Keynote address by North West MEC for Health and Social Development, Onewang R Kasienyane during the official handing and announcement of funding to Gontlejang Disabled Club at Tlakgameng Village in Ganyesa

Moradisi
Honourable Executive Mayor for the Dr Ruth Segmotso Mompati District
Tlhogo ya Lefapha, Dr Lydia Sebego
Actino DDG for Social Development, Rre Malaka
Maloko a Khuduthamaga ya Council (MMCs) le Makhanselara a Sedika sa Dr Ruth Segomotso Mompati
Batsamaisi ba lefapha ba ba leng fano
Maloko a di-governance structures tsa rona
Badiri ba lefapha
Baithaopi le Badiri ba selegae ba Boitekanelo le Tlhabololo ya Loago
Baruti le dingaka tsa setso
Bao re leng fano ka bona, Gontlejang Disability Club
Community leaders, dikgosi tsa rona
Bagaetsho ba motse wa Tlakgameng le e mengwe e mabapi

Bagaetsho dumelang!

Gompieno ke letsatsi le le golo mono Tlakgameng. Ke ikutlwa ke le motlotlo ebile ke itumetse ka ntlha ya go re se re tlileng fa ka shone gompieno ke tiragatso ya moono wa Puso e ya rona e eteletsweng pele ke mokgatlo o mogolo wa African National Congress (ANC). Mokgatlo wa rona wa ANC o sa le go tswa kwa tshimologong o thailwe ka moono wa matlafatso ya setshaba sa rona. Ke kamoo re leng fa no gompieno, go tla go tsweletsapele matlafatso le tlhabololo ya matshelo a bagaetsho.

Re kile ra bua gape mo nakong e fitileng go re tlhabololo le matlafatso ya matshelo a batho ba rona, e ka se kgonagale fa batho ka bo bone ba sa eme ka dinao go itirela le go dirisana mmogo le puso. Go molemo thata ebile fa re bona go ema ka dinao batho ba rona bao ba golafetseng mo mmeleng. Gontlejang Disability Club, ke motlo thata ka lona! Tswelelang go nna sekai mo setshabeng, lo dire ka thata mme lo tla tswelela go bona tshegetso go tswa mo pusong le mo Lefapheng la rona la Boitekanelo le Tlhabololo ya Loago. Re fa no gompieno go tla go lo akgola, go lo tlhomamisetsa tshegetso le go lo rotloetsa.

Selo se sengwe seo se dirang go re moletlo o wa gompieno o nne molemo le go kgethega thata ke seabe le kitlano ya maphata otlhe ao a ameng go akaretsa Masepala wa Sedika. Ka jalo ke lebogela seabe le matsapa a masepala wa sedika se sa rona sa Dr Ruth Segomotsi Mompati oo eneng yare kwa tshimologong wa thusa Gontlejang Disability Club ka madi a kanag ka R94 000.00 go reka didirisiwa di tshwana le fense, di-tools tsa gadene, tanka ya metsi le tse dingwe. Se sengwe se se dirang Gontlejang Disability Club go re e be e kgethegile mo go nna ke go re ke setheo seo se simolotsweng ke baagi ka bo bone.

According to the integrated national disability strategy and the policy on disability, the Department of Health and Social Development has an obligatory function to uplift and promote the standard of living of those eligible through financial support and skill transfer that will assist persons with disabilities to achieve their maximum potential and independence.

Jaaka maiteko a go tsenya tirisong leano la bosetshaba le le kitlaneng la bagaetsho ba ba golafetseng, Lefapha le abelana semmuso gompieno ka madi a kanang ka R1.1 million le di wheelchair di le 63 go thusa setheo se sa Gontlejang Disability Club. Ke na le tshepo ya go re madi a, a tla dirisediwa tsweletso pele ya dikgatlhego tsa batho ba rona bao ba golafetseng mo mebeleng. Go seka ga nna le ope yo o tlang ka matlhale a lo aketsa a re o ka ya go tsadisa madi, kgotsa a re o tswa kwa lefapheng mme o lo thusitse jaanong a ka lo beela madi. Re lo abetse madi ka ntlha ya fa re kgathilwe ke seo lo se dirang e bile re kgatlhilwe ke leano la kgwebo (business plan) la setheo sa lona. Ka jalo madi a, aa lo tshwanela ebile ke tshepa go re lo tla a dirisa sentle. A diriseng sentle mme gape, a seka a lo lotlhaganya.

Ladies and gentlemen, according to Statistics South Africa, Census 2001 indicates that the North West province has approximately 211 244 people with disabilities and 108 000 are recipients of disability grants which is insufficient to cater for all their needs and that of their dependants. Provision of assistance in the form of financial grants promotes dependency and the involvement of people with disabilities in income generating projects will enhance their self reliance and optimal functioning and improve their income level.

Re tla tswelela ka maiteko, re ya go matlafatsa ditheo tse dingwe tsa batho ba rona ba ba golafetseng. Maikaelelo a rona ke go fitlhelela mongwe le mongwe yo o nang le bogole mo mmele le go mo dira go re a ikutlwe jaaka karolo ya Aforika Borwa yo o nyeumang ka ditshono.

We will continue to try by all means to assist and support all the other Disability Organisations in the province by among others:

  • facilitating registration for them as non-profit organisation with national office
  • development of the business plans as well as
  • profiling and soliciting assistive devices

Bagaetsho, ke lo gwetlha go re re tswelele go dirisana mmogo go tsweletsa maitlhomo a porojeke e pele, le go thusa go rekisa dikungo tsa yona mo go bagaetsho. A re e eme nokeng, segolo-bogolo mo motseng o wa rona wa Tlakgameng. Go na le dikungo tseo jaanong go sa tlhokegeng go re o di ele teropong. O ka di bona ka bogautshwane mo porojekeng.

Ke go le go ntsi moo re ka go dirang go thusa tsweletso ya batho ba rona bao ba golafetseng mo mmeleng. Ke solofela fa re tla tswelela go bona tshegetso mo Masepala wa Selegae wa Kagisano le Ba Bogosi jwa mono Tlakgameng. Go ditirelo tse di ntsi tseo re tshwanela go di kopanela segolo jang le ba South African Social Security Agency (SASSA), South African Police Services (SAPS), Lefapha la Thuto le la Botaki, Setso le Metshameko. Ke solofela go re re tla dirisana mmogo le Lefapha la Thuto go rotloetsa go re di Early Childhood Development Centers (ECDs) le dikolo tseo di na le sekema sa phepo ya bana di reke dikungo jaaka merogo go tswa mo setheong se.

Temoso Special School le yona e na le seabe se segolo seo re tla tswelelang go se ema nokeng go tswelela mmogo go matlafatsa matshelo a batho ba rona ba ba golafetseng mo kgaolong eno.

Bagaetsho, a re nneng le letsatsi le le monate.

Ke a leboga.

Province

Share this page

Similar categories to explore