Thapo mo mafelong a tiro a botlhe

O ka ikwadisetsa jang go bona tiro mo Ditirelong tsa Puso

Diphatlhatiro mo mafapheng a puso ya bosetšhaba le a puso ya porofense ditswalelwa fa go thapilwe badiredi kgotsa ka go laletsa bao ba sa direleng Ditirelong tsa Puso go romela dikopo. Diphatlhatiro mo maemong a khuduthamaga, k.g.r. ditirelo tsa botsamaisi jwa khuduthamaga, di tshwanetse go phasaladiwa mo maemong a bosetšhaba gore go ngokelwe ba kafagare le ba kwantle ga Ditirelong tsa Puso.

Jaaka molao, diphatlhatiro tsa puso di phasaladiwa mo Lekwalotikong la Diphatlhatiro tsa Puso lele diriwang le go phasaladiwa ke Lefapha la Bodiredipuso le Tsamaiso (DPSA) beke nngwe le nngwe.

Lekwalotiko la Diphatlhatiro tsa Puso le sedimosetsa badiredipuso ka ga diphatlhatiro tse di bulegileng mo pusong. Batho bao e seng badiredipuso mme ba na le kgatlhegelo ya ditiro tse di phasaladitsweng mo go lona sa ntlha ba tshwanetse gore ba batlisise kwa lefapheng le le phasaladitseng gore ba ka dira dikopo. Dintlha tsa go golagana le lefapha le le phasaladitseng phatlhatiro di teng mo lekwalotikong.

Mafapha a mangwe a a jaaka la Tshireletso a ka go kopa gore o tlhole boitekanelo jwa gago pele ba ka sekaseka kopo ya gago.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Sitlhamolola ka khomphiutha Foromo ya Z83 (Foromo ya Kopotiro). O ka iponela foromo gape le kwa mafapheng mangwe le mangwe a bosetšhaba kgotsa a porofense.
  2. Tsenya lekwalo la gago la kopotiro (CV). Lefapha le ka go kopa gore o akaretse gape le dikhophi tse di netefaditsweng tsa makwalothuto a gago, khophi ya lekwaloitshupo mmogo le ditokomane tse dingwe gape ka ga bowena. Tsweetswee buisa phasalatso ka kelotlhoko gore o itse gore ke eng se o tshwanetseng go se akaretsa.
  3. Romela foromo e e tladitsweng ya Z83 mmogo le ditokomane tse di tlhokegang kwa atereseng e e tlhagelelang mo phasalatsong eo.
  4. Go ya ka mokgwa o o latetsweng ke lefapha le le mabapi, o ka amogela lekwalo le le go itsiseng fa kopo ya gago e amogetswe. 

Go tsaya nako e le kanakang

Thulaganyo ya go thapa e farologane mo mafapheng, fela maikemisetso ke go konosetsa thulaganyo eno mo nakong e e sa fediseng pelo ka fao go ka kgonagalang.

 

Share this page