Pogelo ya kopano ya Kabinete ya la bo 18 Ngwanaitseele 2015

1. Go tsenngwa tirisong ga Manaaneo a Botlhokwa a Puso

1.1. Kabinete e akgola Lefapha la Manno a Batho ka go abela ditlhopha tsa bahumanegi dintlo kwa porojekeng ya Manno a Batho ya Savanna City kwa Lekgotlatoropong la Kgaolo la Sedibeng. MaAforika Borwa a a tlotlegang a ne a na le baamegi ba indaseteri, go akarediwa boratoropo le batlhankedi go tswa kwa Lekgotlatoropong la Kgaolo la Sedibeng, go penta le go feleletsa dintlo mmogo le go dira mo ditshingwaneng ka nako ya go tlhomiwa.

Go agilwe dintlo di ka nna 18 000, tse di ungwetseng bagodi, batho ba ba nang le bogole, mmogo le magae a a tlhokomelwang ke bana le basadi. Gape kabinete e amogela kitsiso ya gore mo ngwageng o o tlang lefapha le tla tlhoma porojeke e e tla dirang gore go agwe dintlo di le 60 000.

1.2. Kabinete e amogela tswelelopele e e dirilweng ke  porojeke ya Tshepo “Tsholofelo” 10 000, e e thusang go fedisa botlhokatiro jwa bašwa mo Toropokgolong ya Tshwane. Go solofetswe fa porojeke eno ya dimilionemilione tsa diranta ya Toropokgolo, ka tirisanommogo le Yunibesithi ya Pretoria, e tla katisa bašwa ba le 10 000 ba ba sa direng ka go ba naya bokgoni le boitseanape jo bo tlhokegang go dira gore ba kgone go iponela tlamelo ya diporojeke.

Morago ga go wetsa katiso, bašwa ba simolola le go tsamaisa dikoporasi tse di atlegileng. Go fitlha ga jaana, dikoporasi di feta 190 di tlametse bašwa ba le bantsi ka ditšhono tsa ditiro. Go tlaleletsa foo, mafapha a toropokgolo a thapa bangwe ba bašwa ba ba katisitsweng.

1.3. Kabinete e amogela go ntšhwafadiwa ga tsela ya R25 (P6-1), tsela ya dikilomitara di le 42 e e golaganyang Gauteng le Limpopo. Porojeke e e magareng ga Bapsfontein le Bronkhorstspruit, e thapile batho ba feta 200. Gape e tla ungwela maphata a temothuo le meepo mo tikologong eo ka go tsweletsa motsamao o o bonako wa dilori tsa dithoto tse di rwalang dithoto le tsa ditirelo.

2. Ditshwetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

2.1. Kabinete e begetswe ke Lefapha la Saense le Thekenoloji fa le tla bo le amogetse beke e kgolo ya saense: Foramo ya Saense ya Aforika Borwa 2015 ka moono wa: "Re tlhotlheletsa puisano ka ga saense" go tloga ka la bo 8 go fitlha ka la bo 9 Sedimonthole 2015 kwa Pretoria.

Tiragalo eno e tlamela baamegi ba Aforika Borwa, balekane ba kontinente mmogo le ba boditšhabatšhaba ka serala sa go ganetsana le go ithuta ka dipholisi tse di malebana le mola magareng ga saense le baagi.

2.2. Kabinete e amogetse gore Moletlo o o Paraletseng wa Letsatsi la tsa Mawatle wa Lefatshe wa Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa tsa Mawatle (IMO) o tshwarelwe mo Aforika Borwa ka 2020. Ka jalo Kantoro ya Tona ya Dipalangwa e tla fetisetsa tshwetso ya Kabinete kwa kopanong ya Lekgotla la IMO e e rulaganyeditsweng go tsena go tloga ka la bo 23 Ngwanaitseele go fitlha ka la bo 4 Sedimonthole 2015.

3. Ditiragalo tse di tlang

3.1. Moporesitente Jacob Zuma o tla amogela molekane nae ka kemo wa kwa China Xi Jinping mo Leetong la Semmuso la matsatsi a le mabedi go tloga la bo 2 go fitlha la bo 3 Sedimonthole. Maikaelelo a leeto ke go konosetsa Letlhomeso la Dingwaga di le 5-10 la Tirisanommogo ya China-Aforika Borwa le le tla tiisang tiragatso ya ditumelano tsa rona fa e sale go se na go konosediwa Tumelano ya Beijing ka 2010. Gape e tla maatlafatsa le go atolosa Selekane sa Togamaano se se Akaretsang se dinaga tseno di nang naso.

Dikamano tsa Aforika Borwa le China di botlhokwa mo go fitlheleleng morero wa tlhabololo ka pholisi ya boditšhaba jaaka di oketsa maiteko a go diragatsa Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP), go dirisana mmogo mo go tsa temothuo, merero ya tikologo, kgwebisano le indaseteri mmogo le ditšhelete jaaka naga e tsweletsa morero wa go tsweletsa pele Aforika Borwa. Gape di tlamela ka tšhono ya go sekaseka tswelelopele mo dikarolong tse di ntseng di le teng tsa kgwebisano le tirisanommogo magareng ga dinaga di le pedi mmogo le go akofisa le go konosetsa dikarolo tse dintšhwa tsa tirisanommogo.

3.2. Moporesitente Zuma o tla etelela pele kemedi e e yang kwa kopanong ya bo 21 ya Khonferense ya Ditokololo tsa Tumelano ya Letlhomeso la Ditšhabakopano ya Phetogo ya Tlelaemete (UNFCCC) le Kopano ya bo 11 ya Khonferense ya Ditokololo tse di dirang kwa Kopanong ya Ditokololo tsa Phorotokholo ya Kyoto (CMP11) e e tla tshwarwang go tloga ka la bo 20 Ngwanaitseele go fitlha ka la bo 11 Sedimonthole 2015 kwa Paris, France.

Dipuisano tsa boditšhabatšhaba tsa tumelano e ntšhwa ya semolao di tla rulaganya tsibogo ya phetogo ya tlelaemete, e e tla diragadiwang go tloga ka 2020 go ya pele, Go lepalepana le dikgatlhego tsa bosetšhaba tsa Aforika Borwa jaaka naga ya Aforika le e e tlhabologang e e tla tlhokang tshegetso morago ga 2020. Aforika Borwa e tla tswelela go sireletsa dintlhatheo tsa botlhokwa tsa UNFCCC tsa tekatekano le dipharologano.

Kwa kopanong ya Setlhopha sa 77+ kwa China, Aforika Borwa e tla bo e lebeletse go tshegetsa le go maatlafatsa kopano ya dinaga tse di tlhabologang go bona Tumelano ya Paris e e sa gobeleleng, e e mafolofolo, e e ikaegileng ka saense mme e neela dinaga tse di tlhabologang sebaka sa go tlhabologa.

3.3. Moporesitente Zuma o tla tlhoma Letsholo la Matsatsi a le 16 a Kemokgatlhanong le Tshotlakako ya Basadi le Bana ka la bo 25 Ngwanaitseele 2015 kwa Naauwpoort, Mahikeng ka fa tlase ga moono: “Mpalelle: Mmogo re isa Aforika Borwa yo o senang tirisodikgoka pele'. Letsholo leno le ketekiwa e le karolo ya Matsatsi a le 365 a Kemokgatlhanong, e leng letsholo le le tswelelang pele le le tsibosang ka tirisodikgoka kgatlhanong le basadi le bana, mme le rotloetsa batho go balelelwa mo kemokgatlhanong ya ngwaga otlhe. Kabinete e ikuela mo maAforika Borweng otlhe go tshegetsa letsholo leno le go dirisa paka eno go rotloetsa baagi le go dirisana mmogo le puso go fedisa tirisodikgoka kgatlhanong le basadi le bana - #Count me In.

3.4. Motlatsamoporesitente Cyril Ramaphosa o tla etelela pele kemedi ya puso mo puisanong ya yona ya ka gale le Foramo ya Bosetšhaba ya Batseleganyi ya Aforika Borwa ka la bo 21 Ngwanaitseele 2015 jaaka karolo ya maitlamo a puso le lenaane le le tswelelang pele go maatlafatsa dikamano le bobegakgang. Puso e tla bua le batseleganyi ka dintlha tsa botlhokwa mmogo le maano a a tlang mme e tla naya batseleganyi tšhono ya go tlhagisa dintlha tse ba nang le kgatlhego mo go tsona mo pusong.

3.5. Aforika Borwa e tla tshwaya Letsatsi la Lefatshe la AIDS ka moono wa - "Go leba kwa Ditshikeng tse di senang HIV: EMA. TSAYA KGATO. SIRELETSA. LEFELA - e leng pitso ya gore baagi ba tseye dikgato. Moono wa monongwaga o ikaegile ka moono wa Ditšhabakopano wa Letsatsi la Lefatshe la AIDS wa 2011 go fitlha 2015 wa:  "Go fitlhelela Lefela". Gape Letsatsi la Lefatshe la AIDS la 2015 le tla maatlafatsa puisano e e ka ga mamodula le go tlhaolwa, le go rotloetsa baagi go tsiboga mmogo le go atolosa go fitlhelesega ga ditirelo tsa tshireletso, kalafi mmogo le tshegetso.

Tiragalo e kgolo ya go keteka Letsatsi la Lefatshe la AIDS e tla tshwarwa kwa KwaZulu-Natal. Seno se tla tlhagola tsela ya fa Aforika Borwa e tla bo e amogela Khonferense ya bo 21 ya Boditšhabatšhaba ya AIDS kwa Inkosi Albert Luthuli International Convention Centre kwa Durban go tloga ka la bo 17 go fitlha ka la bo 22 Phukwi 2016. Aforika Borwa e tswelela go nna le tswelelopele mo ntweng kgatlhanong le HIV le AIDS jaaka e atolositse lenaaneo la kalafi ya HIV la naga, moo batho ba ba fetang dimilione di le tharo ba leng mo kalafing ya antiretroviral, mme gape go fokoditswe tshwaetso ya go tswa go mme go ya go ngwana le go bona matshwao a a tokafetseng a bolwetse jwa lehuba.

3.6. Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa go nna le seabe mo ditiragalong tsa Imbizo tse di rulaganyeditsweng go tla tshwarwa go ralala naga mo Bekeng ya Bosetšhaba e e totileng Imbizo go tloga ka la bo 30 Ngwanaitseele go fitlha ka la bo 6 Sedimonthole 2015. Serala seno se kgontsha baagi go buisana le ditokololo tsa Khuduthamaga.

Beke ya Bosetšhaba e e Totileng Imbizo e tla diragala ka moono wa: "Mmogo re isa Aforika Borwa pele" mme e tla sedimosetsa baagi ka tiragatso ya puso ya Leano la Dintlharobongwe le le totileng go tlhotlhetsa kgolo ya ikonomi mmogo le go tlhama ditiro, jaaka le tlhagisitswe ke Moporesitente Zuma mo Puong ya gagwe ya Maemo a Setšhaba ka Tlhakole 2015. Gape Ditokololo tsa Khuduthamaga di tla dirisa tšhono eno go susumetsa baagi go nna le seabe ka go samagana le mathata a a farologaneng a loago, go akarediwa merero e e amanang le tirisodikgoka kgatlhanong le basadi le bana.

3.7. Sedimonthole ke Kgwedi ya Poelano mme Aforika Borwa e tla keteka Letsatsi la Poelano ka la bo 16 Sedimonthole kwa Port Elizabeth, Kapa Botlhaba ka moono wa: "Go fedisa kgaogano: Go aga boAforika Borwa jo bo lebisang kwa nageng ya bosetšhaba ya tlhabologo". Kgwedi e na le bokao jo bo kgethegileng mo setšhabeng gonne e tsweletsa poelano, kagiso le tirisanommogo ya loago e leng seo puso e ntšhwa ya temokerasi ya naga e theilweng mo go sona.

Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa otlhe go dirisa kgwedi go golagana jaaka setšhaba se tla bo se tswelela go dira mmogo go aga setšhaba se se kopaneng, se se humileng.

3.8. Kabinete e gakolola baduelalekgetho ba ba iseng ba ise dipoelo tsa bona tsa lekgetho tsa ngwaga wa lekgetho wa 2014/15 gore letlha la bofelo ke la bo 27 Ngwanaitseele 2015. Kabinete e leboga baduelalekgetho botlhe ka go dirisana mmogo le puso go tlamela ka ditirelo tse di tlhokegang bogolo segolo tse di thusang go tokafatsa matshelo a diketekete tsa baagi go ralala naga.

3.9. Kabinete e akgola Tikwatikwe e Kgolo e e Samaganang le tsa Bong e e Kgatlhanong le Tirisodikgoka (GBVCC) ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago ka go gapa Sekgele sa Global Best Contact Centre kwa Las Vegas, Amerika ka Labone, la bo 5 Ngwanaitseele 2015. GBVCC ke tikwatikwe ya megala e e dirang bosigo le motshegare e e totileng go tlamela batswasetlhabelo ba tirisodikgoka e e ikaegileng ka bong ka tshegetso le tshegetso le thobomaikutlo. Seno ke kgang e nngwe ya katlego e e bontshang puso e e kgathalang e e ikaeletseng go lwa go fedisa tirisodikgoka e e ikaegileng ka Bong.

3.10. Kabinete e akgola Eskom ka go dira matsatsi a le 100 kwa ntle ga go kgaola tlamelo ya motlakase. Eskom e fitlheletse seno ka Labobedi, la bo 17 Ngwanaitseele 2015. Matsatsi a le 100 a tlamelo e e sa kgoreletsegang ya motlakase ga a ree gore re itebale. Kabinete e ikuela mo baaging go tswelela go obamela ditsereganyo tsa go somarela motlakase.

3.11. Kabinete e akgola ba ba supetsweng Dikgele tsa Metshameko tsa Aforika Borwa tsa 2015 tse di tla tshwarwang ka la bo 22 Ngwanaitseele 2015 kwa Sand du Plessis Theater kwa Mangaung, Foreisetata. Dikgele, tse di tla tshwarwang ka moono wa: "Botswerere ga se ka go nna yo o gaisang; ke ka ga go dira ka bojotlhe ka fao o ka kgonang", di keteka dingwaga di le 10 tsa go lemoga le go tlotla batho le ditlhopha tse di gaisang mo mabaleng le kwa ntle ga mabala. MaAforika Borwa a rotloediwa go tshegetsa tiragalo ka go tlhopha Naledi ya Metshameko ya Ngwaga wa 2015.

4. Maemo a Kabinete mo Mererong e e Botlhokwa ya ga jaana

4.1. Kabinete e golagane le Moporesitente Zuma mmogo le baagi ba boditšhabatšhaba go nyatsa ka mafoko a a bogale ditlhaselo tsa fa gautshwane tsa borukhutlhi tse di diragetseng kwa Beirut (Lebanon), Baghdad (Iraq), Yola (Nigeria) le Paris (France), tse di bakileng dintsho tsa batho ba ba senang molato mmogo le tshenyo ya dithoto. Aforika Borwa e tsepame mo go nyatseng ditlhaselo tsotlhe tse di totileng baagi ba ba senang molato mme e boeletsa seemo sa yona sa gore borukhutlhi, ka ditsela tsotlhe fela e bile go sa kgathalesege gore bo tswa kae, bo ka seke ba letlelelwa.

4.2. Kabinete e tshegetsa dikgato tsa Komiti ya Puso ya Ditona e e ka ga Tlhaelo ya Metsi le Komelelo ka go fokotsa ditlamorago tsa komelelo mme e ikuela mo baaging go somarela metsi go netefatsa tlamelo ya mo isagong.  

Kabinete e tlaleleditse ka R96,6 milione mo R352,6 milione e e neng e beetswe thoko kwa tshimologong go tshegetsa maiteko a naga a go namola. Seno se akaretsa go rekwa ga dilori tsa metsi di le 45 gore di rorele metsi kwa mafelong a a amegileng, go epiwa ga didiba le go di tsosolosa, tshomarelo ya metsi mmogo le tsamaiso ya tlhokego, mmogo le tshegetso ka metsi.

Lefapha la Tlhabololo ya Metseselegae le Ntšhwafastso ya Naga le tla letlelela gore mo mafelong a a amegileng thata go fudusediwe leruo kwa lefatsheng la puso koo go sa ntseng go na le mafulo a a botoka. Go tlaleletsa foo, Lefapha la Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso le golagane le Boratoropo go diragatsa dikgato tse di farologaneng tsa go boloka metsi ka fa tlase ga kaelo ya Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe.

Tsona di akaretsa go itsese tekanyetso ya metsi; go tlhokomela kobamelo ya ditekanyetso tsa metsi; go otlhaya ka detefiso fa go tlhokega; go baakanya foo metsi a dutlang go nna setlapele; go tsweletsa dithekenoloji tse di somarelang metsi di tshwana le ditanka tsa matlwana tse di sa diriseng metsi a mantsi; go beeletsa metsi a pula mmogo le go nosetsa ka metsi a a dirisitsweng.

4.3. Moporesitente Jacob Zuma o ne a eteletse pele kemedi ya Aforika Borwa go ya kwa Samiting ya Baeteledipele ba G20 kwa Antalya, Turkey go tloga ka la bo 15 go fitlha ka la bo 16 Ngwanaitseele 2015. Moono wa samiti e ne e le kakaretso, dipeeletso le tiragatso. Aforika Borwa e gareng ga dinaga di le 51 tse di saenileng Tumelano ya Thefosanyo ya Itiriso ya Tshedimosetso ya Lekgetho kwa Berlin, Germany ka Diphalane 2015. Dinaga di tla simolola go refosanya tshedimosetso ka 2017 mme seo se tla bo se maatlafadiwa ke molao o o fa pele ga Palamente ga jaana. Moporesitente Zuma o amogetse go konosediwa ga dintlha tsa dikgato di le 15 tsa porojeke ya G20/Mokgatlho wa Tirisanommogo mo Ikonoming le mo Tlhabololong ya Motheo mo Dikgogolong le mo Tshutisong ya Dipoelo, tse di neng di le botlhokwa go netefatsa gore ga go gobelelwe le go netefatsa lotseno lwa Borwa jwa Aforika.

4.4. Ditokololo tsa Lekgotla la Ditona tsa Kitlano ya Ditso tsa Borwa jwa Aforika (SACU) di kopane ka la bo 11 Ngwanaitseele 2015 kwa Windhoek, Namibia pele ga go tlhomiwa ga ntlokgolo ya SACU le dipuisano tse di sa rulaganngwang tsa Ditlhogo tsa Mebuso tsa SACU le Puso. Lekgotla le dirisitse tšhono go lebelela tswelelopele e e dirilweng mo Leanong la Dintlha di le Thataro fa e sale ka kopano ya bofelo mme la gatelela maitlamo a lona go SACU. Lekgotla le dumelane gore SACU e tshwanetse go dira go feta go aroganngwa ga lotseno go nna maiteko a tlhabololo a a tla tshegetsang kgolagano mo kgaolong. Gape ditokololo di amogetse mosupatsela le leano la tiro le le lebisang kwa samiting e e tla tshwarwang ka Seetebosigo 2016.

4.5. Kabinete e amogela Dipoelo tsa Boruni tsa 2014-15 tsa puso ya bosetšhaba le tsa diporofense. Pegelo e bontsha tokafalo e e tswelelang pele mo bontsing jwa dintlha tsa dipoelo tsa boruni tsa dipuso tsa bosetšhaba le diporofense. E bontsha motsamao o o namatshang o o lebisang kwa taolong e e siameng mmogo le tsamaiso e e siameng ya ditšhelete mme e gatelela taolo e e siameng jaaka mafapha a le mantsi a bone boruni jo bophepa. Tokafalo eno gape e bontsha gore puso e dira ka natla go netefatsa gore go nna le maikarabelo mo dikarolong tsotlhe tsa tiro ya yona.

Le fa go ntse go na le tokafalo eno, puso e sweditse go tswelela go tshegetsa mafapha a a nang le diphitlhelelo tse di maswe le go netefatsa gore dikarolo tsotlhe tsa puso di dira ka tshwanelo.

4.6. Kabinete e amogela go thapiwa ke Moporesitente Zuma ga Moatlhodi Mandisa Muriel Maya jaaka Motlatsamoporesitente wa Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo go ya ka karolo ya 174(4) ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996 le Mosiamisi Nonkosi Zoliswa Mhlantla jaaka moatlhodi wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo go ya ka Karolo ya 174(3) ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996.

Go thapiwa gono go maatlafatsa maitlamo a Aforika Borwa a tekatekano ya bong kwa magatong a a kwa godimodimo mme go tsweletsa go fetolwa ga boatlhodi. Kabinete e akgola baatlhodi ka bobedi mme e ba eleletsa tsotlhe tse dintle mo tiragatsong ya maikarabelo ano a botlhokwa mo Bosiamising jwa Aforika Borwa.

4.7. Kabinete e akgola Ngaka S'thembele Ngidi yo a dirileng hisetori fa a ne a aloga kwa Kholetšheng ya Bongaka ya Aforika Borwa jaaka moitseanape wa kankere (oncologist) wa ntlha wa mosadi wa KwaZulu-Natal mme e le wa bobedi fela mo nageng.

4.8. Kabinete e akgola modiri wa dibaesekopo wa Aforika Borwa Reina-Marie Loader yo setshwantsho sa gagwe 'Horn' se amogetseng dikakgolo di le dintsi, go akarediwa go supiwa mo Dikgeleng tsa Tshomarelo ya Ditshukudu tsa 2015 ka Phukwi mo karolong ya Temogo e e Gaisang, Thuto le Matlole, mme se gapile sekgele sa Setshwantsho se se Gaisitseng sa Tshomarelo kwa Moletlong wa Boditšhabatšhaba wa Dibaesekopo kwa New York City, Amerika.

4.9. Kabinete e romela matshediso kwa go balelapa le ditsala tsa Motlatsatona wa Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe, Mme Pamela Tshwete, ka loso la ga mmaagwe, Mama Ruth Nomzi Zondeki.

4.10. Kabinete e romela matshediso kwa pusong ya New Zealand, balelapa, ditsala le Mokgatlho wa Rakabi wa New Zealand ka loso lwa naledi ya rakabi, Jonah Tali Lomu, yo o nnileng le seabe se segolo mo motshamekong.

5. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.
5.1. Go atolosiwa ga Konteraka ya ga Rre Maswahle Diphofa – Mokaedikakaretso (DG): Lefapha la Bodiredipuso le Tsamaiso ka dingwaga di le tlhano.
 
5.2. Go atolosiwa ga Konteraka ya ga Mme Nonkululeko Sindane – DG: Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo ka dikgwedi di le somepedi.

5.3. Rre Livhuwani Tommy Makhode Motlatsa Mokaedikakaretso (DDG): Maano a Setheo le Tshegetso mo Lefapheng la Saense le Thekenoloji.

5.4. Rre Rory Gallocher jaaka Motlhankedikhuduthamagamogolo (CEO) wa Bothati jwa Taolo ya Dintlo tsa Loago.

5.5. Ngaka Pradish Rampersadh jaaka Mokaedikhuduthamaga yo montšhwa wa Lekgotla la Diporofešene tsa Saense ya Tlhago la Aforika Borwa.

5.6. Rre Mark Barnes jaaka CEO wa Setlhopha sa Kantoroposo ya Aforika Borwa.

5.7. Boto ya Bankatlhabololo ya Borwa jwa Aforika:
i.    Rre Jabulani Philip Moleketi – (o thapiwa gape mme ke Modulasetilo);
ii.    Rre Msokoli Frans Baleni – (o thapiwa gape mme ke Motlatsamodulasetilo);
iii.    Mme Martie Janse van Rensburg – (Mokaedi yo e seng wa Khuduthamaga);
iv.    Mme Malijeng Theresa Ngqaleni – (Mokaedi yo e seng wa Khuduthamaga); le
v.    Mme Kameshni Naidoo – (o thapiwa gape jaaka Mokaedikhuduthamaga).

5.8. Boto ya Mokgatlho wa Inšorense ya Matshosetsi a a Kgethegileng ya Aforika Borwa:
i. Mme Margaret Octavia Ndlovu – (o thapiwa gape mme ke mokaedi yo e seng wa khuduthamaga); le
ii. Mme Bulelwa Mnkangisa – (o thapiwa gape mme ke mokaedi yo e seng wa khuduthamaga).

Dipotsiso:
Phumla Williams (Mmueledi wa Kabinete wa Namaotshwere)
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore