Puo ya Maemo a Setšhaba ya ga Moporesitente wa Aforika Borwa, Kgalema Motlanthe, go Bonno jo bo Kopanetsweng jwa Palamente, Cape Town

6 Tlhakole 2009

Mme Sepikara sa kokoano Bosetšhaba;
Rre Modulasetulo wa Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense;
Mme Motlatsa Poresitente;
Motlatsa Sepikara le Motlatsa Modulasetulo wa Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense;
Moatlhodi Mogolo Langa;
Motlatsa Poresitente wa pele wa Repaboliki ya Aforika Borwa le Poresitente wa ANC;
Ditona tsa diporofense;
Maloko a Kabinete le Dipikara tsa Dikgotlatheomolao tsa Diporofense;
Moatlhodimogolo wa pele le Batlhankedibakaedi ba pele ba Palamente;
Batlotlegi, Boemedi le Bakomišenara bagolo le batlotlegi ba baeng go tswa kwa ntle;
Baeteledipele ba ba tlotlegang ba mekgatlho ya dipolotiki le Maloko a Palamente, Baeteledipele ba setso;
Motlotlegi Mmatoropo wa Toropo ya Cape Town;
Baeteledipele ba sedumedi le baemedi ba setšhaba;
Makhomoreiti le ditsala;
Baeng ba tlotlego:

Ke motlotlo go bua mo bonnong jo bo kopanetsweng jwa Palamente ya Repaboliki ya Aforika Borwa, mo tshimologong ya karolo e ya bofelo ya Palamente ya rona ya Boraro ya Temokerasi.

Ke eme fa pele ga batho ba Aforika Borwa ka boikobo ka tšhono e ke nnileng le yone ya go bona setulo se se kwa godimo mo nageng e le ka ntlha ya maemo a a tshwanang a le nosi a tshweetso ya lekoko le le busang ya go ntsha poresitente wa pele.

Sa me ke maikarabelo, mo dikgweding di le mmalwa, go etelela pele Khuduthamaga ya Bosetšhaba mo go feleletseng taolelo e e neetsweng African National Congress mo ditlhophong tsa 2004, le go ala motheo wa tsamaiso ya morago ga ditlhopho go tsamaisa tiro.

Gore mo dikgweding tse tlhano tse di fetileng re bo re dirile phetogo e e tlhamaletseng le tsweletso mo dithulaganyong tsa puso ke ka thuso ya go tia ga tsamaiso ya rona ya molaotheo, e bontlha bongwe ba yone bo bonalang mo tirisanommogong ya maloko a Khuduthamaga – a bogologolo le a mašwa – le seatla se se nonofileng sa balaodi ba lephata la puso.

Fa re leba dingwaga tse di sometlhano tse di fetileng, ke rata go lebogela boineelo le go dira ka natla ga Boporesidente Nelson Mandela le Thabo Mbeki le basadi le banna ba bangwe ba bantsi ba ba nnileng le seabe mo go eteleleng pele puso ka fa tlase ga temokerasi: mo Khuduthamageng le botsamaisi, le dikgotlapeomolao go kgabaganya makala a le mararo a puso le Boatlhodi; ka keletso ya go tokafatsa boleng jwa matshelo a ma-Aforika Borwa otlhe.

Godimo ga moo, ke ema fa pele ga lona ka boikgantsho le go itshepa ka gore Aforika Borwa o re o ketekang gompieno – yo o farologaneng go tswa mo dikgaoganong, kgotlhang le go kgapelwa thoko mo dingwaganyaneng tse sometlhano fela tse di fetileng – ke dipoelo tsa matsapa a banna le basadi ba ma-Aforika Borwa go tswa mefameng yotlhe ya botshelo.

a-Aforika Borwa a emelela tsholofelo le le boitharabologelo jo bo bontshang setšhaba sa rona.

Mo gare ga kokoanong e ntle ya ma-Aforika Borwa go na le maloko a Palamente ya rona ya temokerasi ba ba re tlogetseng go tloga ka kgwedi ya tlhakole e e fetileng mme re batla go ba laela. Bone ba akaretsa Brian Bunting, Billy Nair, Ncumisa Kondlo, John Gomomo, Joe Nhlanhla, Cas Saloojee, John Schippers le Jan van Eck.

Mo go bone, ke rata go tlaleletsa ka Ms Helen Suzman, mo-Aforika Borwa yo o kgethegileng, yo o emetseng meetlo ya Palamente e ntšhwa mo pakeng ya palamente ya maloba.
    
Ke bone ba le baratagaabo ba bangwe ba ba tshwanetseng go bona tlotlomatso e kgolwane fa re bega gore – le fa go na le difefo tse di fokang mo ikonoming ya rona, diketsaetsego tsa sepolotiki tse di ka farafarang mogopolo wa setšhaba ka nako ya diphetogo – setšhaba sa rona se mo maemong a a siameng.

Fela, ga re a tshwanela go nyatsa dikgwetlho tse re lebaneng le tsone. Go wa ga ikonomi ya lefatshe go tlisa dikotsi tse di boitshegang mo ikonoming ya rona mo mabakeng a go latlhegelwa ke ditiro le boleng jwa botshelo jwa batho ba rona.

Ka tlhago, ketsaketsego ya phetogo mo dipolotiking e ka tlisa dipotso tse dintsi go feta ka moo go ka arabiwang jaanong.

Ka ntlha ya seo, bangwe ba rona ba ka gakiwa ke makhubu a phetogo a bosa jwa dintelo le go sekamela mo go tsone diphefo tse tsa maemo a ikonomi le polotiki.

Fela la rona ke leeto le le nang le tsholofelo le boitsharabologelo.

Gape re ka re, ka bonako jo bo makatsang, dintlha tse dintsi tsa taelo ya molatheo wa rona di lekilwe mo nakong e e fetileng, mme mongwe le mongwe wa bone o falotse teko go bontsha temokerasi e e itharabologelang thata.

Temokerasi ya rona e itekanetse. E ntse e tia, e tshegetswa ke Molaotheo o o ka se tshwantshanngweng le sepe mo lefatsheng.

Ka nnete, go anama ga dipuisano tsa rona tsa sepolotiki ka paka e ya kgaisano ya ditlhopho – tseo botlhe re dumelang fa e tshwanetse go nna le seriti le kagiso – ke bonnete jo bo totobetseng jwa go tswelela go nna teng le go tia ga temokerasi ya rona.

Ke batho ba Aforika Borwa ba ba netefaditseng tswelelopele ya yone; mme ke bone bao ba tla sireletsang temokerasi ya rona mo dingwageng tse di tlang.

Ntetle, Mme Sepikara le Modulasetulo, mo lebakeng le go kopa ma-Aforika Borwa otlhe a a tshwanelang ke go ikwadisa le go bouta mo ditlhophong tse di latelang tsa bosetšhaba le tsa porofense, gore re kgone go ithulaganyetsa kwa re yang teng rona ka borona.

Re tshwanetse go dira se letsatsi lengwe le lengwe mo diofising tsa mmasepala, pele lenaane la batlhophi le tswalelwa. Gape re tshwanetse go dirisa tšhono ya ikwadiso e e kgethegileng e e rulaganyeditsweng mo bokhutlong jwa beke ke Khomišene ya Ditlhopho ya Aforika Borwa (IEC) ka moso le ka Sontaga, ka di 7 le 8 Tlhakole ka go latelang.

Gape ke rata go dirisa tšhono e go tlhagisa gore mo matsatsing a le mmalwa a a tlang ke tla wetsa dipuisano le Khomišene ya Ditlhopho le Ditona tsa Diporofense le go itsise letlha la ditlhopho.

Maloko a a Tlotlegang

Re tlhoka go akgola jaaka re le temokerasi batho ba Aforika Borwa bao, ka di 27 Moranang 1994, lwa ntlha ka bongwefela ba itiretseng kwa ba ba tlang go ya teng/isago.

Ka kgato e e bonolo fela e le botlhokwa ya go boutela puso ya batho botlhe ba naga, re furaletse tse di kwa morago tse di sotlileng ba botlhe.

Ka jalo go matshwanedi gore mo tirong e go keteka segopotso sa bo 20 sa go amogela Boikano jwa Komiti ya Nakwana ya (OAU) mo Borwa jwa Aforika mo Ntlheng eo Aforika Borwa e e amogetseng ka Phatwe, 1989 – gape bo tlwaelegile e le Boikano jwa Harare.

Itshimololelo e e adile motheo wa tumelelano ya lefatshe ka bophara, go ya ka United Nations, ka ga mokgwa wa ditherisano mo Aforika Borwa.

Mo Aforika Borwa, e tlhaloswa gape ke diteng tsa Khonferense ya 1989 ya Bokamoso jo bo nang le Temokerasi – bo tlisa kopanya baratagae go tsweng mo mefameng yotlhe ya botshelo.

Tsotlhe tse di dirile gore go nne le tsamaiso ya ditherisano tse di re isitseng kwa ditlhophong tsa ntlha tsa temokerasi ka 1994.

Mo ntlheng e, re tshwanetse go akgola moswi Poresitente wa African National Congress, Oliver Reginald Tambo, ka a simolotse le go lekeletsa go ya ka mekgatlho ya mo kontinenteng le mo lefatsheng se e feleleditseng e le thulaganyo ya tharabololo ya kagiso ya kgotlhang mo nageng ya rona.

Kgato e e masisi eo ya go dira letlhomeso le le tla dirang kagiso le poelano, mo lefelong la ntwa le kgotlhang, le buseditse morago bosula ba dingwaga tse di lekgolo tse di fetileng: ke gore, go dira Mokgatlho wa Bosetšhaba ka 1909 yo o lerileng go tlhamiwa ga Kopano ya Aforika Borwa.

Le fa Mokgatlho o o tlhalosa go tshwaragana ga Aforika Borwa jaaka re go itse ga jaana, go ne go lebisitswe mo kgatelelong go ya ka merafe le go kgapelwa thoko.

Jaanong, dingwaga tse 15 mo temokerasing ya rona, re ka netefatsa gore poifo, go tlhoka tshireletsego le o okaoka mo dingwageng tse 100 tse di fetileng go bakileng kagiso e e tlhaolang e bile e le ya maithamako mo beng ba bokoloniale,se se ne se sa utlwagale; e bile se dirisiwa botlhaswa.

Dipoifo tseo le go tlhoka tshireletsego go lerile dingwagasome tsa kemokgatlhanong. Mo ntlheng e, re akgola morwa yo o sebete wa batho ba rona, Solomon Kalushi Mahlangu yo o neng a ya go kalediwa dingwaga tse 30 tse di fetileng, a sa belaele sepe, ka kitso ya boikgantsho jwa gore madi a gagwe a tla nosetsa setlhare sa kgololosego.

Ntetleleleng go amogela Lucas Mahlangu, mogoloe Kalushi, yo o emetseng ba lelapa la Mahlangu.
 
Solomon Mahlangu o ne a tsweletsa moetlo wa masole a ngwaga o o fetileng, magareng ga bone re balela bao ban eng ba le ka fa tlase ga Kgosi Cetshwayo yo ka 1879 a fentseng masole a Borithane kwa Isandlwana, a sireletsa kgololosego ya batho ba naga ya rona le go ikemela ga mafatshe a bone.

Fa morago ga dingwaga di le 130, re ka ikgomotsa ka tsholofelo le boitharabologelo jo bo neng jwa tsena mo dipelong tse di tiileng tsa bone.

Mo ditikwatikweng tsa thuto, kemokgatlhanong eo e bakile go gana ka mogoso ka nako ya mariga morago ga go iletsa mokgatlho wa kgololosego le go golegwa ga bontsi jwa baeteledipele ba bagolwane ba one.

Setlhopha sa baithuti ba digatlhamela masisi se ne sa tswa NUSAS go tlhama Mokgatlho wa Baithuti wa Aforika Borwa (SASO) mo dingwageng tse 40 tse di fetileng.

Mo setlhopheng se go nnile le baeteledipele ba pele ba SASO, ba ba akaretsang: Strini Moodley, Professor Barney Pityana, Steve Biko, Onkgopotse Tiro, Harry Nengwekhulu, Themba Sono, Mapetla Mohapi, Mosioua Lekota, Johnny Issel le Mthuli ka Shezi. Re a ba akgola, ka gonne ba tlisitse tsholofelo mo nakong ya go latlhegelwa ke tshepo. Mo lebakeng le, ke rata go amogela ntsalagwe Onkgopotse Tiro, Pat Tlhagwana.

Gape mo lebakeng le re rata go amogela yo o re tlogetseng Ephraim Mogale, poresitente e e simolotseng Mokgatlho wa Baithuti ba Aforika Borwa dingwaga tse 30 tse di fetileng (Cosas), le balekana nae.
 
Mo go gopoleng baithuti ba ba ngwaga e e fetileng go na le molaetsa o o renang, o o tiisang lenyora la tokologo le kitso mo tlhokomelong ya bašwa ba rona.

Molaetsa wa ditiro tsa rona tsa bogaka o bontsha bonnete gompieno fela jaaka mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng, gore mmogo re godise ditšhono; gore ka nnete, go ya ka mafoko a Tšhata ya Kgololosego, re bule thata "dikgoro tsa thuto le ya setso”!

Re gopola mekgatlho le baeteledipele ba go rotloetsa mowa wa tsholofelo le boitharabologelo e e tsweleleditseng kgaratlho ya temokerasi le fa go ne go sena tsholofelo; go go tlhagisa maikarabelo a a mo magetleng a rona go tsweletsa dikakanyo tse bontsi bo di lwetseng, ba gana go fenngwa ke dikgoreletsi le mathata.

Ka jalo, Mme Sepikara le Motlotlegi Modulasetulo, ra tshwanetse go ipotsa gore: ditiro tsa rona di tlhalositse jang tsela ya phetogo mo setšhabeng sa Aforika Borwa mo dingwageng tse sometlhano fa e sale go tsweng botsalo jwa temokerasi; le gore re tsweleditseng jang tlhabololo ya batho le seriti sa botho fa e sa le taelo ya temokerasi ya 2004!

Gompieno re na le thulaganyo e e dirang sentle ya temokerasi, e e dirang go ya ka melawana ya go tlhoka bofitlha le go se fitlhe sepe, e na le mekgwa e le mmalwa ya go tsaya karolo ga setšhaba le ditheo tse di ikemetseng tse di laetsweng ke Molaotheo go tshegetsa temokerasi.

Mo dingwageng tse di fetileng, re ntse re tokafatsa dibopego tsa puso. Re agile thulaganyo ya dikgokagano tse di siameng tsa go kgabaganya makala a puso le kgolagano e e tokafetseng magareng ga one.

Go ntse jalo, puso e ka ipela gore re fetotse sebopego sa temokerasi ya tirelo puso, e mo maphateng a otlhe e emeletseng mokgwa wa setšhaba sa rona.

Le fa go le jalo, fa basadi ba emetse 34% ya ditiro tsotlhe tse di kwa godingwana mo tirelo pusong, se se sa ntse se le kwa tlase ga seelo sa tekatekano e re neng re ipeetse yone.

Mo maemong a dikgotlapeomolao tsa bosetšhaba le diporofense, go bontsha gore mo ngwageng ono setšhaba se tla tokafatsa 32% ya kemedi ya bomm? e e fitlheletsweng ka 2004 e bile re solofela gore, le 40% e e fitlheletsweng ka 2006 mo ditlhopong tsa pusoselegae.

Re solofela gore makoko otlhe a dipolotiki, fa a ntse a feleletsa go baakanya manaane a ditlhopho, a tseye se tsiya!

Le fa go nnile le tswelelopele nngwe, ka 0,2%, maemo ga a itumedise sentle mabapi le batho ba ba sa itekanelang mo mmeleng ba ba thapilweng ke puso, fa go bapisiwa le phitlhelelo ya 2% e re neng re ipeetse yone.

Mo mabakeng a mabedi a, setheo sa poraefete se saletse kwa morago thata.

Go tserwe dikgato tse di farologaneng go tokafatsa nonofo ya bodiredi puso go akaretsa tsamaiso ya matlole, Ditikwatikwe tsa Tirelo tsa Thusong, le boitlhamedi jwa thebolelo ya ditirelo, izimbizo le, ga jaana mo Lefapheng la Merero ya Selegae, boeteledipele jo bo tiileng.

Le fa go le jalo, go sa ntse go na le tiro e ntsi e e tshwanetseng go dirwa go tokafatsa mokgwa wa tirelo le go kaela badiredidipuso bangwe, segolobogolo bao ba dirang le setšhaba ka tlhamalalo.

Jaaka Maloko a a Tlotlegang a itse, puso ya rona e dirile go lwantsha bobodu e nngwe ya dintlha tsa botlhokwa.

Se se tlhageletse, magareng ga tse dingwe, mo peomolaong, melaong le melawaneng e e busang badiredipuso le boradipolitiki, dikamano le setšhaba le dikgwebo, gammogo le megala e go begiwang bobodu mo go yone.

Gape e ka nna gore dithulaganyo tse di thibelang le go otlhaela bobodu di sa ntse di sa lekana; fela go tswa mo ntlheng ya dithulaganyo tsa puso, re ka ikgotsofatsa ka gore mo dikgetseng tse di fetang 70% tsa bobodu tse di begilweng mo bobegakganyeng di tswela mo pepeneneng ka ntlha ya fa puso e e lemogile ditlolomolao mme e tsaya dikgato kgatlhanong le seo.

Dikgwetlho tseno di ntse di itemogelwa ke setheo sa poraefete. Kwa bofelong, kgwetlho ke ka ga taolo; fela jaaka go tshwanetse go nna le kobamelo e e tlhomameng.

Maloko a a Tlotlegang;

Ke tshepa gore re a dumelana gore go itekanela ga setšhaba sa rona go ikaegile ka, segolobogoIo, ka tswelelopele e re e dirang mo go godiseng khumo ya setšhaba le go netefatsa gore ditshiamelo tsa kgolo ya ikonomi di abelanwa ke batho botlhe.

Go totobetse gore, fa morago ga go se tswelele ga ikonomi ga dingwaga tsa bofelo tsa 1980 le tsa ntlha tsa 1990, Aforika Borwa e itemogetse paka e telele ya kgolo e e tswelelang ya ikonomi fa e sale go kwadiwa ga dipalopalo tse di jalo tse di simolotsweng ka 1940.

Mo Pakasomeng ya Ntlha ya Temokerasi, kgolo ya ikonomi e nnile 3% ka ngwaga, mme e ya tokafala go nna 5% ka ngwaga go tloga ka 2004 go ya go 2007.

Fa kgolo ya badirisi, e e bakwang ke go gola ga ditiro le lotseno le infoleišene e e kwa tlase le dikelo tsa morokotso, e na le seabe se segolo mo ntlheng e, re rotloediwa ke go raopa go go anameng ga ditšhono go tsweletsa go golela pele.

Tseno di akaretsa, lwa ntlha, dikelo tse di kwa godimo tsa tsalo mo maphateng a puso le a poraefete. Mo ntlheng e, mo dingwageng di ka nna tlhano tse di fetileng, re ne re palelela mo go 16% ya tlhamo ya kapitale ya kerose e e tlhomameng e le peresente ya Gross Domestic Product (GDP). Seo e nnile potlakiso mo tsadisong e gompieno e leng 22%, e e gaufi le 25% e re e ikaeletseng go e fitlhelela ka 2014.
Se ke karolo ya ditlamorago tsa manaane a a simolotsweng ke puso a go atolosa mafaratlhatlha a botlhe.

Gape ke ditlamorago tsa dipholisi tsa go tokafatsa maemo a ditsadiso tsa setheo sa poraefete; gape go dirisa pholesi ya sekgwama sa madi a puso le madi ka mokgwa o o atolosang phitlhelelo go ditirelo le go fokotsa morwalo wa infoleišene gape le go netefatsa go tlhomama le go tswelela go nna teng ga ikonomikgolo.

Tsepamelo mo go fetoleng ikonomipotlana mo pakasomeng e e fetileng, le matsapa, segolobogolo go tloga ka 2004, ka thulaganyo ya go tlosa dikgoreletsi tsa kgolo, e atlegile thata.

Ke ka ntlha ya se gore Leano la Potlakiso le Kabelano ya Kgolo (AsgiSA) le bo le tlhomilwe, go netefatsa gore dikgoreletsi tsotlhe tse dikgolo jaaka go sa tswelele ga dithulaganyetso, dipholesi le manaane a diintaseteri tse di kopantsweng, go tlhokega ga bokgoni, mekgwa ya go laola le ditirelo tse di siameng tsa puso di sekasekiwa ka mokgwa o o tlhomameng e bile o rulagane.

Ikonomi ya rona e bulegile thata, mme fa e sale ka 1994, e tseneletse mo thulaganyong ya lefatshe ka bophara. Ditheo tsa rona tsa matlole ke dikao tse di siameng tse ka mokgwa mongwe di re sireleditseng mo dintelong tsa ikonomi ya lefatshe ka bophara.

Fela, go e fitlhelela ga setšhaba sa rona, go sa le kgakalanyana. Ikonomi ya rona e ikaegile thata mo diromelwantleng tsa meepo le temothuo. Ntle ga setheo sa ditirelo, ga re ise re bone kgolo e e maatla mo ditheong tsa botlhokwa, segobogolo sa ditlhagiso.

Ka jalo, kelo ya kgolo mo diromelwantleng ga ise e nne kwa godimo fa e bapisiwa le dinaga tse dingwe. Ke bone bokoa jo bo bakileng tlhaelo e kgolo mo Akhaontong ya Current segolobogolo fa re tsena mo kgolong ya ditlhopha tse kgolwane.

Ka ntlha ya fa re na le kelo e e kwa tlase ya go boloka, re ne ra tshwanela ke go ikaega ka madi ya pakakhutshwane go duelela go tlhaela ga ditšhelete gammogo le manaane a rona a tsadiso.

Tse ke dikgwetlho tse naga ya rona e tla tshwanelang go di rarabolola go tswelela pele.

Sa botlhokwa thata ke potso e: totatota kgolo ya ikonomi e tshwanetse go nna ka ga eng? Khumo e diriwa gore e tokafatse boleng jwa matshelo a batho.

Ka jalo, potso ya gore a kgolo e abelanwa ka go lekalekana e tshwanetse go nna kwa setlhoeng mo mabakeng otlhe a ikonomi.

Sa botlhokwa, go abelana ditshiamelo tsa kgolo go tshwanetse go akaretsa go thapa badiri, go netefatsa gore go na le ditiro tsa maemo a a siameng.

Ke nnete, go totobetse gore magareng ga 1995 le 2003, ikonomi e bakile ditiro tse dintšhwa di ka nna milione o le mongwe le halofo; e bile se se itumedisang thata, ditiro di ka nna 500 000 ka ngwaga magareng ga 2004 le 2007.

Mo pakeng e, ke la ntlha fa e sale go bonwa ga temokerasi, ditiro tse dintsi di tlhamilwe go feta batho ba bantšha ba ba neng ba simolola go dira, mme seo sa fokotsa kelo ya botlhokatiro go tloga go 31% ka 2003 go ya go 23% ka 2007.

Ee, se ga sa tshwanela go sutisa mo boitlamong jwa rona jwa go tsweletsa go sekaseka boleng jwa ditiro tse, go akaretsa ditshwanelo le ditshiamelo tsa badiri.

Go abelana ditshiamelo tsa kgolo go akaretsa go potlakisa go tsenyatirisong lenane la dikgato tsa go lere tekatekano mo tirong, go akaretsa Matlafatso e e Atolositsweng ya Ikonomi ya Bantsho.

Se ga se go tsweletsa morero wa tlhaolele ya semorafe. Mo nneteng, naga e e sa netefatseng go akaretsa batho ba yone botlhe mo maemong otlhe a ditirotiro tsa ikonomi e tlile diragatsa kwa tlase ga fao e neng e ka diragatsa.

Ntlha ya gore setheo sa poraefete se saletse morago mo go fetoleng dipalopalo tsa ditiro tsa bolaodi le bokgoni, mo tlhabololong ya dikgwebo jalo le jalo, di dira gore naga ya rona e salele kwa morago mo maphateng a kgolo e e kwa godimo.

Go abelana ditshiamelo tsa kgolo gape go kaya gore go na le seabe se se siameng e bile se na le tekatekano mo pusong mo go diriseng matlole jaaka sediriso sa kabosešwa le kabelano ya morwalo wa go neelana ka dithoto tsa setšhaba.

Maloko a a Tlotlegang a itse bontsi jwa tshedimosetso ka mabaka a a amanang le tuelo ya loago. Fela ke tla ama dikao di le mmalwa gape go thadisa tswelelopele e re e dirileng le dikgwetlho tse re lebaneng le tsone.

Puso e itse sentle gore botlhoki jo bo tseneletseng bo sa ntse bo le teng mo setšhabeng sa rona, le gore maemo a go tlhoka tekatekano a kwa godimo.

Mo dingwageng tse 15 tse di fetileng re dirile ka natla go lwantsha se ka go neelana ka tuelo ya loago. Ke tlhagisa tiro e e dirilweng ke setlhopha sa barutegi kwa Yunibesithing ya Stellenbosch, e e eteletsweng pele ke Professor Servaas van der Berg:

“Lwa ntlha, botlhoki jwa tšhelete bo ile kwa tlase thata fa e sale tshimologo ya ngwagakgolo. Phokotsego e e bakilwe ke katoloso e kgolo ya ditshenyegelo tsa tuelo ya loago go tloga ka 2002 go ya pele. Tokafalo e e bonala mo go fitlheleleng ditirelo tsa motheo – phokotsego ya ka bonako mo botlhoking jwa dithoto e bile e tlile pele ga botlhoki jwa madi. La bobedi, le fa diphokotsego mo botlhoking e nnile tse di kwa godimo, selekanyo sa go tlhoka tekatekano se oketsegile mo dingwageng tsa bo 1990. La boraro, dipharologanyo tse di kayang mekgwa ya botlhoki le tekatekano di tlhomamisa tebo e e sephara ya pholisi …Botlhoki bo ile tlase fa e sale phetogo, fela ...go tlhoka tekatekano ga go a tokafala.”
(Botlhoki fa e sale phetogo: Se re se itseng, tsebe8: van der Berg et al, August 2007)

Mo tshekatshekong e e tseneletseng, babatlisisi ba bone fa:

“…Magareng ga malapa go akaretswa bana (ba ba tlhalosiwang e le ba dingwaga tse 17 go ya tlase), palo ya malapa a a begang fa ngwana a tshwarwa ke tlala e ile kwa tlase thata (go tloga ka kwa godingwana ga 31% go fitlha go 16%) magareng ga 2002 le 2006. Se se tshisinya gore maemo a botlhoki a tokafetse thata, segolobogolo magareng ga batho ba ba itemogelang go tlhoka go go kwa godimo ga tlhokomelo. Go nna teng ga tlala mo baneng go fokotsegile ka halofo mo dingwageng tse nne.”
Botlhoki fa e sale phetogo: Se re se itseng, tsebe 25: van der Berg et al, August 2007)

Go ntse jalo, maitemogelo a a tlhomamisiwa ke patlisiso ya rona, e e bontshang fa botlhoki jwa lotseno, segolobogolo magareng ga setšhaba sa Bantsho le Bammala, bo fokotsegile, e le ka ntlha ya dikelo tse di kwa godimo tsa tiro le go fitlhelela dituelo tsa loago. Le fa palo ya batshola ditshiamelo ba dithuso e ne e le dimilione di le 2,5 ka 1999, ka 2008 e ne e tlhatlogetse go 12,4-million.

Se ke ka ntlha ya katoloso e kgolo ya go fitlhelela Thuso ya Tshegetso ya Bana, e e oketsegileng go tswa go batshola ditshiamelo ba le dikete tse 34 ka 1999 go fitlha go ba le dimilione di le 8,1 ka 2008.

Jaaka karolo ya go nna le seabe mo lotsenong lwa batlhoki, ditšhono tsa tiro tse di neng di totilwe di le milione o le 1 go ya ka Lenaneo la Katoloso ya Ditiro tsa Setšhaba le ne la fitlhelelwa ka 2008, ngwaga pele ga o o neng o lebeletswe go ya ka taolelo ya ditlhopho tsa 2004. Se se bakile kgonagalo e kgolo ya go atolosa lenaneo le le go tokafatsa boleng jwa lone.

Mabapi le go fitlhelela ditirelo tsa motheo tsa lelapa, dipalo di a itlhalosa. Sekao, go fitlhelela metsi a a nowang go tokafetse go tswa go 62% ka 1996 go fitlha 88% ka 2008; motlakase (58% go fitlha 72%); mme kgeleloleswe (52% go fitlha 73%).

Bopaki jwaa tuelo ya loago bo bonwa gape mo ditokafalong tse di kwa godimo mo go fitlheleleng ditheo tsa motheo tsa boitekanelo. 95% ya ma-Aforika Borwa ba nna mo sekgaleng sa dikilomitara tse 5 tsa setheo sa boitekanelo, gape re itsisitswe fa ditliliniki tsotlhe di na le metsi a a nowang. Lenane la go entiwa ga bana le okeditswe ka 85%; mme dikgetse tsa malaria di ile tlase thata.

Gape re kgotsofadiwa ke gore patlisiso mo go nneng teng ga HIV go supa go tlhomama le go fokotseganyana mo dikelong tsa tshwaetsego.

Go feta moo, lenaneo la kalafi ya sethibela ketegelo ga le le golo fela mo lefatsheng; mme le ntse le gola ka dinako tsotlhe, le na le balwetse ba ba fetang 690 000 ba ba setseng ba akareditswe mo kalafing ya sethibela ketegelo fa lenaneo le sa le le simolola.

Le gale ditheo tse dintsi tsa boitekanelo ga di na melemo e e tlhokegang, badiri ba ba tshwanetseng, le go nna teng ga ditirelo tsa motheo jaaka metsi a a phepa le motlakase ka dinako tsotlhe. Mo go tse dingwe tsa ditheo tse, bolaodi jo bo sokameng le badiri ba ba se nang maikaelelo ba tlhoka go tlhabololwa.

Mo thutong, re bona kwelotlase mo tekatekanong morutisi: moithuti; go batlile go nna le phitlhelelo e e akaretsang go ya ka go ikwadisa ga barutwana ba poraemari; le tokafalo mo palong ya baithuti ba ba falolang dipalo, go neelana ka dikao di le mmalwa.

Go ntse go le jalo, matsapa a mantsi a tserwe go tokafatsa mafaratlhatlha kwa mafelong a a tlhokang.

Ee, re a itse gore ba ba tlogelang go ithuta segolobogolo mo maemong a magareng le magolwane go kwa godimo thata, mme thulaganyo ya thuto e tshwanetse go tlhagisa mefuta ya bokgoni e e tlhokwang ke setšhaba.

Mo godimo ga fao, mekgwa ya tiragatso, mo go tsa go ruta le go ithuta, e bontsha go tswelela go go tshwenyang ga dikaroganyo tsa loago tsa nako e e fetileng.

Se se gakgamatsang, moo thuto e batlegang thata teng go thusa go fedisa go tswelela ga botlhoki, ke koo maitemogelo a dithulaganyetso, tsamaiso le thuto di sa kgatlhegelweng.
 
Mananeo a puso a loago le one a tokafaditse dithoto tsa motheo tsa batlhoki, mo sebopegong sa matlo – ka go neelana ka matlo a a etleeditsweng a le dimilione di le 2,6.

Re tshwanetse go amogela gore lenaneo la kabosešwa le tshegetso ya morago ga go fiwa bonno di ka bo di diretswe ka bonako le botoka.

Ka kakaretso, re motlotlo ka tswelelopele e e mo mananeong a rona a loago. Fela re ka se ikgotsofatse fela ka phetogo fela ya dilo tse re di balang.

E ka nna mo thutong, tsa matlo, metsi kgotsa kgeleloleswei, potso ya botlhokwa e e re lebileng letsatsi le letsatsi ke gore re ka tokafatsa jang ditirelo tse! Mo lebakeng le re sa ntse re na le tsela e telele e re tla e tsamayang.

Maloko a a Tlotlegang;

Bosenyi jo bo boitshegang e ntse e le motswedi o mogolo wa go tlhoka tshireletsego ya ma-Aforika Borwa. Maitemogelo a letsatsi le letsatsi, mo merafeng e e tlhokang le e e itsholetseng ka go lekana, ke e nngwe ya matshosetsi a a bakang tlhaselo.

Mo gare ga ditheo tsa puso le tsa poraefete, kgonagalo ya go runya ga dikema tse di seng ka fa molaong tse di senyang didiriswa ka bobodu, ke tlhoba boroko e kgolo.

Ee, kelo ya bosenyi ka kakaretso, le fa re buile ka 2002, e wetse tlase ka tlhomamo. Dipalopalo tsotlhe di ka tlhagisiwa go netefatsa se.

Fela re a itse gore phokotsego e ntse e sa diragale ka bonako, le fa e le ka kelo ya 7-10% e re ipeetseng yone mo ditlhopheng tse di farologaneng tsa bosenyi. Ntlha ya gore go kgothosa mo malapeng le dikgwebo di ntse di oketsega; le gore bosenyi kgatlhanong le basadi le bana ga di ise di fokotsege ka mokgwa ope, ke tlhoba boroko.

Se se bontsha makoa mo boagisaning jwa rona, segolobogolo mo go ageng dikamano tshwaraganyo ya setšhaba tse di tla re thusang go thibela le go lwantsha bosenyi. Go bontsha thulaganyo ya makoa a thulaganyong ya bosiamisi ya bosenyi, go simolola ka go tlhotlhomisa bosenyi go fitlha ka go kgopholola basenyi. Go bontsha makoa mo go tsamaiseng sentle tsamaiso ya kgotlatshekelo, mo ntlheng ya setegeniki le dithulaganyetso tse dingwe le bolaodi.

Tse ke dintlha tse phetolo e kgolo e thulaganyo ya bosiamisi jwa bosenyi e tshwanetseng go di lebelela.
 
Fela, fa re ipatlisisa, re tshwanetse go se lebale ntlha ya gore re sekaseka thulaganyo e e nale le, thata le gone, taolo e e botoka go feta e e kileng ya nna teng mo nageng.

Se ke ka ntlha ya diphetogo tse di diragetseng mo ditheong tse, go ya ka meono ya tsone ya mokgwa wa ditshwanelo tsa botho, dipalopalo tsa bone, le dithulaganyo tsa bone tsa maikarabelo.

Fela tla re sekeng ra itomeletsa: jaaka botshelo jwa rona jotlhe jwa loago, phetogo e e jalo e sa ntse e le mo dikgatong tsa motheo. Re sa ntse re na le loeto lo loleele.

Ke na le bonnete ba gore Maloko a a Tlotlegang a tla dumela gore batho ba ba mo pakeng ya rona ya temokerasi ba tshwanetse go bona tlhaloso fao re tla kgonang go thusa ba ba sa sireletsegang mo setšhabeng.

Mo ntlheng e, go ya ka peomolao, mekgatlho ya boditšhabatšhaba, melawana le matsholo a netefaditse gore matsapa a bonalang a tsewe go tokafatsa maemo a bana, basadi, le batho ba ba nang le bogole le bagodi.

Ka matsholo a tshegetso le ka ntlha ya dikamano tse re di dirileng le mekgatlho e e emelelang ditlhopha tse di sa sireletseng tse, re tokafaditse go dira temoso ka ga dintlha tse di ba amang; gape re tsweleditse go rotloetsa go rulaganya sentle matshwenyego a.

Ke ka boipelo gore, sekao, malapa a a eteletsweng pele ke basadi a amogetse tekanyetso ya kabelo e e kwa godingwana ya tuelo ya loago go akaretsa matlo le tlhokomelo ya boitekanelo; le gore magareng ga bontsi ba mananeo a mantsi a a atlegileng go nnile le matsholo ka ga tshoutiso ya bana le phepo ya dijo.

Mme go fitlhelela tiro go wela thata mo basading ba kwa magaeng, baša le batho ba ba nang le bogole. HIV e ama thata basadi ba baša. Go sotlakakiwa ga basadi le bana go kwa godimo thata.

Ditiro tsotlhe tse ke tsa paka e e tlang.
Mme Sepikara le Modulasetulo yo o Tlotlegang;

Tse ke tsone ditsweletso tse temokerasi e di tlisitseng; le tsweletso e puso e e dirileng mo go diragatseng taelo ya ditlhopho.

Go ka se sepe sepe gore, ka mokgwa ofe kapa ofe, tsweletsopele e e dirilweng fa e sale 1994 e nnile e e itumedisang. E bile ga go belaetse gore dikgwetlho tsone e ntse e le tse kgolo.

Go matshwanedi gore re ikgopotse go nna le tsholofelo le boitharabologelo, tsweletso le phetogo, go ya ka Poresitente wa pele Nelson Mandela, mo bayokerafing ya gagwe, Long Walk to Freedom:

"Ke tsamaile tsela e telele go ya kgololosegong. Ke lekile go se boife; ke fositse dikgato tse dingwe mo tseleng. Fela ke bone sephiri sa gore fa o fetsa go palama thota e kgolo, ke gone o lemogang gore go sa ntse go na le dithota tse dingwe go palamiwa. Ke tsere sebakanyana fa go ikhutsa, go leba pono ya kgalalelo e e mpotologileng, go leba sekgala se ke se tsamaileng. Fela nka ikhutsa fela sebakanyana, ka gonne kgololosego e tla le maikarabelo, mme ga ka tshwanela go diega, ka gonne loeto lo lo telele ga lo ise lo fele."

Mo dikgweding di le mmalwa go tloga jaanong batho ba naga ya rona ba tla itsagatse boeteledipele jo ba bo ratang go diragatsa tiro ka boikobo ya molwelakgololosego yo mogolo yo, le ba bangwe ba ba simolotseng temokerasi ya rona.

Le fa mekgwa e re e dirisang e ka farolagana, maikaelelo a re batlang go a fitlhelela a tlhagisitswe sentle kwa ntle ga go sekamela gope mo Molaotheong wa rona: go bopa setšhaba se se kopaneng, se se na bosemorafe, se sa kgetholole go ya ka bong, e le sa temokerasi e bile se tsweletse pele go nna le seabe se se siameng mo go ageng lefatshe le le botoka.
 
Mo dingwageng tse thataro tse di fetileng, baeteledipele ba batho ba rona ba ne ba kopana kwa Pitsokgolong ya Kgolo le Tlhabololo mme ba fitlhelela tumelano ka ga ditiro tsa rona rotlhe go tokafatsa boleng jwa matshelo a ma-Aforika Borwa, segoloboglo go fokotsa botlhokatiro le botlhoki ka halofo ka 2014. Tse di akaretsa:

* go tlhama ditiro tse dintsi, ditiro tse di botoka le tse di bonalang go botlhe ka dikelo tse di kwa godimo tsa tsadiso, mananeo a ditriro tsa setšhaba, dikamano le maano a setheo, go thapa mo gae, go rotloetsa dikgwebopotlana le tshegetso ya ditlamo;
* baakanya kgwetlho ya tsadiso ka go tokafatsa dipoloko, go aba sentle didiriswa go tswa mo matloleng a diphenšene le polokelo, matlo, dikabo tsa setheo sa matlole le matlafatso a ikonomi ya bantsho;
* go tsweletsa tekatekano, tlhabolola bokgoni, go tlhama ditšhono tsa ikonomi le go atolosa ditirelo; le
* go dira ga mo gae le go tsenyatirisong tlhabololo, go akaretsa go neelana ka mafaratlhatlha le go fitlhelela ditirelo tsa motheo.

Ke na le bonnete jwa gore, jaaka karolo le go tlaleletsa maikaelelo a, ma-Aforika Borwa a ka se gane ka ga go tlhabolola thulaganyo ya thuto; go neelana ka tlhokomelo ya boitekanelo e e siameng, e lebega e bile e lekalekana; go tlhabolola metseselegae ya rona le go netefatsa gore go na le dijo; le go matlafatsa twantsho ya bosenyi le bobodu.

Ke bua ka ga dintlha tse, e se ka gonne di akaretsa kgotsa ka gore go di tlhagisa go tla dira gore mathata a setšhaba sa rona a fele. Mme, ke tlhopile go dira jalo go totobatsa ntlha ya gore Aforika Borwa ga e tlhaele fela dikakanyo. Kgwetlho ya rona ke go fetolela dikakanyo tse go mananeo le diporojeke gore re di tsenyetirisong sentle.

Dikakanyo tse di abelanwa ke batho botlhe, jaaka di tlhagisitswe mo Maikaelelong a Mileniamo a Tlhabololo a Ditšhabakopano.

Mme batho ga jaana ba lebane le kotsi ya gore phitlhelelo ya maikaelelo a e ka busetswa morago ka dingwaga tse dintsi, fa e se ka dingwagasome, e le ka ntlha ya maemo a a sa jeseng di welang a ikonomi a a aparatseng lefatshe.

Se, fa godimo, se simolotseng jaaka maemo a a sa jeseng di welang a matlole mo ditheong di le mmalwa tse di adimisanang se fetogile sekoloto go dikologa lefatshe, mme se na le maemo a a sa jeseng monate a kuno le kgwebisano tsa tota.

Re ka nyatsa megabaru, pakakhutshwane le go sa tlhokomeleng ga balaodi ba ditlamo tse dikgolo tse di gakaditseng tlhakatlhakano. Re ka sotla dipholisi tsa dipuso tse di tlodisitseng dintlha matlho le go letlelela mebaraka e e sa laolegegeng go senya tšhelete ya dithulaganyo tsa matlole. Re tla dira tsotlhe tse, mme re tla bo ra na le bonnete.

Fela tirokgolo e bile e le ya ka pele ke go akgola ditlamorago tsa ditlhabololo tse mo ikonoming ya rona le kgaolo ya rona, le go dira dipoelo tse di ka fokotsang ditlamorago tsa teng segolobogolo mo ditheong tse di sa sireletsegang tsa setšhaba.

Se re se itseng ke gore tikologo ya taolo mo nageng ya rona le dipholesi tsa go lekanyetsa kabo ya tse re di amogetseng di re thusitse go thibela kutlwalo e e tseneletseng ya tlalelo.

Fela rotlhe re a itse gore, ka ntlha ya fa re gokagane thata le ikonomi ya lefatshe, go batlega ga diromelwantle go tswa mo go rona go ile tlase; go fitlhelela matlole le lotseno lwa matlotlo go etegetse; go batla dikuno go go kwa tlase go isitse go ntsha dikuno kwa tlase, go tlhola ditiro go amegile ka mokgwa o o sa siamang mme mo ditheong tse dingwe go fokodiwa badiri.

Mathata otlhe a a tla ka paka eo dikelo tsa infoleišene le morokotso di leng kwa godimo.

Fa di kopane, ditlhagiso tse di amile matseno otlhe a re a tlhokang go atolosa go neelana ka ditirelo le go diragatsa diporojeke tsa mafaratlhatlha. Ka jalo, re pateletsegile go fokotsa go tebopele mo go tsa kgolo le go tlhangwa ga ditiro.

Re a itse gore Aforika Borwa ga e a amega thata go tshwana le dinaga tse dingwe tse dintsi. Ee, mo pakeng e ba bangwe ba itemogelang kgotsa ba bonang go ya tlase ga nakwana ga maemo a ikonomi, Aforika Borwa le kontinente yotlhe di sa ntse di itekanetse mo kgolong, le fa e le ka kelo e e bonya.

Mo lebakeng le, Maloko a a Tlotlegang, ke itumeletse go bega gore mo dipuisanong magareng ga Lefapha la Poresitente le baeteledipele ba balekane ba ba farologaneng ba loago, re dumalane ka kopanelo go dira dikgato tse di ka fokotsang maemo a tlhakatlhakano e mo setšhabeng sa rona. Setlhopha sa tiro se se lebileng merero e se sa ntse se dira ka natla, mme ditlhopha tse di anameng tsa ditsibogo tse di latelang di sa ntse di buisanelwa:
La ntlha, puso e tla tswelela ka diporojeke ditsadiso tsa setšhaba, boleng ba tsone bo oketsegetse go R690-billion mo dingwageng tse trharo tse di tlang. Mo lebakeng le, fa go tlhokegang, re tla bona ditsela tse dingwe tse di botlhale tsa go oketsa matlole.

Se se tla akaretsa tshegetso ka ditheo tsa rona tsa tlhabololo ya matlole le madi a dikadimo go tswa kwa ditheong tsa boditšhabatšhaba, gammogo le semphatho sa setheo sa poraefete le tiriso ya didiriswa tse di laolwang ke badiri jaaka matlole a phenšene.

La bobedi, re tla atolosa mananeo a setheo sa puso a tiro. Ka fa letsogong le lengwe, maano a go atolosa tiro mo ditheong di tshwana le tsa boitekanelo, bodiredi loago, thuto le ditheo tse di netefatsang tiragatso ya melao, a tla tswelela. Ka fa go je lengwe, re tla potlakisa go simolola ga kgato e e latelang ya Lenaneo la le le Atolositsweng la Ditiro tsa Setšhaba.

La boraro, dikgato tsa phokotso di ka tsewa mo setheong sa poraefete go fenya go ya tlase go go feteletseng ga tsadiso le madirelo a a tswetseng go sa tlhokege a dikuno kgotsa dipolante.

Mo karolong e, puso e tla dirisa didiriswa tsa go duelela diintaseteri le ditebogo go thusa go lebana le dikgwetlho mo maphateng a a farologaneng, le go rotloetsa ditheo tsa tlhabololo ya matlole go thusa ditlamo tse di gaeletsweng ka ntlha ya tlalelo.

Dintlha tse dingwe tse di ka dirisiwang di tla sekasekwa, go akaretsa malatsi a maleele a boikhutso, katiso e e atolositsweng, nako e khutshwane le kabelano ya ditiro. Se se tla kopana le thotloetso ya letsholo la Proudly South Africa le kgato e e gagametseng ya diromelwateng tse di seng ka fa molaong.

La bone, puso e tla tsweletsa go nna teng le go atolosa tshenyegelo ya tsa loago, go akaretsa go atolosa go fitlhelela thuso ya tshegetso ya bana go bana ba ba fetang dingwaga tse 18 le go fokotsa dingwaga tsa ba ba tshwanetseng go bona phenšene go dingwaga di le 60 mo banneng.

Fo godimo ga fao, re tla dirisa thata Kabelo ya Namolo ya Tlalelo ya Loago le tshireletso ya dijo tseo di totang ba ba sa sireletsegang go ya ka Letlole la Inšorense ya Botlhokatiro kgotsa ba ba feditseng ditshiamelo tsa bone.

Re tla tswelela go leba thata kgwetlho ya mowa wa go nna kgatlhanong le go gaisana mo dingweng tsa ditlamo. Mo ntlheng e, re rolela hutshe Khomišene ya Dikgaisano mabapi go gagamatsa seatla go netefatsa gore ba ba senyang ba a tshwarwa.

Le gale re solofela fa setšhaba se tla nna matlhagatlhaga go netefatsa gore, magareng ga tse dingwe, fa ditlhwatlhwa tsa dikuno di fokotsega, batho ba bona poelo.

Dikgato tse tsa ka bonako di tla kaelwa ke molawana wa pholesi ya tsa matlole wa go baakanya. Le gale, re tla netefatsa gore maemo otlhe a kadimo ka puso a tlhamaletse e bile a tla tswelela. Se gape se kaya phokotsegoo ya ka bonako ya sekoloto sa puso fa maemo a molato fa maemo a tokafala.

Matsapa a rona a tla kaelwa ke go akgola gore dikgato tsa go sireletsa tikologo le go fokotsa maemo a a maswe a phetogo ya maitshetlego a a ka tlholang go tlhamiwa ga ditiro.

Dikopano tsa G20 le dipuisano tse dingwe tsa ditheo tsa ditšhabadintsi, puso ya rona e kopile go nna ga tseraganyo e e maleba e bile ka bonako mo dinageng tse di tlhabologileng kwa tlalelo e simolotseng teng le kwa e leng kwa godimo. Re dumela gore nako e fitlhile gore re tiise molawana wa selegae le tlhokomelo ya thulaganyo ya tsa matlole; fela go feta fao, tekolo e e maatla le tiragatso mo lefatsheng ka bophara ke sengwe se se ka tilweng le go nna botlhokwa.

Ka keletlhoko, re tshwanetse go sireletsa seriti sa thulaganyo ya kgwebisano, feleletsa ditherisano tsa ga jaana tsa Doha Round tsa ditherisano tsa kgwebisano ya lefatshe, le go netefatsa gore thuso ya tlhabololo ga e ye tlase.

Thuto e e bonagalang mo maitemogelong a ke gore re tlhoka dikamano tse di tiileng magareng ga ba ba nang le seabe mo ikonoming le lefatshe ka bophara, ba seke ba emisa fela bokete ba tlhakatlhakano, mme gape ba dire dikgato tse di ka thibelang go tlhagelela gape ga seo.

Mo nageng ya rona, re tla lebelela dintlha tse jaaka ka karolo ya tsamaiso ya go baya setšhaba sa rona mo kgolong e kgolwane le tsela ya tlhabololo. Boleele ba nako ya go fitlhelela kwa setlhoeng bo ka ne bo oketsegile. Fela ga re belaele gore nako eo e tla e se kgale.

Mo ntlheng e, gore re baya naga ya rona jang mo maemong a go dirisa ditšhono tse di kgethegileng tse di tlileng, e tla nna sa botlhokwa. Mo ke lebisitse segolobogolo Sejana sa Lefatshe sa FIFA 2010 gammogo le Sejana sa Motlhakanelwa mo dikgweding di le mmalwa go tloga jaanong. Diporojeke tsotlhe le maano di feditswe kgotsa di gaufi le go fela – go simolola ka mabala a metshameko, mafaratlhatlha a dipalangwa, dikgato tshireletso, dintlha tsa marobalo, go fitlha ka maamo a tsa boitekanelo le khuduga – go tlhomamisa boitshepo mo go tsa kgwele ya dinao lefatshe ka bophara gore ya rona e tla nna thonamente e e atlegileng ka nnete.

Ebile re dumela gore, fa morago ga go fenya ga tlhano ka tatelano, setlhopha sa bosetšhaba ga jaana se ipaakanyetsa go dira go feta ka moo go ka solofelwang!

Fela go feta moo, se se ka se lebalweng sa nnete ke bokgoni jwa tlhokomelo le botho jo bo mo Aforika Borwa le Aforika – go fetola jaanong ditebo tsa naga ya rona le kontinente magareng ga batho ba lefatshe. Se se tswa mo go rona; mme seo ga se batle tuelo epe!

Gape mo ntlheng e re akgola ditlhopha tsotlhe tsa rona tsa motshameko tse di dirileng sentle mo ngwageng o o fetileng. Re naya setlhopha sa rona sa kerikete kakgolo e e kgethegileng ka ntlha ya go re baya mo mmapeng wa lefatshe.

Re Ditshimega tsa Lefatshe tsa Rugby; Giniel de Villiers le setlhopha sa gagwe ba fentse Dakar Rally; re ipela ka Paralympians tsa rona; mme setlhopha sa rona sa ba ba ka fa tlase ga 20 se dirile sentle mo maemong a kwa godimo a bogaisani.

Mme Sepikara le Modulasetulo yo o Tlotlegang;
 
Mo dibekeng tse pedi tse di fetileng, Aforika Borwa e feditse gammogo le Mali karolo ya diakhaefe go somarela dimusekeripiti tsa bogologolo tsa Timbuktu.

Tshomarelo e kgolo e ya boswa e bontsha fa Aforika e le segaka sa saense le dikwalo, filosofi le tsa kgwebo, e e kgoreleditsweng ke kgwebisano ya bokgoba le tlhakatlhakano mo khumong ya Aforika.

Tlhagiso e e tshwanetse go re rotloetsa go dirisana le dinaga tse dingwe mo kontinenteng ya rona le go feta go tokafatsa maemo a botho.

Ee, mo dingwageng tse 15 tse di fetileng re dirile ka natla go netefatsa gore Aforika e itemogela ntšwhafatso mo go se ka tota e tshwanetseng go nna Ngwagakgolo wa Aforika. Ka kgato ka kgato, kontinente ya rona e e tswelela sentle go ya kwa tsosolosong, mme dikgatlhegelo tsa batho di le kwa godimo mo maikemisetsong a baeteledipele ba bona, a tlhagisa tsholofelo le boitharabologelo ba gagwe mo seraleng sa lefatshe.

Se ke sona fela se se re fileng kgothalo mo go thuseng batho ba kwa Zimbabwe go bona tharabololo ya leruri mo nageng eo. Re eletsa mo lebakeng le go akgola makoko otlhe kwa Zimbabwe go fetsa ditherisano, go tlisa moputso o ka gale o ntseng o le mo menaganong ya batho ba naga eo le karolwana ya kontinente ka kakaretso: ke gore, puso e e tlhomameng e bile e le ka fa molaong e e nang le maikemisetso a go lebana le dikgwetlho tsa batho. Re motlotlo gape ka gore, maabane, Palamente ya Zimbabwe e fetisitse Tlhabololo 19 ya Molaotheo, o o dirang motheo wa go dira puso e e akaretsang.
 
Ntlha e e kgethegileng mo lebakeng le ke ka ntlha ya motsamaisi wa Southern African Development Community (SADC), Poresitente wa pele Thabo Mbeki le setlhopha se ka natla se thusitseng go fetsa tsamaiso sentle.

Jaanong tiro ya go aga sešwa e ka simolola ka maatla; Aforika Borwa o ipaakanyeditse go thusa fa re ka kgonang. Mo ntlheng e, go tlhokega ka bonako go lebana le tlhakatlhakano ya setho mo nageng eo. Re na le boitshepo ba gore, ka ntlha fa se rata, setšhaba sa boditšhabatšhaba se tla dirisana le batho ba Zimbabwe fa ba simolola tsamaiso e ntšhwa.

Gape re rotloetswa ke gore, se se tshwanetseng le go simolola go emelela tswelelopele ya batho ba Repaboliki ya Temokerasi ya Congo mo tseleng ya bona ya tlhomamo le tswelelopele, tswelelopele eo e ka se thibelwe.

Dikamano tse di dirilweng ga jaana magareng ga boeteledipele ba DRC le Rwanda bo na le tsholofelo ya ditsweletso mo mererong ya tshireletso le mo go lebaneng le tlhakatlhakano e e amang batho; fela, ka tsholofelo, le mabapi puisano ya sepolotiki. Re ntse re le foo, re tla tswelela go dira le dinaga tse dingwe le Kitlano ya Aforika go diragatsa maikaelelo a kwa Burundi, Sudan, Western Sahara, Côte d’Ivoire, Somalia le kwa gongwe.

Jaaka go lemogilwe ka ditlhabololo tse dingwe tse di farologaneng mo dikgweding di le mmalwa tse di fetileng, Aforika Borwa e tla dirisa tshiamelo e go tsamaisa SADC go maatlafatsa setheo sa kgaolo se se maatla se, go totilwe thata go diragatsa ditharabololo tsa Pitsokgolo le go garela tshwaraganyo ya leano la kgaolo.

Gone fao re tla tlhabolola tirisano ya SADC le Common Market of East and Southern Africa (COMESA) le East African Community (EAC). Ditlhagiso se di tla dirwang go atolosa go na le go koafatsa dikamano tse dintsi tse re nang le tsone mo Southern African Customs Union (SACU).

Re eletsa mo go seno sebaka go akgola batho le boeteledipele ba Zambia, Ghana le United States of America mo ditlhopong tse di emetseng go ngotlafala ga melelwane mo dinageng tsa bone.

Ke metlha re tla nna re tlhoka go tiisa ditirisanommogo le dinaga tse le tse dingwe go rotloetsa se se siametseng batho.

Re lesego ka gonne ngwaga o re konesetsa ngwagasome wa ntlha wa dikgokagano tsa sedipolomate le batho ba Repaboliki ya China. Mo dingwageng tse, go tlhageletse sentle gore go na le poelo e e tla bonwang go tswa mo dikamanong.

Gape re rata go tlhomamisa gore boitlamo ba rona mo dikamanong tse di tiileng tse re di dirileng le Brazil le India ka kopano India-Brazil-South Africa (IBSA); le mo dikamong tse tiileng tse naga ya rona e ntseng e di dira le Russia, le dinaga tsa Asia, Middle East, gammogo le Latin le North America.

Mo makgetlhong a le mmalwa re tlhagisitse go tshwenyega ga rona mabapi le go tswelela ga kgotlhang e e kwa Middle East ka kakaretso le kwa Israel le Palestine.
Bophara jwa go swaba ga rona ka ga koketsego ya kgotlhang le dintsho tse dintsintsi, segolobogolo baagi – go akaretsa bana, basadi le bagodi – ga bo na selekanyo.

Ga go na tlhalosa e e ka newang ya ditiro tse di jalo tsa go senya go go feteletseng le polaano. Mme re solofela gore mo nakong eno, matsapa a mašwa a setšhaba sa boditšhabatšhaba go bona tharabololo ya leruri mo kgotlhang e go tla nna mosola, gore ma-Iseraele le ma-Palesetina ba nne le kagiso le tshireletsego jaaka baagisani ba ba mo pusong e e ikemetseng mo melelwaneng.
 
Kakgolo e e kgethegileng e ya go puso le batho ba Cuba mo ketekong ya dingwaga tse 50 tsa phitlhelelo ya puso ya bone, mme e tsamaya le kgololosego ya go tlhopha tsela ya tlhabololo.

Mo ngwageng o o fetileng re kgonne go konesetsa ditherisano tse dingwe le European Union ka ga dikamano tsa rona tsa maano; mme re solofela gore mowa o o tlhodileng seo o tla rena fa re feleletsa ditherisano tsa ditšhabadintsi mo Ditumalanong tsa Dikamano tsa Ikonomi le dinaga tse di mo kgaolong ya rona.

Re lebile gape go matlafatsa dikamano fa re diragatsa Pitsokgolo ya South Africa -European Union moragonyana monongwaga.

Mmogo le dinaga tse dingwe tsa Borwa, re tla tswelela go batla go aga sešwa Ditšhaba Kopano, International Monetary Fund le ditheo tse dingwe tsa ditšhabadintsi gore di tlhagise bonnete ba lefatshe le le fetogileng le le fetogang le go dira ka mokgwa wa temokerasi, o lekalekana e bile o se bofitlha.

Gape re itlama go fitlhelela maikaelelo a ditumalano tsa boditšhabatšhaba, go akaretsa Porotokolo ya Kyoto le ba ba tlang morago ya yone go bona poelo mo bathong ba rona le batho ba lefatshe.

Mme Sepikara le Motlotlegi Modulasetulo;

Go diragatsa dintlha tse go batlega melawana e mebedi e: tlhokego ya rona go fetsa taelo e re e neetsweng ke puso ka 2004; le botlhokwa ba go netefatsa gore puso e e tlang morago ga ditlhopho tse e na le maemo a a siameng go tsenyatirisong manaane a yone kwa ntle ga go diega.

Mo dikgweding di le mmalwa tse di tlang pele ga ditlhopho tsa bosetšhaba le porofense, re tla dira gore re diragatse taelo eo. Jaaka karolo ya diporojeke tse kgolo tse di leng mo Lenaneong la Tiragatso la puso, re tla leba:

* go tlhama bokgoni jo bo tlhokegang go tlisa ditirelo tse di tokafetseng le go tokafatsa go tsenyeletsa mo gare le magareng ga maemo a, go akaretsa thulaganyo ya leano la bosetšhaba;
* go tswelela ka letsholo la Ntwa ya Botlhoki le go feleletsa go kwala Leano le le Tletseng la Kgatlhanong le Botlhoki ka go tsenela dipuisano le setšhaba;
* go tsenyatirisong lenaneo le le tletseng le re le dirileng go fedisa mabaka a kholera mo dikarolong tse di farologaneng tsa naga;
* go tswelela ka go batlisisa le go buisana ka ga Thulaganyo e e Utlwagalang ya Tshireletso ya Loago, go akaretsa ntlha ya Inšoerense ya Bosetšhaba ya Boitekanelo;
* go matlafatsa letsholo la go somarela motlakase, go kgona go laola mathata a ga jaana le phetogo mo mekgweng ya rona, re ntse re potlakisa diporojeke go tlhabolola bokgoni le go dirisa metswedi e mengwe ya motlakase – re lemoga gore mo godimo ga ditlamorago tsa go fetoga ga maemo a loapi, didiriswa tse di tshwanang le dituki tsa fosili le metsi ntse di fokotsega fa tlhokego ya tsone e ya kwa godimo;
* tsenyeletsa mo tirong ya Maphata a a maleba dipoelo tsa patlisiso ya ditiro tsa Ikonomi ya maemo a Bobedi jaaka lenaneo la ditiro tsa setšhaba, tshegetso ya dikgwebopotlana le dimaekero le ditlhagiso tsa tlhabololo ya magaeng;
* atolosa matsapa a go fetola thulaganyo ya bosiamisi jwa bosenyi, go akaretsa ba ba tla dirang forensiki e e botoka, koketsego yaa ka bonako mo palong ya batlhotlhomisi, tiriso e e siameng ya tshedimosetso le thekenoloji ya ditlhaeletsano, le bolaodi jo bo botoka jwa dikgotlatshekelo; le
* go bebofatsa ditsamaiso tse di ikaelelang go matlafatsa dithulaganyo tse di dirang ka mabaka a tekatekano ya bong jaaka kemedi ya 50/50 mo dibopegong tse di tsayang ditshweetso, tlhabololo ya bašwa, ditshwanelo tsa batho ba ba nang le bogole le ditshwanelo tsa bana – go akaretsa go fetsa ditherisano ka ga Pholesi ya Bašwa ya Bosetšhaba, go baakanyetsa go tsenyatirisong ga Tšhata ya Baša ba Aforika fa e setse e fetisitswe ke Palamente, le go dira Setheo sa Tlhabolololo ya Bašwa sa Bosetšhaba; go isa Porotokolo ya SADC ka ga Tlhabololo ya Bong go palamente; go tiisa tshegetso ka ga ditshwanelo tsa batho ba ba nang le bogole, le go kataolosa palo ya bommasepala ba ba tlhamileng Children’s Rights Focal Points go feta 60% ya ga jaana.

Tse le manane a mangwe, go akaretsa Dintlha tse di kwa Setlhoeng tse di tlhagisitsweng mo go Pung ya Kemo ya Bosetšhaba ka Tlhakole ngwagola, e dira motheo wa matsapa a rona go feleletsa taolelo e re e filweng go ala motheo wa bokamoso.

Re tla oketsa matsapa a a nang le maikaelelo, tsholofelo le boitharabologelo mo bathong ba Aforika Borwa mo lebakeng le le re siametseng botlhe. Se, e bile e le sa botlhokwa, ke motswedi wa go itshepa fa re re setšhaba se mo maemong a a siameng. Temokerasi ya rona e itekanetse. E gola thata.
 
Ka jalo, ka mantswe a Poresitente wa maloba, Poresitente Mandela, “mme ga ra tshwanela go diega, ka gonne loeto lwa rona lo lo leele ga lo ise lo fele”
Ke a leboga.

Issued by: The Presidency
6 February 2009

Share this page

Similar categories to explore