Puo ya Maemo a Setshaba ka Motlotlegi JG Zuma, Moporesidente wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, Bonno jo bo Kopanetsweng jwa Palamente, Motsekapa

11 Feb 2010

Motlotlegi Mmusakgotla;
Modulasetilo wa Lekgotla la Bosetshaba la Diporofense;
Motlatsammusakgotla wa Kokoanobosetshaba gammogo le Motlatsamodulasetilo wa Lekgotla la Bosetshaba la Diporofense;
Motlatsamoporesidente wa Rephaboliki, Motlotlegi Kgalema Motlanthe;
Motlotlegi Moatlhodimogolo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa le ditokololo tse di tlotlegang tsa Boatlhodi;
Isithwalandwe, Moporesidente Nelson Rolihlahla Mandela;
Moporesidente wa Maloba FW de Klerk;
Rraarona, Moporesidente wa Maloba wa Zambia, Kenneth Kaunda;
Batlatsamoporesidente ba Maloba;
Ditonakgolo tse di tlotlegang gammogo le babusakgotla ba diporofense tsa rona;
Modulasetilo wa SALGA mmogo boeteledipele jotlhe jwa pusoselegae
Mosulasetilo wa Ntlo ya Bosetshaba ya Dikgos;i
Ditlhogo tsa Ditheo tsa Puso tse di tshegetsang temokerasi ya molaotheo;
Mmusisi wa Banka ya Resefe;
Baeng ba boditshabatshaba ba ba kgethegileng, bogolosegolo Modulasetilo wa Khomisene ya Kopano ya Aforika, Rre Jean Ping;
Bagolegwa ba sepolotiki ba maloba, mmogo le bagaka;
Ditokololo tsa mephato ya sedipolomatiki;
Bobegakgang jwa Aforika Borwa le ba Batswantle;
MaAforika Borwa a gaetsho;
Dumelang, molweni, goeienaand, good evening, dumelang botlhe ka fa lapeng!
Re itumelela go nna le lona mo maitseboeng ano a a botlhokwa go gaisa.

Motlotlegi Mmusakgotla,

Ke ema fano fa pele ga lona maitseboeng ano dingwaga di le 20 go tloga motsi Moporesidente Nelson Rolihlahla Mandela a golotsweng mo kgolegelong. Re tlhophile letsatsi leno go epa pitso ya Bonno jwa Motlhakanelwa jwa Palamente, go neela Puo ya Maemo a Setshaba, gore re keteke motsi wa phetogo ya diragadibonwe e e fetotseng naga ya rona.

Go gololwa ga Mandela go tlhodilwe ke kgaratlho ya go itoma sesino ya baagi ba Aforika Borwa. Bagolegwa ba sepolotiki ba maloba mmogo le bagaka ba ba nang le rona gajaana, ke basupi ba ntlha e ka gobo ba nnile karolo ya tiragalo eo.

Lo tla gakologelwa gore matshutitshuti a naga e, a le mo digongwaneng tse di farologaneng, a ne a tsibogela kgwetlho ya go tlhola botlhokataolego jwa naga mmogo le go fedisiwa ga tlhaolele ka maikaelelo a magolo tota.
Re keteka letsatsi le, re le mmogo le bagolegwa ba sepolotiki ba maloba ba re ba laleditseng ka tsela e e kgethegileng. Re amogela bogolosegolo bagolegwa ba ba maloba ba ba tsereng mosepele go tswa moseja ga mawatle gore ba tle go nna fano Helene Pastoors, Michael Dingake go tswa Botswana, Rre Andimba Toivo ya Toivo wa Swapo kwa Namibia.

Re motlotlo gobo re na le ditokololo tsa setlhopha sa babueledi ba tsheko ya Boepapuso ya Rivonia ? Lord Joel Joffe yo gajaana a nnang kwa London, mmogo le Moatlhodi Arthur Chaskalson. Re boa re gakologelwa le go akgola Rre Harry Schwarz, yo ka maswabi a hulereng mo bekeng e e fetileng.
Gareng ga tse dingwe, Rre Schwarz o nnile tokololo ya setlhopha sa babueledi ba Rivonia.

Re isa ditebogo go ditsala le bakaulengwe mo morafeng wa boditshabatshaba, gobo ba lole ba bapile le rona gore re fitlhelele kgololesego. Re isa kamogelo e e kgethegileng go balelapa loo Mandela.
Balelapa loo Mandela ba nnile sekai sa boineelo jwa bontsi, jo bo duleng setlhabelo sa kgobelelo ya tlhaolele. Re isa madume go boeteledipele jwa lekoko le le busang mmogo le balekanesemphato. Mo go bona motsi o o o kgethegileng go menagana gabedi.

Bakaulengwe le ditsala,

Mo letsatsing leno le le kgethegileng, re tshwanetse go amogela go tsenya seatla ga boeteledipele jwa National Party, jo kwa bofelong bo lemogileng gore tlhaolele ga e na bokamoso. Ntetleng go bolela seabe se Moporesidente wa maloba PW Botha a nnileng naso. Ke ena a ragositseng puisano ka ga kgonego ya kgololo ya bagolegwa ba sepolotiki. Moporesidente Botha o dirile mmogo le Tona ya Bosiamisi ya Maloba, Rre Kobie Coetzee yo ena a neng a thusiwa ke Ngaka Neil Barnard le Mike Louw. Ba nnile le seabe sa botlhokwa mo go betleng tsela ya kgololesego ya ga Madiba.

Bakaulengwe ba ba tlotlegang,

Aforika Borwa e sa ntse e tla amogela ka botlalo, seabe sa botlhokwatlhokwa se Moporesidente wa ANC wa maloba Oliver Tambo a nnileng le sone ka go aga motheo o naga eno e duleng sekao se se phatsimang sa kgololesego le temokerasi. Ke boeteledipele jwa gagwe jo bo tlhololo, ponelopele mmogo le pono e e edileng, tse di tataisitseng ANC gore e nonotshe motlhala wa tumalano ka dipuisano.

Botlhale jwa gagwe bo itshupile gape mo Tlhomamisong ya Harare, e a e kwadileng le go e tswerefatsa. Se ke sona se tlhomileng motheo wa dikitsiso tsa hisetori ka Moporesidente FW de Klerk, dingwaga di le 20 tse di hulereng.

Ka dikitsiso tse, Moporesidente de Klerk o supile bopelokgale mmogo le boeteledipele jo bo edileng. Mo letsatsing le legolo leno, nte ke amogele le seabe se se tserweng ke moswi Mme Helen Suzman.
Mo pakeng e telele, Helen Suzman o nnile ntsweesi mo Palamenteng,a goa phetogo.

Re amogela le seabe sa moeteledipele wa Inkatha Freedom Party, Kgosi Mangosuthu Buthelezi, yo le ena a goileng kgololesego ya ga Madiba mmogo le ya bagolegwa ba sepolotiki ba bangwe, a bo a goa le poelogae ya batshediswamelelwane.

Re gatelela tebogo ya rona ya botswapelo go morafe wa boditshabatshaba malebana le tshegetso ya bona e e tlhomameng mo kgaratlhong ya rona. Metsotso e etsa eno mo hisetoring ya rona e supa bokgoni jwa rona jwa go tshwaragana, le mo maemong a a bokete go gaisa, ka maikaelelo a go eteletsa dikgatlhegelo tsa naga pele, go gaisa dikgatlhegelo tsotlhe tse dingwe.

Fa re dirisana re ka fitlhelela go le gontsintsi.

Maloko a a tlotlegang,

Mo tsamaong ya ngwaga o, re tla tshwaya ngwaga wa ngwagakgolo wa tlhomo ya Kitlano ya Aforika Borwa e e tlhomilweng ka 1910.

Se se tlhamile naga e e kopaneng. Se se lemogiwang ke gore go tlhotlhololwa ga bantsho mo Kopanong e, e nnile lebakalegolo la go tlhomiwa ga African National Congress ka 1912.

Fa re tshwaya ngwagakgolo o, moragonyana monongwaga, re tshwanetse go leba gore naga ya rona e tsamaile sekgala se le kae go tloga ka 1912.

Maloko a a tlotlegang, re gakologelwa mafoko a ga Madiba ka motsi wa go gololwa ga gagwe fa a ne are mme ke a nopola:

?Ke ema fa pele ga lona, e seng jaaka moporofeta, mme e le jaaka motlhanka wa lona, batho, wa boikokobetso. Go sa lape go ineela ga lona, ka bogaka, go nkgontshitse go nna fa, mo tsatsing jeno. Ka jalo ke baa dingwaga tse di setseng tsa botshelo jwa me mo diatleng tsa lona?.

Mafoko a a re rotloetsa gore re se ka ra bo ra ikhutsa go fitlhela re fitlhelela ditlhologelelo tsa morafe o o gololesegileng mo lehumeng le kiletso.

Mo dingwagasomeng di le pedi tsa kgololesego ya ga Madiba, motheo wa naga ya rona o fetogile.

Moporesidente Mandela o tshwaragantse naga e malebana le phitlhelelo ya demokerasi le tswelelopele e e se nang kgethololo ya bong kana semorafe. Jaaka re keteka kgololesego ya ga Madiba gompieno, a re itlameng seswa go aga bokamoso jo bo botoka go maAforika Borwa otlhe, bantsho le basweu. A re tebeleng tlhologelelo e Madiba a e lwetseng botshelo jwa gagwe jotlhe, tlhologelelo ya morafe wa demokerasi o o gololesegileng fao batho ba botlhe ba tshelang mmogo ka kagiso mme ba na le tshono e e lekanang.

Maloko a a tlotlegang,

Re epile pitso ya bonno jwa motlhakanelwa ya maitseboa gore bontsi jwa batho mo nageng, badiri mmogo le bana ba sekolo, bo kgone go nna karolo ya motsi ono.

Re kgatlhilwe ke matlhagatlhaga a baswa malebana le motsi o.

Bana ba le makgolopedi masomethataro thataro go tswa diporofenseng tsotlhe, ba tsere karolo mo dikganetsanong tsa ketelela Maemo a Setshaba, malebana le seabe sa baswa mo ntweng kgatlhanong le lehuma.

Re akgola mofenyikakaretso, Charlotte le Fleur wa Sekolosegolwane sa Worcester, mmogo le batsaakarolo botlhe ka matsapa a bona.

Bakaulengwe le ditsala,

Re kopane fano mo lemoragong la maemo a tlalelo ya ikonomi ya lefatshe. Mo ngwageng o o fetileng, re itemogetse kwelotlase ya ntlha mo dingwageng di le 17. Kwelotlase e, e jetse ikonomi ya rona ditiro di ka nna 900 000. Bontsi jo bo latlhegetsweng ke ditiro e nnile batlamelalapa mo malapeng a bahumanegi.

Ka Tlhakole ngogola baemedi ba puso, bagwebi, badiri mmogo le baagi ba dumalane ka dikgato tsa go fokotsa kelo le maatla a tlalelo. Re diragaditse dikgato tse. Re diragaditse tirisomadi ya puso e e kgatlhanong le kwelotlase, bogolosegolo mo dipopotheong. Go bebofaletsa bokobodikhutshwane, re atolositse Madi a tlamelo ya bana go akaretsa bana ba ba fetang dingwaga di le 14. Mo dingwageng di le tharo tse di latelang, palo e e okeditsweng ka dimilione di le pedi ya bana go tswa malapeng a batlhoki bana ba dingwaga di le 15 go ya go 18 e tla ungwa go tswa go Maditlamelo a bana.

Setlamo sa Tlhabololo ya Madirelo se beetse kwa thoko R6 bilione go thusa ditlamo tse di khidiegileng. Puso e itsisitse ?sekema sa katiso? go neela badiri tlhotsho ya nako ya go katisiwa go na le go rodisiwa tiro. Maiteko a, a atlaretswe ke Lenaneo la rona la Ditiro tsa Setshaba.

Setshaba se tla gakologelwa gore ka nako ya Puo ya Maemo a Setshaba ya 2009, ke itsisitse gore Lenaneo le le Atolositsweng la Ditiro tsa Setshaba le tla tlhola tshono ya ditiro di le 500 000 pele Sedimonthole wa 2009 a khutla.

Tseno ke ditshono tsa ditiro tse di tlholwang go neela batho ba ba sa direng, lotseno, maitemogelo a tiro mmogo le tshono ya go katisiwa.

Maloko a a tlotlegang, maAforika Borwa a gaetsho,

Re motlotlo go itsise gore fa Sedimonthole a khutla, ke fa re tlhodile ditshono tsa ditiro tsa setshaba di le 480 000, e bong 97% ya ntlhatebo e re neng re e totile. Ditiro, tse di mo mefameng e e jaaka kago, tlhokomelo ya fa gae le ya morafe, mmogo le diporojeke tsa tikologo.

Re lemogile dikarolo tse di tlhokang tokafatso, tse re tla di tlhokomelang fa re ntse re gatela pele, go akarediwa netefatso ya diporojeke tse di tlhokang diatla tsa badiri, bogolosegolo. Re a itse gore dikgato tse mmogo le tse dingwe di ka se timole bogale jwa sephetho sa kwelotlase. Re motlotlo ka mowa wa lelapa, wa morafe, le wa boithaopi, o o rotloetsang bontsi jwa batho go thusa ba ba amilweng ke tlalelo, mo nakong eno e boima.

Maloko a a tlotlegang,

Ditshupo tsa ikonomi di tlhagisa gore gajaana re a retologa. Maemo a ikonomi a a tlhatloga mo Aforika Borwa, mme re solofetse kgolo go tloga fa go ya pele. Dipalopalo tsa bodiri tse di golotsweng ka Labobedi di supa gore ikonomi gajaana e tlhola ditiro go gaisa go di fedisa. Le gale, go sa le gale go netefatsa lebelo la tharabologelo.

Ka jalo, puso ga e ye go gogela tshegetso ya yona morago. Gajaana ke nako ya go ala motheo wa kgolo e e tiileng fa re ya pele, kgolo e e tlhamang ditiro tse dingwe. Lenaneo la rona la ditirelo la pakatelele le tla re thusa go gola ka lebelo. Mananeo a rona a thuto le bokgoni a tla oketsa kumo le bogaisani.

Leanotiro la Pholisi ya Bodiredi mmogo le tebontshwa ya ditiro tse diswa, di tla aga madirelo a a maatla le a a ngokang badiri. Mananeo a rona a tlhabololo ya magae a tla tokafatsa kumo ya selegae mmogo le matshelo a batho ba ba tshelang mo mafelong a magae. Motheo wa mananeo a rona a tsosoloso le kgodiso ya ikonomi ke mananeo a peeletso ya madi.

Mo dingwageng tse tharo tse di tlang, puso e tla dirisa R846 bilione malebana le dipopotheo tsa setshaba. Mo go tsa dipalangwa, re tla tshola le go godisa mafaratlhatlha a ditsela. Re tla netefatsa gore mafaratlhatlha a rona a diporo a a ikanyega, a kgona go gaisana, e bile a nyalana le go golagana botoka le boemelakepe. Go netefatsa kabo ya maatlamotlakase e e ikanyegang, re tlhomile Komiti ya ditona ya Maatlamotlakase, go re kgontsha go tlhama thulaganokgolagano ya dingwaga di le 20.

Gareng ga tse dingwe, thulagano e, e ya go leba botsayakarolo jwa batsweletsi ba maatlamotlakase ba ba ikemetseng ka bosi, mmogo le go sireletsa batlhoki kgatlhanong le tlhotlhwa ya motlakase e e tlhatlogang.
Re ya go tlhoma botsamaisi jo bo ikemetseng, jo bo sa golaganang le Eskom Holdings.

Eskom e tla tswelela go aga mothamo o o okeditsweng wa maatla, le go tokafatsa tlamelo ya diteisene tsa yona tsa maatlamotlakase. Re tlhamile Lekgotlakgakololo la Matlafatso e e Atolositsweng ya Ikonomi ya go tlhomamisa thotloetso ya ikonomi e e akaretsang botlhe. Modulasetilo wa Lekgotla le ke Moporesidente wa naga. Tebo e e tshwanetseng go potlakelwa ya phetogo ya pholesi e tshwanetse go nna botsereganyi ka maikaelelo a go tlhola ditiro tsa baswa. Kelo ya botlhokatiro mo basweng e kwa godimo ga palogare.

Go ya go begwa ditshikhinyo tsa go etleetsa tlhotlhwa ya go thapa badiri ba baswa. Se se tla rotloetsa madirelo go thapa badiri ba ba se nang maitemogelo. Katoloso e nngwe ya mananeo a go thapiwa ga setshaba e mo tseleng. Se se akaretsa madirelo a selegae, diporojeke tsa maano a boraro, diporojeke tsa puisokwalo, tlhokomelo ya fa gae, tlhokomelo ya dikolo le kgodiso kgolo ya bana go tswa kwa bonnyeng.

Mo ngwageng o o fetileng re kgakotse Mokgatlho wa Bosetshaba wa Tlhabololo ya Baswa. Re kaetse setheo se go potlakisa tlhamo ya makala a sona naga ka bophara gore se kgone go re thusa go tsenya mananeo a tlhabololo ya baswa o moseleng o o maleba mo pusong.

Maloko a a tlotlegang,

Fa botsamaiso joo bo tsena tirong ngogola, re itlamile go dira ka natla gore re age naga e e nonofileng ya tlhabololo. Re rile naga e, e ya go tsibogela ditlhokwa le ditlhologelo tsa batho, mme e ya go nna naga e e dirang botoka, e ntse e direla ka lobelo lo lo okeditsweng. Ngwaga ono, 2010, e ya go nna ngwaga wa go dira.

Ponagalo e e itlhaolang ya botsamaisi jono e ya go nna gore bo itse gore batho ba tshela kae, bo tlhaloganya ditlhokwa tsa batho mme bo tsibogela ditlhokwa tse, ka lobelo lo lo okeditsweng. Puso e tshwanetse go dira ka lobelo lo lo okeditsweng, ka natla go gaisa mme e le ka manontlhotlho.

Re lebeletse gore Khuduthamaga le Bodiredipuso bo inaakanye le maitlhomo a. Re aga naga e e sokegetseng mo go direng le go diragatseng, mme re dira jaana ka go tokafatsa thulaganyo mmogo le kelotlhoko ya tiragatso le tlhatlhobo. Re tlhoka le go nyalanya maiteko a tekatekanyo ya bong le Lenaneo la Tiro la Puso. Tiro e e tla netefatsa gore basadi, baswa le digole ba fitlhelela tshono ya tlhabololo.

Re motlotlo go itsise tsela e ntshwa ya go dira dilo mo pusong.

Tiro ya mafapha e tla lekanyetswa ka dipoelo tse di tlhamilweng go ya ka thulaganyo kelotlhoko ya tiragatso le tlhatlhobo. Ditona tse di rweleng maikarabelo a poelo e e rileng, di tla saena tumalano ya tiragatso e e tletseng, le Moporesidente. Tumalano e, e tla tlhalosa se se tshwanetseng go dirwa, gore se dirwa jang, ke mang, mo pakeng e e kae, go dirisiwa tekanyetso le didirisiwa dife.

Jaaka lo setse lo itse, re itlametse ditlapele tse tlhano:
Thuto, boitekanelo, tlhabololo ya metsemagae le bonno jwa batho, go tlhama ditiro tse di eletsegang, le go lwantsha bosenyi. Go tlaleletsa fa, re tla dira ka natla go tokafatsa boleng jwa pusoselegae, tlhabololo ya dipopotheo lebonno jwa batho. Re ya go dira ditiro di le mmalwa go fitlhelela dipoelo tse.

Re beile thuto le tlhabololo ya bokgoni jaaka pinagare ya dipholesi tsa puso. Mo lenaneong la rona la 2010, re eletsa go tokafatsa bokgoni jwa bana ba rona jwa go buisa, go kwala le go bala mo dingwageng tsa kgato ya motheo. Fa re sa dire se, re ka se ka ra tokafatsa boleng jwa thuto. Dintlhanaikaelelo tsa rona ka ga thuto di bonolo, le gale di botlhokwa. Re batla baithuti le barutabana ba nne kwa sekolong, mo phaposing, ka nako, ba ithuta le go ruta, diura di le supa ka letsatsi.

Re tla thusa barutabana ka go ba neela dithulaganyotiro tse di tletseng, tsa letsatsi le letsatsi. Go baithuti, re tla ba abela dibukatiro tse di ka dirisiwang bonolo, ka dipuo tsotlhe tse 11. Go simolola monogwaga go ya pele, baithuti botlhe ba dikereite 3, 6 le 9 ba tla kwala diteko tsa puisokwalo le thutapalo tse di tla lekanyediwang ke balekanyetsi ba ba ikemetseng. Re ikaelela go oketsa kelo ya phalolo ya diteko tse go tloga palogareng ya gajaana ya 35% le 40% go ya go bonnye, 60% ka 2014. Dipholo di tla romelelwa batsadi gore ba sale morago tswelelopele ya bana.

Go tlaleletsa fa, sekolo sengwe le sengwe sa tse 27 000 se tla tlhatlhojwa ke batlhankedi go tswa Lefapheng la Thuto ya Motheo. Se se tla kwalwa mo rekotong ya pegelo e e kwadilweng e e ka runwang. Re ikaelela go oketsa palo ya baithuti ba materiki ba ba ka kgonang go amogelwa kwa diyunibesithing go ya go 175 000 ka ngwaga ka 2014.

Re rotloetsa batsadi go dirisana le rona go netefatsa katlego se. Re itumelela pego ya kgwedi e e fetileng ka mekgatlho e meraro ya barutisi; NAPTOSA, SADTU le SAOU, foo ba neng ba boeletsa boitlamo jwa bona malebana le Kgoeletso ya Boleng jo bo kwa godimo jwa go Ithuta le go Ruta go simolola ka 2010.

Maloko a a tlotlegang,

Re tlhoka go beeletsa mo basweng go tlhomamisa gore re nna le mophato wa badiri o o nang le bokgoni jwa go tshegetsa kgolo le tlholego ya ditiro. Ka jalo, re rulaganyetsa go oketsa le go godisa katiso ya baswa ba dingwaga di le 16-25 malebana le ditirelo tsa thuto le katiso e e tswelelang. Se, se tla re kgontsha go neela baithuti ba ba sa lekanelang yunibesithi, tshono ya go rutega.

Re dira mmogo le ditheo tsa thuto e kgolwane go netefatsa gore baithuti ba ba nang le tshwanelo ya go amogelwa, ba bona thuso ya madi, ka mosele wa Sekema sa Setshaba sa Thuso ya Matlole sa Baithuti. Re beile dintlhaphitlhelelo tsa maemogodimo tsa tlhabololo ya bokgoni, go oketsa palo ya baenjenere le bategeniki, le go oketsa palo ya barutabana ba ba nonofileng ba Mmetse mmogo le Bonetetshi.Re tshwanetse ra oketsa le palo ya baswa ba ba tsenelang dithutela tirong mo maphateng a poraefete mmogo le a puso.

Poelo nngwe ya botlhokwa ke go netefatsa botshelo jo boleele jwa boitekanelo gomMaAforika Borwa otlhe.
Re tla tswelela go tokafatsa thulaganyo ya rona ya tlhokomelo ya boitekanelo. Se se akaretsa kago le tlhabololo ya dikokelo le ditleliniki, mmogo le tokafatso ya maemo a tiro a badiri ba tlhokomelo ya boitekanelo.

Re utlwanetse bolekane le Bankatlhabololo ya Borwa jwa Aforika, malebana le go tokafatsa bodiredi jwa dikokelo tsa puso mmogo le dikantoro tsa dikgaolo. Re bile re dirisana le Bankatlhabololo ya Aforika Borwa (DBSA) mmogo le Koporasi ya Tsweletso ya Madirelo. Tirisano ya rona e ka mananeo a motlhakanelwa a puso-poraefete, go tlhabolola dikokelo le go aba matlole go diporojeke.

Maloko a a tlotlegang,

Re lebanwe ke go itebaganya le bonnete jwa gore boleelebotshelo go tswa pelegong, bo fokotsegile go tswa go di ngwaga di le 60 ka 1994 go ya go dingwaga di le ka fa tlasenyana ga 50 gajaana. Ka jalo, re tshwaragane le go tsereganya go fokotsa kelo ya dintsho tse di tlholwang ke pelegi, go fokotsa phetetso ya HIV mmogo le go alafa HIV le lohuba.

Re ya go fokotsa dintsho tsa masea ka tiriso ya mananeo a a kwenneng a moento. Re ya go busa mananeo a tsa boitekanelo kwa dikolong. Re ya go diragatsa maitlamo otlhe a a tserweng ka letsatsi la lefatshe la AIDS, maitlamo a a amanang le mekgwa e meswa ya thibelo le kalafo ya HIV. Re tshwaragane le tiro e e makitla go netefatsa gore tiro e, e diragala mo nakong e e utlwanetsweng. Re tla tswelela le ka paakanyetso ya go tlhomiwa ga thulaganyo ya puso ya insorense ya bosetshaba ya boitekanelo.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Re dira ka natla go netefatsa gore mongwe le mongwe mo Aforika Borwa o ikutlwa a babalesegile le gore o babalesegile. Re ya go tsweletsa tiro ya rona go fokotsa bokebekwa jo bogolo, le go netefatsa gore thulaganyo ya bosiamisi e dira ka tolamo. Re tsenya tirisong dithulaganyo tsa go oketsa palo ya mapodisi ka 10% mo dingwageng tse tharo tse di latelang.

