Pegelo ya kopano ya Kabinete ya la bo 21 Phatwe 2013

1. Seemo sa Kabinete mo mererong e e kwa setlhoeng mo maemong a ga jaanong 

1.1. Kabinete e amogetse go bolelelwa ga baagi ka kitsiso ya borataro ya Dikaelo tsa Tlhabololo ke Tona ya Lefapha la Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro mo Kantorong ya Boporesitente. Jaaka setśhaba se ipakaanyetsa go keteka Dingwaga di le 20 tsa Kgololosego, maAforika Borwa a tshwanetse go tlala boipelo ka gonne botshelo bo tokafetse tota fa e sale ka ngwaga wa 1994.

Dikaelo di bontsha tokafalo mo dintlheng tse di botlhokwa, mme mo je lengwe, di bontsha fa re tshwanetse go dira ka natla go tobana le dikgwetlho dingwe tse di tlhagelelang ganngwe le gape. Gape, dikaelo tseno, di tlhotlhetsa dipuisano ka ga dikgwetlho dingwe tse di lebaganeng le naga ya rona, ebile di dira jaaka mosupatsela wa loeto la rona mo ntshetsopeleng ya katlatleloloago le ikonomi.
1.2. Kabinete e akgotse 41% (115) tsa dimmasepala tse di amogetseng pegelo ya matlole e e senang selabe boemong jwa dipegelo tsa boruni jwa matlole a ngwaga wa ditšhelete wa 2011/12. Gape e amogela tokafalo e e dirilweng ke dimmasepala di le 21 tseo maloba di amogetseng tshwaelo e sa siamang kgotsa ya ngongorego mo ngwageng o o fetileng.

Kabinete e itumeletse tiro e e dirilweng ke Kantoro ya Morunikakaretso ka go thusa dimmasepala go tlhabolola tsamaiso ya kobamelo ya ditlhokego. Gape, e amogetse maitlamo a a dirilweng ke boeteledipele jwa dimmasepala go tswelelapele ka go tlhabolola dintlha tse di neng di tlhagisitswe ke Kantoro ya Morunikakaretso.

1.3  Kabinete e lebogile maAforika Borwa ka kakaretso ka go ema nokeng Letsatsi la Metshameko le Setso la Nelson Mandela, le le neng le ketekiwa go etleetsa ka matlole porojeke ya Sepetlela sa Bana ya Nelson Mandela. MaAforika Borwa a rotloediwa go tswelelapele ka go direla baagi le go ipopa ngata e le nngwe le puso ka maikaelelo a go tlhabolola botshelo jwa baagi le ntshetsopele ya meono ya ga Madiba ya go ikentsha setlhabelo.

1.4   Kabinete e amogetse loeto le le latelang la Moporesitente Jacob Zuma la go etela kwa Rephaboliking ya Russia. O tla be a ya go tsenela Samiti ya Ditlhopha di le 20 (G20) kwa St Petersburg ka la bo 5 le la bo 6 Lwetse 2013 jaaka karolo ya go godisa dikgatlhegelo tsa Aforika Borwa tsa sepolitiki le ikonomi.

Aforika Borwa e tswelelapele ka go ema nokeng leano la tlhabololo la G20 le le matlafatsang ikonomi ya lefatshe le ntshetsopele ya kgolo ya paka e telele le go tlhola ditiro.

1.5  Kabinete e akgotse kopano ya ntlha ya Lekgotla la Kgwebo ya Brazil, Russia, India, China le Aforika Borwa (BRICS), e e dirileng gore baeteledipele ba dikgwebo go tswa mo dinageng tseo ba kopanela mo Aforika Borwa. Gape, kopano eo e ne e tsenetswe le ke baeteledipele ba ba itsegeng ba dikgwebo go tswa kwa dinageng tse dingwe di le 19 tsa Aforika.

1.6  Kabinete e amogetse netefaletso e e tlhalositsweng ka kopano ya bo 12 ya ngwaga le ngwaga ya Foramo ya Molao wa Kgolo le Tšhono ya Aforika (AGOA) ya go ntshwafatsiwa ga AGOA pele e felelwa ke nako ka ngwaga wa 2015. AGOA e dirile gore dikontinente ka bobedi ya Amerika le ya Aforika di une molemo ka bobedi le go mametlelela botsalano jwa kgwebo e e golang le e e nang le botsitso gare ga Aforika Borwa le Amerika.

Aforika Borwa e dumela fa AGOA e tlamela ka lenaanetsamaiso le le siameng go aga botsalano jwa kgwebisano le dipeeletso jo bo tileng, le go matlafatsa tirisanommogo magare ga Amerika le kontinente ya Aforika ka bophara. 

1.7 Jaaka karolo ya keteko ya naga ka bophara ya Kgwedi ya Bomme, Motlatsa Moporesitente Kgalema Motlanthe o tla etela Motsana wa Gombani kwa Mmasepala wa Mutale, Limpopo, go abela baagi dintlo. Bomme ba Gombani ba nnile le seabe se segolo mo kagong ya dintlo tseo.
 
1.8  Tona ya Bojanala le yona e tla tlhomamisa Kgwedi ya Bojanala ka la bo 28 Phatwe 2013 kwa Amanzingwe Lodge, Hartebeespoort, ka fa tlase ga moono wa: “Metsi a itumedisa.”

Jaaka karolo ya ditiragalo tsa kgwedi, Pontsho ya Bosetšhaba ya Dirutwa tsa Bojanala e tla tshwarwa kwa Tikwatikweng ya Thologelo ya Boditšhabatšhaba ya East London mo gare ga la bo 19 le la bo 21 Lwetse  2013 go bontsha ditšhono tsa ditiro tse di tlhagisiwang ke setheo se se golang seno, ebile se setse se thapile  go feta halofo ya milione ya maAforika Borwa.

1.9 Kabinete e amogetse fa Tona ya Tlhabololo ya Metseselegae le Ntšhwafatso ya Naga e tla aba semmuso dintlo di le 70 go baamogedi ba Kgaolo ya Borataro, ka Lamatlhatso, 24 Phatwe 2013. Seno, ke karolo ya matsapa a go siamisa tlhaolele ya Molao wa Naga tsa Bathobatsho wa ngwaga wa 1913, o o ileng wa tlogela diketekete tsa batho bantsho di sena magae le lefatshe.

1.10 Kabinete e ile ya buisana le ka dintlha tse di tlhageletseng mo Kopanong ya Lekgotla le le neng le tshwerwe ka la bo 13-15 Phatwe, 2013. Tona Rob Davies o teng fano go tlhalosa ka ditshwetso tsa Kabinete.

Dipotsiso: Phumla Williams (Sebueledi sa Kabinete sa namaotshwere)
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore