Puo ya Maemo a Setšhaba ka Moporesitente wa Aforika Borwa, Thabo Mbeki: Bonno jo bo kopanetsweng jwa Palamente

9 Tlhakole 2007

Mme Sebui sa Kokoano-Bosetšhaba;
Monnasetilo wa Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense;
Motlatsa-Sebui wa Kokoano-Bosetšhaba le Motlatsa Monnasetilo wa NCOP;
Motlatsa-Moporesitente wa Rephaboliki;
Baeteledipele ba ba Tlotlegang ba makoko a rona a sepolotiki le Maloko a a Tlotlegang a Palamente;
Ditona le Batlatsa-Tona;
Moatlhodimogolo wa rona yo o tlotlegang le maloko a Bosiamisi;
Ditlhogo tsa Ditirelo tsa Tshireletso;
Mmusisi wa Banka ya Risefe;
Moporesitente Nelson Mandela le Mohumagadi Graca Machel;
Moporesitente F.W. de Klerk le Mohumagadi Elita de Klerk;
Ditonakgolo tse di kgethegileng le Dibui tsa Diporofense tsa rona;
Boratoropo le baeteledipele ba tsamaiso ya dipusoselegae;
Baeteledipele ba rona ba setso ba ba tlotlegang;
Ditlhogo tsa ditheo tsa puso tse di tshegetsang temokerasi ya molaotheo;
Bakaedi-Kakaretso le baeteledipele ba bangwe ba tirelo ya bosetšhaba;
Batlotlegi, Boambasatara le Bokhomišenara ba Bagolo;
Baeng ba tlotlego, ditsala le bakaulengwe;
Batho ba Aforika Borwa:

Re a itse gore fa Mme Adelaide Tambo a ne a tlhokafala, o ne a sa tswa go gololwa kwa bookelong. Fela ka ntlha ya gore re itse le gore o ne a na le mowa o o maatla le thata ya go nna a tswelela jaaka lesole mo gare ga batshedi, re ne re ikaeletse go mo amogela le maloko a mangwe a lelapa la gagwe jaaka baeng ba rona mo tiragalong e e botlhokwa e. Fela ga go a ka ga nna jalo.

Ka moso re tla bo re mo naya tlotlo ya bofelo jaaka re tla bo re boloka masaledi a gagwe. Ka jalo o tla nna le rona fela mo moweng ka Diphalane monongwaga, fa re tla bo re keteka segopotso sa bo90 sa botsalo jwa mogatse, rraago bana ba gagwe, tsala ya gagwe, mokaulengwe wa gagwe, le morwa yo o tlhageletseng wa batho ba rona, Oliver Reginald Tambo. Re boa re fetisetsa matshediso a rona kwa lelapeng la ga Tambo.

Fela ke itumetse go lemoga mo gare ga rona, boteng jwa ga Motlotlegi Albertina Luthuli, morwadia Moamogedi wa rona wa ntlha wa moputso wa Nobel wa Kagiso, Kgosi Albert Luthuli, o loso lwa gagwe lo lo botlhoko mo dingwageng tse 40 tse di fetileng re le ketekang monongwaga, re gakologelwa letsatsi la matlhotlhapelo fa go ne go begwa gore o garaswantswe ke setimela se se neng se le mo lebelong kwa masimong a sukiri a KwaDukuza. Loso lwa gagwe lo ne lo tshosa e bile lo gakgamatsa ka ntlha ya fa botshelo jwa gagwe e ne le naledi ya mosupatsela e e neng e re isa kwa kgololosegong e re e itumelelang gompieno.

Ke utlwa ke ipela gore Aforika Borwa wa temokerasi e nnile le tlhaloganyo le tsibogo ka go lemoga seabe sa ga Albert Luthuli le Oliver Tambo mo setšhabeng sa rona ka go bitsa Matshwao a Bosetšhaba a rona ka bona - Letshwao la Luthuli, le Letswao la Ditsala tsa ga O.R. Tambo. Ke itse gape le boipelo jwa ba ba amogetsweng mo makaleng a Matshwao a Bosetšhaba a a itsegeng.

Ke motlotlo gape le go amogela mo Ntlong e, baipelaetsi ba Mogwanto wa Basadi wa 1956 le ba Dikhuduego tsa Soweto tsa 1976 ba ba ntseng mo lebokosong la ga Moporesitente, gammogo le bagale ba rona ba ba itsegeng go tswa kwa diporofenseng tsotlhe, ba ba tshitshintsweng ke Dibui tsa rona tsa Diporofense go tla go oketsa setlhopha sa baeng ba tlotlego ba ba leng fa gompieno.

Puso ya batho ba Aforika Borwa, e ke buang mo boemong jwa yona gompieno, jaaka ke ne ka nna lesego go dira jalo le mo dingwageng tse di fetileng, e ne ya bopega ka 2004, morago ga Ditlhopho-Kakaretso tsa ngwaga oo.
Kwa Lekgotla kgotsa Bosberaad ya yona ya ngwaga le ngwaga, Kabinete ya Bosetšhaba e e leng kwa setlhoeng sa tsamaiso ya puso e re leng lesego go e okamela, e ne ya leba ntlha ya gore kopano ya yona e ne e supa paka e e fa gare ya botshelo jwa puso e e tsetsweng ka ditlhopho tsa rona tse di fetileng tsa 2004.

Fa re lemoga se, go ne ga nna maleba gore re ipotse potso - ke tswelelopele efe e re e dirileng mo maitekong a go fitlhelela maikaelelo a rona a re neng ra bolelela setšhaba gore re a ikemiseditse, a ka ntlha ya ona batho ba rona ba neng ba re naya thata e kgolo go laola naga ya rona go tloga ka 2004 go fitlha ditlhopho tse di latelang tsa 2009! Ka boipelo, ke rata go tsaya kgato go leba kwa morago, go gopola se re neng ra se bua ka 2004, jaaka baemedi ba batho ba rona, mo botennyeng jwa ditsala tsa rona go tswa lefatsheng ka bophara, fa re ne kopane kwa lefelong la puso ya rona kwa Union Buildings kwa Tshwane ka Letsatsi la Kgololosego, e leng keteko ya ngwaga wa bolesome wa kgololosego ya rona, mme ra nna le seabe mo go Ikanisiweng ga Moporesitente wa Rephaboliki, o Palamente e mo tlhophileng, e tlotla thato ya batho e e supilweng ka temokerasi mo ditlhophong tsa 2004.

Mo tiragalong eo, re rile ka boripana:

"Mo sebakeng se seleele naga ya rona e ne e na le e bile e emela thata tse di bosula e bile di sa eletsege mo setšhabeng ...
"E ne e le lefelo le mo go lona go belegwa o le montsho e neng e le go amogela khutso ya botshelo jotlhe. E ne e le lefelo le mo go lona go belegwa o le mosweu e neng e le go rwala morwalo wa leruri wa poifo le tšhakgalo e e fitlhegileng ...
"E ne e le lefelo le mo go lona bosula, monkgo wa bodidi, dipeipi tse di bulegileng, sebodu ka ntlha ya tshenyego, boidiidi jwa batho ba ba kgaphetsweng thoko, ditshwantsho tse di sa khutleng tsa mafelo a go latlhetsweng matlakala ka botlhaswa, di tsewa jaaka sengwe se se botlhokwa go etleetsa bontle jwa lefatshe le lengwe la mebila e e phepa, le mela ya logong, le mabolomo a thuntse le ditlhaga tse ditala tse di opelang, dinonyane le matlo a a tshwanelang magosi le bahumagadi, mmino o o molotsana, le lorato.

"E ne e le lefelo le mo go lona go nna mo mafelong mangwe e ne e le go laletsa ba bangwe go tla go go senyetsa kgotsa go ikatlhola ka go senyetsa ba bangwe, baagisani ba ba neng ba tshwanetse go nna batswasetlhabelo ba nnotagi le diribatsi tse di neng di okobatsa kutlobotlhoko ya botshelo, ba ba neng ba itse gore matshelo a bona ga a kitla a siama ntle le polao mo mafelong a bona, petelelo le dintwa tse di maswe gare ga batho go se lebaka. "E ne e le lefelo le mo go lona go nna mo mafelong a mangwe e neng e le go itumelela pabalesego le tshireletso ka ntlha ya gore go babalesega e ne e le go sirelediwa ke mabota a a kwa godimo, magora a motlakase, dintšwa tse di tlhokometseng, mapodisi a etse maemo tlhoko, le sesole se ikemiseditse go sireletsa ba e neng e le beng ba rona, ka dithunya, ditanka le difofane tse di neng di ka nesa pula ya loso mo go bao ba ka kgoreletsang kagiso ya beng ba rona ...

"Re kokoane fano gompieno, mo Letsatsing la Kgololosego, gonne mo tsamaong ya nako batho ba rona mmogo le dibilione tsa batho go ralala lefatshe, ba e leng bakaulengwe ba rona tlhabanong e bile ba emetswe ke baeng ba rona ba ba leng teng, ba ne ba swetsa gore - a tsotlhe tse di fele! ... "Re rotloeditswe thata ke Ditlhopho-Kakaretso tsa nako e e fetileng tse di neng tsa netefatsa maikaelelo a batho botlhe ba rona, go sa kgathaletsege mmala, lotso, go dira mmogo go aga Aforika Borwa wa toro e e tshwanang e e itsiweng ke botlhe ...

"Ga go bope jwa mathata a magolo a loago, a re tshwanetseng go a rarabolola, jo bo kgonang go rarabologa kwa ntle ga bokaelo jwa go tlhola ditiro le go fokotsa le go fedisa botlhoki. Se se amana le tsotlhe, go simolola ka tlhabololo ya boitekanelo jwa batho ba rona, go ya kwa go fokotseng maemo a bosenyi, go godisa maemo a puisokwalo le thutapalo, le go bulela botlhe dikgoro tsa go ithuta le setso ..."Re solofetsa bagale botlhe ba ba intshitseng setlhabelo gore re bone kgololosego, ga mmogo le lona, ditsala tsa rona go ralala lefatshe, gore ga re kitla re swabisa tshepo e lo e beileng mo go rona fa lo ne lo re thusa go re neela kgonego ya go fetola Aforika Borwa go nna naga ya temokerasi, kagiso, e e sa tlhaoleng go ya ka morafe, bong e bile e tswelela pele, e e ineetseng mo ponong ya bongwe jwa setho.

"Tiro ya go tlhama Aforika Borwa oo e simolotse. Tiro eo e tla tswelela mo Ngwagasomeng wa Bobedi wa Kgololosego ya rona." Dingwaga tse 50 pele ga foo, fa ba ne ba siamisetsa Mokgatlo wa Batho, o o amogetseng Tumalano ya Kgololosego (Freedom Charter), bagale ba nako eo ba rile, "Tlayang re bue mmogo, botlhe mmogo - Maaforika le Mayuropa, Maindia le Bammala... batho botlhe ba Aforika Borwa ... Tlayang re bue mmogo ka kgololosego. Le ka boitumelo jo bo ka tlelang banna le basadi fa ba nna mo lefatsheng le le gololosegileng".

Re tshwanetse go ntšhwafatsa maikano a rona gompieno go bua ka kgololosego, go dira ka semphato go lemoga boitumelo jwa tsotlhe tse di tla tliswang ke kgololosego, go dira mmogo go aga Aforika Borwa yo o tlhaloswang ke toro e e tshwanang, gore ka go dira mmogo - go lekane ka tsotlhe tse di dirileng gore naga ya rona e nne le go emela setšhaba sa setho se se bosula e bile se sa eletsege! Re tshwanetse go tswelela go tsibogela maitlhomo a re buileng ka ona fa puso ya ga jaana e ne e simolola paka ya yona ya tiro, e itse ka botlalo gore "ga go bope jwa mathata a magolo a loago a re tshwanetseng go a rarabolola bo kgonang go rarabologa kwa ntle ga bokaelo jwa go tlhola ditiro le go fokotsa le go fedisa botlhoki", mme ka jalo "ntwa ya go fedisa botlhoki e ntse e le, e bile e tla tswelela go nna karolo e e botlhokwa ya maiteko a bosetšhaba a go aga Aforika Borwa yo mošwa".

Go tsibogela tlhokego ya go gatela pele ka bonako jo bo kgonegang go aga Aforika Borwa yo o tlhaloswang ke toro e e tshwanang, puso ya rona e ikaeletse, ka tirisano le Maaforika Borwa otlhe, go tsenya tirisong mananeo a a botlalo:
* go godisa seelo sa peeletso mo Ikonoming ya Ntlha;
* go fokotsa tlhwatlhwa ya go dira kgwebo mo nageng ya rona;
* go rotloetsa kgolo ya lekala la dikgwebopotlana le dikgwebo tse di mo magareng;
* go itlhaganedisa tiragalo ya tlhabololo ya dinonofo;
* go tlhabolola tiragatso ya rona mo go romeleng ntle, go etswe tlhoko ditirelo le dithoto tse di tlhagisitsweng;
* go oketsa tiriso ya madi mo ditlhotlhomisong tsa saense le tlhabololo;
* go tsenya tirisong mananeo a a botlalo go tsibogela dikgwetlho tsa Ikonomi ya Bobedi;
* go tsenya tirisong mananeo a a netefatsang maatlafatso ya bantsho ya ikonomi e e anameng;
* go tswelela ka mananeo a go aga nnete ya tshireletsego ya loago go fitlhelela maikaelelo a go fedisa botlhoki;
* go anamisa phitlhelelo ya ditirelo tse di jaaka metsi, motlakase le kgelelaleswe;
* go tokafatsa boitekanelo jwa setšhaba ka kakaretso;
* go maatlafatsa lenaneo la matlo;
* go tsenya tirisong ditsela tsa go bula dikgoro tsa go ithuta le setso;
* go tokafatsa pabalesego le tshireletso go baagi le merafe yotlhe;
* go netefatsa gore lekala la bosetšhaba le diragatsa maikarabelo a lona jaaka monnaleseabe yo mogolo mo kgolong, kagosešwa le tlhabololo ya naga ya rona;
* go itlhaganedisa ntšhwafatso ya kontinente ya Aforika; le
* go tswelela go nna le seabe mo go rarabololeng dipotso tse di botlhokwa tse di lebaganeng le batho ba lefatshe.

Mme Sebui le Monnasetilo;

Ke motlotlo go bega gore tebang le maikaelelo otlhe a, puso e tswelela ka tiro ya go netefatsa gore maitlhomo a setšhaba a a fitlhelelwa. Ka palogare ya go feta 4,5%, seelo sa kgolo ya ikonomi ya rona mo dingwageng tse pedi le halofo tse di fetileng se ne se le kwa godimo fa e sa le re bona temokerasi ka 1994. Peeletso mo ikonoming, ka makala a puso le a poraefete e ntse e oketsega ka bokana ka 11%, ka ditshenyegelo ka kakaretso tsa lekala la puso di le mo palogareng ya 15,8%. Gompieno, peeletso e e tsepamisitsweng jaaka peresente ya Ditlhagiswa ka Kakaretso tsa Selegae (GDP) - ka bokana ka 18,4% - e kwa godimo fa e sale ka 1991.

Palo ya batho ba ba thapilweng e ntse e oketsega ka bokana ka halofo ya milione ka ngwaga mo dingwageng tse tharo tse di fetileng. Re bone tswelelopele e e tsepameng mo maatlafatsong ya Bantsho mo ikonoming. Go tswa go go nna le matlotlo a dimmaraka a kwa godingwana ga 3% ya JSE ka 2004, palo e e oketsegile go ya go 5%; mme tekatekano ya Bantsho mo botsamaising jo bo kwa godimo e godile go tloga go 24% go ya go 27%. Fela re tshwanetse go nna re tshwenyega gore dipalo tse di sa ntse di le kwa tlase thata.

Tswelelopele mo ikonoming e re tliseditse dikgwetlho di le dintsi. Koketsego e e kwa godimo ya ditlhoko tsa badirisi e supa kgolo e e itekanetseng mo maemong a tswelelopele go ralala baagi; mme diporojeke tse dikgolo tsa mafaratlhatlha tse re di dirang di tlhoka tlamelo e kgolo le metšhini. Fela tekano ya kananyo ya rona ya boditšhabatšhaba e supa gore ga re a atlega mo go ageng bokgoni jwa go tlhagisa dithoto tsa badirisi le matlole tse naga ya rona e di tlhokang. Le fa e le gore sekoloto sa mo magaeng se oketsegile ka seelo se se lekanang le sa kgolo ya lotseno, ntlha ya gore Maaforika Borwa a boloka go le gonnye e kaya gore re tshwanetse go ikaega ka dipoloko tsa ditšhaba tse dingwe. Go tswelela go tlhoka tsepamo ga ledi la rona ga go a siamela diintaseteri tsa rona tsa diromelwantle.

Mo dingwageng tse tharo tse di fetileng, ikonomi e tlhodile ditiro di ka nna milione le halofo. Go a rotloetsa gore mo ngwageng wa Mopitlwe 2005 go fitlha go Mopitlwe 2006 fela, ditiro di le 300 000 tsa tse di tlhodilweng di ne di le mo lekaleng ka kwa ntle ga temothuo, e leng se se supang kgolo ya bokana ka 4%. Karolo e nnye ya tsona ke ditšhono tsa ditiro tsa leruri ka Thulaganyo e e Katolositsweng ya Ditiro tsa Setšhaba (Expanded Public Works Programme). Fela ga go makatse gore thulaganyo e bile e tshwanetse go godisiwa thata. E bile ga go tikatiko gore re ka dira botoka go gaisa go tlhola batho ba ba itirelang ka dikgwebo-potlana le tse di magareng. Mme fa re lebile bontsi jwa bašwa ba ba sa direng, re ka dira botoka ka ditsereganyo tse di jaaka Tirelo ya Bašwa ya Bosetšhaba (National Youth Service) le tlhabololo ya bagwebi ba bašwa.

Ke ka boipelo gore go nyalana le maikaelelo a rona a go aga setšhaba se se kgathalang, fa e sa le ka 2004 re tokafaditse tlamelo ya ditirelo gammogo le dintlha tse dingwe tsa meputso ya loago. Fa baamogedi ba dithebolelo tsa loago ba ne ba balelwa go bokana ka dimilione tse 8 ka 2004, gompieno dimilione tse 11 tsa Maaforika Borwa a a tlhokang di fitlhelela dithebolelo tse. Go a rotloetsa gore kelo ya go tsewa, go sa le gale, e nnile mo maemong a a laolegang, jaaka thulaganyo e e ntse e gola. Se se tla netefatsa tswelelo, le go dirisiwa ga maano a mantsi a puso go tlamela ka ditirelo tsa ikonomi go tlhola ditiro le ditšhono tsa ditiro.

Thulaganyo ya matlo e tlhagisitse dithuso di ka nna 300 000 mo dingwageng tse pedi tse di fetileng. Le fa go le jalo, jaaka re ne re batla go tokafatsa boleng le go tokafatsa dithulaganyo go ba ba tlolwang ke dithulaganyo tsa lekala la puso le la poraefete tse ga jaana di tswelelang, lobelo lwa thebolo lo nnile bonya go gaisa ka moo go neng go solofetswe. Re tshwanetse go dira sengwe go fetola maemo a.

Jaaka malolo a a tlotlegang a itse, mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng re tlhomile le go simolola mananeo a a kobileng go tokafatsa dipalangwa tsa botlhe. Ona a akaretsa lenaneo la go fetolwa ga dithekisi le maiteko a diporofense a a jaaka Moloto Rail Corridor kwa Mpumalanga e e leng gore dipatlisiso di setse di simolotse ka yona, Klipfontein Corridor kwa Cape Town le porojeke ya Gautrain le kgolagano ya yona le mekgwa yotlhe ya dipalangwa tsa botlhe.

Maiteko a le a mangwe a mantsi ke karolo ya leano le le tletseng la dipalangwa, a a akaretsang tsela le seporo. Re tla ela tlhoko go tsenngwa tirisong ka bonako ga mananeo a go tokafatsa boleng jwa botshelo segolo jwa batho ba ba dirang.
Phitlhelelo ya motlakase, metsi le kelelaleswe e tokafetse. Ka 2005, Aforika Borwa e ne e setse e fitlheletse Maitlhomo a Tlhabololo a Ngwagakete (Millennium Development Goal) malebana le tlamelo ka metsi, ka tokafalo ya phitlhelelo go tloga go 59% ka 1994 go ya go 83% ka 2006. Go ya ka United Nations Development Programme (UNDP), Aforika Borwa ke nngwe ya dinaga di le mmalwa tse di dirisang go le gonnye mo ditekanyetsokabong tsa sesole go na le metsi le kelelaleswe. Ka mafoko a Pegelo ya UNDP Human Development ya 2006:

"... Aforika Borwa e supile ka moo tshwanelo ya motho go bona metsi e ka nnang sediriswa sa maatlafatso le go kaela pholisi... Kagosešwa ya metsi e e ikaegileng ka ditshwanelo e kgontshitse go katolosa phitlhelelo le go fenya tlwaelo ya go se lekalekane go ya ka mmala go go ungwilweng mo tlhaoleleng, ka dithebolelo tse di theilweng mo ditshwanelong, gareng ga tse dingwe". (pp62/63)
Ammaaruri re tshwanetse go keteka phitlhelelo e kgolo e. Fela ke boammaruri gore batho ba le dimilione tse 8 ba sa ntse ba se na metsi. Bontsi bo sa ntse bo se na motlakase le kelelaleswe.
Re motlotlo gore mo ngwageng o le mongwe re kgonne go fokotsa tshalelomorago ya go fedisiwa ga tiriso ya dikgamelo mo mafelong a a tlhabolotsweng ka bokana ka halofo. Re ikaelela go fedisa tsela e e digang seriti e mo mafelong ao mo bofelong jwa ngwaga o.

Re tla tswelela go samagana le dikgwetlho tse gore re phimole mo nageng ya rona tse di maswe e bile di sa eletsege gore mmogo re kgone go bua ka kgololosego le boitumelo jo bo tliswang ke tokologo. Tlhatlhobo ya thuto le go bona dinonofo e supa tokafalo ya maemo a a kwa godimo ka 2004, le fa e le bonya. Se se akaretsa maemo a puisokwalo, ikwadiso ka karetso mo dikolong le dielo tsa go nna le seabe mo ditheong tsa thuto e e kwa godimo. Dielo tse di sa tsepamang tsa phalolo ya Materiki di supa gore go na le tse dintsi tse di sa ntseng di tshwanetse go dirwa go tsepamisa maemo le go netefatsa tokafalo e e tsepameng. Le fa go le jalo, palo ya baithuti ba Materiki ba ba falolang Mmetse ka maemo a a kwa godimo e botokanyana mo go ya 1995. Re tswelela pele gape le go supa makoa mo go tsenyeng tirisong lenaneo la Thuto ya Bagodi la Motheo (Adult Basic Education programme).

Le fa lenaneo la pusetso ya mafatshe le bakile ditharabololo tse dintsi go sa le gale, re sa ntse re tshwanela go dira ka natla go samagana le dikgetse tse di setseng, tse bontsi jwa tsona di leng mafaratlhatlha. Mo letlhakoreng le lengwe, go nnile le tswelelopele e nnye fela mo pusetsong ya mafatshe. Re tla lebisisa ka tlhoafalo dikgoreletsi tse di leng teng gore lenaneo le le itlhaganedisiwe ka bonako. Mananeo otlhe a ikonomi le loago ke karolo maano a rona a go fokotsa le go fedisa botlhoki jo bo tswelelang go utlwisa batho ba bantsi botlhoko. Tiro e e dirilweng ngogola, ke basadi ka South African Women in Dialogue ba dirisana mmogo le mafapha a a farologaneng a puso, go akaretsa go etela kwa dinageng tse di jaaka Tunisia le Chile kwa go dirilweng tswelelopele e kgolo mo go lweng le botlhoki, e supa makoa mo tsamaisong ya rona mo ntlheng e.

Go tswa mo maitemogelong a setlhopha se go a bonala gore re tshwanetse, gareng ga tse dingwe go:
* Tlhalosa popego ya botlhoki mo nageng ya rona;
* Dira lenaneo le le tsepameng la malapa a a tshelang mo botlhoking;
* Itse le go tsenya tirisong dikgatotsenelelo mo malapeng a;
* Ela tlhoko tswelelopele mo malapeng a jaaka mananeo a diragala go ba ntsha mo botlhoking;
* Mo bokaelong jo, re samagane le khumanego yotlhe, segolo jang palo e e kwa godimo ya basadi ba ba amiwang ke maemo a;
* Momaganya le go golaganya mananeo a a kgatlhanong le botlhoki go oketsa seabe sa le go tila tshenyo le go boelediwa ga maiteko; le,
* Itlhaganedisa katiso ya Badirediloago ba Malapa kwa maemong a seporofešenale le a tlaleletso go nefatsa gore malapa a a supilweng a tshegediwa le go elwa tlhoko ka tshwanelo.
Se se tla netefatsa go golaganngwa go go maleba ga baamogedi ba thuso ya loago le ditirelo tsa mmasepala le ditšhono tsa ditiro, go tswelelwa go ela tlhoko tiro ya go netefatsa gore bontsi jwa batho ba rona ba tswa mo go ikaegeng ka dithebolelo tsa loago mme ba tsena mo mmarakeng wa ditiro. Go sa le jalo, re tla tswelela go sekaseka maiteko a mašwa a a tla tswelelang go tokafatsa moputso wa loago.
Kgato ya botlhokwa ya dikgatotharabololo tse tsa loago e tshwanetse go nna maatlafatso ya maiteko a a tlhakanetsweng gareng ga Maaforika Borwa otlhe go tokafatsa momagano ya loago.
Mo ngwageng o wa segopotso sa bo60 sa Doctors Pact sa baeteledipele ba ditšhaba tsa Aforika le India (AB Xuma, GM Naicker le Yusuf Dadoo), segopotso sa bo30 sa polao ya ga Steve Biko le segopotso sa bo20 sa go etela kwa Dakar ga matlhale a Maaforikanere go kopana le ANC, ntlha ya pharologano ya ditebo tsa rona le ntlha e e botlhokwa ya go nna wa Aforika Borwa e tshwanetse go goelediwa mo baaging botlhe, ka tsela e e maatlafatsang kopano ya rona jaaka setšhaba. Gape, mo go sona segopotso sa bo30 sa go kganelwa ga makwalodikgang a The World le The Weekend World, re tshwanetse go botsa potso - a botlhe re amogetse maikarabelo a rona ka botlalo a go aga momagano ya loago le go tswelela go nna seoposengwe, le go gatelela noto e e re golagantseng!
Ka mafoko a mangwe, mekgwa e e tlhokegang go tokafatsa momagano ya loago, e ka se diragadiwe ke puso e le esi. Re tshwanetse go dira mmogo jaaka Maaforika Borwa go bua ka kgololosego go tswa mo botlhoking le go tswa mo tshenyegong ya maitsholo, mme re dire go fitlhelela boitumelo jo bo tlang nayo.
Mme Sebui le Monnasetilo;
Ke na le bonnete jwa gore re tla dumelana gore go dira mmogo go fitlhelela boitumelo jo bo tlang le kgololosego go fela jalo le ka kgwetlho ya go samagana le bosenyi. Mo Pampiring e Tshweu ya 1994 RDP re rile:
"Go rotloetsa kagiso le tshireletsego go tla akaretsa batho botlhe. Go tla agelela mo le go atolosa keletso ya setšhaba ya kagiso le go lwa le tirisodikgoka e e tletseng e baagi ba lebagananeng nayo... re etse tlhoko mekgwa e e farologaneng ya tirisodikgoka kgatlhanong le basadi ...
"Kagiso le tsepamo ya sepolotiki le tsona di botlhokwa mo maitekong a puso a go tlhoma tikologo e e rotloetsang peeletso... Kgato e e botlhokwa e tshwanetse go tsewa go fedisa tlolomolao, thekiso ya diribatsi, go tlala ga dithunya, bosenyi segolo go sotlwa ga basadi le bana."
Ee, re ka se kgone go phimola tse di maswe tse di sa eletsegeng mme ra goeletsa boitumelo jo bo tlang le kgololosego fa batho ba tshelela mo poifong, ba iphitlhile mo morago ga dipota le magora a terata e e tlhabang, ba nna ba tshogile mo matlong a bona, mo mebileng le mo ditseleng tsa rona, ba sa kgone go itumelela mafelo a setšhaba ka kgololosego. Re tshwanetse go tswelela go maatlafatsa kgaratlho kgatlhanong le bosenyi.
Le fa re setse re fetile palo e e neng e lebilwe ya batlhankedi ba sepodisi ba le 152 000 ba ba thapilweng ke Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa, e bile re tokafaditse lenaneo la katiso, re lemoga ntlha ya gore seabe sa se ga se ise se lekane gore mongwe le mongwe a ka ikutlwela tshireletsego le pabalesego e e lekaneng. Le fa re fokoditse go tlhagelela ga bosenyi jwa go ama, kelo ya phokotso ya ngwaga le ngwaga mo mabakeng a a jaaka kgothoso, tlhaselo le polao e sa ntse e le kwa tlase ga 7 - 10% e re neng re rata go e fitlhelela. Mme le tshotlakako ya basadi le bana e ntse e tswelela ka seelo se se sa amogelegeng.
Koketsego ya bosenyi jo bo rileng ka nako ya go ngala tiro ga badiredi ba tshireletso e tshwanetse go bo e re lemositse rotlhe gore intaseteri ya tshireletso e ka se tsewe fela jaaka morero wa poraefete wa lekala la poraefete. Go a itshupa gore maanotekanyetso a re nang nao ga a lekana. Tse di ama merero e e jaaka dielo tsa meputso, mekgwa ya go tlhatlhoba badiri, go gatelelwa ga melawana mo diroring tse di tsamaisang madi, jalojalo.
Ntlha e e tla lebisisiwa mo tsamaong ya ngwaga, gore, mo godimo ga tokafatso ya tiro ya sepodisi, mmogo le intaseteri ya tshireletso ya poraefete, re ka tlhola tikologo e mo go yona ditsholofelo tsa tshirelotso tsa baagi, tse mo go tsona go tlhokegang maano a mantsi, di fitlhelelwe.
Re tla tswelela gape go dira ka natla go tokafatsa tiro ya dikgotlatshekelo tsa rona, go oketsa seelo sa go fokotsa tshalelo morago ya dikgetse. Re tla netefatsa gape gore ditshwetso tsa go oketsa mafaratlhatlha a Ditirelo tsa Kgopololo, go tokafatsa tsamaiso ya Taolo ya Melelwane gammogo le ditirelo tsa go tsena mo nageng le ditlankana tse di maleba, gareng ga tse dingwe, di tsenngwa tirisong.
Bontsi jwa makoa mo go tokafatseng ditirelo go baagi ke ka ntlha ya tlhaelo le bokgoni le mekgwa ya go ela tlhoko go tsenngwa tirisong. Ka ntlha ya se, mo pakeng e e fitlhang go 2009, ntlha ya thulaganyo le bokgoni jwa puso e tla nna e ntse e le kwa godimo mo lenanatemeng la rona.
Se se tlhageletseng, gareng ga tse dingwe, jaaka lefelo le le tlhokang kgato e e botoka ka bonako ke diteng tsa katiso e badiredipuso ba e amogelang mo ditheong tse di farologaneng le seabe sa SA Management Development Institute (SAMDI) e ka tshwanelo e tshwanetseng go nna motlamedi yo mogolo wa ditirelo go akaretsa le go katisiwa ga badiredipuso.
Maemo a tolamo mo teng ga mafapha, malebama le molao wa bodiredipuso le tsamaiso ya matlole, le ona a tlhakatlhakantswe. Se ga se kitla se letlwa go tswelela, le fa re etse tlhoko gore temogo e e nepagetseng ya ditlhokego tsa boruni kwa maemong a bosetšhaba le a porofense e tswelela go gagamala. Mo ntlheng e, tiriso ya lenaneo la tumalano ya tiragatso, segolo mo botsamaising jwa kwa godimo, e botlhokwa.

Mananeo a go tokafatsa maemo a tsamaiso ya dipusoselegae a ntse a tswelela sentle. Morago fela ga ditlhopho tsa dipusoselegae tsa Mopitlwe 2006, mananeo a katiso a ne a dirwa, go etswe tlhoko 62% tsa boratoropo ba bašwa.
Se se tshwenyang ke gore mo bontsing jwa bommasepala ba, diphatlhatiro ga di tladiwe kgotsa di tlhagelela mo boeteledipeleng jwa kwa godimo le diporofešene. Sekao, ka Lwetse ngogola, 27% tsa bommasepala ba ne ba se na batsamaisi ba bommasepala; kwa Porofenseng ya Bokone Bophirima, seelo sa diphatlhatiro kwa maemong a boeteledipele jwa kwa godimo e ne e le 50%; kwa Mpumalanga ke fela 1% ya batsamaisi ba ba kwa godimo ba ba konoseditseng Ditumalano tsa Ditiragatso tsa Botlhokwa (Key Performance Agreements).

Re tswelela go tsibogela dikgwetlho tse mme re tla dira ditiro tse di maleba, re tlhotlhelediwa ke Leano la Dingwaga tse Tlhano la Dipusoselegae (Five Year Local Government Strategic Agenda), le le akaretsang ditheo tsa bosetšhaba le tsa porofense di thusa bommasepala ka go dira, go isiwa ga badiri ba ba nang le dinonofo go akaretsa baithaopi ba porofešenale go tswa mo setšhabeng, go maatlafadiwa ga Dikomiti tsa Didika - tse 80% ya tsona e tlhomilweng go ralala naga.
Lenaneo la go lolamisa didiriswa tsa togamaano go kgabaganya maemo a puso, e leng National Spatial Development Perspective, Provincial Growth and Development Strategies le Integrated Development Plans le a tswelela, ka diporojeke tsa teko go fitlhelela tolamo e e feletseng e e dirwang mo didikeng tse 13 le ditoropokgolo. Diporojeke tse tsa teko di tshwanetse go konosediwa kwa bokhutlong jwa monongwaga.

Ke ntlha ya boipelo ya gore go feta halofo ya didika le ditoropokgolo di setse di tshwere Disamiti tsa tsona tsa Kgolo le Tlhabololo, mme tse di setseng di ikaelela go dira jalo pele ga mafelo a Tlhakole. Se se tla tlhoma motheo wa tirisano gareng ga balekane ba loago mo go itlhaganediseng tlhabololo ya ikonomi ya selegae. Maloko a a tlotlegang; Ke rata go tsaya tšhono e go tlhagisa ditebogo tsa me go Motlatsa Moporesitente Phumzile Mlambo-Ngcuka ka boeteledipele jo bo manontlhotlho jo a bo neetseng go tsenya tirisong Accelerated and Shared Growth Initiative (AsgiSA), a dira le Ditona le Ditonakgolo ba e neng e le Setlhopha sa Tiro, ba samagana le dintlha tse di rileng tse di tshwanetseng go dirwa go netefatsa dielo tse di kwa godimo tsa peeletso le go tlhola ditiro, ga mmogo le merero e e amanang le tlhabololo ya dinonofo le tiragatso ya lenaneo la puso. Re itumelela seabe sa Maloko otlhe a Khuduthamaga le balaodi ba bodiredipuso ba rona, mo makaleng a le mararo a puso, mo go eteleleng pele tiragalo e le go tsenya tirisong lenaneo la puso ka botlalo. Se se botlhokwa mo maitekong a rona a go phimola tse di maswe e bile di sa eletsege mo setšhabeng sa rona gore re kgone go bua ka kgololosego le boitumelo jo bo tlang le tokologo.

Mo ntlheng e, gore re kgone go itlhaganedisa go tsenya tirisong AsgiSA, mo godimo ga mananeo a dingwaga tse dintsi a a begilweng mo malobeng, monongwaga puso e tla:
* konosetsa tiragalo ya go lebisisa maitemogelo a naga mo go tlhagiseng, gareng ga tse dingwe, ditshupi tse dikgolo tsa ikonomi tse di jaaka Kelo ya Thefosano, infoleišene le dielo tsa merokotso, gore e kgone go tlhoma maano a go tsweletsa kgolo ya diintaseteri e e tlhagisang dikananywa go dimmaraka tsa selegae le tsa thomelontle, mme e nne le bokgoni jwa go tsaya badiri ba bantsi ba ba nang le dinonofo go se nene;
* go ikamanya le Letlhomeso la Pholisi ya Diintaseteri tsa Bosetšhaba le le setseng le konoseditswe, re tla:
- gagamatsa go tsenngwa tirisong ga mekgwa e e diretsweng lekala go tsweletsa dipeeletso mo Business Process Outsourcing, bojanala, dituki tsa tlhago le dikhemikhale, le go konosetsa mananeo a dikgwa le pampiri, diaparo le matsela, ditshipi le boenjeniri;
- tlhoma leano la go baya kwa setlhoeng dikgatotsenelelo mo go tsa meepo le diminerale, temothuo le tirego ya ditlhagiswa tsa temothuo, lekala la dithoto tse ditshweu, intaseteri ya tsa botlhami, ditirelo tsa setšhaba le loago le dikhemisi. Le tshwanetse go akaretsa keletso ya go oketsa bokgoni jwa bosetšhaba tlhagisa dithoto tsa matlole. Malebana le tsa diminerale, re tlile go tlhoma State Diamond Trader e e tla rekang 10% tsa diteemane go tswa mo batlhagising ba selegae mme ba di rekisetse basegi le badirisi ba selegae. Re motlotlo gore DeBeers o dumetse go re thusa ka tsamaiso ntle le tuelo epe, ka dinonofo tsa setegeniki le tlamelo ka dithoto mo pakeng ya dingwaga tse tharo;
- tlhoma mananeo a go tlhotlheletsa dipeeletso mo makaleng a a tsamaisanang le motseleletsele wa tlamelo ka mananeo a mafaratlhatlha a rona, go akaretsa dithoto tsa matlole tsa ITC, dipalangwa le maatla: malebana le maatla, re tla dira ka natla go netefatsa go ikaega go gogolo ka tlhagiso ya maatla a nutlere, gase ya tlhago le mefuta e e farologaneng ya metswedi ya maatla a a ntšhwafadiwang. Tebang le dikgokagano, ke motlotlo go bega gore Lefapha la Dikgokagano ga mmogo le ditlamo tsa megala ya diselula le Telkom di konosetsa maano a go samagana le dielo tse di kgaolang megala monongwaga tse di tla tswelang badirisi botlhe mosola. Gape, Telkom e tla tsenya tirisong seelo se se kwa tlase se se kgethegileng sa makhubu a boditšhabatšhaba mo ditikwatikweng tsa megala di le 10 nngwe le nngwe e thapa batho ba le 1 000, jaaka karolo ya maiteko a go katolosa lekala la BPO. Ditikwatikwe tse di tla tlhongwa mo mafelong a a tla supiwang ke puso. Seelo se se kgethegileng se tla bapisega le sa dinaga tse dingwe ka kgwedi ditirelo le bokgoni tse di neelwang mo dinageng tse di mabapi.
* Re tla tsaya le dikgato tse di farologaneng go tokafatsa kgaisano mo go tsa ikonomi, gareng ga tse dingwe go isa tlase tlhwatlhwa ya go dira kgwebo le go rotloetsa peeletso, go akaretsa go tlhagisiwa ga tsamaiso ya Regulatory Impact Assessment (RIA), tlhabololo bokgoni jwa lebelo le le kwa godimo la mafaratlhatlha a bosetšhaba le a boditšhabatšhaba, go konosetsa leano la go tokafatsa bokgoni jwa badirisi ba seporo le maemelakepe, le go maatlafatsa bokgoni jwa ditheo tsa rona tsa kgaisano.
Tswelelopele e re setseng re e dirile malebana le go fetola Dikholeji tsa Thuto e e Tswelelang le Katiso (FET) e tlisitse kgonego ya gore re oketse palo ya bataki ba ba leng teng. Go simolola monongwaga, didiriswa di tla rebolwa go tlisa thuso ya matlole e bakatisiwa ba e tlhokang, go tsena mo ditheong tse. Go sa le jalo, re tla rarabolola ntlha ya maikarabelo ka bonako jo bo kgonegang magareng ga dikarolo tsa bosetšhaba le tsa porofense mo botsamaising jwa FET. Re solofela gore maiteko a rona a go rotloetsa karolo e ya ditšhono a tla thusa go romela molaetsa, segolo go bašwa, gore dinonofo tsa bataki di tlhokega mo kgolong ya ikonomi fela jaaka dithutego tsa maemo a mangwe.
Morago ga kgolagano e e tseneletseng magareng ga puso le baeteledipele kwa diyunibesithing tsa rona, go fitlheletswe tumalano mme go tserwe ditshweetso ka ga maano a a tlhokegang go netefatsa gore dinonofo tse di tlhaelang di a tlamelwa.
Mo ntlheng e, re rata go akgola seabe sa Joint Initiative on Skills Acquisition (JIPSA), se se kopanyang puso, kgwebo, ditiro, ditheo tsa katiso le tse dingwe.
Jaaka maloko a a tlotlegang a itse, re okeditse gape palo ya dikolo tse di sa dueleng madi a sekolo.
Mo go tsweletseng mafaratlhatlha a le mananeo a mangwe re tla itsisiwe ka boineelo jwa rona go netefatsa gore Sejana sa Lefatshe sa FIFA 2010 ke se se gaisang ke di kileng tsa nna teng. Re eletsa gore mo ntlheng e re akgole Komiti ya Dithutlaganyo tsa Selegae (LOC) le balekane ba bangwe ka tiro e e manontlhotlho e ba e dirang.
Go netefatsa gore Maaforika Borwa otlhe a itumelela boitumelo bo bo tlang le kgolo ya ikonomi, mekgwa e le e mengwe e tla tshwanelwa ke go dirwa mmogo le lenaneo le le gagametseng go samagana le dikgwetlho tsa Ikonomi ya Bobedi. Ka ntlha ya se, mo tsamaong ya ngwaga, gareng ga tse dingwe, re tla:
* tsaya dikgato go ya pele go tokafatsa phitlhelelo ya matlole a mannye go akaretsa le go fitlhelela Letlole la Apex (SAMAF) le letlole la temothuo la sekoloto se sennye (MAFISA);
* netefatsa tiro e e maleba ya Small Enterprises Development Agency, SEDA;
* diragatsa Molaokakanywa wa Ditlamo, o Kabinete e dumetseng gore batho ba tshwaele ka ona mo Laborarong o o fetileng, jaaka karolo ya motseletsele wa mekgwa ya go fokotsa morwalo wa tekanyetso mo dikgwebong tse dipotlana, tse di magareng le tse dikgolwane go maatlafatsa beng ba dišere ba bannye le badiri;
* morago ga go feta palo ya 10 000 e re neng re e itlhometse, re tla oketsa palo ya bašwa ba ba tseneng mo Tirelong ya Bašwa ya Bosetšhaba ka bokana ka 20 000 ka mafapha a rona a le 18 a a setseng a dirileng maano mo ntlheng e, kwadisa baithaopi ba le 30 000 ba bašwa mo maitekong a tlhabololo ya setšhaba, le go thapa batho ba le 5 000 jaaka karolo ya Lenaneo le le Katolositsweng la Ditiro tsa Setšhaba mo go tlhabololeng dikago tsa puso;
* gagamatsa maiteko a go golaganya tlhabololo ya bašwa le tiro ya puso, go akaretsa lenaeno la tirisano ya bašwa, le maiteko a a tswelelang a go golaganya dialogane tse di sa direng le ditšhono tsa ditiro - mme mo ntlheng e re rata go leboga ditlamo tse dintsi, tsa puso le tsa poraefete, tse dikgolo le tse dinnye, tse di tsibogileng ka tsela e ntle e bile e dira mo maitekong a; le,
* go simolola go tsenya tirisong Molao wa Dithata tsa Lefatshe le le Kopanetsweng (Communal Land Rights Act) go kgona go tokafatsa tiriso ya ikonomi ya lefatshe le le kopanetsweng.
Maloko a a tlotlegang;
Mananeo a ikonomi a re buileng ka ona ke karolo ya maikaelelo a mo go ona Aforika Borwa yotlhe e tshwanetseng go samanagana nao go kgona go fokotsa maemo a botlhoki le go se lekalekane mo setšhabeng sa rona. Mo go rona ga se puo fela go gatelela gore katlego ya temokerasi ya rona e tshwanetse e bile e tla lekanyediwa ka dikgato tse di bonalang tse re di tsayang go tokafatsa boleng jwa botshelo jwa ba ba bokoa mo setšhabeng sa rona.

Go kgona go tokafatsa mananeo a loago a re a tsentseng tirisong mo tsamaong ya dingwaga, mongwaga re ikaelela go konosetsa tiro e e setseng e simolotse ya go fetola tshireletsego ya loago gore go tsenngwa tirisong ka dikgato go simolole ka bonako jo bo kgonegang. Karolo e e botlhokwa ya phetolo e tla nna tiro ya go siamisa phoso e e lemogilweng mo Pegelong ya 2002 ya Komiti ya Dipatlisiso tsa Comprehensive System of Social Security in South Africa. Se ke gore pilara ya tsamaiso ya tshireletso ya loago e e ikaegileng ka moputso e a tlhaela kgotsa ga e ikanyege mo bathong ba bantsi ba ba dirang. Molawana o o kaela ntlha e, mo godimo ga thuso ya loago o newa ka tekanyetsokabo ya puso, re tlhoka go leba tlhagiso ya tsamaiso ya tshireletso ya loago e e ikaegileng ka meputso e e tlhotlhelediwang ke molawana wa momagano ya loago.

Se se tla kaya gore Maaforika Borwa otlhe a tla itumelela go nna maloko a tsamaiso ya tshireletso ya inšorense ya loago e e dirang sentle, fa ba ba bonang lotseno le le kwa godimo ba tla kgona go tswelela go ntsha sengwe go ya go dikema tsa poraefete tsa tholotiro le tsa inšorense. Mo dipuisanong tse di setseng di dirilwe le puso go fitlha ga jaana, go tlhagelela tumalano ya gore dielemente tsa tsamaiso e di tla tshwanela go akaretsa:
* tsweletso ya dipoelo tse di kwa tlase tse di leng mo tsamaisong ya rona ya dithebolelo tsa loago ka dipoelo tse di duelwang ka tsela ya tsamaiso ya segompieno;
* thuso ya moputso go badiri ba meputso e e kwa tlase, go lebilwe thata ba e leng gona ba tsenang mo mmarakeng wa tiro, segolo jang bašwa; le
* lekgetho la tshireletso ya loago tlamela ka matlole dipoloko tsa tholotiro, loso, bogole le dipoelo tsa go tlhoka tiro.
Tona ya Matlotlo o tla tswelela go tlhalosa dintlha tse mo Puong ya Tekanyetsokabo. Se re tshwanetseng go se thalela ke gore mo go konosetseng paka e ntšhwa ya tshireletso ya loago, puso e tla tsaya tsela e e manontlhotlho ya go golagana le balekane botlhe ba loago ka bongwe ka bongwe le ka NEDLAC.
Go sa le jalo, re simolotse le ditsela tsa go fitlhelela bana ba ba bokoa ba ba kwa godimo ga dingwaga tse 14.
Lenaneo la rona mo lekaleng la loago la monongwaga le tla akaretsa:
* itlhaganediso ya kago ya matlo a a tlhwatlhwatlase e e tla tlhokang go tlhongwa ka bonako ga Serori sa Merero Mentsi (Special Purpose Vehicle) go leba tsa Matlole, go leka Molaokakanywa wa Tsamaiso ya Tiriso ya Lefatshe (Land Use Management Bill) le go netefatsa gore dielemente tse di setseng tsa tumalano e e diegileng le lekala la poraefete mo matlong a a tlhwatlhwatlase le a konosediwa;
* itlhaganedisa porojeke ya go fetolwa ga dithekesi, go tsenya tirisong mananeo a a botlalo a dipalangwa tsa botlhe tsa seporo le tsela go akaretsa Bus Rapid Transit System mo Ditoropokgolong le go fetolwa ga Metrorail: mme mo ntlheng e, a ke tseye tšhono e go gatelela gore puso le balekane ba rona ba SANTACO ga re kitla re patelediwa go kgaphela thoko porojeke ya go fetola dithekesi, ka maiteko a go nyatsa thulaganyo ya setšhaba mme dikgatlhego tsa megagaru di tla lejwa ka leitlho le le ntšhotšho.;
* oketsa phitlhelelo go Tlhabololo ya Dingwaga tsa Ntlha tsa Ngwana (Early Childhood Development) jaaka karolo ya lenaneo la go tokafatsa tsamaiso ya thuto le karolo ya Expanded Public Works Programme;
* katolosa katiso le go thapiwa ga baoki le badirediloago ga mmogo le bathusi, go oketsa palo ya ditheo tsa katiso, go tokafatsa boleng jwa thuto, le go tsenya tsamaiso ya diibasari tirisong;
* go tswelela ka go tsenya tirisong paka ya dituelo tsa diporofešenale tsa melemo, le go neelana ka didiriswa tse di okeditsweng go tokafatsa maemo a dituelo tsa barutabana;
* netefatsa go tsenngwa tirisong, ntle le tiegiso epe, ga maano a go fokotsa tlhwatlhwa ya melemo; le
* go tswelela go dira go samagana le dintsho tse e seng tsa mabaka a tlhago mo setšhabeng sa rona gammogo le malwetse a a tliswang ke tsela ya botshelo, malaria, mefuta e e farologaneng ya TB, dikotsi tsa tsela le bosenyi jwa tirisodikgoka.
Mo ntlheng e, puso e ineela go gagamatsa letsholo kgatlhanong le HIV le AIDS le go tokafatsa go tsenngwa tirisong ga dielemente tsotlhe tsa leano le le momaganeng jaaka thibelo, tlhokomelo ya kwa gae le kalafi. Re tla netefatsa gore dikamano tse di tlhomilweng mo dingwageng tse di fetileng di a maatlafadiwa, le gore leano la rona le le golaganeng la bosetšhaba kgatlhanong le AIDS le malwetse a a fetisiwang ka thobalano le konosediwa ka bonako jo bo kgonegang.
Monongwaga re tla konosetsa maano a a bonalang a go tsenya tirisong dikgato tsa bofelo tsa maano a rona a go fitlhelela maitlhomo a rona a gore botlhe ba fitlhelele metsi ka ngwaga wa 2008, kelelaleswe ka 2010 le motlakase ka 2012. Re tla konosetsa gape le leano le mananeo a go samagana le merero ya momagano ya loago, go akaretsa leano le le botlalo e bile le golagantswe la ntwa kgatlhanong le botlhoki jaaka re buile, gammogo le go samagana le dintlha tse di amanang le momagano ya setšhaba, dielo le go ikitse.
Maiteko otlhe a, Mme Sebui le Monnasetilo, a tshwanetse go nyalana le maikaelelo a go tokafatsa tshireletso le pabalesego ya setšhaba. Mo ntlheng e, puso e tla netefatsa gore ditshwetso tse di setseng di tserwe ka ga go maatlafatsa ntwa ya rona kgatlhanong le bosenyi di tsenngwa tirisong ka tshwanelo. Kgwetlho e re lebaganeng nayo mo go samaganeng le ntlha e ga e ka ga dipholisi.
Fela, se se tlhokegang ke thulaganyo, go tsaya kgato le boeteledipele jwa tiriso ya molao, batlhankedi ba tsa matlhale le kgopololo, ga mmogo le ditiragalo tsa tsamaiso ya tolamo. Bontsi jwa badiredipuso ba ba supile makgetlo a le mantsi mo tirong gore ba ikemiseditse go baya matshelo a bona mo kotsing le go intsha setlhabelo le fa ba ka nna fela le nako e nnye le malapa a bona, go sireletsa kgololosego le tshireletsego ya rona.
Le mo mananeong a mangwe a mantsi a a tswelelang a re ntseng re a tsenya tirisong, monongwaga puso e tla:
* tswelela go tokafatsa meputso le maemo a tiro a sepodisi, le go simolola go oketsa badiri ba Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa go tlisa palogotlhe go 180 000 mo dingwageng tse tharo, le go netefatsa tiriso e e tletseng ya mekgwa ya ileketeroniki ya go ela tlhoko le go leka se se tlhagisitsweng;
* dira gore dilaboratori tsa forensiki tse di tlametsweng ka ditlabakelo ka thekenoloji ya segompieno di dire sentle le go netefatsa gore tiriso e e tletseng ya sefala sa dikgatiso tsa menwana - dikatlego tsa segompieno mo tharabololong ya ditiragalo tsa bosenyi jo bo masisi di thusitswe ke ditsamaiso tse;
* dira gore ditiragalo tsa Lefapha la Merero ya Selegae di tsamae ka thalelo, ka go tlatsa diphatlhatiro tse di lolea, tokafatsa ditsamaiso le go tsenya tirisong dikatlenegiso tsa Setlhopha sa Tiro se se ntseng se dira le Tona go tokafatsa tiro mo setheong se sa botlhokwa;
* tsenya tirisong dikatlenegiso tsa Khomišene ya Khampepe ka morero le ditiro tsa Botsamaisi jwa Ditiro tse di Kgethegileng (Directorate of Special Operations) (Scorpions);
* simolola tiro ya go tswelela go tokafatsa ditsamaiso tsa Ditirelo tsa Lotseno tsa Aforika Borwa (South African Revenue Services), segolo mo taolong ya melelwane, le go tokafatsa tiro ya ditheo tse di momaganyang mafapha mo ntlheng e;
* gagamatsa tiro ya matlhale malebana le bosenyi jo bo rulagantsweng, go agelela mo dikatlegong tse di fitlheletsweng mo dikgweding di le mmalwa tse di fetileng mo go samaganeng le kgothoso ya dikoloi tse di rwalang madi, tsamaiso ya diritibatsi le go bolaya diphologolo e se ka fa molaong le abalone;
* dirisa thekenoloji e ntšhwa e e tlametsweng tsamaiso ya bosiamisi le go tokafatsa tsamaiso ya dikgotlatshekelo le tirelo ya tshekiso ka botlalo, go kgona go fokotsa tshalelomorago ya dikgetse;
* konosetsa dielemente tse di setseng tsa ditsela tsa go fetola boatlhodi le go tokafatsa tiro ya jona, ka go golagana le setheo se sa temokerasi se se botlhokwa;
* tsenya tirisong mananeo a go sweditsweng ka ona go aga mafelo a kgopololo a mangwe le go fitlhelela maikaelelo a a mo Pampiring e Tshweu ya Dikgopololo;
* tsweletsa ditiro pele go maatlafatsa ditheo tsa rona, le go netefatsa gore ka dinako tsotlhe di dira mo teng ga letlhomeso la Molaotheo wa rona; le
* go tokafatsa tsela ya go sekaseka tiragalo ya bosenyi go tokafatsa tiragatso ya rona malebana le thibelo ya bosenyi le go samagana le bosenyi. Mo ntlheng e, re tshwanetse go tsibogela boammaaruri jwa gore, fela jaaka mo dinageng tse dingwe, bontsi jwa ditiragalo tsa bosenyi kgatlhanong le motho di diragala mo mafelong a a kwa tlase mo ikonoming ya naga ya rona mme di tlhoka maano a a maatla a a tswelelang e bile a tsepame mo go thibeleng bosenyi.
Jaaka re setse re buile, maano a le a mangwe a tla tswelela fela fa re aga dikamano tse di maatla mo teng ga ditšhaba tsa rona le magareng ga ditšhaba le sepodisi, go ketefaletsa disenyi botshelo.
Mo ntlheng e, re itumeletse tshweetso e e supilweng ke baeteledipele ba kgwebo le ba sedumedi go tswelela go maatlafatsa dikamano tse kwa tlase, le go neela nako le ditlabakelo tsa bona go maatlafatsa ntwa kgatlhanong le bosenyi. Puso e tla nna le seabe se segolo go netefatsa gore dikamano tse di a dira, le gore re dira mmogo go supa maikarabelo a rona go sireletsa baagi ba rona.
Ke tshwanetse go bega gore mo ntlheng e Tona ya Tshireletso le Pabalesego le Tirelo ya Sepodisi ba dira mmogo mo ditshitsinyong tsa go tswelela go tokafatsa tiro le bokgoni jwa Diforamo tsa Sepodisi tsa Setšhaba.
Mme Sebui le Monnasetilo;
Go tswelela go tokafatsa tirelo ya bona mo bathong, puso e tshwanetse go tokafatsa bokgoni jwa yona le tiro ya yona jaaka setheo. Go fitlhelela maikaelelo a, mo tsamaong ya monongwaga re tla:
* maatlafatsa go ela tlhoko le tshekatsheko go ralala dikarolo tsotlhe, go akaretsa katiso ya balaodi ba ba tshwanetseng go tsenya tirisong tsamaiso e;
* konosetsa, mo dikgweding tse 18, molao ka ga tirelo ya setšhaba le dielo le maemo a a maleba, pholisi ya meputso le merero e e malebana le thuso ya kalafi le diphenšene;
* gagamatsa kgoeletso le temogo mo dintlheng tsa tlhabololo ya setšhaba, fa re oketsa palo ya bommasepala ba ba amegang mo go momaganyeng ga didiriswa tsa thulaganyo mo dikarolong tsotlhe tse tharo;
* dira ditlhatlhobo tsa bokgoni le go tsenya tirisong maano mo Mafapheng a Diporofense a a nang le maikarabelo mo dipusongselegae, ga mmogo le Dikantoro tsa Botonakgolo, re ntse re tswelela go tokafatsa bokgoni jwa mafapha a bosetšhaba;
* fa re gagamatsa lekala la puso le letsholo la bosetšhaba la ntwa kgatlhanong le bonweenwee, kwa bokhutlong jwa ngwaga, re tsweletsa tiro e go tokafatsa go dira ga maano a rona a kgatlhanong le bonweenwee mo dikarolong tsotlhe tsa puso;
* rebola letsholo la Batho Pele kwa maemong a pusoselegae, go gagamatsa ditiragalo tsa kgoeletso go akaretsa le dipitso go tlhoma Ditikwatikwe tse dingwe tsa Ditiro-dintsi tsa Setšhaba mo godimo ga tse 90 tse di leng teng; le,
* go maatlafatsa le go tlamela tshegetso e ntsi mo setheong sa boeteledipele jwa setso.
Go tokafatsa puso go kaya gape go nna le sefala se se ikanyegang sa dipalopalo ka ga dintlha tsa loago mo setšhabeng sa rona. Mo ntlheng e, dipatlisiso tse pedi di tla dirwa ka 2007. Mo matsatsing a mabedi a a fetileng badiri ba le 6 000 ba kwa setheong sa Dipalopalo sa Aforika Borwa (Statistics South Africa) ba dule go ya go kokoanya tshedimosetso mo malapeng a le 280 000 a a tlhophilweng go nna le seabe mo Dipatlisisong tsa Setšhaba, tse di tla neelang puso setshwantsho sa boammaruri sa maemo a baagi mo karolong nngwe le nngwe ya naga.
Ka Diphalane batho ba bangwe ba le 30 000 mo malapeng a le 8 000 a tlhophilwe go nna le seabe mo patlisisong ya Aforika Borwa ya bosetšhaba ya ntlha, e leng National Income Dynamics Study. Batho ba le 30 000 ba tla elwa tlhoko mo pakeng e e rileng, go tsweletsa tlhaloganyo ya rona ya dintlha tse di jaaka khudugo, diphetogo tsa mmaraka wa badiri, motsamao wa gareng ga ditso le popego le go thubega ga malapa. Ke rata go tsaya tšhono e go ikuela mo go ba ba tlhophilweng go dirisana ka botlalo mo ditirong tse di botlhokwa tse.
Mme Sebui le Monnasetilo:
Gareng ga diphitlhelelo tse dikgolo tsa batho ba Aforika mo dingwageng tse pedi le halofo tse di fetileng e nnile tsa puseletso ya kagiso mo Kgaolong ya Matsha a Magolo (Great Lakes Region). Re motlotlo, jaaka Maaforika Borwa, ka seabe se batho ba rona ba nnileng le sona mo go thuseng go tlisa ntlha e - go tswa go bašwa ba banna le basadi mo Sesoleng sa rona sa Tshireletso go ya go badiri ba ditheo tsa puso le tsa poraefete ba ba neetseng nako ya tsona go netefatsa gore toro ya Aforika e diragale mo nagalegaeng ya ga Patrice Lumumba.

Re tla tswelela go dira le bagarona ba DRC, ga mmogo le Burundi, Comoros le Sudan mo maitekong a go netefatsa gore maemo a kagiso le a a edileng a a setseng a fitlheletswe ga jaana a fetoga ntle le go ema mo tiragatsong ya kagosešwa ya ikonomi le tlhabololo ya loago. Le fa go le jalo, le fa re tshwanelwa ke go keteka diphitlhelelo tse Aforika e di dirileng mo maitekong a gagwe a go fitlhelela kagiso le tlhabololo, re ka se ikgatholose dikgwetlho tse re lebaganeng natso mo go samaganeng le mafelo a a setseng a dikgotlhang, segolo jang tsamaiso ya kagiso ka kakaretso kwa Sudan, go akaretsa maemo a Darfur, Côte d'Ivoire le Somalia.

Puso ya rona e tla tsibogela ka tsela e e maleba mme jaaka maatla a re dumelela, kgoeletso ya Kopano ya Aforika ya thuso go batho le puso ya Somalia. Se se botlhokwa mo ntlheng e, ke maiteko a a tswelelang go netefatsa gore dimelo tse di mo teng ga Somalia di momagana go fitlhelela tharabololo e e akaretsang e bile e direga, ba ikaegile ka tlhokego ya go fitlhelela poelano ya bosetšhaba. Monongwaga African Peer Review Forum e tla konosetsa tebo gape ya naga ya rona. Ke rata go tsaya tšhono e go leboga bamelao botlhe, Ditona tsa puso le mafapha, mekgatlo ya baagi le setšhaba ka kakaretso ka seabe se ba nnileng le sona mo tirong e e gwetlhang jaaka e ne e kgethegile mo temokerasing ya rona e ntšhwa. Re tla tsaya gape le dikgato tse di maleba go tsenya tirisong lenaneo la tiragatso le le tla tlhagelelang ka ntlha ya tshekatsheko ya balekane.
Go sa le jalo, re tla tswelela go dira le kontinente yotlhe le balekane ba rona ba tlhabololo go itlhaganedisa go tsenngwa tirisong ga mananeo a NEPAD.

Mo kgweding e fetileng, Aforika Borwa e simolotse leeto la tiro jaaka leloko le e seng la leruri la Khansele ya Tshireletso ya Ditšhabakopano. Re rata go ikana gore, mo boemong jwa Maaforika Borwa re tla dira sengwe le sengwe se se tlhokegang go tsenya seatla mo kagisong le tshireletsong ya boditšhabatšhaba mo mokgatlong o o tlotlegang go gaisa wa maphatamantsi.
Mo ntlheng e re tla tswelela go golagana le batho ba Palestine, Israel, Iraq, Iran le dinaga tse dingwe kwa Botlhaba-Gare le Kgogometso ya Persia. Re tla tswelela go maatlafatsa dikamano tsa rona le dinaga tse dingwe mo kontinenteng e, balekane ba rona kwa India, Brazil le People's Republic of China, le dinaga tse dingwe tsa Borwa, ga mmogo le Japan, Europe le North America.

Nngwe ya dipotso tsa botlhokwa tse re tla di lebang mo ntlheng e ke go simolola ka bonako ga ditherisano tsa Doha Development Round tsa WTO. Re na le bonnete jwa gore ditharabololo tsa mathata a a itemogelwang ga jaana di ka fitlhelelwa, le gore ke mo dikgatlhegelong tsa nako e telele tsa dinaga tse di tlhabologileng le tse di tlhabologang ka go tshwana, mo dipuisano tse di tla tlisang maungo.

Mme Sebui, Monnasetilo le Maloko a a Tlotlegang;
Fa e sale ka morero o o tlwaelegileng wa 2004, re nnile le tswelelopele e e amogelegang mo go tsweleleng go fetola Aforika Borwa gore e nne botoka. Ga re a tshwanela go nyatsa mathata a mantsi a re sa ntseng re lebagane nao.
Fela molaetsa o maitemogelo a rona a a kopanetsweng o a tlhagisang ke gore fa re dira mmogo, re ka kgona e bile re tla tswelela mo go fitlheleleng maikaelelo a a tshwanang a re a ipeetseng jaaka setšhaba - go aga botshelo jo bo botoka go botlhe, mo nageng e e sa tlholeng e na le e bile e sa emele tse di maswe e bile di sa eletsege mo setšhabeng sa batho.
Gompieno re tshwanetse go bua mmogo ka kgololosego, ka nametshego e kgolo. Re tshwanetse go dira mmogo go latelela "boitumelo jo bo ka tswang mo banneng le basading fa ba nna mo lefatsheng le le gololosegileng".
Ga re ise re goroge. Fela ga go ope fa e se rona, yo o tla netefatsang gore toro e e a fitlhelelwa. Ka jalo tla re semeleleng re dire, re tlhaloganya ka botlalo gore tiro ya go aga Aforika Borwa o re mo eletsang, ke maikarabelo a a tshwanang a rona botlhe.

Ke a leboga.

E rebotswe ke: Kantoro ya ga Moporesitente
9 Tlhakole 2007

Share this page

Similar categories to explore