Letshwao le le neelwa Maaforika Borwa a a nnileng le seabe se segolo mo kgaratlhong ya temokerasi, ditshwanelo tsa setho, popo ya setšhaba, tolamo le kagiso, le tharabololo ya dikgotlhang.
Thulaganyo
Letshwao le le ka abiwa go ya ka maphata a le mararo:
- Lephata la ntlha = Gauta
- Lephata la bobedi = Selefera
- Lephata la boraro = Kgotlho
Bokao/Dikarolo tsa botaki
Thotloetso/bokao
Letlapa le le thata la khutlotharo le emetse sediriswa sa phalolo se se neng se dirisiwa ke dikokomane tsa bogologolo tala go bua diphologolo, go aga matlo le go sega matlalo go dira diaparo.
Le supa pono ya ga moswi Kgosi Albert Luthuli – moeteledipele wa mogale wa kgaratlho ya kgololosego e leng moamogedi wa ntlha wa Moputso wa Kagiso wa Nobel ka 1961 – gore Maaforika a nne le seabe ka botlalo mo tlhabololong ya ikonomi ya loago le ya sepolotiki mo Aforika Borwa.
Dikarolo
Betšhe ya molala |
|
Le lennye |
Mokgabiso wa tlotlo |
Letlapa le le thata
1. Thaba ya Isandlwana – e supa kagiso le tidimalo morago ga Ntwa ya Isandlwana ka 1879.
2. Folaga ya Aforika Borwa – e emetse tlhabo ya tokologo le temokerasi.
3. Thekenoloji – e gatelela tlhabololo ya didiriswa tsa thekenoloji e e kwa godimo.
Nkgo ya Letsopa ya Seaforika
4. Manaka a mabedi – e supa pono ya gagwe ya Aforika Borwa wa temokerasi, yo sa kgethololeng go ya ka mmala kgotsa bong.
5. Paterone ya lengau – e supa serwalo sa tlhogo sa ga Kgosi Luthuli.
6. Dibaga – mokgabiso o supa bontlhe jwa Aforika mme poo ya Seaforika e emetse maatlafatso le tswelelopele ya Maaforika.