Puo ya Maemo a Setšhaba ya ga Moporesitente wa Aforika Borwa, Thabo Mbeki: Bonno jo bo Kopanetsweng jwa Palamente

8 Tlhakole 2008

Mme Sebui sa Kokoano-Bosetšhaba;
Monnasetilo wa Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense;
Motlatsa-Sebui wa Kokoano-Bosetšhaba le Motlatsa Monnasetilo wa NCOP;
Motlatsa-Moporesitente wa Rephaboliki;
Baeteledipele ba ba Tlotlegang ba makoko a rona a sepolotiki le Maloko a a Tlotlegang a Palamente;
Ditona le Batlatsa-Tona;
Rre Jacob Zuma, Motlatsa Moporesitente wa maloba yo gape e leng Moporesitente wa African National Congress;
Moatlhodimogolo wa rona yo o tlotlegang le maloko a Bosiamisi;
Ditlhogo tsa Ditirelo tsa Tshireletso;
Mmusisi wa Banka ya Risefe;
Ditonakgolo tse di kgethegileng le Dibui tsa Diporofense tsa rona;
Monnasetilo wa SALGA, boratoropo le baeteledipele ba tsamaiso ya dipusoselegae;
Monnasetilo wa Ntlo ya Baeteledipele ba Setso le baeteledipele ba rona ba setso ba ba tlotlegang;
Ditlhogo tsa ditheo tsa puso tse di tshegetsang temokerasi ya molaotheo;
Bakaedi-Kakaretso le baeteledipele ba bangwe ba tirelo ya bosetšhaba;
Batlotlegi, Boambasatara le Bokhomišenara ba Bagolo;
Baeng ba tlotlego, ditsala le bakaulengwe;
Batho ba Aforika Borwa:

Ntetleng mo tiragalong e ya bobedi ya bofelo ya Bonno jo bo Kopanetsweng jwa Palamente ya boraro ya dipuisano tsa ngwga le ngwaga ka kemo ya setšhaba sa rona, go eleletsa Maloko a a Tlotlegang a Palamente ya rona Ngwaga o Mošwa o o itumedisang wa katlego.
Ke na le nametshego ya gore 2008 e tla nna nngwe ya dingwaga tse dintle tsa temokerasi ya rona, jaaka rotlhe re tla dira mmogo go fitlhelela maitlhomo a a botlhokwa a batho ba rona go fitlhelela botshelo jo bo botoka go botlhe. Ke bua se gonne, ka kabakanyo ya rona, ga se gantsi mo setšhaba se bidiwang go leka ka bojotlhe jwa sona go fitlhelela toro e e rileng. Mme se ke taelo e hisitori e tlhomileng mo go rona gompieno.

Ke bua gompieno mo botennyeng jwa ga mme, Epainette Mbeki, MaMofokeng, yo o tlileng go bua molaetsa o o tlhamaletseng go tswa kwa bontsing jwa kwa magaeng a Transkei, ba tshedileng le bona dingwaga di le dintsi. A re bontsi jo bo batla gore rotlhe ba re ipitsang baeteledipele ba bona, re ba bolelele le bangwe ba ba jaaka bone mo nageng, gore a re sa ntse re ineetse mo maikaelelong a rona a gore ka moso e tla gaisa gompieno. Mo sebakeng sa matsatsi a le robedi, ka 16 Tlhakole o tla bo a le dingwaga tse 92. Se a se solofelang jaaka mpho ya letsatsi la botsalo jwa gagwe ke boammaaruri. Ke mo lebogela matsapa a gagwe go nna le rona gompieno, mme ke solofela gore ga re kitla re mo swabisa.

Ke rata gape go tsaya nako e le tlotle Moporesitente Nelson Mandela, mongwe wa borre ba ba itsegeng ba ba ribolotseng temokerasi ya rona, yo tla bong a le dingwaga di le 90 ka 18 Phukwi monongwaga.

Re amogela mo tiragalong e Rre Arthur Margeman, yo o emetseng bagale ba go boekhotiwa ga dibese tsa Alexandra dingwaga tse some-a-matlhano tse di fetileng, ba ba akaretsang Nelson Mandela. Re tlotlegile gape go bo re na le Moh. Jann Turner, morwadia Rick Turner yo o bolailweng ke baamedi ba tlhaolele dingwaga tse 30 tse di fetileng.

Re itumetse gape go bo re na le Rre Dinilesizwe Sobukwe, morwa mogale le moeteledipele yo o maatlametlo, Robert Sobukwe, yo le ena a tlhokafetseng dingwaga tse 30 tse di fetileng morago ga dingwaga tse dintsi tsa go nna mo kgolegelong, go kganelwa le mekgwa e mengwe ya kgatelelo. Re lemoga gape mo gare ga Maloko a a Tlotlegang le baeng, bathei ba bantsi ba United Democratic Front, dingwaga tse 25 tse di fetileng.

Baeng botlhe ba ba tlotlegang ba, ba ba emetseng kgopolo le tsholofelo, ba re gakolola ka go nna teng ga bona gore sa rona ke tiro mo leetong la neeletsano go tsweletsa tsalosešwa gore toro ya botshelo jo bo botoka bo diragalela maAforika Borwa otlhe. Ee, ba emetse keteko ya mowa o o maatla wa batho ba rona, le go tlisa kgwetlho go botlhe ba rona go dira ka ditsela tse di sa tsietseng kgotsa go swabisa ditsholofelo tsa batho.

Re gaufi le go simolola ngwaga wa ditšhelete o o tletseng wa bofelo wa palamente le puso ya ga jaana ya boraro ya temokerasi o morago ga ona re tlileng go tshwara Ditlhopho-Kakaretso tsa bone. Puso ka jalo e ne ya lebisisa sekgala se re tsamaileng go tsenya tirisong morero o re o neetsweng ke batho ka 2004.

Ke itumelela go bua gore re dirile go le gontsi go tsenya tirisong boineelo jo re bo dirileng go batho ka 2004. Le fa go le jalo, e bile e se se se neng se sa solofelwa, go mo pepeneneng gore re sa ntse re na le tiro e kgolo e re tshwanetseng go e dira mo ntlheng e.

Re lebile gore kwa bokhutlong jwa paka ya tiro ya rona, Puso e ikaeletse gore e tshwanetse go tlhoma Dintlha tsa Botlhokwa tse di kwa Setlhoeng (Apex Priorities) tse e tshwanetseng go di ela tlhoko ka tsela e e kgethegileng, go di dirisa jaaka didiriswa tsa go itlhaganedisa tswelopele ya go fitlhelela maikaelelo a batho ba re a neetsweng go a fitlhelela.

Ka boitumelo, Puo ya Maemo a Setšhaba e nneetse tšhono ya go begela Palamente le Setšhaba ka Dintlha tsa Botlhokwa tse di kwa Setlhoeng tse 24, tse Maloko a a Tlotlegang a ka di fitlhelang mo webosaeteng ya Puso mo bekeng e e tlang.

Go tlhongwa ga Dintlha tsa Botlhokwa tse di kwa Setlhoeng go kaya gore maphata otlhe a le mararo a puso, ya bosetšhaba, porofense le ya selegae kwa maemong a maemong a khuduthamaga le a tiragatso, a dira maikano a gore re tla dirisa nako e khutshwane e e kwa pele ga rona go tsweletsa maikaelelo a rona a go fitlhelela maitlhomo a a botlhokwa e leng botshelo jo bo botoka go batho botlhe ba rona.

