

E tla re kwa bokhutlong jwa Mopitlwe monongwaga, go tloga ka 2009, puso e tla bo e dirisitse madi a ka fitlhang dibilione tsa diranta di le 860 mo mafaratlhatlheng. Go diporojeke tse di farologaneng tse di tsengwang tirisong go ralala naga. Ke tla bua ka di se kae.

Kago ya legato la ntlha la Katoloso ya Metsi ya Noka ya Mokolo le ya Crocodile e setse e simolotswe mme e tla tlamela ka karolo ya metsi a a tlhokagalang kwa diteišene tsa maatla e leng sa Matimba le sa Medupi.

Kago ya tsamaiso ya phasalatso ya metsi a mantsi ya Letamo la De Hoop e simolotswe ka Diphalane 2012, go tlamela dikgaolo tsa dimasepala tsa Greater Sekhukhune, Waterberg le Capricon ka metsi.

Re tshwanetse go sutisa go rwalwa ga malatlha mo ‘tseleng tsa dikoloi go a tsamaisa kwa diporong kwa lefelong la Mpumalanga, gore re kgone go sireletsa ditsela tsa rona tsa diporofense. Ka gore jalo, kago ya Seporo sa malatlha sa Majuba e tla simololwa fa gautshwane.

Re itlamile gape go tokafatsa tsamaiso ya dithoto le tomagano ya ikonomi ka mmila wa dithoto le madirelo wa Durban-Free State-Gauteng.

Malebana le seno, go setse go tsweletswe ka tiro ya go tlhabolola bogorogelo jwa boemelaterene jo bo katogileng mawatle jwa City Deep kwa Gauteng.

Tiro ya ntlha e simolotse ka tiro ya katoloso ya Pier 2 kwa Boemelakepeng jwa Durban.

Sa boraro, go rekilwe lefatshe gore go agiwe boemelakepe jo bontšhwa jo bo epilweng kwa boemelafofaneng jwa maloba jwa Durban.

Kwa Kapa Botlhaba, ke butse semmuso boemelakepe jwa Ngqura mme ga jaana go tsweletswe ka kago ya tikwatikwe e ntšhwa ya dikepe tsa merwalo.

Letamo la Umzimvubu le botlhokwa mo go itshediseng kwa metseselegaeng. Go simolotswe ka tiro ya paakanyo gore kago e simolole ngwaga o o tlang.

Ga jaana go tsweletswe ka tokafatso ya botetelo le ya botetelo le ya theminale ya boemelafofane jwa Mthatha gammogo le kago ya Tsela le Leborogo la Segopotso sa Nkosi Dalibhunga Mandela.

Ke kopile gore mo dingwageng di le pedi tse di tlang, go akofisiwe gape tiro kwa Bokone Bophirima ka ntlha ya tshalelomorago e kgolo e e kwa porofenseng eo, bogolosegolo ya motlakase, dikolo, ditleleniki, ditsela le metsi.

Go tokafatsa go rwalwa ga tshipi le go bula lebopo le le kwa bophirima jwa naga, re atolositse bokgoni jwa diporo ka go tlamelwa ka diterena di le 11.

Legato la ntlha la katoloso – la go oketsa bokgoni jwa boemelakepe jwa tshipi kwa Saldanha go ya go ditone di le dimilione di le 60 ka ngwaga – le konoseditswe semmuso ka Lwetse ngogola.

Go tsweletswe ka tiro ya go aga kwa metsesetoropong e le metlhano – Motsekapa, Nelson Mandela Bay, Rustenburg, eThekwini le Tshwane, mo go gokaganyeng mefuta e e farologaneng ya dipalangwa – e leng wa bese, wa thekisi le wa terena.

Mo lephateng la maatla, jaanong re adile dikilometara di le 675 tsa mela ya tsamaiso ya motlakase go golaganya ditikwatikwe tse di golang ka lebelo tsa ikonomi gammogo le go isa motlakase kwa metseselegaeng.

Mo godimo ga moo, puso e saenile dikonteraka tsa boleng jwa R47 bilione tsa lenaane la ntšhwafatso ya maatla.

Tsona di akaretsa diporojeke di le 28 tsa dithekenoloji tsa phefo, letsatsi le tse dinnye tsa metsi, tse di tshwanetseng go dirwa kwa Kapa Botlhaba, Kapa Bophirima, Kapa Bokone le kwa Foreisetata.

Re tlhomile letlole la bosetšhaba la phepafatso ya tikologo la diranta di le dimilione di le 800 ngogola. Go fitlha ga jaanong, go setse go rebotswe dipeeletso tse di fetang diranta di le dimilione di le 400 tsa diporojeke tsa ikonomi phepafatso ya tikologo mo dimasepaleng, mo ditheong tse dingwe tsa puso, mo mekgatlhong ya baagi mmogo le mo lephateng la poraefete go ralala diporofense.

Re setse gape re abile dikisara tse di dirisang maatla a letsatsi di le 315 000 fa e sale ka Ferikgong monongwaga, tse bontsi jwa tsona bo abetsweng magae a a humanegileng a bontsi jwa ona a iseng a tsamae a nne le metsi a a bolelo.

Re nnile le katlego ka go atolosa ditirelo tsa motheo ka lenaane la mafaratlhatlha. Magae a ka nna 200 000 a golagantswe le mafaratlhatlha a bosetšhaba a motlakase ka 2012.

Le tla gakologelwa gape gore Palobatho ya 2011 e tlhagisitse katlego mo katolosong ya ditirelo tsa motheo. Pegelo e tlhalosa gore palo ya magae a a fitlhelelang motlakase ga jaana ke 12.1 milione, e leng diphesente di le 85. Magae a le robongwe mo go a le 10 a fitlhelela metsi.

Go baakanyetsa ikonomi e e tsweletseng e re tshwanetseng go e tlhabolola, re tla atolosa mafaratlhatlha a broadband.

Ngogola, lephata la poraefete le la setšhaba le adile megala e mentšhwa ya faeba opotiki e e ka nnang dikhilomitara di le 7 000. Maikaelelo ke go fitlhelela diphesente di le 100 tsa tiriso ya inthanete ya broadband ka 2020.

Malebana le mafaratlhatlha a loago, palogotlhe ya dikolo tse dintšhwa di le 98 e tla bo e agilwe kwa bokhutlong jwa Mopitlwe, mme di feta 40 di tla bo di le kwa Kapa Botlhaba go fedisa dikolo tsa mmu.

Go solofetswe fa kago e tla simololwa ka Lwetse kwa ditsheng tsa diyunibesithi tse pedi tse dintšhwa kwa Kapa Bokone le Mpumalanga.

Mo bekeng e e fetileng, re phasaladitse Molaotlhomo wa Tlhabololo ya Mafaratlhatlha gore setšhaba se tshwaele mo go ona.

Re samagane le bobodu, boferefere mo dithendareng le ntlha ya go baya ditlhotlhwa tse di buisanetsweng mo lenaaneng la dikago tsa mafaratlhatlha.

Puso e kokoantse ditokomane tsa tshedimosetso e ntsi malebana le maitsholo a a sokameng a ditlamo tse dikgolo tsa dikonteraka.

Ga jaanong seno ke ntlha ya dikgato tsa semmuso ya khomišene ya dikgaisano mmogo le bothati jo bongwe jwa tiragatso ya molao.

Lenaane la tlhabololo ya mafaratlhatlha e nnile motswedi o o mosola wa thuto mo pusong. Mo ngwageng o o latelang, re tla potlakisa bontsi jwa diporojeke tse di begilweng ke Khomišene ya Moporesitente ya Kgokaganyo ya Mafaratlhatlha.

Dithuto tse re di ithutileng ke gore re tshwanetse go gokaganya, go lomaganya le go tota tsenyotirisong.

Ditokololo tse di tlotlegang,

Dingwaga tse pedi tse di fetileng di bontshitse gore moo puso e tsereganyang gone ka maatla le ka tsepamo, e ka tlisa phetogo mo diintasetering tse di botlhokwa tse di nang le matshosetsi a kwa ntle le a ka fa gare jaaka go diragetse mo lephateng la rona la madirelo.

Re bone tsosoloso ya tlhagiso ya diterena le dibese mo Aforika Borwa, bogolo segolo ka ntlha ya go gatelela theko ya selegae.

Ba Setheo sa Diporo le Banamedi sa Aforika Borwa le ba Transnet ba rebotse dibilione tsa diranta di le makgolokgolo go tokafatsa mafaratlhatlha a diterena tsa batho le tsa dithoto.

Madirelo a diaparo, dikhai le ditlhako a tsepame morago ga dingwaga di le 15 tsa ditiro tse di ntseng di wela tlase. Sekema sa tshegetso ya tsa diaparo se tlamela ka tshegetso e e akaretsang ya ditšhelete go boloka difaboriki le ditiro di le mmalwa.

Malebana le diphetogo mo go tsa ikonomi, go konosediwa Molao o o fetotsweng wa Maatlafatso ya Ikonomi ya Bantsho e e Atolositsweng le melawana. Go tlhabololwa ga dikgwebo tsa bantsho le boramadirelo ba bantsho go tla bewa jaaka setlapele.

Puso e na le manaane a le mmalwa a tshegetso ya dikgwebopotlana. Porojeke ya botlhokwa ya Kantoro ya Moporesitente ga jaanong ke go dira gore mafapha a puso a duele Dikgwebopatlana, tsa Bogareng le tse Dikgolo mo sebakeng sa ka fa tlase ga malatsi a le 30.

Mafapha a tshwanetse go tlhagisa dipegelo tsa kgwedi le kgwedi gore re kgone go tlhokomela tswelelopele mo ntlheng eno.

Re tsere tshweetso ya gore batlhankedi ba ba rweleng maikarabelo ba ba retelelwang ke go diragatsa taelo eno, ba tshwanetse go lebagana le ditlamorago.

Mo Puong ya Maemo a Setšhaba ya 2010, ke begile ka letlole la tlamelo ya ditiro, mme go rebotswe diranta di le dibilione di le tharo tsa diporojeke tse di tla tlhamang ditiro.

Ditokololo tse di tlotlegang,

Baagi ba palo e e fa godingwana ga nngwetharong ba ka fa tlase ga dingwaga di le 15. Naga ya rona, jaaka tse dingwe tse dintsi, e na le bothata jwa botlhokatiro jwa bašwa.

Mo Motsheganong yo o fetileng ke kopile dikgaolotlhopho kwa Lekgotleng la Bosetšhaba la Tlhabololo ya Ikonomi le ya Ditiro go buisana ka merokotso ya go thapiwa ga bašwa. Ke itumeletse gore go setse go konoseditswe dipuisano mme go fitlheletswe tumelano mo dintlheng tse di botlhokwa. Maphata a tla saena Tumelano moragonyana mo kgweding eno.

Merokotso eno e tla tlaleletsa mo go se Puso e ntseng e setseng e se dira mo go maatlafatseng bašwa.

Ditlamo tse e leng tsa puso di tlamela ka borutwatiro ya diatla le borutwatiro mme re rotloetsa gore seno se okediwe. Re ikuela mo lephateng la poraefete go thapa dialogane tsa Thuto le Katiso tse di Tswelelang di le 11 000 tse di tlhokang go tsenngwa mo ditirong.

Lefapha la Tlhabololo ya Metseselegae le Ntšhwafatso ya Naga le tsamaisa Mophato wa Bosetšhaba wa Ditirelo tsa Bašwa ba Metseselegae, o o kwadisitseng bašwa ba le 11 740 mo manaaneng a a farologaneng a katiso.

Gape Lefapha le rulaganya Ditheo di le robongwe tsa Bašwa ba Metseselegae kwa porofenseng nngwe le nngwe, go akaretsa le kwa dikgaolong tse di humanegileng go gaisa di le 23 mo nageng.

Re tla dirisa gape Lenaane le le Atolositsweng la Ditiro tsa Setšhaba le lenaane la Ditiro tsa Baagi go thapa bašwa.

Fa re dira mmogo, re tla bona tharabololo ya botlhokatiro jwa bašwa.

Ditokololo tse di tlotlegang,

Re nopotse bojanala jaaka le lengwe la maphata a rona a a tlholang ditiro.

Go goroga ga bajanala go oketsegile ka diphesente tse di gagamatsang, di le kanaka 10.7 magareng ga Firikgong le Lwetse ka ngwaga wa 2012, e leng palo e e kwa godimo fa e bapisiwa le palogare ya lefatshe ya 4% ya ngogola.

Go le jalo, yona katlego ya maiteko a bosetšhaba a Aforika Borwa a tshomarelo ya tlhago a a bakileng gore go somarelwe diphesente tse di fetang di le 73 tsa palo ya ditshukudu tsa lefatshe ka kwano, e bakile gore naga ya rona e totiwe ke digongwana tsa bosetšhaba tsa bogodu jwa tumulomanakana a ditshukudu.

Re dira mmogo le dinaga tse di amogelang manakana a le tse di dirisiwang go kgabaganya mo go tsone tse di jaaka le Vietnam, Thailang le China mme re maatlafatsa maiteko a rona go lwantsha bothata jono jo bo atelang pele.

Mmusakgotla yo o tlotlegang,

Modulasetulo yo o tlotlegang,
 
Meepo, e e sa bolong go nna mokwatla wa ikonomi, e itemogetse mathata mo dikgweding tse di sa tswang go feta.
 
Ngogola lephata leno le ne le aparetswe ke ditshupetso di se kanaka sepe tse di neng di se mo molaong mmogo le matlhotlhapelo a kwa Marikana koo go tlhokafetseng batho ba feta 44.
 
Re ne ra tlhama Komiti e e akaretsang Ditona tsa ka fa gare e e neng e dirwa ke Ditona tsa kabinete go thusa malapa a a amegang mo pakeng eo ya kutlobotlhoko. Khomišene ya Dipatlisiso ya Bosiamisi e e eteletsweng pele ke Moatlhodi Ian Farlam e tsweletse ka tiro ya yona.
 
Ka go dira mmogo, re ne ra kgona go busetsa maemo sekeng mo tikologong eo.
 
Puso, lephata la badiri ka boemedi jwa COSATU, NACTU le FEDUSA, Tshwaragano ya Bagwebi ya Aforika Borwa, Lekgotla Kgwebo la Bantsho mmogo le lephata la baagi ba kopane ka Diphalane mme ba fitlhelela tumelano e e tlhomileng motheo wa gore go boelwe tirong go ralala madirelo a meepo.
 
Se re dumelaneng ka sone se se maleba, ke go dira mmogo go maatlafatsa dipuisano tse di kopanetsweng; go samagana le mathata a dintlo kwa ditoropong tsa meepo; go tshegetsa Lenaane la Bosetšhaba la mafaratlhatlha; go samagana le botlhokatiro jwa bašwa; mmogo le go nopola dikgato tsa go fokotsa go tlhoka tekatekano.
 
Tiro e tsweletse mme setlhopha se tla bega mo tsamaong ya nako ka ga maano a a maleba ka ga Rustenburg, Lephalale, Emalahleni, West Rand, Welkom, Klerksdorp, Burgersfort/Steelport, Carletonville le Madibeng.

Mo dibekeng tse pedi tse di fetileng, ke nnile le kopano kwa Pretoria le Motlotlegi John Parker, e leng modulasetulo wa Anglo-American Plc, go buisanela maano a a begilweng a go aga sešwa le go fokotsa badiri ba le 14 000 kwa Anglo American Platinum.

Bakaulengwe,

Ditokololo tse di tlotlegang,

Re dumela gore mo legatong la pholisi, re kgonne go tlisa netefaletso mo lephateng la meepo. Dikganetsano tsa go fetola meepo go nna ya puso di tswaletswe kwa khonferenseng ya bosetšhaba ya mokgatlho o o busang.

Go netefatsa gore ditirelo tsa setšhaba tse re tlamelang batho ba rona ka tsona ga jaanong di tla tswelela go nna teng mo isagong go tlhoka gore re nne le dipholisi tse di maleba tsa lekgetho go kokoanya letseno le le lekaneng go duelela ditirelo tseno.

Re ntse re dira dithutopatlisiso gangwe le gape go lebelela dipholisi tsa rona tsa lekgetho, go sekaseka ka moo di fitlhelelang ditlhokego tsa matlole ka gone.

Moragonyana monongwaga, Tona ya Ditšhelete o tla rebola thutopatlisiso ya dipholisi tsa rona tsa ga jaanong tsa lekgetho, go netefatsa gore re na le motheo o o maleba wa letseno go tshegetsa ditshenyegelo tsa setšhaba. Karolo ya thutopatlisiso eno, e tla sekaseka thulaganyo ya ga jaanong ya dikatso tsa dipoelo tsa meepo, malebana le bokgoni jwa tsona go direla batho ba rona.

Ditokololo tse di tlotlegang,

Baeng ba ba tlotlegang,

Mo puong ya ngogola re tlhagisitse ntlha ya letseno le le mo magareng e leng batho ba letseno la bone le leng kwa godimo go ka ba kgontsha go bona dintlo tsa RDP mme le le kwa tlase gore ba ka bona sekoloto sa bonto kwa bankeng.

Go simolola ka Moranang go fitlha ka Sedimonthole mo ngwageng wa 2012, Mafapha a Diporofense a rebotse tekanyetsokabo ya dimilione tsa diranta di le 126 tsa Thebolo ya Tlhabololo ya Bonno jwa Batho tsa lenaane leno, le le itsegeng jaaka lenaane la Tlamelo ya Motho a le nosi le le Gokaganeng le Ditšhelete.

Madi ano a dirisiwa mo Koporasing ya Bosetšhaba ya Ditšhelete tsa Dintlo, e e thapetsweng go tlamela dintlo mo bathong ba lotseno lwa bone lo leng mo magareng mo diporojekeng tse di kwadisitsweng di le somepedi.

Go fitlha ga jaanong go setse go dirisitswe palogotlhe ya diranta di le dimilione di le 70 tsa madi ano.

Diporojeke tseno di akaretsa Walmer Link kwa Kapa Botlhaba, Lady Selbourne, Nelmapius, Bohlabela Borwa, Cosmo City le Fleurhof kwa Gauteng, Intabazwe Corridor Housing kwa Foreisetata le Seraleng kwa Bokone Bophirima.

Ga jaanong go tsenngwa tirisong ga diporojeke tseno tsa dintlo tsa GAP go tsweletse.

Bakaulengwe le ditsala,

Ditokololo tse di tlotlegang,

Mo go tsa thuto, re itumelela gore seelo sa go falola kwa Mophatong wa 12 ga jaanong se a tlhatlhoga. Re akgola Barutwana ba 2012, barutabana ba bone, batsadi le baagi ka tokafatso e e diragalang.

Re akgola porofense e e nnileng kwa setlhoeng ka 2012, e leng Gauteng, le morutwana yo o kwa setlhoeng wa mophato wa 12, Mohumagatsana Madikgetho Komane, go tswa kwa kgaolong ya Sekhukhune e e kwa Limpopo, yo e leng moeng wa rona yo o kgethegileng.

Ditokololo tse di tlotlegang,

Ditlhatlhobo tsa Ngwaga le Ngwaga tsa Bosetšhaba (ANA) kwa dikolong tsa rona, di fetogile go nna sediriswa se se maatla sa go tlhatlhoba boitekanelo jwa tsamaiso ya rona ya thuto.

Re amogela tokafalo ngwaga le ngwaga mo dipholong tsa ANA, fela go sa ntse go tshwanetse ga dirwa go le gontsi go tokafatsa dipalo, saense le thekenoloji.

Lefapha la Thuto ya Motheo le tla tlhama setlhopha sa bosetšhaba sa tiro go maatlafatsa go tsenngwa tirisong ga Togamaano ya Dipalo, Saense le Thekenoloji.

Re ikuela mo lephateng la poraefete go dira mmogo le puso ka go tlhama, go amogela gongwe go tlamela dikolo tsa dipalo le saense gongwe dikolo tsa Lamatlhatso.

Bakaulengwe,

Re itumedisiwa ke kgolo ya manaane a rona a thuto ya bana ba bannye, go akarediwa Mophato wa R.

Re itumedisiwa gape le ke lenaane la rona la thuto ya bagodi, Khari Gude, le le fitlheletseng batho ba feta dimilione di le 2,2 magareng ga 2008 le 2011.

Gape re tswelela go rotloetsa batho botlhe fela gore ba se ke ba emisa go ithuta. Bontsi bo bone thotloetso fa rammino yo o itsegeng yo ga jaanong e leng moeng wa me yo o kgethegileng, Rre Sipho Hotstix Mabuse a ne a mogela lekwalo la gagwe la materiki ngogola, a le dingwaga di le 60.

Ditokololo tse di tlotlegang,

Re goeleditse thuto go nna setlapele se se kwa setlhoeng ka 2009. Re batla gore mongwe le mongwe mo nageng a lemoge gore thuto ke tirelo ya botlhokwa mo setšhabeng sa rona.

Fa re re thuto ke tirelo ya botlhokwa, ga re tseye ditshwanelo tsa Molaotheo tsa barutabana jaaka badiri go tshwana le tshwanelo ya go dira ditshupetso.

Re kaya gore re batla gore lephata la thuto le baagi botlhe ba tseele thuto tlhogong go gaisa jaaka go diragala ga jaana.

Ditšhaba tsotlhe tse di atlegileng di na le selo se le sengwe se se tshwanang - di beeleditse mo thutong. Dituelo tse di nang le seriti le seemo sa tirelo di tla nna le seabe se se botlhokwa mo go ngokeleng, mo go rotloetseng le mo go tsweleleng go somarela barutabana ba ba nang le bokgoni.

Mo ntlheng eno, re tla tlhama Khomišene ya Dituelo ya Moporesitente e e tla batlisisang bomaleba jwa dituelo le seemo sa ditirelo se Puso e se nayang badiri botlhe ba ona.

Ke laetse gore go lebelelwe pele barutabana.

Khomišene e tla tlhatlhoba gape le poelo mo peeletsong eno.

Ka go tlhatlhosetsa thuto kwa maemong a e tshwanetseng go boela kwa go one, re batla go bona tokafalo ya boleng jwa go ithuta le go ruta le tsamaiso ya dikolo. Re batla go bona tokafalo mo maitsholong, mo seemong le mo dipoelo.

Fa re dira le barutabana, batsadi, baagi le batsayakarolo ba ba farologaneng, re tla kgona go fetola dikolo tsa rona go nna ditikwatikwe tsa botswerere.

Ditokololo tse di tlotlegang,

Dingwaga di le tlhano tse di fetileng, Aforika Borwa e ne e na le palo e e kwa tlase thata ya dingwaga tsa tsholofelo ya botshelo mo e leng gore baitseanape ba ne ba tshitshinya gore ka 2015, dingwaga tsa tsholofelo ya botshelo di tla bo di boetse kwa di neng di le gone ka 1955.

Ke ka ntlha yone eo fa re ne re na le lebaka la go ka itumela ngogola fa o ya fifing, dithutopatlisiso tsa Lekgotla la Dipatlisiso tsa Kalafo, ba jenale ya bongaka ya Lancet le ba bangwe ba ne ba simolola go bega ka koketsego e e gaisang mo dingwageng tsa tsholofelo ya botshelo go tswa mo palong ya motheo ya dingwaga di le 56 ka 2009 go ya go dingwaga di le 60 ka 2011. Dipegelo tseno gape di tlhagisitse kwelotlase e e bonalang ya dintsho tsa masea le bana ba ba mo dingwageng tse di ka fa tlase ga di le tlhano.

Koketsego ya dingwaga tsa tsholofelo ya botshelo e botlhokwa mo tlhabololong ya naga. Batho ba boela ditirong, ba unngwela naga, mo ikonoming le mo loagong. Lelapa le tswelela go tsepama mme batsadi ba tshela lebaka le lo leele mme ba kgone go tlhokomela bana ba bona.

Fela ga re a tshwanela go itebala ka ntlha ya diphitlhelelo tseno.

Ka ntlha ya tshwaetsopedi eno e e kwa godimo ya HIV le TB, re kopantse ditirelo tsa tsone.

Tiro e ntse e tsweletse mo letlhakoreng la dipatlisiso. Aforika Borwa e ribolotse seritibatsi se se ka dirisiwang go alafa Malaria.

Mo godimo ga moo, babatlisi kwa khonsotiamong ya Tikwatikwe ya Lenaane la Patlisiso ya AIDS mo Aforika Borwa, le bone ba bone diritibatsi tse di timolang bogale jwa HIV.

Motlatsamoporesitente Motlanthe o thapile ditokololo tse dintšhwa tsa Sekgwama sa Lekgotla la Bosetšhaba la AIDS la Aforika Borwa. Re akgola setlhopha se se eteletsweng pele ke Moatlhodi yo o rotseng tiro, Zac Yacoob, jaaka modulasetulo.

Malwetse a mokgwatshelo a oketsega ka lebelo le le tshosang. Re tshwanetse go lwantsha le go fokotsa seelo sa go goga motsoko, ditlamorago tse di bosula tsa notagi, go ja dijo tse di sa siamang mmogo le go nona go go sa siamang.

Ditokololo tse di tlotlegang,

Ka 2014 re tla tlhama Letlole la Inšorense ya Bosetšhaba ya Boitekanelo. Lefapha la Boitekanelo le tla potlakisa le go maatlafatsa tswelelopele kwa dikgaolong tsa go ithuta.

Mo ntlheng eo, go tloga ka Moranang monongwaga, setlhopha sa ntlha sa dingaka tsa poraefete tse di ka balelwang go di le 600, se tla newa dikonteraka tsa go tlamela ka ditirelo tsa kalafi kwa ditleleniking di le 533 mo metseselegaeng le mo metsesetoropong mo dikgaolong tsa go ithuta di le 10.

Bakaulengwe le ditsala,

Ka Seetebosigo re tla bo re tshwaya ngwagakgolo wa Molao wa Mafatshe wa 1913 o o fetotseng bantsho go nna bafaladi, badiri le batswakwa mo lefatsheng la bona.

Moporesitente wa maloba wa ANC Sefako Makgatho o tlhagisitse seno mo puong ya gagwe ya moporesitente kwa khonferenseng ya ANC ka 1919.

O boletse gore;

"Molao wa Mafatshe a Bantsho o sa ntse o dira ka go tlhoka pelotlhomogi mo dikarolong tse di farologaneng tsa naga, mme ka ntlha ya seo, malapa a le mantsi a bantsho a sa ntse a direla balemirui ba basweu fela gore ba bone dijo."

Re ikutlwa re le motlotlo, mo ngwageng ono wa segopotso sa Molao wa Mafatshe wa 1913, go bo mo gare ga rona go na le Mohumagadi Nomhlangano Beauty Mkhize, mongwe wa bagaka yo mmogo le mogatse, Saul Mkhize, ba neng ba eteletse pele kgaratlho kgatlhanong le dikhuduso tsa pateletso kwa Driefontein le Daggaskraal, kwa Porofenseng e ga jaanong e itsegeng ka Mpumalanga.

Puo ya lefatshe ke ntlha e e gonyang maikutlo e le ruri.

Re tlhoka go e rarabolola ka kagiso go ya ka letlhomeso la Molaotheo le molao.

Ke amogetse molaetsa go tswa go Thulani Zondi mo Facebook mme ene o tlhagisa ngongorego ya gagwe tebang le seelo se se bonya sa pusetso ya mafatshe. O boletse gore: "Moporesitente yo o tlotlegang, jaaka re tla bo re tlotla dingwaga di le 100 fa e sa le molao wa Mafatshe wa 1913 o ne o itsesewe go tseela bontsi jwa maAforika dithoto tsa bone.

"Ke ikuela mo go wena go potlakisa pusetso ya mafatshe mo maAforikeng a a se nang lefatshe.

"Fa re busetsa mafatshe re tshwanetse go tseelatlhogong ntlha ya tlhagiso e e sa tlhaeleng ya dijo tsa naga. Go tshwanetse ga nna le katiso le tlhatlhelelo ya bagwebi ba balemirui ba bantsho ba ba supulogang."

Go tloga ka 1994, re ntse re samagane le bothata jwa ntšhwafatso ya mafatshe ka go dirisa mokgwa wa ntšhwafatso ya pusetso, kabosešwa le phanotšhono.

Jaaka go setse go kailwe, ga re kitla re kgona go fitlhelela diphitlhelelo tse re di beileng tsa pusetso.

Tshekatsheko ya pakagare ya puso ngogola e tlhagisitse ditlhaelo di le mmalwa mo lenaaneng la rona la ntšhwafatso ya go tsenngwa tirisong ya mafatshe. Re tla dirisa dithuto tseo go tokafatsa tsenngo tirisong eo.

Sa ntlha, re tshwanetse go fokotsa nako e e tsewang go konosetsa topotuelo, Malebana le seno, Puso jaanong e tla diragatsa ntlhatheo ya 'tshiamo le tekatekano' go duela, jaaka e tlhagisitswe mo Molaotheong go na le ntlhatheo ya "fa go le moreki yo o ikemiseditseng le morekisi yo o ikemiseditseng" e e pateletsang puso go duelela lefatshe go feta boleng jwa lona.

Sa bobedi, go na le dipaakanyo tse di tshitshintsweng mo Molaong wa Ditshwanelo tsa Pusetso ya Mafatshe wa 1994 gore go nne le tlamelo ya gore go bulwe gape go tsenngwa ga ditopotuelo tsa pusetso, ke batho ba ba fetilweng ke nako e e neng e beilwe ya 31 Sedimonthole 1998.

Gape se se tshwanetseng go sekasekwa, ke diphapogo tsa letlha la bofelo la Seetebosigo 1913 go akaretsa ditopotuelo tsa masika a maKhoi le maSan mmogo le ditsha tsa ngwaoboswa le mafelo a hisetori.

Thuto e nngwe ya botlhokwa ke go tlamela beng ba bantšhwa ba mafatshe ka tshegetso e e lekaneng ya morago ga go fuduga gore lefatshe le tswelele go tlhagisa dikungo.

Gape re tlhoka go tlamela bagwebi ba balemirui, ba ba ikemiseditseng mme ba ka kgona go ka tlhatlhelela balemirui ba ba botlana, ka morokotso o o botoka.

Kgwetlho e nngwe e re lebaneng nayo ke gore batho bangwe ba ba dirang ditopotuelo ba batla madi go na le lefatshe, mme seo ga se re thuse ka gope mo go fetoleng sebopego sa thuo ya lefatshe.

Jaaka karolo ya lenaane la Kantoro ya Moporesitente la go batla maikutlo a batsayakarolo ya pele ga Puo ya Maemo a Setšhaba, Motlatsamoporesitente Motlanthe o nnile le kopano le balemirui mmogo le badiri ba dipolase kwa Paarl ka Labobedi.

Batsayakarolo ba dumelane gore go tshwanetse ga rena kagiso le tsepamo mo lephateng la temothuto le gore maemo a botshelo le a tiro a badiri ba dipolase a tshwanetse go tokafadiwa ka potlako. Go a rotloetsa gore tota le balemirui ba ikuetse gore go tlhatlhobiwe tlhabololo ya mafatshe le go tshegetsa balemirui ba ba sa ntseng ba supoga.

Re tla tswelela go buisana le balemirui le badiri ba dipolase.

Bakaulengwe le ditsala,

Re tshwanetse go tseela tlhogong khudugelo ya kwa metsesetoropong e e diragalang ka lebelo. Dipalopalo tsa ba Palobatho di supa gore diphesente di le 63 tsa batho ba nna mo metsesetoropong. Go na le kgonagalo ya gore seno se ka tlhatlhoga ka go feta diphesente di le 70 ka 2030.

Mekgwa ya go aba dibaka ya nako ya tlhaolele e sa ntse e tsweletse mo ditoropong le ditoropokgolo. Dimasepala di ka se kgone go samagana le dikgwetlho tseno ka nosi. Re tlhoka leano la bosetšhaba.

Le fa tlhabololo ya metseselegae e sa ntse e le setlapele sa puso, go botlhokwa gore re tlhame letlhomeso le le kopaneng la bosetšhaba la tlhabololo ya metsesetoropo go thusa dimasepala go tsamaisa phudugelo e e oketsegang ya kwa metsesetoropong ka matshwanedi.

Jaaka karolo ya go tsenya tirisong NDP, magato otlhe a le mararo a puso a tlhoka go tsamaisa phudugelo e ntšhwa ya kwa metsesetoropong ka ditsela tse gape di tla dirang phapang mo tlhabololong ya metseselegae.

Ditokololo tse di tlotlegang,

Go tokafatsa seemo sa basadi e sa ntse e le setlapele sa botlhokwa mo pusong eno.

Molaotlhomo wa Tekatekano ya bong le Maatlafatso ya Basadi o amogetswe ke Kabinete gore baagi ba tshwaele mo go ona. Molaotlhomo o dira gore ditiro tse di gatelelang le go utlwisa basadi le basetsana botlhoko di tsewe jaaka bosenyi.

Gape o dira gore seemo sa pholisi ya 50/50 malebana le kemedi ya basadi mo dipopegotheong tse di tsayang ditshweetso e nne molao.

Ditokololo tse di tlotlegang,

Petelelo le polao e e setlhogo ka segongwana ya ga Anene Booysen mmogo le basadi le basetsana ba bangwe mo malobeng di sedifaditse botlhokwa jwa gore re dire mmogo go fedisa bosula jono.

Setlhogo se se dirwang mo basading ba ba sa kgoneng go iphemela ga se amogelesege mme ga se a tshwanela go letlelelwa mo nageng ya rona. Ngogola go tlhamilwe Lekgotla la Bosetšhaba la Tirisodikgoka e e Ikaegileng ka Bong. Le akaretsa puso, Mekgatlho e e seng ya puso, Mekgatlho ya Baagi, mekgatlho ya Sedumedi, barutegi, ditheo tsa dipatlisiso, mekgatlho ya banna, le kemedi ya basadi, bana le batho ba ba nang le bogole.

Re ikuela mo popegotheong eno ya bogokaganyi go dira gore kgoeletso ya go lwantsha tirisodikgoka kgatlhanong le basadi e nne kgoeletso ya malatsi otlhe.

Re akgola maphata otlhe ka dikgoeletso tse di setseng di nnile teng go fitlha ga jaanong, a supa gore ditiro tse di jalo di ka se ke tsa itshokelwa.

Ke laetse ditheo tsa tiragatso ya molao go samagana le dikgetse tseno ka bonako jo bo gaisang le go di tsaya di le botlhokwa thata. Diyuniti tsa Tirisodikgoka mo Malapeng, Tshireletso ya Bana le Melato ya Thobalano, tse di tlhamilweng gape ka ngwaga wa 2010, di okeditse badiri.

Mo ngwageng o o fetileng wa matlole, Diyuniti tseno di kgonne go fitlhelela dikatlholo tsa botshelo jotlhe kwa kgolegelong di le 363, ka seelo sa botshwarwa sa diphesente di le 73 malebana le bosenyi kgatlhanong le basadi ba bogolo jwa dingwaga tse di fetang 18 le diphesente di le 70 malebana le bosenyi kgatlhanong le bana ba bogolo jwa dingwaga tse di ka fa tlase ga 18.

Tlayang re semeleleng, re direng mmogo mo go lwantsheng bothata jo bo re totileng jwa batho ba ba betelelang basadi, bana tota le basadibagolo. Ke tiro e e swabisang, e e tshosang eo ba e dirang. Disenyi tseno di tshwanetse go begwa kwa mapodiseng mme di tshwarwe.

Puso e oketsa dikgato tse dingwe tsa go sireletsa basadi, go tshwana le Molaotlhomo wa Tshireletso kgatlhanong le Pogisego. Le fa Molao wa Tirisodikgoka ya mo Malapeng o tlamela ka tshireletso, o dira fela mo bathong ba ba mo dikamanong kwa lapeng. 

Molaotlhomo wa Tshireletso kgatlhanong le Pogisego o samagana gape le go tshwenngwa ke batho ba ba salang morago batswasetlhabelo ba bone ka tsela ya tlhaeletsano ya eleketoroniki.

Mo godimo ga moo, Molaotlhomo wa Twantsho ya go Gweba ka Batho o fetisitswe ke Kokoanotheomolao ngogola mme ga jaanong o kwa NCOP

Fa o sena go tsenngwa tirisong, molao o tla thusa basadi le bana ba gantsi e leng batswasetlhabelo ba bosenyi jono jo bo setlhogo.

Bakaulengwe le ditsala,

Ponagalo ya sepodisi e oketsegile mme seno se tsenya seatla mo phokotsegong ya bosenyi jo bo tseneletseng.

Matsholo ano a a totileng go ribolola dithunya tse di seng mo molaong, dijanaga tse di utswitsweng le tse di kgothositsweng, nnotagi le diritibatsi tse di tsewang jaaka disusumetsi tse dikgolo tsa bosenyi a thusitse mo go fokotseng bosenyi.

Bakaulengwe le ditsala,

Puso e tsweletse ka ntwa kgatlhanong le bobodu.

Bokgoni jwa Yuniti ya Dipatlisiso tse di Kgethegileng (SIU) bo godile go tloga go badiri ba le 70 go ya go badiri ba ba fetang 600 ga jaanong.

Go tloga ka 2009, ke saenile dikgoeletso di le 34 tse di laelang SIU go batlisisa ditatofatso tsa bobodu, tsa tsietso kgotsa tsamaiso e e sokameng mo mafapheng a a farologaneng a puso le mo ditheong tsa puso.

Dipatlisiso tsa Bosenyi kgatlhanong le balatofadiwa ba le 203 mo dikgetseng tsa ditlapele di le 67 di ne di setse di simolotswe go batlisisiwa kwa bokhutlong jwa Lwetse mo ngwageng wa 2012.

Go simolotswe ka palogotlhe ya dikgato tsa pele ga tsheko kgatlhanong le batho ba le 191. Go latofadiwa fa palogotlhe ya batho ba le 66 ba ba batlisisiwang ba amogetse ditshiamelo tsa boleng jwa R5 milione kgotsa go feta ka mokgwa wa bobodu. Go bonwe Ditaelo tsa go Tswalela dithoto kgatlhanong le batho ba le 46.

Mo dikatlegong tse dingwe, mo ngwageng o o fetileng wa ditšhelete, go atlhotswe batlhankedi ba le 107 ba ba dirang mo tsamaisong ya bosiamisi jwa bosenyi.

Yuniti ya Dikamogo tsa Dithoto e gapile dithoto tsa boleng jo bo fetang R541 milione. Palogotlhe ya R61 milione ya dithoto tseno e setse e amogilwe ke Puso. Dithoto tseo di busediwa kwa go lwantsheng bosenyi le bobodu ka Akhaonto ya Thopo ya Dithoto tsa Bosenyi.

Ngogola go rebotswe matlole a tlaleletso a le kanaka R150 milione go tswa kwa Akhaontong ya Thopo ya Dithoto tsa Bosenyi malebana le tiro ya Setlhophatiro se se Kgatlhanong le Bobodu se se akaretsang Hawks, SIU mmogo le Bothati jwa Bosekisi jwa Bosetšhaba.

Maitlhomo a metswedi eno ke go maatlafatsa bokgoni jwa ditheo tseno tse di diragatsang molao mo maikaelelong a rona a go lwantsha bobodu.

Re ikuela mo lephateng la poraefete go tsaya tsia ntwa kgatlhanong le bobodu gore re kgone go bo lwantsha go tswa mo matlhakoreng otlhe.

Go maatlafatsa ntwa kgatlhanong le bobodu, re tla tswala diphatlha tsotlhe tse di bulegileng kwa maemong a a kwa godimo a tsamaiso ya bosiamisi jwa bosenyi.

Bakaulengwe le ditsala,

Ditokololo tse di tlotlegang,

Go na le dithuto tse di tlhageletseng kwa Marikana le mo ditiragalong tse dingwe tse re ka se keng ra di letlelela gore di ipoesebedi mo nageng ya rona.

Molaotheo wa rona e tota e le nngwe ya diphitlhelelo tsa bosetšhaba tse dikgolo go gaisa. Sengwe le sengwe se re se dirang jaaka puso se kaelwa ke Molaotheo wa rona le ponelopele ya ona malebana le setšhaba se re se agang.

Re ikuela mo baaging botlhe go keteka, go tsweletsa le go femela Molaotheo wa rona.

Molaotlhomo wa rona wa Ditshwanelo o netefatsa gore "mongwe le mongwe, a le mo kagisong ebile a sa tlhomela ka dibetsa, o na le tshwanelo ya go kokoana, go itlhagisa mo pepeneneng, go dira ditshupetso le go tlhagisa makwalotopo."

Ka jalo re ikuela mo bathong ba rona go dirisa ditshwanelo tsa bone tsa go dira ditshupetso ka kagiso le ka tsela e e rulaganeng.

Ga go amogelesege fa ditshwanelo tsa batho di gatakwa ke batho ba ba dirisang dikgoka, go tshwana le dikgato tse di lebisang kwa kgobalong gongwe loso lwa motho, tshenyo ya dithoto mmogo le tshenyo ya ditlamelo tsa botlhokwa tsa setšhaba.

Re tshwanetse go diragatsa, go femela le go tlotla Molaotheo jaaka molao o mogolo wa Rephaboliki. Re tla dira sengwe le sengwe se se tlhokegang go dira jalo.

Ka ntlha ya seo, ke laetse Setlhopha sa Bosiamisi, Thibelo ya Bosenyi le Tshireletso (JCPS) go rulaganya dikgato ka gangwe fela, go netefatsa gore ditiragalo tsa ditshupetso tse di nang le tirisodikgoka di a tsibogelwa, di a batlisisiwa le go atlholwa.

Go tla rebolwa dikgotlatshekelo tse di tla samaganang le dikgetse tse di jalo mo lenaaneng la ditlapele. Go tshwanetse ga diragadiwa molao mme o tshwanetse wa bonala gore o a diragadiwa - kwa ntle ga kgobelelo, ka matshwanedi le ka bonako.

Baagi ba naga ya rona ba na le tshwanelo ya go solofela gore puso ya bone ya temokerasi e tla diragatsa dithata tsa yone go sireletsa Molaotheo o bontsi bo o kgaratlhetseng ka natla sebaka se seleele seo. Ga re kitla re ba swabisa mo tsholofelong eno.

Ka jalo, Setlhopha sa JCPS se na le dithulaganyo tsa go samagana le ditiragalo tse di jalo ka matshwanedi kwa magatong a bosetšhaba, porofense le a selegae.

Nte ke itlhaganele go tlaleletsa ka gore mafapha a puso mo magatong otlhe a tshwanetse go dira mmogo le baagi le go netefatsa gore go samaganwa le matshwenyego otlhe pele a ka fetesediwa kwa pele. Maikarabelo ao a sa ntse a le gona. Re puso e e nang le tlhokomelo. 

Ditokololo tse di tlotlegang,

Monongwaga re keteka segopotso sa bo 50 sa botsalo jwa Mokgatlho wa Kitlano ya Aforika (OAU) o o neng wa fetolelwa go nna wa Kitlano ya Aforika (AU).

Re tlotla OAU ka kgaratlho ya yona e e tsepameng ya go fedisa bokoloniale mo kontinenteng ya rona, go akarediwa le go nna le seabe mo kgololesegong ya rona.

Re tla tswelela go kgaratlhela gore Kitlano ya rona e maatlafale le go rulagana sentle.

Lenaane la Bodirisanimmogo jo Bontšhwa jwa Tlhabololo ya Aforika (NEPAD) mmogo le Tsamaiso ya Tshekatsheko ya Balekane mo Aforika di sa tswa go keteka dingwaga di le lesome di ntse di le tlhamilwe.

Aforika Borwa jaaka moamogedi wa Maiteko a Moporesidente a go Tsweletsa Mafaratlhatlha a NEPAD, e tswelela go dira mmogo le batsweletsi ba bangwe go diragatsa diporojeke tse di nang le seabe se segolo tsa mafaratlhatlha mo kontinenteng.

Malebana le kagiso le tshireletso, re tshegetsa baagi ba Mali mo maitekong a bone a go batla go boelwa ke seriti sa naga ya bona.

Re ikuela mo boeteledipeleng jwa Central African Republic, Guinea Bissau le Somalia go tswelela mo mogwantong wa bone o o lebisitseng kwa kagisong e e somaregang ba lebeletse baagi ba bona. Re sa ntse re le kgatlhanong le go fetolwa ga puso ka tsela e e seng ya molaotheo.

Re rotloediwa ke ditiragalo tse di magareng ga Sudan le Sudan Borwa. Re akgola Moporesitente wa rona wa maloba, Thabo Mbeki le ditokololo tse dingwe tsa Lekoko la Maemo a a kwa Godimo la AU ka mokgwa wa boineelo o ba dirileng le maphata a a mabedi ka ona.

Re ema le DRC jaaka naga eo e samagane le matshosetsi a a lebaneng tshireletsego ya yona.

Aforika Borwa e tla tswelela go tshegetsa maiteko a kagiso mo Aforika go akarediwa le ka go tsereganya, go tlamela ka sesole sa kagiso, go akaretsa le ka go tlamela ka dithuso tsa didirisiwa le tsa ditšhelete.

Malebana le seno, re solofetse go konosediwa ga dipoledisano tsa sepolotiki kwa Zimbabwe le Madagascar.

Ponelopele ya rona ya Aforika o o botoka mo lefatsheng le le botoka e tla bona tshusumetso fa re amogela Samiti ya bo 5 ya BRICS mo kgweding e e tlang kwa Durban.

Re rotloediwa ke kgolo e e golang ya dikamano tsa dinagapedi, ka sedipolomate le ka ikonomi magareng ga Aforika Borwa le dinaga tse dingwe tsa BRICS.

Go maatlafatsa dikamano tsa Bokone-Borwa e sa ntse e le selo se se botlhokwa mo lenaneong la rona la pholesi ya dinaga tsa kwa ntle.

Re itlama gape ka bodirisanimmogo jwa rona le dinaga tsa Bokone, bogolo segolo Amerika, Yuropa le Japane.

Segopotso sa bo 70 sa Dinagakopano (UN) se tlamela ka tšhono ya go tsweletsa diphetogo mo Lekgotleng la Tshireletso la UN.

Re tla tswelela go dirisa G20 go emela dikeletso tsa batho ba Aforika le go gatelela gore go nne le diphetogo mo ditheong tsa Bretton Woods.

Go nna karolo ya boditšhabatšhaba ga Aforika Borwa go na le ntlha e e thatafetseng ya go ema mmogo mo go yone. Re ema le batho ba Palesetina jaaka ba kgaratlhela go bona diphetogo mo kgaratlhong ya bone ya tshwanelo ya bone ya go ikemela; ke ka moo re tshegeditseng kopo ya bone ya gore e nne puso.

Go atolosiwa ga manno a maIseraele mo mafelong a Palesetina ke sekgoreletsi se segolo sa tharabololo ya kgotlhang.

Tshwanelo ya go ikemela ya batho ba Bophirima jwa Sahara e tshwanetse go fitlhelelwa.

Re sa ntse re tlhomame mo kgoeletsong ya rona ya gore go tlosiwe dikiletso tsa ikonomi kgatlhanong le Cuba.

Fa re dira mmogo, re ka dira go le gontsi go tlhama Aforika e e botoka le lefatshe le le botoka.

Bakaulengwe,

Mo ngwageng wa 2012, re ne re totile go somarela le go tsweletsa ngwaoboswa ya setso ya naga ya rona re lebeletse bogolo segolo ngwaoboswa ya rona ya kgololesego.

Gape re amogetse Samiti ya Bosetšhaba e e ka ga Tirisanommogo ya Loago, e e neng e totile go aga setšhaba se se amogelanang mo loagong, se se tlhokomelanang mme se le motlotlo.

Fa re diragatsa lenaane la rona re tla dira le Baeteledipele ba Tirisanommogo ya Loago; e leng maAforika Borwa a a tlhageletseng a a tswang mo maphateng a a farologaneng a setšhaba sa rona.

Re motlotlo gore mo maitseboeng ano, gareng ga rona re bo re na le, ba le babedi ba batshegetsi ba tirisanommogo ya loago, e leng Moatlhodi Yvonne Mokgoro le Moatefokate George Bizos.

Bakaulengwe,

Monongwaga ke segopotso sa bo 50 sa Phuruphutso ya Polase ya Liliesleaf, go ngwega kwa Marshall Square mmogo le Tshimologo ya Tsheko ya kwa Rivonia.

Go rulaganngwa metseletsele ya ditiragalo mo tsamaong ya ngwaga ono go tshwaya ditiragalo tse tharo tseo, mme setlhoa e tla nna segopotso ka la bo 11 Phukwi.

Ditokololo tse di tlotlegang

Re sa tswa go konosetsa kgaisano ya kgwele ya dinao e e atlegileng e le ruri ya Sejana sa Dinaga tsa Aforika (AFCON). Re akgola ka botswapelo ditshimega tsa Aforika, Rephaboliki ya Bofeterale ya Nigeria mmogo le ditlhopha tsotlhe tse di nnileng le seabe mo go bontsheng seemo sa kgwele ya dinao mo Aforika.

Re leboga bagaetsho botlhe ka ntlha ya go nna baamogelabaeng le baetleetsi ba ba gaisang.

Ke nnile le tšhono ya go leboga Moporesitente wa Mokgatlho wa Kgwele ya Dinao wa Aforika Motlotlegi Issa Hayatou ka sebele ka ntlha ya fa a re neile tlotla ya go amogela AFCON.

Bakaulengwe le ditsala,

Jaaka ke kaile pejana, lenaane leno la tiragatso le tla diragadiwa ka go farologana ka ntlha ya fa ditiragatso tsa mafapha di tshwanetse go lepalepanngwa le NDP.

Bakaulengwe,

Pele ke konosetsa, nte ke tseye tšhono eno go romela matshediso a rona a a tswang kwa botennyeng jwa dipelo kwa lelapeng la mokgaratlhedi le mmueledi yo o itsegeng wa ditshwanelo tsa botho, Khomoreiti Phyllis Naidoo yo o tlhokafetseng gompieno.

Ke fela malobanyana fa, fa re ne re latlhegelwa ke Khomoreiti Amina Cachalia.

Re tota re utlwile botlhoko tota ka ntlha ya tatlhegelo eno.

Ditokololo tse di tlotlegang,

Bakaulengwe,

Jaaka maAforika Borwa, re tshwanetse go tswelela go nna le phitlhelelo e le nngwe fela e e botlhokwa – e leng go dira gore naga ya rona e nne setšhaba se se gaisang ebile se humile ka nnete.

Itumeleleng Letsatsi la Baratani lotlhe!

Ke a leboga.

Issued by: The Presidency

Related information

 

Share this page

Similar categories to explore