Kgalema Motlanthe, go Bonno jo bo Kopanetsweng jwa Palamente, Cape Town
6 Tlhakole 2009
Mme Sepikara sa kokoano Bosetšhaba;
Rre Modulasetulo wa Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense;
Mme Motlatsa Poresitente;
Motlatsa Sepikara le Motlatsa Modulasetulo wa Lekgotla la Bosetšhaba la
Diporofense;
Moatlhodi Mogolo Langa;
Motlatsa Poresitente wa pele wa Repaboliki ya Aforika Borwa le Poresitente wa
ANC;
Ditona tsa diporofense;
Maloko a Kabinete le Dipikara tsa Dikgotlatheomolao tsa Diporofense;
Moatlhodimogolo wa pele le Batlhankedibakaedi ba pele ba Palamente;
Batlotlegi, Boemedi le Bakomišenara bagolo le batlotlegi ba baeng go tswa kwa
ntle;
Baeteledipele ba ba tlotlegang ba mekgatlho ya dipolotiki le Maloko a
Palamente, Baeteledipele ba setso;
Motlotlegi Mmatoropo wa Toropo ya Cape Town;
Baeteledipele ba sedumedi le baemedi ba setšhaba;
Makhomoreiti le ditsala;
Baeng ba tlotlego:
Ke motlotlo go bua mo bonnong jo bo kopanetsweng jwa Palamente ya Repaboliki ya
Aforika Borwa, mo tshimologong ya karolo e ya bofelo ya Palamente ya rona ya
Boraro ya Temokerasi.
Ke eme fa pele ga batho ba Aforika Borwa ka boikobo ka tšhono e ke nnileng le
yone ya go bona setulo se se kwa godimo mo nageng e le ka ntlha ya maemo a a
tshwanang a le nosi a tshweetso ya lekoko le le busang ya go ntsha poresitente
wa pele.
Sa me ke maikarabelo, mo dikgweding di le mmalwa, go etelela pele Khuduthamaga
ya Bosetšhaba mo go feleletseng taolelo e e neetsweng African National Congress
mo ditlhophong tsa 2004, le go ala motheo wa tsamaiso ya morago ga ditlhopho go
tsamaisa tiro.
Gore mo dikgweding tse tlhano tse di fetileng re bo re dirile phetogo e e
tlhamaletseng le tsweletso mo dithulaganyong tsa puso ke ka thuso ya go tia ga
tsamaiso ya rona ya molaotheo, e bontlha bongwe ba yone bo bonalang mo
tirisanommogong ya maloko a Khuduthamaga â a bogologolo le a maÅ¡wa â le seatla
se se nonofileng sa balaodi ba lephata la puso.
Fa re leba dingwaga tse di sometlhano tse di fetileng, ke rata go lebogela
boineelo le go dira ka natla ga Boporesidente Nelson Mandela le Thabo Mbeki le
basadi le banna ba bangwe ba bantsi ba ba nnileng le seabe mo go eteleleng pele
puso ka fa tlase ga temokerasi: mo Khuduthamageng le botsamaisi, le
dikgotlapeomolao go kgabaganya makala a le mararo a puso le Boatlhodi; ka
keletso ya go tokafatsa boleng jwa matshelo a ma-Aforika Borwa otlhe.
Godimo ga moo, ke ema fa pele ga lona ka boikgantsho le go itshepa ka gore
Aforika Borwa o re o ketekang gompieno â yo o farologaneng go tswa mo
dikgaoganong, kgotlhang le go kgapelwa thoko mo dingwaganyaneng tse sometlhano
fela tse di fetileng â ke dipoelo tsa matsapa a banna le basadi ba ma-Aforika
Borwa go tswa mefameng yotlhe ya botshelo.
a-Aforika Borwa a emelela tsholofelo le le boitharabologelo jo bo bontshang
setšhaba sa rona.
Mo gare ga kokoanong e ntle ya ma-Aforika Borwa go na le maloko a Palamente ya
rona ya temokerasi ba ba re tlogetseng go tloga ka kgwedi ya tlhakole e e
fetileng mme re batla go ba laela. Bone ba akaretsa Brian Bunting, Billy Nair,
Ncumisa Kondlo, John Gomomo, Joe Nhlanhla, Cas Saloojee, John Schippers le Jan
van Eck.
Mo go bone, ke rata go tlaleletsa ka Ms Helen Suzman, mo-Aforika Borwa yo o
kgethegileng, yo o emetseng meetlo ya Palamente e ntšhwa mo pakeng ya palamente
ya maloba.
Ke bone ba le baratagaabo ba bangwe ba ba tshwanetseng go bona tlotlomatso e
kgolwane fa re bega gore â le fa go na le difefo tse di fokang mo ikonoming ya
rona, diketsaetsego tsa sepolotiki tse di ka farafarang mogopolo wa setšhaba ka
nako ya diphetogo â setÅ¡haba sa rona se mo maemong a a siameng.
Fela, ga re a tshwanela go nyatsa dikgwetlho tse re lebaneng le tsone. Go wa ga
ikonomi ya lefatshe go tlisa dikotsi tse di boitshegang mo ikonoming ya rona mo
mabakeng a go latlhegelwa ke ditiro le boleng jwa botshelo jwa batho ba
rona.
Ka tlhago, ketsaketsego ya phetogo mo dipolotiking e ka tlisa dipotso tse
dintsi go feta ka moo go ka arabiwang jaanong.
Ka ntlha ya seo, bangwe ba rona ba ka gakiwa ke makhubu a phetogo a bosa jwa
dintelo le go sekamela mo go tsone diphefo tse tsa maemo a ikonomi le
polotiki.
Fela la rona ke leeto le le nang le tsholofelo le boitsharabologelo.
Gape re ka re, ka bonako jo bo makatsang, dintlha tse dintsi tsa taelo ya
molatheo wa rona di lekilwe mo nakong e e fetileng, mme mongwe le mongwe wa
bone o falotse teko go bontsha temokerasi e e itharabologelang thata.
Temokerasi ya rona e itekanetse. E ntse e tia, e tshegetswa ke Molaotheo o o ka
se tshwantshanngweng le sepe mo lefatsheng.
Ka nnete, go anama ga dipuisano tsa rona tsa sepolotiki ka paka e ya kgaisano
ya ditlhopho â tseo botlhe re dumelang fa e tshwanetse go nna le seriti le
kagiso â ke bonnete jo bo totobetseng jwa go tswelela go nna teng le go tia ga
temokerasi ya rona.
Ke batho ba Aforika Borwa ba ba netefaditseng tswelelopele ya yone; mme ke bone
bao ba tla sireletsang temokerasi ya rona mo dingwageng tse di tlang.
Ntetle, Mme Sepikara le Modulasetulo, mo lebakeng le go kopa ma-Aforika Borwa
otlhe a a tshwanelang ke go ikwadisa le go bouta mo ditlhophong tse di latelang
tsa bosetšhaba le tsa porofense, gore re kgone go ithulaganyetsa kwa re yang
teng rona ka borona.
Re tshwanetse go dira se letsatsi lengwe le lengwe mo diofising tsa mmasepala,
pele lenaane la batlhophi le tswalelwa. Gape re tshwanetse go dirisa tšhono ya
ikwadiso e e kgethegileng e e rulaganyeditsweng mo bokhutlong jwa beke ke
Khomišene ya Ditlhopho ya Aforika Borwa (IEC) ka moso le ka Sontaga, ka di 7 le
8 Tlhakole ka go latelang.
Gape ke rata go dirisa tšhono e go tlhagisa gore mo matsatsing a le mmalwa a a
tlang ke tla wetsa dipuisano le Khomišene ya Ditlhopho le Ditona tsa
Diporofense le go itsise letlha la ditlhopho.
Maloko a a Tlotlegang
Re tlhoka go akgola jaaka re le temokerasi batho ba Aforika Borwa bao, ka di 27
Moranang 1994, lwa ntlha ka bongwefela ba itiretseng kwa ba ba tlang go ya
teng/isago.
Ka kgato e e bonolo fela e le botlhokwa ya go boutela puso ya batho botlhe ba
naga, re furaletse tse di kwa morago tse di sotlileng ba botlhe.
Ka jalo go matshwanedi gore mo tirong e go keteka segopotso sa bo 20 sa go
amogela Boikano jwa Komiti ya Nakwana ya (OAU) mo Borwa jwa Aforika mo Ntlheng
eo Aforika Borwa e e amogetseng ka Phatwe, 1989 â gape bo tlwaelegile e le
Boikano jwa Harare.
Itshimololelo e e adile motheo wa tumelelano ya lefatshe ka bophara, go ya ka
United Nations, ka ga mokgwa wa ditherisano mo Aforika Borwa.
Mo Aforika Borwa, e tlhaloswa gape ke diteng tsa Khonferense ya 1989 ya
Bokamoso jo bo nang le Temokerasi â bo tlisa kopanya baratagae go tsweng mo
mefameng yotlhe ya botshelo.
Tsotlhe tse di dirile gore go nne le tsamaiso ya ditherisano tse di re isitseng
kwa ditlhophong tsa ntlha tsa temokerasi ka 1994.
Mo ntlheng e, re tshwanetse go akgola moswi Poresitente wa African National
Congress, Oliver Reginald Tambo, ka a simolotse le go lekeletsa go ya ka
mekgatlho ya mo kontinenteng le mo lefatsheng se e feleleditseng e le
thulaganyo ya tharabololo ya kagiso ya kgotlhang mo nageng ya rona.
Kgato e e masisi eo ya go dira letlhomeso le le tla dirang kagiso le poelano,
mo lefelong la ntwa le kgotlhang, le buseditse morago bosula ba dingwaga tse di
lekgolo tse di fetileng: ke gore, go dira Mokgatlho wa Bosetšhaba ka 1909 yo o
lerileng go tlhamiwa ga Kopano ya Aforika Borwa.
Le fa Mokgatlho o o tlhalosa go tshwaragana ga Aforika Borwa jaaka re go itse
ga jaana, go ne go lebisitswe mo kgatelelong go ya ka merafe le go kgapelwa
thoko.
Jaanong, dingwaga tse 15 mo temokerasing ya rona, re ka netefatsa gore poifo,
go tlhoka tshireletsego le o okaoka mo dingwageng tse 100 tse di fetileng go
bakileng kagiso e e tlhaolang e bile e le ya maithamako mo beng ba
bokoloniale,se se ne se sa utlwagale; e bile se dirisiwa botlhaswa.
Dipoifo tseo le go tlhoka tshireletsego go lerile dingwagasome tsa
kemokgatlhanong. Mo ntlheng e, re akgola morwa yo o sebete wa batho ba rona,
Solomon Kalushi Mahlangu yo o neng a ya go kalediwa dingwaga tse 30 tse di
fetileng, a sa belaele sepe, ka kitso ya boikgantsho jwa gore madi a gagwe a
tla nosetsa setlhare sa kgololosego.
Ntetleleleng go amogela Lucas Mahlangu, mogoloe Kalushi, yo o emetseng ba
lelapa la Mahlangu.
Solomon Mahlangu o ne a tsweletsa moetlo wa masole a ngwaga o o fetileng,
magareng ga bone re balela bao ban eng ba le ka fa tlase ga Kgosi Cetshwayo yo
ka 1879 a fentseng masole a Borithane kwa Isandlwana, a sireletsa kgololosego
ya batho ba naga ya rona le go ikemela ga mafatshe a bone.
Fa morago ga dingwaga di le 130, re ka ikgomotsa ka tsholofelo le
boitharabologelo jo bo neng jwa tsena mo dipelong tse di tiileng tsa
bone.
Mo ditikwatikweng tsa thuto, kemokgatlhanong eo e bakile go gana ka mogoso ka
nako ya mariga morago ga go iletsa mokgatlho wa kgololosego le go golegwa ga
bontsi jwa baeteledipele ba bagolwane ba one.
Setlhopha sa baithuti ba digatlhamela masisi se ne sa tswa NUSAS go tlhama
Mokgatlho wa Baithuti wa Aforika Borwa (SASO) mo dingwageng tse 40 tse di
fetileng.
Mo setlhopheng se go nnile le baeteledipele ba pele ba SASO, ba ba akaretsang:
Strini Moodley, Professor Barney Pityana, Steve Biko, Onkgopotse Tiro, Harry
Nengwekhulu, Themba Sono, Mapetla Mohapi, Mosioua Lekota, Johnny Issel le
Mthuli ka Shezi. Re a ba akgola, ka gonne ba tlisitse tsholofelo mo nakong ya
go latlhegelwa ke tshepo. Mo lebakeng le, ke rata go amogela ntsalagwe
Onkgopotse Tiro, Pat Tlhagwana.
Gape mo lebakeng le re rata go amogela yo o re tlogetseng Ephraim Mogale,
poresitente e e simolotseng Mokgatlho wa Baithuti ba Aforika Borwa dingwaga tse
30 tse di fetileng (Cosas), le balekana nae.
Mo go gopoleng baithuti ba ba ngwaga e e fetileng go na le molaetsa o o renang,
o o tiisang lenyora la tokologo le kitso mo tlhokomelong ya bašwa ba
rona.
Molaetsa wa ditiro tsa rona tsa bogaka o bontsha bonnete gompieno fela jaaka mo
dingwageng tse dintsi tse di fetileng, gore mmogo re godise ditšhono; gore ka
nnete, go ya ka mafoko a Tšhata ya Kgololosego, re bule thata "dikgoro tsa
thuto le ya setsoâ!
Re gopola mekgatlho le baeteledipele ba go rotloetsa mowa wa tsholofelo le
boitharabologelo e e tsweleleditseng kgaratlho ya temokerasi le fa go ne go
sena tsholofelo; go go tlhagisa maikarabelo a a mo magetleng a rona go
tsweletsa dikakanyo tse bontsi bo di lwetseng, ba gana go fenngwa ke
dikgoreletsi le mathata.
Ka jalo, Mme Sepikara le Motlotlegi Modulasetulo, ra tshwanetse go ipotsa gore:
ditiro tsa rona di tlhalositse jang tsela ya phetogo mo setšhabeng sa Aforika
Borwa mo dingwageng tse sometlhano fa e sale go tsweng botsalo jwa temokerasi;
le gore re tsweleditseng jang tlhabololo ya batho le seriti sa botho fa e sa le
taelo ya temokerasi ya 2004!
Gompieno re na le thulaganyo e e dirang sentle ya temokerasi, e e dirang go ya
ka melawana ya go tlhoka bofitlha le go se fitlhe sepe, e na le mekgwa e le
mmalwa ya go tsaya karolo ga setšhaba le ditheo tse di ikemetseng tse di
laetsweng ke Molaotheo go tshegetsa temokerasi.
Mo dingwageng tse di fetileng, re ntse re tokafatsa dibopego tsa puso. Re agile
thulaganyo ya dikgokagano tse di siameng tsa go kgabaganya makala a puso le
kgolagano e e tokafetseng magareng ga one.
Go ntse jalo, puso e ka ipela gore re fetotse sebopego sa temokerasi ya tirelo
puso, e mo maphateng a otlhe e emeletseng mokgwa wa setšhaba sa rona.
Le fa go le jalo, fa basadi ba emetse 34% ya ditiro tsotlhe tse di kwa
godingwana mo tirelo pusong, se se sa ntse se le kwa tlase ga seelo sa
tekatekano e re neng re ipeetse yone.
Mo maemong a dikgotlapeomolao tsa bosetšhaba le diporofense, go bontsha gore mo
ngwageng ono setšhaba se tla tokafatsa 32% ya kemedi ya bomm? e e
fitlheletsweng ka 2004 e bile re solofela gore, le 40% e e fitlheletsweng ka
2006 mo ditlhopong tsa pusoselegae.
Re solofela gore makoko otlhe a dipolotiki, fa a ntse a feleletsa go baakanya
manaane a ditlhopho, a tseye se tsiya!
Le fa go nnile le tswelelopele nngwe, ka 0,2%, maemo ga a itumedise sentle
mabapi le batho ba ba sa itekanelang mo mmeleng ba ba thapilweng ke puso, fa go
bapisiwa le phitlhelelo ya 2% e re neng re ipeetse yone.
Mo mabakeng a mabedi a, setheo sa poraefete se saletse kwa morago thata.
Go tserwe dikgato tse di farologaneng go tokafatsa nonofo ya bodiredi puso go
akaretsa tsamaiso ya matlole, Ditikwatikwe tsa Tirelo tsa Thusong, le
boitlhamedi jwa thebolelo ya ditirelo, izimbizo le, ga jaana mo Lefapheng la
Merero ya Selegae, boeteledipele jo bo tiileng.
Le fa go le jalo, go sa ntse go na le tiro e ntsi e e tshwanetseng go dirwa go
tokafatsa mokgwa wa tirelo le go kaela badiredidipuso bangwe, segolobogolo bao
ba dirang le setšhaba ka tlhamalalo.
Jaaka Maloko a a Tlotlegang a itse, puso ya rona e dirile go lwantsha bobodu e
nngwe ya dintlha tsa botlhokwa.
Se se tlhageletse, magareng ga tse dingwe, mo peomolaong, melaong le melawaneng
e e busang badiredipuso le boradipolitiki, dikamano le setšhaba le dikgwebo,
gammogo le megala e go begiwang bobodu mo go yone.
Gape e ka nna gore dithulaganyo tse di thibelang le go otlhaela bobodu di sa
ntse di sa lekana; fela go tswa mo ntlheng ya dithulaganyo tsa puso, re ka
ikgotsofatsa ka gore mo dikgetseng tse di fetang 70% tsa bobodu tse di
begilweng mo bobegakganyeng di tswela mo pepeneneng ka ntlha ya fa puso e e
lemogile ditlolomolao mme e tsaya dikgato kgatlhanong le seo.
Dikgwetlho tseno di ntse di itemogelwa ke setheo sa poraefete. Kwa bofelong,
kgwetlho ke ka ga taolo; fela jaaka go tshwanetse go nna le kobamelo e e
tlhomameng.
Maloko a a Tlotlegang;
Ke tshepa gore re a dumelana gore go itekanela ga setšhaba sa rona go ikaegile
ka, segolobogoIo, ka tswelelopele e re e dirang mo go godiseng khumo ya
setšhaba le go netefatsa gore ditshiamelo tsa kgolo ya ikonomi di abelanwa ke
batho botlhe.
Go totobetse gore, fa morago ga go se tswelele ga ikonomi ga dingwaga tsa
bofelo tsa 1980 le tsa ntlha tsa 1990, Aforika Borwa e itemogetse paka e telele
ya kgolo e e tswelelang ya ikonomi fa e sale go kwadiwa ga dipalopalo tse di
jalo tse di simolotsweng ka 1940.
Mo Pakasomeng ya Ntlha ya Temokerasi, kgolo ya ikonomi e nnile 3% ka ngwaga,
mme e ya tokafala go nna 5% ka ngwaga go tloga ka 2004 go ya go 2007.
Fa kgolo ya badirisi, e e bakwang ke go gola ga ditiro le lotseno le
infoleišene e e kwa tlase le dikelo tsa morokotso, e na le seabe se segolo mo
ntlheng e, re rotloediwa ke go raopa go go anameng ga ditšhono go tsweletsa go
golela pele.
Tseno di akaretsa, lwa ntlha, dikelo tse di kwa godimo tsa tsalo mo maphateng a
puso le a poraefete. Mo ntlheng e, mo dingwageng di ka nna tlhano tse di
fetileng, re ne re palelela mo go 16% ya tlhamo ya kapitale ya kerose e e
tlhomameng e le peresente ya Gross Domestic Product (GDP). Seo e nnile
potlakiso mo tsadisong e gompieno e leng 22%, e e gaufi le 25% e re e
ikaeletseng go e fitlhelela ka 2014.
Se ke karolo ya ditlamorago tsa manaane a a simolotsweng ke puso a go atolosa
mafaratlhatlha a botlhe.
Gape ke ditlamorago tsa dipholisi tsa go tokafatsa maemo a ditsadiso tsa setheo
sa poraefete; gape go dirisa pholesi ya sekgwama sa madi a puso le madi ka
mokgwa o o atolosang phitlhelelo go ditirelo le go fokotsa morwalo wa
infoleišene gape le go netefatsa go tlhomama le go tswelela go nna teng ga
ikonomikgolo.
Tsepamelo mo go fetoleng ikonomipotlana mo pakasomeng e e fetileng, le matsapa,
segolobogolo go tloga ka 2004, ka thulaganyo ya go tlosa dikgoreletsi tsa
kgolo, e atlegile thata.
Ke ka ntlha ya se gore Leano la Potlakiso le Kabelano ya Kgolo (AsgiSA) le bo
le tlhomilwe, go netefatsa gore dikgoreletsi tsotlhe tse dikgolo jaaka go sa
tswelele ga dithulaganyetso, dipholesi le manaane a diintaseteri tse di
kopantsweng, go tlhokega ga bokgoni, mekgwa ya go laola le ditirelo tse di
siameng tsa puso di sekasekiwa ka mokgwa o o tlhomameng e bile o
rulagane.
Ikonomi ya rona e bulegile thata, mme fa e sale ka 1994, e tseneletse mo
thulaganyong ya lefatshe ka bophara. Ditheo tsa rona tsa matlole ke dikao tse
di siameng tse ka mokgwa mongwe di re sireleditseng mo dintelong tsa ikonomi ya
lefatshe ka bophara.
Fela, go e fitlhelela ga setšhaba sa rona, go sa le kgakalanyana. Ikonomi ya
rona e ikaegile thata mo diromelwantleng tsa meepo le temothuo. Ntle ga setheo
sa ditirelo, ga re ise re bone kgolo e e maatla mo ditheong tsa botlhokwa,
segobogolo sa ditlhagiso.
Ka jalo, kelo ya kgolo mo diromelwantleng ga ise e nne kwa godimo fa e bapisiwa
le dinaga tse dingwe. Ke bone bokoa jo bo bakileng tlhaelo e kgolo mo
Akhaontong ya Current segolobogolo fa re tsena mo kgolong ya ditlhopha tse
kgolwane.
Ka ntlha ya fa re na le kelo e e kwa tlase ya go boloka, re ne ra tshwanela ke
go ikaega ka madi ya pakakhutshwane go duelela go tlhaela ga ditšhelete gammogo
le manaane a rona a tsadiso.
Tse ke dikgwetlho tse naga ya rona e tla tshwanelang go di rarabolola go
tswelela pele.
Sa botlhokwa thata ke potso e: totatota kgolo ya ikonomi e tshwanetse go nna ka
ga eng? Khumo e diriwa gore e tokafatse boleng jwa matshelo a batho.
Ka jalo, potso ya gore a kgolo e abelanwa ka go lekalekana e tshwanetse go nna
kwa setlhoeng mo mabakeng otlhe a ikonomi.
Sa botlhokwa, go abelana ditshiamelo tsa kgolo go tshwanetse go akaretsa go
thapa badiri, go netefatsa gore go na le ditiro tsa maemo a a siameng.
Ke nnete, go totobetse gore magareng ga 1995 le 2003, ikonomi e bakile ditiro
tse dintšhwa di ka nna milione o le mongwe le halofo; e bile se se itumedisang
thata, ditiro di ka nna 500 000 ka ngwaga magareng ga 2004 le 2007.
Mo pakeng e, ke la ntlha fa e sale go bonwa ga temokerasi, ditiro tse dintsi di
tlhamilwe go feta batho ba bantšha ba ba neng ba simolola go dira, mme seo sa
fokotsa kelo ya botlhokatiro go tloga go 31% ka 2003 go ya go 23% ka
2007.
Ee, se ga sa tshwanela go sutisa mo boitlamong jwa rona jwa go tsweletsa go
sekaseka boleng jwa ditiro tse, go akaretsa ditshwanelo le ditshiamelo tsa
badiri.
Go abelana ditshiamelo tsa kgolo go akaretsa go potlakisa go tsenyatirisong
lenane la dikgato tsa go lere tekatekano mo tirong, go akaretsa Matlafatso e e
Atolositsweng ya Ikonomi ya Bantsho.
Se ga se go tsweletsa morero wa tlhaolele ya semorafe. Mo nneteng, naga e e sa
netefatseng go akaretsa batho ba yone botlhe mo maemong otlhe a ditirotiro tsa
ikonomi e tlile diragatsa kwa tlase ga fao e neng e ka diragatsa.
Ntlha ya gore setheo sa poraefete se saletse morago mo go fetoleng dipalopalo
tsa ditiro tsa bolaodi le bokgoni, mo tlhabololong ya dikgwebo jalo le jalo, di
dira gore naga ya rona e salele kwa morago mo maphateng a kgolo e e kwa
godimo.
Go abelana ditshiamelo tsa kgolo gape go kaya gore go na le seabe se se siameng
e bile se na le tekatekano mo pusong mo go diriseng matlole jaaka sediriso sa
kabosešwa le kabelano ya morwalo wa go neelana ka dithoto tsa setšhaba.
Maloko a a Tlotlegang a itse bontsi jwa tshedimosetso ka mabaka a a amanang le
tuelo ya loago. Fela ke tla ama dikao di le mmalwa gape go thadisa tswelelopele
e re e dirileng le dikgwetlho tse re lebaneng le tsone.
Puso e itse sentle gore botlhoki jo bo tseneletseng bo sa ntse bo le teng mo
setšhabeng sa rona, le gore maemo a go tlhoka tekatekano a kwa godimo.
Mo dingwageng tse 15 tse di fetileng re dirile ka natla go lwantsha se ka go
neelana ka tuelo ya loago. Ke tlhagisa tiro e e dirilweng ke setlhopha sa
barutegi kwa Yunibesithing ya Stellenbosch, e e eteletsweng pele ke Professor
Servaas van der Berg:
âLwa ntlha, botlhoki jwa tÅ¡helete bo ile kwa tlase thata fa e sale tshimologo
ya ngwagakgolo. Phokotsego e e bakilwe ke katoloso e kgolo ya ditshenyegelo tsa
tuelo ya loago go tloga ka 2002 go ya pele. Tokafalo e e bonala mo go
fitlheleleng ditirelo tsa motheo â phokotsego ya ka bonako mo botlhoking jwa
dithoto e bile e tlile pele ga botlhoki jwa madi. La bobedi, le fa diphokotsego
mo botlhoking e nnile tse di kwa godimo, selekanyo sa go tlhoka tekatekano se
oketsegile mo dingwageng tsa bo 1990. La boraro, dipharologanyo tse di kayang
mekgwa ya botlhoki le tekatekano di tlhomamisa tebo e e sephara ya pholisi
â¦Botlhoki bo ile tlase fa e sale phetogo, fela ...go tlhoka tekatekano ga go a
tokafala.â
(Botlhoki fa e sale phetogo: Se re se itseng, tsebe8: van der Berg et al,
August 2007)
Mo tshekatshekong e e tseneletseng, babatlisisi ba bone fa:
ââ¦Magareng ga malapa go akaretswa bana (ba ba tlhalosiwang e le ba
dingwaga tse 17 go ya tlase), palo ya malapa a a begang fa ngwana a tshwarwa ke
tlala e ile kwa tlase thata (go tloga ka kwa godingwana ga 31% go fitlha go
16%) magareng ga 2002 le 2006. Se se tshisinya gore maemo a botlhoki a
tokafetse thata, segolobogolo magareng ga batho ba ba itemogelang go tlhoka go
go kwa godimo ga tlhokomelo. Go nna teng ga tlala mo baneng go fokotsegile ka
halofo mo dingwageng tse nne.â
Botlhoki fa e sale phetogo: Se re se itseng, tsebe 25: van der Berg et al,
August 2007)
Go ntse jalo, maitemogelo a a tlhomamisiwa ke patlisiso ya rona, e e bontshang
fa botlhoki jwa lotseno, segolobogolo magareng ga setšhaba sa Bantsho le
Bammala, bo fokotsegile, e le ka ntlha ya dikelo tse di kwa godimo tsa tiro le
go fitlhelela dituelo tsa loago. Le fa palo ya batshola ditshiamelo ba dithuso
e ne e le dimilione di le 2,5 ka 1999, ka 2008 e ne e tlhatlogetse go
12,4-million.
Se ke ka ntlha ya katoloso e kgolo ya go fitlhelela Thuso ya Tshegetso ya Bana,
e e oketsegileng go tswa go batshola ditshiamelo ba le dikete tse 34 ka 1999 go
fitlha go ba le dimilione di le 8,1 ka 2008.
Jaaka karolo ya go nna le seabe mo lotsenong lwa batlhoki, ditšhono tsa tiro
tse di neng di totilwe di le milione o le 1 go ya ka Lenaneo la Katoloso ya
Ditiro tsa Setšhaba le ne la fitlhelelwa ka 2008, ngwaga pele ga o o neng o
lebeletswe go ya ka taolelo ya ditlhopho tsa 2004. Se se bakile kgonagalo e
kgolo ya go atolosa lenaneo le le go tokafatsa boleng jwa lone.
Mabapi le go fitlhelela ditirelo tsa motheo tsa lelapa, dipalo di a itlhalosa.
Sekao, go fitlhelela metsi a a nowang go tokafetse go tswa go 62% ka 1996 go
fitlha 88% ka 2008; motlakase (58% go fitlha 72%); mme kgeleloleswe (52% go
fitlha 73%).
Bopaki jwaa tuelo ya loago bo bonwa gape mo ditokafalong tse di kwa godimo mo
go fitlheleleng ditheo tsa motheo tsa boitekanelo. 95% ya ma-Aforika Borwa ba
nna mo sekgaleng sa dikilomitara tse 5 tsa setheo sa boitekanelo, gape re
itsisitswe fa ditliliniki tsotlhe di na le metsi a a nowang. Lenane la go
entiwa ga bana le okeditswe ka 85%; mme dikgetse tsa malaria di ile tlase
thata.
Gape re kgotsofadiwa ke gore patlisiso mo go nneng teng ga HIV go supa go
tlhomama le go fokotseganyana mo dikelong tsa tshwaetsego.
Go feta moo, lenaneo la kalafi ya sethibela ketegelo ga le le golo fela mo
lefatsheng; mme le ntse le gola ka dinako tsotlhe, le na le balwetse ba ba
fetang 690 000 ba ba setseng ba akareditswe mo kalafing ya sethibela ketegelo
fa lenaneo le sa le le simolola.
Le gale ditheo tse dintsi tsa boitekanelo ga di na melemo e e tlhokegang,
badiri ba ba tshwanetseng, le go nna teng ga ditirelo tsa motheo jaaka metsi a
a phepa le motlakase ka dinako tsotlhe. Mo go tse dingwe tsa ditheo tse,
bolaodi jo bo sokameng le badiri ba ba se nang maikaelelo ba tlhoka go
tlhabololwa.
Mo thutong, re bona kwelotlase mo tekatekanong morutisi: moithuti; go batlile
go nna le phitlhelelo e e akaretsang go ya ka go ikwadisa ga barutwana ba
poraemari; le tokafalo mo palong ya baithuti ba ba falolang dipalo, go neelana
ka dikao di le mmalwa.
Go ntse go le jalo, matsapa a mantsi a tserwe go tokafatsa mafaratlhatlha kwa
mafelong a a tlhokang.
Ee, re a itse gore ba ba tlogelang go ithuta segolobogolo mo maemong a magareng
le magolwane go kwa godimo thata, mme thulaganyo ya thuto e tshwanetse go
tlhagisa mefuta ya bokgoni e e tlhokwang ke setšhaba.
Mo godimo ga fao, mekgwa ya tiragatso, mo go tsa go ruta le go ithuta, e
bontsha go tswelela go go tshwenyang ga dikaroganyo tsa loago tsa nako e e
fetileng.
Se se gakgamatsang, moo thuto e batlegang thata teng go thusa go fedisa go
tswelela ga botlhoki, ke koo maitemogelo a dithulaganyetso, tsamaiso le thuto
di sa kgatlhegelweng.
Mananeo a puso a loago le one a tokafaditse dithoto tsa motheo tsa batlhoki, mo
sebopegong sa matlo â ka go neelana ka matlo a a etleeditsweng a le dimilione
di le 2,6.
Re tshwanetse go amogela gore lenaneo la kabosešwa le tshegetso ya morago ga go
fiwa bonno di ka bo di diretswe ka bonako le botoka.
Ka kakaretso, re motlotlo ka tswelelopele e e mo mananeong a rona a loago. Fela
re ka se ikgotsofatse fela ka phetogo fela ya dilo tse re di balang.
E ka nna mo thutong, tsa matlo, metsi kgotsa kgeleloleswei, potso ya botlhokwa
e e re lebileng letsatsi le letsatsi ke gore re ka tokafatsa jang ditirelo tse!
Mo lebakeng le re sa ntse re na le tsela e telele e re tla e tsamayang.
Maloko a a Tlotlegang;
Bosenyi jo bo boitshegang e ntse e le motswedi o mogolo wa go tlhoka
tshireletsego ya ma-Aforika Borwa. Maitemogelo a letsatsi le letsatsi, mo
merafeng e e tlhokang le e e itsholetseng ka go lekana, ke e nngwe ya
matshosetsi a a bakang tlhaselo.
Mo gare ga ditheo tsa puso le tsa poraefete, kgonagalo ya go runya ga dikema
tse di seng ka fa molaong tse di senyang didiriswa ka bobodu, ke tlhoba boroko
e kgolo.
Ee, kelo ya bosenyi ka kakaretso, le fa re buile ka 2002, e wetse tlase ka
tlhomamo. Dipalopalo tsotlhe di ka tlhagisiwa go netefatsa se.
Fela re a itse gore phokotsego e ntse e sa diragale ka bonako, le fa e le ka
kelo ya 7-10% e re ipeetseng yone mo ditlhopheng tse di farologaneng tsa
bosenyi. Ntlha ya gore go kgothosa mo malapeng le dikgwebo di ntse di oketsega;
le gore bosenyi kgatlhanong le basadi le bana ga di ise di fokotsege ka mokgwa
ope, ke tlhoba boroko.
Se se bontsha makoa mo boagisaning jwa rona, segolobogolo mo go ageng dikamano
tshwaraganyo ya setšhaba tse di tla re thusang go thibela le go lwantsha
bosenyi. Go bontsha thulaganyo ya makoa a thulaganyong ya bosiamisi ya bosenyi,
go simolola ka go tlhotlhomisa bosenyi go fitlha ka go kgopholola basenyi. Go
bontsha makoa mo go tsamaiseng sentle tsamaiso ya kgotlatshekelo, mo ntlheng ya
setegeniki le dithulaganyetso tse dingwe le bolaodi.
Tse ke dintlha tse phetolo e kgolo e thulaganyo ya bosiamisi jwa bosenyi e
tshwanetseng go di lebelela.
Fela, fa re ipatlisisa, re tshwanetse go se lebale ntlha ya gore re sekaseka
thulaganyo e e nale le, thata le gone, taolo e e botoka go feta e e kileng ya
nna teng mo nageng.
Se ke ka ntlha ya diphetogo tse di diragetseng mo ditheong tse, go ya ka meono
ya tsone ya mokgwa wa ditshwanelo tsa botho, dipalopalo tsa bone, le
dithulaganyo tsa bone tsa maikarabelo.
Fela tla re sekeng ra itomeletsa: jaaka botshelo jwa rona jotlhe jwa loago,
phetogo e e jalo e sa ntse e le mo dikgatong tsa motheo. Re sa ntse re na le
loeto lo loleele.
Ke na le bonnete ba gore Maloko a a Tlotlegang a tla dumela gore batho ba ba mo
pakeng ya rona ya temokerasi ba tshwanetse go bona tlhaloso fao re tla kgonang
go thusa ba ba sa sireletsegang mo setšhabeng.
Mo ntlheng e, go ya ka peomolao, mekgatlho ya boditšhabatšhaba, melawana le
matsholo a netefaditse gore matsapa a bonalang a tsewe go tokafatsa maemo a
bana, basadi, le batho ba ba nang le bogole le bagodi.
Ka matsholo a tshegetso le ka ntlha ya dikamano tse re di dirileng le mekgatlho
e e emelelang ditlhopha tse di sa sireletseng tse, re tokafaditse go dira
temoso ka ga dintlha tse di ba amang; gape re tsweleditse go rotloetsa go
rulaganya sentle matshwenyego a.
Ke ka boipelo gore, sekao, malapa a a eteletsweng pele ke basadi a amogetse
tekanyetso ya kabelo e e kwa godingwana ya tuelo ya loago go akaretsa matlo le
tlhokomelo ya boitekanelo; le gore magareng ga bontsi ba mananeo a mantsi a a
atlegileng go nnile le matsholo ka ga tshoutiso ya bana le phepo ya dijo.
Mme go fitlhelela tiro go wela thata mo basading ba kwa magaeng, baša le batho
ba ba nang le bogole. HIV e ama thata basadi ba baša. Go sotlakakiwa ga basadi
le bana go kwa godimo thata.
Ditiro tsotlhe tse ke tsa paka e e tlang.
Mme Sepikara le Modulasetulo yo o Tlotlegang;
Tse ke tsone ditsweletso tse temokerasi e di tlisitseng; le tsweletso e puso e
e dirileng mo go diragatseng taelo ya ditlhopho.
Go ka se sepe sepe gore, ka mokgwa ofe kapa ofe, tsweletsopele e e dirilweng fa
e sale 1994 e nnile e e itumedisang. E bile ga go belaetse gore dikgwetlho
tsone e ntse e le tse kgolo.
Go matshwanedi gore re ikgopotse go nna le tsholofelo le boitharabologelo,
tsweletso le phetogo, go ya ka Poresitente wa pele Nelson Mandela, mo
bayokerafing ya gagwe, Long Walk to Freedom:
"Ke tsamaile tsela e telele go ya kgololosegong. Ke lekile go se boife; ke
fositse dikgato tse dingwe mo tseleng. Fela ke bone sephiri sa gore fa o fetsa
go palama thota e kgolo, ke gone o lemogang gore go sa ntse go na le dithota
tse dingwe go palamiwa. Ke tsere sebakanyana fa go ikhutsa, go leba pono ya
kgalalelo e e mpotologileng, go leba sekgala se ke se tsamaileng. Fela nka
ikhutsa fela sebakanyana, ka gonne kgololosego e tla le maikarabelo, mme ga ka
tshwanela go diega, ka gonne loeto lo lo telele ga lo ise lo fele."
Mo dikgweding di le mmalwa go tloga jaanong batho ba naga ya rona ba tla
itsagatse boeteledipele jo ba bo ratang go diragatsa tiro ka boikobo ya
molwelakgololosego yo mogolo yo, le ba bangwe ba ba simolotseng temokerasi ya
rona.
Le fa mekgwa e re e dirisang e ka farolagana, maikaelelo a re batlang go a
fitlhelela a tlhagisitswe sentle kwa ntle ga go sekamela gope mo Molaotheong wa
rona: go bopa setšhaba se se kopaneng, se se na bosemorafe, se sa kgetholole go
ya ka bong, e le sa temokerasi e bile se tsweletse pele go nna le seabe se se
siameng mo go ageng lefatshe le le botoka.
Mo dingwageng tse thataro tse di fetileng, baeteledipele ba batho ba rona ba ne
ba kopana kwa Pitsokgolong ya Kgolo le Tlhabololo mme ba fitlhelela tumelano ka
ga ditiro tsa rona rotlhe go tokafatsa boleng jwa matshelo a ma-Aforika Borwa,
segoloboglo go fokotsa botlhokatiro le botlhoki ka halofo ka 2014. Tse di
akaretsa:
* go tlhama ditiro tse dintsi, ditiro tse di botoka le tse di bonalang go
botlhe ka dikelo tse di kwa godimo tsa tsadiso, mananeo a ditriro tsa setšhaba,
dikamano le maano a setheo, go thapa mo gae, go rotloetsa dikgwebopotlana le
tshegetso ya ditlamo;
* baakanya kgwetlho ya tsadiso ka go tokafatsa dipoloko, go aba sentle
didiriswa go tswa mo matloleng a diphenšene le polokelo, matlo, dikabo tsa
setheo sa matlole le matlafatso a ikonomi ya bantsho;
* go tsweletsa tekatekano, tlhabolola bokgoni, go tlhama ditšhono tsa ikonomi
le go atolosa ditirelo; le
* go dira ga mo gae le go tsenyatirisong tlhabololo, go akaretsa go neelana ka
mafaratlhatlha le go fitlhelela ditirelo tsa motheo.
Ke na le bonnete jwa gore, jaaka karolo le go tlaleletsa maikaelelo a,
ma-Aforika Borwa a ka se gane ka ga go tlhabolola thulaganyo ya thuto; go
neelana ka tlhokomelo ya boitekanelo e e siameng, e lebega e bile e lekalekana;
go tlhabolola metseselegae ya rona le go netefatsa gore go na le dijo; le go
matlafatsa twantsho ya bosenyi le bobodu.
Ke bua ka ga dintlha tse, e se ka gonne di akaretsa kgotsa ka gore go di
tlhagisa go tla dira gore mathata a setšhaba sa rona a fele. Mme, ke tlhopile
go dira jalo go totobatsa ntlha ya gore Aforika Borwa ga e tlhaele fela
dikakanyo. Kgwetlho ya rona ke go fetolela dikakanyo tse go mananeo le
diporojeke gore re di tsenyetirisong sentle.
Dikakanyo tse di abelanwa ke batho botlhe, jaaka di tlhagisitswe mo
Maikaelelong a Mileniamo a Tlhabololo a Ditšhabakopano.
Mme batho ga jaana ba lebane le kotsi ya gore phitlhelelo ya maikaelelo a e ka
busetswa morago ka dingwaga tse dintsi, fa e se ka dingwagasome, e le ka ntlha
ya maemo a a sa jeseng di welang a ikonomi a a aparatseng lefatshe.
Se, fa godimo, se simolotseng jaaka maemo a a sa jeseng di welang a matlole mo
ditheong di le mmalwa tse di adimisanang se fetogile sekoloto go dikologa
lefatshe, mme se na le maemo a a sa jeseng monate a kuno le kgwebisano tsa
tota.
Re ka nyatsa megabaru, pakakhutshwane le go sa tlhokomeleng ga balaodi ba
ditlamo tse dikgolo tse di gakaditseng tlhakatlhakano. Re ka sotla dipholisi
tsa dipuso tse di tlodisitseng dintlha matlho le go letlelela mebaraka e e sa
laolegegeng go senya tšhelete ya dithulaganyo tsa matlole. Re tla dira tsotlhe
tse, mme re tla bo ra na le bonnete.
Fela tirokgolo e bile e le ya ka pele ke go akgola ditlamorago tsa ditlhabololo
tse mo ikonoming ya rona le kgaolo ya rona, le go dira dipoelo tse di ka
fokotsang ditlamorago tsa teng segolobogolo mo ditheong tse di sa sireletsegang
tsa setšhaba.
Se re se itseng ke gore tikologo ya taolo mo nageng ya rona le dipholesi tsa go
lekanyetsa kabo ya tse re di amogetseng di re thusitse go thibela kutlwalo e e
tseneletseng ya tlalelo.
Fela rotlhe re a itse gore, ka ntlha ya fa re gokagane thata le ikonomi ya
lefatshe, go batlega ga diromelwantle go tswa mo go rona go ile tlase; go
fitlhelela matlole le lotseno lwa matlotlo go etegetse; go batla dikuno go go
kwa tlase go isitse go ntsha dikuno kwa tlase, go tlhola ditiro go amegile ka
mokgwa o o sa siamang mme mo ditheong tse dingwe go fokodiwa badiri.
Mathata otlhe a a tla ka paka eo dikelo tsa infoleišene le morokotso di leng
kwa godimo.
Fa di kopane, ditlhagiso tse di amile matseno otlhe a re a tlhokang go atolosa
go neelana ka ditirelo le go diragatsa diporojeke tsa mafaratlhatlha. Ka jalo,
re pateletsegile go fokotsa go tebopele mo go tsa kgolo le go tlhangwa ga
ditiro.
Re a itse gore Aforika Borwa ga e a amega thata go tshwana le dinaga tse dingwe
tse dintsi. Ee, mo pakeng e ba bangwe ba itemogelang kgotsa ba bonang go ya
tlase ga nakwana ga maemo a ikonomi, Aforika Borwa le kontinente yotlhe di sa
ntse di itekanetse mo kgolong, le fa e le ka kelo e e bonya.
Mo lebakeng le, Maloko a a Tlotlegang, ke itumeletse go bega gore mo
dipuisanong magareng ga Lefapha la Poresitente le baeteledipele ba balekane ba
ba farologaneng ba loago, re dumalane ka kopanelo go dira dikgato tse di ka
fokotsang maemo a tlhakatlhakano e mo setšhabeng sa rona. Setlhopha sa tiro se
se lebileng merero e se sa ntse se dira ka natla, mme ditlhopha tse di anameng
tsa ditsibogo tse di latelang di sa ntse di buisanelwa:
La ntlha, puso e tla tswelela ka diporojeke ditsadiso tsa setšhaba, boleng ba
tsone bo oketsegetse go R690-billion mo dingwageng tse trharo tse di tlang. Mo
lebakeng le, fa go tlhokegang, re tla bona ditsela tse dingwe tse di botlhale
tsa go oketsa matlole.
Se se tla akaretsa tshegetso ka ditheo tsa rona tsa tlhabololo ya matlole le
madi a dikadimo go tswa kwa ditheong tsa boditšhabatšhaba, gammogo le semphatho
sa setheo sa poraefete le tiriso ya didiriswa tse di laolwang ke badiri jaaka
matlole a phenšene.
La bobedi, re tla atolosa mananeo a setheo sa puso a tiro. Ka fa letsogong le
lengwe, maano a go atolosa tiro mo ditheong di tshwana le tsa boitekanelo,
bodiredi loago, thuto le ditheo tse di netefatsang tiragatso ya melao, a tla
tswelela. Ka fa go je lengwe, re tla potlakisa go simolola ga kgato e e
latelang ya Lenaneo la le le Atolositsweng la Ditiro tsa Setšhaba.
La boraro, dikgato tsa phokotso di ka tsewa mo setheong sa poraefete go fenya
go ya tlase go go feteletseng ga tsadiso le madirelo a a tswetseng go sa
tlhokege a dikuno kgotsa dipolante.
Mo karolong e, puso e tla dirisa didiriswa tsa go duelela diintaseteri le
ditebogo go thusa go lebana le dikgwetlho mo maphateng a a farologaneng, le go
rotloetsa ditheo tsa tlhabololo ya matlole go thusa ditlamo tse di gaeletsweng
ka ntlha ya tlalelo.
Dintlha tse dingwe tse di ka dirisiwang di tla sekasekwa, go akaretsa malatsi a
maleele a boikhutso, katiso e e atolositsweng, nako e khutshwane le kabelano ya
ditiro. Se se tla kopana le thotloetso ya letsholo la Proudly South Africa le
kgato e e gagametseng ya diromelwateng tse di seng ka fa molaong.
La bone, puso e tla tsweletsa go nna teng le go atolosa tshenyegelo ya tsa
loago, go akaretsa go atolosa go fitlhelela thuso ya tshegetso ya bana go bana
ba ba fetang dingwaga tse 18 le go fokotsa dingwaga tsa ba ba tshwanetseng go
bona phenšene go dingwaga di le 60 mo banneng.
Fo godimo ga fao, re tla dirisa thata Kabelo ya Namolo ya Tlalelo ya Loago le
tshireletso ya dijo tseo di totang ba ba sa sireletsegang go ya ka Letlole la
Inšorense ya Botlhokatiro kgotsa ba ba feditseng ditshiamelo tsa bone.
Re tla tswelela go leba thata kgwetlho ya mowa wa go nna kgatlhanong le go
gaisana mo dingweng tsa ditlamo. Mo ntlheng e, re rolela hutshe Khomišene ya
Dikgaisano mabapi go gagamatsa seatla go netefatsa gore ba ba senyang ba a
tshwarwa.
Le gale re solofela fa setšhaba se tla nna matlhagatlhaga go netefatsa gore,
magareng ga tse dingwe, fa ditlhwatlhwa tsa dikuno di fokotsega, batho ba bona
poelo.
Dikgato tse tsa ka bonako di tla kaelwa ke molawana wa pholesi ya tsa matlole
wa go baakanya. Le gale, re tla netefatsa gore maemo otlhe a kadimo ka puso a
tlhamaletse e bile a tla tswelela. Se gape se kaya phokotsegoo ya ka bonako ya
sekoloto sa puso fa maemo a molato fa maemo a tokafala.
Matsapa a rona a tla kaelwa ke go akgola gore dikgato tsa go sireletsa tikologo
le go fokotsa maemo a a maswe a phetogo ya maitshetlego a a ka tlholang go
tlhamiwa ga ditiro.
Dikopano tsa G20 le dipuisano tse dingwe tsa ditheo tsa ditšhabadintsi, puso ya
rona e kopile go nna ga tseraganyo e e maleba e bile ka bonako mo dinageng tse
di tlhabologileng kwa tlalelo e simolotseng teng le kwa e leng kwa godimo. Re
dumela gore nako e fitlhile gore re tiise molawana wa selegae le tlhokomelo ya
thulaganyo ya tsa matlole; fela go feta fao, tekolo e e maatla le tiragatso mo
lefatsheng ka bophara ke sengwe se se ka tilweng le go nna botlhokwa.
Ka keletlhoko, re tshwanetse go sireletsa seriti sa thulaganyo ya kgwebisano,
feleletsa ditherisano tsa ga jaana tsa Doha Round tsa ditherisano tsa
kgwebisano ya lefatshe, le go netefatsa gore thuso ya tlhabololo ga e ye
tlase.
Thuto e e bonagalang mo maitemogelong a ke gore re tlhoka dikamano tse di
tiileng magareng ga ba ba nang le seabe mo ikonoming le lefatshe ka bophara, ba
seke ba emisa fela bokete ba tlhakatlhakano, mme gape ba dire dikgato tse di ka
thibelang go tlhagelela gape ga seo.
Mo nageng ya rona, re tla lebelela dintlha tse jaaka ka karolo ya tsamaiso ya
go baya setšhaba sa rona mo kgolong e kgolwane le tsela ya tlhabololo. Boleele
ba nako ya go fitlhelela kwa setlhoeng bo ka ne bo oketsegile. Fela ga re
belaele gore nako eo e tla e se kgale.
Mo ntlheng e, gore re baya naga ya rona jang mo maemong a go dirisa ditšhono
tse di kgethegileng tse di tlileng, e tla nna sa botlhokwa. Mo ke lebisitse
segolobogolo Sejana sa Lefatshe sa FIFA 2010 gammogo le Sejana sa Motlhakanelwa
mo dikgweding di le mmalwa go tloga jaanong. Diporojeke tsotlhe le maano di
feditswe kgotsa di gaufi le go fela â go simolola ka mabala a metshameko,
mafaratlhatlha a dipalangwa, dikgato tshireletso, dintlha tsa marobalo, go
fitlha ka maamo a tsa boitekanelo le khuduga â go tlhomamisa boitshepo mo go
tsa kgwele ya dinao lefatshe ka bophara gore ya rona e tla nna thonamente e e
atlegileng ka nnete.
Ebile re dumela gore, fa morago ga go fenya ga tlhano ka tatelano, setlhopha sa
bosetšhaba ga jaana se ipaakanyetsa go dira go feta ka moo go ka
solofelwang!
Fela go feta moo, se se ka se lebalweng sa nnete ke bokgoni jwa tlhokomelo le
botho jo bo mo Aforika Borwa le Aforika â go fetola jaanong ditebo tsa naga ya
rona le kontinente magareng ga batho ba lefatshe. Se se tswa mo go rona; mme
seo ga se batle tuelo epe!
Gape mo ntlheng e re akgola ditlhopha tsotlhe tsa rona tsa motshameko tse di
dirileng sentle mo ngwageng o o fetileng. Re naya setlhopha sa rona sa kerikete
kakgolo e e kgethegileng ka ntlha ya go re baya mo mmapeng wa lefatshe.
Re Ditshimega tsa Lefatshe tsa Rugby; Giniel de Villiers le setlhopha sa gagwe
ba fentse Dakar Rally; re ipela ka Paralympians tsa rona; mme setlhopha sa rona
sa ba ba ka fa tlase ga 20 se dirile sentle mo maemong a kwa godimo a
bogaisani.
Mme Sepikara le Modulasetulo yo o Tlotlegang;
Mo dibekeng tse pedi tse di fetileng, Aforika Borwa e feditse gammogo le Mali
karolo ya diakhaefe go somarela dimusekeripiti tsa bogologolo tsa
Timbuktu.
Tshomarelo e kgolo e ya boswa e bontsha fa Aforika e le segaka sa saense le
dikwalo, filosofi le tsa kgwebo, e e kgoreleditsweng ke kgwebisano ya bokgoba
le tlhakatlhakano mo khumong ya Aforika.
Tlhagiso e e tshwanetse go re rotloetsa go dirisana le dinaga tse dingwe mo
kontinenteng ya rona le go feta go tokafatsa maemo a botho.
Ee, mo dingwageng tse 15 tse di fetileng re dirile ka natla go netefatsa gore
Aforika e itemogela ntšwhafatso mo go se ka tota e tshwanetseng go nna
Ngwagakgolo wa Aforika. Ka kgato ka kgato, kontinente ya rona e e tswelela
sentle go ya kwa tsosolosong, mme dikgatlhegelo tsa batho di le kwa godimo mo
maikemisetsong a baeteledipele ba bona, a tlhagisa tsholofelo le
boitharabologelo ba gagwe mo seraleng sa lefatshe.
Se ke sona fela se se re fileng kgothalo mo go thuseng batho ba kwa Zimbabwe go
bona tharabololo ya leruri mo nageng eo. Re eletsa mo lebakeng le go akgola
makoko otlhe kwa Zimbabwe go fetsa ditherisano, go tlisa moputso o ka gale o
ntseng o le mo menaganong ya batho ba naga eo le karolwana ya kontinente ka
kakaretso: ke gore, puso e e tlhomameng e bile e le ka fa molaong e e nang le
maikemisetso a go lebana le dikgwetlho tsa batho. Re motlotlo gape ka gore,
maabane, Palamente ya Zimbabwe e fetisitse Tlhabololo 19 ya Molaotheo, o o
dirang motheo wa go dira puso e e akaretsang.
Ntlha e e kgethegileng mo lebakeng le ke ka ntlha ya motsamaisi wa Southern
African Development Community (SADC), Poresitente wa pele Thabo Mbeki le
setlhopha se ka natla se thusitseng go fetsa tsamaiso sentle.
Jaanong tiro ya go aga sešwa e ka simolola ka maatla; Aforika Borwa o
ipaakanyeditse go thusa fa re ka kgonang. Mo ntlheng e, go tlhokega ka bonako
go lebana le tlhakatlhakano ya setho mo nageng eo. Re na le boitshepo ba gore,
ka ntlha fa se rata, setšhaba sa boditšhabatšhaba se tla dirisana le batho ba
Zimbabwe fa ba simolola tsamaiso e ntšhwa.
Gape re rotloetswa ke gore, se se tshwanetseng le go simolola go emelela
tswelelopele ya batho ba Repaboliki ya Temokerasi ya Congo mo tseleng ya bona
ya tlhomamo le tswelelopele, tswelelopele eo e ka se thibelwe.
Dikamano tse di dirilweng ga jaana magareng ga boeteledipele ba DRC le Rwanda
bo na le tsholofelo ya ditsweletso mo mererong ya tshireletso le mo go lebaneng
le tlhakatlhakano e e amang batho; fela, ka tsholofelo, le mabapi puisano ya
sepolotiki. Re ntse re le foo, re tla tswelela go dira le dinaga tse dingwe le
Kitlano ya Aforika go diragatsa maikaelelo a kwa Burundi, Sudan, Western
Sahara, Côte dâIvoire, Somalia le kwa gongwe.
Jaaka go lemogilwe ka ditlhabololo tse dingwe tse di farologaneng mo dikgweding
di le mmalwa tse di fetileng, Aforika Borwa e tla dirisa tshiamelo e go
tsamaisa SADC go maatlafatsa setheo sa kgaolo se se maatla se, go totilwe thata
go diragatsa ditharabololo tsa Pitsokgolo le go garela tshwaraganyo ya leano la
kgaolo.
Gone fao re tla tlhabolola tirisano ya SADC le Common Market of East and
Southern Africa (COMESA) le East African Community (EAC). Ditlhagiso se di tla
dirwang go atolosa go na le go koafatsa dikamano tse dintsi tse re nang le
tsone mo Southern African Customs Union (SACU).
Re eletsa mo go seno sebaka go akgola batho le boeteledipele ba Zambia, Ghana
le United States of America mo ditlhopong tse di emetseng go ngotlafala ga
melelwane mo dinageng tsa bone.
Ke metlha re tla nna re tlhoka go tiisa ditirisanommogo le dinaga tse le tse
dingwe go rotloetsa se se siametseng batho.
Re lesego ka gonne ngwaga o re konesetsa ngwagasome wa ntlha wa dikgokagano tsa
sedipolomate le batho ba Repaboliki ya China. Mo dingwageng tse, go tlhageletse
sentle gore go na le poelo e e tla bonwang go tswa mo dikamanong.
Gape re rata go tlhomamisa gore boitlamo ba rona mo dikamanong tse di tiileng
tse re di dirileng le Brazil le India ka kopano India-Brazil-South Africa
(IBSA); le mo dikamong tse tiileng tse naga ya rona e ntseng e di dira le
Russia, le dinaga tsa Asia, Middle East, gammogo le Latin le North
America.
Mo makgetlhong a le mmalwa re tlhagisitse go tshwenyega ga rona mabapi le go
tswelela ga kgotlhang e e kwa Middle East ka kakaretso le kwa Israel le
Palestine.
Bophara jwa go swaba ga rona ka ga koketsego ya kgotlhang le dintsho tse
dintsintsi, segolobogolo baagi â go akaretsa bana, basadi le bagodi â ga bo na
selekanyo.
Ga go na tlhalosa e e ka newang ya ditiro tse di jalo tsa go senya go go
feteletseng le polaano. Mme re solofela gore mo nakong eno, matsapa a mašwa a
setšhaba sa boditšhabatšhaba go bona tharabololo ya leruri mo kgotlhang e go
tla nna mosola, gore ma-Iseraele le ma-Palesetina ba nne le kagiso le
tshireletsego jaaka baagisani ba ba mo pusong e e ikemetseng mo
melelwaneng.
Kakgolo e e kgethegileng e ya go puso le batho ba Cuba mo ketekong ya dingwaga
tse 50 tsa phitlhelelo ya puso ya bone, mme e tsamaya le kgololosego ya go
tlhopha tsela ya tlhabololo.
Mo ngwageng o o fetileng re kgonne go konesetsa ditherisano tse dingwe le
European Union ka ga dikamano tsa rona tsa maano; mme re solofela gore mowa o o
tlhodileng seo o tla rena fa re feleletsa ditherisano tsa ditšhabadintsi mo
Ditumalanong tsa Dikamano tsa Ikonomi le dinaga tse di mo kgaolong ya
rona.
Re lebile gape go matlafatsa dikamano fa re diragatsa Pitsokgolo ya South
Africa -European Union moragonyana monongwaga.
Mmogo le dinaga tse dingwe tsa Borwa, re tla tswelela go batla go aga sešwa
Ditšhaba Kopano, International Monetary Fund le ditheo tse dingwe tsa
ditšhabadintsi gore di tlhagise bonnete ba lefatshe le le fetogileng le le
fetogang le go dira ka mokgwa wa temokerasi, o lekalekana e bile o se
bofitlha.
Gape re itlama go fitlhelela maikaelelo a ditumalano tsa boditšhabatšhaba, go
akaretsa Porotokolo ya Kyoto le ba ba tlang morago ya yone go bona poelo mo
bathong ba rona le batho ba lefatshe.
Mme Sepikara le Motlotlegi Modulasetulo;
Go diragatsa dintlha tse go batlega melawana e mebedi e: tlhokego ya rona go
fetsa taelo e re e neetsweng ke puso ka 2004; le botlhokwa ba go netefatsa gore
puso e e tlang morago ga ditlhopho tse e na le maemo a a siameng go
tsenyatirisong manaane a yone kwa ntle ga go diega.
Mo dikgweding di le mmalwa tse di tlang pele ga ditlhopho tsa bosetšhaba le
porofense, re tla dira gore re diragatse taelo eo. Jaaka karolo ya diporojeke
tse kgolo tse di leng mo Lenaneong la Tiragatso la puso, re tla leba:
* go tlhama bokgoni jo bo tlhokegang go tlisa ditirelo tse di tokafetseng le go
tokafatsa go tsenyeletsa mo gare le magareng ga maemo a, go akaretsa thulaganyo
ya leano la bosetšhaba;
* go tswelela ka letsholo la Ntwa ya Botlhoki le go feleletsa go kwala Leano le
le Tletseng la Kgatlhanong le Botlhoki ka go tsenela dipuisano le
setšhaba;
* go tsenyatirisong lenaneo le le tletseng le re le dirileng go fedisa mabaka a
kholera mo dikarolong tse di farologaneng tsa naga;
* go tswelela ka go batlisisa le go buisana ka ga Thulaganyo e e Utlwagalang ya
Tshireletso ya Loago, go akaretsa ntlha ya Inšoerense ya Bosetšhaba ya
Boitekanelo;
* go matlafatsa letsholo la go somarela motlakase, go kgona go laola mathata a
ga jaana le phetogo mo mekgweng ya rona, re ntse re potlakisa diporojeke go
tlhabolola bokgoni le go dirisa metswedi e mengwe ya motlakase â re lemoga gore
mo godimo ga ditlamorago tsa go fetoga ga maemo a loapi, didiriswa tse di
tshwanang le dituki tsa fosili le metsi ntse di fokotsega fa tlhokego ya tsone
e ya kwa godimo;
* tsenyeletsa mo tirong ya Maphata a a maleba dipoelo tsa patlisiso ya ditiro
tsa Ikonomi ya maemo a Bobedi jaaka lenaneo la ditiro tsa setšhaba, tshegetso
ya dikgwebopotlana le dimaekero le ditlhagiso tsa tlhabololo ya magaeng;
* atolosa matsapa a go fetola thulaganyo ya bosiamisi jwa bosenyi, go akaretsa
ba ba tla dirang forensiki e e botoka, koketsego yaa ka bonako mo palong ya
batlhotlhomisi, tiriso e e siameng ya tshedimosetso le thekenoloji ya
ditlhaeletsano, le bolaodi jo bo botoka jwa dikgotlatshekelo; le
* go bebofatsa ditsamaiso tse di ikaelelang go matlafatsa dithulaganyo tse di
dirang ka mabaka a tekatekano ya bong jaaka kemedi ya 50/50 mo dibopegong tse
di tsayang ditshweetso, tlhabololo ya bašwa, ditshwanelo tsa batho ba ba nang
le bogole le ditshwanelo tsa bana â go akaretsa go fetsa ditherisano ka ga
Pholesi ya Bašwa ya Bosetšhaba, go baakanyetsa go tsenyatirisong ga Tšhata ya
Baša ba Aforika fa e setse e fetisitswe ke Palamente, le go dira Setheo sa
Tlhabolololo ya Bašwa sa Bosetšhaba; go isa Porotokolo ya SADC ka ga Tlhabololo
ya Bong go palamente; go tiisa tshegetso ka ga ditshwanelo tsa batho ba ba nang
le bogole, le go kataolosa palo ya bommasepala ba ba tlhamileng Childrenâs
Rights Focal Points go feta 60% ya ga jaana.
Tse le manane a mangwe, go akaretsa Dintlha tse di kwa Setlhoeng tse di
tlhagisitsweng mo go Pung ya Kemo ya Bosetšhaba ka Tlhakole ngwagola, e dira
motheo wa matsapa a rona go feleletsa taolelo e re e filweng go ala motheo wa
bokamoso.
Re tla oketsa matsapa a a nang le maikaelelo, tsholofelo le boitharabologelo mo
bathong ba Aforika Borwa mo lebakeng le le re siametseng botlhe. Se, e bile e
le sa botlhokwa, ke motswedi wa go itshepa fa re re setšhaba se mo maemong a a
siameng. Temokerasi ya rona e itekanetse. E gola thata.
Ka jalo, ka mantswe a Poresitente wa maloba, Poresitente Mandela, âmme ga
ra tshwanela go diega, ka gonne loeto lwa rona lo lo leele ga lo ise lo
feleâ
Ke a leboga.
Issued by: The Presidency
6 February 2009