Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 12 Phatwe 2015

1. Go Tsenngwa Tirisong ga Manaane a Puso a a Botlhokwa

1.1. Kabinete e amogela kgatelopele e e dirilweng ke Porojeke ya Mikondzo, e leng letsholo la ditirelo tsa setšhaba le le ikaeletseng go atolosa phitlhelesego ya ditirelo tsa loago mo baaging ba ba humanegileng mo nageng. Seno se diragaditswe kwa De Doorns e e kwa Kapa Bophirima, koo go abelwang thuso malapa a le 4 021 ao bafepi ba ona ka bontsi e leng badiredi ba kwa dipolaseng ba ba dirang ka ditlha tse di rileng. Thuso eno, gareng ga tse dingwe, e akaretsa go tlamela ka dipeo le dithapo ditshingwana tsa kwa malapeng mmogo le tlamelo ya matlole a go tlhoma mekgatlho le dikoporasi tsa baagi. Lefapha la Tlhabololo ya Loago le lone le dirisa De Doorns go tlhagisa pholisi e e ka ga badiredi ba ba dirang ka ditlha tse di rileng.

Mo godimo ga moo, Setheo sa Tshireletso ya Loago sa Aforika Borwa le tlhagisitse lenaane le lekgologadi la Itharabologelo ya Tshokolo mo Leagong go ka tlamela ka dijo le ka ditlhokwa tse dingwe tse di jaaka diaparo tsa sekolo tebang le bana ba ba tswang kwa malapeng a a humanegileng. Letlole le le kanaka R1 083 160 go tswa kwa Setheong sa Tlhabololo ya Naga le tshegetsa mabala a metshameko a ditikwatikwe tse di senang maikatlapelo di le 11 tsa  Thuto ya Bana ya go sa le Gale (ECD), ka bana ba le 975 bao ga jaanong ba tsenang kwa ditikwatikweng tsa ECD mo tikologong eo mme ba le 789 mo go bone ba unngwelwa go tswa mo dithusong tsa puso tsa ECD.

1.2. Kabinete e rolela hutshe katlego e e tsweletseng ga jaana ya Operation Fiela, eo ya go sa le gale e nnileng ya kwa Kapa Bokone moo tirelo e e tshwaraganetsweng ke Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS), mafapha a puso le ditheo tsa diporofense le tsa dimasepala tse di dirang ka molao di dirileng go feta tekano go netefatsa gore batho ba bolokegile le go ikutlwa ba bolokegile. Komiti ya Ditona tsa Naga (IMC) e e ka ga Bofaladi e tla tshwara dipuisano le babegakgang mo bekeng e e tlang go neela tshedimosetso e e tseneletseng.

1.3. Kabinete e akgola mekgatlho ya badiri le meepo ka go dirisana le puso go tsosolosa lekala la meepo, e leng seikokotlelo sa ikonomi ya rona, mme e ikuela mo maphateng otlhe go diragatsa maikano a bona. 

Puso, mmogo le dikgwebo le mekgatlho ya badiri, ba ntse ba kgaratlhela go tokafatsa maemo a dintlo le a botshelo jo bo nang le seriti mo ditoropong tsa kwa meepong. Palogotlhe ya bokanaka R18 bilione e setlegetswe mo tirong e e tsweletseng mo ditšhabeng tse di leng mo matshwenyegong tsa kwa meepong, moo bontsi jwa yone bo tswang kwa pusong mme ditlamo tsa meepo tsona di tlamela ka bokanaka ka kotatharo ya letlole leno.

1.4. Kabinete e letleletse go akarediwa ga Ditona tsa Setlhopha sa Tshireletsego mo Komiting ya Ditona tsa Naga (IMC) e e ka ga bofaladi e e rebotsweng ke Moporesitente Zuma.

IMC, eo e eteletsweng pele ke Motlatsamoporesitente Cyril Ramaphosa, e tla sekaseka le go rarabolola ditlamorago tseo go sa akangwang ka tsona tse di ka ga melawana e mentšhwa ya bofaladi mo makaleng a a farologaneng, go akaretsa a bojanala le a dipeeletso. IMC e tla akaretsa Tona ya Bojanala; ya Merero ya Selegae; ya Kgwebisano le Intaseteri; ya Tlhabololo ya Loago; ya Tlhabololo ya Dikgwebopotlana le Setlhopha sa Tshireletsego.

2. Maemo a Kabinete mo Mererong e e Botlhokwa ya Tikologo

2.1. Kabinete e amogetse go ketekiwa ga Letsatsi la Basadi go go diragaditsweng kwa Sasolburg e e kwa Foreisetata ka fa tlase ga moono o o reng: "Basadi ba Tshwaragane mo go Tsweletseng pele Aforika Borwa". Diketekete tsa basadi di ne di kgobokane kwa Lebaleng la Harry Gwala kwa Sasolburg go tlotla mosola o mogwanto wa basadi o nnilelng le one mo sepolotiking mo nakong ya kgaratlhelo ya tokologo kgatlhanong le bokoloniale le mmuso wa tlhaolele.

Kabinete e ikuela mo go makala otlhe a baagi go somarela moono wa Kgwedi ya Basadi le go tswela go dira gore go netefatswe fa basadi botlhe, bogolosegolo basetsanyana, ba matlafadiwa le go gololwa mo kgobelelong e e leng mo baaging gore re kgone go diragatsa tekatekano ya bong mo nageng.

Mo godimo ga fao, Moporesitente Zuma gape o phasaladitse pegelo e e tshwanang e le nosi ya Maemo a Basadi mo Aforika Borwa. Pegelo e nopola diphitlhelelo tse dikgolo tse di dirilweng mo nageng go tloga ka 1994 mo go tokafatseng maemo a basadi. Pegelo eno e kwadilwe ke Lefapha la Basadi morago ga go tshwara dipuisano go ralala le naga magareng ga Mopitlwe le Seetebosigo monongwaga (2015) Pegelo eno ke tokomane ya molatheo ya go tsholetsa matlafatso ya basadi mo ikonoming le mo leagong, mo tekatekanong ya bong le mo ditshwanelong tsa batho.

Puso e tla dirisa matsatsi a a setseng mo kgweding eno go ka tlotlomatsa basadi ba ba atlegileng le seabe sa bona mo ikonoming, bogolosegolo mo mafelong ao ba neng ba se bantsi go le kalo. Tseno di tla akaretsa Dikabo tsa Basadi mo Saentsheng (13 Phatwe) mmogo le mo Dikabong tsa Basadi mo go tsa Metsi le Kgeleloleswe (23 Phatwe).

2.2. Kabinete e akgola ba di-Proteas go dira gore Aforika Borwa e nne motlotlo mo Sejaneng sa Lefatshe sa Bolotloa kwa Sydney, Australia. Setlhopha sa Aforika Borwa se gaufi le go fitlhelela di-semi-final tsa Sejana sa Lefatshe morago ga gore se tshameke ka manontlhotlho metshameko e e popota go fitlha ga jaanong.

Go ya ka Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Bolotloa, Aforika Borwa e mo maemong a botlhano mo lefatsheng ka bophara. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa ka ntlwana go tshegetsa di-Proteas jaaka ba tswela pele ka leeto la bona la Sejana sa Lefatshe.

2.3. Kabinete e ikgolagantse le Moporesitente Zuma mo go tlhagiseng matshediso a yona mo malapeng, ditsaleng le mo badirimmogong ba ditokololo tsa mapodisi a SAPS a a bolailweng. Mmolao yoo o setlhogo jaana o tshwanetswe go tšhwelwa mathe ke maAforika Borwa otlhe.

Mapodisi ba botlhokwa thata mo go sireletseng baagi kgatlhanong le ditiragalo tsa bosenyi mo ditšhabeng tsa boron. Mmolao yoo o setlhogo jaana ga o tseele fela naga le baagi basireletsi ba molao, gape di tseela malapa banna, basadi, bo abuti, bo ausi mmogo le batsadi.

Kabinete e ikuela mo go bao ba nang le kitso ka dipolao tseno go itlhagisa mme ba dirisane le ditheo tsa molao go netefatsa gore bang ba ditiro tseno ba a golegwa le go tobana le bogale jotlhe jwa molao.

2.4. Kabinete e akgola Setlhopha sa Aforika Borwa mo motshamekong wa bona o montle mo Bomampoding ba Lefatshe ba FINA ya bo 16 (Mokgatlho wa go Thuma wa Bosetšhaba) kwa Kazan, Russia mo ba neng ba fenya dimetele tse pedi tsa gauta le di le tharo tsa selefera.

3. Ditshwetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

3.1. Kabinete e letleletse gore go gololwe Lokwalotshwaelo lwa Puso le le ka ga Pholisi ya Diterene tsa Naga, e leng se se baakanyang diterene tse di nametswang dithoto mmogo le tsa banamedi. Pholisi eno, e e tsamaelanang le tiro ya Khomišene ya Moporesitente ya Bogokaganyi jwa Mafaratlhatlha (PICC), e letlelela gore go tsosoloswe intaseteri ya diterene ka dipholisi tse di eteletsweng pele ke ditogamano tsa dipeeletso tse di tsamaisanang le Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP).

Maikemisetso ke go tlhola thulaganyo e e tsamayang sentle e e kgonang go phadisana fa gae le kwa ntle ga naga mmogo le go fokotsa ditshenyegelo tsa dinamelwa. Seno se tla rotloetsa tiriso ya thekenoloji e e matshwanedi mo go atoloseng tirelo le mo go iponeleng bokgoni jo bo tlhokegang thata mo ikonoming ya rona. Gape e tokafatsa phitlhelesego ya kwa metseselegaeng, e atolosa dinamelwa le go tlhola ditiro.

3.2. Kabinete e letleletse gore go phasaladiwe tokomane ya “National Skills Development Strategy and Sector Education and Training Authorities beyond 2016 within the context of an integrated, differentiated post-school education and training system” gore setšhaba se dire ditshwaelo ka ga yona.

Tokomane e samagana le tolamo le mosola wa ditheo tsa tlhabololo ya bokgoni le go akarediwa ga tsona mo setshwantshong se segolo sa thulaganyo ya katiso ya morago ga sekolo.

Ka tshwanelo, e tshitshinya gore Togamaano ya Tlhabololo ya Bokgoni ya Bosetšhaba e e tlang e samagane le diphatlha tse di bonweng jaaka tse di tlhokegang ka bontsi go ka tsenyatirisong manaane a a kwa setlhoeng a bosetšhaba. Gape e samagana le tolamo le mosola wa merero ya puso ya lekala la bolaodi jwa thuto le katiso mo go ntsheng matlole a madulo a a kwa setlhoeng

3.3. Kabinete e letleletse go neelwa ga laesense ya leruri ya tirelo go Transnet Ports Terminal go tsamaisa dikhontheina tsa kwa matsenong a naga tsa mankanese kwa Port of Ngqura, e e leng kwa lebopong la botlhaba jwa Aforika Borwa, dikhilomitara di ka nna 20 go tswa kwa bokone botlhaba jwa Port Elizabeth le mo bogare jwa Durban le Motsekapa. O ke mola o o nang le ditlapele tsa puso tse di tsamaisanang le Operation Phakisa e e ka ga go godisa Ikonomi ya Mawatle. Seno se tlha tlhola diphetogo moo go tla fudusiwang ditirelo tsa mankanise go tswa kwa mabopong a Port Elizabeth le Saldanha Bay go leba kwa Port of Ngqura.

3.4. Kabinete e letleletse gore Aforika Borwa e tsenele Tumelano ya Boditšhabatšaba e e ka ga Maikarabelo le Dituelelo ya Ditshenyegelo e e Amanang le go Rwalwa ga Diritibatsi tse di Kotsi le tse di Hupetsang Mowa mo Lewatleng, 2010.

Tumelano eno e netefaletsa tuelelo fa motho a ka senyegelwa, dituelelo tsa go phepafatsa sekate seo le go busetsa maemo sekeng, mmogo le ditatlhegelo tsa ikonomi tse di bakilweng ke go rwalwa ga diritibatsi tse di kotsi le tse di hupetsang mowa mo lewatleng. Aforika Borwa e tla kgona go bona skgwama seo sa matlole gore e thuse mo matsapeng a  diritibatsi tse di kotsi le tse di hupetsang mowa gang fela fa dikgato tsotlhe tsa kwa ntlheng tsa thulaganyo ya go diragatsa dintlha tsa selegae di setse di konoseditswe.

4. Melaotlhomo

4.1. Kabinete e atlenegisitse go tlisiwa ga Molaotlhomo wa Difilimi le Diphasalatso wa 2015 kwa Palamenteng. Molaotlhomo ono o baakanya Molao wa Difilimi le Diphasalatso wa 1996 (Molao wa bo 65 wa 1996). Dipaakanyo tseno di samagana le ditlhabololo tsa thekenoloji, bogolosegolo dirala tsa inthanete le tsa mafaratlhatlha a tlhaeletsano ya loago, go sireletsa bogolosegolo bana go se fitlhelelwe ke diphasalatso tse di tshwenyang kgotsa tse di utlwisang botlhoko mo diraleng tsotlhe (e ka tswa e le tsa sebele kgotsa tsa inthanete).

Molaotlhomo o gagamatsa maikarabelo a baabi ba ditirelo tsa inthanete go sireletsa baagi le bana fa ba dirisa ditirelo tsa bone. Bothati jwa Ditlhaeletsano jo bo Ikemetseng jwa Aforika Borwa (Icasa) bo ka se abele kgotsa go ntšhwafatsa dilaesense ntle le netefaletso e e tswang kwa Botong ya Difilimi le Diphasalatso e e supang fa setlamo se se dirang kopo ya mothale oo se obamelo ka botlalo mela e e beilweng.

5. Ditiragalo tse di Tlang

5.1. Moporesitente Zuma o tla tsenela Samiti ya bo 35 ya Setlwaedi ya Ditlhogo tsa Mebuso ya Dinaga tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC) go simolola ka la bo 17 go fitlha ka la bo 18 Phatwe 2015 kwa Gaborone, Botswana. Kwa samiting eo Moporesitente o tla neelana ka bonnasetulo jwa SADC jwa Karolo ya Sepolotiki, Pabalesego le Koporasi ya Tshireletsego. Mo maikarabelong ano, Aforika Borwa e eteletse pele Ditiro tsa Borongwa tsa go Elatlhoko Ditlhopho di le thataro tsa SADC, mme e ne ya netefaletsa fa ditlhopho tsotlhe di ne di na le kagiso le seriti.

5.2. Motlatsamoporesitente Ramaphosa o tla samagana le leeto la tiro go leba Japan go simolola ka la bo 24 go fitlha ka la bo 25 Phatwe 2015. Leeto leno le akaretsa go etela Motlatsatona Shinzo Abe le go tsaya karolo mo Seminareng ya Dikgwebo tsa Mekgatlho ya Kgwebisano magareng ga Aforika Borwa-Japan.

Kabinete e amogetse go tsewa ga leeto leno la tiro la kwa Japan, ka seo se tla natlafatsa botsalano le go tlhaloganyana go go leng teng magareng ga dinaga ka bobedi. Aforika Borwa le Japan ba na le dikakanyo tse di tshwanang ka ga botlhokwa jwa tirisano ya dinaga mmogo le botlhokwa jwa go ntšhwafatsa Lekgotlha la Tshireletsego la Dinagakopano (UN) mmogo le thulaganyo ya UN mo Kopanokgothakgotheng ya bo 70 ya kgwedi e e tlang.

5.3. Moporesitente Zuma o tla diragatsa Imbizo ya Moporesitente kwa Eersterust, Pretoria ka la bo 21 Phatwe 2015 go samagana le dikgwetlho tse di sekametseng ka fa tirisobotlhasweng ya diritibatsi. Leano la Bosetšhaba la Twantsho ya Diritibatsi, 2013-2017, le rulaganya maitlhomo a puso mo go lwantsheng notagi le tiriso botlhaswa ya diritibatsi.

Kabinete e ikuela mo baaging go dirisana le puso le ditheo tsa tiragatso ya molao go fedisa tiriso botlhaswa ya diritibatsi, e leng seo e leng setlhodi sa matsapa a le mantsi a loago, go akaretsa tiriso dikgoka mo basading le pogiso ya bana.  Batsadi le batlhokomedi ba bana ba na le tiro e e botlhokwa thata e ba tshwanetseng go e dira mo go netefatseng gore bana ba sireletsegile le go tlhokomelesega.

5.4. Kabinete e amogelwa go bulwa ga Sekolopotlana se se tswang go ntšhwafadiwa sa Makgatho Lewanika Mandela kwa Kapa Botlhaba ka la bo 25 Phatwe 2015 ke Moporesitente Zuma.

Sekolo seno ke karolo ya tiro ya puso ya go busa seriti mo baithuting le go dira gore dikolo tsa kwa metseselegaeng di nne le mafelotiriso segompieno. Ka ntlha ya Lenaneo la Kabo ya Ditirelo tsa Mafaratlhatlha a Dikolo a a Akofisitsweng (ASIDI) la Lefapha la Thuto ya Motheo, puso e kgonne go fedisa palo e ntsinyana ya dikolo tsa meago e e fokolang mme ya aga ditikologo tse di mosola tsa go ithutela.  Go fitlha ga jaana ASIDI e kgonne go aga dikolo di le 116 le go abela dikolo di le 449 metsi le kgeleloleswe mme di le 298 ka motlakase.

5.5. Motlatsamoporesitente Ramaphosa o tla tsenela Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba Dilaeborari wa Kopanokgolo ka ga Tshedimosetso ya Lefatshe ya Dilaeborari e e tla tshwarelwang kwa ape Town International Convention Centre go simolola ka la bo 15 go fitlha ka la bo 21 Phatwe 2015 ka fa tlase ga moono o o reng: "Dilaeborari tse di Gatelang Pele: Phitlhelesego, Tlhabololo le Phetogo". 

Kopanokgolo eno e diragala ka nako e le nngwe le phasalatso ya puso ya dilaeborari di le 1 000 tsa dikolo go ralala naga magareng ga la bo 18 Phukwi 2015 le la bo 18 Phukwi 2016 go rotloetsa baithuti ba bantsi go buisa. Lefapha la Thuto ya Mothe gape le ngokela mekgatlho e e farologaneng ya kgwebo le mekgatlho e e seng ya puso go tshegetsa letsholo leno ka go abelana ka dibuka le go tlhoma dilaeborari, gareng ga tse dingwe.

Kabinete e ikuela mo batsading le mo barutabaneng go itlama go dira gore dibuka di fitlhelesege mo baneng, le go ikuela mo baaging go abelana ka dibuka le go tlhoma mekgatlho ya go buisa go nne setšhaba se se buisang ke se se fenyang ka gale.

5.6. Tona ya Bojanala Derek Hanekomo tla ribolola Kgwedi ya Bojanala ka la bo 16 Phatwe kwa Euphoria Golf Estate, Mookgophong kwa Limpopo ka fa tlase ga moono o o reng "Ditšhono di le Dimilione tse Dintšhwa di Letile" e leng o o tserweng mo Letsatsing la Lefatshe la Bojanala (27 Lwetse): moono wa "1 Bilione ya Ditšhono". 

Moono wa boditšhabatšhaba o leka go lemosa bajanala botlhokwa jwa bojanala jo bo nang le maikarabelo. Jaaka karolo ya seno, bajanala ba rotloetswa go tlotla ditso, ba babalele ngwaoboswa, ba somarele motlakase le metsi, mme se se botlhokwa thata, ba reke ditlhagiswa tsa tikologo e le karolo ya go tshegetsa ditiro tsa selegae.

Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa go tlhotlhomisa naga ya rona e ntle, mme ka go dira jalo ba tla thusa go somarela ditiro le go tshegetsa ditlhagiswa tsa ka fa nageng.

5.7. Lefapha la Metshameko le Boitapoloso la Aforika Borwa mmogo le basadi ba dirisana leG-Sport mo go tlotleng basadi ba maAforika Borwa ba ba tsayang karolo mo go tsa metshameko. 

Lefapha la Metshameko le Boitapoloso la Aforika Borwa mmogo le G-Sport ba tla supa ditlotlo mo basading ba ba nang le matshwanedi ba diatleletiking le mo dithulaganyong bao ba kgaratlhileng kgatlhanong le mefutafuta ya kgatelelo gore ba tsholetse folaga ya naga eno.

Lefapha le tswela go ela tlhoko tiro e e tlhokegang mo go atoloseng maikemisetso a tekatekano mo basading botlhe ba ba amegang mo metshamekong, ka bobedi ba ba dirang mo go tsa thulaganyo le mo metshamekong ka bo yona. Le fa lefapha le dumela gore go santse go le gontsi go go tshwanetseng ga diragadiwa mo ntlheng eno, e ikaeletse go tswaragana le bao ba ikaelelang go dira phapang mo kgaratlhong ya basadi.

5.8. Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa otlhe go tlhopha baamogedi ba Dikabo tsa Matshwao a Tlotlo a Bosetšhaba tsa 2016, e leng dikabo tse di kwa setlhoeng tseo Aforika Borwa e di abelang baagi ba yona le bagale ba batswantle bao ba nnileng le seabe mo go atoloseng temokerasi le bao ba nnileng le seabe se segolo mo go tokafatseng matshelo a maAforika Borwa.

Matshwao a Tlotlo a Bosetšhaba a le marataro ke Order of Mendi for Bravery, Order of Ikhamanga, Order of the Baobab, Order of Luthuli, Order of Mapungubwe, le Order of the Companions of OR Tambo.

Letlha la bofelo la go tsenya tlhopho ya gago ke la bo 31 Phatwe 2015. Diforomo tsa go tsenya tlhopho di ka bonwa mo www.presidency.gov.za mme di tshwanetse go romelwa mmogo le tsebe e le nngwe ya maitshetlego a gore goreng o tlhopha motho yo o mo tlhophang.

6. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

6.1. Maloko ao e Seng a khuduthamaga a Boto ya Kantoroposo ya Aforika Borwap.
a. Ngaka Simosezwe Dugmore Lushaba (Monnasetulo);
b. Mme Bulelwa Patricia Soci (Motlatsamonnasetulo);
c. Rre Robert Nkuna;
d. Rre Mduduzi Eric Zakwe;
e. Rre Zibuse Comfort Ngidi;
f. Mme Nomahlubi Victoria Simamane;
g. Ngaka Lynette Moretlo Molefi;
h. Mme Marion Lesego Dawn Marole;
i. Rre Joel Sihle Ngubane; le
j. Rre Phetole Elvis Rabohale.

6.2. Bakaedi bao e Seng ba Khuduthamaga ba Setlamo sa Tlhokomelo ya Jalo ya Dikgwa sa Aforika Borwa SOC Ltd
a. Rre Lungile Rudolph Mabece (Monnasetulo);
b. Rre Stanley Mandla Mnguni;
c. Rre Gabriel Christiaan Theron;
d. Ngaka Petros Mbiji Mahlangu;
e. Rre Maroale Jacob Rachidi;
f. Mme Sakekile Baduza;
g. Mme Caroline Phumzile Mavasana Ngwenya;
h. Mme Nazia Carrim; le
i. Ngaka Pulane Elsie Molokwane.

6.3. Bakaedi bao e Seng ba Khuduthamaga ba Boto ya Alexkor:

a. Mme Hantsi Bhetilda Mayeza (Monnasetulo);
b. Mme Mamoroke Lehobye;
c. Rre Vimal Bansi;
d. Rre Tshediso John Matona;
e. Rre Trevern Marais Haasbroek;
f. Rre John Sembie Danana;
g. Ngaka Roger Paul (o thapilwe sešwa); le
h. Mme Zukiswa Zandile Ntlangula (o thapilwe sešwa).

6.4. Rre Mathanzima Hubert Mweli – Mokaedikakaretso kwa Lefapheng la Thuto ya Motheo.

6.5. Rre Petrus Mduduzi Shabane – go atolositswe konteraka ya gagwe ya go thapiwa jaaka Mokaedikakaretso kwa Lefapheng la Tlhabololo ya Metseselegae le Ntšhwafatso ya Naga.

6.6. Ngaka Nontsikelelo Tshayingca-Mashiya – Motlatsamokaedikakaretso  mo Setheong sa Tiragatso, Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro kwa Lefapheng la Tiromaano,Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro.

6.7. Rre Nkhumeleni Victor Tharage – Mokaedikakaretso kwa Lefapheng la Bojanala.

Dipotsiso:
Phumla Williams (Sebueledi sa Kabinete sa namaotshwere)
Mogala: 083 501 0139
 

Share this page

Similar categories to explore