Puo ya Maemo a Setšhaba (SoNA) ka Moporesitente Cyril Ramaphosa

Puo ya Maemo a Setšhaba (SoNA) ka Moporesitente Cyril Ramaphosa, Cape Town City Hall

Mmusakgotla wa Kokoanotheomolao ya Bosetšhaba (NA), Mme Nosiviwe Mapisa-Nqakula,
Modulasetulo wa Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense (NCOP), Rre Amos Masondo,
Motlatsamoporesitente wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, Rre Paul Mashatile mmogo le molekane wa gagwe e bong Mme Mashatile,
Moporesitente wa mo malobeng Rre Thabo Mbeki,
Motlatsamoporesitente wa mo malobeng Mme Phumzile Mlambo-Ngcuka,
Mmusakgotla wa mo malobeng wa NA, Mme Baleka Mbete,
Moatlhodimogolo Rre Raymond Zondo,
Motlatsamoatlhodimogolo, Mme Mandisa Maya,
Baatlhodi botlhe ka go farologana ga bona ba ba nang le rona gompieno,
Meyara wa Cape Town, Mokhanselara Geordin Hill-Lewis,
Tlhogo ya Maloko a Bodipolomate le Ditlhogo tsa Dikgaolo,
Ditlhogo tsa Ditheo tse di Emang Temokerasi Nokeng,
Batlhankedi ba ba Tlotlegang ba ba eteletseng kwa pele diporofense tsa naga ya rona tsotlhe di le robongwe,
Maloko a Palamente,
MaAforika Borwa a gaetsho,

Fa re ne re samagane le tiro ya go rulaganyetsa Puo eno ya Maemo a Setšhaba (SoNA), re ne ra utlwa dikgang tse di sulafatsang tsa gore Ngaka Hage Geingob, yo e neng e le Moporesitente wa naga ya Rephaboliki ya Namibia o tlogetse lefatshe la ka kwano.

Moporesitente Geingob e ne e le tsala ya me ya mmatota e bile e ne e le tsala ya maAforika Borwa otlhe mme e bile gape e ne e le molwelakgaratlhommogo mo motsing wa fa re ne re lwela kgololesego. O ne a lwela gore mo Aforika go rene kagiso, re tshwaragane, re nne le tswelopele mmogo le tlhabologo.

Ke kopa gore re obe ditlhogo re fetise mowa wa gagwe.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Monongwaga SoNA eno re e tshwara mo ngwageng wa bo 30 re le mo kgololesegong.

Ka la bo 27 Moranang 1994 dimilionemilione tsa maAforika Borwa di ne tsa dira ditlhopho tsa bona tsa ntlha mo ditlhophong tsa puso ya temokerasi, bontsi jwa bona e ne e le lantlha ba tlhopha.

Letsatsi leo e ne e le letsatsi le legolo jaaka e ne e le letsatsi la go khutlisa kgaratlho, kgaratlhelo ya go golola batho ba naga ya rona gore ba tswe mo tshotlegong le mo kgatelelong, gore ba tswe mo go amogiweng ditsabona le mo go jeweng ntshu, go tswa mo khumanegong le mo go se lekalekaneng le ba merafe e mengwe.

Fa re ne re le mo meleng ya go tlhopha e me telele e e neng e tsamaya e potapotela, re ne re gadimagadimana re bua ka fao re leng mo boitumelong jo bo seng kana ka sepe e bile ba bangwe ba ne ba palelwa le ke go itsheka dikeledi jaaka di ne di tsorotla fela di feta mo dithameng.

Re ne re atlana le ditsala le batho ba re sa ba itseng gonne re ne re itumeletse gore rotlhe re batla go tsena mo isagong e re e bonang ka leitlho le le lengwe mo re tla nnang le seabe sa gore re batla go nna le naga ya mofuta mang ka go dira tlhopho ya rona.

Ka fa mabokosong ao a ditlhopho re ne re sa tsenye fela tlhopho ya rona, e ne gape e le toro ya gore ke naga ya mofuta mang e re batlang go nna le yona.

E ne e le toro ya Aforika Borwa eo ka bojotlhe jwa yona e tla nnang naga e e tla nnang legae la batho botlhe ba ba nnang mo go yona, e batho ba yona ba tla ipopang seoposengwe go sa kgathalesege pharologano ya bona.

Lefatshe le ne le lebeletse fa Nelson Mandela, motsadi wa setšhaba sa rona, a ne a dira tlhopho ya gagwe kwa Inanda kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal; e leng lefatshe la ga Shaka, moganka yo leina la gagwe le rorang dingwaga di tlhoka palo; lefelo leo John Langalibalele Dube a belegweng kwa go lona, yono ke Moporesitente wa ntlha wa ANC, e leng mokgatlho o o dirileng gore bana ba mmala wa sebilo ba ipope ngatana nngwe; e bile lefelo leno ke legae la ga Chief Albert Luthuli, Motlotlomadiwa yo a amogetseng tlotlo ya ntlha ya Kabo ya Tlotlomatso ya go Tlisa Kagiso mo Aforika.

Fa re lebelela seno, gore a dire tlhopho ya gagwe ya ntlha kwa Inanda koo John Langalibalele Dube a boloketsweng kwa go lona, e ne e le sesupo sa gore o batla go begela Moporesitente wa ntlha wa ANC gore ntwa ya go lwela kgololesego e tsamaela kae.

Fa a sena go tsenya tlhopho ya gagwe, Madiba o ne a re:

“Jaanong re tsena mo tshimologong ya paka e ntšhwa. Re supogile mo pakeng ya dintelo, ya go se nne seoposengwe, ya go nna le ditšhono tse di tshwanetseng batho ba bangwe mme di sa tshwanela ba bangwe mmogo le ya dikgogakgogano. Jaanong re simolola paka e ntšhwa e mo go yona re nang le tsholofelo, re itshwarelanang mmogo le e mo go yona re tla agang setšhaba”.

Ke yona toro eno, e e ka ga go nna le setšhaba se se gololesegileng se batho ba sona e leng seoposengwe, e e rokeletsweng ka fa teng ga Molaotheo wa temokerasi wa naga ya rona.

Mo dingwageng di le masome a mararo tse di fetileng ke ona Molaotheo ono o o re supetsang tsela mo matsapeng otlhe a re a dirang re le seoposengwe a go fetola naga eno, e bile e tshwanetse e nne ona o o botlhokwa go gaisa o re tshwanetseng go o latela mo tirong e re e dirang ya go dira gore botshelo bo nne botoka mo matshelong a batho botlhe.

Mo dingwageng di le masome a mararo tse di fetileng, re ntse re samagane le namane e tona ya tiro, re samagane le go dira gore re nne le setšhaba se se ntšhwa  – e leng setšhaba se se ikobelang temokerasi ya naga.

Re fedisitse pogiso ya puso ya tlhaolele mme ra aga puso ya temokerasi e e ikaegileng ka seo batho ba se batlang.

Re tlhomile ditheo tse di nang le maatla a a seng kana ka sepe gore di kgone go sireletsa kgololesego e e botlhokwa mmogo le ditshwanelo tsa batho botlhe.

Re fetotse matshelo a maAforika Borwa a le dimilionemilione, ra ba tlamela ka dilo tse di tlhokagalang mo botshelong mmogo le go ba direla ditšhono tse iseng di tle di nne teng mo matshelong a bona.

Re buletse ikonomi e moruo wa yona o enngweng nokeng ke dirašwa tse di farologaneng, ditlhagisiwa tse di tswang mo temothuong mmogo le ditlhagisiwa tse di fitlhelelang dikhutlho tsotlhe tsa lefatshe, fa ka fa letlhakoreng le lengwe re ntse re tlhola ditiro.

Re le naga, re ne ra boela kwa lekgotlheng la dinaga tsa lefatshe, ra ikuela gore go rene kagiso le botsalano mo dinageng tsotlhe le mo bathong botlhe.

Fela jaaka re ka se kgone go ganetsana le kgatelopele e e nnileng teng mo dingwageng di le 30 tse di fetileng, kgotsa gona go nyenyefatsa dikgwetlho tse re tsamayang re kopana le tsona.

Go fela jalo le mo boimeng jo re tsamaileng re itshokela jone fa maatla a molaotheo wa temokerasi ya rona a ne a tsamaya a kgotlhakgotlhiwa ka monwana.

Go nnile gape le ditiragalo tse di neng di sa diragale ka fa nageng ya rona tse le tsona di neng tsa kgoreletsa kgatelopele ya rona.

Mathata a ditšhelete a lefatshe lotlhe a ngwaga wa 2007 le wa 2008 le ona a ne a dira gore kgolo e e maatla ya ikonomi le tlholo ya ditiro ka lebelo mo dingwageng di le lesome e phutlhame.

Mo malobanyaneng, fa ke naya motlhala, ntwa magareng ga naga ya Russia le ya Ukraine di dirile gore ditlhwatlhwa tsa leokwane, dijo le dilwana dingwe mo lefatsheng di tlhatloge – mme seno se dirile gore botshelo jwa maAforika Borwa otlhe bo nne bokete mo go bona.

Go nnile gape le ditiragalo tse di diragetseng ka fa nageng tse di neng tsa thulana le moodi wa temokerasi ya molaotheo wa rona.

Gongwe tshenyo e kgolo e e dirilweng go di gaisa tsotlhe ke e e diriweng mo pakeng ya go goga puso ka nko.

Dingwaga tsotlhe di le lesome batlhankedi ba maemo a a kwa godimo mo ditheong tsa puso ba ne ba ithera le batlhankedi ba ditheo tsa poraefete go thopa le go itirela seo ba se ratang ka ditlamo tsa puso, ditheo tsa go disa kobamelomolao mmogo le ditheo tse dingwe mo pusong.

Mo gongwe ditiragalo tseno gore di diragale e ne e le ka ntlha ya go enngwa nokeng ke ditlamo tse dikgolo tsa ka fa nageng le tsa boditšhaba.

Diranta di le dibilione di sena palo tse di neng di tshwanetswe go dirisediwa ditlhokwa tsa maAforika Borwa di ne tsa utswiwa.

