A Erwin: Public Enterprises Dept Budget Vote 2007/08 (Setswana)

Lefapha La Thoto Ya Bosetshaba, Tekanyetso-Kabo Ya Bo 30 Puo Ka
Tona Alec Erwin Kwa Kokoano Bosetshaba

17 Motsheganong 2007

Tshobokano

Thoto e e Mosola ya Bosetshaba, [Effective State Owned Enterprises (SOE)] e
botlhokwa thata mo tsweletsong pele ya puso nngwe le nngwe e e tlhabologang.
Matswakabele le bokgoni jwa ikonomi ya lefatshe ka bophara, dithata tsa
mebaraka, le go tlhatlogela godimo ga mekgwa ya dipeeletso tsa lefatshe ka
bophara, di na le kgwetlho mo mafatsheng otlhe ka di aba maano a maikaelelo a
go tlhabolola ikonomi ya ona. Go ya ka maikaelelo ao, re sweeditse go dirisa
maemo a puso e go nna beng ba lefatshe mo mafelong a a botlhokwa a ikonomi go
netefatsa maano a maikaelelo a a tswelelang.

SOE e tshwanetse ya bo e le mo maemong a a siameng le a a tsepameng a
ditshelete go kgontsha go dirisa metswedi ya mebaraka ya ditshelete ya
bosetshaba le ya boditshabatshaba. Tota le fa puso e kgona go dirisa maemo a
ditshelete a SOE mo kgatong ya yona ya tshimologo le mo maemong a a
totobaditsweng, morago ga foo e tshwanetse go a tlaleletsa go tswa mo bokgoning
jwa yona le mo mabarakeng ya ditshelete. Se se tlhoka boruni jo bo tiileng jwa
dibuka tsa ditshelete le bokgoni jwa go nna bomphato le merero ya ditshelete ya
ditheo tsa poraevete.

Bokgoni jwa go dira tiro ke tlhokego e nngwe e e botlhokwa ya SOE. Bokgoni
jwa mofuta o jwa go dira tiro bo tlhoka dithata tsa botsamaisi, merero ya
badiri le jwa thekenoloji tse di tsamaelanang le mokgwa o o gaisang wa tiro. Fa
di akarediwa mmogo, SOE e ka nna le tshwaelo e kgolo mo ikonoming ka dipeeletso
tsa yona, merero ya badiri le dipatlisiso le mananeo a tlhabololo.

Alexkor

Go ya ka fa Puso e eletsang go rotloetsa mosola wa diteemane mono Afrika
Borwa, Alexkor ke yona setheo se se nang le bokgoni jwa go dira se. Fela
legale, Alexor e na le maemo a boikarabelo a le mabedi a tlaleletso a e
tshwanetseng go a diragatsa, a ka bobedi a leng botlhokwa mo mabakeng a a
matswakabele a tlhabololo. Boikarabelo jwa ntlha ke jwa merero ya kgwebo e e
tla akaretsang Baagi ba Richtersveld mo tlhabololong ya bona ka nosi. Jwa
bobedi le jwa sesheng jo ka tota e leng jwa maikaelelo a tirisano mmogo jo bo
tla dirang ditshiamelo tsa motheo wa go lepalepanya kgaolo ya diteemane tsa
Namaqualand. Legale, go se ikanyege ga morero wa go labalabela le go busediwa
lefatshe go beile Alexkor mo maemong a a masisi a merero ya dithelete le go
dira tiro. Ga jaana nako e botlhokwa tlhokwa, go sa nneng jalo re ka se nne
tshono epe kwa ntle ga go fetola ditiro dingwe le go phimola thoto e e seng
botlhokwa go ya ka mabaka a kgwebo.

Broadband Infraco

Infranco e tlhomilwe ka mabaka a go netefatsa gore re tlhabolola mokwatla o
o tiileng wa mafaratlhatlha a ditlhaeletsano. Ga go sa tlhole go kgonagala go
gaisana ka kitso ya boditshabatshaba mo mererong ya ikonomi kwa ntle ga
ditshenyegelo tse di kwa tlase, le mokgwa o o ikanyegang le o o bonwang bonolo
ka bophara. Go dikgwebo tse di ka tlhomiwang mo ikonoming ya rona fela ga di
tlhomiwe gonne re na le ditshenyegelo tsa mokgwa o o sa kgoneng go di jara. Go
gola ga ikonomi ya Afrika Borwa go tswelela go kganelwa ke mabakanyana a
ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa mokgwa o o leng teng.

InfraCo, mmogo le bomphato, ba ba tshwanang le Mafaratlhatlha a Setheo sa
Dipatlisiso tsa Afrika Borwa (South African Research Network) le Setheo sa
dithelesekoupu, [South African Square Kilometre Array (SKA)], di aba
metseletsele ya motheo wa go atolosa mokgwa wa go kgona go rwala ditshenyegelo
tsa yona.

Denel

Go somaretswe R400-dimilione ka go phimola thoto e e seng ya botlhokwa. Go
phimolwa ga thoto e e setseng e e seng ya botlhokwa ya Denel go tla konosediwa
mo tsamaong ya ngwaga wa ditshelete wa 2007/08. Go tshwaraganngwa mo go
tsweletseng ga Denel e sala e le lebaka la botlhokwa mme Lefapha la me, Denel
le Lefapha la Tshireletso a dirisana mmogo ka botlalo mo morerong o. Go ya ka
mabaka a go reka thoto ga Lefapha la Tshireletso, go tsentswe dikonteraka di le
mmalwa le madirelo a selegae, gfo akarediwa le konteraka ya Dirori tsa Ntwa le
Thoto ya Hoefyster (Hoefyster Infantry Fighting Vehicle) mmogo le tlhabololo ya
dimisaele tsa go kolopela kgala tsa A-Darter. Gape go dikakanyo tsa go
tlhabololwa sesha ga sedirisiwa sa Oryx. Go bolodiwa ga dikonteraka tse di
laolwang ke A400M go tsweletse go tlhoma ditshono tsa madirelo a diphofo ka
kakaretso.

Mo mererong ya isagwe, Denel e tla tsamaisa go tlhomiwa ga ditlhopha tsa go
dira dilwana tse e tla nnang mototobatsi wa go fetisetsa thekenoloji ya go dira
didirisiwa tsa maemo a a kwa godimo le kitso e e tseneletseng mo lekaleng la
bodirelo jwa go dira diririsiwa.

Energy, Eskom, PBMR

Eskom e goeleditse lenaane la yona la dipeeletso tsa R150-dibilione mo
dingwageng di le tlhano tse di tlang. E tlare mo kgweding ya Seetebosigo
monongwaga, fa diteishene tse di fetotsweng di buseditswe gape go aba tirelo,
Eskom e tla nna le bokgoni jwa go aba maatla a motlakase o o fetang 38 000 MW,
se se tla dirang gore e kgone go lepalepana le ditlhokego tsa mariga, tse di
lekanyediwang kwa godingwana fela ga 36 300 MW, le fa tota e tla salelwa ke
sefalana se se kwa tlase. Lefapha la me le tla tswelela go ela-tlhoko lenaneo
la tlhabololo mmogo le tshireletsego ya maemo a go aba tirelo e. Ga jaana re
tshwere ditherisano tsa go simolola go phasalatsa pegelo ya manaane a
didirisiwa tse di lekaneng, le Eskom, DME le NERSA.

Mo tsamaong ya nako e e tlang PBMR e tla be e goroga kwa setsheng sa go
bolotsa Togamaano ya Setheo sa go Tlhotlha Leokwane (Pilot Fuel Plant) le go
tsweletsa tumelelo ya go tlhoma Setheo sa go ntsha motswedi wa maatla kwa Kapa
Bophirima.

Dikgatlhegelo tsa Boditshabatshaba di tsweletse go oketsega mme mono gae
SASOL e supile fa e tshwere ditherisano le PBMR ka ga ditiragalo di le mmalwa
tsa go gotetsa. Go dirilwe tswelelopele e e itumedisang ka go lepalepanya
lenaane la togamaano la Eskom PWR mmogo le Generation 1V ya rona. Se se tla
dira gore ditiro tsa botlhokwa tsa thekenoloji di dirwe mo tikologong tse di
tla letlang gore Afrika Borwa e gaisane sentle le go nna momphato mo dinakong
tsa sesheng tsa maatla a nutliya.

Makala a mantsha a tla tlhabololwa mo teng ga Eskom go dira ka maatla a
nutliya, go tsholetsa bokgoni jwa boenjiniri le go lepalepanya bokgoni jwa
dipatlisiso le DME, DST le NECSA. Setlhopha sa porojeke e se tla etelelwa pele
ke Thulani Gcabashe e e tla dirisanang le Boto ya Eskom le DPE go tsweletsa
tiro e e botlhokwa e.

SAA/SAX

Go tla lebelelwa thata mo go konosetseng ditlhokego tsa go aba matlole le go
dirisa ka botlalo go fetola sesha maano a SAA, se se tla letlang SAA gore e
ikanye boruni jwa go lekalekanya dibuka. Legale go tla tlhokagala mokgwa wa go
tlhabolola sesha mekgwa ya boenjiniri, go ngoka bomphato le go phimola ditiro
tse e seng tsa botlhokwa. Ditherisano tse di tseneletseng le mekgatlho ya
badiri di tsweletse pele.

Monongwaga lefapha le tla ntsha setheo sa South African Express (SAX) mo
dibukeng tsa Transnet mme la se fetolela go nna setheo se se ikemetseng ka
nosi. Fa mo letlhakoreng je lengwe SAA le tirelo ya yona ya diphofo tse di
tlhwatlhwa tlase ya Mango di tla totobala ka botlalo mo ditseleng tsa diphofo
tsa kgwebo, SAX ke yona e e tla abang dikgolagano tsa ditsela tsa kwa moweng
tse di se nang kgwebo e ntsi.

Safcol

Le fa tota setlamo se na le dishere tse di bonalang tsa diphesente di le 30%
mo go ntsheng dikuno, ga jaana se tla rwala boikarabelo jwa diphesente di ka
nna 2.5% mo tshwaelong ya merero ya seikonomi mo lekaleng le, le go thapa
badiri ba le diphesente di le 3.5%. Ka go rialo Kabinete e dumallane gore
karolwana e e setseng ya Safcol, Jalo ya Dikgwa ya Komatiland, di phimolwe
gotlhelele.

Transnet

Mo tsamaong ya ngwaga wa ditshelete wa 20006/07 Boto ya Bakaedi e dumelletse
le go fetisa leano la dipeeletso la dingwaga di le tlhano tsa R64,5-dibilione.
Leano le le simolotsweng le la dingwaga di le tlhano le sekasekilwe sesha go
tsamaelana le ngwaga wa ditshelete wa 2007/08 mme ga jaana le tlhomilwe go
R78-dibilione. Dipeeletso tse di ikaeletsweng go tsweletsa pele le go atolosa
ditiro ka go tlhatlosa bokgoni mo ditiragalong tsa rona tsa maanya a tshipi le
malatlha, go tokafatsa mafaratlhatlha a maemelakepe le boemela dirori tse
dingwe mme ka go rialo go tokafatse peipi e e tswang kwa Durban go ya
Johannesburg.
Ka go dirisana le boto re mo kgatong ya go rulaganya mafaratlhatlha a semphato
mo ditirong tsa go tlhoma bodutelo jo bontsha jo ga jaana bo tlhabololwang kwa
boemelong jwa Nggura mme re tla itsise dintlha ka botlalo ka ga se mo isagweng
e e gaufi.

Joint Projects Facility

Koketsego e e tlhatlogang ka bonako ya ditlhokwa tsa thoto ya kgwebisano e
tlhodile tlhaelo ya dikuno. Ka lenaane la kgaisano ya go ntsha le go aba dikuno
la (CSDP), re ikaeletse go rotloetsa tlhabololo ya lekala la madirelo mo Afrika
Borwa.

Re tlhoka go sireletsa mokgwa wa go aba didirisiwa tsa rona tota le mokgwa o
o gaisang wa go dira se ka go tlhabolola bokgoni jwa mono gae. Legale, go ntsha
dikuno ga mofuta o mono gae go tshwanetse go nna mo maemong a go gaisana ka
botlalo mo mebarakeng ya boditshabatshaba go tsamaelana le go ngotla
ditshenyegelo le go tsholetsa boleng jwa maemo a dikuno. Maiteko a a
tshwaraganetsweng magareng ga JPF, Lefapha la Thuto, Lefapha la Badiri le
di-SETA tse di tsamaelanang nao mmogo le SOE ya rona a boloditswe go itsise
dikhoso, dikholeji le barutegi ba dipurapure ba ba tla kgonang go konosetsa
katiso ya bona ya mo tirong kwa di-SOE tsa rona pele ba ka kwadisiwa diteko tse
di tshwanetseng tsa kgwebo.

Ga jaana go sekasekwa peipi e e tla tsamaisang kalaka ya selari go tswa kwa
Phalaborwa.

Porojeke ya Afrika e tla supa ditshono tsa botlhokwa mo kontinenteng mo SOE
mo Afrika Borwa e tla thusang tiro ya tlhabololo.

Issued by: Department of Public Enterprises
17 May 2007
Source: Department of Public Enterprises (http://www.dpe.gov.za)

Share this page

Similar categories to explore