Puo ya Maemo a Setshaba ka Motlotlegi Jacob G Zuma, Moporesitente wa Rephaboliki ya Aforika Borwa ka Kopanotshwaraganelo ya Palamente, Motsekapa

09 Feb 2012

Mmusakgotla yo o tlotlegang wa Kokoano ya Bosetshaba,
Modulasetulo wa Lekgotla la Bosetshaba la Diporofense (NCOP),
Motlatsammusakgotla wa Kokoano ya Bosetshaba le Motlatsamodulasetulo wa NCOP,
Motlatsamoporesitente wa Rephaboliki, Motlotlegi Kgalema Motlanthe,
Motlatsamoporesitente wa maloba FW De Klerk,
Motlatsamoporesitente wa maloba Baleka Mbete,
Moatlhodimogolo yo o tlotlegang wa Rephaboliki, le ditokololo tsotlhe tse di tlotlegang tsa Boatlhodi,
Modulasetulo yo o tlotlegang wa Foramo ya Palamente ya SADC le Mmusakgotla wa Palamente ya Zimbabwe, Rre Lovemore Moyo,
Ditona tse di tlotlegang le Batlatsatona,
Tona e e tlotlegang ya Dikamano tsa Boditshabatshaba ya Rephaboliki ya
Angola, Rre Rebelo Chikoti,
Tona e e tlotlegang ya Merero ya Dinaga di sele ya Rephaboliki ya Mozambique, Rre Julio Baloi,
Ditonakgolo tse di tlotlegang le Babusakgotla ba Diporofense tsa rona,
Modulasetulo wa Salga, le boeteledipele jotlhe jwa pusoselegae,
Modulasetulo wa Ntlo ya Bosetshaba ya Dikgosi;
Ditlhogo tsa Ditheo tsa Karolo ya bo 9,
Mmusisi wa Banka ya Rasefe,
Baeteledipele ba makala otlhe go tswa go a kgwebo, metshameko, setso le bodumedi,
Ditokololo tsa ditheo tsa sedipolomate,
Baeng ba ba kgethegileng le ba ba tlotlegang,
MaAforika Borwa ka nna, 

Dumelang, good evening, goeienaand, molweni, thobela, xewani!

Ke rata go romela madume a a bothitho go botlhe mo letsatsing le le botlhokwa leno.

Ke tlotla go bua le maAforika Borwa mo Ntlong eno le kwa magaeng a bona le kwa ditikwatikweng tsa go bogela go ralala naga. 

Gape ke amogela ka atla tsoo pedi Barongwa le Baemedibagolo ba ba emetseng dinaga di le 146, tse Aforika Borwa e nang le botsalano jwa sedipolomate natso. Re itumelela go nneng teng ga lona mo nageng ya rona.

Bakaulengwe le ditsala,

Puo eno ya Maemo a Setshaba (SoNA) e diragala mo ngwageng o o botlhokwa mo hisetoring ya naga ya rona, ka ngwagakgolo ya mokgatlho o o busang, wa African National Congress (ANC).

Go tshwaya tiragalo eno, re tlotla tiro ya maAforika Borwa otlhe ya go tlhagisa naga e e gololesegileng, e e sa tlhaoleng ka lotso, e e sa tlhaoleng ka bong, ya temokerasi ebile e humile. 

Re rata go nopola diporesitente tsa maloba tsa ANC tse di eteletseng pele kgaratlho ya rona ya kgololesego le go tlhama botshelo jo bo botoka go ralala ditshika tsotlhe. Re tlotla John Langalibalele Dube, Sefako Makgatho, Zac Mahabane, Josiah Gumede, Pixley ka Isaka Seme, AB Xuma, JS Moroka, Chief Albert Luthuli, Oliver Tambo, Nelson Mandela le Thabo Mbeki.

Re amogela ba malapa a diporesitente tsa maloba tsa ANC ba e leng baeng ba rona ba ba kgethegileng maitseboeng ano.

Gape re lemoga dikarolo tse dingwe tsa mokgatlho wa kgololesego? mokgatlho wa Black Consciousness Movement, o o neng o eteletswe pele ke Rre Steve Biko, yo morwae Samora le ene e leng moeng wa rona yo o kgethegileng, le Pan-Africanist Congress, e e neng e eteletswe pele ke Rre Robert Sobukwe.

Gape re leboga le seabe sa yo mongwe wa Leloko la Palamente wa maloba yo a re tlogetseng, Mme Helen Suzman, yo lentswe la gagwe le neng le utlwala le le nosi mo go yona Ntlo e, le le neng le le kgatlhanong le melao ya kgatelelo.

Ditokololo tse di tlotlegang,
Bakaulengwe le ditsala,

Ngwaga wa 2012 o kgethegile gape gonne o tshwaya segopotso sa bo16 sa Molaotheo wa Rephaboliki, o o tlhagisang ka botlalo dintlhatheo tsa rona tsa temokerasi.

Molaotheo ke polelo ya botlhokwa ya ponelopele ya Aforika Borwa, e e kaelang dipholisi le ditiro tsa rona. Re tlhomamisa maitlamo a rona go tsweletsa dintlhatheo tsa Molaotheo wa naga ya rona ka dinako tsotlhe.

Bakaulengwe le ditsala,

Kwa Lekgotleng la Kabinete ka Ferikgong, re sweditse go dira tshekatsheko ya paka-gare, re lebelela tswelelopele go tloga ka 2009 go fitlha ga jaana, go na le tshekatsheko ya tlwaelo ya ngwaga le ngwaga. 

Tshekatsheko ya paka-gare e supile tswelelopele e e edileng mo dikarolong tse di farologaneng di tshwana le boitekanelo, thuto, ntwa kgatlhanong le bosenyi, matlo, maatla, tlamelo ya metsi, tlhabololo ya metsemagae le tse dingwe.

Le gale, kgwetlho e e maphata mararo ya botlhokatiro, lehuma le go tlhoka tekatekano e ntse e tsweletse, go sa kgathalesege tswelelopele e e diragaditsweng. MaAforika, basadi le baswa ba tswelela go bogisiwa ke kgwetlho eno go gaisa.

Mmusakgotla le Modulasetulo ba ba tlotlegang

Jaaka Kabinete ya bosetshaba, re tsere tshweetso ya gore re tshwanetse go dira go le gontsi go godisa ikonomi ya naga, gore re fedise dikgwetlho tsa botlhokatiro, lehuma le go tlhoka tekatekano mo nageng.

Tseo ke dilo di le tharo tse re yang go itebaganya natso monongwaga le mo dingwageng tse di latelang.

Bakaulengwe,

Fa go ne go bonwa kgololesego ka 1994, Aforika Borwa e amogetse lefa la botlhokatiro leo le le sa leng le gona go tloga ka dingwaga tsa bo1970. Go nna teng ga ditiro go tsweletse go fokotsega ka dingwaga tsa bo1990 le tshimologo ya bo 2000 ka ntlha ya kgolo e e bonya le phokotsego ya ditiro mo meepong ya gauta le mo temothuong.

Le fa ditiro di oketsegile ka lebelo ka motlha wa kgolo ya ikonomi ya 2003 go ya go 2008, botlhokatiro ga bo a fokotsega go ya kwa tlase ga 20%. 

Go thapa go nnile le sekgoreletsi se sengwe ka go wela tlase ga ikonomi ka 2009. 

Ka lesego, puso e tsene mo kwelotlaseng ya ikonomi ya 2008 go ya go 2009 e na le ditshelete tsa setshaba tse di itekanetseng, le kelo e e kwa tlase ya dikadimo tsa madi.

Seno se ne sa kgontsha go tsibogela maemo a ikonomi a a etegelang ka tsela e e obegang. 

Sekao, re okeditse tiriso ya matlole mo tshireletsegong ya loago le mo tlhabololong ya dikago go susumetsa ikonomi, bogolo segolo ka lenaane la tsweletso ya Sejana sa Lefatshe sa FIFA sa 2010. 

Ka ntlha ya mathata a mangwe a no le tlhokego ya go tswa mo maanong a makhutshwane, re tsere tshwetso ka 2009, go tlhama Khomisene ya Bosetshaba ya Maano mme ra e kopa go tlhagisa leano la bosetshaba la tlhabololo la naga, le le ikaegileng ka Molaotheo wa Rephaboliki.

Khomisene e golotse pampiritlhomo ya ntlha ya Leano la Bosetshaba la Tlhabololo gore e sekasekwe, mme yona e lebelela gore re batla go ipona re le kae mo dingwageng di le 20 tse di tlang.

Gape leano le samagana ka tlhamalalo le phediso ya lehuma le go tlhoka tekatekano jaaka dintlha tsa botlhokwa tse di tshwanetseng go totiwa.

Ka jalo, tharabololo ya naga ke kgolo e e kwa godimo le go tlhamiwa ga ditiro, go fokotsa le go fedisa gotlhelele lehuma le go tlhoka tekatekano.

Jaaka mmuso o o tlhabologang o o leng mo bogareng jwa ikonomi e e kopakopaneng, re bona seabe sa rona e le go etelela pele le go kaela ikonomi le go tsereganya mo dikgatlhegong tsa bahumanegi, ka ntlha ya hisetori ya naga ya rona.

Re kaelwa ke maikarabelo ano, ka 2010 re tlhomile letlhomeso la Tsela e Ntshwa ya Kgolo ya Ikonomi mme ra supa makala a a tlhamang ditiro e le tlhabololo ya dikago, bojanala, temothuo, meepo, madirelo le ikonomi e tala.

Re goeleditse ngwaga wa 2011 go nna ngwaga wa go tlhama ditiro, mme ra rotloetsa balekane ba rona ba loago, e leng kgwebo, badiri le lekala la baagi, go dira le rona go diragatsa Tsela e Ntshwa ya kgolo ya Ikonomi.

Dipholo di a rotloetsa, le fa re ise re tswe mo seretseng, ka ntlha ya seemo sa ikonomi ya lefatshe. 

Dipalopalo tsa kgweditharo ya bone tse di golotsweng ka Labobedi, di supa gore seelo sa botlhokatiro se fokotsegile go tswa go 25% go ya go 23,9% ka ntlha ya ditiro tse dintshwa.

Ka ngwaga wa 2011, go thapilwe palogotlhe ya batho ba le 365 000. Seno ke tiragatso e e gaisang ya naga fa e sa le ka kwelotlase ya ikonomi ya 2008. 

Sa botlhokwa gape ke gore ditiro tsotlhe tse dintshwa di mo lephateng le le rulaganeng la ikonomi, mo maphateng a tshwana le meepo, dipalangwa, ditirelo tsa baagi le kgwebisano, go nopola a se kae fela.

Go na le dilo di le pedi tse dikgolo tse re di dirileng sentle ka 2011, tse di abelang katlego eno e e tlhakanetsweng.

Sa ntlha, re tsenyeleditse go tlhamiwa ga ditiro mo setheong sengwe le sengwe sa puso, go akarediwa dikgwebo tsa mmuso.

Sa bobedi, re thatafaditse dipuisano tsa loago le tirisanommogo magareng ga puso, kgwebo le lekala la baagi.

Ditumelano tse di saenilweng ke puso, dikgwebo le badiri malebana le theko, tlhabololo ya bokgoni, thuto ya motheo le ikonomi e tala, di tlhomamisa maikaelelo a rona a a tlhakanetsweng le maikemisetso a go aga naga eno. 

Puso e ka se ke ya rarabolola dikgwetlho tse di lebaneng naga e le nosi, fela fa re dirisana, ditharabololo di ka fitlhelelwa. 

Bakaulengwe,

Nte ke tseye tshono eno go bega ka maitlamo a a dirilweng mo Puong ya Maemo a Setshaba mo ngwageng o o fetileng.

Letlole la Tiro, le re le itsisitseng mo ngwageng o o fetileng, le simolotse go dira ka Seetebosigo. Go setse go amogetswe dikopo di feta 2 500 mo tikologong ya ntlha. Go itlamilwe ka ditekanyetso tsa diporojeke tse di fetang R1 bilione. 

Gape re itsisitse dituelo tsa boleng jwa R20 bilione ka fa tlase ga Karolo ya 12(i) ya Molao wa Lekgetho la Letseno, tse di rulaganyeditsweng go tshegetsa diporojeke tse di ntshwa tsa indaseteri le madirelo, mme go amogetswe diporojeke di le supa tse di nang le boleng jwa peeletso jwa R8,4 bilione.

Melawana ya theko e e maatlafatsang Lefapha la Kgwebo le Indaseteri go emela madirelo a a rileng moo go tlhagisiwang diteng tsa fa gae mo go tsona e simolotse go dira ka Sedimonthole.

Makala a akaretsa a dikhai tsa diaparo, merogo e e mo metemeng, letlalo le ditlhako.

Go nnile le tswelelopele gape mo go kopanyeng ditheo tsa dikgwebopotlana, mme setheo se sentshwa se tla tlhomiwa mo ngwageng ono.

Re ne re itsisitse R10 bilione e e tla beelwang thoko ke IDC malebana le go tlhama ditiro.

Go fitlha ga jaana, go letleletswe bokana ka R1,5 bilione gore ditlamo di le 60 di tsweletse go tlhama ditiro.

Bakaulengwe le ditsala,

Indaseteri ya meepo, e leng nngwe ya batlhami ba ditiro mo Leanong le Lentshwa la Kgolo ya Ikonomi, e na le seabe sa botlhokwa mo tlhabolololeng ikonomi ya loago ya naga. 

Jaaka karolo ya go samagana le kgwetlho e e maphata mararo ya lehuma, go tlhoka tekatekano le botlhokatiro, puso e tlhamile leano la tiriso ya dimenerale go tlhagisa dikungo tse dingwe, le le ikaeletseng go tlamela ka ditshono mo karolong e e kwa tlase ya lekala la dimenerale.

Re sa ntse re itlamile go tlhama lekala la meepo le le amogelesegang le le ka gaisanang mo lefatsheng, le go tsweletsa madirelo go ngokela dipeeletso le go fitlhelela kgolo ya madirelo le diphetogo tse di tlhokegang go gaisa.

Mmusakgotla yo o tlotlegang,
Modulasetulo yo o tlotlegang wa NCOP,

Tiro e e dirilweng mo ngwageng o o fetileng e supa gore fa re ka tswelela go gola sentle, re tla simolola go kwala kgang e ntshwa ka ga Aforika Borwa ? kgang e e ka ga ka moo, ka go dira mmogo, re fedisitseng botlhokatiro le go fokotsa go tlhoka tekatekano mo ikonoming le lehuma. 

Seno se simolola go bonagala gore se ka kgonagala.

Ga re a tshwanelwa go latlhegelwa ke mafolofolo ano.

Mo ngwageng wa 2012 le go feta, re laletsa setshaba go tshwaragana le puso mo letsholong le legolo la tlhabololo ya mafaratlhatlha.

Rre Mmusakgotla le Modulasetulo,

Re ya go tlhoma letsholo le le boitshegang la go aga mafaratlhatlha naga ka bophara. Seno se tla susumetsa seelo sa ikonomi le go tlhama ditshono tsa ditiro. 

Bakaulengwe,

Re tla dirisa boitseanape jwa tsamaiso ya porojeke jo re bo itemogetseng ka nako ya Sejana sa Lefatshe sa FIFA sa 2010 go atlegisa porojeke eno.

Leano le la mafaratlhatlha le tla tsamaisiwa le go okamelwa ke Khomisene ya Moporesitente ya Kgokagaganyo ya Mafaratlhatlha (PICC), e e tlhamilweng ka kgwedi ya Lwetse, e e kopantseng Ditona, Ditonakgolo le Boratoropo ka fa tlase ga boeteledipele jwa Moporesitente le Motlatsamoporesitente.

PICC e tlhagisitse le go tlhabolola maiteko a diporojeke le mafaratlhatlha go tswa mo ditheong tsa puso gammogo le mafapha a bosetshaba, a diporofense le a dipusoselegae.

Tsona di beilwe ka ditlhopha, ka tatelano le ka botlapele go nna mola wa diporojeke tse di kopaneng tsa togamaano.

Re tlhophile manaane a magolo a le matlhano a a totileng mafelo, gammogo le diporojeke tse di totileng mafaratlhatlha a boitekanelo le thuto ya motheo, thekenoloji ya tshedimosetso le tlhaeletsano gammogo le kopanyo ya dikgaolo.

Diporojeke di eme jaana:

Sa ntlha, re rulaganya go tlhabolola le go gokaganya mafaratlhatlha a diporo, ditsela le metsi, a a tla nnang mo dikarolong di le pedi tse dikgolo kwa Limpopo: e leng Waterberg kwa karolong ya bophirima jwa porofense, le Steelpoort kwa karolong ya botlhaba. 

Maiteko ano a ikaeletse go bulela dimenerale tse dikgolo tsa malatlha, polatinamo, paladiamo, khoroumu le dimenerale tse dingwe go kgontsha koketsego ya meepo gammogo le go oketsa tiriso ya dimenerale go tlhagisa dikungo tse dingwe.

Mo go diriseng ditlhabololo tse di kwa Limpopo jaaka motheo, re tla atolosetsa dipalangwa tsa diporo kwa Mpumalanga, go gokaganya meepo ya malatlha le diteisene tsa maatla. 

Seno se tla re kgontsha go tsaya tshweetso ya go tloga mo tirisong ya dipalangwa tsa ditsela go ya go tsa seporo malebana le go rora malatlha, e leng sengwe se se bakileng go onala ga ditsela kwa Mpumalanga.

Dikarolo tse di kwa botlhaba jwa porofense ya Bokone Bophirima le tsona di tla ungwelwa go tswa mo mafaratlhatlheng a a amanang le meepo le tiriso ya dimenerale go tlhagisa dikungo tse dingwe.

Sa bobedi, re tla tokafatsa metsamao ya dithoto le tomaganyo ya ikonomi ka tsela ya ditsamaiso le madirelo ya Durban-Free State-Gauteng. 

Maikaelelo a porojeke eno ke go kopanya mafelo a magolo a ikonomi a Gauteng le Durban gammogo le Pinetown, le go a golaganya le bokgoni jo bo tokafaditsweng jwa thomelontle ka maemelakepe a rona. 

Malebana le seno, ke a itumedisa go itsise Togamaano e e Tlhokegang ya Mebaraka ya Transnet, e e akaretsang peeletso ya diporojeke tsa matlole tsa R300 bilione mo dingwageng di le supa tse di latelang.

Mo matloleng ano, R200 bilione e abelwa diporojeke tsa diporo mme bontsi jwa a a setseng, ke jwa diporojeke tsa kwa maemelakepeng.

Mo lenaneng la diporojeke tse di rulagantsweng, go na le katoloso ya tsela ya thomelontle ya tshipi go tswa go ditone di le dimilione di le 60 ka ngwaga go ya go ditone di le dimilione di le 82 ka ngwaga.

Gape le akaretsa ditokafatso tse di farologaneng mo Tseleng ya Seporo ya Durban-Gauteng Rail le tlhabololo ya dikgato ya tsela e ntshwa ya thomelontle ya mankanisi wa ditone di le dimilione di le 16 ka ngwaga ka Port of Ngqura kwa Nelson Mandela Bay.

Togamaano e e Tlhokegang ya Mebaraka e tla baka go tlhamiwa ga ditiro tse dingwe mo ikonoming ya Aforika Borwa, gammogo le tiriso ya tsa fa gae le Maatlafatso ya Ikonomi ya Bantsho. Gape e tla baya Aforika Borwa go nna lefelo la phetiso ya dithoto la kgaolo ya Karolo ya Sahara ya Aforika le go diragatsa lenanetiro la Nepad la kgokaganyo ya kgaolo.

Gape re ntse re lebeletse botlhokwa jwa go fokotsa ditefiso tsa maemelakepe jaaka karolo ya go fokotsa ditshenyegelo tsa go dira kgwebo. Ntlha ya ditefiso tse di kwa godimo tsa maemelakepe ke nngwe ya tse di tlhagisitsweng ke lekala la dikoloi kwa Port Elizabeth le Uitenhage motsing yoo ke neng ke etile mo go eletlhokong tiragatso kwa lekaleng leo mo ngwageng o o fetileng.

Mo ntlheng eno, ke a itumedisa go itsise gore Molaodi wa Maemelakepe le Transnet ba dumelane ka thulaganyo e e tla bakang gore baromelantle ba dilwana tse di tlhagisitsweng, ba amogele phokoletso e e bonalang ya ditefiso tsa maemelakepe mo ngwageng o o tlang, e e lekanang le bokana ka R1 bilione. 

Sa boraro, re tla tlhama ntlha e ntshwa e kgolo ya borwa botlhaba e e tla tokafatsang tlhabololo ya madirelo le temothuo le bokgoni jwa thomelontle mo kgaolong ya Kapa Botlhaba, mme e atolose dikgokagano tsa porofense eo tsa ikonomi le dithulaganyo go ama Kapa Bokone le KwaZulu-Natal. 

Kwa kgaolong ya Transkei wa maloba kwa Kapa Botlhaba, re itlamile go aga letamo re dirisa Noka ya Umzimvubu jaaka motswedi, gore re atolose tlhagiso ya temothuo.

Go tlaleletsa foo, tiragatso ya Porojeke ya Tsosoloso ya Mthata, e e leng porojeke e e kgethegileng ya Moporesitente, e tsweletse pele sentle. 

Tiro ya go tokafatsa merero ya metsi, bophepa, motlakase, bonno jwa batho, tlhabololo ya boemafofane le merero ya ditheo le puso e mo kgatong e e tsweletseng thata. 

Sa bone, kwa Bokone Bophirima, re tla atolosa go anamisiwa ga mafaratlhatlha a metsi, ditsela, diporo le motlakase. Go tla ntshwafadiwa ditsela di le lesome tsa ditlapele.

Sa botlhano, re bona ditshono tse dikgolo mo lebopong la bophirima la naga le tlhokego ya go tokafatsa mafaratlhatlha go bulela ditshono tseno. 

Maano a rona a akaretsa katoloso ya seporo se se tla tsamaisang tshipi magareng ga Sishen kwa Kapa Bokone le Saldanha Bay kwa Kapa Bophirima, e leng sone se se tla tlhamang ditiro di le dintsi mo diporofenseng tseo. 

Bokgoni jwa tshipi mo karolong ya dipalangwa bo tla oketsa thomelo go ya go ditone di le dimilione di le 100 ka ngwaga. 

Seno se tla kgontsha katoloso ya meepo ya tshipi mo ngwagasomeng o o tlang go tlamela dinaga tse di tlhabologang ka kgolo ya peeletso ya mafaratlhatlha le ditiro tsa madirelo.

Bakaulengwe,

Gape re tlhagisitse diporojeke tsa botlhokwa tsa mafaratlhatlha a loago. Tsona di akaretsa diporojeke tse maikaelelo a tsona e leng go tlhoma motheo wa thulaganyo ya Insorense ya Bosetshaba ya Boitekanelo di tshwana le ntshwafatso ya dipetlele le magae a baoki.

Go abilwe bokana ka R300 milione malebana le tiro ya go baakanyetsa go agiwa ga diyunibesithi tse pedi kwa Mpumalanga le kwa Kapa Bokone.

Porojeke e nngwe ya mafaratlhatlha e e nang le kgonagalo e kgolo ke tlhagiso ya Aforika Borwa ya go batla go amogela Square Kilometre Array radio telescope ka tirisanommogo le dinaga tse dingwe di le robedi tsa Aforika. Tlhagiso e e fentseng e tla begwa mo kgweding e e tlang. Re le kopa go tshegetsa tlhagiso eno ya naga.

Sa bofelo, tiro ya rona ya mafaratlhatlha e atologa go kgabaganya melelwane ya rona. Aforika Borwa e eteletse pele Tsela ya Bokone-Borwa le Tsela ya Seporo, tse e leng karolo ya maiteko a Mokgatlho wa Kitlano ya Aforika a Nepad Presidential Infrastructure Championing.

Tiro mo ntlheng eno e akaretsa diporojeke tse di amanang tse di akaretsang ditsela, diporo, dikgabaganyo tsa melelwane, maatla le dithekenoloji tsa tshedimosetso le tlhaeletsano.

Bakaulengwe,

Peeletso e kgolo mo mafaratlhatlheng e tshwanetse go tlogela go go fetang diteisene tsa maatla, diporo, matamo le ditsela. E tshwanetse go dira gore naga e nne le madirelo, e dire bokgoni le go tlhotlheletsa go tlhamiwa ga ditiro go go tlhokegang thata.

Ke tla bitsa samiti ya Boporesitente ya mafaratlhatlha go buisana ka tiragatso ya leano le babeeletsi ba ba nang le kgatlhegelo le balekane ba loago.

Mmusakgotla yo o tlotlegang, Modulasetulo yo o tlotlegang wa NCOP,

Jaanong ke rata go bua ka merero e e amanang le katoloso ya ditirelo tsa motheo, go samagana le go tlhoka tekatekano, kagiso le tshireletsego gammogo le kopano ya loago.

Ke amogetse dipoledisano di le dintsi tse di mosola fa ke ntse ke baakanyetsa Puo eno ya Maemo a Setshaba. Tlhaeletsano e e jalo e re kgontsha go nna re golagane le batho ba rona le ditlhokego tsa bona.

Ke amogetse imeile e e amanang le bothata jwa matlo go tswa go Mzukisi Mali, modiredipuso go tswa kwa kgaolong ya Fingo kwa Grahamstown. O kwadile jaana:

?Ka 1994 letseno la me le ne le le kwa godimo thata gore nka bona ntlo ya RDP mme le le kwa tlase thata gore nka bona bonto, seno se tsweletse go fitlha gompieno jaana. Ke na le bana ba le bararo mme mosadi wa me ga a dire. 

Fa ke dira kopo ya RDP ke bolelelwa gore ga ke na tshiamelo mme ga ke kgone go bona bonto gonne dibanka di re ke matshosetsi...??

Ka lesego, re dirile leano lengwe go samagana le bothata jo Rre Mali le ba bangwe ba lebaneng nabo.

Ka 2010, re itsisitse letlole la netefaletso la R1 bilione go tsweletsa phitlhelesego ya dikadimo tsa madi.

Re motlotlo go bega gore letlole leno le tla simolola go dira ka Moranang, le tsamaisiwa ke Koporasi ya Bosetshaba ya Ditshelete tsa Matlo. Sekema se tla kgontsha dibanka go adima batho ba ba mo seemong se se tshwanang le sa ga Rre Mali. 

Go tlaleletsa foo, go tloga ka Moranang, batho ba ba amogelang magareng ga R3 500 le R15 000, ba tla kgona go bona ketleetso ya go fitlha go R83 000 go tswa kwa diporofenseng, go ba kgontsha go bona ditshelete tsa matlo go tswa mo bankeng e e tlhomamisitsweng. 

O se ke wa itlhoboga Rre Mali, wena mmogo le ba bangwe ba le bantsi, seemo seno se tla tokafala ka ntlha ya matlole ano a a tla bonwang go tswa kwa dipusong tsa diporofense gammogo le sekema se se ntshwa sa ketleetso se se tla dirang gore go nne bonolo gore dibanka di le adime madi.

Bakaulengwe,

Go na le matshwenyego a a sa feleng go tswa kwa bagwebing le baaging malebana le ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa motlakase.

Ke kopile Eskom go batla ditsela tse dingwe tsa go bona gore tlhokego ya koketsego ya tlhotlhwa e ka fokodiwa jang mo dingwageng di se kae tse di tlang, go tshegetsa kgolo ya ikonomi le go tlhamiwa ga ditiro mme ba nneye ditshitshinyo tsa bona gore ke di sekaseke.

Re tlhoka leano la tlhotlhwa ya motlakase le le tla netefatsang gore Eskom le madirelo di tswelela go ikgona mo go tsa ditshelete ka tsela ya leruri, fela motlakase o se tlhotlhwagodimo bogolo segolo go bahumanegi.

Le gale, gore re nne le phitlhelelo ya leruri, go tla tlhokega tumelano le maAforika Borwa otlhe ? go akarediwa kgwebo, badiri, makgotlatoropo, baagi le badirisi botlhe le batlamedi.

Re tshwanetse go boloka motlakase.

Mo dingwageng tse di latelang tse pedi, go fitlhelela diteisene tsa motlakase tsa Medupi le Kusile di simolola go dira, thulaganyo ya motlakase e tla bo e pitlagane e le ruri.

Re tshwanetse go diragatsa karolo ya rona go tila go timiwa ga motlakase.

Go oketsa bokgoni jwa maatla, re tshwanetse go tswelela go batla metswedi ya maatla a a ntshwafadiwang, bogolo segolo motlakase wa letsatsi le bayofuele jaaka re diragatsa Tumelano ya Ikonomi e Tala le baamegi mo go tsa ikonomi. 

Go fitlha ga jaana, re setse re tlhomile dikisara tse di dirisang maatla a letsatsi di feta 220 000 naga ka bophara. Puso e ipeetse phitlhelelo ya dikisara di le milione e le nngwe ka 2014 go ya go 2015. 

Ditokololo tse di tlotlegang,
Bakaulengwe,

Puso e tswelela go atolosa phitlhelesego ya tlamelo ya metsi a motheo. Le gale, go bontsha gore phitlhelelo ya metsi e sa ntse e le kgwetlho mo mafelong a mangwe.

Imeile e e tswang kwa go Mmatsheko Pine go tswa kwa Hammanskraal ke sekai sa seo.

Mokwadi a re:?Go na le lefelo le le bidiwang Ngobi gaufi le Hammanskraal, ka fa tlase ga Lekgotlatoropo la Selegae la Moretele, batho ba ba nnang mo lefelong leno ba setse ba godile mme bontsi bo a lwala. 

Lefelo leno le na le dingwaga di le pedi le se na metsi. Batho ba itshepetse mo puleng go beeletsa metsi. 

Go tlhomilwe dipeipi tsa metsi le metshini fela gatwe bothata ke maatla a go pompa metsi. Ka kopo a kantoro ya gago e ka nna molemo go re thusa ka se se tlhokagalang??.

Ke kopile Tona ya Metsi le Merero ya Tikologo go batlisisa ntlha eno ka maikaelelo a go bona tharabololo ya ka bonako.

Katoloso ya metsi e diegile kwa dikarolong dingwe tsa naga ka ntlha ya tlhaelo ya mafaratlhatlha. Go samaganwe le ntlha eno. Sekao, Go rulagantswe dikema tse dintshwa tse tlhano tsa katoloso ya metsi. 

Tsona ke tsa Olifants River Water Resource kwa Steelpoort kwa porofenseng ya Limpopo, Vaal River Eastern Sub-System ya Secunda kwa Mpumalanga, Komati Water Augmentation Scheme ya Nkangala kwa Mpumalanga, go godisiwa ga Letamo la Hazelmere kwa KwaZulu-Natal le Letamo la Clan William kwa Clan William kwa Kapa Bophirima. Go tlaleletsa foo, go setse go tsosolositswe matamo a le robongwe go tswa go a le 25.

Malebana le dikitsiso tse di dirilweng ka nako ya Khonferense ya Phetogo ya Tlelaemete ya Ditshabakopano ya COP17, go tla beelediwa bokana ka R248 milione mo dingwageng di le pedi tse di latelang go samagana le ntlha ya keleloleswe ya meepo ya asiti kwa Witwatersrand. 

Nte ke tseye tshono eno go akgola Komiti ya Ditona ya COP17 go bo ba netefaditse gore khonferense eno e atlega thata. 

Dipoelo tsa bofelo tsa COP17 e nnile tiragalo ya hisetori mme di tlhomile motlhala, di bewa mo selekanong sa khonferense ya 1997 koo go amogetsweng Tumelano ya Kyoto gona. 

Go agelela mo katlegong ya COP17, Aforika Borwa o tla nna le seabe mo Samiting ya Rio plus 20 kwa Brazil, e e tla bong e tshwaya segopotso sa bo10 sa Samiti ya Lefatshe e e ka ga Tlhabololo ya Leruri.

Mmusakgotla yo o tlotlegang le Modulasetulo yo o tlotlegang,

Go tsepamisa mogopolo ga rona mo thutong go ungwa maungo. 

Re motlotlo go bega gore seelo sa diperesente sa go falola lekwalo la Materiki se a tlhatloga. Re akgola barutabana, barutwana, batsadi le baagi ka matsapa a bona. 

Re tla tswelela go beeletsa go tlhagisa barutabana ba le bantsi ba ba ka rutang Dipalo, Saense le dipuo tsa seAforika.

Bakaulengwe

Boikuelo jwa rona jwa gore barutabana ba nne kwa dikolong, mo diphaposiborutelong, ka nako, ba ruta sebaka sa bonnye ba diura di le supa ka letsatsi bo sa ntse bo le botlhokwa go netefatsa katlego. Re leboga mekgatlho ya barutabana mo go tshegetseng letsholo leno.

Phitlhelelo e kgolo ke koketsegogabedi ya kwadiso ya barutwana ba Mophato wa R, go tswa go 300 000 ka 2003 go ya go 705 000 ka 2011. Re lebega re le mo tseleng ya go fitlhelela diphitlhelelo tse re di beileng tsa go fitlhelela 100% ya Mophato wa R ka 2014.

Go lwantsha lehuma le go tlhoka tekatekano le go tshola barutwana kwa sekolong, barutwana ba feta dimilione di le robedi ba tsena dikolo tse di sa duelelweng mme ba ba fetang dimilione di feta robedi ba ungwelwa mo sekemeng sa puso sa go fepa baithuti kwa dikolong.

Ngwaga o o fetileng puso ya bosetshaba e diragaditse tsereganyo ya Karolo ya 100 (1)(b) kwa Kapa Botlhaba go thusa Lefapha la Thuto go tokafatsa tlamelo ya thuto. 

Mathata a akareditse go se isiwe ga dibuka tsa sekolo, go se duelelwe ga dipalangwa tsa barutwana, bontsi jo bo feteletseng jwa barutabana le setlwaedi se se bokowa ka kakaretso sa go ithuta le go ruta.

Tiragatso ya tsereganyo e tla tswelela mme re dira sentle le porofense mo ntlheng eno. Re ikemiseditse gape go tokafatsa seemo sa thuto kwa Kapa Botlhaba. Re ikuela mo baameging botlhe go dira le rona go dira gore paakanyo eno e atlege.

Bakaulengwe,

Ka nako ya Sejana sa Lefatshe sa Kgwele ya Dinao sa FIFA sa 2010, re sweditse gore boswa jwa Aforika Borwa e tla nna go tsweletsa phitlhelelo ya thuto go botlhe.

Ga jaana go tsena sekolo mo nageng go gaufi le 100% mo karolong e e patelesegang, ya dingwaga tse supa go ya go 15. Fela re sa ntse re tshwenngwa ke pegelo ya General Household Survey ya 2010 ya gore bana ba feta 120 000 mo karolong eo ga ba tsene sekolo.

Go lebega bothata e le barutwana ba ba tswang mo sekolong ba Mophato wa 10, bogolo segolo kwa magaeng le kwa dipolaseng tsa Kapa Bophirima.

Puso ya Bosetshaba e tla dirisana mmogo le Puso ya Kapa Bophirima, go latedisa barutwana bano le go ba naya tshegetso gore ba se ke ba latlhegelwa ke isago ya bona.

Malebana le Thuto e Kgolwane, re feta diphitlhelelo tse di beilweng. Barutwana ba ba gaufi le 14 000 ba ne ba tsentswe mo ditshonong tsa go ithutela mo tirong mo ngwageng o o fetileng, mme ba ba dirang ka diatla ba feta 11 000 ba konoseditse diteko tsa bona tsa tiro. 

Re itumelela go bona gore go na le palo e e oketsegang ya baswa ba ba ithutang bokgoni mo dikholetsheng tsa Thuto le Katiso e e Tswelelang.

Re ikuela go lona batsadi go rotloetsa bana go ithuta kwa dikholetsheng tseno. Ga ba a tshwanela go akanya gore katiso e ka bonwa fela kwa diyunibesithing.

Re a bo tlhoka bokgoni jo bo bonwang kwa dikholetsheng tseno.

Go atolosa phitlhelesego ya thuto ya ditheo tse dikgolwane go ya ka kitsiso ya rona ya ngogola, go dirisitswe R200 milione go thusa baithuti ba le 25 000 go duela melato ya bona kwa ditheong tsa thuto e kgolwane.

Bakaulengwe le ditsala,

Re akgola lekala la boitekanelo gammogo le Lekgotla la Bosetshaba la AIDS la Aforika Borwa le le eteletsweng pele ke Motlatsamoporesitente wa Rephaboliki ka katlego ya lenaane la HIV le AIDS. 

Fa re ntse re dira sentle jaana malebana le kalafi le thibelo ya tshwaetso ya mme-go-ngwana, maiteko a kakaretso a thibelo a tshwanetse go okediwa. 

Gape re rata go rotloetsa maAforika Borwa go tshela matshelo a a itekanetseng go fokotsa go angwa ke malwetse a a sa tshelanweng a tshwana le bolwetse jwa sukiri, bolwetse jwa pelo le bolwetse jwa kgatelelo ya madi.

Bakaulengwe le ditsala,

Ngwaga wa 2013 o tla tshwaya ngwagakgolo wa Molao wa Lefatshe wa Bantsho wa 1913, o o tseetseng maAforika bokana ka 87% ya lefatshe.

Molaotheo o tlhagisa gore Mmuso o tshwanetse go netefatsa pusetso ya ditshwanelo tsa lefatshe go bao ba tseetsweng lefatshe ke molao wa 1913.

Re phasaladitse fela bokana ka 8% mo go 30% e re neng re e ipeetse ya pusetso ya lefatshe ka 2014. Thulaganyo e bonya mme e tsaya lobaka ebile go na le tumelano ka kakaretso gore tlhopho ya moreki yo o batlang-morekisi yo o batlang eo e seng tsela e e siameng ya go samagana le ntlha eno.

Ke ka moo re itsisitseng letlhomeso le lentshwa la pholisi, e leng Letlakala le le Tala la Kabo ya Lefatshe.

Re ikuela mo setshabeng go nna le seabe mo thulaganyong ya go tokafatsa phasalatso ya lefatshe go busetsa morago ditlamorago tsa Molao wa 1913.

Mmusakgotla yo o tlotlegang,
Bakaulengwe,

Malebana le diphetogo mo ikonoming, re baakanya Molao wa Tshegetso e e Atolositsweng ya Bantsho mo Ikonoming. Dipaakanyo, gareng ga tse dingwe, di tlhama khomisene ya semolao e e tla samaganang le ba ba sa obameleng le ba ba tilang molao. 

Molao o o tshitshinngwang o tlile gape go dira gore go tiriso ya go baya bajalefa fa pele (fronting) le mefuta e mengwe ya tlhagiso e e fosagetseng ya maatlafatso di tsewe jaka bosenyi.

Malebana le merero ya bogole, re laetse mafapha otlhe a puso go netefatsa gore re fitlhelela diphitlhelelo tse re di ipeetseng dingwaga di le mmalwa tse di fetileng tsa gore bokana ka 2% ya batho ba ba thapilweng mo Bodireding ba Puso e nne batho ba ba nang le bogole. 

Gape re samagane le gore go nne le Molaotlhomo wa Maatlafatso ya Basadi le Tekatekano ya Bong, go tsweletsa gore o obamelwe mo maphateng a puso le a poraefete le go dira tlamelo ya katlholo fa o sa obamelwe. 

Go sa le jalo, Thulaganyo ya Nedlac ya Mefuta e e sa Tlwaelegang ya Go Thapa le Thapo ka Khiro jaanong e konoseditswe. 

Puso e batla go fedisa mefuta yotlhe ya ditiragatso tse di sotlakakang tse di fitlhelwang mo go thapiweng ka khiro (labour broking), gore go thatafadiwe tshireletso ya badiri ba ba mo matshosetsing. Re solofela gore re tla fitlhelela tumelano mo ntlheng eno mo ngwageng ono.

Bakaulengwe,

Ka 2009, re dirile maitlamo a go oketsa ntwa kgatlhanong le bosenyi le bobodu.

Dipalopalo tsa bosenyi tsa paka ya 2010/11 di supa gore naga ya rona e itemogetse kwelotlase ya 5% mo palong ya dikgetse tse di begilweng tsa bosenyi jo bo tseneletseng fa go bapisiwa le ngwaga o o fetileng. 

Le gale re ka se ke ra repa. Re tswelela go diragatsa manaane a rona a go netefatsa gore maAforika Borwa a ikutlwa a gololesegile e bile a babalesegile.

Gape re tswelela go tokafatsa tiragatso ya Mmuso ka ditsela tse di farologaneng, go akarediwa ntwa kgatlhanong le bobodu.

Setlhopha sa Tiro sa Ditheo-Dintsi se se ka ga ditheko, se se eteletsweng pele ke Matlotlo a Bosetshaba, Sars le Tikwatikwe ya Matlhale a Ditshelete, se sekaseka thulaganyo yotlhe ya ditheko ya mmuso go netefatsa gore go nna le boleng jwa madi mo ditshenyegelong tsa mmuso.

Maiteko a akaretsa go batlisisa badiredi ba ba dirang ka ditheko mo mafapheng a puso. 

Go tsweletsa tshireletsego go feta, Lefapha la Merero ya Selegae le saenile Memorantamo wa Ditumelano le indaseteri ya dibanka, go atolosetsa Thulaganyo ya Tlhomamiso ya Kgatisomonwana ya Inthanete kwa dibankeng tsotlhe tse di nang le seabe, go thusa ka thibelo le temogo ya boferefere. 

Bakaulengwe le ditsala,

Re dira le diporofenseng tse di farologaneng go tokafatsa bolaodi, dithulaganyo le tsamaiso.

Tsona di akaretsa Gauteng, go tokafatsa tlamelo ya ditirelo tsa boitekanelo, Foreisetata malebana le dipalangwa le ditsela le Limpopo go tokafatsa taolo le tsamaiso ya ditshelete mo mafapheng a le matlhano, go akarediwa le Matlotlo a Porofense. 

Re amogela Tlhomo Itlho e e tlhamilweng ke Cosatu, gammogo le tumelano ya fa gautshwane magareng ga puso le kgwebo go tsenya tirisong manaane a twantsho ya bobodu. 

Ditsereganyo tseno di tla tshegetsa tiro ya puso ya go lwantsha bobodu.

Bakaulengwe le ditsala,

Jaaka karolo ya go tsweletsa kutlwano ya loago, mo gwageng ono re tla simolola le go tsweletsa diporojeke di le dintsi tsa ngwaoboswa.

Dimusiamo le ditikwatikwe tse di tshwanetseng go bulwa di tla akaretsa Musiamo wa 1980 Matola Raid kwa Maputo, Musiamo wa Ncome kwa KwaZulu-Natal, kgato ya bobedi ya Musiamo wa Freedom Park le Tikwatikwe ya Ngwaoboswa ya Steve Biko kwa Ginsberg kwa King Williamstown.

Gape re dirile matlo le mabitla a diporesitente tsa pele tsa ANC le bagaka ba bangwe ba bosetshaba go nna ditlapele, mme bona ba akaretsa Thomas Maphikela, Lillian Ngoyi, Walter le Albertina Sisulu, Griffiths le Victoria Mxenge, Robert Sobukwe le ba bangwe. 

Ditsha tsa Segopotso tse di tla dirwang ditlapele di akaretsa tsa Dikhuduego tsa Mapondo (Pondo Revolt), ditsha tsa dintwa tsa melelwane, Dikhuduego tsa 1913 tsa basadi ba maAforika kwa Foreisetata, Dikhuduego tsa 1957 tsa basadi ba ba neng ba le kgatlhanong le go tsholwa ga Dipasa kwa Zeerust, Rocklands Civic Centre kwa Mitchells Plain koo mokgatlho wa United Democratic Front o tlhamilweng gona le Gugulethu Seven Monument kwa Motsekapa.

Gape re mo thulaganyong ya go reka le go tsosolosa Ntlo ya ga Winnie Mandela kwa Brandfort, Ntlo ya ga Ngaka Moroka kwa Thaba Nchu le Ntlo ya ga Bram Fischer kwa Westdene.

Diporojeke tsa tlaleletso di akaretsa go tlhomiwa ga Dube Tradeport le go sirololwa ga sifikantswe sa ga John Dube kwa Boemelafofaneng jwa Boditshabatshaba jwa King Shaka kgwedi e e tlang gammogo le go reelelwa seswa ga legae la boporesitente la Kings House kwa Durban ka Ngaka Dube.

Ntlo ya Baeng ya Moporesitente kwa Pretoria e tla reelelwa ka Rre Sefako Makgatho mme Ntlo ya Baeng ya Badipolomate kwa Pretoria e tla reelelwa ka modipolomate yo o neng a le tlhaga Rre Johnny Makatini.

Gape puso e tla tlhagisa Molaotlhomo wa Bosetshaba wa Merero ya Setso, o o dirang tlamelo ya go lemogwa ga merafe ya maKhoi-San, boeteledipele le dipopegotheo tsa yona.

Go botlhokwa gore re gakologelwe gore batho ba maKhoi-San ba sotlilwe thata ke bakoloniale ba ba lekileng go ba nyeletsa, ebile ba nyatsa boitshupo le puo ya bona. Jaaka Aforika Borwa o o gololesegileng le wa temokerasi gompieno, ga go na gore re ka ikgatholosa go siamisa tsa maloba.

Ke buisane le morafe wa maKhoi-San ka ntlha eno thata fa ke ne ke kopane nabo kwa Motsekapa mo ngwageng o o fetileng mme re dumelane go dira mmogo go siamisa go tlhoka bosiamisi ga maloba.

Bakaulengwe,

Ngwaga o o tlang, wa 2013, bonno jwa puso, e leng dikago tse di tlotlometseng tsa Union Buildings, bo tla bo bo na le dingwaga di le 100 bo ntse bo le gona mme dithulaganyo tsa keteko ya ngwagakgolo di tla simolola monongwaga. 

MaAforika Borwa ka nna,

Re tshwanetse go diragatsa botoka mo metshamekong monongwaga! Naledi ya rona, Oscar Pistorius, o re tlhometse seemo sa ngwaga ka go gapa Sekgele sa 2012 Laureus Sportsperson of the Year with a Disability Award. Re go akgolela phitlhelelo eno.

Gape re akgola setlhopa sa bosetshaba sa kgwele ya dinao sa basadi, Banyana Banyana, mo go kgoneng go nna le tshiamelo ya DiOlimpiki tsa London lekgetlo la ntlha. Ka tshegetso ya rona, ba tla dira sentle.

Re neilwe tlotla ya go amogela Sejana sa Naga ya Aforika mo ngwageng o o tlang, fa re tla bo re le mo bogatong ba Libya ka ntlha ya fa ba sa kgone go dira jalo.

Bakaulengwe, 

Ntetleng go dirisa tshono eno go akgola go tswa kwa botennye jwa pelo le go eleletsa masego Mama Rebecca Kotane, Mosadi wa ramatlotlokakaretso wa maloba wa ANC, Moses Kotane, yo gape e neng e le mokwaledikakaretso wa SACP, yo o tla bong a na le dingwaga di le 100 ka Sontaga sa di12 tsa Tlhakole.

Ngwagakgolo o mongwe ke wa Mokgatlho wa Makawana wa Kereke ya Methodist ya Borwa jwa Aforika, Amadodana aseWesile.

Keteko e nngwe ya ngwagakgolo ke ya Omama Besililo ba United Congregational Church of South Africa.

Botlhe re ba eleletsa katlego mo meletlong ya bona.

Bakaulengwe,

Re rulagantse lenaane le le tlhaga la tiragatso ya mafaratlhatlha go tloga jaanong go fitlha ka 2014 le go feta.

Ke rata go ikuela go batho botlhe ba rona go tshwaragana jaaka ba dira ka metlha, jaaka re samagana ka maikemisetso le dikgwetlho tse di maphata mararo tsa botlhokatiro, lehuma le go tlhoka tekatekano. Ga gona ope yo o tla re direlang seno, go mo diatleng tsa rona. Mme rotlhe re siametse tiro eo.

A e re fa re boela ditirong kamoso, re akanye mafoko a moporesitente wa ntlha wa Llega ya Basadi ya ANC, Charlotte Maxeke yo o buileng jaana fa a ne a tlhagisa puo ya Boporesitente kwa Lekgotleng la Bosetshaba la Basadi ba maAforika. 

?Tiro eno ga se ya lona ? fedisang go ipeeng kwa pele, mme le se ke la tshela kwa godimo ga batho ba bo lona, tshelang nabo. Fa o ka kgona go ema, emisa yo mongwe.??

Ke a leboga.

Issued by: The Presidency

Additional Formats

 

Share this page

Similar categories to explore