Tshepo e batho ba neng ba na le yona mo nageng ya rona e ne ya phutlhama. Ditheo tsa puso di ne tsa koafadiwa.

Ditlamorago tsa ditiragalo tsa go goga puso ka nko tse le gompieno di santse di na le rona, re di bona ka mabakane a a tlhaelang a diterene le ka ditirelo tse di phutlhameng tsa puso, ka diteišene tsa motlakase tse di retelelwang ke go dira tiro ya tsona mmogo mmogo le ka diporojeke tse di neng di tshwanetse go tlisa tlhabologo tse di reteletsweng ke go dira tiro ya tsona.

Le fa go le jalo, maAforika Borwa, mmogo le batlhankedi ba bangwe ba bantsi ba puso ba ba neng ba dira tiro ya bona ka boineelo ba ne ba lwela go lwantshana le ditiragalo tsa go goga puso ka nko.

Le mo pakeng eo, go ne go ntse go na le maiteko a go busetsa naga kwa lowe.

Re gakologelwa sentle ka fao go nnileng le ditiragalo tsa boikubulo ka Phukwi 2021, fa batho ba ba neng ba itebeletse e le se bona ba neng ba fetlha ditiragalo tsa go melela puso meno, mo batho ba neng ba tlhokafala mme ga nna le tshenyo e e seng kana ka sepe.

Le tsona ditiragalo tseno ga di ake tsa atlega.

Maiteko ano a go busetsa kwa morago kgololesego ya rona e re e lwetseng ka thata a ne a retelelwa ke go fitlhelela seo a neng a leka go se dira ka ntlha ya kemonokeng ya maAforika Borwa a a neng a ipopa ngatana mme a sireletsa Molaotheo wa rona mmogo le seo o se solofetsang e leng go dira gore botshelo bo nne botoka mo matshelong a batho botlhe.

Ke yona kemonokeng yona eo e e dirileng gore naga e kgone go sutlha matsapa a leroborobo la COVID-19, e leng bolwetse jo bo setlhogo jo bo kileng jwa aparela lefatshe jaaka malwetse a mothale ono a sale a itemogelwa dingwaga di feta sekete tse di fetileng.

MaAforika Borwa a feta 100 000 a ne a thula botala ka tlhogo ka ntlha ya bolwetse jono mme gape ba bangwe ba le dimilione di le pedi bona ba ne ba latlhegelwa ke ditiro.

Le fa go le jalo, re kabo jaanong re lela sa khurano ya meno fa re ne re sa tsaya dikgato re le ngatananngwe go dira gore bolwetse jono bo se tshwaetsane, go ema nokeng baoki le dingaka tsa maokelo a rona, go thusa ba ba tlhokang thuso, mmogo le go thankgolola letsholo la dira ga di bonwe la moento.

Re ne ra kgona go dira gore setšhaba se tshwaragane ka maitlhomo a go boloka matshelo a batho mmogo le ditsela tseo ba iphedisang ka tsona.

Ke batla go bontsha tlotlo go diketekete di le dintsi tsa maAforika Borwa a a neng a kolekela Letlole la Tshwaraganelo, batlhankedi ba ba neng ba dira melemo mmogo le baoki, dingaka mmogo le ba bangwe botlhe batlhankedi ba maokelo ba ba neng ba baya matshelo a bona mo kotsing fa ba ne ba tlhokomela balwetse.

E nngwe ya dikgwetlho tse dikgolo tse re neng ra tshwanelwa ke go samagana natso e ne e le ya Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng le Dipolao tsa Basadi (GBVF), mme eno kgwetlho re e tsaya jaaka leroborobo la bobedi.

Re le puso re ne ra tsenya tirisong melao mmogo le go abela maphata a botšhotšhise ka ditlamelwana tse di tlhokagalang, go ema nokeng batho ba ba fetileng mo mathateng ano, mmogo le tlhoafaletsa gore basadi ba neelwe maatla a go itirela letseno.

Re le setšhaba re tshwanetse go gagamatsa dikgato tsa rona gore re kgone go fedisa GBVF.

Mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng naga e ne ya tshwanelwa ke go tobana le ditlamorago tsa phetogo ya maemo a loapi.

Re bone go runya melelo ya matlho a mahibidu mo dikgweng tsa kwa porofenseng ya Kapa Bophirima, merwalela e e runtseng kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal, mmogo le mogote wa go ntsha digagabi ka fa mesimeng kwa porofenseng ya Kapa Bokone, komelelo e e sa kgaotseng kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba, mmogo le dipula tsa dikgogola mo porofenseng ya Gauteng.

Tiro e ntsi ya puso e re leng mo go yona eno e nnile ya go ntsha naga ya rona mo thagarageng eno mme re samagane le go itlhotlhora.

Le fa tota ditiraglo tseno di re siile ka mabadi, naga ya rona e kgonne go samagana le e nngwe le e nngwe ya dikgwetlho tseno.

Ee, ke nnete gore re mapatsopatso ka ntlha ya seno. Mme mo matsapeng otlhe ano, maAforika Borwa ga a ke a nna magatlapa.

Ga re ake ra itshokela matsapa ano fela, mme re ne gape ra tia mmoko le go nna le mafolofolo.

Ditiragalo tsotlhe tseno di re bontshitse ka fao maAforika Borwa a itseng botlhokwa jwa kgololesego eo ba e boneng morago ga dingwaga di le masomesome.

Kgang eno ya dingwaga di le 30 tsa temokerasi ya rona e ka tlhalosiwa bonolo ka go dirisa kgang ya botshelo jwa ngwana yo a bediwang Tintswalo, yo a belegweng ka ngwaga wa 1994 fa kgololesego e roga.

Tintswalo – ngwana yo a belegweng mo nakong ya fa puso ya temokerasi e roga – o goletse mo nageng ya Aforika Borwa eo e farologaneng thata le eo batsadi ba gagwe, bo koko wa gagwe le bo ntatemogolo ba gagwe mmogo le bo kokokhukhu le bo ntatemogolokhukhu ba gagwe ba goletseng mo go yona.

O goletse mo setšhabeng se se neng se dirisa molaotheo o o buang ka tekatekano, go rena ga molao, mmogo le seriti sa go tlotliwa jaaka motho se moagi mongwe le mongwe a nang le sona.

Tintswalo, mmogo le ba bangwe ba bantsi ba ba belegweng ka tsona dinako tseo, ke bona ba ntlha ba go loma merokotso ya dipholisi tsa puso ya ntlha ya temokerasi tse di buang ka go tlamela baagi ka ditirelo tse di sa duelelweng tsa kalafo ya bomme ba ba leng mo mmeleng mmogo le bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le thataro.

Ntlo ya bo Tintswalo fa a ne a le monnye e ne e le e ba e agetsweng ke puso, mme eno ke e nngwe ya dintlo di le dimilionemilione tse di agelwang batho ba ba humanegileng.

Tintswalo o goletse mo ntlong e e neng e na le metsi le motlakase, mme fa e ne e ka bo e le pele ga ngwaga wa 1994, batsadi ba gagwe go na le kgonagalo e kgolo ya gore ba ne ba ka bo ba sena motlakase.

Tintswalo o ne a tsena sekolo mo se sengwe sa dikolo tse di sa duelelweng dithuto tsa sekolo, mme letsatsi le lengwe le le lengwe o ne a fepiwa kwa sekolong ka dijo tse di nang le dikotla ka ntlha ya letsholo la phepo ya dijo kwa dikolong leo gompieno le fepang barutwana ba le dimilione di le robongwe ba ba tswang kwa malapeng a a humanegileng.

Puso eno ya temokerasi e ne ya mo tlamela le ka megolo ya bana ya go thusa baagi gore ba kgone go nna le tseo ba di tlhokang. Mogolo ono, mmogo le matsholo a mangwe a mantsi a go thusa baagi, e tswelela go thusa maAforika Borwa a mangwe a mantsi a a ka fetang dimilione di le 26 kgwedi e nngwe le e nngwe.

Ka dithuso tseno, Tintswalo – ngwana yo a belegweng mo nakong ya fa puso ya temokerasi e roga – o ne a kgona go konosetsa dithuto tsa gagwe tsa sekolo se segolwane.

Mme ka go thusiwa ke Sekema sa Naga sa go Thusa Baithuti ba Ditheo tsa Thuto e Kgolwane ka Matlole a go ya Sekolong, Tintswalo o ne a tsweletsa dithuto tsa gagwe kwa go e nngwe ya dikholeje tsa Katiso le Tlhatlhelelo ka Thuto ya Ditiro tsa Diatla le tsa Setegenik (di-TVET) mme a iponela lekwalo la gagwe la thuto.

Fa jaanong Tintswalo a ne a simolola go tsena mo tirong, o ne a kgona go tswela pele mo bophelong le go atlega ka ntlha ya pholisi ya puso ya go ema badiri nokeng mmogo le ya go neela bathobantsho ditšhono pele.

Ka mogolo o a iponelang ona, o kgonne go baya madi, a kgona nna le lelapa la gagwe, a iponela ntlo e e botoka mme o tshela botshelo jo bo botoka.

Kgang eno ke e e tshwanang fela le ya maAforika Borwa a le dimilionemilione a a belegweng fa temokerasi e roga. Fela kgang eno ke karolonyana fela e nnye ya kgang yotlhe.

Le fa tota re na le dilo tse dikgolo tse re di fitlheletseng mo dingwageng di le 30, go santse go na le dikgwetlho tse dikgolo tse bana bano ba ba belegweng mo pusong ya temokerasi ba tobanang natso.

Dimilione tsa bašwa ba ba mo magareng ga dingwaga di le 15 go fitlha go di le 24 ga ba na ditiro, ga ba tsene sekolo kgotsa ga ba katisiwa kgotsa gona go tlhatlhelelwa ka kitso le bokgoni.

Go na gape le ba bangwe ba bantsi ba ba konoseditseng dithuto tsa bona tsa materiki, ba ba nang le makwalothuto a tipoloma kgotsa a tekerii mme ga ba na ditiro kgotsa ba tlhoka dithuso tsa gore ba kgone go itshimololela kgwebo.

Le fa tota go le botlhokwa gore go emelwe kgolo ya ikonomi gore e kgone go fokotsa botlhokatiro, re ka se kgone go leta gore re tle re kgone go tlamela bana ba ba belegweng mo nakong ya fa puso ya temokerasi e roga ka ditiro tse bontsi jwa bona ba di tlhokang.

Re le puso re setse re simolotse go tsaya dikgato ka ga seno gore re tle re kgone go rarabolola dikgwetlho tsa botlhokatiro jo bo leng teng mo bašweng.

Mo dingwageng di le tharo tse di fetileng, mo go oketseng katlego e re nnileng le yona mo Letsholong la go Tlholela Baagi Ditiro (EPWP), re ne ra thankgolola Letsholo la Maditshegetso a go Tlhola Ditiro la Moporesitente.

Ka letsholo leno, re kgonne go tlholela batho ba feta dimilione di le 1.7 ditiro le ditšhono tsa go iphedisa.

Ka letsholo la maditshegetso lona re kgonne go tsenya tirong batho ba feta ba le milione mo tirong kwa dikolong di le 23 000 gore ba thusane le barutabana, mme ditiro tseno di neetse batho bano maitemogelo a a tlhokagalang mme fa ka fa letlhakoreng le lengwe bona ba thusitse dipholo tsa thuto gore di tokafale mo barutwaneng.

Ka Letsholo la Moporesidente la Kemonokeng ya Bašwa ka Ditiro, re ne ra tlhoma SAYouth.mobi mme seno ke serala se se sa duelweng se se thusang bašwa ba ba senang ditiro gore ba kgone go iponela ditšhono tsa go ya sekolong le tsa go iponela letseno.

Ga jaanong mo seraleng seno go na le bašwa ba feta ba le dimilione di le 4.3 ba ba batlanang le ditiro mme ba le dimilione di le 1.6 bona ba setse ba iponetse ditiro.

Ka go dirisana le Setheo sa Naga sa Thuso ya Bašwa (NYDA), re kgonne go tla ka matsholo a a neelang bašwa ditšhono, mme ona a tsenyeletsa la Setheo sa Naga sa Thuso ya Bašwa mmogo le Letsholo la Tirelo ya go Thapiwa ga Bašwa (YES).

Matsholo ano a botlhokwa gonne ditiro di botlhokwa mo bathong. NYDA e tshamekile karolo e e botlhokwa thata mo go thuseng bašwa gore ba kgone go itshimololela dikgwebo.

Go nneng le ditiro ga se fela selo se se go nayang letseno – go botlhokwa gape le mo go direng gore motho a ikutlwe e le motho, a na le seriti, a nne le tseo a di fisegelang, a nne le seo a se phelelang mmogo le gore a ipone e le karolo ya sengwe se se botlhokwa.

Go tsweng kwa lowe mo tshokolo le go se lekalekane e neng e le selo sa ka gale, re ne ra dira ka natla sebaka sa dingwaga di feta di le 30 go dira bonnete jwa gore maAforika Borwa otlhe a nna le tšhono ya go atlega mo botshelong.

Ga go kgotsofatse go dumela fela ka molomo gore mo nakong e e fetileng batho ba ne ba sa tshwarwa sentle; re tshwanetse go dira sengwe gore re fetole selo seno.

Re tsentse tirisong melao le matsholo a a tla thusang maAforika Borwa a bathobantsho mmogo le basadi ba mmala wa sebilo gore ba kgone go tlhatlosiwa kwa ditirong, ba kgone go nna beng ba dikgwebong mmogo le go nna balaodi ba tsona, ba kgone go ithekela lefatshe mmogo le go ipokeletsa dithoto le khumo.

Palo ya ditiro mo ditiro tsa batlhankedi ba bagolo di leng mo matsogong a bathobantsho e menagane ga tlhano fa e sale go tloga ka ngwaga wa 1996 go fitlha ka wa 2016.

E nngwe ya dikgwetlho tse dikgolo tse puso e e busang ga jaana e neng ya tshwanela ke go tobana le tsona fa e tsena mo setulong e ne e le dikgwetlho tsa go goga puso ka nko le tsa bonweenwee.

Selo sa ntlha se re neng ra tshwanelwa ke go se dira e ne e le go fedisa ditiragalo tsa go goga puso ka nko, go phuaganya digongwana tsa magodu tse di neng di le mo ditheong tsa puso mmogo le go dira bonnete jwa gore ditlhokotsebe di digama di sa ditlhapela.

Re ne ra tshwanelwa ke go dira jalo gore re tle re kgone go tsosolosa ditheo tsa rona mmogo le go aga sešwa ikonomi ya rona.

Ga jaana re thapile batho ba ba itseng tiro ya bona ba ba nang le nnete gore ba etelele kwa pele ditheo tsa naga ya rona tsa go disa kobamelomolao, mafapha a puso, ditirelo tsa pabalesego mmogo le ditlamo tsa puso, mme go thapiweng ga bona go ne go le ka go latela thulaganyo e e sa sokamelang ka fa letlhakoreng le le lengwe e e senang lehunelo.

Seriti le tiro e e tswileng diatla ya ditheo tse di jaaka Setheo sa Tirelo ya Lekgetho la Aforika Borwa (SARS) se tsosolositswe mme tiro ya bona e tokafetse tota.

Re tlhomile Kantoro ya Mokaedi wa Dipatlisiso go dira jaaka youniti ya ditiro di le dintsi tse di farologaneng tsa ditiro tsa manontlhotlho ka fa gare ga Setheo sa Bosekisi jwa Naga (NPA) gore kantoro eno e kgone go dira dipatlisiso tse di ka ga bonweenwee mmogo le ditiragalo tse dingwe tsa bosenyi.

Go na le kgatelopele e kgolo e e dirilweng mo go direng gore ba ba nnileng le seabe mo go direng gore puso e gogwe ka nko ba di game ba sa di tlhapela.

Batho ba feta 200 ba tsamaya ditsheko. Ba bangwe gape ba bantsi bona go santse go diriwa dipatlisiso.

Madi a a utswitsweng a busediwa morago.

Yuniti ya Thopo ya Dithoto ya NPA e reboletswe taelo ya kgotlatshekelo ya go tswalela tiriso ya dithoto tsa botlhe ba ba amegang mo dikgetseng tsa go goga puso ka nko, mme go fitlhela ga jaana puso e setse e boetswe ke madi a le kanaka dibilione di le R8.6 a a neng a utswitswe.

Setheo se se tsosolositsweng le go ntšhafadiwa sa SARS se kgonne go bokeletsa dibilione di le R4.8 tsa madi a lekgetho a a neng a sa duelwa mme se kgonne go dira seno ka ntlha ya go dirisa bopaki jo bo tlhagisitsweng kwa Khomišeneng ya ditatofatso tsa melato ya go goga puso ka nko, mme Yuniti e e Batlisisang Dikgetse tse di Itlhophileng (SIU) yona e kgonne go tseela bao ba amegang dikgato tsa semolao tsa go ba duedisa ditshuga mme boleng jwa ditshuga tseno bo balelwa mo go dibilione di le R64.

Re tsere dikgato, mmogo le tsa go kwala melao e mentšhwa, go gagamatsa dikgato tsa rona tsa go thibela ditiragalo tsa go timetsa motlhala wa tšhelete ya bogodu mmogo le tsa bonweenwee mme ka go dira jalo re kgonne go dira gore leina la naga ya rona le tlosiwe mo lenaaneng la Sepodising sa Ditirelo tsa Matlole la maina a dinaga tse di nang le ditiragalo tsa botlhokotsebe jwa madi a bogodu.

Ka thuso go tswa kwa ditheong tsa dikgwebo, re kgonne go tla ka dikgato tsa go dirisa tshedimosetso ka inthanete e e tla thusang Kantoro ya Mokaedi wa Dipatlisiso ya NPA, mme mo tsamaong ya nako seno se tla atolosediwa gore se dirisiwe gape le ke ditheo tsa sepodisi.

Molao o setse o kwadilwe mme ga jaana o mo diatleng tsa Palamente mme molao ono o batla go dira gore Kantoro ya Mokaedi wa Dipatlisiso e nne kantoro e e tla direlang ruri e e tla neelwang maatla otlhe ka botlalo a go dira dipatlisiso.

Le fa go le jalo, tiro ya go fedisa bonweenwee e santse e le e ntsi thata.

Go ya ka ditshitshinyo tsa Lekgotlha la Naga la Dikeletso mo Mererong ya go Ema Kgatlhanong le Bonweenwee, re itomile sesino mo go oketseng dikgato tse dingwe tse di tla neelang ditheo tsa rona maatla a go lwantshana le bonweenwee, go sireletsa matshelo a bao ba buletsang ditiragalo tseno, go laola ka fao ditiragalo tsa go bokeletsa batho ba mogopolo yo o tshwanang di diragadiwang ka teng mmogo le go thibela gore batlhankedi ba puso ba nne le seabe ka fao go seng mo molaong mo mererong ya dithendara.

Ga re kitla re emisa go dira seno go fitlha botlhe ba ba nang le seabe mo bonweenweeng ba di gama ba sa di tlhapela.

Ga re kitla re emisa seno go fitlha madi otlhe a a utswitsweng a boela koo a tshwanetseng.

Ga re kitla re emisa go fitlha re bona gore bonweenwee re bo bolaile mmolao wa noga.

Se se utlwisang botlhoko ka ditiragalo tsa go goga puso ka nko ke gore di ne di dira gore puso e tsepamise mogopolo le go dirisa madi a yona mo dilong tseo e neng e sa tshwanela go samagana le tsona, mme kana yona e ne e tshwanetse go tsepamisa mogopolo mo go godiseng ikonomi mmogo le mo go tlholeng ditiro.

Mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng, re ntse re samagane le go tsosolosa ikonomi ya naga ya rona go tswa mo go phutlhamisiweng dingwaga di le lesome mme e bile gape re ntse re e tlhokometse gore matsapa a ikonomi a ka fa nageng le a lefatshe ka bophara a se fete ka yona.

Re atlegile mo go direng seno.

Jaanong ikonomi ya rona bogolo jwa yona bo feta jwa mo dingwageng tse di fetileng di le 30 ka mameno a mararo a bogolo jwa nako eo.

Palo ya maAforika Borwa a a dirang e oketsegile go tloga mo go a le dimilione di le robedi ka ngwaga wa 1994 go feta a le dimilione di le 16.7 ga jaanong.

Mo dingwageng di le pedi tse di fetileng palo ya ditiro tse di ntseng di tlhodiwa e ntse e oketsega kotara e nngwe le e nngwe mme ga jaanong re na le batho ba bantsi ba ba dirang go gaisa ba mo nakong ya pele ga re ka welwa ke leroborobo.

Mme le fa go le jalo, palo ya batho ba ba sa direng e re nang le yona ga jaana e kwa godimo go feta ya dipaka tse dingwe tsotlhe.

Le fa dipalo tsa batho ba ba thapiwang di gola, palo ya batho ba bantsi ba ba tlhokang ditiro e tswelela go nama go gaisa palo ya ditiro tse di tlhodiwang.

Ka go dirisa dikgato tsa go fetola batsholateu mo ikonoming re kgonne go tsenya tirisong dikgato tse di tla dirang gore kgolo ya ikonomi e bonagale, ra diragatsa matsholo a magolo a go ngokela dipeeletso mmogo le matsholo a go aga le go baakanya mafaratlhatlha mme tseno tsotlhe di setse di simolotse go tlhagisa dipoelo.

Ditlamo di tswelela go dira dipeeletso, diketekete tsa diheketara tsa masimo di tswelela go jalwa, difeme tse dintšhwa di a bulwa mme e bile gape le tlhagiso le yona e tswelela go ata.

Re santse re le mo motlhale wa go rarabolola dikgwetlho tse di kgolo tse di thibelang gore ikonomi e gole mme re dira seno ka go dira gore motlakase wa rona o se tlhole o sokodisa mmogo le go dira gore lephata la rona la go rwala dithoto le lona le boele le dire ka tshwanelo.

Fa re ka utulola dikgwetlho tseno, re tla bona ikonomi ya rona e simolola go ntsha ga tshwene.

Re tlhagisitse leano le le tlhamaletseng la go fedisa motlakase o o tshabetseng ruri, mme leano leno ga re a bolo go le tsenya tirisong ka mogopolo o o totobetseng ka go sola mosola Komiti ya Naga ya Merero ya Matsapa a Motlakase.

Re diragaditse maikano a rona a go tlhagisa motlakase o montsi o o fetlhiwang ka ditsela tse dintšhwa mme re dirile seno ka go laletsa dipeeletso tsa beng ba dikgwebo tsa poraefete go tlaleletsa motlakase o re nang le ona, mme seno se setse se simolotse go bonagala jaaka ditiragalo tsa motlakase o o tshabetseng ruri di simolola go fokotsega.

Mo ngwageng yo o fetileng re ne ra phimola sekoloto se segolo sa Eskom, mme seno se tla kgontsha gore setlamo seno se kgone go tsemapisa dipeeletso mo go baakanyeng mafaratlhatlha le mo go tsamaiseng motlakase mmogo le go tlhokomela dithoto tsa sona go ya go ile.

Fa e sale re tsosolosa letsholo la motlakase wa go fetlhiwa ka ditsela tse dinšhwa tse di sa kgotlheleng tikologo mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng, re setse re kgonne go gokelela mo diyuniting tsa tlamelo ya motlakase dimekawate di feta di le 2 500 tse di fetlhiwang ka letsatsi le phefo mme e mengwe gape metlakase ya bontsi jona jono jo bo menaganeng gararo e santse e rekiwa fa e mengwe e santse e agelwa bodutelo.

Ka go se duedisiwe lekgetho mmogo le go thusiwa ka matlole, re setse re kgonne go bokeletsa palo ya didirisiwa tse di pegiwang mo marulelong tsa motlakase o o fetlhiwang ka letsatsi go ralala le naga yotlhe mo ngwageng yo o fetileng re kgonne go menagana gabedi palo ya pokeletso ya motlakase.

Re tsentse tirisong melawanataolo e e dirang ka botswapelo e e fetolang maemo maitlhomo e le go kgontsha ditlamo tsa poraefete gore le tsona di letlelelwe go beeletsa mo tlhagisong ya motlakase, mme jaanong go setse go na le diporojeke tse dintšhwa tsa motlakase di feta di le 120 tse ditlamo tsa poraefete di samaganeng natso.

Tseno ke ditiragalo tse dikgolo tse di fetolang sebopego sa lekala la rona la motlakase gore le lona le tshwane fela le a mangwe a diikonomi tse dingwe gore go nne le maphata a le mantsi a a gaisanelang maraka e leng selo se se tla dirang gore ditlhwatlhwa tse di duelwang di fokotsege.

Ka ntlha ya dikgato tsotlhe tseno tse di setseng di tserwe, re na le tshepo e e feletseng gore mathata a rona a motlakase a fetile mme e tla re mo nakong e e sa fediseng pelo ra ikhutsa ditiragalo tsa motlakase o o tshabetseng ruri.

Fela re ka se felele gona foo.

Gore re se tlhole re tobana le bothata jono, re fetola thulaganyo ya rona ya motlakase gore mo isagong e kgone go gaisana le tse dingwe, e kgone go somarelega mmogo le go tshepega.

Re tlile go tsenya megala e mentšhwa ya motlakse ya botelele jwa dikhilomitara di le 14 000 go dira gore motlakase wa go fetlhiwa ka ditsela tse dintšhwa o kgone go golaganngwa bonolo mo dingwageng tse di tlang.

Gore kgato eno e se salele morago, re tla letlelela gape le gore dipeeletso go tswa kwa ditlamong tsa poraefete le tsona di kgone go nna le seabe mo tsamaisong ya motlakase mme seno se tla diragadiwa ka mekgwa e e farologaneng ya dipeeletso.

Mo ngwageng yo o fetileng re ne ra tlhagisa Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Melawanataolo ya Metlakase gore o fetole setheo sa Eskom mmogo le go bulela gore go nne le dikgaisano mo marakeng wa motlakase.

Jaaka re tsenya tirisong diphetogo tseno, re rulaganya ikonomi ya rona gore mo isagong e kgone go gola mo lefatsheng leo le ikobelang merero ya phetogo ya maemo a loapi mmogo le go dira gore se di goge kwa pele mo go diriseng thekenoloji ya go somarela tlhago.

Mo dingwageng di le tharo tse di fetileng, naga ya rona e itemogetse koketsego ya maemo a loapi a a bogale, mme a mantsi a ona a ne a dira sekata.

Ke ka ntlha ya seno re tsenyang tirisong phetogo ya motlakase e e sa kgotlheleng tikologo, e seng fela ka maikemisetso a go fokotsa go kuelediwa ga mesi le go lwantshana le phetogo ya maemo a loapi, mme gape le ka ntlha ya go batla go godisa ikonomi le go tlholela batho ba naga ya rona ditiro.

Phetogo eno re tla e diragatsa go ya ka lebelo, bogolo le matlole ao naga ya rona e ka kgonang go a dirisa mmogo le ka mokgwa o o tla dirang bonnete jwa gore re kgone go nna le motlakase.

Jaaka re na le letsatsi le le mogote, mafelo a a nang le phefo e ntsi mmogo le metswedi ya dirašwa, re tla kgona go tlhagisa diketekete tsa ditiro mo lephateng la motlakase wa go fetlhiwa ka ditsela tse dintšhwa, la leokwane la gase le le sa kgotlheleng tikologo, mo lephateng la tshipi e e sa kgotlheleng tikologo, mo go ageng dijanaga tse di tsamayang ka motlakase mmogo le mo go tlhagiseng ditlhagisiwa tse dingwe tse dintsi tse di sa kgotlheleng tikologo.

Porofense ya Kapa Bokone, jaaka e na le lefelo le legolo la go tsenya didirisiwa tsa go fetlha motlakase wa letsatsi, e setse e ngoketse dipeeletso tse di ka dirang dibilione tsa diranta.

Re tlile go tlhoma Lefelo la Dikgwebo tse di Itlhophileng kwa Boegoebaai port gore re kgone go ngokela dipeeletso mo motlakaseng o o sa kgotlheleng tikologo. Go na le phisegelo e kgolo mo makaleng a poraefete ya go nna karolo mo khumong e e tla tlhagisiwang ke diporojeke tsa motlakase le leokwane la gase le le sa kgotlheleng tikologo.

Re tsere tshweetso ya go ema nokeng dikgato tsa go aga dijanaga tse di tsamayang ka motlakase ka fa nageng ya Aforika Borwa gore re kgone go godisa lekala la dijanaga la ka fa nageng, gonne lekala leno le tlhagisa ditiro tse di siameng tseo mo go tsona go thapiwang diketekete tsa batho.

Re tsere tshweetso ya go tsepamisa mogopolo mo mafelong a a jaaka Mpumalanga gore mo mafelong ano go simololwe go agiwa diintaseteri tse dintšhwa, ditšhono tsa go iphedisa tse dintšhwa mmogo le ditiro tse di tla somarelwang.

Mme gape mo ngwageng yo o fetileng, re ne ra oketsa maikano a a dirilweng a matlole mo Leanong la Dipeeletso mo Tsamaisong ya Motlakaseng o o Tlhokagalang mo matlole a okeditsweng go tloga mo go dibilione di le R170 go fitlha mo go di le R240.

Mo go samaganeng le ditiragalo tse di sa kgaotseng tsa mogote wa lefatshe ka bophara, tseo gantsi di iponagatsang ka go nna le merwalela, go runya ga melelo mmogo le komelelo, re tsere tshweetso ya gore re tlhome Sekgwama sa Matlole a go Tsibogela Ditiragalo tsa Phetogo ya Maemo a Loapi.

Seno se tla dira gore maphata otlhe a puso mmogo le a poraefete ba dirisane mmogo mo go thibeleng le mo go tsibogeleng matsapa a a tlisiwang ke phetogo ya maemo a loapi.

Mo go samaganeng le tiro e e bokoa mo lephateng la dijanaga tse di rwalang dithoto, re tsaya dikgato mo go tokafatseng ka fao maemelakepe mmogo le a diterene a rona a dirang ka gone mme re dira seno gore a boele a nne mo maemong a a kwa godimo mo lefatsheng.

Re tlhomile leano le le tlhamaletseng le le tshwanetsweng go latelwa gore re kgone go tsosolosa tiro ya Transnet mmogo le go tsosolosa lephata la rona la dijanaga tse di rwalang dithoto.

Ka go dirisanammogo le dikgwebo le mekgatlho ya badiri, re kgonne go tlhoma ditlhopha tse di dirang ka boineelo gore di fetole mafelo ano a le matlhano a dikgwebo a a romelang dithoto kwa dinageng tsa boditšhaba.

Palo ya dikepe tse di letetseng go abelwa lefelo le di ka emang mo go lola kwa Boemelakepe jwa Durban – e leng lefelo le le sa bolong go itemogela mokitlano o o seng kana ka sepe mo dikgweding tse di fetileng – e fokotsegile go tloga mo dikepeng di le 60 mo gare ga kgwedi ya Ngwanaitseele go fitlha mo go di le 12 fa kgwedi ya Ferikgong e garela.

Transnet e neile setlamo se se laolang mafelo a boemelakepe a boditšhabatšhaba tiro ya gore se thuse go godisa le go tokafatsa boemelakepe jwa yona jo bogolo jwa kwa Durban.

E bile gape re fetola ka gotlhe thulaganyo ya diterene tse di rwalang dithoto mme re letlelela ditlamo tsa poraefete tsa diterene gore le tsona di dirise diporo tseno.

Jaaka ntwa ya matlho a mahibidu e santse e tsweletse kwa Dinageng tsa Botlhabagare mme seno se kgoreletsa motsamao wa dikepe kwa Suez Canal, naga ya Aforika Borwa e mo maemong a mantle a go ka abelana ka ditirelo tsa polokelo ya dikepe mme tsona di tla bontshiwa ditsela tse dingwe tse di ka di latelang go leba koo di lebileng gone.

Re ne ra garela fantisi ya makhubu a kgaso a porotebente morago ga dingwaga di le lesome ka ntlha ya go diega, mme seno se dirile gore re nne le dipeeletso tse dintšhwa, tuelo ya data e fokotsege mmogo le go tlhabolola neteweke le go tshwarana ka megala.

Diphetogo tseno di nnile le seabe se segolo mo setšhabeng mo re boneng palo ya batho ba ba dirisang inthanete e tlhatloga ka bontsi mo dingwageng di le lesome tse di fetileng.

Mo ngwageng wa 2011 malapa a a ka fa tlase ga halofo a ne a na le inthanete fa a bapisiwa le a le 79% mo ngwageng wa 2022.

Mo bekeng yona eno re phasaladitse melawanataolo e mentšhwa e e tla samaganang le thulaganyo ya di-visa, mme yona e tla dira gore go nne bonolo go ngokela batho ba ba nang le bokgoni jo ikonomi ya rona e bo tlhokang mmogo le go dira gore re nne le thulaganyo e e tswileng diatla e e re unngwelang ya go itshimololela le go tlhama dikgwebo.

Ka go tshwara Dikhonferense tsa go Beeletsa tsa Aforika Borwa di le tlhano re kgonne go ka bokeletsa ditsholofetso tsa go beeletsa tseo di ka re direlang ditrilione di le R1.5, mme mo go tsona go setse go beeleditswe madi a le dibilione di feta di le R500 mo ikonoming.

Mo go emeng nokeng lekala la meepo, re tswelela ka dikgato tsa rona tsa go fetola ditshwanelo tsa go abelana ka dilaesense tsa meepo mmogo le go bula letlole la go phuruphutsa kgonagalo ya go tlhama moepo go ema nokeng beng ba meepo ba ba simololang mmogo le go thusa mo go rafeng dirašwa tse di ntšhwa.

Ka go dira tsotlhe tseno, lephata la moepo, e leng lona le le agileng ikonomi ya Aforika Borwa, le tla boela le nne le diintaseteri tse di tla tsosang naga eno.

Palo ya bathobantsho ba ba nang le seabe mo lephateng leno, ba mo malobeng ba neng ba sa letlelelwa go ka nna le seabe, palo ya bona e a oketsega.

Beng ba dikgwebo tsa meepo ba bathobantsho ga jaana ba atumela 39% fa ba bapisiwa le ba ba neng ba ka nna 2% mo ngwageng wa 2004.

Peeletso mo mafaratlhatlheng e a tlhatloga.

Ditsela tse dintšhwa le tsa go itlhamelwa di tla solwa mosola gore re kgone go oketsa kago ya mafaratlhatlha.

Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe le batla go oketsa tlhokomelo ya didirisiwa tsa tlhagiso ya metsi ka go simolola diporojeke tsa go aga mafaratlhatlha gore re se felelwe ke metsi mmogo le go dirisa metswedi e e farologaneng ya metsi gore re tlogele go itshepela fela mo metsing a a leng mo godimo ga lefatshe.

Go agiwa mafelo a magolo a bodutelo jwa metsi go ralala le lefatshe ka bophara gore re kgone go fetola tlamelo ya metsi go dimilionemilione tsa baagi ba kwa metseselegaeng, kwa makeišeneng le kwa diteropong.

Diporojeke tse di latelang tsa mafaratlhatlha a metsi e ka tswa go santse go samaganwe le tsona fa e le gore ga di ise di konosediwe:

Porojeke ya Metsi a a Tshologang kwa Dithabeng tsa Lesotho, Umzimvubu, Letamo la Hazelmere, Porojeke ya Metsi ya uMkhomazi, Letamo la Clanwilliam, Letamo la Tzaneen, Loskop, Mandlakazi, dipeipi tsa metsi tse di gogang metsi go tswa kwa Letamong la Jozini, Giyani, dipeipi tsa metsi tse di gogang metsi go tswa kwa Letamong la Nandoni go leba kwa Letamong la Nsami, Metsi a kwa Pilanesberg, Vaal Gamagara mmogo le dipeipi tsa metsi tse di gogang metsi go tswa kwa Nokeng ya Vaal go leba kwa Hothazel.

Kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba, leborogo la Msikaba le la Mtentujaanong a tlhatlosediwa kwa godimo, mme e tla re fa go feditswe ka ona ya nna a mangwe a maborogo a a kwa godimo mo kontinenteng ya Aforika fa go feditswe go a aga.

Lesenke le le dirisiwang mo karolong e nngwe ya porojeke eno le betlilwe kwa porofenseng ya Mpumalanga, mme tshipi yona ke e e tlhagang kwa porofenseng ya Kapa Bokone.

Mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng, Setlamo sa Setheo sa Ditsela tsa Naga ya Aforika Borwa (SANRAL), seo se tlhokomelang ditsela tse di ka dirang dikhilomitara di ka nna 25 000, se ntshitse dithendara di feta 1 200 tse di ka jang boleng jo bo kanaka dibilione di le R120.

Ka kgwedi ya Ngwanaitseele ngogola, Kabinete e neseditse pula leano la go tsamaisa tiro ya go tsenya tirisong diterene tse di tsamayang ka lebelo le o ka reng di a fofa, mme leno mo tshimologong le tla tsepamisa mogopolo mo ditereneng tse di tsamayang magareng ga Johannesburg go leba kwa Durban.

Fa re ntse re godisa ikonomi, re dira gape gore rotlhe re nne le seabe mo go yona.

Ka ntlha ya letsholo la pusetsodinaga go beng, re kgonne go busetsa masimo a ka nna 25% go beng mme ga jaanong maAforika Borwa ano a bathobantsho ke bona beng, mme seno se dira gore re atumele peelo e re e beileng ya gore fa ngwaga wa 2030 o goroga re tshwanetse ra bo re kgonne go ka fitlhelela go 30% ya pusetsodinaga go beng.

Mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng, re thusitse beng ba diintaseteri ba bathobantsho ba ka nna 1 000 ka matlole le ka dithuso tse dingwe. Difeme tseno tsa bathobantsho di thapile badiri ba feta ba le 90 000 mmogo le go tsenya dibilione tsa diranta di le dintsi mo ikonoming ya naga ya rona.

Go ntse go le jalo, badiredi ba bangwe gape ba meepo ba ka nna 200 000 ba ne ba rebolelwa dišere mo ditlamong tse ba di direlang, mme seno se dira gore palogotlhe ya badiredi ba ba nang le dišere mo ditlamong tse ba di direlang mo ikonoming ya Aforika Borwa e fete halofo ya milione ya badiri.

Re bona fa tiragalo eno ya go rekisetsa badiri dišere e simolola go gola jaaka ditlamo tse dingwe di bona botlhokwa jwa seno mo tirong ya sona jaaka ba bona botlhokwa jwa gore badiredi ba bona le bona ba nne dišere mo setlamong se ba se direlang.

Diphetogo tse re di tsentseng tirisong mmogo le tiro e re samaganeng le yona di tla re thusa gore re kgone go fedisa ditiragalo tsa motlakase o o tshabetseng ruri, go tlhabolola lephata la naga ya rona la go rwala dithoto, go dira gore re se sokolele metsi mme kwa bofelong le go dira gore re kgone go tlhola ditiro.

Le fa gona e le lantlha re kopana le dikgwetlho tse dikgolo tsa mothale ono, ka fao re tla di tsibogelang ka gone go tla re kgontsha gore re iponele katlego e kgolo go gaisa eo re kileng ra nna le yona.

E nngwe ya setlhogo se segolo se puso ya tlhaolele e neng ya se dira ke go dirisa thuto jaaka sebetsa sa go tsweletsa tlhokego ya tekatekano.

Mo dingwageng di le 30 re ntse re samagane le go dirisa thuto jaaka sedirisiwa sa go tlisa tekatekano.

Dipoelo tsa rona tsa thuto ya motheo di ntse di tokafala mo dikarolong ka go farologana ga tsona.

Dipalo tse di rebotsweng sešweng tsa go falola materiki, ka dipholo tsa diphesente di le 82.9%, ke dipholo tsa ntlha tsa go nna kwa godimo jaana fa e sale.

Ngwaga yo mongwe le yo mongwe barutwana ba ba tswang kwa dikolong tse go sa duelelweng ba nna ba ntse ba oketsega mo palong ya barutwana ba ba falolang ka dipholo tse di ba bulelang dikgoro tsa gore ba ye go tsweletsa dithuto tsa bona kwa yunibesiti.

Mme le fa go ntse go le jalo, ga se ba bantsi go le kalo barutwana ba ba tlogelang sekolo.

Mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng re okeditse go utlwagala matlole a go isa sekolong barutwana ba ba tswang kwa malapeng a a humanegileng le a batsadi ba iponelang mogolo yo o seng kalo gore ba kgone go tsweletsa dithuto tsa bona kwa diyunibesiti le kwa dikholejeng tsa TVET.

Mo dingwageng di le tlhano tse di tlang re tla tsepamisa mogopolo mo go oketseng ditšhono tsa go isa bana kwa dikolong tsa bomapimpana mmogo le mo go tlhabololeng bokgoni jwa go buisa mo baneng ba ba tsenang dikolo tse di potlana, mme ke teng moo e bile re setseng re simolotse go bona kgatelopele e nna teng.

Go isa dikolo tsa bomapimpana kwa Lefapheng la Thuto ya Motheo e nnile e nngwe ya ditshwetso tse di botlhokwa gonne jaanong re ne ra kgona go isa ditlhokwa tse dintsi mo dikolong tseno mmogo le go dira gore ka go sola mosola lefapha la tirisano ya ditheo tsa puso le mafapha a mangwe re kgone go dira gore thuso mo dikolong tseno e bonwe go tswa mo matlhakoreng otlhe mme e okanngwe kwa godimo ke Lefapha la Thuto ya Motheo.

Dipholisi tsa rona mmogo le matsholo a teng, mo dingwageng di le 30 tse di fetileng, di kgonne go ntsha dimilionemilione tsa batho mo bodiding jwa nta e e motopo.

Gompieno ke maAforika Borwa a le mmalwa fela a a santseng a sokola le a a santseng a humanegile.

Ka ngwaga wa 1993, naga ya Aforika Borwa e ne e le mo bodiding jo bo seng kana ka sepe, baagi ba yona ba ka nna 71.1% ba ne ba humanegile.

Jaanong, ka ntlha ya puso ya temokerasi, palo eno e ntse e tswelela go fokotsega ka palo e e tshosang.

Ka ngwaga wa 2010, palo ya batho ba ba humanegileng e ne e setse e fokotsegile mo batho ba ba humanegileng ba ne ba balelwa mo go ba le 60.9%, mmogo le go tswelela go fokotsega go balelwa mo go ba le 55.5 % ka ngwaga wa 2020, mme tseno ke dipalo tse di tlhagisitsweng ke ba Banka e e Thusang Dipuso tsa Dinaga mo Lefatsheng.

Kgatelopele eno e diragetse ka ntlha ya go ema nokeng go tlala seatla baagi bao ba tlhokang thuso eno go gaisa.

Mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng, re ne ra tsenya tirisong dikgato tse dingwe gape tsa go samagana le khumanego ka go tsenya tirisong Taolelo ya Naga ya Mogolo o Monnye o o ka Duelelwang Badiri jaaka Lekwalo la Ditshwanelo le sa bolo go e umaka.

Tshwetso e e tserweng ke bannaleseabe ba ba botlhokwa e bong bagwebi le mekgatlho ya badiri mmogo le baagi, ya go tsenya tirisong ka gangwe mogolo o monnye o o ka duelelwang badiri e ne ya dira gore megolo ya badiri ba ka nna dimilione di le thataro e oketsege.

Mo nakong ya fa re ne re aparetswe ke leroborobo re ne ra tsenya tirisong Megolo ya go Thusa Baagi ba ba sa Direng ba ba Wetsweng ke Mathata a Ditšhelete ka Ntlha ya COVID-19, mme ga jaanong megolo eno e thusa batho ba le dimilione di le robongwe ba ba sa direng kgwedi e nngwe le e nngwe.

Megolo eno mmogo le dithuso tse dingwe tse re di abelang baagi ga di ba thuse fela ka seo ba se tlhokang gore ba tshele.

Di mosola gape ka ntlha ya gore di beeletsa mo isagong.

Thuso ya baagi e bontshitse gore e kgona go thusa mo go oketseng palo ya batho ba ba itshokelang sekolo, mo go fokotseng palo ya batho ba ba tlogelang sekolo, mmogo le mo go oketseng palo ya batho ba ba falolang kwa sekolong.

Matshelo a maAforika Borwa jaanong a nna a ma telele go gaisa mo malobeng.

Dipalopalo di bontsha gore batho ba bantsi ba ne ba sa fete dingwaga di le 54 mme fa e sale ka ngwaga wa 2023 dipalo di bontsha gore jaanong batho ba bantsi ba tshela go fitlhelela dingwaga di le 65

Dipalopalo tsa go tlhokafala ga baimana, batsetse le masea a bona di fokotsegile ka dipalopalo tse di tshosang.

Re agile dipetlele le maokelo, segolobogolo mo mafelong a go nnang batho ba ba humanegileng, mme jaanong re kgona go tlamela maAforika Borwa ka ditirelo tse di botoka thata tsa tlhokomelo le kalafo.

Gompieno batho ba le 95% ba ba tshwerweng ke Mogare wa Lebolelateng (HIV) jaanong ba itse seemo sa bona, ba le 79% bona ba amogela melemo ya go okobatsa le go thibela go tshwaetsana ka kokwanatlhoko ya lebolelateng, mme ba le 93% bona mogare ono o fokoditswe bogale mo go bona.

Tshwaetsano ka HIV mo bašweng e fokotsegile thata.

Le fa tota thulaganyo ya maokelo ya rona e nnile le seabe se segolo mo matshelong a batho, re samagane le go tokafatsa bobedi boleng jwa maokelo mmogo le go bona thuso ka go lekalekana mo maokelong.

Inšorense ya Naga ya go Thusa Baagi go Fitlhelela Ditirelo tsa Boitekanelo mo Maokelong Otlhe a ka fa Nageng (NHI) e tla dira gore maokelo otlhe a abele maAforika Borwa ka ditirelo kwa maokelong a puso kgotsa a poraefete ntle le go ba duedisa.

Re samagane le go oketsa maano a go tsenya NHI tirisong, mme re lebelela dintlha tse di jaaka ka fao re tla tlamelang maokelo ka matlole, badiredi, melemo, meento le dithekenoloji tsa maokelo, mmogo le lenaane la tshedimosetso ya maokelo.

E nngwe ya dilo tse di tlhageletseng ka magetla, tse di mosola le tse di nang le bokao tse re di fitlheletseng kwa tshimologong ya dingwaga di le masome a mararo tsa kgololesego e nnile ya go agela batho magae.

Gompieon malapa a ka nna robongwe mo go a le 10 a nna mo dintlong tsa ditena.

Mo go neng go na le magae a a neng a agilwe ka masenke le mmu, jaanong go na le dintlo tse di agilweng ka ditena le samente.

Ano ke malapa a mo go ona a tsenyeditsweng metsi a go nwewa le a go tlhatswa, magae a go nang le motlakase gore go tshumiwe dipone le go apaya ka ona.

Fa puso ya tlhaolele e ne e fophana ka mpa ya sebete, e ne e le fela malapa a le marataro mo go a le 10 a a neng a na le metsi a a ka nwewang. Gompieno palo eno e tlhatlogile mo go gagamatsang mo e ka nnang maAforika Borwa a le robongwe mo go a le 10.

Re samagane le go dira bonnete jwa gore dintlo tse puso e thusang beng ka dituelelo di agiwa gaufi le mafelo a batho ba dirang kwa go ona, gaufi le dikolo le gaufi le mafelo a ditirelo di bonwang kwa go ona.

Fela gore go nne le ditirelo, mebuso ya dimasepala e tshwanetse go dira tiro ya tsona.

Dimasepala tse dintsi di retelelwa ke go dira tiro ya tsona mo ditirelong tsa puso, tsa matlole le tsa go tlamela baagi ka ditirelo.

Matsapa ano a ama karolo nngwe le nngwe ya botshelo jwa moagi mongwe le mongwe letsatsi le lengwe le le lengwe.

Re simolotse go tsenya tirisong dikgato di le dintsinyana tsa go rarabolola matsapa ano mme re dira seno ka go ema nokeng mebuso ya dimasepala, mme kemonokeng eno e tsenyeletsa le go dira gore batho ba ba direlang puso ba nne le makwalothuto le kitso e e tlhokagalang mmogo le mo go direng gore go thapiwe batho ba ba nang le bokgoni jo bo tshwanetseng mo diphatlhatirong tse di botlhokwa.

Kantoro ya Moporesitente, ya Matlotlo a Naga mmogo le Lefapha la Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso (CoGTA) a tshwaraganetse tiro ya go oketsa palo ya baitseanape mo mebasepaleng mmogo le mo go tokafatseng ka fao go logiwang maano, go tsamaisiwang tiro mmogo le ka fao go disiwang tiriso ya matlole.

Ka go sola mosola Dipitso tsa Moporesitente tse dintseng di tshwarwa go ralala le naga, re bone ka fao Leano la Tiragatso ya Kabo ya Ditirelo  le le Ikaegileng ka Ditikologo le kgonneng go golaganya maphata otlhe a a farologaneng a puso mmogo le bannaleseabe ba ba botlhokwa mo go rarabololeng dikgwetlho tsa go aba ditirelo mo metseng eo re nnang mo go yona.

Leano la Tiragatso ya Kabo ya Ditirelo  le le Ikaegileng ka Ditikologo (DDM) le itshupile gore ke sedirisiwa se se mosola se se ka tokafatsang tirisanommgo ya ditheo tsa puso le matsema. Re tla tswelela go godisa le go tsenyeletsa thulaganyo eno.

Go samagana le bosenyi le go se babalesege ke selo se se botlhokwa thata.

MaAforika Borwa a tshwanetse go nna a babalesegile le go ikutlwa gore a babalesegile, go dira gore ba tsamaye mo metseng e ba nnang mo go yona mmogo le mo mafelong a boitapoloso go se sepe se ba se boifang.

Mo pusong eno, re tsepamisitse mogopolo mo go tlameleng ka dithata ditheo tsa molao tsa naga ya rona, mme kana ditheo tseno mo malobeng di ne tsa dubakiwa gore di se tlhole di kgona go dira tiro ya tsona ka tshwanelo.

Re okeditse palo ya mapodisi ka go thapa batlhankedi ba bangwe ba le 20 000 mo dingwageng di le pedi tse di fetileng mme mo ngwageng o o tlang re tla ba oketsa gape ka ba bangwe ba le 10 000.

Mapodisi a mangwe gape a le 5 000 a rometswe gore a samagane le ditiragalo tsa merusu mo metseng fa go na le ditshupetso.

Ba Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) ba tlhomile Letsholo la Shanela jaaka e le letsholo le lentšhwa le le samaganang le mafelo a bosenyi bo itelekelang mo go ona, mme lona le dirile gore fa e sale go tloga ka kgwedi ya Motsheganong ngogola go fitlha mo motsing ono re bo re kgonne go golega batho ba le 285 000.

Setlhopha se se Samaganang le Tiro ya Mafaratlhatlha a Ikonomi se se dirang mo diporofenseng tsotlhe se atlegile tota mo go lwantshaneng le bogodu jwa megala ya motlakase, go lwantshana le tshenyo ya mafaratlhatlha a a botlhokwa a naga mmogo le go lwantshana le ditiragalo tsa bogodu jwa dirašwa tsa meepo.

Ka go dirisana mmogo le makala a poraefete, re bone phokotsego e nna teng mo go utswiweng ga mafaratlhatlha a diterene.

Mo ngwageng yo o fetileng re butse Setheo sa go Disa Melelwane maitlhomo e le go tlhabolola tlhokomelo ya go disa melelwane, mme re setse re thibetse batho ba feta 100 000 ba ba neng ba leka go tsena ka fa nageng ka mekgwa e e seng mo molaong.

Rona mmogo le mekgatlho ya baagi, re tlile ka Leano la Naga la go Loga Maano mo Mererong ya go Lwantshana le go Bogisiwa le go Bolawa ga Basadi (GBVF), re kgonne go samagana le leroborobo le le neng le aparetse setšhaba ka bophara.

Matlole a ka fitlha go dibilione di le R21 mo pakagareng e e fetileng a diriseditswe go tsenya tirisong dikarolo di le thataro tsa leano leno, go tsenyeletsa le go tlhatlhelelwa ga basadi gore ba kgone go itirela letseno.

Melao e mentšhwa e tsentswe tirisong go samagana le ka fao ditheo tsa molao di tla samaganang le GBV mmogo le go ema nokeng batswasetlhabelo ka kemonokeng e e botoka.

Kwa bofelong re batla go utolola ka modi GBV mme re tla dira seno ka go dira gore setšhaba se ipope ngatananngwe. Mo go diragantseng seno, re ema nokeng boikuelo jwa gore banna ka fa nageng ya Aforika Borwa ba dire boikano jwa gore ba tla dira sengwe le sengwe mo matleng a bona go fedisa ditiragalo tseno.

Basadi le bona go solofetswe gore le bona ba tla kwala boikano jo le bona ba tshwanetseng go bo dira.

Go santse go na le dilo di le dintsi tse re tshwanetseng go di dira gore re kgone go nna le setšhaba se se tshelang mo go babalesegileng, mo go thibeleng ditiragalo tsa botlhokotsebe tse di nang le tirisodikgoka, mmogo le go tlhokomela mafaratlhatlha a naga ya rona.

Le fa go le jalo, ga re na pelaelo epe gore sepodisi se se dirang ka manontlhotlho, se se katisitsweng sentle le se se nang le dilo tse di tlhokagalang gore se kgone go dira tiro ya sona, se dirisana sentle le baagi, se ka palelwa ke go dira gore naga ya rona e babalesege.

Gompieno moAforika Borwa mongwe le mongwe o kgona go lebelela lefatshe ka fa matlhong ka ntlha ya go itse gore le rona re batho fa gare ga batho ba bangwe.

Re tswelela ka boineelo jwa rona jwa go nna le seabe se se bonagalang mo kontinenteng ya rona le mo lefatsheng ka bophara gore kwa bofelong re nne le Aforika yo o botoka mmogo le lefatshe le le botoka.

Re tlile go tswelela go tshameka karolo e e botlhokwa mo go fediseng dintwa mo kontinenteng ya rona yotlhe..

Ka Letsholo la Setlhopha sa Dinaga tsa Aforika sa go Buisanela Kagiso re tsweletse go buisana le dinaga tse di amegang mo ntweng ya Russia le Ukraine. Re tlhamile letsholo leno la go tlisa kagiso gonne re na le tumelo e e tletseng ya gore ntwa ya matlho a mahibidu e kgonwa ke molomo.

Jaaka re latela ntlha e e botlhokwa ya go tlhokomela ditshwanelo tsa batho le kgololesego ya bona, re bone gore re emelele baagi ba naga ya Palestina gore kwa Gaza ba se bolawe jaaka ditshenekegi.

Re itumeletse katlholo e e rebotsweng ke Kgotlatshekelo ya Phimolakeledi ya Lefatshe e e rileng Puso ya Iseraele e tshwanetse go dira sengwe le sengwe mo matleng a yona go dira gore e se bolaye batho ba ba senang molato jaaka e tseneletse baagi ba naga ya Palestina.

Re kgalema ka mafoko a a bogale ditiragalo tsa go bolawa ga baagi botlhe ba dinaga ka bobedi mme re ikuela mo maphateng otlhe a a leng mo ntweng eno gore ba dumelane ba bo ba ikane gore bothata jono ba tla bo rarabolola ntle le tshololo ya madi.

Re tla dirisa pholisi ya botsalano jwa rona le dinaga tsa boditšhaba go tlisa tlhabologo. Fa re ne re okame setilo sa BRICS ngogola, re bone diphetogo tse dintšhwa mo dinageng tse e leng leloko la BRICS.

Go oketsega ga setlhopha seno go tloga mo dinageng di le tlhano go nna di le 10 go re naya tšhono e kgolo ya dinaga tseo re ka gwebisanang le tsona, tse re ka nnang le botsalano jwa sepolotiki le tsona mmogo le jwa go dirisana mmogo mo kgaolong ya Borwa jwa lefatshe.

Re tla agelela mo godimo ga seo re setseng re se dirile mo go diragatseng Letsholo le le Sutisang Dikgoreletsi mo Kgwebisanong ya Dinaga tsa Aforika (AfCFTA), e leng letsholo le le tla fetolang ikonomi ya Aforika Borwa mmogo le ya kontinente yotlhe ka go tlhola ditiro le go oketsa palo ya bao ba nang le seabe mo ikonoming.

Mme gape re tla baya kwa setlhoeng kgolo ya Aforika fa re tshwara kopano ya G20 mo ngwageng wa 2025.

Dilo tseo re di fitlheletseng mo dingwageng di le masome a mararo tse di fetileng ke bopaki jwa gore re ka fitlhelela eng fa re dirisana mmogo mo go rarabololeng dikgwetlho tse di re beileng leoto mo molaleng.

Naga ya rona e na le baagi ba ba matlhagatlhaga, mekgatlho ya badiri e e nang le maatla mmogo le lephata la poraefete.

Mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng re dirile le badirisanimmogo botlhe bano ba baagi gore re kgone go samagana le dikgwetlho tse di jaaka tsa phemelo ya baagi mmogo le tsa go abela baagi ka meento mo nakong ya leroborobo la COVID-19, mmogo le go bokeletsa baagi gore ba eme kgatlhanong le GBV.

Mo ngwageng yo o fetileng re ipopile ngatana le badirisanimmogo mo mererong ya go thusa baagi gore re fedise ditiragalo tsa motlakase yo o tshabetseng ruri, ra samagana le dikgwetlho mo lephateng la go rwala dithoto, ra samagana le bogodu le bonweenwee mmogo le go kuka maoto mo go tlholeng ditiro.

Eno ke tsela ya Aforika Borwa ya go ipopa seoposengwe le baagi mo re samaganang le dilo tse di botlhokwa, mme e bile seno e tlo nna sona selo se se dirisiwang mo isagong mo go ageng setšhaba se sentšhwa se se tlhokagalang.

MaAforika Borwa a gaetsho,

SoNA eno ke yona ya bofelo ya puso ya borataro.

Dingwaga di le tlhano tse di fetileng e ne e le tsa go itharabologelwa le go ikoka matsadi, go baakanya foo go neng go senyegile le go ntšhwafatsa foo go neng go onetse.

Re ne ra tshwanelwa ke go tsosolosa ikonomi ya rona morago ga dingwaga di le lesome ikonomi ya rona e sa tsamaye sentle.

Re ne ra tshwanelwa ke go baakanya ditheo tsa puso ya rona morago ga gore re kgaole letsogo leo le neng le di goga ka nko.

Re ne ra tshwanelwa ke go itharabologelwa mo matsapeng a a re wetseng ka ntlha ya leroborobo le le neng le aparetse lefatshe lotlhe le le dirileng gore mo lefatsheng go nne le selelo sa khurano ya meno, le le dirileng gore dikgwebo di phutlhame le go dira gore batho ba felelwe ke ditiro.

Re ne ra tshwanelwa ke go samagana le go rarabolola mathata a motlakase ao a tswelelang go dira gore ikonomi ya naga ya rona e goge dinao, le fa tota re dirile go tlala seatla go a rarabolola mo dikgweding di le mmalwa tse di fetileng.

Re tswa kgakala mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng. Re tsweletse go agelela mo go tseo re atlegileng mo go tsona mo dingwageng di le masome a mararo tse di fetileng mme e bile re tsere dikgato re sa ikobonye go rarabolola dikgwetlho tse maAforika Borwa a tobaneng le tsona ga jaana.

Re tsosoloditse ditheo tsa rona tsa molao gore di boele di dire tiro ya tsona ka go se tseye letlhakore le ka matsetseleko fa di samagana le bonweenwee le bogodu.

Re lwetse go dira gore ditshwanelo tsa batho ba ba tshelang ka bogolofadi le tsona di tsewe tsia.  Re motlotlo gore re kgonne go dira gore Puo ya Diatla e feletse le yona e le puo ya semmuso ya naga ya bo 12.

Re tsweletse go tlhokomela le go tsholetsa ditshwanelo tse di botlhokwa tse di leng ka fa teng ga Molaotheo, tse di jaaka go letlelela batho go ntsha se se mo mafatlheng a bona, go ikamanya le mokgatlho le tumelo e ba e batlang. Re lwetse gore re nne le bobegakgang jo bo sa ilediweng go dira tiro ya jona mmogo le ditirelo tsa molao tse di sa tshwanelwang go enngwa fa pele go dira tiro ya tsona.

Re sireleditse le go tlhabolola ditshwanelo tsa batho ba ba itsayang gore ke basadi ba ba ratanang le basadi ba bangwe, banna ba ba ratanang le banna ba bangwe, batho ba ba ratanang le batho ba bong jo bo tshwanang le jwa bona mmogo le ba jo bo farologaneng le jwa bona, batho ba ba itsayang e le ba bong jo bo farologaneng le jo ba belegweng ka bona, batho ba ba itsayang gore ke ba bong jo bo sa tlwaelegang mmogo le batho ba ba lebegang e le ba bong jo bo rileng fela ba na le dikarolo tsa bong jo bo rileng, mme e bile re tswelela go lwantshana le mofuta mongwe le mongwe wa go gatelela le go tlhoya batho botlhe.

Re dirile go tlala seatla mo go godiseng ikonomi, mo go tlholeng ditiro le mo go fokotseng khumanego.

Le fa re simolotse dikgato tsa go baakanya le go fetola batsholateu, go na le tiro e ntsi e e santseng e tlhokwa go diriwa gore re kgone go phetagatsa diphetogo tseno.

Re tla tshwanelwa ke go garela tiro e re samaganeng le yona ya go fedisa lefifi le le re aparetseng ka ntlha ya motlakase o o tshabetseng ruri mmogo le yona ya go tsosolosa mafelo a boemelakepe le a diterene a naga ya rona.

Re tla tswelela go matlafatsa ditheo tsa mola tsa naga ya rona, ra samagana le GBV mmogo le go lwantshana le ditiragalo tsa bonweenwee go dira gore Aforika Borwa e nne lefelo le botlhe ba bolokesegileng mo go lona.

Re tla tswelela go tlhabolola mebuso ya dimasepala, go dira gore lephata la tirelopuso le dire ka manontlhotlho mmogo le go dira gore badiredipuso botlhe ba rweswe maikarabelo a diphoso tse ba di dirileng.

Re tla tswelela go dira gore ikonomi ya rona e gole e bo e gaisane le tse dingwe mo lefatsheng leo le fetogetseng ruri, ra ema nokeng dikgwebopotlana, go naya bašwa ditšhono tsa go itirela letseno mmogo le go naya batho ba ba senang ditlogo thuso ya go iphedisa.

Re tla tswelela go tokafatsa matlole a naga le go tshwarelela go dira gore ikonomi ya rona e nne e kgolo.

Re tla sola mosola ditšhono tse di tlang le AfCFTA  ka go oketsa mafelo a re gwebisanang le ona le go oketsa diintaseteri tsa rona.

Re tla tswelela go aga ikonomi e botlhe ba ka nnang le seabe mo go yona, re tsepamisitse mogopolo mo go matlafatseng bana ba mmala wa sebilo le basadi ba maAforika Borwa, ka go atolosa ditshwanelo tse badiri ba nang le tsona, ka go oketsa dikgato tsa go fetola batsholalefatshe mmogo le go diragatsa phetogo ya motlakase o o sa kgotlheleng tikologo ka go dira gore go se nne le motho ope yo e seng karolo ya seno.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Jaaka re tla bo re keteka dingwaga di le 30 re le mo kgololesegong, re tshwanetse go itoma sisino mo maikanong a rona a temokerasi ya molaotheo mmogo le ditsholofetso tsa yona tsa go nna le botshelo jo bo botoka.

Ga re a tshwanela go tshwana le bao ba ganang go rwala maikarabelo a Molaotheo o re rwesang ona mo magetleng a go baakanya dilo tseo di senyegileng mo malobeng fa puso ya tlhaolele e ne e sa tshware batho ka go tshwana mme se se botlhokwa ke gore re tshwanetse go fetola ikonomi ya rona mmogo le setšhaba sa rona.

Re tshwanetse go gakolola batho bano ka maikarabelo a Molaotheo o a rwesang puso e leng a go tswelela go ikobela ditshwanelo tse batho botlhe ba nang le tsona e leng tshwanelo ya go agelwa legae, go bona kalafo, go fepiwa, go neelwa metsi, go thusiwa ka dithuso tsa baagi, go femelesega le go tsenngwa sekolo.

Mme ka ntlha ya seno ga re a tshwanela go letlelela ope go nyefola ditheo tse di botlhokwa tsa temokerasi, go nyefola ditheo tsa tshekelomelato kgotsa go thulana ka tlhogo le setheo se se okameng Molaotheo sa Palamente.

Ga re a tshwanela go gogwa ke modumo wa batho ba ba batlang go re kgaoganya re le setšhaba se le sengwe, ba ba fetlhang mmudubudu le go nyatsa temokerasi ya rona.

Fela jaaka go nnile ka teng mo nakong e e fetileng, le mo isagong go fela jalo, baagi ba Aforika Borwa ba tshwanetse go nna monwana le lenala mme ba eme kgatlhanong le maiteko ape fela a go phimola dilo tseo temokerasi eno e di fitlheletseng.

Jaaka ke kile ka nna Monnasetulo wa Ntlo ya Teomolao ya Molaotheo, ke ne ke dira le baeteledipele ba bantsi ba ba boduleng ka fa ganong ba naga ya rona gore re kgone go kwala Molaotheo o o bontshang thato ya boammaruri ya baagi ba Aforika Borwa.

Jaaka gona jaanong ke le Moporesitente, ke bona seo e le maikarabelo a me a a botlhokwa a go sireletsa Molaotheo wa rona, mmogo le go dira letsatsi le lengwe le le lengwe go dira bonnete jwa gore seo se e solofeditseng se a diragala.

Jaaka re gatelapele, re tshwanetse go gakologelwa gore ga go motho ope ntle le rona yo a tla re naganelang gre isago ya Aforika Borwa e tla nna e e ntseng jang.

Ga se rona babogedi ba hisetori ya rona e kwadiwa.

Ke rona bakwadi ba yona.

Ke rona baagi ba naga e re ipelang ka yona e re e bitsang legae la rona.

Fa re lebelela kwa pele dingwaga di le 30 tse di tlang, re tshwanetse go ipotsa gore ke naga ya mofuta mang e re e batlang, ke raya le lona mofuta wa lefatshe leo re le batlang, leo re batlang go ikagela lona le bana ba rona.

Re ikemiseditse go nna le Aforika Borwa yo sesupo sa gore re ba mpa e le esi e tla nnang botho jo mongwe le mongwe wa rona a nang le jona.

Re batla go nna naga e motho mongwe le mongwe a tla lokologang go ipontsha gore ene ke mang, go sa kgathalesege gore ke wa morafe ofe, bong bofe, o ithatela batho ba bong bofe, ke wa setso sefe kgotsa tumelo efe.

Re batla naga e mo go yona ditšhono tse di tshwanang di tla abelwa bana botlhe, go sa kgathalesege gore ba belegetswe kwa Sandton, Mdantsane, Sekhukhune, Mitchell’s Plain kgotsa Phoenix.

Re batla naga e mo go yona molao o senang matlho, go sa kgathalesege gore khumo ya gago e tshologa ka dinala kgotsa o okame maemo afe mo setšhabeng.

Jaaka re tswelela go diragatsa ponelopele eno gore e diragale mo lefatsheng, re rotloediwa ke bana ba ba belegweng fa temokerasi eno e roga, re totloediwa ke mafolofolo a ba nang le ona, bokgoni jo ba nang le jona jwa go itlhamela dilo mmogo le mafolofolo a bona.

Re rotloediwa ke ka fao bašwa ba rona ba beileng naga eno mo mepeng wa lefatshe ka gone, ke raya di-Springboks le bona Banyana Banyana, baganka ba Bafana Bafana le bafenyi ba Dikabo tsa Grammy ba ba jaaka Tyla.

Jaaka re keteka segopotso sa ngwaga wa bo 30 re na le temokerasi ka fa nageng ya rona, re gakologelwa mafoko a ga Moporesitente Nelson Mandela, yo a rileng fa o sena go nanoga o goroga kwa ntlhorong ya thaba, o lemoga gore go santse go na le dithaba tse dingwe tse dintsi tse o santseng o tlhoka go di kgabaganya.

O rile:

“Ke santse ke ikhuditse, ke ntse ke lebelela bontle jwa thaba eno e e ntikaganyeditseng jaaka ke le kwa ntlhorong, ke ntse ke lebelela gore ke tswa kgakala go le kanakang.

“Le fa go le jalo, ga ke a tshwanela go ikhutsa sebaka go nne kgololesego e tla ka maikarabelo, mme ka jalo ga ke a tshwanela go itebala go nne leeto la me ga le ise le fitlhe kwa bokhutlhong.”

Le fa e le gore re tswa kgakala, re santse re le kgakala le go goroga koo re lebileng gone..

Fela jaaka Madiba, le rona ga re a tshwanela go itebala, re tshwanetse go tswelela go gatela kwa pele, go tswelela ka leeto la rona, go fitlha re goroga mo torong eo re nang le yona ka naga ya rona. Ka dinako tsotlhe re ntse re na e tumelo ya gore go fenya gona re tla fenya.

Pula.

Issued by
More from

Share this page

Similar categories to explore