Hisetori ya Matshwao a Bosetšhaba

Go belegwa ga Aforika Borwa yo o sa tlhaoleng go ya ka mmala le bong wa temokerasi go ne ga nna botlhokwa go sekaseka gape tsamaiso ya Matshwao a Bosetšhaba. Tsamaiso ya mo malobeng e ne e na le Mokgabiso o le mongwe le Orders tse nne tse di neng di supa tsa maloba.

Ka go batla go tswa mo go tsa maloba, ka Motsheganong 1998, Lekgotla Kgakololo la ga Moporesitente ka ga Matshwao a Bosetšhaba le ne la newa tiro le maikarabelo a go sekaseka tsamaiso ya tsamaiso le dikabo tsa Matshwao a Bosetšhaba. Go diragatsa tiro e, komiti ya setegeniki e ne ya tlhongwa mme ya semelela mo tirong ya dipatlisisi e e neng e akaretsa go buisana le baagi, dipuisano le bannaleseabe bosetšhaba, dipuisano tsa ditlhopha tse din eng di kobile mekgwa e mengwe ya tsamaiso, go neela dipatlisiso tsa hisetori le go kokoanya bataki ba dibenya le ditshipi go taka ditshipi tse dišwa ka kaedi ya botaki.

Jaaka karolo ya tiragalo e, Lefapha la Botsweretshi, Setso, Saense le Thekenoloji la nako eo, ka kamano le Lenaneo la Puso la Tlhaeletsano le Tshedimosetso (GCIS) le ne la batlisisa matshwao a mangwe le botshwao ka maiteko a go ngoka maikutlo a mangwe a a ka supang mowa wa naga e ntšhwa. Setlhopha sa dirutegi le baitseanape ba ba itseng go le gontsi ka ga matshwao a setho le botshwao se ne sa kopiwa go batla dintlha tsa botlhokwa le dilwana tse di supang hisetori e e kopaneng le go akaretsa maitemogelo a Aforika mme Aforika e le yona ntlhatebo. Ditlamorago tsa maiteko a a kopanetsweng di ne tsa tlisa go tlhamiwa/takiwa ga Matshwao a Bosetšhaba a mašwa.

Bokaelo

Aforika Borwa e tsere dikgato di bonala go tswa kwa tsamaisong ya yona ya maloba ya kgethololo go ya bong, mmala le lotso. Naga e e ntse e tswelela pele ka iketlo go ya kwa maemong a a gatelelang botho jwa rona. Mo mogwantong o o yang kwa bothong o, setso se sešwa sa ditshwanetlo tsa setho le go tlotla seriti sa mowa wa setho ke tse Aforika Borwa e leng sona.

Paka nngwe e e sa lebalegeng ya khudugo go tswa kwa malong ke go emisiwa ga folaga e ntšhwa ka 1994. Paka e e ne e supa boipelo le seriti ya naga e e tlhagelelang le go keteka botho. E nngwe e nnile go ribololwa ga Letshwao la Dibetsa (Coat of Arms) ka 27 Moranang 2000 e e akaretsang bokao jwa hisetori e e kopanetsweng ya batho ba naga e. Ka go dira jalo maikutlo a maikutlo a mašwa a a tsibogelang Aforika le matshwao a gagwe e ne ya nna karolo ya setso se sešwa se se tlhalosang go tsalwa gape ga Aforika Borwa.

Matshwao a Bosetšhaba a mašwa ke kgopolo e e tlileng ka mowa oo wa go tsalwa gape.

Share this page