Re lemogile le go tlhaola jaaka ditlapele, ntwa kgatlhanong le go thopiwa ka dikgoka, thukutho ya mafelokgwebo le matlo, mmogo le bonokwane bo tshwana le polao, petelelo le kgobatso. Rotlhe re tshwanetse go nna le seabe. A re tseeng karolo mo ditheong tsa pabalesego tsa motse. A re leseng go reka dithoto tsa bogodu. A ka gale re nne re ipaakanyeditse go neela mapodisi tshedimosetso ka ga bosenyi.

Fa re dirisana re tla fenya bosenyi

Bakaulengwe le baeng ba tlotlego,

Pusoselegae e tshwanetse go dira. Bommasepala ba tshwanetse go tokafatsa thebolo ya matlo, metsi, kgeleloleswe, motlakase, taolo ya matlakala le ditsela. Re tsene pitso le bommeiyara le balaodi ba mmasepala ngogola. Pitso e e re neetse tshedimosetso e e boteng malebana le dikgwetlho tse di fitlhelwang mo pusoselegaeng.

Re bile re etetse merafe le bommasepala ba ba farologaneng, go akarediwa Balfour kwa Mpumalanga mmogo le Thembisa kwa Gauteng. Morago ga ketelo ya Balfour re rometse setlhopha sa ditona di le robongwe go etela kgaolo e ya Balfour go mekamekana le dintlha tse di tlhagisitsweng ke baagi. Dintlha dingwe di setse di tsibogetswe. Ke laetse ditona go tlhokomela dintlha tse di saletseng morago. Re gatelela gore ga go dingongorego dipe tse di fiwang jaaka lebaka la borukhutlhi le tshenyo ya dithoto.

Re laetse badiredi ba semolao gore ba gagamatse ditomo mo botlhokataolong jwa kwa Balfour le dikarolo tse dingwe. Ka Sedimonthole 2009, Kabinete e atlanegisitse togamaano ya semenogane ya pusoselegae. Se se tla netefatsa gore pusoselegae e na le bolaodi jo bo maleba mmogo le bokgoni jwa tsamaiso le setegeniki.

Mo ngwageng ono wa tiro, a re direng mmogo go netefatsa gore kwa bofelong, pusoselegae e nna tiro ya rona rotlhe.

Re tshwaragane le go tlhabolola mekhukhu mmogo le go tlhoma ditirelo tse di tlhamatsegang go bonnye jwa malapa a le 500 000 ka 2014. Re rulaganya go beela thoko dihekethara di feta 6 000 tsa naga ya puso e e mo felong go isegang, go aga matlo a a tlhwatlwa tlase.

Maitlhomomagolo a maswa e ya go akaretsa batho ba lotseno lwa bona lo leng kwa godimo foo lo ba rontshang go amogela ketleetso ya puso, le gale lotseno lo lo le kwa tlase ga kelo ya go bona ketleetso ya dibanka. Re ya go tlhoma ketleetso ya R1 bilione go tlhotlha dibanka tsa poraefete mmogo le lekala la matlo go aga dikumo go tlhokomela kgwetlho e ya matlo.

Bakaulengwe, mo ngwageng o o fetileng re rile baagi ba metsemagae le bona ba na le tshwanelo ya go nna le motlakase, metsi, matlwana a metsi mmogo le ditsela. Ra re ba tshwanetse go nna le ditikwatikwe tsa metshameko gammogo le tsa marekelo jaaka kwa ditoropong.

Malebana le se, re itsisitse Ketelelafelo ya Lenaneo Tlhabololo Kakaretso la Magae kwa Giyani, Limpopo, ka Phatwe ngogola. Go tloga motsi o, go agilwe matlo a le 231. Go nnile le tswelopele mo neelong ya ditirelo go tshegetsa tlhabololo ya tsa temo, mmogo le katiso ya ditokololo tsa morafe.

Phitlhelelo ya ditirelo tsa boitekanelo le thuto e tokafetse. Re diragatsa mananeo a mofuta o mo mafelong a le supa mo nageng. Mananeo a a tla tswela mosola dikgaolotlhopho di le 21. Fa 2014 o rogwa, re ikaelela go nna le mafelo mo dikgaolotlhophong di le 160. Re eletsa gore 60% ya malapa mo mafelong a e kgone go fitlhelela ditlhokego tsa bona tsa dijo go tswa dikumong tsaabo ka ngwaga wa 2014.

Kgato ka kgato re tla bo re fitlhe jaaka seane se re bakaulengwe, dilo tse kgolo di simolola ka dikgato tse dinnye.

Re lebanwe gape ke go nyalana mananeo tshegetso a tlhabololo ya naga mmogo le temo. Mo karolong e katlego ya rona e tla lekanyetswa ka koketsego ya palo ya balemipotlana ba ba nnang balemibagolo.

Motlotlegi Mmusakgotla le Modulasetulo wa Lekgotla la Bosetshaba la Diporofense,

Naga ya rona ga e a huma ka metsi. Le fa go le jalo, re latlhegelwa ke metsi a le mantsi ka ntata ya dipeipe tse di dutlang le dipopotheo tse di sa lekanelang. Re ya go bopa maano a go fokotsa tatlhegelo ya metsi ka seripa fa 2014 a rogwa.

Maloko a a tlotlegang,

Jaaka karolo ya maiteko a rona a go rotloetsa kgolo ya ikonomi, re dira ka natla go fokotsa ditshenyegelo tsa tlhaeletsano. Morafe wa Aforika Borwa o ka solofela phokotso ya kelo ya tlhotlhwa ya go dirisa mogala wa selefounu, wa fa gae mmogo le wa botlhe. Re ya go dira ka natla go oketsa lebelo la kgolagano, ka maikaelelo a go netefatsa maemogodimo a tirelo ya ditirelo tsa inthanete, re inaakantse le moono wa boditshabatshaba.

MaAforika Borwa a gaetsho, puso e ya go netefatsa gore dithoto tsa rona tsa tikologo mmogo le madirelo a tlhago di a tlhokomelwa le go atlarelwa ka gale. Re akgetse go bonala malebana le Tumallano e e amogetsweng kwa Pitsokgolong ya Phetogo ya Tlelaemete ya Copenhagen ka Sedimonthole ngogola, re na le dinaga tsa Brazil, India le China, mmogo le United States e e neng e emetse dinaga tse di tlhabologileng.

Le fa tumallano e e sa fitlha fa re neng re solofetse, e nnile kgato ya botlhokwa ka gobo e bofa dinaga tsotlhe go tsibogela phetogo ya tlelaemete. Re ya go dira ka natla go gaisa mmogo le balekane ba rona ba boditshabatshaba malebana le maitlamo a semolao. Mo Aforika Borwa re itlametse ntlhaphitlhelelo ya phokotsotsweletso e e rileng mme re ya go tswelela go dira ka natla malebana le maano a rona a tsereganyo ya phetogo ya leruri ya tlelaemete.

Maloko a a tlotlegang,

Re ya go nonotsha maitlhomo a go godisa dikgatlhegelo tsa Aforika Borwa mo lefatsheng ka bophara. Re tla tshegetsa maiteko a go oketsa lebelo la go nyalanya dinaga tsa SADC malebana le polotiki le ikonomi, mmogo le go rotloetsa kgwebo le peeletso magareng a dinaga tse. Aforika Borwa e tswelela go nna moeteledipele mo maitekong a go natlafatsa Kitlano ya Aforika mmogo le makala a yona go direla kopano. Re ya go tsepamisa maatla mo tsosolosong ya Semphatho se se Ntshwa sa Tlhabololo ya Aforika jaaka maano a tlhabololo ya ikonomi ya kontinente.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Bodiredipuso bo tshwanela ke go tsibogela kgoeletso e go dira gore paka e e nne ya tiro e e potlakileng le go tokafatsa tiragatso ya puso. Re lebeletse manontlhotlho le go dira ka natla. Re tlhoka badiredipuso ba ba ineetseng, ba ba kgonang mme barekegela ditlhokwa tsa baagi. Puso e setse e dira ka tlhabololo le go tsenya tirisong mananeo a tlhabololo ya badiredi puso a a yang go ala motheo wa badiredi puso mo mefameng yotlhe.

Maloko a a tlotlegang,

Re tsweletsa maiteko a rona a go fedisa bomenemene le botsietsi mo tsamaisong ya dithendara mmogo le mo dikopong tsa makwalokgweetso, madi a tlamelo a puso le makwalo ikitsiso gareng ga tse dingwe. Re motlotlo ka tema e puso e e beileng mo dikarolong dingwe. Mo bekeng e, re khutlisitse tuelo ya madi a tlamelo a puso a bomenemene go batho ba le 32 687. Madi a a lekanyetswa go dimilione di le R180. Komiti ya rona ya ditona, e e lebileng bomenemene, e sekaseka tsela ya leruri ya go fenya bomenemene. Fa re dirisana re ka fitlhelela go le gontsintsi.

Bakaulengwe,

Jaaka lo lemogile, re itsisitse Mogala o o Kgethegileng wa Moporesidente gore puso mmogo le Kantoro ya Moporesidente di fitlhelelwe bonolo ke setshaba le go thibolola thebolelo ya ditirelo. Mogala o o kgethegileng ke sekai sa maikaelelo a rona a go dira dilo ka tsela e e farologaneng mo pusong. Se se tlhodile phetogo mo matshelong a bontsi jwa baagi ba Aforika Borwa.

Re ka bolela ka leina Mohumagadi Buziwe Ngaleka wa kwa Mount Frere yo o nnileng motho wa ntlha go letsetsa mogala o a ngongorega ka tsamaiso ya phensene ya moswi mogatse. Mme Ngaleka o teng fa mo maitseboeng ano.
Re na gape fano le Rre Nkululeko Cele, yo o neng a thusega go bona lekwalo ikitsiso le le mo kgontshitseng go ikwadisa kwa Yunibesithing ya Tshwane ya Thekenoloji.

Tse ke dikanelo di le pedi fela, gareng ga bontsi jwa dikanelo tse di supileng katlego. Go tswa dikaong tse mmogo le tse dingwe re lemoga makoa a a tshwanetseng go baakangwa ke mefama e e farologaneng ya puso.
Ka tiriso ya mmusakgotla re laleditse boemedi jwa makokomantsi go tswa Palamenteng go etela lefelo la mogala o gore ditokololo tsa Palamente di itemogele bogolo jwa tiro e e dirwang koo.

Bakaulengwe le ditsala,

Ke tlhalositse dintlhakgolo tsa thulaganyo ya rona ya 2010 e bong maitlamo a rona a motlhakanelwa jaaka puso go baagi ba Aforika Bowa. Puo ya Maemo a Setshaba a neela tebokakaretso ya thulaganyo ya rona ya tiro. Ditona di tla neela diteng ka nako ya tsona ya puo ya Boutu ya Tekanyetso.

Maloko a a tlotlegang,

MaAforika Borwa a gaetsho, ka kgwedi ya Ngwanatsele monongwaga re tla bo re keteka dingwaga di le 150 go tloga motsi wa kgorogo ya Maintia mo Aforika Borwa. Se se re neela tshono ya go lemoga seabe sa botlhokwa sa morafe wa Maintia mo dikarolong tsa bodiri, kgwebo, bonetetshi, metshameko, tumedi, botsweretshi, setso le katlego mmogo le tiiseletso ya demokerasi ya rona.

Bakaulengwe le ditsala,

Nte ke dirise tshono eno go boa ke isa matshediso a rona go tswa botennye jwa pelo go Puso mmogo le baagi ba Haiti ka masetlapelo a dira-ga-di-bonwe a a ba wetseng. Re motlotlo gobo ditlhopha tsa rona tsa pholoso di kgonne go ya go thusa.

Ke rata mo nakong eno go lemoga le go amogela Moaforika yo ka gale a sa itsapeng go thusa mo dinakong tsa matlhotlhapelo a tshwana le a. Moaforika yo o thusa go godisa maitlhomo a morafe o o tlhokomelang. Re amogela fano mo ntlung e Ngaka Imtiaz Sooliman wa Gift of the Givers.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Go nna bengae ba Sejana sa Lefatshe sa FIFA go dira gore 2010 e nne ngwaga wa tiro ga mmannete. Re feditse dingwaga re rulaganyetsa Sejana se sa Lefatshe. Re setse fela ka dikgwedi di le tharo. Re itomile sesino gore sejana se se atlege. Dipopotheo, tshireletso mmogo le dintsanantsana tsa paakanyetso di rulagantswe go netefatsa katlego ya metshameko e ya kgwele dinao. Morafe otlhe o isa malebogo a boikokobetso go Komiti ya Dithulaganyo ya Selegae ka matsapa a bona. Re eleletsa masego Modulasetulo wa Komiti e, Irvin Khoza, Motlhankedimogolo Danny Jordaan mmogo le mokatisi wa Bafana Bafana Carlos Alberto Parreira mo dikgweding di le mmalwa tse di tlang.

Moporesidente Nelson Mandela o nnile pinagare mo go tshegetseng naga e go nna le tshono ya go nna mongae wa tiragalo e kgolo e. Ka jalo re tshwanetse go netefatsa gore Sejana se sa lefatshe se atlega thata go tlotlomatsa Nelson Mandela. Bakaulengwe a re nneng mowa mongwe go ema setlhopha sa naga Bafana Bafana nokeng. Nna ke mongwe wa ba ba dumelang gore Bafana Bafana ba tla gakgamatsa bontsi. Sa botlhokwa: tshola thekethe seatleng. A rotlhe re rekeng dithekethe tsa go bogela metshameko go sa le gale.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Jaaka re keteka kgololesego ya ga Madiba mo tsatsing je, re boeletsa maitlamo a rona malebana le poelano, kitlano ya setshaba, go tlhoka kgethololo semorafe mmogo le go aga bokamoso jo bo botoka re le mmogo jaaka maAforika Borwa, bantsho le basweu.

Re kaelwa ke se se builweng ke Madiba kwa kgotlatshekelo, ke mo nopola ka tlhamalalo:

?Mo nakong ya botshelo jwa me ke ineeletse go kgaratlhela batho ba Aforika. Ke lole kgatlhanong le kgobelelo ka basweu, ke bile ke lole kgatlhanong le kgobelelo ka bantsho. Ke tsweletse go eletsa le go kgatlhegela maitlhomo a morafe o o gololesegileng, wa demokerasi, foo batho botlhe ba tshelang mmogo ka kagiso, e bile ba na le tshono e e lekanang. Se ke keletso e ke solofelang go e tshelela, le go e fitlhelela. Le gale, fa go tlhokega jalo, ke keletso e nka se itsapeng go e swela?.

Ke itshetletse le go rotloetswa ke mogaka wa rona Madiba, Ke ikutlwa motlotlo go abela Puo e ya Maemo a Setshaba ya 2010 go bagaka le bagakagadi botlhe ba rona, ba ba tumileng le ba ba sa tumang, ba ba itsiweng le ba ba sa itsiweng. Nte re direng mmogo go dira ngwaga o wa tiro, ngwaga o o atlegileng mo nageng ya rona.

Ke a leboga.

Issued by: The Presidency
11 February 2010

 

Issued by: The Presidency

Share this page

Similar categories to explore