Mokgabiso o o abelwa baagi ba Aforika Borwa ba ba dirileng ditiro tsa bopelokgale tse dineng di baya matshelo a bona mo kotsing, kgotsa ba ba latlhegetsweng ke matshelo go akaretsa ba leka go boloka botshelo jwa motho yo mongwe, kgotsa go boloka thoto, mo teng kgotsa kwa ntle ga Rephaboliki ya Aforika Borwa.
Thulaganyo
Letshwao le le ka abiwa go ya ka maphata a le mararo:
- Lephata la ntlha = Gauta
- Lephata la bobedi = Selefera
- Lephata la boraro = Kgotlho.
Bokao/Dikarolo tsa botaki
Thotloetso/bokao
Thebe, e dirilweng ka letlalo la phologolo, e leng la kgomo, le a sugiwa le bo le logiwa go nna setlhagiswa se se popegolee sa boalo jo bo thata mme le felelediwa ka matshwaro a kota. Molamu le lerumo di tlaleletsa thebe e e neelwang baeti ba ba tlang mo nageng ya rona go tswa lefatshe ka bophara e le mokgwa wa go supa molemo.
Dikarolo
Betšhe ya molala Mokgabiso wa tlotlo Le lennye |
Thebe
- SS Mendi – e emetse bopelokgale jwa masole a Aforika Borwa a bantsho le batlhankedi ba bona ba basweu ba ba neng ba kgangwa ke metsi ba le mo sekepeng sa SS Mendi. Sekepe se nwetse morago ga go betswa ke SS Darro sa ba sa batla se kgaogana ka bogare mo metsing a a tsididi a English Channel gaufi le Isle of Wight ka 21 Tlhakole 1917. Ba ne ba le mo tseleng go ya Fora go thusa Borithane ka Ntwa ya Ntlha ya Lefatshe.
- Mogolodi – go fofa ga blue crane mo loaping le le okameng lewatle fa godimo ga SS Mendi go emetse mewa ya masole a bagale a a betilweng ke metsi. Diphuka tsa blue crane's di kile tsa bo di neelwa masole a bagale ka paka ya dintwa tsa sekoloniale.
- Sediko se setala – bogare jo dintlha tse tharo tse di tswang mo go jona bo emetse go tswelela pele ka go neelana ka thuso go ba ba e tlhokang ka nako ya matlhotlhapelo a tlhago le mathata a mangwe a a tseneletseng a a diragalang nako le nako go kgabaganya lefatshe.
Popego ya matshwaro
- Tau – ke letshwao la bontle, maatla le bopelokgale, e emetswe ke maroo a yona go dikologa dintshi tsa popego ya matshwaro. Se se supa go paterolwa ga melelwane, mo teng le kwa ntle ga naga, ke Maaforika Borwa a a pelokgale. Dintlha tse tharo tsa lefelo di emetswe ke momagano ya mabolomo a mokgwapa, e leng semela sa mo Aforika Borwa se se supang maatla, phalolo le boleng jwa molemo.
- Molamu le lerumo – feleletsa thebe jaaka matshwao a tshireletso le tlotlo.