Tsamaiso yotlhe ya rona ya puso e dira boineelo gore mo pakeng e e tlang, e tla dira ka bojotlhe go fitlhelela ntlha e – Tsamaiso e e Farologaneng (Business Unsual)! Re bua ka Tsamaiso e e Farologaneng re sa kae diphetogo dipe mo dipholising tsa rona tse di tlhomilweng mme e le tebang le tiragatso e e itlhaganedisitsweng e siame e bile e le manontlhotlho ya dipholisi le dithulaganyo tse, gore matshelo a batho ba rona a tokafale, ka bonako e seng moraga ga sebaka se seleele.

Go dira gore se se diragale; re na le dikgato tse di tlhokegang go netefatsa gore Tekanyetsokabo ya Ngwaga le Ngwaga e Tona ya Matlotlo a tla e supang moragonyana mo kgweding e e rebola ditekanyetso tse di tlhokegang go re naya bokgoni jwa go tsenya tirisong Dintlha tsa Botlhokwa tse di kwa Setlhoeng. Dikarolo tsa botlhokwa tsa Dintlha tse ke:

* tsweletso ya go itlhaganedisa kgolo le tlhabololo ya ikonomi;
* go itlhaganedisa tiragalo ya go aga mafaratlhatlha a re a tlhokang go fitlhelela maitlhomo a rona a ikonomi le a loago;
* go tokafatsa botlhokwa jwa tsereganyo ya rona e e kobiseditsweng kwa Ikonoming ya Bobedi le go fedisa botlhoki;
* tsweletsa seabe sa dithulaganyo tsa rona tse di kobileng karolo e e botlhokwa ya thuto le katiso;
* go itlhaganedisa go fitlhelela maitlhomo a rona a boitekanelo go botlhe;
* go ntšhwafatsa tsamaiso ya kgopololo le bosiamisi go gagamatsa ntwa ya rona kgatlhanong le bosenyi;
* go tshwelela go matlafatsa metšhini ya puso ya rona go netefatsa gore e na le bokgoni jwa go tsibogela ditlhokego tsa tlhabololo; le,
* go oketsa tsepamo ya rona mo makaleng a botlhokwa tebang le tsamaiso ya rona ya dikamano tsa boditšhaba, ka tsepamo e e kgethegileng mo dintlheng dingwe tsa Aforika le dikamano tsa Borwa-Borwa.

Go gaisa ka dinako tse dingwe, maemo a a lebaganeng le setšhaba le naga ya rona, le ditiro tse re di ipeetseng, di tlhoka gore re tlhotlheletse le go rulaganya batho ba rona go dira jaaka bongwe, go dira dilo tsotlhe tse di tshwanetseng go dirwa, re tlhaloganya gore boammaaruri ke gore rotlhe mmogo, re tshotse bokamoso jwa rona mo diatleng tsa rona!

Fa re dira mmogo gotlhe mo nageng, re tshwanetse go tlhaloganya gape gore se re tshwanetseng go nna ka ga sona ke Tsamaiso e e sa Farologaneng!

Fa ke ne ke rulaganya Puo e, mongwe mo gare ga rona o ne a ntshitshinyetsa gore naga ya rona e tletse ka ditsuatsue tse di maatla tse di dirang gore go nne thata go bonela pele gore naga ya rona e tla bo e le kae ka moso.

O ne a tshitshinya gore, go tlhaloganya se a se kayang se le mooko wa boammaruri jo lebaganeng najo mosong o, ke gopole mafoko a a itsegeng a Charles Dickens a bulang padi ya gagwe, A Tale of Two Cities. Ka jalo ke nopola mafoko a, a a mpatletseng mo A Tale of Two Cities:

“E ne e le nako e e gaisang tsotlhe, e le nako e e bosula go di gaisa, e ne e le paka ya botlhale, paka ya boeleele, e le paka ya tumelo, e ne e le paka ya go tlhoka tumelo, e ne e le setlha sa Lesedi, e le setlha sa Lefifi, e ne e le dikgakologo tsa tsholofelo, mariga a go tlhoka tsholofelo, re ne re na le tsotlhe fa pele ga rona, go se sepe fa pele ga rona, rotlhe re ne re ya ka tlhamalalo kwa Legodimong, rotlhe re ne re ya ka tlhamalalo kwa ntlheng e nngwe – ka bokhutshwane, paka eo e ne e tshwana le paka ya ga jaana, mo e leng gore bathati ba ba medumo ba yona ba ne ba pateletsa gore a amogelwe, ka molemo kgotsa ka bosula, mo maemong a a kwa godimo a papiso fela.”

O ka botsa gore a ke dumelana le tshekatsheko e, gore a le nna ke dumela gore re tsene mo pakeng ya tlhakatlhakano, e mo go yona rotlhe re ka se direng sepe ntle le go latlhegelwa ke tsela, re se na bonnete ka dikgato tsa rona, maoto a rona a kgwetla, re boifa bokamoso!
Karabo ya me go potso e ke Nnyaa o o se nang bana ba phefo! Jaaka Puso ya rona yotlhe ke na le bonnete jwa gore metheo e e thusitseng naga ya rona go gatela pele mo dingwageng tse 14 tse di fetileng e sa ntse di momagane. Di tswelela go re naya motheo o o tsepameng o re tshwanetseng go tswelela ka ona jaaka re tsepamisa matlho a rona mo go fitlheleleng maitlhomo a botshelo jo bo botoka go batho botlhe ba rona. Ka jalo rotlhe re tshwanetse go dumela gore re sa ntse re le mo tseleng e e nepagetseng jaaka re tswelela go dira gore sa rona e nne setšhaba se se fenyang.

Le fa go le jalo, jaaka Maloko a a Tlotlegang otlhe, ke itse ntlha ya gore bontsi mo setšhabeng sa rona ba tlhobaediwa ke ketsaetsego ya gore naga ya rona e ya kae mo isagong.

Ba tshwenngwa ke maemo a bosetšhaba a tshoganyetso a naga ya rona e latlhetsweng mo go ona ka dikgoreletso tse di sa solofelwang tsa tlamelo ya motlakase.

Ba tshwenyega ka ditiragalo dingwe mo ikonoming, segolo tlhatlogo e e tswelelelang ya merokotso, ditlhwatlhwa tsa dijo le lookwane tse di tswelelang go gatelela segolo ba ba tlhokang. Ba bangwe mo go ba ba tshwenyega ka kgonego ya seabe sa matshosetsi a go sa iketlang ga ikonomi ya Amerika mo ikonoming ya rona.

Ba tshwenyega ka gore a re na le bokgoni jwa go sireletsa ditshwanelo tsa temokerasi le Molaotheo wa temokerasi o o belegweng ke ka ditlhabelo tse dikgolo. Se se tliswa ke ditiragalo tse di jaaka go latofadiwa ga Mokomišenara wa Bosetšhaba wa Sepodisi, go sekegwa ga Mokaedi wa Bosetšhaba wa Botšhotšhisi jwa Setšhaba, dipoifo ka matshosetsi a go ikemela ga boatlhodi le tsamaiso ya molao, le ditatofatso tsa go dirisa maatla a puso mo maikaelelong a sepolotiki.

Ba tshwenyegile ka gore a naga ya rona e tshosediwa ke bonokwane jwa go fiswa ga diterena di le thararo kwa Tshwane mo kgweding e e fetileng.

Le fa ba lemoga le go tlotla thata ya lekoko le le busang la go tsamaisa merero ya lona, ba tshwenyega ka gore le tshwanetse go tswelela go tshameka karolo ya lona jaaka mongwe wa batakibagolo ba Aforika Borwa wa temokerasi yo o sa kgethololeng go ya ka mmala, bong e bile e le wa tswelelopele.

Go mo pepeneneng gore e ka nna go tlhoka maikarabelo go ikgatholosa matshwenyego kgotsa go a kgaphela thoko jaaka ditsibogo tsa baporofeti ba tatlhego. Kgwetlho ya nnete ke go a tsibogela ka tsela e e tlhagisang molaetsa o o totobetseng go botlhe mo nageng ya rona le dimilione mo Aforika le gotlhe mo lefatsheng ba ba lebileng naga ya rona ka tlhoafalo, gore re sa ntse re tsepame mo maikemisetsong a rona go tswelela go aga Aforika Borwa o o neetseng tsholofelo e seng fela go batho ba rona, mme le go ba bangwe ba ba kwa ntle ga melelwane ya rona.

Tla ke nne pelokgale go re paka eno ya hisetori e batla gore setšhaba sa rona se tshwaragane go gaisa pele le go gagamatsa mesifa yotlhe ya mmele o o golaganeng go samagana le dikgwetlho tsa rona tse di tshwanang le go tshola toro e e re tshotseng rotlhe jaaka re ne re tsamaya mo tseleng e ntšhwa ya go tlhola Aforika Borwa yo o bonwang ka Molaotheo wa rona e ntse e tshela.

Maemo a tshoganyetso a bosetšhaba a a tliswang ke kgaogo ya motlakase a tlisa kgwetlho le go tlisa tšhono go setšhaba sotlhe go tlhalosa boikuelo jwa gore rotkhe re kopane mo tirong le go dira ka tshwaragano go tshola naga ya rona e tsamaya sentle. Se se tshwanetse go re bolelela rotlhe gore tota re mo pakeng ya dikgwetlho, dikgwetlho tse dikgolo. Mme ka lebaka la gore ke paka ya dikgwetlho, ke paka ya ditšhono!

Mo ntlheng e, ke rata go tlhagisa ditebogo le tumalano ya rona ka botlalo le ditshwaelo tse di dirilweng ke Mokhuduthamaga Mogolo wa Anglo American, Cynthia Carroll, fa a ne a eme Mining Indaba ka lefoko mono Cape Town go sa le gale mo bekeng e, ka Labobedi, Tlhakole 5.

Jaaka maloko a a tlotlegang a itse, o rile: “Ga ke kae mathata a tlamelo ya motlakase mono jaaka matlhotlhapelo. Mme Aforika Borwa ga a esi: go na le kgatelelo ya tlamelo mabapi le diporojeke tsa rona tsa katoloso kwa Chile le Brazil.

“Ee, mathata mono a masisi; go a fenya go tlhokega bojotlhe, segolo mo botlhokweng jwa maatla le tshomarelo ya maatla, ga mmogo le go tlhoma mefuta e mengwe ya thebolelo ya maatla. Fela rotlhe re ka tlhama dimphato tse di maatla go samagana le maemo a, re tla tswelela – ke solofela gore re sa gobala… E ga se nako ya go supana ka menwana, mme ke ya go dira mmogo go bona ditharabololo.”

Le fa go builwe jalo, go sa ntse go tlhokega gore re tseye tšhono e go romela maitshwarelo a Puso le Eskom kwa setšhabeng ka maemo a bosetšhaba a tshoganyetso a a dirileng gore rotlhe re samagane le ditlamorago tsa thefosano ya kgaogo ya motlakase. Ke rata gape go leboga baagi botlhe ka bopelotelele le go tlhaloganya ga bona mo maemong a a bokete a ga jaana.

Mo dibekeng tse pedi tse di fetileng, Ditona tsa Diminerale le Maatla le Dikgwebo tsa Setšhaba di tlhalositse mofuta wa maemo a tshoganyetso a re lebaganeng nao le se mongwe le mongwe wa rona a ka se dirang go busetsa maemo tlwaelong. Beke e e fetileng Maloko a a Tlotlegang a ne a nna le tšhono ya go lebagana le dintlha tse.

Boammaaruri ke gore tlhatlogo ya tlhokego ya motlakase mo dingwageng tse pedi tse di fetileng di ne tsa feta mothamo o re neng re o tsentse mo motsweding o. Maamo a thebolo e e kwa godimo a ne a dira motswedi otlhe o nne bokoa kgatlhanong le maemo otlhe a a amanang le go nna teng ga maatla. Mo maemong a, re tshwanetse ra samagana le dikgaogo tse di sa rulaganngwang, mme tsela e le nngwe ya go dira jalo ke go fokotsa tlhokego mme ka go dira jalo re ka nna le mothamo o o botoka wa risefe.

Jaaka puso, tiro ya rona ke go etelela pele le go kopanya setšhaba mo letsholong la tiriso e e botlhale ya maatla e e tla samaganang le kgwetlho e. Gareng ga tse dingwe, re tshwanetse go dirisa mathata a ga jaana go netefatsa gore magae a rona le ikonomi di dirisa maatla sentle go gaisa.

Go na le dikgato tse di diregang tse mongwe le mongwe, malapa le dikgwebo di ka di tsayang. Tsona di tlhagisiwa ke Lefapha la Diminerale le Maatla mme re tla amogela ditshitshinyo dingwe le dingwe tse lona, bakaulengwe, lo re di nayang le go di abelana.

Puso e tla simolola go tsenya tirisong letsholo la go netefatsa go tshubiwa sentle ga dipone, go gotetsa metsi ka maatla a letsatsi le tsamaiso ya bokete jwa dikisara mo matlong, go akaretsa le maemo a matlo mo matlong otlhe a mašwa le ditlhabololo. Re ikuela go malapa a a kgonang go tsiboga ka bonako go ka tsenya tirisong mekgwa e ya go boloka maatla.

Go dule taelo go dikago tsotlhe tsa puso gore di fokotse tiriso ya motlakase, mme tsweetswee le lokologe go ka bolela le go swabisa bao ba sa direng jalo.

Dintlha tsa dikgato tse dingwe tsa boithaopo le tse di beilweng mo Thulaganyong ya Tshomarelo ya Maatla (Power Conservation Programme) di tlhagisitswe ke Ditona mme di tla tlhotlhiwa ka ditherisano le bannaleseabe ba ba farologaneng mme di phasaladiwe.

Mo letlhakoreng la tlamelo, Eskom e dira ka natla go netefatsa go tlhomiwa ga diporojeke tse di thusang tlhagiso ka bonako. Re tsaya dikgato go oketsa mothamo wa tsweletso wa Eskom. Re na le ditlhopha tsa tiro tsa maemo a tshoganyetso tse di samaganang le kgwetlho ya boleng le tlamelo ya intaseteri ya meepo ya malatlha mme re tlile go itlhaganedisa tumelelo le go agwa ga diporojeke tsa gase ya thebaene. Dikgato tsotlhe tse, di dirisiwa mmogo le mekgwa ya go boloka motlakase, di tla tokafatsa netefaletso le go oketsa mothamo wa risefe.

Thulaganyo e kgolo ya kago ya Eskom ya sešweng, tsamaiso le mothamo wa thebolo di tla tswelela pele; mme fa go kgonega, diporojeke tse dingwe di tla itlhaganedisiwa. Mo ntlheng e, ke rata go leboga lekala la poraefete go ikemisetsa go thusa fa le ka kgonang. Mo kopanong le Monnasetilo wa General Electric mo bekeng e e fetileng, General Electric e ne ya ithaopa go thusa ka go reka didiriswa tse di sa bonweng bonolo tsa thebaene boemong jwa rona. Mo Aforika Borwa ditlamo tsa rona tse dikgolo jaaka Sasol, Anglo le BHP Billiton di buisana le Mafapha a Diminerale le Maatla le Dikgwebo tsa Setšhaba go bona ditharabololo tse di tlhwatlhwatlase mme di tswelela tsa mathata a thebolo. Tsela e ke ya kgato e e tshwanang go na le go supana ka menwana.

Ke rata go leboga intaseteri ya meepo ka tsela e ba re thusitseng le ikonomi go rarabolola bothata jo bo re wetseng ka 24 Ferikgong. Re tla dira mmogo go fokotsa seabe se segolo sa ditiragalo tse mo intasetering e.

Maiteko a a kopanetsweng le ditherisano ke mooko wa tsibogo ya rona go maemo a a tshoganyetso. Ditlhopha tsa tiro di setse di dira mo makaleng a mantsi. Beke e e tlang Ditonakgolo tsa Diporofense di tla bitsa dipitso tsa tsona le Boratoropo go rulaganya le go tsenya tirisong mekgwa ya go somarela maatla mo go Bommasepala botlhe go ralala naga. Ba tla tshegediwa ke ditlhopha tsa setegeniki go tswa go EDI Holdings, Eskom le National Energy Efficiency Agency. Lefapha la Diporofense le Dipusoselegae le tsa rulaganya tiragalo e le tshegediwa ke Mafapha a Diminerale le Maatla le Dikgwebo tsa Setšhaba.

Ke tla rulaganya kopano ya Ditlhopha tsa Tiro tse di Golaganeng tsa Moporesitente (Joint Presidential Working Groups) go momaganya dikgato tsotlhe mme moragonyana re tla itsise setlhopha sa ‘Bagale ba Maatla’ (‘Energy Champions’) se se nang le maAforika Borwa a a maatlametlo e bile a na le kitso a a tla thusang puso ka letsholo la tshomarelo ya maatla le go itsise babeeletsi le ditšhaba ka ga maemo a nnete le gore ba ka thusa jang go samagana le dikgwetlho tsa rona tsa ga jaana.

Tona ya Matlotlo o tla re neela tshedimosetso e ntsi mo puong ya Tekanyetsokabo ka ga tshegetso e puso e tla e rebolelang letsholo la tshomarelo ya maatla le go Eskom mo thulaganyong ya kago ya yona.

Re lebagane le maemo a tshoganyetso mme re ka fenya mathata a mo nakong e khutshwane. Maemo a a supa ka tlhamalalo gore paka ya motlakase o o tlhwatlatlase thata o montsi e fedile. Le fa go le jalo, ka ntlha ya mothamo o mogolo wa tlhotlho o o leng teng, mo nakong e telele e e tlang, ikonomi ya rona e tla nna e ntse e le mo gare ga diikonomi di le mmalwa tsa motlakase o o rekegang.

Re ikonomi ya metswedi ya diminerale. Ka jalo re tshwanetse go tswelela go tshegetsa intaseteri ya meepo. Go a itshupa gore fa re ka tswelela mo tseleng ya kgolo ya rona jaaka naga e e tlhagisang, re tla tshwanelwa ke go tswelela go tshegetsa intaseteri e e dirisang. Fela go botlhokwa gore dikgwebo tsotlhe di somarele maatla. Ee, tshomarelo ya maatla ka boyona e tlisa tšhono ya ikonomi.

Ka jalo, tla re diriseng maemo a a tshoganyetso go tlhoma metheo e e tlhokegang ya isago ya tshomarelo ya maatla, e re ka se e tileng. Tlaa re netefatseng gore diatla tsotlhe di ikemiseditse go samagana le ditsuatsue tse di re wetseng, re rotloediwa ke gore maemo a rona a batla Tsamaiso e e Farologaneng!

E ke yona tsela e re tshwanetseng go e dirisa jaaka re tswelela go ipaakanyetsa go nna baamogedi ba baeng ba FIFA Confederations Cup ka 2009 le Sejana sa Lefatshe sa Kgwele ya Dinao sa 2010 sa FIFA se se tla simololang mo nageng ya rona mo matsatsing a le 854 go simolola gompieno. Ke bua ntlha e e botlhokwa e fa, gonne dikgwetlho tse re lebaganeng natso ga jaana, di dira gore bangwe kwa mafelong mangwe mo lefatsheng ba simolole go botsa gore a re tla kgona go tshola dikgaisano tseo ka katlego.

Ee, ga ke na pelaelo ya gore re tla tlotla maikano a rona go FIFA le setšhaba sa lefatshe sa batshameki le barati ba kgwele ya dinao go tlhola maemo a a maleba a go tshola Sejana sa Lefatshe sa Kgwele ya Dinao sa FIFA se se gaisang fa e sale.

Maikutlo a re a bonang go tswa mo makaleng otlhe a baagi ba Aforika Borwa le kwa ntle ga naga, a tlhagiswa ke tswelelopele e re dirang letsatsi le letsatsi ka dithulaganyo tsotlhe tsa rona, ke a Tsamaiso e e Farologaneng: diatla tsotlhe di emetse 2010! Mme re tshwanetse go netefatsa gore re tsweletsa mokgwa o.

Re a itse gore ntlha e e botlhokwa ya dipaakanyo tsa rona e tshwanetse go nna go bopa setlhopha se se maatla sa Aforika Borwa se tla dirang gore rona le lekala lotlhe la kgwele ya dinao re ipele. Ke dumela gore Mokgatlo wa Kgwele ya Dinao wa Aforika Borwa (SAFA), bakatisi ba rona ba eteletswe pele ke Carlos Alberto Parreira, le batshameki ka bobona ba itse ka ga maikarabelo a magolo a ba a rweleng go siamisa setlhopha sa bosetšhaba se rona le Aforika re ka ipelang ka sona.

Re rata gape go leboga Springboks go supa tsela fa ba ne ba fenya Sejana sa Lefatshe sa Rugby ngogola. Se se tshwanetse go tlhotlheletsa Bafana Bafana, jaaka se tshwanetse go tlhotlheletsa ditabogi tsa rona tse di tla gaisanang kwa Metshamekong ya Diolimpiki kwa Beijing moragonyana monongwaga.

Tla ke boele kwa Dintlheng tsa Botlhokwa tse di kwa Setlhoeng tse ke di umakileng.

Go tswelela go itlhaganedisa kgolo ya ikonomi le tlhabololo re tla tsenya tirisong Leano la Pholisi ya Tiro ya Intaseteri (Industrial Policy Action Plan). Puso e tla tswelela ka thulaganyo ya rona ya diitaseteri le go tswelela go tlhola ditšhono tsa kgolo le go tlholwa ga ditiro. Mo ntlheng e go beetswe thoko dibilione tse R2,3 tsa maiteko a pholisi ya diintaseteri le dibilione tse R5 tsa dituelo tsa lekgetho mo dingwageng tse tharo di tla tshegetsa pholisi ya diintaseteri.

Go dira mmogo le kgwebo le badiri, re tla tlhoma ka bonako, mananeo a tiro a botlhokwa mo makaleng a mananeo a a seng teng, jaaka meepo le diminerale, didiriswa tsa badirisi, thekiso go kobilwe go tokafadiwa ga tshegetso go dikgwebopotlana, kago, diintaseteri tsa botlhami, temothuo le tshilo mo temothuong.

Ke rata gape go gatelela gore re sa ntse re ikemiseditse go tshegetsa lekala la dirori mme ka jalo re tla netefatsa gore tshegetso e e neelwa lekala le ka Thulaganyo ya Motor Industry Development Programme le a tswelediwa.

Mo maemo a ikonomi e e kwa godimo, re tla tswelela go tsweletsa kemo ya matlole e e tshegetsang kgolo e e tswelelang ya ikonomi le tlhabololo le go fokotsa bokoa jwa rona jwa ka kwa ntle.

Go itlhaganedisa tiragalo ya go agiwa ga mafaratlhatlha re tla konosetsa go tlhomiwa ga leano le le momagantsweng la mafaratlhatlha, ka kgatelelo mo tshomarelong ya maatla. Se se akaretsa go momaganya dithulaganyo tsa Dikgwebo tse e leng tsa Puso le go tlhagisa maano otlhe a mafaratlhatlha, dithoto le mafaratlhatlha a mangwe, dipeipi tsa maatla, thekenoloji ya tshedimosetso le dikgokagano, mafaratlhatlha a ditsela, metsi le motlakase, e le ka nako ya tsona le ka lefelo le di leng mo go lona.

Go kgabaganya maano a, se se botlhokwa thata ke thekenoloji ya tshedimosetso le dikgokagano e le yona e e tsamaisang makala a mangwe e bile e le lekala ka boyona. Ka jalo, re tla konosetsa monongwaga go newa laesense le go tsenya tirisong Infraco. Go setse go na le madi a a neetsweng Sentech go ka nna morekisi wa inthanete e e sa diriseng megala ga mmogo le go dirwa ya dijitale. Ka tirisano le dipuso tse dingwe mo kontinenteng le lekala la poraefete, re tla konosetsa tiro ya go tlhagisa megala ya ka fa tlase ga lewatle.

Go sa le jalo, re ikemiseditse go tlamela ka kgaso ya dijitale go 50% ya baagi kwa bokhutlong jwa ngwaga. Mme se se golaganeng naso e tla nna leano la tlhagiso mo go tlhongweng ga Set Top Boxes ya Aforika Borwa, e leng se se tshwanetseng go konosediwa kwa bogareng jwa ngwaga.

Morago ga go lemoga bonya bo puso e diragatsang dikopo tsa peeletso malebana le dintlha tse di jaaka theko ya lefatshe, ditshekatsheko tsa seabe sa mafaratlhatlha le tikolo tse tsotlhe tse di ka di tsayang ka dinako dingwe di ka rotloetsa kgotsa tsa nyemisa mooko ditshwetso tsa babeeletsi, re sweditse mo moweng wa Tsamaiso e e Farologaneng, gore tiro e tswelele ka bonako go tlhoma tikwatikwe ya megala e ka yona baabeletsi le puso ba ka elang tlhoko ditsamaiso tse. Tiro e e setse e simolotse.

Ntlha ya Setlhoa sa Dintlha tse di Botlhokwa tsa puso e tla nna tsepamo mo dintlheng tsa tlhabololo ya dinonofo. Tiro ya go leba gape Leano la Bosetšhaba la Tlhabololo ya Badiri e tla konosediwa monongwaga, le diporojeke tse setlhopha se se kopaneng sa puso, kgwebo le ditheo tsa thuto se se rulagantsweng ka fa tlase ga Joint Initiative on Priority Skills Acquisition (JIPSA) e tla gagamadiwa.

Ee, re rotloediwa thata ke tsibogo e e siameng go tswa kwa lekaleng la poraefete jaaka e supilwe ke boineelo jwa diCEO tse 70 tsa ditlamo tse di leng teng kwa Johannesburg Securities Exchange go dirisana le puso mo go samaganeng le kgwetlho ya tlhaelo ya dinonofo.

Mo godimo ga tiro e, mo nakong e e tlang re baya kwa pele ditsereganyo tse dingwe mo dikholejing tsa FET, diSET, neelwa didiriswa ga dikolo tse di kwa maemong a a kwa tlase re di imolola maikarabelo a go duedisa, le go itlhaganedisa katiso-mo-tirong ya dialogane tsa porofešenale.

Morago ga go siamisa makoa mo thulaganyong ya rona ya Thuto ya Bagodi ya Motheo, a re a lemogileng ngogola, mo kgweding e re tla goeletsa letsholo la botlhe la thutopuiso Kha Ri Gude (tla re ithute). Lona le tla akaretsa go katisiwa ga bakatisi ba ba tla tlamelang ka dithuto tsa thutopuiso ya motheo go bagolo le bašwa ba le 300 000 ka 2008.

Mme Sebui le Monnasetilo;

Kwa botennye jwa dithulaganyo tsa rona tsa ikonomi ke, e bile go tshwanetse ga tswelela go nna, go ela tlhoko gore a tswelelopele ya tsona e thusa go tokafatsa boleng jwa matshelo a maAforika Borwa otlhe, di dira jaaka dibetsa tsa botlhokwa mo Ntweng kgatlhanong le Botlhoki le go itlhaganedisa maiteko a rona a go fitlhelela maitlhomo a a jaaka go fokotsa botlhokatiro le go tsweletsa maikaelelo a boitekanelo go botlhe.

Mo thulaganyong ya go tlamela ka mafelobonno a batho a a isegang, ga jaana re kgona go rebola matlo a le 260 000 ka ngwaga, mme go fitlheletswe tumalano le SALGA go kganela thekiso ya lefatshe le le ka dirisediwang thulaganyo ya kago ya matlo.

Ka tswelelopele e re e dirang mo ditsereganyong tse di farologaneng tsa go fokotsa botlhoki, re tswelela go samagana le makoa a mantsi, go akaretsa Molaokakanywa wa Tsamaiso ya Tiriso ya Lefatshe (Land Use Management Bill), go konosediwa ga dikgetse tsa pusetso ya mafatshe, le tlhabololo le go tsenngwa tirisong ga thulaganyo ya tlhabololo ya metseselegae.

Tse ke dingwe tsa dintlha tse re tla di elang tlhoko monongwaga, le go netefatsa gore re fitlhelela maitlhomo a re a ipeetseng.

Ntlha e nngwe e e Botlhokwa ya kwa Setlhoeng ke go tlhalosa leano le le momaganeng e bile le akaretsa le le kgatlhanong le botlhoki le le samaganang segolo le dikarolo tsa setšhaba tse di angwang thata ke bothata jo. Tsona di akaretsa bana, basadi, bašwa, batho ba ba tshelang kwa magaeng le kwa mafelong a baipei mo metsesetoropong, batho ba ba golafetseng kgotsa ba malwetse a a tseneletseng le batsofe.

Gareng ga ditsereganyo tsa botlhokwa tse di tshitshintsweng ke: go atolosa lenaneo la ditiro tsa setšhaba, dithuso tsa tiro tsa go tlhoma ditiro ka tlhamalalo tsa ditlhopha tse di lebilweng, go tsweletsa bokgoni jwa lekala la tiro, go tokafatsa thuto le katiso, go tokafatsa ditirelo le dithoto mo baaging ba ba tlhokang, ditsereganyo tse di rileng mo malapeng a a tlhokang, le go netefatsa tiro ya ditheo tse di tshegetsang basadi le makala a mangwe. Gareng ga tse dingwe, re tla sekaseka tsamaiso ya bong gore re tokafatse dintlha tsotlhe tse di amanang le matlafatso ya basadi.

Go nyalana le maiteko a, ke porojeke e e kgethegileng ya go tlhatlhoba ditsereganyo tse di tlhokegang go samagana le bana ba ba mo kotsing ba ba kwa godimo ga dingwaga tse 14.

Fela rotlhe re tla dumalana gore setšhaba sa rona segolo batlhoki, se ka se kgone go emela maano le ditherisano le dithutano – le fa di le botlhokwa go le kalo. Le fa go le jalo, bontsi jwa ditsereganyo tse di kgonegang ke dilo tse puso e setseng e di dira le fa di ise di momaganngwe sentle. Ka jalo, mo moweng wa Tsamaiso e e Farologaneng, puso e ikaelela monongwaga go gagamatsa letsholo la go batla malapa a a rileng le batho ba ba tlhokang thata le go tsenya maano tirisong a a tla ba thusang, mo pakeng eo, go fokotsa botlhoki jo bo malapeng ao.

Mo ntlheng, re tla tlhoka Phaposi ya Bosetšhaba ya Ntwa Kgatlhanong le Botlhoki e e kopanyang mafapha a a jaaka Tlhabololo ya Loago, Diporofense le Pusoselegae, Kgwebo le Intaseteri, Temothuo le Merero ya Mafatshe, Ditiro tsa Setšhaba le Boitekanelo ga mmogo le botsamaisi jwa diporofense le jwa selegae, tse di tla dirang le dingo le kgwebo go batla ditsereganyo tse di tlhokegang mo malapeng a a rileng mme di a tsenye tirisong ka bonako.

Monongwaga re tla leba dintlha tse di leng botlhokwa mo ntweng ya naga kgatlhanong le botlhoki, re kobile kakaretso ya ikonomi. Tsona ke:

* go itlhaganedisa kagosešwa ya mafatshe le temo ka maano a a tletseng a theko ya lefatshe, go tsenngwa tirisong go go botoka ga ditirelo tsa tshegetso ya temothuo le tlamelo ya malapa ka dijo, le go tokafatsa lotseno le phitlhelelo ya MAFISA go tlamela ka sekoloto se sennye mo lekaleng le: go tla tsepamiwa mo mafelong a a tletseng ka banni ba dipolase le a a nang le dielo tse di kwa godimo tsa go fudusiwa, mme re ikaelela go oketsa dikgwebo tsa bantsho mo tlhagisong ya temothuo ka 5% ka ngwaga, le go runwa ga beng ba ba lefatshe go tla itlhaganedisiwa;

* Tekanyetsokabo e tla tlamela ka koketso mo tsamaiso ya dithebolelo tsa loago ka go lekanya dingwaga tsa tetla tsa phenšene ya botsofe go nna 60, ka jalo banna ba le halofo ya milione ba tla tswelwa mosola;

* go gagamatsa maiteko a a setseng a simolotse go oketsa thuso go dikoporasi le dikgwebopotlana tse di akaretsang basadi, ka kgatelelo mo go tlameleng ka katiso le mebaraka, go akaretsa go ba golaganya le mafelo a a setseng a tlhomilwe;

* go oketsa thulaganyo ya Tirelo ya Bosetšhaba ya Bašwa go akaretsa tlhatloso e e kwa godimo ya Tlhabololo ya Dinonofo tsa Bosole ya Letsholo la Tshireletso la Bosetšhaba la Aforika Borwa go tloga go 4 000 ya ga jaana go ya go 10 000. Dimilione tse R700 di setse di neetswe SANDF go simolola go godisa thulaganyo e;

* go gagamatsa Thulaganyo ya Ditiro tsa Sešhaba e e Katolositsweng, ka go fetisa maitlhomo a a beilweng, go supile bokgoni jwa go tsaya batho ba bašwa: e tla akaretsa go okediwa ga go tsenngwa ga batho ba bašwa mo thulaganyong e go tsweletsa mafaratlhatlha a botlhe, go atisa gabedi palo ya bana ba ba kwadisitsweng mo Tlhabololong ya Bana ba Bannye go ya go 600 000 ka mafelo a mašwa a le
1 000 le barutabana ba feta 3 500 ba ba katisiwang le go thapiwa, le go oketsa palo ya batlhokomedi. Bokana ka R1 bilione ya tlaleletso e beetswe thoko go mananeo a a ka fa tlasse ga EPWP; mme sa bofelo,

* go tlhagisa tsela ya ditlhagiswa tse di ka rekwang ke puso go tswa go dikgwebo tse dinnye, tse di magareng le tse dipotlana; le ka Small Enterprises Development Agency e tlhoma tsamaiso e e masisi go netefatsa gore paka ya tuelo ya matsatsi a le 30 e a latelwa.

Re tla diragatsa gape thulaganyo ya go itlhaganedisa tlhabololo ya mafelobonno a batho, ka maiteko a a gagametseng, jaaka ntlha e nngwe e e botlhokwa ka bonako, go itlhaganedisa phitlhelo ya metsi, kgelelaleswe le motlakase go botlhe, gore ka 2014 re bo re na le mafelobonno a batho a a nang le seriti le phitlhelelo ya malapa otlhe go ditirelo tse.

Go itlhaganedisa go fitlhelela maikaelelo a rona a boitekanelo go botlhe go akaretsa go gagamatsa go tsenngwa tirisong ga Leano la Lenaneo la Bosetšhaba kgatlhanong le HIV le AIDS. Re ikaelela gape mo tsamaong ya ngwaga go fokotsa seelo sa ba ba dirisang kalafi ya TB sentle go tswa go 10% go ya go 7% ka go katisa badiredi ba tsa pholo ba feta 3 000 go lwantsha bolwetse jo le go netefatsa gore balwetse ba TB e e sitang melemo ba bona kalafi.

Re ikaelela go konosetsa tiro ya tshireletso ya tsamaiso ya loago, ka thuso ya ditherisano tse di setseng di simolotse le balekane ba loago.
Jaaka rotlhe re tsholetsa diatla tsa rona mo Tsamaisong e e Farologaneng re tshwanetse gape go gagamatsa puisano ya bosetšhaba mo dintlheng tse di re tlhalosang jaaka naga.

Dintlha tse pedi tse di ntseng jalo di tlhoka go umakiwa go se nene.

Ya ntlha ke tshitshinyo ya gore re tlhome maikano a a tla bolelwang ke baithuti mo dikopanong tsa sekolo mo mesong, ga mmogo le Maikano a Bašwa a a tlhagisang meono ya maitsholo a botho le kopano ya botho mo go maAforika Borwa otlhe. Tona ya Thuto o tla tlhalosa puisano ya setšhaba ka dintlha tse mo bekeng e e tlang.

Ntlha ya bobedi ke ka ga maina a thutalefatshe le a mafelo, a a tlhokang tsamaiso e e golagantsweng mo diporofenseng tsotlhe gore re tlhome motheo wa diphetogo tse re di tshitshinyang. Re tla goeletsa tsamaiso e e golaganeng e mo tsamaong ya nako, ka ketelelopele ya Khansele ya Aforika Borwa ya Maina a Mafelo le Dikomiti tsa yona tsa Diporofense.

Mme Sebui le Monnasetilo,

Fa re ne re lebile ntlha ya bosenyi mo Bonno jo bo Kopanetsweng jwa Palamente ngogola, re tlhalositse kamego e kgolo e seng fela ka dielo tse di kwa godimo tsa bosenyi, mme le ka ga gore maemo a bonala a etegela segolo fa re labile polao – e gwetlha seelo sa ditlhabolo fa e sale go fitlhelelwa ga temokerasi.

Ngogola, re ne ra tsena mo tirisanong le kgwebo le makala a mangwe a baagi, go tlhoma leano le le tletseng la go tokafatsa tsamaiso ya botsamaisi le bosenyi ka botlalo.

Mo ntlheng e, ka mowa wa Tsamaiso e e Farologaneng, Kabinete e dumalane ka setlhopha sa diphetogo tse di tlhokegang go tlhoma tsamaiso ya bosiamisi le bosenyi e ntšhwa ya segompieno, e e dirang sentle e bile e fetogile. Gareng ga tse dingwe, se se tla akaretsa go tlhoma setheo se se golaganyang sa botsamaisi sa tsamaiso e kwa maemong otlhe, go tloga go a bosetšhaba go ya go a selegae, go golaganya baatlhodi le bommagiseterata, sepodisi, batšhotšhisi, ditirelo tsa tlhabololo le Boto ya Thuso ya Semolao, ga mmogo le ditsereganyo tse dingwe, go akaretsa go matlafadiwa ga Diforamo tsa Sepodisi sa Baagi.

Jaaka Maloko a a Tlotlegang a itse, mangwe a maiteko a a setse a simolotse, fela re na le bonnete jwa gore, fa otlhe a ka diragadiwa ka tsela e e golaganeng ya tirisano, seabe se ka nna kwa godimo mo ntweng ya rona kgatlhanong le bosenyi. Ditona tsa Setlhopha sa Bosiamisi, Thibelo ya Bosenyi le Tshireletso di tla tlhalosa dintlha ka ga se le maiteko a mangwe mo tsamaong ya beke e e tlang.

Mo tsamaong ya ngwaga o, re tla dira Melaokakanywa ka ga phetolo ya boatlhodi ka ditherisano le baatlhodi le bommagiseterata, re konosetso leano le le ikaeletseng go matlafatsa taolo ya melelwane le tshireletso, re phedise gape le Tšhata ya Batswasetlhabelo, ela tlhoko ntlha ya disenyi tse di boelelang, le go tswelela ka go tsenya tirisong mekgwa e mengwe ya go bona dikatlenegiso go tswa go Khomišene ya Nnete le Poelano.

Re rotloediwa ke tiro ya go gagamatsa ntwa kgatlhanong le bosenyi jo bo rulagantsweng, ga mmogo le dikatlenegiso tsa Khampepe Judicial Commission ka ga tiro le lefelo la Bokaedi jwa Ditiro tse di Kgethegileng (Directorate of Special Operations) ga mmogo le go tswelela go sekaseka ntlha e, go akaretsa go fetolwa ga Tsamaiso ya Bosiamisi le Bosenyi, kwa bokhutlong jwa Mopitlwe monongwaga, re tla dirisana le Palamente ka molao le ditse tse di tlhokegang go tswelela go oketsa bokgoni jwa rona kgatlhanong le bosenyi jo bo rulagantsweng.

Se se tla tswelelang go re kaela jaaka re tsaya kgato e e tla nna boineelo jwa puso go lwantsha bosenyi jo bo rulagantsweng le go tokafatsa botsamaisi, bokgoni le momagano ya ditheo tsa semolao tsa rona.

Se se botlhokwa ke gore, katlego ya rona go lwa kgatlhanong le bosenyi e ikaegile ka tirisanommogo ya rona rotlhe jaaka maAforika Borwa a a ikobelang molao, re rotloediwa ke melawana ya molao, tlotlo ya boatlhodi le go latelela ditshwanelo tse di lekanang tsa botho, tse Molaotheo wa rona o re rotloetsa go di latela mo matshelong le ditiro tsa rona tsa letsatsi le letsatsi.

Maloko a a Tlotlegang;

Re tla tswelela monongwaga ka maiteko a go tokafatsa didiriswa tsa puso gore e fitlhelela maikarabelo a yona go baagi. Mowa wa Tsamaiso e e Farologaneng o tshwanetse go dira mo go botlhe ba ba rweleng maikarabelo a go nna badiredi ba setšhaba.

Go na le dintlha tsa botlhokwa tse di bonolo tse re tla di lebang, jaaka karolo ya maiteko a go tokafatsa thulaganyo le bokgoni jwa puso.

Sa ntlha, go dumalanwe mo makaleng otlhe a puso gore segolo diphatlhatiro tse di masisi di tshwanetse go tladiwa mo dikgweding tse thataro tsa gore di tlhagelele. Lefapha la Tirelo ya Baagi le Botsamaisi le tla tlhoma tsamaiso ya go ela tlhoko go tsenngwa tirisong ga tshwetso e.

Sa bobedi, ka Motsheganong wa ngwaga le ngwaga (le mo dikgweding tse pedi tsa ngwaga wa ditšhelete kwa maemong a dipusoselegae) batsamaisi ba ba ba kwa godimo ba tshwanetse go bo ba rometse Ditumalano tsa Tiragatso ya bona kwa bothating jo bo maleba. Kantoro ya Khomišene ya Ditirelo tsa Setšhaba e tla tlhoma tsela ya go ela tlhoko ntlha e.

Sa boraro, ka go lemoga go Lefapha la Merero ya Selegae le ama botshelo jwa moagi mongwe le mongwe, monongwaga re tla gagamatsa go tsenngwa tirisong ga leano la diphetogo le le dumetsweng ke Kabinete. Lona le akaretsa go tokafatsa marara a IT, go karisa badiri mo marareng a mašwa a, go kumola ba ba dirang bonweenwee le go leka karata e ntšhwa ya ID.

Tokafatso ya tiragatso mo tirelong ya setšhaba e ikaegile gape ka boleng jwa boeteledipele jo bo newang ke botsamaisi jwa khuduthamaga le jo bo kwa godimo. Gape, go botlhokwa go tsweletsa boineelo jwa bathapiwa ba setšhaba mo ditirong tsa bona – tiro e e leng ya boeteledipele, badiredi ba setšhaba ka bobona le mekgatlo ya diyunione tsa badiri.

Mo ntlheng e, monongwaga, ka puisanao le diyunione tsa badiri, re tla rulaganya Samiti ya Lekala la Setšhaba go dira ka dintlha tse gore mowa wa Batho Pele o diragadiwe gotlhe mo tirelo ya puso e rebolwang teng.

Ka tirisano le balekane ba loago, re tla netefatsa gore, kwa bokhutlong jwa monongwaga, Thulaganyo ya Bosetšhaba e e Kgatlhanong le Bonweenwee ya bobedi e a amogelwa, le gore leano la tiro le le dumalanweng le kgwebo le tsenngwa tirisong. Kwa maemong a pusoselegae, re tla thusa bommasepala ba le 150 go tlhoma maano a bona a a kgatlhanong le bonweenwee.

Monongwaga re tla tswelela go gagamatsa maiteko a go matlafatsa bokgoni jwa dipusoselegae go elana le Leano la Dipusoselegae (Local Government Strategic Agenda) la dingwaga tse 5. Go netefatsa keletlhoko e e tseneletseng mo ntlheng e, SALGA e dumetse go tlamela ka dipegelo tsa dikwatara tsa tiro e e dirwang.

Go kgona go tokafatsa tirelo e e rebolelwang ditlhopha tse di bokoa jaaka bagale, basadi le bašwa, re tla leba gape ditheo tse di rwesitsweng maikarabelo a go diragatsa ditiro tse le go tlhatlhoba dipaakanyo tse di maleba, go akaretsa tshekatsheko ya ditheo tsa puso tse di tlhomilweng go lebagana le merero ya tlhabololo le matlafatso ya bašwa.

Bontsi jwa dikgwetlho mo tirong ya rona tse re setseng re di bone di bakwa ke makoa a a malebana le thulaganyo ya rona. Ka jalo jaaka karolo ya Dintlha tsa Botlhokwa tse di kwa Setlhoeng, mo pakeng e e tlang re tla konosetsa ditiragalo tse di tla re kgontshang go oketsa bokgoni jwa puso jwa go tsenya tirisong maano a a momaganeng, a a akaretsang maemo otlhe a puso.

Maloko a a Tlotlegang;

Thulaganyo e re e tlhalositseng e akaretsa boineelo jo naga ya rona e dumalaneng ka jona le boeteledipele jwa kontinente ka African Peer Review Mechanism.

Tsepamo ya rona mo go rotloetseng Lenaneo la Aforika mongwaga, e tla bo e le ka ga go matlafatsa ditheo tsa Aforika, go akaretsa Kitlano ya Aforika le thulaganyo ya yona ya tlhabololo, NEPAD.

Se re tla se dira re rotloediwa ke maikaelelo a a tshwanang a batho ba kontinente a momagano e kgolo go latelela kitlano ya kontinente mo maemong otlhe. Kgato e e botlhokwa mo ntlheng e ke thulganyo ya ditheo tsa dikgaolo le ditiragalo tse di kobisitsweng go fitlhelela momagano ya dikgaolo.

Re tla tswelelela go ineela mo lefelong la kgwebo le le gololosegileng mo Southern African Development Community, le go solofela go dirisa Bonnasetilo jwa rona jwa SADC jwa 2008/2009 go matlafatla dikeletso tsa kgaolo mo dintlheng tse.

Mo bokaelong jo, gape, gore re tla tsweletsa dikamano tsa maphatamabedi le tsa maphatamantsi le baagisani ba rona le European Union, go netefatsa gore ditherisano tsa rona ka ga Ditumalano tsa Dimphato tsa Ikonomi di konosediwa ka bonako jo bo kgonegang, go ikaegilwe ka go itlhaganedisa tlhabololo ya kgaolo ya rona.

Mo ngwageng o o fetileng, re diragaditse maikarabelo a SADC go thusa boeteledipele jwa sepolotiki jwa Zimbabwe go bona tharabololo e e tswelelang ya mathata a sepolotiki a ba lebaganeng nao. Re nnile le tšhono kwa AU Summit kwa Addis Ababa ya go kgona go rebola pegelo e e botlalo go boeteledipele jwa SADC ka ga ntlha e.

Ka bokhutshwane, matlhakore a a amegang mo ditherisanong a fitlheletse tumalano e e tletseng mo dintlheng tsotlhe tse di amanang le merero e matlhakore a a tshwanetseng go samagana nayo. Yona e akaretsa dintlha tse di amanang le Molaotheo, tshireletso, bobegakgang, melao ya ditlhopho, le merero e mengwe e go ntseng go sa utlwanwe ka yona dingwaga di le dintsi. Melao e e maleba mo ntlheng e e setse e dumeletswe ke palamente, go akaretsa diphetogo tse di tlhokegang tsa molaotheo. Se se setseng fela, ke ntlha ya tsamaiso malebana le nako le mokgwa wa go tsenngwa tirisong ga Seralwa sa Molaotheo se go dumalanweng ka sona.

Ka jalo, re golagana le Ditlhogo tsa Dinaga le tsa Dipuso tsa SADC mo go akgoleng maphata a Ditherisano tsa Zimbabwe ka diphitlhelelo tsa bona tse di duleng diatla e bile re ba rotloetsa go dira mmogo go rarabolola ntlha e e setseng ya tsamaiso. Jaaka go kopile Ditlhogo tsa Dinaga le tsa Dipuso tsa SADC re sa ntse re ikemiseditse go tsamaisa ditherisano tsa Zimbabwe. Le fa go le jalo, re eleletsa batho ba Zimbabwe katlego mo ditlhophong tse di beetsweng go tshwarwa ka 29 Mopitlwe.

Dikamano tsa rona tse di maphatamantsi le Democratic Republic of Congo di a tswelela, jaaka re rata go nna le seabe mo maitekong a go thusa bagarona ba naga eo go fitlhelela kagiso ya leruri, le go tsenya tirisong thulaganyo ya bona ya kagosešwa le tlhabololo.

Puso ya rona e tla tswelela go tshwarwa ke ditiragalo tse di diragalang kwa Kenya, Chad, Burundi, Darfur kwa Sudan, Western Sahara, Côte d’Ivoire, Somalia, the Comoros le Central African Republic go bona kagiso ya leruri le maemo a a ritibetseng.

Re swabiswa ke dipolao tse di senang tlhaloganyo kwa Kenya le Chad, dilo tse di sirang tswelelepele e re ntseng re e dira mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng tebang le kagosešwa ya kontinente ya Aforika. Re ikuela go balekane botlhe mo Aforika go dira sengwe le sengwe se re ka se kgonang, mmogo go thusa go thibela maemo a a sa iketlang a.

Re tla tswelela go diragatsa tiro ya rona mo Khanseleng ya Tshireletso ya Ditšhabakopano. Se se botlhokwa mo ntlheng e, ke go matlafatsa tirisano magareng ga Khansele ya Tshireletso ya UN le Khansele ya Kagiso le Tshireletso ya Kitlano ya Aforika.

Re tlhotlhelediwa ke keletso ya go tokafatsa boleng jwa botshelo jwa batho botlhe ba rona, segolo mo dinageng tse di tlhabologang, re tla tsepama mo go tsweleleng go matlafatsa go nna le seabe ga rona mo diforamong tsa India-Brazil-Aforika Borwa, New Africa-Asia Strategic Partnership, Non-Aligned Movement, Group of 77 le ditherisano go konosetsa tumalano ya kgwebisano ya SACU-Mercusor.

Ka yona tsela eo, re tla tswelela go nna le seabe mo go fitlheleleng maitlhomo a Kyoto Protocol on Climate Change le ditlhabologo tse di diragalang mo ntlheng e, le ka go matlafatsa ditherisano ka ga WTO Doha Development Round.

Monongwaga re keteka ngwaga wa bolesome wa go tlhongwa ga dikamano tsa sedipolomate magareng ga Aforika Borwa le People’s Republic of China. Go runya ga dikamano mo mafelong a a farologaneng fa gare ga dipuso le batho ba rona go netefatsa gore China-South Africa Partnership for Growth and Development ke kamano e e botlhokwa e e ungwelang matlhakore oomabedi, e e ka golang e tswelela pele.

Mo ngwageng o o tlang, re tla nna baamogela baeng ba Review Conference go sekaseka go tsenngwa tirisong ga ditshwetso Khomferense ya Lefatshe Kgatlhanong le Bosemorafe (World Conference Against Racism) e e neng e tshwaretswe mo nageng ya rona ka 2001. Re na le bonnete jwa gore ka ntlha ya letlhoo le botlhoko jwa bosemorafe le ditlamorago tse di seng monate tse bo tswelelang go di tshololela mo bathong, dipuso le batho ba lefatshe ba tla dira mmogo le rona go netefatsa gore Review Conference e fitlhelela maikaelelo a yona.

Maikarabelo a a botlhe, go akaretsa go nna baamogela baeng ba Sejana sa Lefatshe sa Kgwele ya Dinao sa FIFA sa 2010, go supa ka netefaletso e batho ba nang nayo ya gore naga ya rona ke monnaleseabe wa botlhokwa mo dikeletsong tse di molemo tsa batho botlhe. Fela ga re a tshwanela go tsaya se botlhofo.

Ke na le nametshego ya gore, ka fa tlase ga boeteledipele jwa International Marketing Council, Trade and Investment South Africa (TISA), Tourism South Africa le ditheo tse dingwe, re tla tsholetsa diatla tsa rona rotlhe ra golagana le lefatshe lotlhe ka ga mowa wa Tsamaiso e e Farologaneng, le go tswelela ga rona go tlhola setšhaba se se tlhokomelang le maemo a lefatshe le tla a bonang mo nageng ya rona go keteka botho jwa Aforika ka 2010.

Mme Sebui, Monnasetilo le Maloko a a Tlotlegang;

Morago ga go bua tsotlhe tse ke di buileng, ke boela mo potsong e: maemo a naga ya rona ke afe jaaka re tsena mo go 2008!

Se ke se itseng e bile ke le pelokgale go se bua ke gore: le fa go na le dikgwetlho tsa nakwana re sa ntse re tshotse tsela e e siameng!

Ke bua se ntle le tikatiko gonne ke na le bonnete jwa gore maAforika Borwa a kgona e bile a ikemiseditse go kopana le kgwetlho ya hisetori – go gagamatsa mosifa mongwe le mongwe wa rona – go tsibogela dikgwetlho tsa bosetšhaba tsa ga jaana, go akaretsa tse di amanang le ikonomi ya rona, maemo a sepolotiki le a ikonomi mo Aforika le gotlhe mo lefatsheng, le go dirisa ditšhono tse tswelelopele ya naga ya rona e di tlisitseng mo dingwageng tse somenne tse di fetileng.

Ka diatla tsotlhe di tsholeditswe, re ineela go dira tiro ya rona ka tsela e e farologaneng mme e dira sentle. Re tla tsweletsa thulaganyo ya rona ya kagosešwa le tlhabololo le go e tsholeletsa kwa godimo go gaisa.

Ke a leboga.

Issued by: The Presidency

Share this page

Similar categories to explore