Moporesitente Cyril Ramaphosa: Puo ya Maemo a Setšhaba

Puo ya Maemo a Setšhaba (SoNA) ka Moporesitente Cyril Ramaphosa Palamente, Motse Kapa

Mmusakgotla wa Kokoanotheomolao ya Bosetšhaba (NA), Mme Thandi Modise,

Modulasetulo wa Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense (NCOP), Rre Amos Masondo,

Motlatsamoporesitente Rre David Mabuza,

Moporesitente wa mo malobeng Rre Thabo Mbeki le Mme Mbeki,

Motlatsamoporesitente wa mo malobeng Mme Phumzile Mlambo-Ngcuka,

Motlatsamoporesitente wa mo malobeng Mme Baleka Mbete,

Moatlhodimogolo Mogoeng Mogoeng le ditokololo tsotlhe tse di tlotlegang tsa Bosiamisi,

Ditona le Batlatsatona,

Ditokololo tse di tlotlegang tsa NA,

Ditokololo tse di tlotlegang tsa NCOP,

Tlhogo ya Kgaolo ya Dinaga tsa Yuropa, e e emetseng dintlo tsa botipolomate, Motlotlegi, Rre Beka Dvali,

Baeng ba ba tlotlegang,

MaAforika Borwa a gaetsho,

Mo letsatsing la gompieno, dingwaga di le 31 tse di fetileng, Moporesitente Nelson Mandela o ne a bulelwa dikgoro tsa Kgolegelo ya Victor Verster go tswa ka tsona e le motho yo a gololotsweng, e leng sesupo sa batho ba Aforika Borwa sa go nna le sebete le bopelokgale.

Jaanong e setse e le dingwaga di ka nna dimilione di le 40 re na le tlhago e e gagamatsang mono mo nageng, mo kgaolong e e leng kwa tlase mo kontinenteng ya rona.

Bolomo jwa Fynbos Biome, jo bo anameng mo Kapa, bo na le dikarolo dingwe tse di itlhophileng mo dimeleng tsotlhe tse di leng teng mo lefatsheng.

Ke bolomo jo bo kgonang go itshokela mogote o o senang dipula wa selemo le botsididi jwa mariga a a tlang ka dipula di sa kgaotse. Ke bolomo jo bo gagamatsang ka fao bo farologaneng ka teng.

Bolomo jwa naga ya rona jwa Motlhako, ke losika lwa bolomo jono jwa fynbos.

Ngogola fa ke ne ke thankgolola Khonferense ya boraro ya Dipeeletso ka fa Nageng ke tlhalositse lelomo la Motlhako gore le na le dikarolo tse di itlhophileng tseo di tshwanang thata le ka fao naga ya rona e leng ka teng.

Se se itlhophileng e bile se gagamatsa ka bolomo jono jwa fynbos ke gore bo tlhoka molelo gore bo tlhoge sentle le gore bo tshele sebaka.

Gangwe le gape gang morago ga dingwaga di le 20, bolomo jono bo tshwanetse go tsosiwa ka kgabo e e tukang malakabe gore bo itharabologelwe le gore bo kgone go mela sešwa.

Selemo sotlhe bolomo jono jo bo meditsweng ke kgabo bo tla nna bo tlhomola pelo e bile bo sa itumedise. Mme fa dipula tsa 'tlhabula di tshologa, peo ya jona e tla simolola go thunya, mme jwa simolola go thanya.

Dithaba di tla kgaba ka bolomo jo bontšhwa jo mo malobeng bo neng bo bonagala e kete bo etse ruri ka jaanong bo thanya le go kgaba go feta mo malobeng.

Re le baagi ba naga ya Aforika Borwa, mo nakong e e fetileng re itemogetse matsapa a a boima e le ruri.

Fela jaaka molelo wa tlhago o a tle o dire o lautsa tsotlhe tse di leng mo thabeng mo bolomo jwa fynbos bo tlhogang teng, go diragetse fela jalo le ka leroborobo le le lautsang lefatshe lotlhe mme le siya fela khurano ya meno mo le fetileng.

Mme fela jaaka bolomo jono bo kakatletse, le rona reitshupile gore re kgona go kakatlela ka ditsela di le dintsi tse di farologaneng.

Sebaka sa dingwaga di le makgolo a le mararo re ne re le batswasetlhabelo ba kgatelelo, go tseelwa dithoto le go tshwarwa makgwakgwa.

Mme mo sebakeng sona seo sa dingwaga di le makgolo a le mararo re tsweletse go se sute mo go seo re dumelang mo go sona.

Molelo wa go tshwarwa makgwakgwa o ka tswa o re tshositse, fela o paletswe ke go re metsa.

Dipula tsa temokerasi di tsosoloditse le go ntšhafatsa naga ya rona.

Gangwe le gape re ntse re tswa mo teng ga lefifi gore re bone letsatsi le lentšhwa.

Fa re leba ditshenyegelo tse dikgolo tse di fa pele ga matlho a rona tse di tlhodilweng ke bolwetse jono, re a itse gore, fela jaaka bolomo jwa fynbos, fela jaaka batho botlhe ba ba tshetseng mo lefatsheng leno pele ga rona, le rona re tla itharabologelwa seemo seno.

Go setse go fetile ngwaga jaanong fa e sale Aforika Borwa e nna le motho wa ntlha o a tshwaeditsweng ke mogare wa corona, COVID-19.

Fa e sale go tloga mo motsing oo jaanong re setse re na le batho ba ka nna milione le halofo ka fa nageng ba ba tshwaeditsweng ke mogare ono.

Go setse go tlhokafetse batho ba feta ba le 45 000.

Dipalopalo tseno di bua ka dikgang tsa mahutsana le tse di utlwisang botlhoko.

Ga go lelapa, setšhaba le lefelo la tiro le le iseng le latlhegelwe ke motho yo ba mo itseng, yo ba dirileng mmogo le ene le yo ba mo ratang.

Fela gape tseno ke dikgang tse di bontshang go nna le sebete le bopelokgale.

Go nna le bopelokgale ga badiredi ba mafelo a boitekanelo - ba ba yang tirong bosigo le motshegare go pholosa matshelo a batho, ba ntse ba itsi sentle gore le bona ba mo kotsing ya go ka tshwaetsega

Ke kgang e e buang ka go nna le sebete ga lepodisi, lesole, modiredi yo tiro ya gagwe e tlhokagalang thata, motlhokomedi wa batho ba ba gatelegileng ba le mo phateng mmogo le bao ba di gogang kwa pele, ba ba dirileng gore naga ya rona e tswelele go bolokesega, batho ba rona ba tswelele go nna le diyamaleng le go dira gore ikonomi ya rona e tswelele go dira.

Ke kgang ya go nna seoposengwe le go nna le kutlwelobotlhoko.

Ke kgang e e buang ka naga e e tshwaraganeng go lwantshana le COVID-19 ka ditsela tse dintsi tse di iseng di tle di bonwe fa e sale re tswa mo matsatsing a ntlha a fa re ne re simolola go tsena mo temokerasing.

Go gaisa tsotlhe, mathata ano a tlhagisitse seo naga ya rona e totang e leng sona.

A dirile gore re nne bomaganagofenngwa.

Ke sona seno se se tshwanetseng go re tlhotlheletsa gore re age ikonomi e ntšhwa, e rotlhe mo go yona re lekanang, e e botoka e bile e na le bosiamisi.

Ngwaga o re tobaneng le ona o e tshwanetse go nna o o tlisang diphetogo, o re nnang le kgatelopele mo go ona e bile mo go ona re simololang sešwa.

E tshwanetse go nna ngwaga o mo go ona re tsogang.

O ga se ngwaga o o tshwanang le e mengwe, le SoNA eno ga se e e tshwanang le tse dingwe.

Ka jalo maitseboeng ano ke tla tsepamisa mogopolo mo dintlheng di le nne tse di botlhokwa thata tse di leng kwa setlhoeng go gaisa tse dingwe mo ngwageng ono wa 2021.

Ntlha ya ntlha, re tshwanetse go fenya leroborobo leno la mogare wa corona.

Ntlha ya bobedi, re tshwanetse go potlakisa tsosoloso ya ikonomi ya rona.

Ntlha ya boraro, re tshwanetse go diragatsa kgato ya go fetola batsholateu mo ikonoming gore re kgone go tlhola ditiro tse di nnelang ruri le go dira gore re nne le kgolo e e akaretsang botlhe ya ikonomi.

Ntlha ya bofelo, re tshwanetse go lwantshana le bonweenwee mmogo le go naya puso maatla.

Mo dibekeng tse di tlang, re tla samagana le dintlha tse dingwe gape tse di botlhokwa tse di ka ga lenaane la ditiro tsa puso tsa mo ngwageng ono.

Se se botlhokwa thata mo go tsosoloseng naga ya rona ke dikgato tse di sa kgaleng tse di mosola tsa go fedisa mogare wa corona.

Aforika Borwa e sa tswa go tswa mo ditshwaetsong tse di ipoang sebedi fa e sale re simolola go nna le ditshwaetso tsa COVID-19 ka Mopitlwe ngogola.

Ditshwaetso tse di ipoang sebedi tseno, tse di dirilweng ke mogare ono o o sa tshwaneng le o o tlwaelegileng, o ne o le bogale le go feta mme o fetile ka matshelo a batho ba le bantsi go feta ba ba tlhokafetseng ka ntlha ya mogare wa ntlha.

Le fa go le jalo, re ka bo re latlhegetswe ke matshelo a mantsi thata.

Fa re ne re ka bo re sa direla ka bonako go iletsa metsamao le ditiro dingwe tsa ikonomi, fa re ne re ka bo re sa rulaganya sentle maokelo a rona, le fa maAforika Borwa a ne a ka bo a sa ikobela ditaolelo tse di botlhokwa tsa boitekanelo, mogare ono o ne o ka bo o tlhodile matsapa a a seng kana ka sepe.

Monongwaga re tshwanetse go dira tsotlhe tse di mo matleng a rona go thibela le go dedisa leroborobo leno.

Seno se raya gore re tshwanetse go gagamatsa matsapa a rona a go thibela kanamo ya jona le go matlafatsa maokelo a rona.

Se raya gore re tshwanetse gape re rebole letsholo le legolo la go tlhabela bolwetse jono gore re kgone go boloka matshelo a batho le go fokotsa ditshwaetsego mo baaging.

Mo tshimologong ya beke eno re ne ra tsiboswa gore o mongwe wa meento e re e rekileng wa setlamo sa AstraZeneca, ga o na tshireletso e le kalo mo mogareng ono o o sa tshwaneng le o o tlwaelegileng wa 501Y.V2.

Tshedimosetso eno e ribolotswe ke dipatlisiso tsa sešweng tsa babatlisisi le borasaense ba rona.

Re akgola borasaense bano go bo ba eteletse kwa pele dipatlisiso tseno le go re neela tshedimosetso e ntšhwa e e botlhokwa e e tla re kaelang ka fao re tshwanetseng go samagana le bolwetse jono ka gone.

Jaaka mogare ono o o sa tshwaneng le o o tlwaelegileng e le ona yo o anameng go gaisa ka fa nageng, tshedimosetso eno e e ribolotsweng e botlhokwa thata mo lebelong la rona la go tsaya dikgato, mo go ageng le mo go rulaganyeng letsholo la go tlhaba moento.

Le fa go sa solofelwe gore tshedimosetso eno e tla diegisa nako ya go simolola letsholo la go tlhaba meento, go totobetse gore e tla ama ditshwetso tse di tsewang fa go tla mo go tlhopeng moento la ka fao e tla tlhabiwang ka gone.

Ka jalo kgato ya rona ya ntlha ya go tlhaba meento, e go lebeletsweng gore go tla entiwa pele badiredi ba lephata la boitekanelo le badiredi ba bangwe ba ba di gogang kwa pele, mo go yona ba tla entiwa ka moento wa setlamo sa Johnson & Johnson, jaaka o itshupile gore o mosola thata mo go lwantsheng mogare wa 501Y.V2

Re setse re rekile meento e le dimilione di le robongwe ya Johnson & Johnso.

Meento ya ntlha, e e ka dirang 80 000, e tla goroga ka fa nageng mo bekeng e e tlang.

Meento e mengwe yona e tla goroga mo dibekeng di le nne tse di tlang, mme palogotlhe ya meento eno ya Johnson & Johnson e ka nna halofo ya milione.

Diporofense tsotlhe di setse di logile maano a go diragatsa letsholo la go tlhaba meento jaaka go lebeletswe gore meento eno ya ntlha e tloga e goroga.

Ke rata go ka leboga diporofense tsotlhe ka fao ba ithulagantseng ka gone gore ba kgone go samagana le letsholo leno le le gologadi le re tla bong re tsena mo go lona e se kgale.

Mo godimo ga eno, re setse re rekile meento e le dimilione di le 12 mo letsholong la lefatshe la COVAX.

Meento eno e tla tlalelediwa ke e mengwe gape e naga ya Aforika Borwa e e rekileng ka Letsholo la Setlhophatiro sa Theko ya Meento ya Dinaga tsa Aforika sa Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU).

Setlamo sa Pfizer se solofeditse meento e le dimilione di le 20, mme se tla simolola go tlisa meento kwa bokhutlhong jwa kotara ya ntlha.

Re tsweletse ka dipuisano tsa rona le batlhagisi botlhe ba meento go netefatsa gore re kgona go reka palo e e re lekaneng ya meento e e tla nnang mosola mo bolwetseng jo re lebaneng le jona.

Boitekanelo le pabalesego ya batho batho ba naga ya rona e santse e le selo se se botlhokwa thata.

Melemo yotlhe e e rekiwang ke naga ya rona go tswa kwa dinageng tsa kwa ntle e tlhokomelwa, sekasekwa, phuruphutswa le go kwadisiwa ke Bothati jwa Taolo ya Melemo ya Boitekanelo ya Aforika Borwa (SAHPRA).

Re tla tswelela go sekegela tsebe dikeletso tsa saense tse di re tswetseng molemo fa e sale leroborobo leno le simolola.

Letsholo la go tlhaba meento le tla atlega fa go na le tirisanommogo mo makaleng otlhe a setšhaba.

Re rotloediwa thata ke ka fao maphata a kgwebo, mekgatlho ya badiri, intaseteri ya maokelo le ya dikema tsa tlhokomelo ya boitekanelo ba nang le seabe ka teng mo go ipaakanyetseng letsholo leno le legolo la go tlhaba meento.

Jaaka re kgonne go itharabologelwa mo nakong e e fetileng, le jaanong le teng re tla itharabologelwa mme ra tswa mo lerageng le re leng mo go lona.

Fela ga se bolwetse jono bo le esi jo re tshwanetseng go lwantshana le bona.

Re tswhanetse go fedisa lehuma, tlala, botlhokatiro le go se lekane re se meno.

Re tshwanetse go fedisa lefa la tshokolo le le tswelelang go baya batho ba rona mo tshotlegong, le ga jaana le gakaditsweng le go feta ke leroborobo leno.

Fa ke ne ke neelana ka SoNA ya mo ngwageng o o fetileng mo Ntlong eno e e Tlotlegang, ga go ope mo gare ga rona yo a neng a nagana gore, dibeke di se kae fela, naga ya rona le lefatshe ka bophara, go tla bo go na le diphetogo tse dikgolo tse re di bonang.

Maano a re neng re a tlhomile re ne ra tshwanelwa ke go a rulaganya sešwa go samagana le maemo a lefatshe a tshoganyetso.

Madi a tekanyetsokabo a ne a tshwanelwa ke go lebisiwa ko matsholong a mangwe a a botlhokwa go gaisa mme matsholo a mangwe a le mantsi a ne a tshwanelwa ke go emisiwa nakwana.

Mo ngwageng o o fetileng, Aforika Borwa e itemogetse kwelotlase e kgolo mo kgolong ya ikonomi le koketsego e kgolo mo botlhokatirong.

Bohuma bo a tlhatloga. Go se lekane re se meno le gone go tsweletse go itelekela.

Mo kotareng ya boraro ya 2020, ikonomi ya rona e ne e funyetse ka 6% go feta ka moo e neng e le mo kotareng ya bofelo ya 2019.

Mo kotareng ya boraro ya 2020, pele re ka welwa ke leroborobo leno, palo ya batho ba ba neng ba thapilwe e ne e fokotsegile ka batho ba le 1,7 milione go feta ba mo kotareng ya ntlha.

Jaanong palo ya batho ba ba senang ditiro e eme mo palong e e ktshosang tota ya 30,8%.

Ka go tsenya letsogo le go bulela ikonomi kgato ka kgato, re solofetse go bona ditiro di itharabologelwa fa ngwaga ono o garela.

Fa re ne re tsweletse go samagana le go anama ga mogare ono, re ne gape ra gapeletsega gore re tsaye dikgato tse di sa tlwaelegang gore re kgone go tshegetsa maAforika Borwa, go thusana le dikgwebo tse di leng mo tlalelong le go sireletsa ka fao batho ba iphedisang ka teng.

Matsholo a loago le a ikonomi a go thusa baagi a a tsentsweng tirisong ka Moranang ngogola ke dikgato tse dikgolo tsa tsereganyo fa e sale.

A nopotse dikgato tse di ka dirang R500 bilione – e leng 10% ya Seelosotlhe sa Ditlhagisiwa tsa Naga mo Ngwageng (GDP) – go ka neela malapa a a dikobo dikhutshwane madi, go tshegetsa megolo ya badiri le go neela dikgwebo tse di sokolang ka dithuso tse di farologaneng.

Palo yotlhe ya batho ba le dimilione di le 18, kgotsa a le mongwe mo go ba bararo, ba amogetse dituelelo tse dingwe ka dithuso tsona tseno.

Go akanngwa gore madithuso ano a thusitse batho ba feta dimilione di le tlhano gore ba se bolawe ke tlala, e leng se se thusitseng gore ba se bolawe ke tlala mo mathateng ano.

Go fitlha jaanong, dithuso tsa megolo tse di ka fetang R57 bilione di setse di duetswe badiri ba feta ba le dimilione di le nne le halofo ka Letsholo le le Itlhophileng la ba Letlole la go Kgaolwa kwa Tirong (UIF) la Sekema sa Thuso ya Bathapi le Badiri (TERS).

Dikgwebopotlana le tse digolwane di setse di tlametswe ka matlole a feta R1,3 bilione.

Mo godimo ga seno, dikgwebo tse di neng di le mo tlalelong di ne tsa fokolediwa lekgetho la madi a a fetang R70 bilione.

Madikadimo a a ka dirang R18,9 bilione a neseditsitswe pula go ka adimiwa dikgwebo di le 13 000 ka Sekema sa Madikadimo a Dibanka se se Engweng Nokeng ke Puso.

MaAforika Borwa a gaetsho,

E setse e le sebaka sa dikgwedi di ka nna di le nne fa e sale ke ema fano pele go ka tshwarwa Kopanotshwaraganelong ya Palamente ke tletse go bua le naga ka Leano la Itharabologelo le Kagosešwa ya Ikonomi.

Maitseboeng ano, re eme fano e se ka go tla go dira ditsholofetso fela e le go tla go le begela ka kgatelopele e e dirilweng mo go diragatseng leano la itharabologelo le dikgato tsa botlhokwa tse di tshwanetseng go tsewa go busetsa kgolo sekeng le go tlhola ditiro.

Fa e sale leano leno le thankgololwa, re setse re tsepamisitse megopolo mo ditharabololong di le tharo tsa botlhokwa:

  • letsholo le legolo la go tlhola mafaratlhatlha mo nageng yotlhe,
  • koketso e kgolo mo ditlhagisiweng tsa ka fa nageng,
  • letsholo la go tlhola ditiro le go tshegetsa ka fao batho ba iphedisang ka teng, mmogo le
  • go oketsa metswedi ya tlhagiso ya motlakase

Re itsisitse gore re tla thankgolola letsholo le legolo la go tlhola mafaratlhatlha mo nageng yotlhe.

Re ne re itsi sentle gore go diragatsa seno re tla tlhoka go aga ka iketlo bokgoni jwa setegeniki mo pusong gore re kgone go baakanya le go laola diporojeke tse dikgolo tsa mafaratlhatlha.

Re tlhomile metseletsele ya dipeeletso mo diporojekeng tsa mafaratlhatlha e e ka dirang R340 bilione mo diintasetering tse di dirisang metswedi e e gokaganeng tse di jaaka tsa motlakase, metsi, dipalangwa le tsa mafaratlhatlha a ditlhaeletsano.

Matsholo a dikago a setse a simolotse mme go bonagala kgatelopele mo diporojekeng tseno di le dintsinyana.

Fa e sale re le begela ka Leano la Itharabologelo le Kagosešwa ya Ikonomi, re setse re thankgolotse diporojeke di le pedi tsa dikago tsa madulo tse di tla agelang malapa a le 68 000 magae mo porofenseng ya Gauteng.

Diporojeke tsa mothale ono go logilwe maano gore di diragadiwe le kwa diporofenseng tse dingwe.

Mo dingwageng di le pedi tse di fetileng ke ne ka le bolelela ka toro ya go aga diteropo tse dintšhwa tse di tla re kgontshang go tswa mo thulaganyong ya dikago tsa puso ya tlhaolele.

Diteropo tse dintšhwa tse di senang popego epe ya puso ya tlhaolele go santse go logiwa maano a tsona mo mafelong a le mantsinyana mo nageng.

Teropo e e tletseng ka didirisiwa tsa thekenoloji ya Lanseria, teropo e ntšhwa ya ntlhantlha go agiwa mo pusong ya temokerasi ya Aforika Borwa, jaanong e tla nna selo se re se bonang ka matlho a rona.

Sekwalwa sa ntlha sa leanokgolo la teropo eno ya didirisiwa tsa thekenoloji, e mo tsamaong ya nako e tla nnang legae la batho ba le 350 000 go ya go ba le 500 000 mo dingwageng di le lesome tse di tlang, se feditswe go kwalwa ka Ngwanaitseele ngogola wa 2020 mme jaanong se phasaladitswe gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga sona.

Go na le kgatelopele e e diriwang mo diporojekeng di le dintsinyana tse dikgolo tsa mafaratlhatlha.

Tsona di tsenyeletsa Kgato ya 2A ya Porojeke ya Noka ya Mokolo le Crocodile mmogo le Porojeke ya Metsi ya uMkhomazi .

Leano la Peeletso mo Mafaratlhatlheng le nopotse diporojeke tsa kago ya ditsela tse di dikologang dikarolo tsa botlhokwa tsa Aforika Borwa tse di ka tlhokang R19 bilione.

Tiro e mo tseleng go ka garela dithulaganyo tsa matlole a diporojeke tseno.

Matlole a setse a rulagantswe go tshegetsa kago le tsosoloso ya ditselafefo tse dikgolo tsa N1, N2 le N3.

Diporojeke tseno tsa mafaratlhatlha di tla tsosolosa intaseteri ya dikago mme seno se tla tlhola ditiro tse ga jaana re di tlhokang.

Letloletlamelo la Mafaratlhatlha le le jang R100 bilione ga jaana le tsentswe tirisong ka botlalo.

Letloletlamelo leno le tla nna le metswako ya matlole ka a mangwe a tla tla ka lekala la poraefete fa a mangwe a tla tla ka ditheo tsa tlhabololo.

Metseletsele ya diporojeke tse di neseditsweng pula tsa mo ngwageng wa 2021 e farologane mme e tsenyeletsa le ya Letsholo la go Agela Baithuti Mafelo a Boroko, leo maitlhomo a lona e leng go agela baithuti ba le 300 000 mafelo a boroko.

E nngwe ya diporojeke tse di neseditsweng pula ke ya go Golaganya Baagi ba Aforika Borwa, e leng letsholo la go tlisa porotebente kwa dikolong, kwa dipetlele, kwa diteišeneng tsa mapodisi le kwa ditheong dingwe tsa puso.

Kgato ya bobedi ya botlhokwa ya tharabololo ya leano la tsosoloso ya ikonomi ke go oketsa ka bontsi tshegetso ya rona mo ditlhagisiweng tsa ka fa nageng le go dira gore ditlhagisiwa tsa ka fa nageng ya Aforika Borwa di gaisane le tse dingwe mo lefatsheng.

Seno se tla dira gore lekala la poraefete le dire dipeeletso tse dikgolo mo ditirong tsa tlhagiso.

Se se botlhokwa thata mo leanong leno ke maikano a a ntšhwafaditsweng a puso, kgwebo le mekgatlho ya badiri gore ba ikane go reka dilo tse di tlhagisitsweng ka fa nageng.

Maikano ano a tshwanetse go tlhatlosa ditlhagisiwa tsa ka fa nageng, mme seno se tla tsosolosa intaseteri ya rona ya tlhagisodikuno.

Badirisanimmogo botlhe ba rona mo mererong ya loago ba ba nnileng le seabe mo go kwaleng Leano la Itharabologelo le Kagosešwa ya Ikonomi, jaaka karolo ya letsholo la rona la tirisanommogo, ba dumelane go dirisanammogo gore mo dingwageng di feta di le tlhano tse di tlang re bo re kgonne go fokotsa ka sekgala sa 20% go itshegetsa mo ditlhagisiweng tsa dinaga tsa kwa ntle.

Ba nopotse ditlhagisiwa di le 42, tse di tsenyeletsang mafura a a jewang go akaretsa le diphatlho, ditswina tsa maungo, diaparo tsa go ipabalela, ditlhagisiwa tsa tshipi le seabe sa go tlhola ikonomi ya tshomarelo tlhago, e leng dilo tse di ka diriwang ka fa nageng

Fa re ka fitlhelela seo re batlang go se fitlhelela re tla bo re kgonne go oketsa thata tlhagiso mo ikonoming ya rona, e leng selo seo se nang le bokgoni jwa go busetsa naga ya rona mo ngwageng madi a feta R200 bilione.

Mo ngwageng o o fetileng, re tsere tshweetso ya go bulela dikgwebopotlana mebaraka e megolo le go laela gore ditlhagisiwa tse di rileng di le 1 000 tse di tlhagisitsweng ka fa nageng di rekwe mo dikgwebong tsa ka fa nageng tse di potlana, tsa mo magareng le tse digolwane (di-SMME).

Jaaka leroborobo la COVID-19 le gapeleditse gore dikgwebo tse di gwebang mo maemong a boditšhabatšhaba di tswalele, re kgonne go ka potlakisa letsholo leno ka ntlha ya fa dikgwebo tsa ka fa nageng di kgonne go bula go tlhagisa ditlhagisiswa tsa ka fa nageng.

Go fitlha jaanong Kabinete e neseditse pula Letlhomeso la Pholisi ya di-SMME ya Tsepamisomogopolo mo Ditlhagisiweng tsa ka fa Nageng le le nopotseng ditlhagisiwa tse di rileng di le 1 000.

Mo godimo ga seno, Lefapha la Tlhabololo ya Dikgwebopotlana mmogo le Lefapha la Kgwebisano, Intaseteri le Dikgaisano tsa Dikgwebo di eme di-SMME nokeng gore di bulelwe dikgoro tsa dimaraka tse digolo tsa ka fa nageng le tsa kwa dinageng tsa boditšhabatšhaba.

Matsapa ano a tshegediwa ke matsholo a a matlhagatlhaga a kemonokeng ya tlhagisodikuno.

Mo go SoNA ya ngogola ke rile ponelopele ya rona ya go nna le diintaseteri e golagane le maanokonokono a lekala a a leng ka ga go tsosolosa le go godisa diintaseteri tse di botlhokwa.

Maanokonokono a le mane a a setseng a konoseditswe le go saeniwa go fitlha ga jaana, a e leng karolo ya letsholo la tirisanommogo magareng ga mekgatlho ya badiri, kgwebo, puso le baagi, a setse a simolotse go nna le seabe mo diintasetering tse di amegang.

Ka go diragatsa Leanokonokono la Kgwebo ya Dikgogo, intaseteri eno e dirile dipeeletso tsa madi a feta R800 milione go rulaganyetsa ditlhagisiwa tsa yona.

Aforika Borwa jaanong e setse e tlhagisa dikgogo tse dingwe gape di le milione mo godimo ga tseo e ntseng e di tlhagisa beke e nngwe le e nngwe.

Leanokonokono la Kgwebo ya Tshukiri le le saenilweng fa re ne re santse re le mo kgatong ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng, le dirile gore badirisi ba bagolo ba tshukiri ba ikane go reka bokanaka 80% ya tshukiri eo ba e tlhokang mo bajading ba ka fa nageng.

Ka go diragatsa leano leno, ngogola theko ya ditlhagisiwa tsa ka fa nageng e ne ya tlhatloga mme ya tshukiri e e rekiwang kwa dinageng tsa kwa ntle e ne ya phutlhama, mme seno se dirile gore intaseteri eno e e thapileng batho ba ka nna 85 000 e tsetsepele.

Tshegetso ya balemirui ba bathobantsho ba ba potlana e a okediwa, mme teng re bona batlhagisi ba bagolo ba dino ba ikana go oketsa ka bontsi ditheko tsa bona mo balemiruing bano.

Fa e sale re saena Leanokonokono la Kgwebo ya Diaparo, Masela, Ditlhako le Letlalo ka Ngwanaitseele 2019, intaseteri eno e beeleditse madi a feta halofo ya bilione go godisa difeme tsa tlhagisodikuno go tsenyeletsa le di-SMME.

Re dirisanemmogo le lekala la dijanaga go le thusa gore le itharabologelwe mo leroborobong leno.

Fa ngwaga o garela, lekala leno le ne le setse le boetswe ke 70% ya ditlhagisiwa tsa yona tse di tlwaelegileng tsa ngwaga le ngwaga, le fa go ne go le boima.

Mo bekeng e e fetileng, Setlamo sa Dijanaga sa Ford se itsisitse fa se tla dira dipeeletso tsa bokanaka R16 bilione go atolosa mafelo a bona a tlhagisodikuno a a leng kwa teropong ya Tshwane go dira gore ba kgone go aga bene ya bona e ntšhwa ya Ford Ranger.

Peeletso eno e tla ema nokeng kgolo ya dikgwebopotlana di ka nna di le 12 mo lephateng la go aga ditlhokwa tsa dikarolo tsa dijanaga.

Madi a a ka dirang halofo ya tiriso yotlhe ya madi a a dirisediwang mmetela wa dipaakanyo tsa mmu le go aga dikago mo Mafelong a a Itlhophileng a Ikonomi (SEZ) a teropo ya Tshwane mo kgatong eno a solofetswe go neelwa di-SMME, e leng ditšhono tsa dithendara tse di ka jang madi a a kanaka R1,7 bilione.

Setlamo sa Toyota se beeleditse mo lefelong la sona la go aga dijanaga kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal gore se kgone go simolola go aga dijanaga tsa sona tsa ntlha tse di itlhophileng tse di dirisang motlakase gore di agiwe le go tswa mo lefelokagong la bona la dijanaga la mo nageng ya rona ya Aforika Borwa.

Seno se latela gore ba setlamo sa Nissan, sa Mercedes Benz le sa Isuzu ba itsise fa ba tla dira dipeeletso mo go atoloseng ditlhagisiwa tsa bona, mme tseno tsotlhe di tsepamisa maemo a puso a go nna karolo e e botlhokwa mo tlhagisong ya dijanaga.

Monongwaga re tla tsepamisa mogopolo mo go thuseng intaseteri eno gore e boele mo maemong a yona a go dira ka botlalo, ka go tlhoma Letloletlamelo la Boradiintaseteri ba Bathobatsho le go samagana le serala se sentšhwa sa go oketsa thekiso ya dijanaga mo kontinenteng yotlhe.

Eno e tla nna karolo ya maiteko a rona a go tshegetsa lekala la tlhagisodikuno.

Mo ngwageng ono re tla simolola go sola mosola ditšhono tse di tlisiwang ke Letsholo le le Sutisang Dikgoreletsi mo Kgwebisanong ya Dinaga tsa Aforika (AfCFTA), le le simolotseng go tsena mo ritisong ka la bo 1 Ferikgong 2021, go latela gore AU e atlenegise Boikuelo jwa Johannesburg.

AfCFTA e tlhoma serala seo Aforika Borwa e ka kgonang go dira kgwebo mo go sona ka go rekisetsa mebaraka ya kontinente, le go dira gore Aforika Borwa e ithulaganye go nna naga eo e dirisediwang go nna mobuladikgoro tsa kgwebo mo kontinenteng.

Go samagana le go se lekane re se meno mo setšhabeng sa rona, re tshwanetse go oketsa lebelo la go dirisa dipholisi tsa tshegetso e e atolositsweng ya bathobantsho mo ikonoming ka go ba dira batholateu mo dithotong tsa ikonomi, go ba dira balaodi le batsamaisi ba ikonomi.

Ngogola puso e dumetse gore e tla tsenela dikonteraka le dikgwebo tse di ikemiseditseng go godisa matlafatso ya bathobantsho mo ikonoming ka go kgaogana taolo ya kgwebo le badiredi ba bona.

Ngogola ka kgwedi ya Ngwanaitseele re ne ra tshwara Khonferense ya boraro ya Dipeeletso mo Nageng ya Aforika Borwa go sekaseka ditsholofetso tsa dipeeletso tse di diragaditsweng tsa mo nakong e e fetileng mmogo le go bulela dipeeletso tse dingwe gape tse dintšhwa mo ikonoming ya rona.

Le fa tota re ne re le ka fa tlase ga maemo a a boima, khonferense eno ya dipeeletso e kgonne go ka bokeletsa ditsholofetso tsa dipeeletso tsa bokanaka R108 bilione mo godimo ga tse re neng re na le tsona.

Ditsholofetso tseno mmogo le tseo re neng re setse re na le tsona go tswa mo dikhonferenseng tse pedi tse di fetileng tse le mo go tsona re boneng ditsholofetso, go fitlha mo motsing ono re setse re bone ditsholofetso tsa dipeeletso tsa bokanaka R773 bilione tse re di lebeletseng mo pakeng ya dingwaga di le tlhano tse re lebeletseng gore di re direle R1,2 trilione.

Go difeme tse di setseng di totobaditse gore tse dingwe tsa ditsholofetso tsa dipeeletso tseno tsa bokanaka R183 bilione di setse di diragaditswe ka diporojeke tse di unngwelang ikonomi ya Aforika Borwa.

Seno ke sesupo sa gore naga ya rona e santse e le mmamoratwa fa go tla mo ditlamong tse di beeletsang mo go yona tsa ka fa nageng le tsa kwa dinageng tsa kwa mose wa mawatle.

Re dirile ka natla go tlhotlheletsa dipeeletso ka go nolofatsa dikgato tsa go dira kgwebo ka fa nageng, go tsenyeletsa le go nolofatsa dikgato tsa go itshimololela kgwebo.

Mo ngwageng yo o fetileng, ditlamo di feta di le 125 000 tse dintšhwa di kgonne go ikwadisa mo Sefalanatshedimosetsong sa go Kwadisa Kgwebo sa BizPortal, mo ba kgonneng go kwadisa dikgwebo le go konesa go kwadisa dikgwebo tsa bona mo sebakanyaneng sa diura di se kae ba le kwa matlong a bona kgotsa kwa dikantorong tsa bona.

Re tota re semeletse go dira gore go nne bonolo gore batho ba dire dikgwebo ka fa nageng ya rona.

Ntlha ya rona ya boraro ya go samagana le maemo ano ke letsholo la go tlhola ditiro le go tshegetsa ka fao batho ba iphedisang ka teng.

Palo e e kwa godimo ya ditiro e tla tlhodiwa ke lekala la poraefete mo diintasetering di le dintsinyana jaaka ikonomi e tla bo e itharabologelwa.

Re tsweletse go tshwarisana tiro le lekala la poraefete go dira gore re nne le lefelo le le siametseng go tlhola ditiro mo go lona.

Go tshwarisana tiro ga rona le lekala la poraefete go ikaegile ka maikano a a tlhamaletseng a go godisa ikonomi ya rona le go tlhola ditiro.

Le fa go le jalo, tirelopuso e rwele maikarabelo a go tlhotlheletsa gore mo nageng go nne le ditiro; ka go dirisa dipholisi tsa yona le ka go dira gore yona ka boyona e tlhole ditšhono tsa ditiro.

Letsholo la Maditshegetso a go Tlhola Ditiro la Moporesitente ke le lengwe la matsholo a a nnileng botlhokwa mo hisetoring ya Aforika Borwa a a okeditseng ditiro mo pusong le mo loagong.

Fa Ferikgong 2021 a konosela, ditšhono di feta 430 000 di ne di setse di tshegeditswe ke letsholo leno la go tlhola ditiro.

Ditšhono dingwe di le 180 000 di santse di le mo thulaganyong ya go thapelwa batho ba ba tla thibang diphatlhatiro tseno.

Ditšhono tseno di mo dikarolong tse di jaaka lephata la thuto, botsweretshi le setso, ditirelo tsa dikgwebo tsa lefatshe, lephateng la thuto ya bomapimpana (ECD) le mo lephateng la balemirui ba ba potlana.

Gape di mo matsholong a tlhokomelo ya tikologo a a jaaka a go tlosa dimela tse di melang mo di sa tshwanelang go mela teng, a go thiba mafelo a a tswenang le a a bongola, a go thibela go runya ga molelo mo nageng mmogo le a go phepafatsa le go jala naga mo mebasepaleng yotlhe gore e nne e talafetse.

Matsholo ano a ka ga matshelo a batho ba nnete le ka fao batho bano ba iphedisang ka teng.

Batho bano ba ba batlang ba ka nna halofo ya milione jaanong ba amogela megolo, ba ithuta bokgoni jo bontšhwa e bile ba na le mosola mo metseng ya bobona le mo nageng ya bobona.

Re tla tswelela go tshegetsa ditiro tseno sebaka se re ka se kgonang go fitlhele mmaraka wa ditiro o itharabologelwa, le fa ka mo letlhakoreng le lengwe re ntse re kakatletse go tshegetsa kgolo e e gagametseng e e sa tseweng ke diphefo ya lekala la poraefete.

Mo go SoNA ya ngogola, fa ke ne ke tsibogela dikgwetlho tse dikgolo tse naga ya rona e tobaneng le tsona tsa botlhokatiro mo bašweng, ke ne ka itsise gore ba Setheo sa Naga sa Tlhabololo ya Bašwa (NYDA) mmogo le ba Lefapha la Tlhabololo ya Dikgwebopotlana (DSBD) ba tla samagana le go ema nokeng dikgwebo tsa bašwa ba le 1 000 ka matlole pele matsatsi a le a 100 a ka feta.

Le fa letsholo leno le ne la tshwanelwa ke go kgaoletswa ka ntlha ya dikiletso tsa mogare wa corona, seno ga se a ke sa thibela gore ba fitlhelele palo e re neng re ba beetse yona ya dikgwebo di le 1 000 fa Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Keteko ya Bašwa le goroga ka la bo 12 Phatwe 2020.

Seno ke motheo o o tsetsepetseng wa matsapa a rona a go rata go ka tshegetsa dikgwebo tse e leng gona di simolola di le 15 000 fa ngwaga wa 2024 o subela.

Ngogola re solofeditse gore re tla tlhola Thulaganyo ya Naga ya Taolo ya Dithulaganyo gore re kgone go ema nokeng bašwa mo nageng le go ba tlamela ka ditšhono.

Ke rata go rotloetsa mošwa mongwe le mongwe mo Aforika Borwa go nna karolo ya bašwa ba le 1,2 milione ba ga jaana e setseng e le karolo ya thulaganyo eno, gore ba tle ba iponele bokamoso jo botoka thata.

E nngwe ya dikgwetlho tse di bokete thata tse batho ba naga ya rona ba kopaneng le tsona ngogola e nnile go emisiwa ga go ya sekolong, e leng se se okeditseng maima mo magetleng a barutwana, barutabana le mo magetleng a ba malapa a bona.

Le fa go ntse jalo ba ne ba itshoka.

Go botlhokwa thata mo go rona gore mo ngwageng ono re buse nako e e re jetsweng le go tokafatsa dipoelo tsa thuto, go simolola kwa tlase kwa tshimologong ya sekolo go fitlha kwa mephatong e e kwa godimo ya sekolo, go akaretsa le kwa ditheong tsa thuto tse di latelang konosetso ya dithuto tsa sekolo le kwa ditheong tsa katiso.

Ntlha ya botlhokwa ya bone ya go samagana le Leano la Itharabologelo le Kagosešwa ya Ikonomi ke go oketsa metswedi ya motlakase ka bonako.

Go busetsa Eskom sekeng gore e boele e dire sentle le go baakanya matlole a yona le go potlakisa thulaganyo ya yona ya go e rulaganya sešwa ke selo se se botlhokwa thata mo ntlheng eno.

Eskom e setse e rulagantswe sešwa ka go e kgaoganya ka maphata a le mararo e leng la phetlho ya motlakase, la tsamaiso ya motlakase le la kabo ya motlakase.

Seno se tla ala motheo wa go nna le setho sa motlakase se se tsamaisiwang sentle, sa matsatsi a segompieno e bile se kgona go gaisana le ditlamo tse dingwe.

Eskom e setse e dirile kgatelopele e kgolo thata fa go tla mo letsholong le legolo la yona la tlhokomelo le tsosoloso ya meago le dithoto tsa yona le mo go direng tiro e e tswileng diatla gore e kgone go baakanya go ikanyega ga dijanaga tsa yona tse di rwalang malatlha.

Re kakatletse mmogo le Eskom mo go bontshaneng ditsela tsa go tokafatsa seemo sa bona sa matlole, ka fao ba ka mekamekanang le dikoloto tsa bona le ka fao ba ka fokotsang setlwaedi sa bona sa go itshetlega thata mo matloleng a thuso a puso.

Seno se tlhoka gore re sekaseke dituelelo go netefatsa gore di tsenyeletsa ditshenyegelo tsotlhe mmogo le dikgato tsa go rarabolola dikoloto tsa dimasepala.

Ka Sedimonthole 2020, puso le badirisanimmogo ba yona mo mererong ya loago ba saenile Tumelano ya Loago le Eskom e e iseng e ke e bonwe fa e sale, e e tlhalosang dikgato tsotlhe tsa botlhokwa tse re tswanetseng go di tsaya, re le rotlhe e bile re le ditheo ka bongwe jwa rona gore re kgone go diragatsa ditlhokwa tsa naga ya rona tsa motlakase mo pakeng eno le mo nakong e e tlang.

Mo ngwageng yo o fetileng re ne ra tsaya dikgato go oketsa ka bontsi le ka bonako phetlho ya motlakase go tlaleletsa o Eskom e o fetlhang ga jaana:

  • Lefapha la Metswedi ya Dimenerale le Eneji (DMRE) mo nakong e khutshwane le tla rebola maina a bao ba thopileng dithendara tsa motlakase wa tshoganyetso go tlhagisa dimekawate di le 2 000.
  • Melawanataolo e e tlhokagalang e setse e kwalolotswe sešwa le ditlhokwa tsa teng di setse di tlhalositswe ka botlalo gore dimasepala di kgone go ithekela motlakase mo batlhagising ba ba ikemetseng ba motlakase. Re samagane le go tsenya tirisong dithulaganyo tse di tla emang nokeng dimasepala tse di letleletsweng go ka ithekela motlakase.
  • Mo nakong e khutshwane puso e tla thankgolola matsholo a dithendara tsa go reka dimekawate di le 11 800 tsa motlakase mo ditlamong tsa motlakase o o ntšhwafaditsweng, tsa gase ya tlhago, tsa poloko ya dibeteri le tsa malatlha go itepatepanngwe le Leano la Pokeletso ya Metswedi ya Motlakase la ngwaga wa 2019.

Fa e ne e se ka tiro eno, Eskom e akanya gore, ntle le motlakase o o okeditsweng wa ga jaana, re ne re tla nna le tlhaelo ya tlamelo ya motlakase e e magareng ga dimakawate di le 4 000 le di le 6 000 mo dingwageng di le tlhano tse di tlang, ka ntlha ya fa diteišene tsa bogolotala tsa motlakase o o fetlhiwang ka malatlha di setse di onetse.

Mo go tseyeng dikgato tsa go samagana le tlhaelo eno, mo dibekeng tse di tlang re tla romela kopo e e tshitshinyang gore go rekiwe dimekawate tsa motlakase di le 2 600 mo ditlamong tse di rekisang motlakase o o fetlhiwang ka phefo le mo go tsa motlakase o o fetlhiwang ka letsatsi go nna karolo ya thendara ya botlhano.

Eno e tla latelwa ke thendara e nngwe gape ka kgwedi ya Phatwe 2021.

Tshedimosetso ya tshekatsheko ya sešweng e tshitshinya gore go repisiwa ga ditlhokwa tsa go rebola dilaensense tsa phetlho ya motlakase go ka thusa gore re iponele dimekawate di le 5 000 tsa tlaleletso ya motlakase le go thusa go fokotsa serodumo sa go kgaolwa ga motlakase.

Ka jalo re tla kwalola sešwa Karolo ya Bobedi ya Molao wa Taolo ya Motlakase wa ngwaga wa 2006, (Molao wa bo 4 wa 2006) pele dikgwedi di le tharo tse di tlang di ka konosela gore re kgone go oketsa dipalo tse di beilweng tsa ditlamo tse dintsinyana tsa phetlho ya motlakase.

Seno se tla tsenyeletsa go batla maikutlo a bannaleseabe gore dipalo tse dintšhwa tse di bewang di felele mo bokae mmogo le go garela matlhomeso a a tlhokagalang go re kgontsha go dira seno.

Eskom e setse e simolotse ka tiro ya bona go potlakisa dithulaganyo tsa yona tsa kgwebo le tsa botegeniki go kgontsha gore motlakase ono wa tlaleletso o tsenngwe mo geriting ntle le tiego epe.

Fa re bokeletsa metswedi yotlhe e re nang le yona mo go tshegetseng tsosoloso ya ikonomi, ga re kake ra itlhokomolosa matshosetsi a phetogoloapi a tikologo ya rona, tlhabololo ya ikonomi ya rona le kgolo ya ikonomi ya rona e tobaneng le ona.

Kajalo, re samagane le go diragatsa ditsholofetso tsa rona tse re di dirileng mo Letlhomesong la Kopanokgothakgothe ya Dinagakopano le le ka ga Phetogoloapi mmogo le mo go diragatseng le Tumelano ya lona ya kwa Paris eo e tsenyeletsang gape le go fokotsa digase tse di kgotlhelang tikologo (GHG).

Eskom, e leng setheo se re nang le sona mo nageng se segolo se se gatakakang melao ya GHG se solofeditse gore e tla re ka ngwaga wa 2050 sa bo se sa tlhole se kueletsa mesi e e kgotlhelang tikologo mme gape le go oketsa motlakase wa sona o o ntšhwafaditsweng.

Setlamo sa Eskom se tla batlana le babeeletsi bao se ka dirisanang mmogo le bona go fetola le go tsosolosa karolo ya dijanaga tsa sona tsa malatlha.

Seno se tla diriwa ka tsela e e tla tlhotlheletsang dipeeletso, ditiro tsa ikonomi tsa ka fa nageng le tlhagisodikuno ya ka fa nageng, go nna karolo ya phetolo ya maemo e e nang le bosiamisi.

Tiro ya rona mabapi le phetogoloapi e tla kaelwa ke Khomišene ya ga Moporesitente e e Mabapi le Merero ya Phetogo ya Maemo a Loapi, e e tla kopanang lantlha mo kgweding eno.

Khomišene e tla loaga leano la go fokotsa go kueletsa mesi e e kgotlhelang leago le go dira gore re nne le setšhaba se se sa tlhotlheletseng dikgwetlho tsa loapi.

Ga re kitla re itemogela kgolo ya ikonomi e e kwa godimo le go tlhola ditiro fa re sa fetole batsholateu mo ikonoming.

Diphetogo tseno di botlhokwa thata mo go fokotseng ditshenyegelo le dikgwetlho tsa go fitlhelela mebaraka, go tlhatlosa dikgaisano, go tlhatlosa dipeeletso tse dintšhwa le go tlholela bao e leng gone ba tsena mo mebarakeng ditšhono.

Tiro eno e kgannwa ke Operation Vulindlela, e e laolwang ke setlhopha go tswa mo Lefapheng la Matlotlo a Bosetšhaba le mo Kantorong ya Moporesitente.

Operation Vulindlela e tsepamisitse mogopolo mo go fetoleng batsholateu mo lekaleng la motlakase, metsi, mafaratlhatlha a ditlhaeletsano le mo go la dipalangwa, mmogo le mo go a di-visa le a bofaladi.

Go konosediwa ga phetolokgaso go botlhokwa thata mo go re kgontsheng gore re kgone go sola mosola ditšhono tse re di tlisediwang ke diphetogo mo thekenolojing.

Morago ga go tsaya sebaka re ntse re kgarameletsa letlha leno kwa pele, jaanong nako ya gore re simolola go kgaola dikgaso tsa analoko ka makgaokgao e gorogile mme go simolola kgwedi e e tlang re tla bo re simolola.

Go lebeletswe gore thulaganyo eno, e e tla diragadiwang porofense ka porofense, e tla konosediwa fa kgwedi ya Mopitlwe 2022 e garela.

Thulaganyo ya go rebolela dilaesense tsa go disa marang a kgaso e setse e gatetse pele thata.

Re solofela gore dithulaganyo tsa molao tse di tsweletseng mabapi le merero ya dilaesense tseno di tla konosetsa dithulaganyo tsa mola ntle le go diegisa dithulaganyo tsa go fantisa go disa marang a kgaso.

Mo lekaleng la metsi re dirisa Operation Vulindlela go netefatsa gore dikopo tsa dilaesense tsa metsi di garelwa ka nako e ntšhwa e e sa tswang go rebolwa ya matsatsi a le 90; mmogo le go tsosolosa letsholo la Metsi a a sa Nweweng le la Metsi a a Nwewang gore re kgone go gagamatsa dithulaganyo tsa go lekola boleng jwa metsi.

Re tla kwalola sešwa le go diragatsa Leano la Tuediso ya Metsi a a Iseng a Tlhatswiwe, mmogo le go tlhoma Setheo sa Naga se se Disang Mafaratlhatlha a Metsi.

Gore re kgone go gaisana le dinaga tsa boditšhaba mo mebarakeng ya lefatshe re tlhoka go itshegetsa mo mafaratlhatlheng a rona a dikepe le a diterene le ka fao a dirang ka tolamo ka gone.

Re fetola boemelakepe jwa Durban go nna boemelakepe jwa Dikgaolo tsa Borwa jwa Naga mme re fetola boemelakepe jwa Ngqura go nna jwa pholosetso ya dithoto.

Seporo sa diterene se se lebang kwa porofenseng ya Gauteng se a atoloswa go dira gore thwalo ya dijanaga go tswa kwa teropong ya Port Elizabeth e nne bonolo.

Dikgato tseno di botlhokwa thata mo go rwaleng dithoto ka diterene gona le go di rwala ka dirori ka seno se oketsa bokgoni jwa diterene tsa rona mo go gaisaneng le tsa boditšhabatšhaba.

Tiro e setse e simolotse mo mafapheng a a maleba go fetola ka fao thebolelo ya rona ya di-visa le ya kamogelo ya bofaladi e dirang ka teng gore re kgone go ngokela bokgoni le go godisa lekala la rona la bojanala.

Jaaka maeto a boditšhabatšhaba a simolola go itharabologelwa ka ntlha ya se se diragalang ka COVID-19, re tla rebola letsholo la divisa tsa ileketeronoki tseo di tla dirisiwang ke baeng ba dinaga tsa China, India, Nigeria, Kenya le ba dinaga tse dingwe gape di le 10.

Lenaneo le le kwalolotsweng sešwa la bokgoni jo bo botlhokwa jo bo tlhokagalang ka fa nageng le tla phasaladiwa ke Lefapha la Merero ya Selegae gore baagi ba ntshe maikutlo a bona ka lona mo sebakeng sa beke, go dira gore lenaneo la bofelo le bo le tlhagisa bokgoni jo bo tlhokagalang mo ikonoming ya rona.

Phetlho ya maikutlo e e fetlhilweng ke Operation Vulindlela mmogo le tshegetso e e tswang mo pusong, ke sesupo sa gore re tota re batla go tlisa diphetogo.

Re tla tswelela go dira ka natla ntle le go ikhutsa gore re kgone go aga ikonomi ya segompieno, e e tsamaisang dilo ka tolamo, e e kgonang go gaisana le tse dingwe e bile e buletswe maAforika Borwa otlhe.

Mo go tshegetseng dithulaganyo tsa rona tsa diphetogo tse re batlang go di dira, Lekgotla le le Tsamaisiwang ke Kantoro ya Moporesitente la Dikgwebokgolo tsa Puso (di-SOE) le setse le tlhagisitse dithulaganyo tse dintsi tse di tlhamaletseng tsa diphetogo tseno tse di tla kgontshang dikgwebo tseno tse di botlhokwa gore di kgone go diragatsa maitlhomo a tsona a a ka ga kgolo le tlhabololo.

Melawanataolo e e botlhokwa ya dikgwebo tsa puso e tla bewa mo tafoleng kwa kopanong ya Kabinete mo ngwageng ono wa matlole mmogo le go isiwa kwa Palamenteng mo wangeng o o tlang wa matlole.

Mokgwa wa tsamaiso wa di-SOE, o o dirang gore di dire ka go tshwana, o tsenngwa tirisong mo ngwageng ono wa matlole, e leng seo se tla dirang gore re nna le botsamaisi jo bo tshwanang, taolo ya matlole e e tshwanang mmogo le letlhomeso la go diragatsa ditiro ka go tshwana magareng ga di-SOE tsotlhe.

Maikarabelo a di-SOE tsolhe a sekasekiwa sešwa go netefatsa gore a kgona go tsibogela ditlhokwa tsa ka fa nageng mmogo le go diragatsa Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP).

Le fa ikonomi ya naga e dubilwe ke COVID-19, lekala la temothuo la Aforika Borwa lona le dirile bontle e le ruri.

Mo ngwageng wa 2020, re ne re le mo maemong a bobedi lefatshe ka bophara a dinaga tse di romelang kwa ntle ditlhagisiwa tsa molemuno, le go bona kgolo e e gagametseng mo go romeleng beine, mmidi, ditokomane, maungo a lesika la morara mmogo le ngoba.

Ka maemo a bosa a a re ratileng mo ngwageng wa 2020 le mo tshimologong ya ngwaga wa 2021, seno se re raya se re mo nakong e khutshwane e e tlang lekala la temothuo go na le kgonagalo ya gore le tla gola gape.

Seno se tla tlhola ditšhono tse dingwe gape magareng ga puso le makala a poraefete mo temothuong gore go fetolwe batsholateu e leng seo se tla dirang gore re nne le kgolo e e sa tekatekeng.

Ke tšhono ya go kuka maoto mo mererong ya kabosešwa ya naga ka go dirisa mekgwa e le mentsi e e farologaneng e e jaaka ya pusetsodinaga go beng le ya go thopiwa ga dinaga gore re kgone go tshegetsa ditlhagisiwa tsa temothuo.

Go fitlha mo motsing ono, puso e setse e buseditse beng ba dinaga dinaga tsa bona tsa bogolo jwa diheketara di le dimilione di le tlhano, e leng bogolo jo bo dirang palogotlhe ya dipolasa di le 5 500 tseo di buseditsweng mo diatleng tsa bajalefa ba le 300 000.

Palo eno e tlaleletsa ya dithulaganyo tsa pusetso ya naga eo e tswetseng molemo badiradikopo tsa pusetso ya naga ba feta dimilione di le pedi eo e buseditseng beng dinaga di ka dira diheketara di le dimilione di le 2,7.

Re samagane gape le go latedisa matsholo a tshegetso ya balemirui ba bannye le bao ba santseng ba supoga ka go ba thusa go fitlhelela dimaraka, go tlhabolola bokgoni jwa bona mo maphateng otlhe a temothuo mmogo le go tlhatlosa dipalo tsa balemirui ba bathobantsho.

Mo tsamaong ya ngwaga o o tlang wa matlole, re tla tlhoma setheo sa go samagana le diphetogo mo mererong ya lefatshe le ya temothuo gore se potlakise merero ya go fetola batsholateu.

Tirelosetšhaba ke selo se se botlhokwa thata mo pusong, mme ka jalo go se direle setšhaba ka manontlhotlho ga go kgoreletse fela kabo ya ditirelo; go dira gore baagi ba latlhegelwe ke tshepo mo pusong.

Go tlhotlheletsa gore tirelosetšhaba e nne le nnete, e nne le maitsholo le seriti go botlhokwa thata fa re batla go aga puso e e dirang ka botswapelo.

Ka thuso ya Sekolokatiso sa Bosetšhaba sa Puso (NSG), puso e tswelela go diragatsa matsholo a katiso ya badiredipuso botlhe go simolola ka ba ba santseng ba le mo maemong a a kwa tlase a bao ba simololang go tsena mo pusong go akaretsa le bao ba leng mo maemong a khuduthamaga.

Mo kgweding ya Diphalane ngogola ke saenile mananeo a dikutlwanelo tsa tiragatso ya tiro a ditona tsotlhe a ga jaana a setseng a phasaladitswe mo inthaneteng.

Mananeo ano a tla gagamatsa go nneng le maikarabelo ga batlhankedi ba khuduthamaga mmogo le go dira gore ba tsepamise megopolo mo go seo ba se solofeditseng mo mananeong a bona.

Re santse re tsetsepetse mo go ageng tirelo ya setšhaba e e nang le bokgoni e bile e le ya manontlhotlho e e diragatsang maikarabelo a yona e bile e ikarabela mo baaging ba Aforika Borwa.

Re tswela pele ka matsapa a rona a go matlafatsa mafaratlhatlha a dipusoselegae mmogo le go kuka maoto mo kabong ya ditirelo ka go dirisa Leano le le Ikaegileng ka Ditikologo la Tiragatso ya Kabo ya Ditirelo.

Leano leno le golaganya makala otlhe a le mararo a puso go samagana le dintlha tsa botlhokwa mo go diragatseng diporojeke tse di nang le seabe se se botlhokwa thata mo nageng.

Ka go dirisana mmogo le maphata a puso le a poraefete, puso e diragatsa dikgato tse dintsi tse di farologaneng gore e kgone go tshegetsa dimasepala gore di kgone go samagana le kabo ya ditirelo e e sa lekaneng e bile e farologane mo dikarolong tse di jaaka tlamelo ya metsi, kago ya mafaratlhatlha a setšhaba mmogo le tlhokomelo le tsosoloso ya meago le dithoto tsa yona.

Re tsepamisitse mogopolo mo go thapeng badiredipuso ba ba nang le makwalo a dithuto a matshwanedi mo makaleng a pusoselegae gore a kgone go tlamela ka ditirelo tse di matshwanedi.

Jaaka re ipaakanyetsa go tsena mo ditlhophong tsa dipusoselegae, tse di tla tshwarwang monongwaga, re tla tshwanelwa ke go itepatepanya le seemo sa ga jaana se se tlisitsweng ke COVID-19 gore baagi ba naga eno ba itlhophele gore ke mang yo a tshwanetseng go ba etelela pele mo go buseng maemo ano a a botlhokwa thata.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Bonweenwee ke se sengwe sa dikgoreletsi tse dikgolo thata mo kgolong le mo tlhabololong ya naga.

Dikgang tse di ribololwang ke Khomišene ya go Goga Puso ka Nko e e gogang kwa pele ke rre Zondo di baya mo pepeneneng ka fao ditiragalo tsa go goga puso ka nko mmogo le tsa bonweenwee jwa mothale oo di neng di diragadiwa ka teng.

Bopaki jo bo neilweng kwa khomišeneng eno bo ribolotse ka fao ditheo tsa twantsho ya bosenyi di neng di dirisiwa botlhaswa ka teng le ka fao di feditsweng maatla ka teng.

Ka jalo go botlhokwa thata gore re gatele pele ka matlhagatlhaga a go tsosolosa matsapa a rona a re sa bolong go a simolola dingwaga di le tharo tse di fetileng.

Go setse go diragaditswe kgatelopele e kgolo mo go fetoleng ditheo tse di disang tiragatso ya molao.

Mo diphatlhatirong tsa boeteledipele tsa botlhokwa go thapilwe batlhankedi ba ba nang le bokgoni, maitemogelo e bile ba tshepagala.

Go tokafaditswe ka fao ditheo tseno tse di disang tiragatso ya molao di dirisanang mmogo ka teng le ka fao di nwesanang metsi mmogo ka teng mo motsweng o le mongwe, e leng seo se nang le mosola mo go direng dipatlisiso le mo go tšhotšhiseng dikgetse.

Re simolotse ka go diragatsa Leano la Naga la go Ema Kgatlhanong le Bonweenwee, e leng lona le tlhomang metheo e e mosola e e golaganeng ya go samagana le bonweenwee mo setšhabeng ka bophara.

Mo nakong e khutshwane re tla thapa ditokololo tsa Lekgotla la Naga la Dikeletso mo Mererong ya go Ema Kgatlhanong le Bonweenwee, e leng lekgotla le le disang makala a le mantsi, bao ba tla disang tiragatso ya leano la lekgotla leno mmogo le go tlhoma setheo se se ikemetseng sa molao se se emang kgatlhanong le bonweenwee se se tla ikarabelang mo Palamenteng.

Fa go ne go simolola go nna le dipegelo tsa gore go na le kgonagalo ya gore go ditiragalo tsa bogodu le bonweenwee mo dithendareng tsa go reka didirisiwa le ditirelo tsa ipabalelo mo go COVID-19, re ne ra tsaya dikgato ka gangwe go emisa ditiragalo tseno, ka go dira dipatlisiso mo ditatofatsong tseno tsotlhe le go tsaya dikgato kgatlhanong le botlhe ba ba nang le seabe.

Re ne ra tlhoma Tikwatikwe ya Ditirelo tse di Golaganeng tsa go Phuruphutsha Bonweenwee, e leng tikwatikwe e e golaganyang ditheo tse di botlhokwa tse di disang tiragatso ya molao gore di kgone go abelana ka tshedimosetso le metswedi ya tsona.

Tikwatikwe eno e kgonne go dira gore dikgetse di le dintsi di bo di fitlhelele kwa kgotlatshekelo mmogo le go dira gore botlhe ba ba utswitseng dimilione tsa diranta tsa madi a puso ba di duelele.

Yuniti e e Batlisisang Dikgetse tse di Itlhophileng (SIU), ka taolelo ya Molao wa Maemo a Masetlapelo a Naga, e ne ya letlelelwa go ka dira dipatlisiso mo ditatofatsong tsa maitsholo a a seng mo molaong mo dithendareng tsotlhe tsa ditheo tsotlhe tsa puso tsa go reka didirisiwa tsa go itshireletsa mo go COVID-19.

Jaaka e sa tswa go re begela mo bekeng e e fetileng, SIU e garetse dipatlisiso tsa dithendara di le 164 tsa boleng jwa R3,5 bilione.

Mo go direng kgatelopele e kgolo ya botlhokalehunela le go rwala maikarabelo, Molao wa Tlamelo ya Mekgatlho ya Dipolotiki ka Matlole wa ngwaga wa 2018, (Molao wa bo 6 wa 2018), o tla simolola go tsena tirisong ka la bo 1 Moranang monongwaga.

Molao ono o tla laola tlamelo ya matlole go tswa mo ditheong tsa puso le tsa poraefete mo go tlameleng mekgatlho ya dipolotiki ka matlelo. Gare ga tse dingwe tse dintsi tse molao ono o di tlhokang ke go baya mo pepeneneng tlamelo ya matlole ya mekgatlho ya dipolotiki mmog le go tlhoma matlole a le mabedi a a tla kgontshang baemedi ba mekgatlho ya dipolotiki gore ba diragatse matsholo a bona

Bosenyi le tirisodikgoka di tswelela go nyatsa ditshwanelo tsa batho tsa go nna ba sireletsegile e bile ba babalesegile.

Go lwantsha bosenyi ke selo se se botlhokwa thata mo goreng re kgone go itsosolosa.

Bosenyi jo bo jaaka go utswiwa ga megala ya motlakase, go senya mafaratlhatlha a diterene, go itseela naga ka go itlhoma gongwe le gonwe, go kgoreletsa matsholo a go aga gore a tswele pele le go tlhasela bakganni ba dirori ke dilo tse di kgoreletsang ditiragalo tsa ikonomi mme seno se nyemisa mmoko babeeletsi.

Re setse re tsere dikgato malebana le seno mme e bile gape re tla tswelela go tlhaselana le bosenyi jwa mothale ono le go samagana ka ditsela tsa molao le bao ba amegang.

Ditlhophatiro di setse di tlhomilwe mo diporofenseng di le dintsinyana go samagana letirisodikgoka le ditiro tsa go gapeletsa dikgwebo go ntsha madi a a rileng fa ba batla go dira kgwebo.

Re gata gape motlhala le tiragatso le go thapelwa badiri ga Setheo sa Taolo ya Melelwane gore re kgone go lwantshana bofaladi jo bo seng mo molaong mmogo le bogodu jwa go utswa dithoto kwa nageng nngwe go di tshedisa molelwane go leba kwa dinageng dingwe.

Fa boammaruri re ipela ka go nna setšhaba se se dumelang mo go lekalekaneng le mo go se nneng kgatlhanong le bong jo bo rileng, tota go fedisa tirisodikgoka e e totileng batho ba bong jo bo rileng (GBV) ke selo se se botlhokwa thata se re tshwanetseng go se dira.

Fa ke ne ke thankgolola Leanotlhomo la Naga le le mabapi le Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng le Dipolao tsa Basadi (GBVF) mo kgweding ya Moranang ngogola, ke ne ka solofetsa bana le basadi ba naga eno ka re re tlile go maatlafatsa Thulaganyo ya Tsamaiso ya Bosiamisi gore le ka motsi ope fela ba se tlhole ba tsengwa ke tsebetsebe, mmogo le go netefatsa gore ditlhokotsebe tsa ditiragalo tseno ba di gama ba sa di tlhapela.

Mo go direng gore seno e nne boammaruri, re ne ra romela melao e le meraro e e botlhokwa thata kwa Palamenteng ngogola go dira gore thulaganyo ya tsamaiso ya bosiamisi e nne mosola mo go lwantshaneng le GBV.

Mo go netefatseng gore ditlhokotsebe tseno di di gama di sa di tlhapela, re dirile kgatelopele e kgolo mo go fokotseng dikgetse tsa GBV tse di neng di saletse kwa morago.

Re tsweletse go tlhokomela le go tshegetsa batswasetlhabelo ba GBV.

Mo go SoNA ya ngogola, ke rile re tla baya kwa setlhoeng matlafatso ya basadi mo mererong ya ikonomi.

Ngogola Kabinete e neseditse pula pholisi e e reng 40% ya dithendara tsa puso e tshwanetse go neelwa dikgwebo le ditheo tse di leng mo matsogong a basadi.

Mafapha a le mmalwa a setse a simolotse go diragatsa pholisi eno mme a setse a dirile kgatelopele mo ntlheng eno.

Mo bekeng e e fetileng re thankgolotse gape le Letloletlamelo la Tsibogelo ya GBVF leo le iseng le ke le bonwe leo le leng mo diatleng tsa lekala la poraefete.

Ditlamo di le mmalwa tsa naga ya Aforika Borwa mmogo le mekgatlho mengwe ya lefatshe ya bopelotlhomogi badirile boikano jwa matlole a boleng jo bo kanaka R128 milione.

Mo tsamang ya dingwaga di feta di le tharo tse di tlang, puso e tla tlamela ka matlole a ka dira R12 bilione gore dikarolo tse di farologaneng tsa Leanotlhomo la Naga di kgone go diragadiwa.

GBV e tla fela fa mongwe le mongwe wa rona a ka rwala maikarabelo a go e fedisa ka mo malapeng a bona, mo metseng ya bona, kwa ditirong tsa bona, kwa dikerekeng tsa bona le kwa dikolong tsa bona.

Go fela jalo le mo go eleng tlhoko matsapa a a welang bana, go tsenyeletsa a go ba baakanyetsa go ya sekolong, go logiwa maano le go tlamela ka matlole a ECD, go ba sireletsa mo malwetseng a a thibegang, diphetogo tsa dipholisi mo tlhokomelong ya bana mmogo le go fedisa tirisodikgoka mo baneng.

Mo ngwageng o o tlang re tla tswela pele ka matsapa a rona a go oketsa ditshono mo bathong ba ba tshelang ka bogolofadi gore le bona ba nne le seabe mo ikonoming ya rona le mo setšhabeng ka kakaretso.

Jaaka re tsosolosa ikonomi ya rona fa gare ga leroborobo leno, go botlhokwa gore re gatele pele ka matsapa a rona a go ema nokeng dikgwebo le batho bao ba emegileng thata.

Dikgwebo mo makaleng a le mmalwa di santse di goga boima mme malapa a le mantsi ona a tseletse go sotlega ka ditiro di boela sekeng ka iketlo.

Mo dikgweding di le mmalwa tse di fetileng, re ne ra buisana le ba bangwe ba badirisanimmogo ba rona mo mererong ya loago, kgwebo, mekgatlho ya badiri le mekgatlho ya baagi, mme ba ne ba re eletsa gore re atolose nako eo matsholotshegetso a mangwe a ikonomi le a loago a fitlhang bokhutlhong ka yona.

Ke ka ntlha ya seno re okeditseng nako ya letsholo la loago la Madithuso a a Itlhophileng a COVID-19 la di-R350 ka sebaka sa dikgwedi tse dingwe gape di le tharo.

Letsholo leno le itshupile gore le mosola thata mo go tsamaisang ka tolamo dikgato tsa nakwana tsa go fokotsa boima jo maAforika Borwa a a dikobo dikhutshwane ba bo rweleng.

Re tsere le tshweetso e nngwe gape ya go oketsa nako ya merokotso ya COVID-19 TERS go fitlha ka la bo 15 Mopitlwe 2021, mme seno ke go tswela molemo makala ao a iseng a kgone go rebolelwa tetla ya gore a ka bula le go simolola go dira.

Tshedimosetso e e ka ga dipeelo tse di tsamaisanang le go okelediwa nako ga matsholo ano mmogo le ya makala a a tla tseelwang tlhogong e tla tle e phasaladiwa ka gang fa badirisanimmogo mo mererong ya loago ba sena go tšhotlha kgang eno mo go e nngwe ya dikopano tsa Lekgotla la Naga la Tlhabololo ya Ikonomi le Ditiro (NEDLAC).

Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba le tla dirisana le badirisanimmogo le bannaleseabe ba lona gore ba kgone go tokafatsa Sekema sa Madikadimo a Dibanka se se Engweng Nokeng ke Puso gore se kgone go mekamekana ka tshwanelo le dikgwetlho tsa boammaruri tsa di-SMME le dikgwebo tse dingwe jaaka di leka go itsosolosa.

Re tla dirisana mmogo le badirisanimmogo ba rona mo mererong ya loago go netefatsa gore dikgato tseno tsa tsereganyo, mmogo le tse dingwe, di imolola botlhe ba ba di tlhokang.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Fela jaaka molelo o o bogale o o tshumang lelomo la fynbos gore le kgone go thunya sešwa, go fela jalo le ka mathata a a re aparetseng ano a a tshwanetse go re bulala ditšhono tsa go aga Aforika Borwa yo o farologaneng yo o botoka.

Go aga sešwa naga ya rona go tla tlhoka gore re bone dilo ka leitlho le le leng.

Go tlhoka gore maAforika Borwa otlhe a rwale maikarabelo le go nna le seabe.

Tla re direng mmogo re le puso, re le kgwebo, re le mekgatlho ya badiri, re le mekgatlho ya dipolotiki e bile gape re le baagi go sutisa tsotlhe tse di sa re siamelang mme re kgone go aga sešwa motheo yo mošwa wa naga.

Godimo ga tseno tsotlhe, tla re busetseng naga eno mo maemong ao kwa tshimologong e theilweng mo godimo ga yona.

Ka letsatsi leo a gololotsweng kwa kgolegelong ka lona, dingwaga di le 31 tse di fetileng, Madiba o ne a neelana ka puo ya gagwe ya ntlha kwa Motse Kapa, mo a gakolotseng maAforika Borwa gore go santse go tla nna le matsatsi a a bokete a a tlang, le gore ntwa e santse e le kgakala le go ka fenngwa.

Madiba o ne a re:

“Eno ke nako ya go gagamatsa kgaratlho mo matlhakoreng otlhe.”

“Go emisa kgaratlho ga jaana e tla nna phoso e dikokoma tsa kamoso di tla re tlhoelang yona.”

Fa re lebelela tatlhegelo eo setšhaba sa rona se itemogetseng yona mo ngwageng yo o fetileng, re ka ka iphitlhela re batla go latlhela seditse.

Fela re tla feta mo matsapeng ano. Kana naga ya rona ga se ya bodišaše ke ya bagale.

Ga ke bue fela ka bagale ba ba itsegeng ba kgaratlho, ke bua le ka bagale bao re tshelang le bona letsatsi le letsatsi, bao ba dirang ka natla go fepa malapa a bona, bao ba thusang gore setlamo se ba se direlang se se nwelele, le bao ba emang nokeng, bao ba thusang le bao ba tlhokomelang batho ba naga ya rona.

Ke go kakatlela ga gago go go tla thusang naga eno go boela mo maemong a yona.

Mo godimo ga dikgwetlho tse dintsi tse di aparetseng batho ba naga ya rona, re utlwile gore Motlotlegi Kgosi Goodwill Zwelithini o letse a sa tsoga sentle mo matsatsing a le mmalwa a a sa tswang go feta mme ga jaana o amogetswe kwa bookelong.

Ke rata go ka romela molaetsa wa pholo ya ka bonako kwa go Motlotlegi Kgosi Goodwill Zwelithini ka Bhekuzulu.

Mo kutlobotlhokong eno e e aparetseng Bogosi le morafe wa maZulu, re rata go ba itsise gore re ba beile mo megopolong ya rona le mo dithapelo tsa rona.

Ke phisegelo ya rona rotlhe gore Isilo Samabandla Wonke a kokotlele mo pholong ya gagwe.

Fa re ipaakanyetsa go dubana le thankga e e re emetseng, re ka iphimola keledi ka leboko le le itsegeng thata la ga Maya Angelou le le reng, Still I rise.

Mme yono o kwadile a re:

Out of the huts of history’s shame
I rise
Up from a past that’s rooted in pain
I rise
I’m a black ocean, leaping and wide,
Welling and swelling I bear in the tide.

Leaving behind nights of terror and fear
I rise
Into a daybreak that’s wondrously clear
I rise
Bringing the gifts that my ancestors gave,
I am the dream and the hope of the slave.
I rise I rise I rise.

MaAforika Borwa, ke naga ya lona e e ikuelang mo go lona gore le itsotsorope.

Tla re gateleng kwa pele mmogo re le seoposengwe re lebe koo rotlhe re lekanang, koo rotlhe re tla golang, koo rotlhe re nang le seriti e bile koo rotlhe re tla itharabologelwang.

A Modimo a tshegofatsa naga ya Aforika Borwa le go boloka setšhaba sa yona.

Ke a leboga.

Share this page

Similar categories to explore