Polelo ya kopano ya Kabinete ya di20 Phatwe 2014

1. Go tsenngwa tirisong ga Manaane a botlhokwa a puso

Kabinete e akgola go tlhomiwa ga Kgotlatshekelo e nngwe ya Ditlolomolao tsa Thobalano kwa Bethlehem, kwa Foreisetata ke Tona Michael Masutha. Seno ke karolo ya lenaneo la tsereganyo la puso mo twantshong ya tirisodikgoka ya thobalano kgatlhanong le basadi, bana le ditlhopha tse di mo matshosetsing.

Dikgotlatshekelo tseno tse di kgethegileng di na le ditlamelo tsa go tlamela ka ditirelo tse di kgethegileng tsa tshegetso ya batswasetlhabelo mme seo se thusa go tokafatsa le seelo sa dikatlholo. Puso e sa ntse e itlamile go maatlafatsa tsamaiso ya bosiamisi jwa bosenyi gore go samaganwe sentle le kgatakako ya ditshwanelo tsa basadi le bana.

Kabinete e amogela go tlhomiwa ke Tona Lindiwe Zulu ga Akademi ya Tlhabololo ya Dikgwebo kwa Setheong sa Saense le Kgwebo sa Gordon .

Akademi e totile thuto e e ikaegileng ka thuso ya madi a go ithuta le tshegetso go beng ba dikgwebopotlana ka go ba thusa go gola ka tsela e e nnelang leruri gore ba kgone go tlhama ditiro tse dingwe mo pakeng e e telele. Akademi ke karolo ya tharabololo ya go samagana le botlhokatiro jwa bašwa le go aga setšhaba se se nang le batlhami ba dikgwebo. Maikaelelo a yona ke go tlamela bagwebi ka thuto le katiso e e maleba ya kgwebo le boeteledipele, mme seno se latelwe ke mokgwa o o akaretsang wa ditirelo tsa tshegetso.

Seno se netefatsa gore borutegi jo bo ithutiwang bo dirisiwa mo seemong sa kgwebo mme go fitlhelelwa ditlamorago tsa seo.

Aforika Borwa e tlhoka go fetola boitlhamedikgwebo gore go tlhosediwe phetogo e e tla isang naga pele mo mererong ya boitlhamedikgwebo le ya dikgwebopotlana. Puso, dikgwebo tse dikgolo mmogo le ditheo tsa thuto e kgolwane di tshwanetse go dirisana mmogo fa go tla mo go tshegetseng go tlhamiwa ga ditiro ka tlhabololo ya dikgwebo. Gore di gole, go tlhamiwa ga dikgwebo go tlhoka seemo se se kgontshang moo bagwebi ba kgonang go fitlhelela matlole, didirisiwa tsa tiragatso e e gaisang mmogo le tlhabololo ya bokgoni.

2. Ditshwetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

Kabinete e amogetse tlhomamiso ya Tumelano e e saenilweng ya Grand Inga magareng ga Rephaboliki ya Aforika Borwa le Rephaboliki ya Temokerasi ya Congo (DRC) gore e ka tlhagisiwa mo Palamenteng.

Tumelano e tlamela ka letlhomeso la tsamaiso ya go tlhagisiwa ga maatla go tswa kwa Porojekeng ya Grand Inga mmogo le go tlamelwa ga ona kwa molelwaneng o o magareng ga DRC le Zambia. Go tlhomamisiwa ga Tumelano go kgontsha go simololwa ga Legato la I la Porojeke, e e tla tlamelang ka: Dimmekawate tsa motlakase di le 2 500 go Aforika Borwa le go tshwaela mo tomaganong ya kgaolo, go nna teng ga maatla, phitlhelelo ya maatla mmogo le kgolo ya ikonomi ka tsela e e dirang gore tikologo e tlhokomelege leruri.

