Puo ya Maemo a Setshaba ka Motlotlegi Jacob G Zuma, Moporesidente wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, Bonno jwa Motlhakanelwa jwa Palamente, Motsekapa

10 Feb 2011

Mmusakgotla yo o tlotlegang wa Kokoano Bosetshaba,
Monnasetulo wa Lekgotla la Bosetshaba la Diporofense (NCOP),
Motlatsammusakgotla wa Kokoano Bosetshaba gammogo le Motlatsamonnasetulo wa NCOP,
Motlatsamoporesidente wa Rephaboliki, Motlotlegi Kgalema Motlanthe,
Moporesidente wa maloba Thabo Mbeki,
Motlatsamoporesidente wa maloba FW de Klerk,
Motlatsamoporesidente wa maloba Baleka Mbete,
Motlotlegi Moatlhodimogolo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, gammogo le maloko a a tlotlegang a Boatlhodi,
Ditonakgolo tse di tlotlegang le Babusakgotla ba Diporofense tsa rona,
Monnasetulo wa Salga, gammogo le boeteledipele jotlhe jwa pusoselegae,
Monnasetulo wa Ntlo ya Bosetshaba ya Dikgosi; Ditlhogo tsa Ditheo tsa Karolo ya bo9,
Mmusisi wa Banka ya Rasefe, Gill Marcus,
Ditlhogo tsa ditheo tsa rona tsa tshireletso,
Boeteledipele jwa ditheo tsotlhe ? badiri, kgwebo, metshameko gammogo le baeteledipele ba sedumedi,
Maloko ditheo tsa sedipolomate,
Bobegakgang jwa Aforika Borwa le jwa dinaga disele,
maAforika Borwa ka nna,

 

Dumelang, good evening, goeie naand, molweni, thobela.

 

Ke leboga Mmusakgotla yo o tlotlegang wa Kokoano Bosetshaba le Motlotlegi Monnasetulo wa NCOP, go bona tshono e go abelana tshekatsheko le Lenaneo la Tiro la ngwaga o le maAforika Borwa ka nna gammogo le baeng ba boditshabatsthaba.

Ke kopile Bonno jwa Motlhakanelwa mo maitseboeng gape gore botlhe, go akaretsa baithuti le badiri, ba tle ba nne nne le tshono ya go ikutlwela ka bobona fa puso ya bona e bua ka ga dintlha tse di amang matshelo a bona.

Re leboga Batlhankedi bakaedi go re naya tshono e.

Ntetleng, mo boemong jwa puso, go amogela gape Maloko of Palamente mo toropokgolong e ntle ya Motsekapa.

Re rata go leboga maAforika Borwa otlhe a a tsereng karolo mo Puong ya Maemo a Setshaba e le ka tiriso ya bobegakgang, bobegakgang jwa loago jaaka Facebook le Twitter, gammogo le kgolagano ya ka tlhamalalo.

Ditlhagiso tsa bona di thusitse thata.

Ka moso e tlabo e le dingwaga tse 21 fa e sale mamoratwa wa rona Moporesidente Nelson Mandela a ne a gololwa kwa kgolegelong.

E ne e le motsi wa hisetori e bile e le o o kgethegileng thata mo nageng ya rona, o o bontshitseng phenyo ya batho ba rona kgatlhanong le bogagapa le kgatelelo ya tlhaolele.

Ditiragalo tsa letsatsi leo di baakanyeditse go tsenngwa ga ponelopele ya Aforika Borwa o o gololosegileng, o a sa tlhaloeng go ya ka morafe, o o sa tlhaoleng go ya ka bong, wa setemokerasi, o o kopaneng e bile o tsweletse pele.

Re tsene mo ngwageng wa bo17 wa kgololosego, re ipaakanyeditse go tswelela go kgweetsa go dira gore Aforika Borwa e nne naga e e atlegileng le go tswelela pele, re agelela mo motheong o o neng wa alwa ke Moporesidente Mandela.

Jaaka re tshwaya phitlhelelo e, re fetisa melaetsa ya keleletso masego go Ntate Madiba le ba lelapa la gagwe, e bile re mo eleletsa go kokotlegela ka bonako.

Bakaulengwe,

Re tlhoka go amogela nnete ya gore Moporesidente Mandela ? yo rotlhe re mo ratang, ba bannye le ba bagolo, banna le basadi, bantsho le basweu ? ga a sa tlhole a le monnye. Gangwe le gape, o tla etela ditirelo tsa kalafi go dira ditlhatlhobo, tse di tlwaelegileng mo mothong wa dingwaga tsa gagwe.

Re tshwanetse go mo letla go dira jalo ka seriti, le go naya ba lelapa gammogo le ba setlhopha sa kalafi sebaka sa go mo tlhokomela mo boemong jwa rona, le go dira se mo sephiring.

Re mo kolota se, fa re lebeletse lerato la gagwe mo nageng e gammogo le batho ba yona, le dilo tse a di diretseng Aforika Borwa, Aforika le lefatshe.

Re leboga ba lelapa, setheo sa Nelson Mandela Foundation gammogo le setlhopha sa kalafi ka ntlha ya tiro e e manontlhotlho e ba e dirang, mo go tlhokomeleng senatla se sa boditshabatshaba, se re leng motlotlo go se bitsa sa rona.

Re batla go netefaletsa setshaba gore Madiba o amogela tlhokomelo ya kalafi e e gaisang e bile e phuthologile.

MMOGO RE FITLHELETSE GO LE GONTSI

Bakaulengwe,

Re tswelela go dira kgatelopele e e bonalang jaaka re dira go lebisa kwa setshabeng se se tsweletseng pele go gaisa. Motheo wa sepolotiki o tiile. Re agile temokerasi ya Molaotheo e e matlhagatlhaga, e bile e dira ka botlalo.

Re na le ditheo tse di tsepameng sentle tse di tshegetsang temokerasi le go sireletsa ditshwanelo tsa baagi ba rona, jaaka Kantoro ya Mosireletsi wa Setshaba, Khomisene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa, Kantoro ya Morunikakaretso, Khomisene ya Tlhotlheletso ya Tshireletso ya Ditshwanelo tsa Setso, Bodumedi le Dipuo tsa Baagi, gammogo le Khomisene ya Bong.

Ntle le go retelelwa, ditlhopho tsa bosetshaba di tshwarwa dingwaga tse tlhano dingwe le dingwe, go kgontsha maAforika Borwa go tlhopha puso ya tlhopho ya bona, mme di tsamaisiwa ke Khomisene e e Ikemetseng ya Ditlhopho.

Re na le Palamente e e matlhagatlhaga e bile dira gore kabinete e ikarabele. Re na le boatlhodi jo bo ikemetseng, jo e leng motsereganyi wa makgaolakgang yo o ikanngwang mo dikgotlhannyeng tsotlhe mo setshabeng sa rona. Re na le bobegakgang jo kgololosego ya bona e konotetsweng mo Molaotheong.

Fa go tla mo ditirelong tsa motheo, le fano re bontsha kgatelopele. Ke batho ba tlaleletso ba feta 400 000 ba ba tlametsweng ka metsi a motheo ngogola. Ke bokana ka 81% mo nageng e e tlametsweng ka motlakase fa go tshwantshanngwa le 63% mo ngwageng wa 2000.

Dipalopalo tsa bosenyi di bontsha kwelotlase mo bosenying jo bontsi, bogolosegolo mo kgothosong ya fa go tlhometswe, go thuba matlo le dikgothoso tsa dikgwebo gammogo le bosenyi jwa kopano ya batho, sekao, kelo ya polao e wetse tlase ka diphesente tse 8,6 ngogola.

Re dira pharologanyo mo thutong, jaaka go bontshitse mo tlhatlogong e e bonalang mo kelong ya go falola materiki ngogola, gammogo le kgatlhego e e bontshitsweng ke baswa mo thutong go ralala naga.

Maloko a a tlotlegang,

Ke bokana ka maAforika Borwa a le dimilione tse 15 tse di amogelang thuso ya katlatleloloago go tswa kwa Mmusong. Re tla tsenya tirosong katoloso ya Thuso ya Tlamelo ya Bana go akaretsa bana ba dingwaga tse di ka fa tlase ga tse 18 ba ba fitlhelelang ditlhokego.

Ka jaana re aga setshaba se se tlhabologang e seng se se sa kgoneng go itlamela, dithuso tsa katlatleloloago di tla golaganngwa le botsayakarolo mo mererong ya tsa ikonomi le tlhabololo ya baagi, go kgontsha baamogeladitshwanelo ba nako e khutshwane go ba kgontsha go ka itlamela mo nakong e e tlang mo botshelong.

Maloko a a tlotlegang,

Re itumeletse tiragatso ya setheo sa rona sa matlole. Se bontshitse bogatlhamelamasisi jo bo usang pelo fa go lebeletswe mathata a tsa matlole le kwelotlase ya ikonomi mo lefatsheng. Tlhaelo ya tekanyetsokabo e solofetswe go wela tlase go tswa go 6,7% ya ga jaana go fitlha go magareng ga 3 le 4% ka 2013.

Matshwenyego ka ga kelo ya kananyo a tserwe tsia. Ditokafatso tsa ditaolo tsa kananyo tse di tlhagisitsweng mo motlhaleng wa Pholisi ya Tekanyetso ya Seripagare ngogola, di tsenngwa tirisong. Tshedimosetso go ya pele e tla tlamelwa ke Tona ya Matlotlo mo Puong ya Tekanyetsokabo.

Sejana sa Lefatshe sa Kgwele ya Dinao sa FIFA sa 2010 ntle le pelaelo epe e ne e le porojeke e e itumedisang go gaisa ka 2010.

Fa go tla mo go tsa boditshaba, re motlotlo go gaisa go nna leloko la foramo ya dinaga tsa Brazil-Russia-India-China-South Africa (BRICS). Ke ngatana e e botlhokwa mo dinageng tsa ikonomi e e golang. Re lebeletse kopano ya go tlhongwa ga BRICS ka Moranang kwa China.

Re tsere manno a rona a setulo se e seng sa leruri kwa Khanseleng ya Tshireletso ya Ditshabakopano, ao re tla a dirisang go bapatsa merero ya dinaga tsa Aforika gammogo le kagiso le tshireletso mo Aforika le lefatshe.

Re tsamaile tsela e telele. Re fitlheletse go le gontsi, fela dikgwetlho di santse di le teng.

Ka go dira mmogo re tla fitlhelela tse dintsi tota.

GO AGA SETSHABA SE SE TSWELETSENG PELE GO GAISA

Bakaulengwe,

Fa bontsi ba maAforika Borwa bo keteka thebolo ya matlo, motlakase kgotsa metsi, go santse go na le ba bangwe ba le bantsi ba ba santseng ba letile.

Serodumo sa dingwagangwaga tsa tlhaolele, go seng teng ga tlhabololo gammogo le kgatelelo ya batho di ka se fetolwe mo dingwageng tse 17 fela.

Fela re tswelela pele, re ikemiseditse go fitlhelela maitlhomo a rona a go aga botshelo jo bo botoka go botlhe. E bile re dira jalo ka thuso ya batho ba rona. Re itumela pegelo e ba tswelelang go re e naya.

Bongokuhle Miya o kwadile jaana mo tsebeng ya Facebook ya Kantoro ya Moporesidente, a re lefelo la gaabo la Umzimkhulu le mo maemong a a sa jeseng di welang; ka dipeipi tsa kgeleloleswe tse di thubegileng gotlhe; ga go na mesele ya kgeleloleswe; e bile diphologolo tsa legae di sasanka go ralala lefelo leo.

O kwala jaana: ?E kete Puso, e ga jaana e dirang sentle, e ka tsepamisa maikutlo a yona go feta mo mafelong a a jaaka a.?

Tota, re a dumela gore lebelo la thebolo ya ditirelo le tshwanetse go oketsega.

Puso ya rona e e ikopanyang le batho, gape e amogela tshedimosetso ka tlhamalalo go tswa kwa bathong ba rona. Ngogola, re etetse metseselegae, metsesetoropo le metsanathoko e le mentsi. Molaetsa wa batho o a tshwana.

Ba itumelela kgatelopele e e dirilweng; ba kopa thebolo e e potlakileng; e bile ba tlhagisitse boineelo jwa bona go dira le puso go fitlhelela go le gontsi.

Fa go lebeletswe tiro e e santseng e tshwanetse go dirwa, re sweditse ka 2009 go itebaganya le ditlapele tse tlhano. Tsona ke thuto; boitekanelo; tlhabololo ya metseselegae le ntshwafatso ya temothuo; go tsweletsa ntwa kgatlhanong le bosenyi; le go tlhola tiro e e nang le seriti.

Re dirile sentle mo ditlapeleng tse. Le fa go ntse jalo, re tshwenyegile gore botlhokatiro le bohuma di tsweletse go nna teng le fa re itemogetse kgolo ya ikonomi mo dingwageng tse 10 tse di fetileng.

Go itebaganya le matshwenyego a, re goeleditse 2011 jaaka ngwaga wa go tlhola ditiro ka go tlisa diphetogo mo ikonoming le kgolo e e akaretsang tse di nang le bokao. Re tlhagisitse Tsela e Ntshwa ya Kgolo e e tla bontshang tiro ya rona tsela mo go fitlheleleng maitlhomo a rona, re dira re ntse re tshotse mo tlhaloganyong gore go tlhola ditiro tse di nang le seriti ke pinagare ya dipholisi tsa rona tsa ikonomi.

Re rotloetsa lephata lengwe le lengwe gammogo le ditheo tsa kgwebo, go sa kgathalesege bogolo jwa tsona, go itebaganya le go tlhola ditiro. Seabe sengwe le sengwe se mosola mo maikaelelong a, a naga.

Ke tla tlamela fela ka thitokgang e e anameng ya Lenaneo la Tiro la rona mo puong e.

Ditona di tla tlhagisa dipalo tsa bona tse ba batlang go di fitlhelela gammogo le dintlha tse di totobetseng tsa lephata lengwe le lengwe, mo Dipuong tsa bona tsa Thebolo Tekanyetsokabo tse di tla latelang.

Mafapha otlhe a puso a tla lebaganya mananeo a ona le ditlhokego tsa go tlhola ditiro. Diporofense le maphata a pusoselegae le bona ba kopilwe go dira jalo.

Mananeo a ditheo tse e leng tsa mmuso gammogo le ditheo tsa tlhabololo ya matlole le tsona di tla itebaganya thata le lenanetema la go tlhola ditiro.

Maloko a a tlotlegang,

Patlisiso e bontshitse gore re ka tlhola ditiro mo dikarolong tsa ditlapele tse thataro. Tsona ke tlhabololo ya mafaratlhatlha; temothuo; meepo le go ungwela mosola; ntshodikuno; ikonomi ya go somarela tlhago; le bojanala.

Re ka se tlhole ditoro tse re le nosi. Re tshwanetse go dirisana le kgwebo, badiri le dikarolo tsa baagi. Maitemogelo a bontshitse gore re atlega fa re dira mmogo.

Sekao sengwe se se botlhokwa ke tiro e e dirwang ke Tsibogo ya Sebopego sa Kantoro ya Moporesidente mo setlhopheng sa Mathata a Ikonomi ya Boditshabatshaba, le le bopiwang ke maphata a puso, kgwebo, badiri le baagi.

Mo go tse dingwe tsa diphitlhelelo tse di masisi tsa setlhopha, Aforika Borwa e tlhagisitse sekema sa katiso ya ba lebogisiwang tiro se e leng sa ntlha go tlamela ka ditsela tse dingwe go na le go lebogisa badiri tiro.

Tsereganyo e nngwe e akareditse tshegetso ya tsa matlole go difaboriki tse di mo mathateng, e bile se se sireleditse ditiro tse di ka nnang tse 7 000. Re leboga setlhopa ka ntlha ya tiro ya sona e e manontlhotlho, e bile re lebeletse gore re tla tswelela go dirisana le sona.

Fa re leba lephata la poraefete ka totobalo go thusa mo go tlholeng ditiro tse dintsi, puso e tla tsaya karolo ntle le pelaelo epe. Re motlotlo go tlhagisa tlhomo ya letlole la ditiro la diranta di le dibilione tse 9 mo sebakeng sa dingwaga tse tharo tse di latelang go tlamela ka matlole go diitshimololelo tsa go tlhola ditiro tse dintshwa.

Mo godimo ga se, Koporasi ya Tlhabololo ya Intaseteri e beetse thoko diranta di le dibilione tse 10 mo sebakeng sa dingwaga tse tlhano tse di latelang go beeletswa mo botsayakarolong jo bo jalo mo mererong ya tsa ikonomi e e nang le bokgoni jwa go go tlhola ditiro tse dintsi.

Ke motlotlo gape Maloko a a tlotlegang, go tlhagisa diranta di le dibilione tse 20 mo ditshiamelong tsa lekgetho gotsa mo diphokoletsong tsa lekgetho go rotloetsa dipeeletso, dikatoloso le dintshwafatso mo lephateng la ntshodikuno.

Gore porojeke e fitlhelele ditlhokego, peeletso ya seemopotlana e tshwanetse go nna ya diranta di le dimilione tse 200 mo diporojekeng tse dintshwa, gammogo le diranta di le dimilione tse 30 mo katolosong le mo ntshwafatsong.

Lenaneo le tla tlamela ka tshiamelo ya go fitlha go diranta di le dimilione tse 900mo ranteng ya ditshiamelo e e gogelwang lekgetho go babeeletsi ba bantshwa le diranta di le dimilione tse 550 mo katolosong le mo ntshwafatsong.

Bakaulengwe,

Lephata la dikgwebopotlana ke karolo e e botlhokwa thata mo letsholong la go tlhola ditiro.

Re tla tswelela go tlamela ka tshegetso ya tsa matlole le e e seng ya tsa matlole go dikgwebo tse dinnye, tsa bogareng le tse dikgolwane (SMMEs), temothuo e nnye gammogo le dikgwebo tse di tsingwe.

Re tlhoka go fokotsa ditshenyegelo tsa botsamaisi, re tile poeletso kgatiso mme re lebise ditlabakelo tse dintsi go dikgwebopotlana.

Ka jalo, re akantse go kopanya ditheo tse tharo e bong Khula, SA Micro-Finance Apex Fund gammogo le karolo e e dirang ka matlole a dikgwebopotlana ya IDC go nna yuniti e le nngwe. Letsholo la go duela di-SMME ka nako, mo teng ga malatsi a le 30, le tsweletse sentle.

Nomoro ya mogala e e ka ga dituelo ya Lefapha la Kgwebisano le Madirelo e amogetse megala e ka nna 20 000 mo ngwageng wa ditshelete o o fetileng, e bile boleng jwa dituelo tse di kgweeditsweng e ne e le diranta di le dimilione tse 210.

Mafapha a mangwe a tlhomile diitshiamololelo tsa ona sekao, itshimololelo ya Re Ya Patala ya Lefapha la Ditiro tsa Setshaba.

Re a tswelela ka diphetolo tsa melao ya go dira gore go nne bonolo go kwadisa dikgwebo gape le go matlafatsa Molao wa Dikgaisano go bula mmaraka go batsayakarolo ba bantshwa.

Maloko a a tlotlegang,

Khumo ya dimenerale tsa naga ya rona ke thoto ya bosetshaba le ngwaoboswa ya rona rotlhe e beng ba yona e leng maAforika Borwa otlhe, mme Mmuso ke motshodi wa yona.

Aforika Borwa e na le dithoto tsa meepo tse di bonalang; ga jaana di balelwa go dithirelione tse 2.5 tsa didolara tsa Amerika.

Ka 2009, intaseteri ya meepo e tsentse go feta 30% go lotseno lotlhe la diromelwantle ya naga, le go thapa 2,9% ya batho ba ba nang le nonofo ya go ka thapiwa mo nageng.

Diphopholetso di tshitsinya gore ditlabakelo tsa rona tsa dimenerale di solofetswe go ka epiwa go feta sebaka sa ngwagakgolo o o tlang.

Go bona tshiamelo mo bokgoning joo, puso e konoteletse African Exploration, Setlamo sa Matlole a Meepo jaaka setlamo sa meepo se e leng sa mmuso, se se tla samagang le go epiwa ga dimenerale tse e leng tse di botlhokwa thata.

Nngwe ya ditlapele tsa puso mo ngwageng o ke go konosetsa le go dirisa togamaano ya go ungwelwa ke diraswa ka botlalo jaaka pholisi ya semmuso ya puso, gore re tle re kgone go simolola go kotula dipoelo ka botlalo tsa dikungo tsa rona.

Bakaulengwe,

Mo go tsa tlhaeletsano, re itlamile go fetolela thelebisene ya rona le sikinale ya diyalemowa go tswa go ya analoko go ya go sikinale ya dijithale e e botoka go gaisa e e tla re kgontshang go amogela ditshwantsho le modumo tsa boleng.

Ditiro di tla tlholega mo dikarolong tsa ntshodikuno, go phuthela, go phasalatsa le go tlhoma mo sebakeng seo.

Mmusakgotla yo o tlotlegang le Monnasetulo wa Bosetshaba,

Re kgotsofetse ka katlego ya lephata la rona la bojanala, bogolosegolo fa e le gore bajanala ba le 16 ba tlhola tiro e le nngwe mo nageng ya rona.

Ke go feta dimilione tse 7,3 tsa bajanala tse di gorogileng mo Aforika Borwa ngogola, fa go tshwantshanngwa le bokana ka dimilione tse 6,3 ka 2009. Go bona kgolo go ya pele, re tla matlafatsa mebaraka e e leng teng fa re ntse re sekaseka maphata a tsa ikonomi a a tlhagelelang.

Naga ya rona gape e tswelela go nna lefelo le le rategang mo dikopano tsa boditshaba.

Ka Phukwi, re tla nna baamogedi ba kokoano ya metshameko ya maemo a a kwa godimo thata kwa Thekwini, e e bidiwang Kokoano Kakaretso ya bo 123 ya Komiti ya Boditshaba ya Olimphiki.

Re leboga IOC go re naya tshono ya go nna baamogedi ba kopano e e botlhokwa e. Re setse re fitlheletse go ka nna baamogedi ba dikopano le dikonferense tse 95 magareng ga 2010 le 2016.

Go tswelela go tiisa bokgoni jwa bojanala jwa rona, magareng ga tse dingwe, re tla sekaseka go nolofatsa ditlhokego tsa thebolelotetla ya go tsena ka naga ya visa, tokafatso ya mafelo a go kotama ga difofane kwa maemelafofaneng a boditshaba gammogo le mafaratlhatlha a bojanala a a tokafetseng.

Se se amanang le bojanala, re tla tswelela go tlhabolola lephata la diintaseteri tsa setso, le le tsenyang diranta di le dibilione tse pedi mo palogotlheng ya dikunoselegae.

Re bone gape boleng jwa ditiragalo tse di jaaka Moletlo wa Boditshatba wa Jazz wa Motsekapa o o tsentseng go feta dirantsa di le dimilione tse 475 mo ikonoming ya Motsekapa le go tlhola ditiro di le 2 000 ka 2010.

Re batla gape go dira tshwaelo e e kgethegileng ka ga motantsho wa Cape Minstrels Carnival o o rategang, o o galaletsang toropokgolo e ngwaga mongwe le mongwe ka di 2 Ferikgong, e le go keteka kgololosego ya makgoba.

Maloko a a tlotlegang,

Lenaneo la rona la tlhabololo ya mafaratlhatlha le re kgontsha go atolosa phitlhelelo go ditirelo tsa motheo gammogo le go tokafatsa boleng jwa botshelo.

Se se akaretsa diporojeke tsa tlamelo ya metsi, motlakase le matlo.

Go nna teng ga motlakase go botlhokwa mo tlhabololong ya ikonomi le go tlhola ditiro. Go netefatsa tshireletso ya tlamelo ya motlakase mo nageng, Eskom e beeleditse go feta dibilione tse 75 tsa diranta, bogolo mo diteiseneng tse dintshwa tsa Medupi, Kusile le Ingula, gammogo le go boela kwa tirelong le kwa go tsamaiseng diporojeke tse dingwe.

Rotlhe re tshwanetse go somarela motlakase gore re se pateletsege go timelwa motlakase gape jaaka kgato ya go o somarela.

Ngwaga o re tla simolola go bona motlakase go tswa go batsweletsing matla a motlakase o ntshwafaditswang, mme se se tla bontsha maitlamo a rona mo motlakaseng o o ntshwafaditswang.

Maloko a a tlotlegang,

Intaseteri ya tsa go aga e itsege gore e tlhola ditshono tsa ditiro. Go na le dimilione tse 1,2 tsa malapa tse di nnang mo mafelong a baipei a le 2 700 a naga ya rona.

Ka ngwaga wa 2014, 400 000 ya malapa a a umakilweng e tshwanetse go bo e na le tshireletso ya semolao go bo ba na le ditsha tsa bona gammogo le phitlhelelo go ditirelo tsa motheo.

Gape re tla tokafatsa thebolo ya bonno jo bo rentiwang gonne batho ba bangwe ba ba yang kwa mafelong a ditoropo ga ba ikaelele go nna kwa teng leruri.

Se e tshwanetse go nna dikgang tse di amogelegang go baagi ba ba jaaka Portia Busisiwe Mrwetyana yo o kwadileng mo tsebeng ya rona ya Facebook ka ga go sa lekalekaneng ga baagi kwa Bekkersdal; kwa mafelo a baipei a senang ditirelo, mme a bapile le torotswana go kgabaganya tsela e bile go le ditirelo tsotlhe. O botsa jaana: ?Se ke batlang go se itse ke gore goreng re tsholwa ka tsela e e farologaneng, fela re lo naya diboutu tse di tshwanang, GORENG??

Puso e tla dirisa diranta di le dibilione tse 2,6 mo ditirelong tsa metsi mo ngwageng o. Gareng ga dikarolo tsa ditlapele ke diporofense tsa Limpopo, KwaZulu-Natala le Kapa Botlhaba kwa go santseng go na le dipalo tse di kwa godimo tsa batho ba ba senang metsi a a nowang a a phepa, fela ga re ikgatholose dikgaolo tse dingwe.

Re tsere tsia dikopo go tswa kwa bathong ba le bantsi ba ba nnileng le seabe mo puong e, e le fa ba re puso e baakanye mesima e e mo mebileng.

Lenaneo la rona le le Atolositsweng la Ditiro tsa Setshaba le ikaeletse go tlhola ditshono tsa ditiro di le dimilione tse 4,5 e bile ditshono di feta milione di setse di tlhodilwe fa e sale kwa tshimologong ya Legato la 2. Karolo ya lenaneo e itebagantse le go baakanya mararang a ditsela.

Bontsi jwa batho ba rona ba bona thuso go tswa go EPWP. Batho ba bona ditiro tsa go baakanya ditsela, metshameko, mananeo a go ithuta a bagodi gammogo le go tshola ditsela di le phepa. Lenaneo la go tlhokomela ditsela le le itsegeng jaaka Zibambele, le tla atolosiwa naga ka bophara monongwaga go tlhola ditshono tsa ditiro.

Re tla tlhabolola mafaratlhatlha a a tla tokafatsang seemo sa lephata la rona la temothuo, fa se se tla thusa gape mo go tlholeng ditiro.

Matamo a metsi, mafetlho le dikema tsa go nosetsa di tla tsosoloswa. Dijalo, leruo gammogo le phulo di tla sirelediwa ka go tsenngwa ga terata.

Diporojeke tse di tla matlafatsa go nna teng ga dijo le go tlhola ditshono tsa ditiro go batho ba le bantsi, bogolosegolo basadi kwa mafelong a metseselegae.

Go matlafatsa botlhami jwa rona mo go tsa saense le thekenoloji gammogo le go tlhola ditiro, re tsenetse kgaisano ya go nna baamogedi ba thelesekoupu ya seyalemowa ya Bogolo jwa Sekwere sa Kilometara. Kgato e e setse e tlametse ka ditshono tsa ditiro tse 800 mo lephateng la tsa go aga kwa Kapa Bokone e bile e tla tlhola ditiro tse dingwe gape tse 100 mo ngwageng o.

Letsholo la rona la go tlhola ditiro le tshwanetse gape la matlafatsa tlhabololo ya baswa.

Setheo sa Bosetshaba sa Tlhabololo Baswa se tsenetse dipuisano le makala a mmuso gammogo le lephata la poraefete go nyalanya tlhabololo ya baswa mo mananeong a lephata la setshaba le go rotloetsa dikgwebo le ditirisanyo tsa baswa.

Bakaulengwe,

Re dumela gore ditsereganyo tse re di tlhalositseng ka boripana di tla re isa kwa pele mo go beyeng go tlhola ditiro kwa godimo mo lenanetemeng la batsayaditshweetso mo nageng.

Ditona di le supa di kopane le balekane ba rona ba loago ka Labobedi go ngunanguna ka tshwaragano e, e bile re sala go nna le tsholofelo ya gore re tlile go atlega.

Mmusakgotla yo o tlotlegang le Motlotlegi Monnasetulo,

Go tsamaelana le dikgogedi tsa go tlhola ditiro, gape re tla itebaganya le go tokafatsa dipholisi tse di amanang le go tokafatsa matshelo a badiri ba rona. Puso, mmogo le balekane ba loago, e sekaseka seswa molao o o ka ga baka bathapigammogo le sebopego sa dipholisi tsa tlhamelo ya ditirelo tsa go thapiwa mo tirelong ya setshaba.

Se se tla kgontsha puso go tlhokomela tshedimosetso ya ba ba batlang tiro gammogo le ditshono tsa ditiro.

Letlhare la Seemo sa Puso mo Tokafatsong ya Tshireletso ya Loago le solofetswe go gololwa mo ngwageng o go ka buisanelwa.

Dintlha tse go tla samaganwang le tsona di akaretsa go abela matlole le sebopego sa Letlole la Tokafatso ya Tshireletso ya Loago la Bosetshaba, tsela eo matlole a lephata la poraefete la tiro le tlogelotiro a tla tsenngwang mo mokgwatirisong otlhe ka ona, gammogo le popego ya taolo e e ka nnang teng.

Puso e tshwanetse go tlatsa diphatlatiro tsotlhe tse di abetsweng matlole. Lefapha la Tekolo ya Tiro le Tshekatsheko le tla tlamela ka pegelo mo sebakeng sa dikgwedi tse thataro.

Mmusakgotla yo o tlotlegang le Motlotlegi Monnasetulo,

Tota, re tsamaile tsela e telele fa e sale ka 1994. Re fitlheletse go le gontsi, fela go santse go le gontsi go re tshwanetseng go go dira, e bile ka go dira mmogo jaaka maAforika Borwa, re tla fitlhelela go le gontsi go feta!

Tsweetswee ntetleng jaanong go samagana le ditlapele tse dingwe tse nne gammogo le mananeo a mangwe.

Tsepamo mo thutong ya motheo monongwaga ke Triple T: Teachers, Textbooks and Time (Barutabana, Dibukakgakololo le Nako). Re boeletsa kgoeletso ya rona gore barutabana ba tshwanetse go bo ba le kwa sekolong, ka nako ba ruta bonnye diura tse supa ka letsatsi.

Botsamaisi bo tshwanetse go netefatsa gore ngwana mongwe le mongwe o na le bukakgakololo ka nako, e bile re thusa barutabana ba rona go tlhola tikologo e e siameng ya tiro gore thuto e e nang le boleng e a diragala.

Go tlhokomela gore a go na le kgatelopele, monongwaga re simolotse tshekatsheko ya bosetshaba ya ngwaga le ngwaga mo thutong ya go buisa le go kwala le dipalo tse di beetsweng seelo sa boditshaba mo dikereiting tsa 3, 6 le 9.

Re tla tswelela go beeletsa mo katisong ya barutabana, bogolosegolo mo dirutweng tsa dipalo le saense.

Re tla baya tlhokomelo e e kgethegileng mo katisong ya bagokgo, bogolosegolo ba ba kwa dikolong tse di sa direng sentle.

Tsepamo mo thutong e kgolwane e tla nna go atolosa phitlhelelo bogolosegolo mo baneng ba ba humanegileng.

Se se akaretsa go fetolela madi a kadimo go nna dibasari mo baithuting ba ngwaga wa bofelo ba ba fitlheletseng ditlhokego.

Baithuti ba ba leng kwa Dikholetsheng tsa Thuto e e Tswelelang le Katiso ba ba fitlheletseng ditlhokego tsa go thusiwa ka matlole ba tla se duedisiwe dituelo.

Re rotloetsa ditheo tse e leng tsa mmuso go tshameka karolo mo tlhabololong ya dikgono le go re thusa go tlamela ka dikgono tsa setegeniki tse di tlhokwang ke ikonomi.

Denel, Eskom, SAA le Transnet di tshegeditse go katisiwa ga baithuti ba feta 6 000 mo dikgonong tse di tlhokang badiri e bile di le masisi tse di tsamaelang le setegeniki le boenjinere.

MaAforika Borwa ka nna,

Re tsweletse go tokafatsa bogolo le matsetseleko a sepodisi, bogolosegolo ditirelo tsa ditlhotlhomiso, bosekaseki jwa forensiki le tsa matlhale a bosenyi.

Re okeditse go bonala ga mapodisi gammogo le dipaterolo kwa mafelong a a itsegeng jaaka a bosenyi. Re dira kgatelopele e e bonalang mo go fokotseng go tlalatlala ga dithunya tse di seng ka fa molaong le tse di leng mo molaong.

Dikgotlatshekelo tsa rona di tswelela go dira botoka, e bile mananeo a go fokotsa tiro e e saletseng kwa morago kwa magatong a sedika le kgaolo a tsweletse sentle.

Re tla tswelela go baya kwa pele bosenyi jo bo amang basadi le bana, gammogo le go tlamela ka tshegetso re dirisa Ditikwatikwe tsa Tlhokomelo tsa Thuthuzela.

Re tla dira le baagi le batsayakarolo ba ba botlhokwa go samagana le go tsamaisiwa le tshotlako ya diritibatsi tse di senyang baagi ba bangwe.

Leeto la me kwa tikwatikweng ya kgopololo ya ditiribatsi kwa Michells Plain ka Labobedi e dirile gore ke kgolwe gore re tlhoka matla a a oketsegileng go lwa kgatlhanong le tiriso e e botlhaswa ya diritibatsi le go gweba ka diritibatsi mo baaging ba rona.

Ke laetse matsholo a sepodisi sa rona go tsaya dikgato tse di gagametseng kgatlhanong le batho ba ba rekisetsang bana diritibatsi mo Motsekapa le kwa mafelong a mangwe. Gape ga re kitla re itshokela beng ba dithabene bao ba rekisetsang bana bojalwa.

Ntwa kgatlhong le bobodu le yona e a tswelela. Yuniti e e Kgethegileng ya go nna Kgatlhanong le Bobodu e tlhomilwe kwa Lefapheng la Bodiredipuso le Tsamaisi go samagana le dikgetse tsa kgalemo tse di tsamaelanang le bobodu e bile di ama badiredipuso.

Kgatelopele e a dirwa mo dipatlisisong tse dintsi tse di tsweletseng. Ke bokana ka diranta di le dimilione tse 44 tse di busitsweng go tswa mo badiredipusong ba ba bonang e se ka fa molaong diketleetso tsa matlo, fa go phepafatsa mokgwa tiriso wa tsietso ya thuso ya katlatleloloago le gona go tsweletse.

Re laetse Yuniti ya Dipatlisiso tse di Kgethegileng go batlisisa botsamaisi jo bo sokameng kgotsa bobodu jo bo belaelwang mo mafapheng a le mmalwa a puso, bommasepala le ditheo.

Le fa re sa tshwaele kwa pele ka ga katlholo ya dipatlisiso, di supa tshweetso ya rona go kganela bobodu kwa magatong otlhe a puso le Tirelo ya Setshaba.

Setlhopha sa Tiro sa Ditheo tse Dintsintsi mo ditshenkelong se se eteletsweng pele ke Motsholamatlotlo wa Bosetshaba, SARS, le Tikwatikwe ya Matlhale a tsa Matlole se sekaseka seswa mokgwa tiriso wa puso otlhe o o ka ga go dira ditshenkelo go netefatsa gore mmuso o kgotsofalelela se o se dueletseng mo tsheleteng e o e dirisitseng.

Mo lephateng la boitekanelo, monongwaga re tla gatelela go thapiwa ga badiri ba ba maleba e bile ba fitlheletse ditlhokego tsa diphatlhatiro tse ba tla thapiwang mo go tsona.

Re tlhoka ditlhogo tsa mafapha tse di matshwanedi, batlhankedi bagolo ba tsa matlole, batlhankedi bagolo ba maokelo, batlhankedi ba mafelo a boitekanelo a kwa dikgaolong gammogo le balaodi ba ditleliniki.

Re rulaganya go tsosolosa dikholetshe tsa booki di le 105 naga ka bophara, go katisa palo e e okotsegileng ya baoki.

Gape re rulaganya go bula lefapha la bongaka kwa Bookelong jwa Thuto jwa Limpopo go katisa palo e e oketsegileng ya dingaka.

Ntshwafatso le ditlhabololo ya maokelo le ditleliniki di tla tswelela.

Fa re lebeletse tsela eo re gatelelang ka yona boitekanelo jwa basadi, re tla atolosa molebo wa ditshwanelo tsa boitekanelo jwa go nna le bana gammogo le tlamelo ya ditirelo tse di tsamaisanang le tse di latelang magareng ga tse dingwe, thibela pelegi, ditshwaetso tsa malwetse a thobolano, boimana jwa makgarejana gammogo le matseta a bosadi go ba ba tlhokang.

Mo ntweng kgatlhanong le HIV le AIDS, re tsosolositse mananeo a rona le go rotloetsa dikgato tsa thibelo di le mmalwa go akaretsa le go rupisa banna ka tsela ya sekalafi, thibelo ya go fetisa bolwetse go tswa go mme go ya go lesea gammogo le thotloetso ya go dira diteko tsa HIV.

Go dira diteko go dirilwe go ralala naga ka tsela e e itsegeng ka bophara. Ke go feta dimilione tse tlhano tsa diteko tsa HIV tse di setseng di dirilwe fa e sale ka tlhomo ya letsholo la go dira diteko ka Moranang wa ngogola.

Mo sebakeng sa ngwaga o o fetileng, tiro e tsweletse go tlhabolola pholisi le lenane la go tsenya tirisong Insorense ya Boitekanelo ya Bosetshaba. Fa gautshwane, puso e tla tlhagisa tokomane ya pholisi gore setshaba se e buisanele.

Mmusakgotla yo o tlotlegang le Motlotlegi Monnasetulo wa NCOP,

Re tla tswelela ka Lenaneo Tlhabololo Kakaretso ya Magae le le lebisitsweng kwa go tsosoloseng diporojeke tsa tokafatso ya mafatshe le dikema tsa go nosetsa kwa dinagamagaeng tsa maloba gammogo le dipolase tse di mo mathateng tse e leng tsa batho.

Puso e dirile lenaneo la Bosetshaba la Tirelo ya Baswa ba Metseselegae go thusa baswa ba kwa metseselegaeng. Go fitlha ga jaana, ke go feta baswa ba le 7 000 ba ba setseng ba thapilwe mo lenaneong.

Mmusakgotla yo o tlotlegang le Motlotlegi Monnasetulo,

Puso e fetisitse molao o o tsosolosang PostBank, e e tla thusang baagi ba ba nnang kwa metseselegaeng go boloka tshelete ya bona gape le go bona dikadimo go simolola dikgwebo tse di potlana. Ka jalo, re ba rotloetsa go dirisa PostBank go netefatsa gore go nna le tlhabologo.

GO AGA MOKGWA TIRISO WA PUSOSELEGAE O O TSIBOGANG, IKARABELANG, MATSETSELEKO E BILE O RULAGANE SENTLE

Maloko a a tlotlegang,

Naga e tlile go tshwara ditlhopho tsa bone tsa pusoselegae pele ga bokhutlo jwa Motsheganong. Go nnile dingongorego tse dintsi mo dikgweding di le mmalwa tse di fetileng mabapi le pusoselegae. Go sa itumeleng go gontsi kwa mafelong a mangwe e lebisitse kwa boipelaetsong jo bo bontshitseng mathata a a leng teng mo lephateng le.

Re tshwanetse go dira gore maitemogelo a batho ka ga pusoselegae e nne a a itumedisang, gonne e ama magae a bona gammogo le matshelo a bona ka tlhamalalo, letsatsi le letsatsi.

Bommasepala ba bangwe ba dira sentle thata, e bile bakhanselara ba bangwe le bona ba dira ditiro tsa bona jaaka ba tshwanetse go dira.

Re tlhomile togamaano ya go fetola selebo sa pusoselegae, e e tla tsepamisiwang, gareng tse dingwe, mo go matlafatseng mokgwatiriso wa botsamaisi jwa motheo, taolo ya matlole le tlhokomelo ya badirisi.

Dithulaganyo tsa ditlhopho tsa dipusoselegae di tsweletse pele.

Ikwadiso, e e diragetseng mo mafelong a beke a a fetileng, e tsamaile sentle e bile re akgola ba ba ikwadisitseng. Re lopa bao ba senang makwaloitshupo go dira kopo ya ona ntle le tiego, gore ba se fetwe ke ikwadiso e e latelang mo kgweding e e tlang.

Go latela tlhomo ya Letsholo la Ikwadiso ya Baagi ya Bosetshaba kwa Libode, e e kwa Kapa Botlhaba ngogola, ke go feta makwaloitshupo a le 700 000 a batho ba e neng e le lwa ntlha ba dira kopo, a a neng a tlhagisiwa, mme se se bontsha matlhagatlhaga a magolo ka batho ba rona go nna le tokomane e e botlhokwa e.

Fa re tsweletse go baakanyetsa ditlhopho, re lemogile gore naga ya rona e rathilwe ke merwalela e e bogale mo dibekeng tse di sa tswang go feta, e bile malapa a le mantsi a amilwe ke se.

Re rometse matshediso a rona kwa malapeng ao a tlhokofaletsweng ke batho. Dipelo tsa rona gape di lela le bao ba gobetseng gammogo le ba ba latlhegetsweng ke dithotho tsa bona tsotlhe.

MaAforika Borwa ka nna,

Ntetleng ke dirise tshono e go bega gore Puso e beetse thoko diranta di le dimilione tse 800 go thusa baagi fela ka gangwe.

Gape re tla beela thoko matlole a a tla samaganang le go rarabologelwa ga morago ga matlhotlhapelo gammogo le kagoseswa mo dingwageng tse di kwa pele.

Re leboga ditheo tse di thusang, mekgatlho e e seng ya puso, lephata la poraefete, mekgatlho ya sedumedi le baagi ka ntlha ya go thusa bao ba tlhokang thuso.

GO AGA AFORIKA E E BOTOKA LE LEFATSHE LE LE BOTOKA

Lenanetema la Aforika le sala go nna tsepamo ya pholisi e e botlhokwa ya rona.

Aforika Borwa e bone setulo sa dingwaga tse pedi kwa Khanseleng ya Kagiso le Tshireletso ya Ditshabakopano.

Naga e tlile go nna modulasetulo wa Lephata la SADC mo go tsa Dipolotiki, Sesole le Tshireletso go simolola ka Phatwe.

Mo tirong e, re tla tswelela go buisana le makoko mo go tsenyeng tirisong Tumelano ya Sepolotiki ya Lefatshe kwa Zimbabwe le go tlhabolola mosupatsela go leba kwa ditlhophong.

Gape re tla rotloetsa tharabololo ya kgotlhang e e kwa nageng ya Malagasy. Re tla ela tlhoko le go thusa fa go kgonegang teng go netefatsa gore seemo sa maemo a sepolotiki le tshireletso kwa Democratic Republic of Congo (DRC) a siametse ditlhopho.

Re motlotlo gape go tsaya karolo mo go batleng ditharabololo tsa seemo se se kwa Cote d?Ivoire, jaaka leloko la Phanele ya Maemo a a kwa Godimo ya Kopano ya Aforika le le tlhophilweng go thusa go rarabolola dikgwetlho tse di kwa nageng eo.

Re akgola tiro ya Sesole sa Tshireletso sa Aforika Borwa, se ka kakaretso se rometseng badiri ba sesole ba le 2 000 mo matsholong a go tlhola kagiso kwa nageng ya DRC, Sudan gammogo le Central African Republic.

Re tla tswelela go nna le seabe mo go tsosoloseng Semphato se se Ntshwa sa Tlhabololo ya Aforika ka tsepamo e e totobetseng mo go tsenyeng tirisong lenaneo la sona la mafaratlhatlha, leo re le gogang kwa pele mo tseleng ya tlhabololo ya mafaratlhatlha a dinaga tsa Bokone le Borwa.

Aforika Borwa e etse tlhoko tse di ntseng di diragala kwa Egepeta gammogo le ditiragalo tse di diragetseng pelenyana kwa Tunisia.

Re tswelela go ela maemo tlhoko ka leitlho le le ntshotsho, go akaretsa se maemo a, a ka se tlholang kwa Botlhabagare le Aforika Bokone.

Re dumela thata gore dikgato le dintlha tsa diphetogo tsa diphetogo gammogo le isagwe eo dinaga tse, tse e leng ditsala tsa rona, di tla e tlhophang, e tshwanetse go sweetswa ke baagi ba tsona.

Fa go le jalo, Aforika Borwa e ithaopa go ka tshegetsa mo matsapeng a go tlisa le go tsenya tirisong ditokafatso tsa sepolotiki tse di tla netefatsang gore go nna le diphetogo tse di lolameng e bile e le tsa kagiso kwa Tunisia le Egepeta.

Re solofela gore ga go sepe se se tla sutisang maitlhomo a go bona tse di eletswang ke batho ba kwa Palesetina, a go nna le mmuso o o babalesegileng e bile o ikemetse, o o bapileng le go nna ka kagiso le mmuso wa Iseraele.

Aforika Borwa o boeletsa kgoeletso ya ona go baagi ba boditshabatshaba go rotloetsa makoko go tswelela go batla tharabololo e e tla tshwarelelang kwa Botlhabagare.

Re rata gape go akgola go tswa kwa botennyeng jwa dipelo tsa rona, batho ba naga ya Sudan ka ntlha ya referantamo e e atlegileng, e bile re amogela mmuso o montshwa wa Sudan Borwa.

Se ke kgang e e botlhokwa ya ya katlego ya Aforika. Re akgola Kitlano ya Aforika le Ditshabakopano ka matsetseleko ao ba tsamaisitseng porojeke e ka teng.

Fa go tla mo mererong ya boditshaba ka kakaretso, re lebeletse go nna baamogedi ba Pitsokgolo ya botlhano ya dinaga tsa India-Brazil-South Africa monongwaga.

Kwa Foramong ya dinaga tsa G20, re tla tswelela go goeletsa gore go nne le tekatekano mo mererong ya tsa ikonomi mo lefatsheng.

GO AGA SETSHABA SA TEMOKERASI E BILE SE KITLANE NAGA KA BOPHARA

Bakaulengwe,

Maitemogelo a Sejana sa Lefatshe sa Kgwele ya Dinao sa FIFA sa 2010 a re rutile ka ga botlhokwa jwa go lebogela tsotlhe tse di gaisang ka ga naga ya rona.

Folaga ya Aforika Borwa e nnile sengwe se se botlhokwa go gaisa mo lelapeng lengwe le lengwe.

Puso e tlile go agelela mo go se ka netefatsa gore difolaga di pegwa kwa dikolong le kwa ditheong tsa setshaba go rotloetsa matshwao a bosetshaba le boitshupo.

Re ikuela mo bathong botlhe ba rona go ithuta pina ya bosetshaba le go e opela sentle, ka boikgantsho.

Re tla tlhoma lenaneo la go keteka Diganka tsa Bosetshaba le go rotloetsaTsela ya Ngwaoboswa ya Bosetshaba, go tlotlomatsa batho ba ba nnileng le seabe se segolo mo go lweleng kgololosego ya naga ya rona.

Maloko a a tlotlegang,

Re bone maatla a metshameko jaaka sengwe se se kopanyang le go aga setshaba mo nageng ya rona.

Rotlhe re tshwanetse go tshegetsa setlhopha sa khirikhete sa Proteas, se mo bogautshwaneng se tlabo se tshameka mo Sejaneng sa Lefatshe sa ICC ka 2011 gammogo le sa Springboks se se tla tsayang leeto go leba kwa New Zealand go ya go sireletsa Sejana sa Lefatshe sa Rugby sa rona, se re se gapileng ka 2007.

Gape re eleletsa setlhopha sa bosetshaba sa rona sa bolotloa fa se tlabo se gaisana mo Sejaneng sa Lefatshe sa Bolotloa ka Phukwi. Re tlabo re se eme nokeng ka botlalo.

Ntetleng ke tseye tshono e go rolela hutshe mongwe wa batshameke ba rona ba khirikhete, Makhaya Ntini yo e leng moeng wa rona yo o kgethegileng maitseboeng ano. O nnile le seabe se segolo mo khirikheteng ya fa gae le ya boditshaba.

Aforika Borwa e tla nna le letsholo la go bala batho la boraro fa morago ga kgololosego ka Diphalane monongwaga. Re leboga Rre Makhaya Ntini ka ntlha ya go dumela go nna moambasatara wa letsholo le le botlhokwa le.

Mmusakgotla yo o tlotlegang le Motlotlegi Monnasetulo,

Re sala go ineela mo go ageng Mmuso o o ikaegileng ka go diragatsa. Lefapha la Lefapha la Tekolo ya Tiro le Tshekatsheko le tla gokaganya le go ela tlhoko tiro ya mafapha a puso ka leitlho le le ntshotsho, fa mafapha a tsweletse ka tiro ya go tlhola ditiro.

Re amogela tshwaelo ya Palamente ya gore le bona ba tla ela tlhoko go itebaganya le kgoeletso ya go baya kwa pele maikaelelo a puso a go tlhola ditiro.

Bakaulengwe,

Maikaelelo a rona a tlhapile. Re batla go nna le naga eo mo go yona dimilione tsa maAforika Borwa di nang le ditshono tsa ditiro tse di nang le seriti; naga e e nang le mafaratlhatlha a segompieno le ikonomi e e matlhagatlhaga; e bile naga e boleng jwa botshelo bo leng kwa godimo.

Rotlhe re na le maikarabelo a go dira ka thata go dira gore tse di diragale.

Mongwe le mongwe o tshwanetse go akanya gore a ka tsaya karolo jang mo letsholong la ditiro ka go itlholela ditshono le go tlholela ba bangwe.

Ka go dira jalo, re tshwanetse go tsaya thotloetso go tswa mo go yo re mo ratang bobe Moporesidente Mandela mo puong ya gagwe ya fa a ne a tlhongwa ka 1994, a re gakolola ka ga botlhokwa jwa go dirisana mmogo.

O rile:

?Re sa ntse re tlhaloganya gore, ga go tsela e e bonolo go leba kwa kgololosegong.

Re itse sentle, gore ope wa rona fa a dira a le esi a ka se fitlhelele katlego.

Ka jalo re tshwanetse go dira mmogo jaaka batho ba ba kopaneng, go bona poelano ya setshaba; go aga setshaba; go lere kgorogo ya lefatshe le leswa.

A go nne le bosiamisi go botlhe.

A go nne le kagiso go botlhe.

A go nne le tiro, dijo, metsi le letswai go botlhe.

A mongwe le mongwe a itse gore karolo nngwe le nngwe ya mmele, tlhaloganyo le mowa di gololosegile go ka ikgotsofatsa ka botsona.?

Ke a leboga.

Issued by: The Presidency

Share this page

Similar categories to explore