Speech by MEC Mokone Collen Maine at departmental Mandela Day activities held at Picong Primary School

Dikgosi tseo di laleditsweng,
Makhanselara ao a laleditsweng,
Mogokgo wa Sekolo se se potlana sa Picong,
Tlhogo ya Lefapha, Advocate Matshidiso Mogale,
Botsamaisi jwa Lefapha,
Bana ba sekolo,
Baagi ba Taung,
Bomma le Borra.

Ke ka boitumelo jo bogolo gore re be re kopane kwano gompieno go keteka letsatsi la matsalo la mogaka wa ma-Afrika Borwa, ebong Rre Nelson Rolihlahla Mandela le lona mo motseng ono wa Picong mo Taung.

Lebaka legolo e le gore ka kgwedi ya Ngwanaatsele ka ngwaga wa 2009, lekgotla-kakaretso la Ditshaba-Kopano le ne la swetsa gore motho mongwe le mongwe mo lefatsheng o beela thoko metsotso e ka nna some-a-marataro-le-bosupa (67) go direla bangwe-ka-bone tseo di dirang pharologano mo matshelong a bone.

A ka sebaka seno ke nopole mafoko a ga Rre Nelson Mandela, a rotloetsa batho botlhe go dira pharologano go bangwe-ka-bongwe ka malatsi o tlhe, ke a nopola “We can change the world and make it a better place. It is in your hands to make a difference”.

Jaanong ka letsatsi leno fa re tshwaya le go keteka Letsatsi leno la Boditshaba-tshaba la mogaka yono, rona re le Lefapha re bone go le maleba gore re tle go tlhola le bana ba sekolo sa Picong gammogo le baago ba motse, re ntsha dimpho go neela bana bao ba dikobo di magetleng.

Motsamaisa-tiro, seno se dirwa lefatshe ka bophara go lemogwa diphitlelelo tseo di tlhodilweng ke bopelo-kgale jwa ga Nelson Mandela mo go netefatseng gore kagiso le kgololosego di a rena lefatsheng ka bophara.

Bagaetsho, re simolotse kwa motseng wa Manokwane mo mesong ya gompieno moo re neng re ya go neelana ka maikano a go tsenya ngwana yo o swetsweng ke mmaagwe beke tse pedi tse di fetileng sekolo – ka ntlha ya polao eo setlhogo ya ga mmagwe, e leng Pontsho Mogapi, ke monna wa gagwe.

Maphata mangwe a puso a ipofile gore ba tla mo tsenya sekolo go itlhela a fetsa mophato wa marematlou; le go fetela ko dithutong tse dikgolwane tsa yunibesithi. Seo se tiisa molaetsa wag a Madiba gore a re lekeng gore ka metlha yotlhe re dire pharologano mo matshelong a bangwe-ka-rona.

Ke tla kwano ke tsamaya ke patilwe ke batlhankedi ba Lefapha la Tlhabololo ya Loago, Basadi, Bana le Batho bao ba na leng bogole go tla go tlamela ka ditiro le go rebolela bana ba ka nna lekgolo ditlamelwana tsa dijo le dikobo; seo ka ntlha ya gore mariga ga a ise a ye fifing.

Ladies and gentlemen, ours is a caring government, a government of the people, for the people and by the people – it is this government that is spearheading the safeguarding and entrenching of the legacy of Dr Nelson Rolihlahla Mandela by continuing to make a difference in the lives of all those faced with abject poverty in all corners of this country and province.

Morago ga dingwaga di le some-le-borobonngwe, puso e kgonne go fetola matshelo a MaAfrika Borwa a le makgolo-makgolo ka go tlisa kgololosego, ditirelo go botlhe le botshelo jo bo botoka go na le jwa puso ya maloba ya tlhaolele le kgatelelo ya batho ba bantsho.

The ANC-led government is today proud to have delivered quality services to the people of Taung; our roads are tarred, children are being fed at schools, there is clean running water in our villages, access to electricity has been escalated in most, if not, rural areas of our province; all these to the legacy of Nelson Mandela and the ruling party.

That is why today we are gathered here in his honour, to fulfil his wish that all of us as South Africans should constantly make a difference in the lives of our kindred.

Ka mafoko a makhutswane ao, re itumeletse dimpho tsotlhe tseo lefapha le tlileng go neelana ka tsona kwano.

Ke a leboga!

Province

Share this page

Similar categories to explore