Porojeke e na le kgonagalo ya go tlamela ka maatla a a romelwangteng a a tlhotlhwatlase a motlakase o o fetlhiwang ke metsi go fitlhelela ditlhokego tsa DRC, Aforika Borwa le dinaga tse di mabapi. E akaretsa go tlhagisiwa ga dimmekawate di fopholediwa go 40 000 tsa motlakase o o fetlhiwang ke metsi go tswa mo Nokeng ya Congo, mo magatong a le supa. Porojeke e na le bokgoni jwa go akofisa tlhabololo ya Dinaga tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC); go fedisa lehuma la maatla, go susumetsa kgolo ya ikonomi le go kgontsha tlhabololo ya mafaratlhatlha. 

Porojeke ya Grand Inga e tla lebelela go dirisa bokgoni jwa maatla jwa Noka ya Congo, e leng mola o mogolo wa metsi wa Borwa jwa Aforika. Seno ke nngwe ya diporojeke tse di bontshang maikemisetso a magolo tse di kileng tsa dirwa mo kontinenteng ya Aforika, mme gape ke nngwe e e tla tswelelang go nna letshwao le legolo la go gola ga Aforika le batho ba yona mo nakong e e telele.

Kabinete e itsesitswe ka Khonferense e e tlang ya Boditšhabatšhaba ya Bong, Metsi le Tlhabololo. Khonferense e tla bo e tshwerwe ke Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe, ba Lekala la Dipatlisiso tsa Metsi mmogo le balekane mo lephateng. Khonferense e tla bo e tshwaretswe kwa East London ka la bo 3 go fitlha ka la bo 7 Ngwanaitseele ka moono wa "Kgolaganyo e e Iseng e Lekelelwe".

Khonferense e latela dipuisano di le mmalwa tse di tsweletseng tse di simolotseng morago ga Khonferense ya Boditšhabatšhaba ya Bolaodi jwa Metsi a a Foreše e e neng e tshwerwe ka Ngwanaitseele 2012. Khonferense e tla tlamela ka motheo wa go tlhama dilekane tse di tla samaganang le dikgwetlho tse di lebaneng le lephata. Gape e tla samagana le ntlha ya go atolosiwa ga Togamaano ya Lekgotla la Ditona tsa Aforika le le ka ga Bong jwa Metsi.

3. Seemo sa Kabinete mo mererong ya ga jaanong

Kabinete e bone pegelo go tswa go Tona ya Boitekanelo, Ngaka Aaron Motsoaledi, malebana le dintlha tse di amanang le bolwetse jwa Ebola mmogo le ditsereganyo tse di dirilweng ke Aforika Borwa. Kabinete e rata go boeletsa gore ga gona motho ope yo o fitlhetsweng a na le bolwetsi joo. Seemo sa naga sa go siama le go ka tsibogela Ebola se tlhoka go maatlafadiwa ga bokgoni mo kgaolong ya SADC le mo kontinenteng yotlhe, e leng se Aforika Borwa e ka kgonang go tlamela ka sona. Aforika Borwa e sa ntse e itlamile go tlamela ka tshegetso ka go thusa kgaolo ya SADC ka tshekatsheko, katiso mmogo le ka ditirelo tsa dilaboratori. Tona Motsoaledi o tla tlhagisa pegelo ka botlalo malebana le morero ono gompieno ka 14h30.

Kabinete e amogela maano a Banka ya Rasefe ya Aforika Borwa mmogo le selekane sa babeeletsi go tswa mo lephateng la ditšhelete go aga sešwa African Bank Limited (ABL). Seno se tla thusa go sireletsa batho ba ba tsentseng madi ka tsela e e maleba mmogo le go fokotsa ditatlhegelo tse di ka itemogelwang ke babeeletsi ba ABL.

Gape seno se tla netefatsa gore lephata la ditšhelete la naga le sala le ntse le maatlafetse e bile le le tlhaga.

Kabinete e gateletse botlhokwa jwa lephata la tirelo ya ditšhelete mo kgolong ya ikonomi mme ya tlhagisa gore puso, ka kantoro ya Matlotlo a Bosetšhaba, e tla tswelela go maatlafatsa lephata, bookamedi jwa lona, mmogo le go tokafatsa kgokaganyo ya taolo.

Kabinete e lemogile le go tshwenngwa ke tshedimosetso e e fosagetseng malebana le diphetogo tse di farologaneng ka ga matlole a go rola tiro (e leng matlole a phenšene le le a tlhokomelo). Go na le bosupi jwa gore go na le badiri ba ba rolang tiro ka ntlha ya go boifa gore go tloga mo ngwageng o o tlang, puso e tla ba iletsa go goga dipoloko tsa bona tsa go rola tiro fa ba fetola ditiro, le gore puso e batla go rwala maikarabelo a matlole a go rola tiro.  Le fa puso e rata go rotloetsa badiri gore ba somarele madi a ba a bolokileng go fitlha ba rola tiro, ga gona melao epe e e fetotsweng go thibela go goga madi fa badiri ba fetola ditiro.

Tota e bile ditshitshinyo tse di farologaneng malebana le go fetolwa ga go rola tiro di lebile go:
a) Rotloetsa batho go itirela tlamelo e e lekaneng ya go rola tiro mmogo le ditlhokego tsa baikaegi ka bona le go tlamela gore go nne le matlole a go rola tiro jaaka karolo ya konteraka ya tuelo.
b) Go dira gore dithulaganyo tsa matlole a go rola tiro di nne tlhotlhwatlase, di tsamaisiwe ka botlhale, di se bofitlha e bile di sa gobelele; le  
c) Tokafatsa seemo sa taolo ya matlole, go akarediwa kitso le maitsholo a basekgwama, tshireletso ya dikgatlhego tsa ditokololo, maikarabelo le gore ditokololo le baabi ba senolelwe tshedimosetso ya botlhokwa.

Kabinete e rata go netefaletsa baagi gore dipoloko tsa go rola tiro tsa batho di ntse di bolokegile. Ga go na lebaka la gore modiri ope (mo lephateng la poraefete le la setšhaba) a role tiro fela gore a amogele dipoloko tsa go rola tiro. Gape go tshwanetse ga elwatlhoko gore ba ba tsayang madi a bona a phenšene kgotsa a tlhokomelo pele ga nako ya go rola tiro ga ba kitla ba amogela fela madi a a tlhaelang go na le fa ba ne ba a somaretse, mme gape ba ka duedisiwa lekgetho ka ntlha ya go tsaya madi pele ga nako mme ka jalo ba se ke ba tlhola ba nna le tshiamelo ya lekgetho.

4. Ditiragalo tse di tlang

Tona Nathi Mthethwa o tla tlhoma Kgwedi ya Ngwaoboswa kwa Gauteng ka la bo 31 Phatwe ka moono wa: "Re Keteka Dingwaga di le 20 tsa Temokerasi: Tlotla Kgang ya Gago e e tsweletsang pele Aforika Borwa."

Magareng ga diporojeke tse di supilweng go tsweletsa letsholo la "Tlotla Kgang ya Gago" ke go fitlhwa gape ga ga Nat Nakasa le Moses Kotane. Go busediwa gae ga bagaka ba ba ntseng ba sa tlotliwe go tlamela MaAforika Borwa ka tšhono ya go ithuta go le gontsi ka ga dikgaratlho tsa bona tsa sebele, maemo a a bakileng gore ba nne kwa dinageng di sele mmogo le ka moo ba tshwaetseng mo kgololesegong ya naga ya rona ka gona.

Ditiragalo tse dingwe di akaretsa: Beke ya Bosetšhaba ya Dibuka go tloga ka la bo 1 go fitlha ka la bo 7 Lwetse ka moono wa: "Go ya mafelong a a farologaneng" o o totileng maatla a dibuka le ka moo di ka isang maAforika Borwa kwa mafelong a le mantsi ka gona ka 'tsela ya setshwano' le ka ya 'mmatota'. Go rulagantswe ditiragalo kwa diporofenseng tsotlhe mme di tla akaretsa go buisa ka dipuo tsa tshimologo, metlotlo/dinaane mmogo le dipuo tsa thotloetso, kgaisano ya mafoko, poko mmogo le dikganetsano ka dibuka.

Gape, ka la bo 3 Lwetse, Aforika Borwa e tla keteka Segopotso sa bo30 sa Dikhuduego tsa kwa Vaal koo baagi ba Vaal Triangle ba neng ba dira ditshupetso kgatlhanong le koketso ya rente, tlamelo e e bokowa ya ditirelo mmogo le pusoselegae e e seng ya boammaaruri le e e sa direng. Dikhuduego tsa kwa Vaal di ne tsa simolola paka e ntšhwa ya ditshupetso tse di tswelelang pele tse di neng tsa anamela mo dikarolong tse dikgolo tsa naga, mme tsa pateletsa bothati jwa puso ya tlhaolele go goeletsa maemo a tshoganyetso.

Tona Derek Hanekom o tla tlhoma Kgwedi ya Bojanala ka la bo 26 Phatwe kwa Maboneng Precinct, Johannesburg, ka moono wa: "Bojanala bo Fetola Matshelo," o o tswang mo Letsatsing la Lefatshe la Bojanala (27 Lwetse) mme le totile boleng jwa bojanala jwa loago, setso, sepolotiki mmogo le ikonomi mo nageng. 

MaAforika Borwa a rotloediwa go ja nala mo nageng ya rona mo Kgweding ya Bojanala le go itlwaetsa botlhokwa jwa bojanala mo ikonoming.

Beke ya Bosetšhaba ya Jalo ya Ditlhare e tla ketekiwa go tloga ka la bo 1 go fitlha ka la bo 7 Lweetse ka moono wa: "Dikgwa le Batho: Re beeletsa mo isagong e e nnelang leruri." MaAforika Borwa a rotloediwa go jala ditlhare tse di supilweng mo 2014, e ka nna Vepris lanceolata (e e itsegeng jaaka:  mohuleretshipi) kgotsa Heteropyxis Natalensis Harvey (e e itsegeng jaaka: Moologa).

Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Botshwaratlhapi, ka tirisanommogo le Setheo sa Tsamaiso ya Tikologo le Boitapoloso, le Total South Africa, ba tla tsamaisa kgaisano ya Dikgele tsa Bosetšhaba tsa Arbor City. Maikaelelo ke go rotloetsa Makgotlatoropo a selegae go talafatsa mafelo a a mo taolong ya ona.

Beke ya Bosetšhaba ya Jalo ya Ditlhare le Dikgele tsa Bosetšhaba tsa Arbor City di tsamaisiwa go lepalepana le togamaano ya Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Botshwaratlhapi ya talafatso e e tlhalosang go talafatsa jaaka mokgwa o o lotaganeng wa go jala, go tlhokomela le go tsamaisa dimela tsotlhe mo metsesetoropong le kwa metsemagaeng.

5. Go thapiwa

Kabinete e amogetse go thapiwa ga ba ba latelang:

  • Rre Themba Stanley Kojana jaaka Motlatsamokaedikakaretso: Laphateng la Tlhabololo ya Barutabana, Badiri le ya Ditheo mo Lefapheng la Thuto ya Motheo.
  • Rre Clifford Abraham Appel jaaka Motlhankedimogolo wa Matlole kwa Lefapheng la Tlhabololo ya Loago.

Kabinete e dumelane le go thapiwa ga ba ba latelang go dira jaaka ditokololo tsa Bolaodi jwa Bosetšhaba jwa Dipalangwa tsa Botlhe:
a) Rre Lesedi Dinte, le
b) Mme Divhani Edzisani Tshivhase.
c) Moporofesara Ntombizozuko Dyani-Mhango
Kabinete e amogetse go thapiwa ga Semira Mohammed jaaka Tokololo e e seng ya Khuduthamaga mo Botong ya Setheo sa Dipalangwa tsa Tsela sa Go Kgabaganya Melelwane.

Kabinete e lemogile go thapiwa ga Rre Tshediso Matona jaaka Mokhuduthamagamogolo wa Eskom SOC LTD mmogo le tokololo ka maemo ya Boto ya Bakaedi ya Eskom.

Dipotsiso: Phumla Williams (Sebueledi sa Kabinete sa Namaotshwere)
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore