Puo ya maemo a setshaba ka motlotlegi JG Zuma, Moporesidente wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, Bonno jo bo Kopanetsweng, Motsekapa

03 Jun 2009

Mmusakgotla yo o tlotlegang;
Modulasetulo wa Lekgotla la Bosetshaba la Diporofense;
Motlatsa mmusakgotla wa Kokoano Bosetshaba gammogo le Motlatsa modulasetulo wa Lekgotla la Bosetshaba la Diporofense;
Motlatsa tautona wa Rephaboliki, Kgalema Motlanthe;
Moporesitente wa maloba ya Rephaboliki, Thabo Mbeki;
Mogaka wa rona, Moporesitente wa Ntlha wa Aforika Borwa wa temokerasi, Isithwalandwe Nelson Rolihlahla Mandela;
Batlatsa moporesitente ba maloba;
Ditonakgolo tse di Tlotlegang gammogo le Babusakgotla ba Diporofense tsa rona;
Maloko a a Tlotlegang a Boatlhodi;
Modulasetilo wa SALGA, boratoropo le baeteledipele ba tsamaiso ya pusoselegae;
Modulasetilo wa Ntlo ya Bosetshaba ya Dikgosi gammogo le baetedipele ba rona ba setso ba ba tlotlegang;
Ditlhogo tsa Ditheo tsa Puso tse di tshegetsang temokerasi ya molaotheo;
Mmusisi wa Banka ya Rasefe;
Baeteledipele ba Sedumedi;
Bakaedi-Kakaretso gammogo le baeteledipele ba tirelo ya bosetshaba;
Moporesitente wa Pan African Parliament, Motlotlegi Idriss Endele Moussa;
Boambasatara ba ba Tlotlegang le Bakhomisenara-Bagolo;
Baeng ba Tlotlego, bakaulengwe le ditsala;
MaAforika Borwa-ka-nna,

Dumelang, Avuxeni, Molweni,

Ka 22 Moranang, MaAforika Borwa a le dimilione tse dintsi a ne a ya go bouta. A diragaditse tshwanelo ya ona ya setemokerasi, a rotloediwa ke keletso ya go fetola matshelo a bona go nna a a botoka.

Ka dipalopalo tse di thibang letsatsi, a netefaditse gore go dira mmogo, re ka kgona go lwantsha lehuma le go aga matshelo a a botoka go botlhe. A ne a rotloediwa ke pono ya setshaba se se kopaneng, Aforika Borwa e e leng ya rona rotlhe, setshaba se se kopaneng e ntse e le sa mefutafuta, batho ba ba dirang mmogo gore botlhe ba bone mosola.

Re motlotlo ka ntlha ya taelo e e totobetseng e ya batlhophi, e re e filweng ke batho ba naga ya rona, ba ba tlhophileng puso ya bona ka tsela e e senang pelaelo epe.

Maloko a a Tlotlegang,

Mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng, setshaba sa rona se tsamaile mo dinakong tse di thata tota. Re lebogela ntlha ya gore re na le mokgwa wa temokerasi ya molaotheo e e maatla e bile e dira ka botlalo, e e nang le ditheo tse di tiileng, mokgwa o o dirileng gore re fenye mathata a ka thelelo le ka seriti.

Tiragalo ya gompieno ke keteko ya se se dirang gore temokerasi e, e dire. Gape ke keteko ya setso sa rona sa tsweletso le maikarabelo a motlhakanelwa.
Se se pakiwa ke go nna teng ga ga mogaka wa rona Madiba, yo o adileng maitshetlego a diphitlhelelo tsa naga, gammogo le Moporesitente wa maloba Thabo Mbeki, yo o ageletseng mo maitshetlegong ao. Tsweletso eo gape e pakiwa ke ntlha ya gore Moporesitente wa maloba Kgalema Motlanthe ga jaana ke Motlatsa Moporesitente wa Rephaboliki, morago ga kgabaganyo e e bobebe, ntlha e e dira gore re nne naga ya botshwanaesi ka mekgwa e e farologaneng.

MaAforika Borwa-ka-nna,

Jaaka lo ka tswa lo itse, ntwa kgatlhanong le lehuma e sala go nna motheo wa tsepamo ya puso ya rona. Ka 9 Motsheganong, ka nako ya tlhomo ya Tautona, re dirile maitlamo go batho ba rona le lefatshe gore:

"Fa fela go santse go na le MaAforika Borwa a a tlhokofalang ka ntlha ya malwetse a a ka thibelwa;

Fa fela go santse go na le badiri ba ba tshwaraganeng le mathata a go fepa ba malapa a bona gammogo le go kgaratlhela go bona ditiro;

Fa fela go santse go na le baagi ba ba senang metsi a a phepa, bonno jo bo eletsegang kgotsa kgeleloleswe e e siameng;

Fa fela go santse go na le baagi ba metseselegae ba ba sa kgoneng go tshela botshelo jo bo eletsegang go tswa mo lefatsheng le ba nnang mo go lona;

Fa fela go santse go na le bomme ba ba kgethololwang, ba dirisiwa e seng ka tshwanelo kgotsa ba sotlakiwa;

Fa fela go santse go na le bana ba ba sa amogeleng kgotsa ba sa bone tshono ya go amogela thuto e e eletsegang;

Re ka se ikhutse, e bile re seka ra bo ra fapoga, mo phisegelong ya rona ya go fedisa lehuma.

Fa re tswelela go batla go fitlhelela tse, puso e supile dikarolo tse 10 tse di botlhokwa go gaisa, tse di leng karolo ya Letlhomeso la Togamaano la Sebaka sa Bogareng la rona la 2010 go fitlha go 2014.

Lenaneo le ga jaana le tlhagisiwa ka nako ya maemo a ikonomi a a thata.
Ngwaga o o fetileng o bone ikonomi ya lefatshe e tsena mo pakeng ya mathata a a seng kana ka sepe mo dingwagasomeng di le mmalwa tse di fetileng.
Le fa Aforika Borwa e sa amiwa ka selekano seo dinaga di le mmalwa di amilweng ka sona, ditlamorago tsa ikonomi e e kwa tlase ga jaana di bonagala sentle mo ikonoming ya rona. Re tsene mo kwelotlaseng. Go botlhokwa jaanong go feta pele gore re dire ka tshwaragano mo lenaneong le le tshwanang go tsibogela tlalelo e.

Go tsibogela mathata a ikonomi a boditshabatshaba, re simolola ka letlhomeso la Aforika Borwa le le konoseditsweng ke puso, ba merero ya badiri gammogo le ba merero ya kgwebo ka Tlhakole monongwaga. Re tshwanetse go diragatsa jaanong go fokotsa maatla a kwelotlase e mo go ba ba bokoa go gaisa.

Re setse re simolotse go fokotsa tatlhegelo ya ditiro. Go na le tumelano e e utlwanetsweng magareng ga puso le balekane ba tsa loago ka ga go tlhagisa katiso ya badiri pele ba tlogedisiwa tiro. Badiri ba ba lebaganweng ke go latlhegelwa ke ditiro ka ntlha ya mathata a ikonomi, ba tla nna mo ditirong tsa bona mo sebakeng se se rileng gore ba katisiwe gape. Dipuisano ka ga dintlha tsa mekgwa ya go ka dira se di tsweletse magareng ga balekane ba tsa loago le ditheo tse di tla angwang ke itshimololelo e e jalo, go akaretsa Bothati jwa Lekala la Thuto le Katiso.

Re tla tshegetsa tiro ya Khomisene ya Thuanyo, Tsereganyo le Katlholelo (CCMA) go thusa bathapi le badiri go batla ditsela tse dingwe mo boemong jwa go amoga batho ditiro, re latela tiragatso ya semolao e e maleba. Go fitlha ga jaana, bakhomisenara ba CCMA ba bolokile ditiro tse 4 000 ka go tsereganya, gammogo le go tlamela ka kgakololo le tshegetso e e tsweletseng go badiri ba ba amogilweng ditiro.

Koporasi ya Tlhabololo ya Madirelo e tlhabolotse lenaneo la go thusa ditlamo tse di mo kotsing ka matlole. Gape re tlile go netefatsa gore puso e reka dilwana le ditirelo tse dintsi fa gae, ntle le go nyatsa go gaisana ga rona ga boditshabatshaba mo mebarakeng kgotsa go kgarameletsa ditlhwatlhwa kwa bogodimong jo bo sa amogelesegeng.

Fa re agelela mo ditsereganyong tsa dikatlego tsa rona tsa pholisi ya madirelo, e e tlhatlositsweng e tla tlhabololwa. Ditheo tse di eteletseng pele tse di setseng di supilwe ke tsa dirori , dikhemikhale, go dira ka tshipi, bojanala, diaparo le matsela, gammogo le dikgwa. Go tlaleletsa, go tla lejwa gape ditirelo, go dira le go aga mabone magareng ga tse dingwe, mo phisegelong ya go tlhola ditiro tse di eletsegang.

Jaaka karolo ya Legato la 2 la Lenaneo la Ditiro tsa Setshaba le le Atolositsweng (EPWP), gammogo le Lenaneo la Ditiro tsa Baagi a tla potlakisiwa. E tlamela ka legato le le kwa tlasetlase la tiro e e tlwaelegileng go ba ba e tlhokang, fa e ntse e tokafatsa boleng jwa maemo a botshelo mo baaging.

Kwelotlase ya ikonomi e tla ama lobelo leo naga ya rona e kgonang go itshamaganyang ka lona le dikgwetlho tsa loago le ikonomi tse e lebaganeng le tsona. Fela, e ka se fetole tsela ya tlhabololo ya rona. Ditlapele tsa dipholisi tse re di supileng, gammogo le manane a re a beileng fa pele ga batlhophi, a sala go nna pinagare ya lenaneo la puso e.

Go tsamaelana le mowa wa baagi ba Aforika Borwa, a re tshwaraganeng ka diatla go batla ditharabololo mmogo. Nako e gorogile gore re dire ka thata. Puso ya rona e tla leba kwa pele, e seng kwa morago! Dikgato tse di tlhagisitsweng mo go Letlhomeso la Togamaano la Sebaka sa Bogareng la rona di ne di tshwanetse go tsaya tsia dikganelo tse di tlisiwang ke mathata a ikonomi. Kwelotlase ga e a tshwanela go baka gore re fetole manane a. Tota a tshwanetse go re rotloetsa go tsenya manane a tirisong ka lobelo le maikemisetso. Letlhomeso le itebaganya le ditlapele tse 10.

Re itlama gore go dira mmogo, re tla potlakisa kgolo gammogo le go fetola ikonomi gore e tlhole tiro e e amogelesegang le matshelo a a tshwarelelang .
Re tla tlhagisa lenaneo le legolo thata go aga mafaratlhatlha a ikonomi le loago.

Re tla tlhabolola le go tsenya tirisong malepa a tlhabololo ya metseselegae a a tletseng e bile a golagane le lefatshe gammogo le ntshafatso ya tsa temothuo le tshireletsego ya dijo. Re tla maatlafatsa bogolo jwa bokgoni le jwa badiri.
Re tla tokafatsa seemo sa pholo sa maAforika Borwa otlhe.

Ka go dira mmogo le maAforika Borwa otlhe, re tla maatlafatsa ntwa kgatlhanong le bosenyi le bobodu. Re tla aga baagi ba ba tshwaraganeng, ba tlhokomelana e bile go itshedisa ga bona e le go go tla tshwarelelang. Ka go dirisana le Aforika le lefatshe lotlhe, re tla latela tswelelopele ya Aforika gammogo le tirisanommogo ya boditshabatshaba e e tiileng.

Re tla netefatsa gore go nna le taolo le tiriso ya ditlabakelo tse di tshwarelelang. E bile, ka go dirisana mmogo le batho e bile re tshegeditswe ke badiri ba puso, re tla aga naga e e tlhabologang, re tla tokafatsa ditirelo tsa puso le go maatlafatsa ditheo tsa temokerasi.

Ke tlotla mo go nna go tlhagisa dintlha tse di botlhokwa tsa lenaneo la tiro. Go tlhola tiro e e amogelesegang go tla nna kwa bogareng jwa dipholisi tsa rona tsa ikonomi e bile go tla susumetsa ngokelo ya peeletso ya rona gammogo le diitshimololelo tsa go tlhola ditiro. Go tsamaelana le maitlamo a rona, re tshwanetse go gatela pele go rotloetsa ikonomi e e akaretsang.

Mo mabakeng a, re tla dirisa ditheo tsa mmuso jaaka go bona, go rebolelwa laesense le tshegetso ya matlole go thusa dikgwebopotlana le tsa bogareng, gammogo le go rotloetsa go tsenya tirisong dipholisi tsa Maatlafatso ya Bantsho mo Ikonoming e e Bulegileng le dipholesi tsa tolamisokemo.

Go tsenngwa tirisong go tla dirwa go lebeletswe go itse tlhokego ya go baakanya go sa lekalekaneng ga maloba. Diphetogo di tla dirwa go tshegetsa bomme, baswa, gammogo le batho digole. Re tla fokotsa mokgoleo o o mo dikgwebong tse di potlana. Ntlha ya go kgorelediwa ke melawana e tlhagisitswe makgetlhonyana ke setheo.

Mo tsereganyong e nngwe go tlhola maemo a a letlang dipeeletso, puso e tla gatela pele go ya kwa mokgweng wa kwadiso ya kwebo o o kopaneng o le mongwe. Se se tla tokafatsa tirelo ya badirisi le go fokotsa tlhwatlhwa ya go dira kgwebo mo Aforika Borwa.

Ntlha e nngwe e e botlhokwa mo phisegelong ya rona go tlhola ditshono ke Lenaneo le le Atolositsweng la Ditiro tsa Puso. Maitlhomo a kwa tshimologong a go tlhola ditiro tse milione o le mongwe a setse a fitlheletswe. Legato la bobedi le ikaeletse go tlhola ditshono tsa ditiro di ka nna tse di dimilione tse nne ka 2014.

Magareng ga jaanong le Sedimothole wa 2009, re ikaeletse go tlhola ditshono tsa ditiro tse di ka nnang tse 500 000. Fa re ntse re tlhola maemo a go tlhola ditiro le ditshono tsa kgwebo, puso e a lemoga gore baagi ba bangwe ba tla tswelela go tlhoka thuso ya katlatleloloago ya mmuso. Madi a katlatleloloago a sala go nna tsela e e matsetseleko go gaisa go fokotsa lehuma. Go fitlha ka 31 Mopitlwe 2009, batho ba feta dimilione tse 13 ba amogetse madi a katlatleloloago, mme ba le dimilione tse 8 go tswa mo palong e ke bana.

Re a lemoga gore go a tlhokega go golaganya madi a katlatleloloago le ditiro kgotsa botsayakarolo mo ikonoming gore se se rotloetse go kgona go itlamela ka nosi ga batho ba ba nang le mebele e e nonofileng. Se se botlhokwa go gaisa mo pakeng e, baagisani ba tshwanetse go thusana.

Jaanong ke nako ya kopano. A re thusaneng jaaka baagisani. A re dumalaneng gore go se nne le ngwana ope yo o tla robalang ka tlala gonne batsadi ba gagwe ba latlhegetswe ke tiro. Fa re ka tshwaragana le go dira mmogo, re ka dira go tlala seatla)

Baeng ba tlotlo, Jaaka karolo ya setlapele sa togamaano sa bobedi, re tla tswelela pele ka lenaneo la rona go aga mafaratlhatlha a ikonomi le loago.
Setlhopha sa Tlhabololo ya Mafaratlhatlha sa puso se se sa tswang go tlhamiwa se tla netefatsa gore, R787 billion e e beetsweng thoko mo tekanyetsokabong pelenyana mo ngwageng o gore madi a a dirisiwe mo mafatlhatlheng, e dirisiwa go ya ka fa go neng go rulagantswe ka teng.

Matlole a a akaretsa go beela thoko madi a lenaneo la go aga dikolo, dipalangwa tsa botlhe go akaretsa thulaganyo e e potlakileng ya go feta ga dibese, matlo, metsi le kgeleloleswe.

Nngwe ya diporojeke tse dikgolo mo go beeletseng mo mafaratlhatlheng ke Sejana sa Lefatshe sa Kgwele ya Dinao sa FIFA sa 2010. Jaaka puso le setshaba ka kakaretso, re itlamile gore Sejana sa Lefatshe se tla tlogela motlhala o montle o bana ba rona le baagi ba rona ba tla ungwang mosola mo dingwageng tse dintsintsi tse di tlang.

Re mo tseleng e e siameng go diragatsa tsotlhe tse re tshwanetseng go dira e bile re ikaeletse go naya lefatshe Sejana sa Lefatshe se se gaisang go gaisa. Re baya tshotlhe ka mananeo go dira gore Sejana sa Motlhakanelwa se se simololang ka 14 Seetebosigo, se bone katlego e kgolo thata.

Ka Moranang monongwaga, ke tlhagiseditse boeteledipele jwa madirelo a ditekesi gore bo sutisetse kwa pele dipuisano tse di ka ga go dira ga Thulaganyo e e Golaganeng e e Potlakileng ya go Feta ga Dibese go nako e e kwa morago ga ditlhopho.

Re itlamile go letla nako e e oketsegileng go leba sentle matshwenyego a madirelo. Ka 11 Seetebosigo, Tona ya Dipalangwa o tla tsweletsa dipuisano le madirelo.

Kopano e tla thankgolola metseletsele ya dipuisano le batsayakarolo ba ba tla amiwang ke mokgwa wa BRT. Re na le tsholofelo ya gore dintlha tse di sa rarabololwang di tla lejwa gore matlhakore otlhe a tle a kgotsofale. Se se tla akaretsa ntlha e e botlhokwa ya gore batsayakarolo ba tla ungwa mosola jang mo mokgweng o.

Maloko a a Tlotlegang,

Kgatelopele e nngwe e e tshwanetseng go tiisa Sejana sa Lefatshe ke mafaratlhatlha a kgaso a dijithale gammogo le phetiso le phatlalatso ya ditemosi. Ka kakaretso, re tla netefatsa gore ditshenyegelo tsa tlhaeletsano di a fokodiwa ka tiriso ya diporojeke tse di tsweletseng go atolosa bogolo jwa kgokaganod.

Re tshwanetse go netefatsa gore ga re tlogele dikgaolo tsa metseselegae kwa morago mo ditlhabologong tse di itumedisang tse. Jaaka karolo ya tlhabololo ya mafaratlhatlha a loago, re tla tlamela ka matlo a a mo mafelong a a siameng e bile a le tlhwatlhwa e e kgonegang gammogo le bonno jwa batho jo bo eletsegang.

Re tla gatela pele ka tlhaloganyo ya gore bonno jwa batho ga se fela ka ga go aga matlo. Ke ka ga go fetola ditoropokgolo le ditoropo tsa rona le go aga setshaba se se kitlaneng, tshwarelelang le go tlhokomelana, se se nang le phitlhelelo e e gaufi go didirisiwa tsa loago tse di akaretsang tsa metshameko le boitapoloso.

Go tsamaelana le mowa o, re tla dirisana le Palamente go itlhaganedisa go fetisa Molaotlhomo wa Bolaodi jwa Tiriso ya Lefatshe. Ka go dirisana le batho ba rona kwa dikgaolong tsa metseselegae, re tla netefatsa gore malepa a tlhabololo ya metseselegae a a feletseng a golaganngwa le ntshafatso ya tsa temothuo gammogo le tshireletsego ya dijo, se e le setlapele sa rona sa boraro.

Ke rata go tsaya tshono e go isa matshediso a rona go ba lelapa la Motlatsatona wa Temothuo, Dirk du Toit, yo o tlhokofetseng mo bekeng e. Go nna le seabe ga gagwe go tlile go tlhoafalelwa tota.

Batho ba ba nnang kwa dikgaolong tsa metseselegae le bona ba na le tshwanelo ya go bona motlakase le metsi, matlwana-boithusetso a a pudutsiwang, ditsela, ditikwatikwe tsa boitapoloso le metshameko, gammogo le ditikwatikwe tsa marekelo tse di botoka fela jaaka tse di kwa ditoropokgolong. Le bona ba na le tshwanelo ya go thusiwa mo temothuong gore ba tle ba kgone go jala merogo le tse dingwe; gammogo le go nna le leruo gore ba kgone go iphepa.

Re ipaakanyeditse go simolola letsholo la go aga mafaratlhatlha kwa dikgaolong tsa metseselegae. Fa re dirisana le baagi, dikgosi, bakhanselara le dikgosana, re tla kgona go potlakisa tiro e. Re rotloetsa batho ba ba nnang kwa dikgaolong tsa metseselegae go simolola go ka re bolelela gore ke dilo dife tse ba di tlhokang ka bonako. Fa re dira mmogo, re ka dira go le gontsi)

Mmusakgotla le Modulasetilo ba ba Tlotlegang,

Le fa re amogetse thuto e e tlhokegang go tswa kwa diitshimololelong tsa tlhabololo ya metseselegae tse di fetileng, re tlhophile Masepala wa Kgaolo wa Giyani o Mogolwane kwa Limpopo jaaka diporojeke tsa go ithuta tsa ntlha mo letsholong le. Go tswa mo diporojekeng tse, go tla tlhagelela dithuto tse di ka ithutiwang ke naga ka bophara.

Go tlaleletsa se, re tla dira ntshwafatso e e tsepameng ya ditoropo tsa metseselegae ka tiriso ya matlole a a tshwanang le lenaneo la Tlamelo ya Tlhabololo ya Baagasanyi . Ka tsela e, dikgaolo tse di dikologileng ditoropo tse di tla ungwa mosola mo kgolong ya ikonomi. Ka ditsereganyo tsotlhe tse, re tlile go fetola selebo sa dikgaolo tsa metseselegae mo nageng ya rona.

Bakaulengwe,

Thuto e tlile go nna setlapele mo dingwageng tse tlhano tse di tlang. Re batla gore barutabana, baithuti le batsadi ba rona ba dirisane le puso go fetola dikolo tsa rona go nna ditikwatikwe tsa botswerere. Lenaneo la Kgolo ya Bana go tswa Bonnyeng le tla tokafadiwa, ka maikaelelo a go netefatsa gore go nna le phitlhelelo e e anameng go Kereiti ya R, le go atisa gabedi ga palo ya bana ba dingwaga tse 0?4 ka ngwaga wa 2014.

Re boeletsa dilo tse di ka se buisanelweng. Barutabana ba tshwanetse go nna kwa sekolong, ka nako, ba ruta, e bile ba sa itlhokomolose tiro ya bona gammogo le go sa sotlake baithuti. Bana ba tshwanetse go nna kwa diphaposing, ka nako, ba ithuta, ba tlotla barutabana ba bona le baithuti-ka-bona, gammogo le go dira tirogae.

Go tokafatsa bolaodi jwa sekolo, katiso e e rulaganeng e tla nna tlhokego-pele go tlhatlosa barutabana mo tirong go nna bagokgo kgotsa ditlhogo tsa mafapha. Ke tla kopana le bagokgo ba dikolo go abelana le bona pono ya rona mo go ntshwafatseng mokgwa wa thuto ya rona.

MaAforika Borwa-ka-nna,

Re tla oketsa matsapa a rona go rotloetsa baithuti botlhe go fetsa dithuto tsa bona tsa sekontari. Maikaelelo ke go oketsa kelo ya ikwadiso kwa dikolong tsa sekontari go fitlha go 95% ka 2014. Gape re lebeletse ditsela tse di matswatswa tsa go busetsa kwa sekolong baithuti ba ba tlogetseng sekolo, le go ba tlamela ka tshegetso.

Maloko a a Tlotlegang, re tshwenyegile thata ka ga dipegelo tse di reng go na le barutabana ba ba sotlang bana ka thobalano, bogolosegolo basetsana.

Re tla netefatsa gore Dikaedi ka ga Tshotlako ya Thobalano le Dikgoka mo dikolong tsa botlhe di phasaladiwa tota, e bile baithuti le barutabana ba itse diteng tsa tsona le go di obamela. Re tla tsaya dikgato tse di masisi e bile di romela molaetsa o o totobetseng kgatlhanong le barutabana ba ba sa diriseng dithata tsa bona le maatla ka fa tshwanelong ka go tsena mo thobalanong le bana.
Go rotloetsa thuto ya nako e telele, lenaneo la Thuto le Katiso ya Motheo ya Bagodi la Kha ri Gude le tla maatlafadiwa.

Bakaulengwe, Maloko a a Tlotlegang,

Re tshwanetse go netefatsa gore diitshimololelo tsa katiso le tlhabololo ya bokgoni mo nageng di tsibogela ditlhokego tsa ikonomi. Setheo sa Thuto le Katiso e e Tswelelang ka dikholetshe tse 50 le dikhemphase tse 160 tsa sona naga ka bophara e tla nna ditikwatikwe tsa motheo tsa katiso ya tlhabololo ya bokgoni.
Re tla tokafatsa phitlhelelo go thuto e kgolwane ya bana ba ba tswang kwa malapeng a a sa itsholelang le go netefatsa mokgwa wa tlamelo ka matlole o o tshwarelelang kwa diyunibesithing.

MaAforika Borwa-ka-nna,

Re tshwenyegile tota ka ga go wela tlase ga boleng jwa tlamelo ya pholo, e e gakadiwang ke tlhatlogo e e golang mo mokgweleong wa malwetse mo ngwagasomeng le halofo o o fetileng. Re ipeetse diphitlhelelo tsa go fokotsa go sa lekalekaneng mo tlamelong ya pholo, go tiisa nonofo ya badiri, go tlhabolola seswa maokelo le ditleleniki gammogo le go oketsa lobelo lwa go lwantsha leroborobo la HIV le AIDS, bolwetse jwa mafatlha le malwetse a mangwe.

Re tshwanetse go dira mmogo go tokafatsa go tsenngwa tirisong ga Leano le le Feletseng la Kalafi, Tsamaiso le Tlhokomelo ya HIV le AIDS gore re tle re fokotse kelo ya ditshwaetsego tse dintshwa tsa HIV ka 50% ka ngwaga wa 2011. Re batla go fitlhelela 80% ya kalafi ya ARV ka ona ngwaga wa 2011. Re tla tlhagisa sekema sa Insorense ya Pholo ya Bosetshaba ka tsela ya magato a a oketsegang. Gore re simolole sekema se, ntshwafatso ya ka bonako ya maokelo a botlhe e tla dirwa ka Tirisano ya ditheo tsa Setshaba le tsa Poraefete.

Gape re tla tsepamisa maikutlo ka bonako mo mererong ya dituelo tsa badiri ba seporofesenale ba tsa pholo go tlosa dipelaelo mo ditirelong tsa rona tsa pholo. Fa re dira mmogo, a re direng go le gontsi go rotloetsa tlamelo ya pholo e e nang le boleng, go tsamaelana le Maikaelelo a Tlhabololo a Mileniamoa Ditshabakopano gore re tle re fokotse lehuma ka halofo ka 2014.

Baagi-ka-nna,

Mmogo re tshwanetse go dira go le gontsi go lwantsha bosenyi. Maikaelelo a rona ke go tlhama mokgwa wa bosiamisi jwa bosenyi o o ntshwafatseng, o o kopaneng, wa segompieno, o oe nang le ditlabakelo tse di maleba, e bile o laolwa sentle.
Gape go botlhokwa thata go tokafatsa bokgoni jwa dikgotlatshekelo tsa rona gammogo le tiro ya batshotshisi, le go tiisa ditirelo tsa batlhotlhomisi, forensiki le tsa matlhale. Tiro e e setse e simolotse ka matlhagatlhaga, e bile e tla dirwa ka maatla le tshakgalo e ntshwa.

Magareng ga tse re batlang go di fitlhelela fela ka gangwe ke go netefatsa gore re tlhatlosa palo ya batshotshisi le badiri ba Boto ya Thuso ya Semolao. Re tla dira se gape mo batlhotlhomising ba sepodisi. Re fetotse leina la Lefapha la Tshireletsego le Pabalesego le le maleba go nna la Sepodisi go gatelela gore re batla maatla a tiragatso a nnete mo tirong ya sepodisi. Se se tla lebisa kwa go fokotsegeng ga bosenyi jo bo masisi le jwa tiriso-dikgoka ka 7% go fitlha go 10% e re e lebeletseng ka ngwaga. Tsepamiso ya maikutlo e e masisi gape e tla fiwa go thibela bosenyi jo bo rulaganeng, gammogo le bosenyi kgatlhanong le bomme le bana.

Mmusakgotla le Modulasetilo ba ba Tlotlegang,

Le fa re itumelela peeletso ya setheo sa poraefete mo madirelong a pabalesego, re tla tokafatsa melawana e e tsamaisang madirelo a. Magareng ga diitshimololelo tse di botlhokwa, re tla simolola legato la go tlhoma Tirelo ya Bolaodi jwa Melelwane; re tla maatlafatsa matsapa a rona kgatlhanong le bosenyi jwa tiriso ya thekenoloji le go utswa boitshupo, gammogo le go tokafatsa mekgwa e e mo dikgolegelong tsa rona go fokotsa bosenyi jo bo dirwang ke bao ba neng ba kile ba golegwa.

Bakaulengwe,

Ke rata go totobatsa tshegetso ya rona mo ntshwafatsong e e tsweletseng ya boatlhodi. Ntshwafatso e tshwanetse go itebaganya le dintlha tse di botlhokwa tse di jaaka tiiso ya go ikemela ga boatlhodi, go tlhoma mekgwa ya ka fa teng ya go ikarabela ga boatlhodi, gammogo le go netefatsa phitlhelelo e e tletseng go bosiamisi ka botlhe.

Katlego ya mokgwa wa setemokerasi ka botlalo e ikaegile mo dikamanong tse dintle tsa go tlotlana le mowa wa tirisanommogo magareng ga Khuduthamaga, Kgotlapeomolao, le Boatlhodi. Se se botlhokwa thata mo temokerasing ya rona ya molaotheo.

Mmusakgotla le Modulasetilo ba ba Tlotlegang,

Re tlhalositse gangwe le gape ka ga maitlamo a rona a go lwantsha bobodu mo tirelong ya setshaba. Re tla tsepamisa maikutlo mo go kgethegileng go thibela bobodu le tsietso mo tsamaisong ya go bona le go rebolelwa dithentara, go dira kopo ya laesense ya go kgweetsa, madi a katlatleloago, makwaloitshupo, gammogo le go utswiwa ga didokete tsa sepodisi.

Tla ke gatelele gore rotlhe re na le karolo e re tshwanetseng go e tshameka mo ntweng e kgatlhanong le bosenyi. Re tshwanetse go nna matlhagatlhaga mo Diforamong tsa Sepodisi sa Baagi. Re tshwanetse go emisa go reka dilwana tse di utswitsweng, tse di rotloetsang bosenyi. Re tshwanetse go bega bosenyi le go thusa sepodisi ka tshedimosetso e e tla dirang gore ba ba molato ba tshwarwe. Ka tsela e, re tla ya kwa pele go nna setshaba se se senang bosenyi.

Maloko a a Tlotlegang, Fa e sale ka 1994, re ntse re batla go aga setshaba se se kopaneng e bile se kitlane fa re leba kwa re tswang teng koo re neng re arogane. Re gwetlhilwe go tsweletsa pele maikaelelo a a go rotloetsa kopano mo go nneng ba mefutafuta gammogo le go tlhabolola mekgwa ya boitshwaro o o aroganang, o o ikaegileng ka mowa wa tshwaragano ya baagi gammogo le setshaba se se tlhokomelang.

Mekgwa ya boitshwaro ya rona e re e abelanang e tshwanetse go re rotloetsa go nna baagi ba ba matlhagatlhaga mo go ntshwafatseng naga ya rona. Re tshwanetse go aga boitshupo jwa bosetshaba le go rata naga ya rona go go tshwanang.
Re tshwanetse go tlhabolola go kgomarela go go tshwanang go naga ya rona, Molaotheo wa rona, gammogo le matshwao a bosetshaba. Go tsamaela le mowa o, re tla rotloetsa Pina ya Bosetshaba le folaga ya naga ya rona gammogo le matshwao a mangwe a bosetshaba.

Bana ba rona, go simolola kwa dingwageng tse di kwa tlase, ba tshwanetse go rutiwa go ikobela Molaotheo le matshwao a naga, le go itse gore go kaya eng go nna moagi wa Aforika Borwa. Re tla netefatsa gore go nna le molebowa bosetshaba o o tshwanangmo go fetolweng ga maina a mafelo le a mangwe. Se se tshwanetse go tlamela ka tshono ya go akaretsa maAforika Borwa otlhe mo go tlhameng boitshupo jwa bosetshaba jo bo akaretsang, gore re tle re oketse go tlhaloganya ga rona hisetori le ngwao ya rona.

Metshameko ke sedirisiwa se se maatla go aga naga. Fa re dira mmogo, re tshwanetse go tshegetsa ditlhopha tsa bosetshaba go simolola ka Bafana Bafana go fitlha go di-Proteas le di-Springboks; go simolola ka Banyana Banyana go fitlha go di-Paralympians. Ditlhopha tsa rona di ka dira sentle fa re di tshegetsa. Ntetleng go tsaya tshono e go akgola ditlhopha tsa rona tsa bosetshaba ka ntlha ya tshameko ya tsona mo bekeng e e fetileng; tota di atlegile ka boraro.

Setlhopha sa naga sa bolotloa ya bomme se re dirile motlotlo ka go fenya Kgaisano ya Bolotloa ya Dinaga tse Tharo. Re akgola setlhopha sa Sevens Springboks se se nnileng Ditshimega tsa IRB Sevens World Series ? e bile ga re lebale setlhopha sa Blue Bulls se se fentseng makgaolakgang a Super 14 ka tsela e e kgotsofatsang tota!

Re tsaya tshono e go eleletsa setlhopha sa di-Springboks mo motseletseleng o o tlang kgatlhanong le setlhopha sa British and Irish Lions.
Go totobetse gore re tlhola go beeletsa ka bontsi mo tlhabololong ya metshameko. Re tla itlhagenedisa go tsosolosa metshameko ya kwa dikolong le go netefatsa gore e nna karolo ya kharikhulamo ya dikolo. Go tlaleletsa, re tla netefatsa gore tlamelo ya dilwana tsa metshameko mo dikgaolong tse di tlhokang e nna sengwe se tla tlang pele.

Mmusakgotla le Modulasetilo ba ba Tlotlegang,

Re itlamile mo dingwageng tse di fetileng go tsenya letsogo mo go ageng Aforika e e botoka le lefatshe le le botoka.
Maikaelelo a magolo a puso sebaka sa bogareng ke go netefatsa dikamano tsa rona le dinaga disele di tsenya letsogo mo go tlholeng maemo a a siametseng kgolo ya ikonomi le tlhabololo tse di tshwarelelang. Ka go rialo, re tla tswelela pele go baya kontinente ya Aforika kwa pele ka go maatlafatsa Kitlano ya Aforika le ditheo tsa yona, gammogo le go baya tsepamo e e kgethegileng mo go Semphathong se se Ntshwa sa Tlhabololo ya Aforika.

Se le sona se leng botlhokwa, e bile se le gaufi le fa gae, ke go maatlafatsa kopano ya kgaolo ka go leba thata mo go tokafatseng kopano ya sepolotiki le ikonomi mo go SADC, go leba diphitlhelelo tsa AU tsa go tlhama puso e e Kopaneng. Re tla tlhama Mokgatlho wa Semphatho sa Tlhabololo ya Aforika Borwa go rotloetsa dikamano tsa tlhabololo le dinaga tse dingwe mo kontinenteng.

Aforika Borwa e tla tswelela go thusa mo kagosesweng le tlhabololo ya kontinente ya Aforika, bogolosegolo kwa dikgaolong tse di kileng tsa nna le dikgotlhang. Re tla tswelela go rotloetsa tumalano ya kagiso e e tshwarelelang magareng ga dinaga tsa Iseraele le Palesetina gore go nne tharabololo ya dinaga tse pedi tse di bapileng. Re tla tshegetsa matsapa a kagiso a AU le a Ditshabakopano mo kontinenteng ya Aforika, go akaretsa le Saharawi Arab Republic le Darfur kwa Sudan.

Jaaka Modulasetilo wa SADC le Moruanyi, re tla tsaya karolo mo go rotloetseng puso e e kopaneng go fitlha go tshwarwa ditlhopho tse di gololosegileng e bile di sa gobelele kwa Zimbabwe. Seemo sa botshelo sa batho ba kwa Zimbabwe se nnile le tshutshumetso e e sa nnang sentle mo kgaolong ya SADC, bogolosegolo mo Aforika Borwa. Re dira boikuelo mo dinageng tse di ratang kagiso mo lefatsheng go tshegetsa puso e e kopaneng go fitlhelela tsosoloso ya ikonomi. Re tla tshegetsa matsapa a kgaolo ya SADC go rarabolola mathata a a kwa Madagascar.

Ntetleng, baeng ba tlotlo go akgola Sesole sa Bosetshaba sa Aforika Borwa ka ntlha ya tiro ya bona e e matsetseleko ya go aga kagiso mo kontinenteng.
Ka tirisano le ditheo tsa kontinente le tsa kgaolo, re tla dira thata go tlhoma tsamaiso ya temokerasi gammogo le go tlotla ditshwanelo tsa botho mo kontinenteng ya Aforika.

Re tla tsenya letsogo mo go maatlafatseng dikamano tsa Borwa-le-Borwa gammogo le go latela ditumalano tse di tswelang matlhakore ka bobedi mosola le dinaga tse di botlhokwa tsa Borwa. Re tla tswelela go tiisa dikamano le dinaga tse di tlhabologileng tsa kwa Bokone, go akaretsa le mokgatlho wa G8, gammogo le tshwaragano ya rona ya togamaano le Kitlano ya Yuropa . Re tla tswelela go tshameka karolo e e matlhagatlhaga go netefatsa go akarediwa ga tikologo ya dipuisano tsa Tlhabololo ya WTO Doha.

Mmusakgotla le Modulasetilo ba ba Tlotlegang,

Aforika Borwa, e leng naga e e omileng, e tlhoka kgato ya ka bonako go samagana le diphetogo tsa tikologo tse di sa eletsegeng gammogo le go netefatsa tlamelo ya metsi go baagi. Magareng ga mananeo a le mmalwa, re tla tsenya tirisong togamaano ya Metsi a Kgolo le Tlhabololo, e e tla maatlafatsang bolaodi jwa metsi. Re tla tswelela go tokafatsa bokgoni jwa eneji ya rona le go ikaega ka eneji e e kgonang go ntshwafadiwa.

Maloko a a Tlotlegang,

Naga e e tlhabologang e tlhoka tokafalo ya ditirelo tsa puso le maatlafalo ya ditheo tsa temokerasi. Re tlhomile Mafapha a le mabedi mo kantorong ya Moporesidente go maatlafatsa go rulaganya ga togamaano le go leba le go sekaseka tiro e e dirilweng. Go netefatsa gore tiro e tla dirwa jaaka re itlamile, re tla dira gore Ditona tsa Kabinete di nne le boikarabelo ka go tlhoma ditlabakelo tsa tiro e e dirilweng, re dirisa maikaelelo le tekanyetso ya ditlamorago, go simolola ka Phukwi.

Gape ra tla akaretsa Ditheo tsa Ditlamo tse e leng tsa Puso gammogo le tsa Tlhabololo ya Matlole mo ditiregong tsa go rulaganya tsa puso le go tokafatsa go leba le go sekaseka go tlhola go dira ga tsona.

Maloko a a Tlotlegang, maAforika Borwa-ka-nna,

Go netefatsa gore maphata otlhe ka boraro ? a selegae, porofense le bosetshaba ? a tokafatsa tlamelo ya ditirelo, re tla itlhagenedisa go tlhoma Tirelo ya Bosetshaba e le nosi. Tsamaiso e tla gatelela gore batho ba tle pele mo tlamelong ya ditirelo. Re tla netefatsa tirelo e e tsayang maikutlo a batho tsia e bile e rulagane sentle go simolola kwa badiring ba ba nnang kwa khaontareng mo tlamelong ya ditirelo mo mafapheng otlhe a puso. Mo pakeng e ya ntshwafatso, re tla gatela pele go ya kwa pusong e e akaratsang botsayakarolo.

Gore go tsewe motlhala mo go rona, tiro e setse e simolotse go tlhoma nonofo ya thuanyo ya botlhe mo kantorong ya Moporesidente. Go tlaleletsa mo go amogeleng makwalo le diemeilil go tswa kwa bathong, gape re tla tlhoma mogala wa tshoganyetso go dira gore phitlhelelo e nne bonolo. Badiri ba tla tsibogela potso nngwe le nngwe jaaka e kete ke yona e le nosi fela; go e sala morago gotlhe kwa e yang teng go fitlha e bona tsibogo e e e tshwanetseng.

Mmusakgotla le Modulasetilo ba ba Tlotlegang,

Mokgatlho wa Bosetshaba wa Tlhabololo ya Baswa, o o tlhamilweng morago ga go tshwaragana ga Letlole la Baswa la Umsobomvu le Khomisene ya Bosetshaba ya Baswa e tla tlhomiwa ka 16 Seetebosigo kwa Ekurhuleni. Ditheo tse di tshwaraganngwa go tiisa tirelo le ditshono tsa tlhabololo tse di tlamelwang go baswa. Mokgatlho o, o tla golaganya barutegi ba bannye ba sa sa direng le ditshono tsa ikonomi, go maatlafatsa matsapa a go atolosa Lenaneo la Tirelo ya Baswa la Bosetshaba le go tshegetsa bagwebi ba bannye.

Mmusakgotla gammogo le Modulasetilo, Baeng ba Tlotlo,

Kgwedi e e tlang Madiba wa rona yo o rategang o tshwara dingwaga tse 91. Batho go ralala lefatshe ba santse ba tsweletse go goeletsa go nna teng ga gagwe le gore a rarabolole mathata a bona. Boitshwaro jwa gagwe le sekao sa gagwe sa boineelo go tirelo ya botho ke sekao se se galelelang gompieno mo lefatsheng le le nang le mathata. Letsholo la boditshabatshaba le simolotswe ke mokgatlho wa Nelson Mandela Foundation le mekgatlho e e tsamaelanang, le le bidiwang Letsatsi la ga Mandela, le le sobokanyang seo Rre a se emelang.

Letsatsi la ga Mandela le tla ketekwa ka 18 Phukwi ngwaga mongwe le mongwe. Le tla naya batho mo Aforika Borwa gammogo le lefatshe ka bophara tshono ya go dira sengwe se se siameng go thusa ba bangwe. Madiba o nnile matlhagatlhaga mo dipolotiking sebaka sa dingwaga tse 67, mme ka Letsatsi la ga Mandela, batho go ralala lefatshe, kwa ditirong, kwa gae le kwa dikolong, ba tla gwetlhwa go dirisa metsotso e le 67 ya nako ya bona go dira sengwe se se mosola mo baaging, bogolosegolo go thusa ba ba tlhokang. A re tshegetseng Letsatsi la ga Mandela ka dipelo tsa rona tsotlhe le go rotloetsa lefatshe go kopana le rona mo letsholong le le gaisang le.

Mmusakgotla le Modulasetilo ba ba Tlotlegang, maAforika Borwa-ka-nna,

Re tlhagiseditse setshaba sa rona lenaneo la rona la dingwaga tse tlhano tse di tlang. Mo maikanong mangwe le mangwe, re dira lenane la porojeke le le tletseng, ka tse di masisi tse di tshwanetseng go fitlhelelwa. Tshedimosetso e mo tsamaong ya nako e tla nna teng go ka bonwa ke botlhe. Ee, jaaka baagi re tshwanetse go ipotsa gore ke eng se re tshwanetseng go se dira ka borona go thusa go rotloetsa lenaneo la bosetshaba.

Go nna moagi ga se fela ka ga ditshwanelo, gape ke ka ga maikarabelo, go tsenya letsogo go dira naga ya rona e e botoka. Gape re solofela go dirisana sentle le mekgatlho ya Kganetso mo Palamenteng, ka mowa wa go baya naga ya rona kwa pele.
Go tlaleletsa, Madiba o re rutile sentle gore naga e ke ya rona rotlhe, bantsho le basweu. Go direla go itshwarelana le kopano go tla sala go nna botlhokwa fa re gatela pele.

Ka ntlha ya fa lenaneo la rona la tla tsenngwa tirisong ka nako ya kwelotlase ya ikonomi, re tla tshwanela ke go semelela fela ka gangwe re se senye sepe, go se nne le matlole a a fetisediwang kwa ngwageng o o latelang sente nngwe le nngwe e tshwanetse go dirisiwa ka tshwanelo le go tswela mosola. Re tshwanetse go dirisa madi go ya ka fao go tlhokegang.

MaAforika Borwa-ka-nna, fa re dira mmogo re ka kgona go dira go le gontsi go fitlhelela pono ya rona e e tshwanang ya setshaba se se botoka e bile se setetsepele thata.

Se, ke tshwaragano e re e goeletsang.

Ke a leboga.

Issued by: The Presidency
3 Seetebosigo 2009

 

Issued by: The Presidency

Share this page

Similar categories to explore