Pegelo ya Kopano ya Kabinete e e Tshwerweng ka Laboraro la bo, 30 Phatwe 2023

Pegelo ya Kopano ya Kabinete e e Tshwerweng ka Laboraro la bo, 30 Phatwe 2023

A.Merero ya ga Jaanong

1. Samiti ya bo 15 ya BRICS mmogo le Tumelano ya Bobedi ya BRICS e e Tserweng kwa Johannesburg

1.1 Naga ya Aforika Borwa e ne e tshwere Samiti ya bo 15 ya BRICS mo go neng ga utlwanelwa Tumelano ya Bobedi ya BRICS e e Tserweng kwa Johannesburg.

1.2 Kabinete e lebogile Setlhopha se se Neng se Emetse Naga ya Aforika Borwa se se neng se eteletswe pele ke Moporesitente wa Naga, Motlotlegi Cyril Matamela Ramaphosa yo a dirileng bonnete jwa gore samiti eno e tsamaya ka katlego mo tirong ya yona le mo tsamaisong ya yona.

1.3 Moporesitente o tla ema naga ka lefoko go ba bolelela ka ga tseo di tsamaileng sentle ka ga Samiti ya bo 15 ya BRICS mmogo le ka ga merero e mengwe.

2. Leeto la Semmuso la ga Moporesitente wa Naga ya China

2.1. Aforika Borwa e ne ya amogela Motlotlegi Moporesitente Xi Jinping wa Naga ya Rephaboliki ya Batho ba China mo Leetong la gagwe fa a ne a etetse ka fa nageng ka mabaka a tiro ka Labobedi la bo 22 Phatwe 2023, mme leeto leno le tshwerwe ka Labobedi pele ga kopano ya BRICS e ka simolola. Mo leetong leno gape go ne ga ketekiwa le sebaka sa dingwaga di le 25 dinaga ka bobedi e ntse e le ditsala mo mererong ya botsalano jwa dinaga tsa boditšhaba.

2.2. Ga jaanong Naga ya Rephaboliki ya Batho ba China ke naga e kgolo go gaisa e e gwebisanang le naga ya Aforika Borwa.

2.3.Naga ya Rephaboliki ya Batho ba China mo nakong e e fetileng e abelane ka didirisiwa tsa motlakase go thiba phatlha fa go na le tshoganyetso tse di jang bokanaka R167 milione mme e bile gape e abelane le ka madithuso a le kanaka R500 milione go thusa go tlisa tlhabologo.

2.4. Kabinete e neseditse pula Ditumelano tsotlhe tse di saenilweng mmogo le Dimemorantamo tsa go Dirisana Mmogo magareng ga puso ya naga ya Aforika Borwa mmogo le ya Naga ya Rephaboliki ya Batho ba China fa go tla mo maphateng a kgwebisano, motlakase le a ditheo tsa thuto e kgolwane.

2.5. Gare ga ditumelano tse di saenilweng ke tse di ka ga Matlole a Dinaga tsa Aforika le China magareng ga Koporasi ya Tlhabololo ya Diintaseteri (IDC) le Banka ya China. Matlole ano a tla thusa go fetlha dipeeletso gore di oketsege ka fa nageng ya Aforika Borwa.

2.6 .Kabinete e itumedisiwa gape le ke go bulelwa dikgoro tsa mebaraka ya naga ya kwa China gore maAforika Borwa a kgone go rekisetsa naga eno nama ya kgomo, mo godimo ga go bulelwa dikgoro tsa go e rekisetsa diabakhado. Ditšhono tseno tsa mebaraka ya go rekisetsa dinaga tsa boditšhaba di tla kgotholela batlhagisi ba naga ya rona ditšhono, go akaretsa le bona balemirui ba rona ba bannye.

2.7. Naga ya Aforika Borwa e ntse e buisana le BYD, setlamo sa dijanaga sa China seo e leng setlamo se segolo mo lefatsheg sa dijanaga tsa motlakase mme ba leka go dira gore setlamo seno se bule feme ya go aga dijanaga tseno ka fa nageng ya Aforika Borwa. Seno ke morago ga gore setlamo sa BAIC (seo le sona e leng setlamo sa dijanaga sa China) le sona se bule feme ya go aga dijanaga ka fa nageng ya Aforika Borwa.

3. Dintlha tse Dikgolo tse di ka ga Ikonomi

3.1. Pegelo ya Dipatlisiso tsa Palo ya Badiri mo Kotareng

3.1.1. Kabinete e amogetse dipoelo tsa Pegelo ya Dipatlisiso tsa Kotara tsa Palo ya Badiri mabapi le kotara ya bobedi tseo di rebotsweng ke Lefapha la Dipalopalo la Aforika Borwa, tseo di bontsitseng palo e e wetseng kwa tlase ya batho ba ba senang ditiro mme e fokotsegile go tloga mo go 32.9% mo    kotareng   ya ntlha go fitlha mo go 32.6% mo kotareng ya bobedi.

3.1.2. Kabinete e itumedisitswe gape le ke ditiro tse dintšhwa tse di tlhodilweng mo kotareng ya bobedi tse di kanaka 154 000, mme seno se okeditse palo ya batho ba ba nang le ditiro go nna ba le 16.3 milione. Eno e setse e le kotara ya bosupa ka go latelana ga tsona palo ya ditiro e ntse e tlhatloga ka setsopolwana ka fa nageng ya Aforika Borwa mme re boela gannyane gannyane kwa palong ya badiri ya pele ga leroborobo la COVID-19 ya badiri ba le 16.4 milione.

3.1.3. Kabinete gape e nopotse le tse dintle mo palo ya bašwa ba ba tlhokang ditiro e fokotsegileng ka ba le 131 000 mme re bone le koketsego ka ba le 105 000 mo palong yotlhe ya bašwa ba ba dirang go dira gore e nne ba le 5.7 milione.

3.2. Phetogotlhotlhwa ya Madi a Dikadimo (CPI)

3.2.1Kabinete e itumedisitswe gape le ke dipegelo tsa Setheo sa Dipatlisiso tsa Dipalopalo sa Aforika Borwa (StatsSA) tse di reng CPI ya ngwaga le ngwaga e fokotsegile go fitlha mo go 4.7% ka Phukwi 2023, mme e tswa mo go 5.4% ka Seetebosigo 2023.

3.2.2 Ka Phukwi 2023 maemo a phetogotlhotlhwa a ne a eme mo go 5.5% mme a tswa mo go 6.3% ka Seetebosigo 2023, fa ka fa letlhakoreng le lengwe lebelo la phetogotlhotlhwa mo ditirelong le wetse kwa tlase mo go 4.0% le tswa mo go 4.5% mo go yona paka eo.

4. Matlole a go Tlamela Temothuo le Tlhagiso ya Motlakase go Ema Nokeng Balemirui le Dikgwebo tsa Temothuo

4.1. Ka la bo 27 Phatwe 2023 Lefapha la Temothuo, Pusetsodinaga le Tlhabololo ya Metsemagae, ka go dirisana mmogo le Banka e e Thusang Balemi ba Mafatshe ka fa Nageng, ba thankgolotse letsholo la matlole a le kanaka R1,21 bilione la Matlole a go Tlamela Temothuo le Tlhagiso ya Motlakase go Ema Nokeng Balemirui le Dikgwebo tsa Temothuo gore ba kgone go itsenyetsa didirisiwa tse dingwe tse di ka ba thusang ka motlakase gore ba se iphitlhelel ba palelwa ke go tlhagisa dijo le dino.

4.2. Lekala leno ke le lengwe la makala a a dirisang motlakase o montsi e bile le botlhokwa mo go direng gore naga ya Aforika Borwa e se felelwe ke dijo, e kgone go iponela letseno la go rekisetsa dinaga tsa kwa ntle mmogo le go tlhola ditiro, mme seno ke sona se se dirang gore go nne botlhokwa gore puso e thuse gore maemo a ritibale.

4.3. Matlole ano a buletswe go thusa dikgwebo tsotlhe go sa kgathalesege bonnye kgotsa bogolo jwa tsona ka Dithuso tse di Farologaneng tsa Matlole, mme Banka e e Thusang Balemi ba Mafatshe ka fa Nageng ke yona e e tla laolang Matlole ano. Matlole ano a tla tshegetsa gape le ditiro totlhe tsa temothuo le tsa dikgwebo tsa temothuo tse di tsamaisanang le tiriso e ntsi ya motlakase.

5. Go Tsenngwa Tirisong Ditshwaelo tsa Pegelo ya Khomišene ya Dipatlisiso tsa Go Goga Puso ka Nko

5.1. Mo pakeng eno ya Letlhomeso la Tirisomatlole ya Pakagare (MTEF) Setheo sa Bosekisi jwa Naga se kgonne go busetsa madi a le kanaka R10.2 bilione mme mo go ona matlole ano R2.55 bilione ke e e neng e ile ka ntlha ya ditiragalo tsa Go Goga Puso ka Nko.

5.2. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng dikarolo tse dintšhwa di le robedi mo go di le 14 tsa melao e e kwalolotsweng sešwa tse di nopotsweng gore di tsenngwe mo Leanong la rona la Dikgato tse di tla Diragadiwang. Ka fa letlhakoreng le lengwe tiro e tsweletse go dira bonnete jwa gore botlhe ba ba nnileng le seabe mo ditiragalong tsa go go goga puso ka nko ba rweswa maikarabelo.

6. Go Lwantshana le Bogodu, Bonweenwee le go Kgabaganya Melelwano go se mo Molaong

6.1. Pegelo ya mo malobeng e e ka ga Dipalopalo tsa Dikgetse tsa Bosenyi tsa Kotara e Nngwe le e Nngwe di a bontsha gore re le setšhaba re tshwanetse go tiisa letsogo fa re lwantshana le bosenyi. Kabinete e ipiletsa mo go motho mongwe le mongwe gore re ipope ngatananngwe mo go lwantshaneng le bosenyi le go nna seoposengwe mo go direng gore malapa a rona, mafelo a re dirang kwa go ona mmogo le mafelo a boitapoloso jwa baagi gore e nne mafelo a a babalesegileng mo bathong botlhe.

6.2. Kabinete e itumedisitswe gape le ke dikgato tsa go godisa letsholo la go lwantshana le bosenyi la “Operation Shanela” kwa diporofenseng tse dingwe, g akaretsa ya Kapa Bokone, Kapa Botlhaba mmogo le ya KwaZulu-Natal.

6.3. Kabinete e sekegetse tsebe go ikatlhola ga banna ba le barataro ba ba latofadiwang ka go bolaya yo mongwe wa ba ba neng ba buletsa ditiragalo tsa bonweenwee, e bong Mme Babita Deokaran, ka Phatwe 2021. Kabinete e ikuetse gore ditheo tsa molao di tswelele go dira dipatlisiso go dira bonnete jwa gore bao ba logileng maano a polao eno ba di gama ba sa di tlhapela.

6.4. Kabinete e akgotse dikgato tsa mo malobeng tsa go dika ditiragalo tsa bosenyi moo Lefapha la Merero ya Selegae e leng lona leo le neng le eteletse kwa pele letsholo leno mo go golegilweng baagi ba kwa nageng ya Pakistani ba le 67 bao ba neng ba leka go tsena ka fa nageng ka mokgwa o o seng mo molaong kwa Boemelafofaneng jwa Difofane tsa Boditšhabatšhaba jwa OR Tambo ka Latshipi wa la bo 13 Phatwe 2023.

7. Samiti ya Ngwaga wa 2023 e e ka ga go Fetola Megopolo ya Batho ba Bong jo Botona

7.1. Samiti ya Ngwaga wa 2023 e e ka ga go Fetola Megopolo ya Batho ba Bong jo Botona e e sa tswang go konosediwa e nnile le seabe se se tseneletseng mo bathong ba le 1 500 ba ba neng ba e tsenetse, mme dipuisano tse di tshwerweng di ne di rora jaaka ditau e bile le tshedimosetso e e tlhagileng mo go tsona e ne e le e e bulang matlho mme tseno maitlhomo e ne e le go fetola maitsholo le megopolo ya banna le basimanyana. Jaaka e ne e tshwaretswe kwa Birchwood Hotel kwa tikwatikweng ya OR Tambo Conference Centre, samiti eno e ne e tsenetswe ke Ditlhogo, Batlatsatlhogo, Bagokgo le    Baeteledipele ba Makgotlha a Dikhole tsa Katiso le Thuto ya Diatla le ya Setegeniki (di-TVET), Mekgatlho e e Emang Nokeng Baithuti mmogo le e e Eteletseng Baithuti Pele, Batlhankedikhuduthamagabagolo (di-CEO)ba Bothati jwa Lekala la Thuto le Katiso (di-SETA), ba ditheo tse di leng ka fa tlase ga Lefapha la Thuto e Kgolwane, Saense le Boitshimololedi, batlhankedi ba ba kwalang dipholisi, batswasetlhabelo ba ditiragalo tsa go bogisa basadi, bankane ba fatlhosanang, mmogo le batho bao ba dirang diphetogo, mme bano botlhe ba ipopile ngatana nngwe ka mosito o le esi e leng go samagana leditiragalo tsa go bogisa basadi mo Ditheo tsa Thuto tse di Latelang Konosetso ya Dithuto tsa Sekolo le kwa Ditheong tsa Katiso (PSET).

7.2. Samiti eno e ne e tshwerwe ke setheo sa HIGHER HEALTH mmogo le Lekgotla la Dipatlisiso tsa Saense le Batho (HSRC) mo legatong la Lefapha la Ditheo tse Dikgolwane tsa Thuto le Katiso mmogo le Lefapha la Saense le Boitshimololedi. Maitlhomo e ne e le go buisana le baeteledipele ba lephata leno, go buisana ka ga gore go ka fetolwa jang megopolo e e dirang gore re nne le ditiragalo tsa GBV.

7.3. Bopaki mmogo le tshedimosetso e e leng teng bobedi bo supa gore banna ke bona ba ba tlhotlhang GBV mme mo Samiting eno go ikuetswe gore go tsewe dikgato gore banna le basimanyana e nne karolo ya ditharabololo.

7.4. Kwa samiting go ikuetswe gore palo ya bankane ba ba fatlhosanang mmogo le bao ba nang le seabe mo mererong eno e okediwe mo dikhamphaseng tsotlhe, go nna batlisaphetogo mo go fetoleng Megopolo ya Batho ba Bong jo Botona, go oketsa palo ya dipuisano tse di nnang gone mo ditheong tsotlhe tsa thuto, go dira gore mo ditheong tsa thuto tsa PSET go nne le dirutwa tsa segapeletsa tsa go ithuta ka go tsholana ga batho ba bong jo bo farologaneng mmogo le ka GBV, dithuto tsa go lekalekana ga batho ba bong jo bo farologaneng, tsa pharologano ya batho ba bong jo bo farologaneng mmogo le go fetoleng Megopolo ya Batho ba Bong jo Botona.

8. Motlakase

8.1. Kabinete e amogetse tshedimosetso go e baya mo dinakong ka ga seemo sa motlakase ka fa nageng mmogo le go nopola dipegelo tse di ka ga maemo a a tsweletseng go tokafala mo go direng gore naga e nne le motlakase.

8.2. Le fa tota matsatsi a le mmalwa a a fetileng re itemogetse maemo a a kwa godimo a bo 4 a motlakase o o tshabetseng ruri, fa e le ga jaanong maemo a tokafetse mo dikarolo tse dingwe tsa phetlho ya motlakase di buseditsweng tirong ya tsona, mme Eskom e tswelela go fokotsa ditiragalo tsa motlakase  o tshabetseng ruri.

8.3. Kabinete e tsopoletswe gore go na le metse e e senang motlakase ka ntlha ya motlakase o o tshabetseng ruri le go timelwa motlakase. Go timelwa motlakase gone go tlhodiwa ke go imelwa ga didirisiwa tsa tlamelo ya motlakase ka ntlha ya batho ba ba ikgogetseng motlakase go se mo molaong, go senyediwa le go utswediwa megala ya motlakase mo diteišeneng tse di potlana tsa motlakase le mabokoso a motlakase a a leng mo metseng, mmogo le go kgaolwa ga megala ya motlakase. Baagi ba ba amegileng ke ba kwa Soweto, Thembisa, Kwa-Thema, Komane, Taung le kwa Ditsobotla.

8.4. Tona ya Merero ya Motlakase mmogo le Lefapha la Pusoselegae le Merero ya Setso (CoGTA) ba setse ba simolotse ka letsholo la go buisana le baagi gore ba utlwane ka seo se tla diriwang gore mafaratlhatlha a a sentsweng a ntshiwe mme go tsenngwe a mantšhwa mme go tshwanetswe go dumelwanwe gore ga go sa tlhole go tla nna le ditiragalo tsa go ikgogela motlakase go se mo molaong, baagi ba tla tshwanela go sirisana le ditheo tseno mo go tlhokomeleng mafaratlhatlha e bile ba tla tshwanela gape le ke gore ba reke motlakase.

8.5. Tumelano ya naga ya Aforika Borwa le ya China, e e saenilweng mo malobanyaneng, e tla nna le seabe se se botlhokwa thata mo go nneng le mafaratlhatlha a motlakase a a kgonang go sonaga motlakase.

9. Molaotlhomo wa Maatla a Dipuso tsa Diporofense wa Porofense ya Kapa Bophirima

9.1. Kabinete e lomilwe tsebe ka ga Molaotlhomo wa Maatla a Dipuso tsa Diporofense wa Porofense ya Kapa Bophirima o o kwadilweng o o sa tsamaisaneng le Moaotheo wa naga.

9.2. Molaotlhomo yono ga o sekegele tsebe Sekejule sa bo 4 le sa bo 5 sa Molaotheo e leng tsona dikarolo tse di tlhalosang gore ditheo dife di na le matla afe go fitlha kae mmogo le maatla a baeteledipele ba dipuso tsa diporofense le ba naga..

9.3. Kabinete e nopotse gore Molaotlhomo yono ke maiteko a go busetsa naga mo diatleng tsa mokgatlho wa dipolotiki wa bogologolo wa Democratic Party (e leng mokgatlho o mokgatlho wa dipolotiki wa Democratic Alliance o tsereng lefa leno mo go ona) mme teng go ne go busiwa naga eno ka mokgwa wa sefederale mme seno ke go nyatsa puso e e golaganeng e e tsenyeletsang botlhe ya Aforika Borwa.

9.4. Go botlhokwa go ela tlhoko gore Molaotlhomo ono wa puso ya porofense ya Kapa Bophirima o itlhokomolosa ka bomo maikarabelo a go akaretsa mo ditirelong tsa yona metse e megolo e go nnang bana ba mmala wa sebilo ya kwa Khayelitsha, Gugulethu, Nyanga, Langa, the Cape Flats, Delft, Central Line, gareng ga e mengwe e mentsi.

9.5 Kabinete e romile Tona ya Bosiamisi le ya COGTA go atlhaatlha kgang eno le puso ya porofense ya Kapa Bophirima go rarabolola kgang eno go ya ka dikgato tse di matshwanedi tsa tharabololo ya dikgogakgogano jaaka di tlhagisiwa go ya ka karolo ya bo 146 ya Molaotheo mmogo le leano le le leng gone la go tsamaisa tiro magareng ga ditheo tsa puso.

B. Ditshwetso tsa Kabinete

1. Go Atolosiwa ga Paka ya go Thusa ka Matlole Beng ba Dithekesi

1.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go atolosiwa ga paka ya go thusa ka matlole beng ba dithekesi ka paka e nngwe ya dingwa di le 12. Go atolosiwa ga paka eno go tla kgontsha Lefapha la Dipalangwa gore le neelwe nako e e tlhokagalang gore le kgone go thusana le matšhwititšhwiti a beng ba dithekisi ba ba iseng ba neelwe thuso ba ba tla tlamelwang ka matlole a go ba thusa. Go fitlha mo pakeng e re leng mo go yona eno ke beng ba dithekesi ba le 88 580 ba ba setseng ba kgonne go bona thuso eno.

1.2. Thuso eno e simolotse mo nakong ya fa re ne re le mo pakeng ya dikgatong tsa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng ka ntlha ya Bolwetse jwa Mogare wa Corona mme yona e ne e lebeletse go tswa thuso beng ba dithekesi tse dikgolo, tsa dijanaga le tsa e-hailing, mme madi ano a tswa go ya ka lenaneo la bopaki jo bo tshwanetseng go tlhagisiwa ke badiradikopo.

2. Sekwalwa sa Bofelo sa Tetlelelo ya Tiragatso ya go Ntshetsapele Bojanala ka fa Nageng ya Aforika Borwa

2.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Sekwalwa sa Bofelo sa Tetlelelo ya Tiragatso ya go Ntshetsapele Bojanala ka fa Nageng ya Aforika Borwa gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga sona. Maitlhomo a sekwalwa seno ke go tlhabolola le go ntshetsa pele lephata la bojanala ka fa nageng ya Aforika Borwa, mmogo le go samagana le dikgwetlho tse di dirang gore lephata la bojanala le retelelwe ke go gola.

2.2. Sekwalwa seno se tla ntshetsa pele gape le bojanala mo mafelong a metseselegae le a metsesekateropo ka go rotloetsa gore ditlhagisiwa tse di tswang kwa mafelong ano di babadiwe le go bewa mo pepeneneng. Ditshitshinyo tsa pholisi eno le tsona, gare ga dilo tse dingwe tse dintsi, di samagana le merero ya go laola le go dirisana mmogo mo bojanaleng; mo taolong ya pabalesego le phemelo; mo phetolong ya botshwarateu; mmogo le mo go rotloetseng tiriso ya didirisiwa tsa thekenoloji.

2.3. Baagi ba neilwe sebaka sa matsatsi a le 90 go ntsha se se mo mafatlheng a bona ka ga sekwalwa seno. Sekwalwa seno se ka fitlhelwa mo go: www.tourism.gov.za.

3. Pholisi ya Naga e e ka ga Metshameko ya mo Seraleng mmogo le Go Ja Leoto

3.1 Kabinete e neseditse pula Pholisi ya Naga e e ka ga Metshameko ya mo Seraleng mmogo le Go Ja Leoto. Maitlhomo a pholisi eno ke go tumola ka moodi tlhokotekatekano le go se tshwarwe ka go tshwana ga baagi e leng selo se se sa bolong go agelelwa mo ditheong tsa rona se se gatang ka mosito o le mongwe le wa tlhaolele le go tswalela mejako ya go iphedisa mo ditheong tsa metshameko ya mo seraleng mmogo le ya ditheo tsa go ja leoto.

3.2 Maitlhomo a pholisi ke go tlhoma ponelopele le dipholisi tse di ka diragadiwang, go loga maano, go tla ka dikgato tse di tla latelwang go tsenya tirisong maano ano mmogo le go tlhagisa dinako tse ka tsona go tshwanetsweng go bo go garetswe go dira gore lephata la metshameko ya mo seraleng mmogo le go ja leoto le tswelele go nna teng le go nna le matlhagatlhaga mo diporofenseng tsotlhe di le robongwe tsa naga, mo badiragatsi ba metshameko ya mo seraleng mmogo le ba go ja leoto ba kgone go ipela mo go emeleng naga ya rona mo kontinenteng le mo lefatsheng ka bophara.

4. Dipegelo tsa go Ela Tlhoko Maemo a Ditlhwatlhwa tsa Dijo tse di Botlhokwa

4.1 Khomišene e e Okameng Merero ya Dikgaisano tsa Dikgwebo e ntse e etse tlhoko maemo a ditlhwatlhwa tsa dijo tse di botlhokwa go latela gore go nne le ditiragalo tsa go tlhatlosa ditlhwatlhwa ka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo e leng ditiragalo tse di simolotseng go iponagatsa fa go ne go nna le Ditiragalo tsa go Emisa Ditiro tsa ka ga Nageng ka Ntlha ya Masetlapelo ka Mopitlwe 2020.

4.2 Maitlhomo a go ela tlhoko ditlhwatlhwa tsa dijo ke ka ntlha ya gore ka fa nageng bareki ba dijo ba tshwanetse go kgona go reka dijo tse di botlhokwa tse di rekegang e bile ga di a tshwanela go tlhaela.

4.3 Khomišene e etse tlhoko maemo a a tlhatlogang ka lebelo le le bofefo mo ditlhwatlhwa di tlhatlogetseng ruri ka bonako mme gantsi tlhwatlhwa e di tlhatlogang ka yona e feta eo ba e dirisang fa ba reka dilo tseo ba di rekisang e bile ditlhwatlhwa tse ba rekileng ka tsona fa di fokotsega tseo ba rekisang ka tsona di fokotsega ka bonya. E nopotse gape le go tlalatlala ga dijo mo mebarakeng e e rekisang gore le seno ke se sengwe sa dilo tse di nang le seabe mo go seo se diragalang.

4.4 Kabinete e nopotse dikgato tse di tshitshintsweng ke Khomišene mme di tsenyeletsa le dipatlisiso tse di dirilweng mo dimarakeng tseno go samagana le mamo a dimaraka tseno a e leng ona a a dirang gore ditlhwatlhwa di ye kwa godimo mme go se nne le batho ba le bantsi ba ba gaisanang le mabentlele ano a a tlhatlosang ditlhwatlhwa ka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo.

4.5 Kabinete e dumetse gore Setlhopha sa Merero ya Ikonomi se tshwanetse go tsenya tirisong leano la go tseela ditlhwatlhwa tsa dijo dikgato, tsa go dira gore dijo di se tlhaele le gore go se nne le ope yo a palelwang ke go iponela dijo.

C. Go Thapiwa

Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.

1. Mme Nosiphiwo Mzamo o thapilwe go nna Mokaedikhuduthamagamogolo (CEO) wa Setlamo sa Tirelo ya Kgwebisano ya Puso ka Ditaemane.

2. Rre Loyiso Tyabashe o thapilwe go nna CEO wa Koporasi ya Motlakase wa Nyutlelia ya Aforika Borwa (o thapilwe sešwa).

3. Go thapiwa ga ditokololo tsa Maloko ao e Seng a Khuduthamaga mo Boto ya Taolo ya Maemelakepe sebaka sa dingwaga di le tharo:

3.1 Rre Aubrey Ngcobo o thapilwe go nna Monnasetulo

3.2 Mme Lauriette Lynne Sesoko

3.3 Moatefokate Derrick Jeffrey Block

3.4 Mme Thembela Beryl Taboshe

3.5 Rre Abdul Qadir Chogle

3.6 Ngaka Percy Derrick Manzini

3.7 Mme Princess Mangoma

3.8 Mme Sizakele Makhanya

3.9 Mme Ntebaleng Rolland Setlako

3.10 Mme Marcia Xolisile Mkhari

3.11 Mme Leanda Marsha Mtshali – o thapilwe gape

4. Go thapiwa ga Bakaedi bao e Seng ba Khuduthamaga ba Boto ya Setheo sa Aforika Borwa sa Pabalesego ya kwa Mawatleng (SAMSA) sebaka sa dingwaga di le tharo

4.1 Rre Mahesh Fakir – Monnasetulo

4.2 Rre Tau Morwe – Motlatsamonnasetulo

4.3 Moatefokate Aurelia Nosipho Sobekwa

4.4 Ngaka Natalie Skeepers

4.5 Mme Nogolide Feziwe Nojozi

4.6 Rre Sihle Nguse

D. Ditiragalo tse di Tlang

1. Kgwedi ya Ngwaoboswa

1.1. Kgwedi ya ngwaoboswa e tla ketekiwa ka molaetsamogolo yo o reng: “Re keteka pharologano ya ditso tsa rona ka fa nageng ya temokerasi ya Aforika Borwa”. Jaaka re tla bo re keteka lobebe lwa mefuta e e farologaneng ya ngwaoboswa ya rona, baagi ba rotloediwa go sola mosola Kgwedi ya Ngwaoboswa ka go dira gore setšhaba sa rona e nne seoposengwe.

2. Kgwedi ya Ditirelo tsa Setšhaba (PSM)

2.1. Ba Ditirelo tsa Setšhaba ba tla keteka Kgwedi ya Ditirelo tsa Setšhaba go tloga ka la bo 1 go fitlha ka la bo 30 Lwetse 2023. Kgwedi eno e re gopotsa gore fa motho a direla setšhaba go raya goreng, mme e re naya tšhono ya go ipatla re ipatlisise gore badiredipuso ke eng se ba ka se dirang go nna mosola le go fetola matshelo a baagi mo setšhabeng.

3. Mekete ya Beke ya Thusong Service Centre

3.1. Mokete wa monongwaga wa Beke ya Thusong Service Centre o tla tshwarwa go tloga ka la bo 18 go fitlha ka la bo 22 Lwetse 2023. MaAforika Borwa a lalediwa go tla go ipatlela metseletsele ya ditirelo tse di farologaneng kwa mafelong a Thusong Service Centre a a leng gaufi nabo, jaaka mafelo ano e le mafelo a a tlisang gaufi le bona metseletsele ya ditirelo le tshedimosetso ya puso.

4.Mokete wa Letsatsi la go Keteka Mosola wa Mapodisi ka fa Nageng

4.1. Go bontsha tlotlo mo basading le banneng ba e leng bagale ba rona ba ba thutseng botala ka tlhogo ka ntlha ya ditiro tse ba neng ba di direla setšhaba, Mokete wa Letsatsi la Naga la go Keteka Mosola wa Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) o tla tshwarelwa kwa Union Buildings ka Latshipi wa la bo 3 Lwetse 2020. Folaga ya naga e tla fokesediwa kwa tlase gona le ka gale go bontsha tlotlo ka letsatsi leno. 

E. Melaetsa

1. Melaetsa ya go Akgola

Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego:

  • Mme Natasha Joubert, mmabontle yo a sa tswang go rweswa korone ya go nna Mmabontle wa Naga ya Aforika Borwa mo Ngwageng wa 2023, jaaka a simolola tiro ya gagwe ya go nna Mmabontle wa Naga ya Aforika Borwa.
  • Rre Brad Binder, yo a tswileng mo maemong a bobedi mo metshamekong ya mabelo a dijanaga a Austrian MotoGP.
  • Setlhopha sa naga sa di-Springboks go bo se fentse motshameko wa rakabi kgatlhanong le setlhopha sa All Blacks mme re ba lakaletsa matlhogonolo mo metshamekong e e tlang ya Sejana sa Lefatshe sa Rakabi.
  • India, jaaka e le yona naga ya ntlha ya go kotamisa sefofane sa go ya lefaufaung kwa karolong ya borwa jwa ngwedi.
  • Ditlhopho tsa Naga ya Zimbabwe

Kabinete e akgotse baagi ba naga ya Zimbabwe jaaka ba sotse mosola tshwanelo ya bona ya temokerasi ya go itlhophela lekoko leo ba batlang gore le buse naga ya bona e bile e boeleditse mafoko a yona a gore e santse e eme ka la gore e tla dirisana le Zimbabwe mo go matlafatseng kgaolo le kontinente eno.

2. Melaetsa ya Matshediso

Kabinete e romela matshediso a yone le kutlwelobotlhoko kwa go ba lelapa le ditsala tsa:

  • Ngaka Derek Watts (yo a neng a na le dingwaga di le 74), yo e neng e le mobegadikgang yo a nang le maitemogelo mo thelebišeneng yogo ya go ile a tla nnang a gopolwa fa go buiwa ka batho ba ba neng ba tlhagelela thata mo seteišeneng sa Carte Blanche TV series mmogo le ka boineelo jwa gagwe mo go nneng mmegadikgang.
  • Mme Sylvia Ncediwe Mdunyelwa, seopedi sa mmino wa jazz yo gape e neng e le modiragatsi, yo a diragaditseng le batho ba ba jaaka Victor Ntoni yo le ene a iketseng badimong mmogo le the Ngcukana brothers, Winston Mankuku, Nick Carter mmogo le Merton Barrow.
  • Ba lelapa le ditsala tsa batho ba le 64 ba ba tlhokafetseng mo molelong o o runtseng mo moagong wa folete kwa Marshaltown, Johannesburg
     

Dipotsolotso:
Mme Nomonde Mnukwa – Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere
Mogala: 083 653 7485

Share this page

Similar categories to explore