Puo ya ga Moporesidente Cyril Ramaphosa ka ga Kgatelopele e e Dirilweng ka fa Nageng go Samagana le Leroborobo la Mogare wa COVID-19

MaAforika Borwa a gaetsho,

Beke eno fa e roga, borasaense ba rona ba tlhalositse fa go na le mofuta o montšhwa wa mogare wa corona o o bakang bolwetse jwa COVID-19.
Mokgatlho wa Lefatshe wa Boitekanelo o file mogare ono leina la Omicron le go tlhalosa fa mogare ono e le ‘mofuta o o tshwanetseng go re tlhoba boroko’.

Mofuta wa Omicron o ne lwantlha wa bonwa kwa nageng ya Botswana mme ga latela mo nageng ya rona ya Aforika Borwa, e bile borasaense gape ba nopotse le dikgetse tse dingwe kwa dinageng tse di jaaka Hong Kong, Australia, Belgium, Italy, United Kingdom, Germany, Austria, Denmark le Israel.

Mofuta ono gore o bonwe ka bonako jaaka go diragetse jaana ke ka ntlha ya tiro e e manontlhotlho e e dirilweng ke borasaense ba rona mo Aforika Borwa e bile gape ke ka ntlha ya dipeeletso tse di dirilweng ke Mafapha a rona a Boitekanelo le Saense le a Boitlhamedi mo go eleng maemo a malwetse tlhoko.

Naga ya rona ke e nngwe ya dinaga mo lefatsheng tse di tlhomileng mafaratlhatlha a go baya malwetse leitlho naga ka bophara go re thusa go ela tlhoko ka fao bolwetse jono jwa COVID-19 bo fetogafetogang ka gone.

Go bonwa go sale gale ga bolwetse jono le tiro e e setseng e dirilwe mo go tlhaloganyeng mefuta ya bolwetse jono le ka fao bo fetelanang ka teng go kaya gore re ipaakantse botoka go samagana le mofuta ono.

Re tlotlomatsa borasaense ba rona botlhe bao ba itsegeng le go tlotlwa mo lefatsheng e bile ba bontshitse gore ba na le kitso e e tseneletseng ya go ela malwetse tlhoko.

Go na le palo ya dilo di le mmalwa tse re setseng re di itse ka ga mofuta ono e le ka ntlha ya tiro e borasaense ba rona ba ntse ba e dira ka ga go baya go fetogafetoga ga malwetse leitlho.

Santlha, jaanong re a itse gore Omicron e fetofetoga gantsi go na le mofuta o o fetileng.

Sabobedi, re a itse gore Omicron e kgonwa go bonwa ka diteko tse di leng teng ga jaana tsa COVID-19.

Seno se kaya gore batho ba ba bontshang matshwao a COVID-19 kgotsa ba nnile le kgolagano le mongwe yo o tshwaeditsweng ke COVID-19, ba tshwanetse go tswelela go diriwa diteko.

Saboraro, re a itse gore mofuta ono o farologane le mefuta e mengwe e e leng teng e bile ga o amane ka gope le mofuta wa Delta kgotsa wa Beta.

Sabone, re a itse gore mofuta ono ke ona o rweleng maikarabelo a bontsi jwa ditshwaetsego tse di fitlhetsweng kwa Gauteng mo dibekeng di le pedi tse di fetileng e bile ga jaana o aparetse diporofenseng tsotlhe.

Go santse go na le dilo di le dintsi ka ga mofuta ono tse re sa ntseng re sa di itse, le gore borasaense mo Aforika Borwa le golo gongwe mo lefatsheng ba santse ba tshwere ka thata go di tlhotlhomisa.

Mo sebakeng sa matsatsi a le mmalwa le dibeke di le mmalwa, fa tshedimosetso e nngwe e nna gona, re tla o tlhaloganya botoka:
- gore a Omicron e fetelana bonolo magareng ga batho,
- gore a e oketsa matshosetsi a go ka tshwaetsega gape,
- gore a mofuta ono o baka malwetse a a tseneletseng thata, le,
- gore meento ya ga jaana e e nonofile go le go kae kgatlhanong le mofuta wa Omicron.

Go utololwa ga Omicron go tsamaisana le tlhatlhogo e e neng e sa lebelelwa ya ditshwaetsego tsa COVID-19.

Koketsego eno e ntsi thata kwa Gauteng, le fa go le jalo dikgetse di simolola go tlhatloga kwa diporefenseng tse dingwe.

Re bone palogare ya 1,600 ya dikgetse tse dintšhwa mo matsatsing a le 7 a a fetileng, fa go bapanngwa le fela dikgetse di le 500 tse dintšhwa mo bekeng e e fetileng, le dikgetse di le 275 tse dintšhwa tsa letsatsi le letsatsi mo bekeng ya pele ga eo.

Diteko tse di supang gore batho ba na le COVID-19 di tlhatlogile go tswa mo go 2% go ya go 9% pele beke e ka fela.

Seno ke tlhatlogo e e kwa godimo ya ditshwaetsego mo sebakeng sa nako e khutshwane.

Fa dikgetse di tswelela go ya kwa godimo, re ka solofela go tsena mo lekhubung la bone la ditshwaetsego mo sebakeng sa dibeke di le mmalwa tse di latelang, kgotsa pele ga moo.

Seno ga se a tshwanela go re makatsa.

Dingaka tse di disang malwetse le bao ba sekasekang malwetse ba re boleletse gore re tshwanetse go solofela lekhubu la bone fa kgwedi ya Sedimonthole e simolola.

Gape borasaense ba re boleletse gore re solofele go tlhagelela ga mefuta e mentšhwa ya malwetse a COVID.

Go na le matshwenyego a le mmalwa ka ga mofuta wa Omicron, mme re santse re sa itse gore sentlentle e tla nna le mefuta e e ntseng jang fa nako e ntse e tsamaya.

Le fa go le jalo, re setse re na le didiriswa tse re di tlhokang go itshireletsa kgatlhanong le yona.

Re na le kitso e e lekaneng ka ga mofuta ono go itse se re tlhokang go se dira go fokotsa dipalo tsa batho ba ba tshwaetsegang le go itshireletsa kgatlhanong le malwetse a a bogale le a a ka re bolayang.

Santlha, sediriswa se re nang le sona, e bile se le matla go gaisa, ke moento.

E sale meento ya ntlha ya COVID-19 e nna teng ngogola fa o ya bokhutlhong, re bone ka moo meento e fokoditseng malwetse a a bogale, go amogelwa kwa maokelong le dintsho mo Aforika Borwa le go ralala lefatshe.

Meento e a dira. Meento e boloka matshelo.

Fa e sale re simolola ka letsholo la go tlhabela setšhaba moento ka Motsheganong 2021, re setse re dirisitse meento e feta dimilione di le 25 mo Aforika Borwa.

Seno ke selo se sekgolo se re se fitlheletseng.

Leno ke letsholo le legolo thata fa e sale mo mererong ya boitekanelo le le kileng la diriwa mo nakong e khutshwane jaana ka fa nageng.

Batho ba bagolo ba ba setseng ba tlhabile lebotlolwana la bona la ntlha la moento ba dira 41%, mme ba bona ba setseng ba tsere meento ka botlalo ya go lwantsa COVID-19 ba e leng Maaforika Borwa bona ke ba le 35.6%.

Se segolo ke gore, batho ba ba nang le dingwaga di le 60 le go feta ba tlhabile meento e e feletseng ke ba le kanaka 57%, mme gape batho ba ba nang le dingwaga tse di magareng ga di le 50 le di le 60 ba tlhabile meento e e feletseng bona ke ba le kanaka 53%.

Le fa re itumelela kgatelopele eno, ga e a lekana go re kgontsha go fokotsa ditshwaetsego, go thibela malwetse le go busetsa ikonomi ya rona mo seemong.

Go tlhabiwa moento ya COVID-19 ke mahala.

Maitseboeng ano, Ke rata go ikuela go motho yo mongwe le yo mongwe yo a iseng a tlhabiwe moento go se diege mme ba ye kwa seteišeneng sa go entela se se gaufi le bona.

Fa go na le mongwe mo losikeng la gago kgotsa gareng ga ditsala tsa gago yo a iseng a tlhabiwe moento, ke ikuela go wena go ba rotloetsa go ya go tlhaba moento.

Go fitlha ga jaana moento ke tsela e e botlhokwa go gaisa ya go itshireletsa le bao o phelang le bona mo bolwetseng jono jwa mofuta wa Omicron, go fokotsa ditlamorago tsa lekhubu la bone le go thusa go busetsa maemo sekeng e leng seo re batlang gore se diragale.

Moento gape o botlhokwa mo go busetseng sekeng ikonomi ya naga ya rona go dira gore e boele e dire ka botlalo, mo go buleleng maeto le maphata a a ntseng a le mo tlalelong a a jaaka a bojanala le a boitapoloso.

Go tlhamiwa ga meento e re nang le yona ya COVID-19 go diragetse ka ntlha ya dimilione tsa batho ba ba tlwaelegileng bao ba ithaopileng go tsaya karolo mo ditekopatlisisong tsa kitso e e tseneletseng ya saense go tswela batho ba bangwe msola.

Ke bona batho bao ba bontshitseng bopaki jwa gore meento e bolokesegile e bile e a dira.

Batho bano ke bagaka.

Ba kopanela maemo le badiri ba tsa boitekanelo bao ba ntseng ba le kwa pele mo ntweng kgatlhanong le leroborobo sebaka se se batlang go nna dingwaga di le pedi, le bao ba tsweletseng go tlhokomela balwetsi, bao ba tsweletseng go tlhaba meento, le bao ba tsweletseng go somarela matshelo.

Re tlhoka go naganela batho bao ba nnileng digatlhamela masisi fa re nagana ka go entiwa. 

Ka go tlhaba moento, ga re sireletse rona fela, fela gape re fokotsa go imetsa maokelo a rona a boitekanelo le go fokotsa matshosetsi a a lebaganeng le badiri ba tsa boitekanelo. 

Aforika Borwa, jaaka dinaga tse dingwe tse dintsi, e batla go tlhaba meento e mengwe ya tlaleletso go batho ba ba nang le matshosetsi a magolo e bile moento wa tlaleletso o ka ba tswela molemo.

Badiri ba tsa boitekanelo ba e neng e le karolo ya letsholo la ditekopatlisiso tsa Sisonke, bao bontsi jwa bona ba neng ba tlhabilwe moento dikgwedi di feta di le thataro tse di fetileng, ba neelwa meento ya tlaleletso ya Johnson & Johnson.

Pfizer e tsentse lekwalokopo go Bothati jwa Aforika Borwa jwa Taolo ya Dikungo tsa Melemo gore moento wa boraro wa tlaleletso o tlhabiwe morago ga meento e mebedi ya ntlha.

Komiti ya Ditona ya Kgakololo ka ga Meento e setse e bontshitse gore e tla ema nokeng kgang ya go simololwa ga go tlhabiwa moento wa tlaleletso ka makgaokgao mme go tla simololwa ka baagi ba bagodi.

Batho ba bangwe bao ba nang le masole a mmele a a bokoa, ba ba jaaka bao ba leng mo kalafing ya kankere, bolwetsi jwa diphio le kalafi ya diseteroete go alafa malwetse a a tlhaselang masole a mmele, ba letleletswe go bona moento wa tlaleletso fa dingaka tsa bona di ba letlelela gore ba ka dira jalo.

Re le bang ka nosi, re le dikhamphani e bile re le puso, re na le maikarabelo a go netefatsa gore batho botlhe mo nageng ba kgona go dira, go eta le go jelana nala ka pabalesego.

Ka jalo re ntse re tshwere dipuisano le badirisanimmogo ba rona mo setšhabeng le ba bangwe ba ba nang le seabe ka ga go dira gore go tlhabela moento e nne segapeletsa kwa mafelong a tiro, mo dipalangweng tse di dirisiwang ke setšhaba le mo ditheong tse di dirisiwang ke setšhaba.

Seno se akaretsa dipuisano tse di tsweletseng kwa NEDLAC magareng ga baemedi ba puso, baemedi ba mekgatlho ya badiri, baemedi ba dikgwebo le baemedi ba baagi, mo botlhe ba dumelanang gore kgato ya mothale ono ke yona e e tlhokagalang. 

Palamente e tlhomile setlhopha sa tiro seo se tla batlang maikutlo a baagi a a feletseng ka ga go dira gore bopaki jwa go bontsha fa motho a tlhabile moento e nne segapeletsa fa batho ba batla go tsena mo mafelong a a riling kgotsa ba batla go tsenela le ditirwana tse di rileng.

Setlhopha sa tiro se tla begela Komiti ya Ditona ka ga Moento e e eteletsweng pele ke Motlatsa Moporesidente, mme yona e tla begela Kabinete ka dikgato tse di sa gateleleng baagi le tse di sa dubeng mmudubudu tse di ka dirisiwang go gapeletsa baagi go tlhabela moento.

Re a itse gore go itsisewe ga dikgato tse ke ntlha e e boima e bile e raraane, fela fa re sa samagane le seno sentle le ka bonako, re tla tswelapele go tshabelelwa ke mefuta e mentšhwa e bile re tla tswelela go nna le makhubu a mantšhwa a tshwaetsego a a sa feleng.

Sediriswa sa bobedi se re nang le sona go lwantsha mofuta o montšhwa ke go tswelapele go apara dimmaseke fa re le fa gare ga batho le fa re na le batho ba ba sa nneng le rona mo ntlong. Go na le bopaki jo bo bonalang jwa gore go rwala mmaseke wa lesela kgotsa o o khurumetsang molomo le nko ka tshwanelo ke tsela e e gaisang ya go thibela go tshwaetsana ka mogare go tswa go motho yo mongwe go ya go yo mongwe.

Sediriswa sa boraro se re nang le sona go lwantsha mofuta o montšhwa ke o o tlhotlhwatlase ebile o tletsetletse: mowa o o foreshe.

Seno se kaya gore re tshwanetse go leka ka thata ka moo go kgonagalang go tswela kwa ntle fa re kopana le batho bao re sa nneng le bona.

Fa re le mo mafelong a a tswalegile le batho ba bangwe, kgotsa mo dikoloing, dibese le dithekisi, re tlhoka go bula matlhabaphefo gore mowa o tsene.

Sediriswa sa bone se re nang le sona go lwantsha mofuta o montšhwa ke go tila dikopano, bogolosegolo dikopano mo mafelong a a tswalegileng.

Dikopano tsa mogoso tse di jaaka dikhonferense tse dikgolo le dikopano, bogolosegolo tseo tsenelwang ke palo e e kwa godimo ya batho ba ba atumelaneng thata mo dikopano tseno di tsayang nako e telele, mokgwa o di tshwarwang ka ona o tshwanetse go fetolwa mme di tshwarwe ka go dirisa mafaratlhatlha a inthanete.

Meletlo ya mafelo a ngwaga le meletlo ya barutwana ba materiki gammogo le meletlo e mengwe di tshwanetse sentlentle tsa busetswa morago, e bile mongwe le mongwe o tshwantse go nagana gabedi pele a tsenela kgotsa a rulaganya meletlo eno.

Fao go ka diragala gore go nne le dikopano, mo di diragalang teng go tshwanetswe gore go latelwe dikgato tsotlhe tsa go tila go gasa COVID.

Sengwe le sengwe se re se dirang se se dirang gore re kopane se oketsa dikotsi tsa go ka tshwaetsega kgotsa go tshwaetsa motho yo mongwe.

MaAforika Borwa a gaetsho,
Lekgotla la Naga la Taolo ya Mogare wa Corona le ne le kopane maabane go sekaseka ditshwaetsego tse di oketsegang le ditlamorago tsa mogare wa Omicron tse go kgonagalang gore di ka nna teng.

Seno se ne sa latelwa ke dikopano gompieno tsa Khansele ya Thulaganyo ya Moporesidente le Kabinete, fao go tserweng tshwetso ya gore naga e tlogelwe mo maemong a ga jaana a Kgato e e Lekotsweng Sešwa ya Maemo a Ntlha a go Tsibogela Mogare wa Corona ga jaana le gore Molao wa Naga wa go Samagana le Matlhotlhapelo o tshwanetse go tswelela go nna mo tirisong.

Gore re tseye tshwetso tsa go gagamatse dikiletso ga jaana ke ka ntlha ya gore re sekasekile ntlha ya gore mo malobeng fa re ne re le mo makhubung a ditshwaetsego a a fetileng, meento e ne e ise e nne teng e bile go ne go entilwe palo e e kwa tlase ya batho.

Ga go sa tlhole go le jalo. Jaanong motho yo mongwe le yo mongwe yo a nang le dingwaga di le 12 go ya kwa godimo o letleletswe go tlhabela moento, ntle le go duelela le fa e le sente yo montsho, mo mafelong a diketekete a re nang le ona a go tlhabela moento ka fa nageng.

Re a itse gore e thibela malwetse a a bogale le a a ka dirang gore batho ba robale kwa bookelong.

Gape re a itse gore mogare wa corona o tla nna le rona lobaka lo lo leele. Ka jalo re tshwanetse go batla ditsela tsa go lwantsha leroborobo leno fa ka fa letlhakoreng le lengwe re fokotsa dikiletso mo ikonoming ya naga ya rona le go netefatsa gore re nna le tswelopele.

Le fa go le jalo, seno ga se kitla se atlega fa re sa oketse palo ya ba ba tlhabang meento, fa re sa rwale dimmaseke, kgotsa re sa latele dikgato tsa go itlhokomela tsa go tila ditshwaetsego.

Rotlhe re tshwanetse go gakologelwa gore go ya ka dintlha tsa melawana ya kgato ya ntlha ya maemo a a sekasekilweng sešwa a go lwantsha ditshwaetso tsa COVID:
- Batho ba santse ba ileditswe go ebela masigo mme go tloga bosigogare go fitlha ka ura ya bone mo matsheng ga go ope yo a tshwanetseng go bo a ntse a ebela le naga. 
- Ga go ise go fetolwe palo e e beilweng ya batho ba ba letleletsweng go ka kokoana mme e santse e le ya gore ba se fete 750 fa ba kokoana mo moagong o o tswalegileng le ya gore ba se fete 2 000 fa ba kokoana kwa ntle ga meago. Fao lefelo le le lennye go ka metsa dipalo tseno fa go latelwa molao wa gore batho ba tshwanetse go katogana, lefelo leno le letleletswe gore le ka metsa halofo ya palo yotlhe e ka tlwaelo lefelo leno le kgonang go e metsa.
- Ga go ise go fetolwe palo e e beilweng ya gore batho ba ba letleletsweng go tla phitlhong ga ba tshwanela go feta ba le 100, e bile ditebelelo le meletlwana ya phimolakeledi e e tshwarwang morago ga phitlho e santse e ileditswe.
- E santse e le segapeletsa go rwalwa dimmaseke ka nako tsotlhe fa re le fa gare ga batho, mme go se rwale mmaseke fa go tlhokegang e sala e ntse e le tlolomolao.
- Thekiso ya nnotagi e letleletswe go ya ka maemo a a tlwaelegileng a laesense, fela e ka se rekisiwe ka nako ya go iletsa go ebela masigo.

Re tla ela tlhoko dipalo tsa tshwaetsego le tsa ba ba amogelwang kwa maokelong mo sebakeng sa matsatsi a a tlang mme re tla lebasešwa seemo mo bekeng e nngwe.

Morago re tla tlhoka go tsaya ditshwetso tsa gore dikgato tse di leng teng ga jaana di santse di lekane kgotsa a go tlhokega go dirwa diphetolo mo melaong ya ga jaana.

Re setse re simolotse ka dikgato tsa go sekaseka melawanataolo ya tsamaiso ya maokelo a rona gore re tle re kgone go bona gore re tlhoka go baakanya fa kae Molao wa Taolo ya Matlhotlhapelo ka fao re o dirisang ka teng go lwantshana le leroborobo leno, ka maitlhomo a gore e re kwa bofelong re emise go nna re ntse re dirisa Molao ono wa Maemo a Naga a Matlhotlhapelo.

Gape re tla tsenya tirisong leano la naga la go samagana le go runya sešwa ga megare go netefatsa gore maokelo otlhe le ditheo tse dingwe tsotlhe tsa kalafi di ipaakanyedi lekhubu la bone.

Re samagane segolobogolo le taolo e e nonofileng ya kalafi, go gata motlhala batho ba ba kopaneng le ba go fitlhetsweng ba tshwaetsegile le go thapa palo e e lekaneng ya badiredi ba boitekanelo.

Go netefatsa gore ditheo tsa rona di ipaakantse, malao otlhe a maokelo ao a neng a le teng kgotsa ao a neng a tlhokega ka nako ya lekhubu la boraro la mogare wa COVID-19 a rulagantswe le go baakanyetswa lekhubu la bone.

Re dira ka thata go netefatsa gore metšhini ya go thus aka go hema ya okesejene e teng mo malaong otlhe a a beetsweng balwetse ba COVID-19.

Re tla tswelela go kaelwa ke Mokgatlho wa Lefatshe wa Boitekanelo ka ga maeto a boditšhabatšhaba, eo e sa dumelaneng le go tswalelwa ga melelwane.

Jaaka bontsi ba dinaga tse dingwe, re setse re na le ditsela tsa go laola go fetisetsa mefuta ya megare go dinaga tse dingwe.

Seno se tsenyeletsa botlhokwa jwa gore botlhe ba ba tsayang maeto ba tlhagise setifikeiti se se pakang gore ba tlhabetse moento le sa gore ba dirile diteko tsa PCR se se bontshang ba sa lwale se se letleletsweng go dira sebaka sa diura di le 72 tsa loeto, le tsa gore batho ba ba tsayang maeto ga ba tshwanela go apola dimaseke fa ba le mo loetong lwa bona.

Re swabile nko go feta molomo ke tshwetso ya dinaga di le mmalwa ya go kganela maeto mo dinageng di le dintsinyana tse di leng mo kgaolong e e ka fa borwa jwa kontinente ya Aforika go latela gore go bonwe mgare wa Omicron.

Go tlhamaletse gore tshwetso eno ga e a siama e bile e ikgatolosa maikano a bontsi jwa dinaga tseno di a dirileng kwa kopanong ya dinaga tsa G20 kwa Rome mo kgweding e e fetileng.

Ba ikanne kwa kopanong eo gore go tla simololwa go bulela maeto go tswa le go ya kwa dinageng tsa boditšhabatšhaba ka tsela e e bolokesegileng le e e tsamaisiwang ka tolamo, e e tsamaisanang le tiro ya mekgatlho ya boditshatshaba e e maleba e e jaaka Mokgatlho wa Lefatshe wa Boitekanelo, Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Dipalangwa tsa kwa Lefaufaung, Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Mawatle le Mokgatlo wa Merero ya Tirisano le Thusano ya Ditheo tsa Ikonomi (OECD). 

Maikano a G20 Rome a etse tlhoko mathata a lephata la Bojanala mo dinageng tse di tlhabologang, le go dira maitlamo go tshegetsa “tsosoloso ya ka bonako, e e gagametseng, e e tsenyeletsa batho botlhe e bile e sena dikgoreletsi ya lephata la bojanala”.

Dinaga tse di ileditseng maeto go naga ya rona le go dinaga tse dingwe tse di mabapi tse di ka fa borwa jwa kontinente ya Aforika ke United Kingdom, United States, maloko a European Union, Canada, Turkey, Sri Lanka, Oman, United Arab Emirates, Australia, Japan, Thailand, Seychelles, Brazil le Guatemala, gareng ga tse dingwe.

Dikgato tseno tsa go iletsa maeto ga di na mabaka a a utlwagalang a di itshegeditseng ka ona e bile di tlhaola naga ya rona le dinaga tse di bapileng le rona tse di ka fa borwa jwa kontinente ya Aforika ka mabaka a a tsewang ke phefo.

Dikgato tsa go iletsa maeto fa di sa latele seo ba saense ba se go tlhalosetsang sona ga di kitla di thusa mo go thibeleng go anama ga mofuta ono wa mogare.

Selo se le sengwe se dikgato tseno tsa go thibela maeto e tlileng go se dira ke go senya go ya pele diikonomi tsa dinaga tse di amegileng le go kgoreletsa bokgoni jwa tsona go samagana le leroborobo leno le go itharabologelwa mo tseo leroborobo leno le ba senyeditseng tsona.

Re ikuela go dinaga tseo tsotlhe tse di ileditseng maeto go tswa mo nageng ya rona le dinaga tse di bapileng le rona tse di ka fa borwa jwa kontinente ya Aforika go gogela morago ditshwetso tsa bona le go tlosa dikiletso tse ba di tsentseng tirisong pele go nna thari diikonomi tsa rona le ditsela tse batho ba rona ba iphedisang ka tsona di senyega go feta ga jaana. 

Ga go na tlhaloso go ya ka saense ya go dirisa dikiletso tseno.

Re a itse gore mogare ono, fela jaaka megare yotlhe, o a fetoga le go tlhama mefuta e mengwe e mentšhwa ya mogare ono.

Gape re a itse gore go na le kgonagalo ya gore go ka tlhagelela mefuta e mengwe e mentšhwa e bile e le kotsi thata mo bathong ba ba sa tlhabiwang moento.

Ke sone se re ikamagantseng le dinaga tse dintsi, mekgatlho le batho go dikologa lefatshe bao ba ntseng ba lwanela gore meento e fitlhelelwe ke mongwe le mongwe ka go lekalekana.

Re buile gore phitlhelelelo e e sa lekalekaneng go meento ga e senye fela matshelo le matseno kwa dinageng tseo di ganelwang, fela gape e tshosetsa dikgato tsa lefatshe lotlhe tsa go fenya leroborobo.

Go tlhagelela ga mofuta wa Omicron e tshwanetse go nna segakolodi go lefatshe sa gore phitlhelelelo e e sa lekaleneng go moento ga e a tshwanela go letlwa go tswelelapele.

Go fitlhela mongwe le mongwe a tlhabiwa moento, mongwe le mongwe o tla nna mo kotsing.

Go fitlhela mongwe le mongwe a tlhabiwa moento, re tshwanetse go solofela gore mefuta e mengwe e mentsi e tla tlhagelela.

Mefuta eno e ka tswa e fetelana bonolo, e ka baka malwetse a a tseneletseng, e bile e ka nna ya se thibelwe ke meeto ya ga jaana.

Go na le go iletsa maeto, dinaga tse di humileng tsa lefatshe di tlhoka go tshegetsa maiteko a dinaga tse di tlhabologang le go tlhagisetsa batho ba bona meento e e lekaneng ntle le go diega.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Go tlhagelela ga mofuta wa Omicron le palo e e oketsegang ya batho ba ba lwalang e e sa tswang go begiwa e bontsha sentle gore re tla tshwanela ke go tshela le mogare ono lobakanyana.

Re na le kitso, re na le maitemogelo e bile re na le didiriswa go laola leroborobo leno, go simolola ditiro tsa rona tsa tsatsi le letsatsi, le go tsosolosa ikonomi ya rona.

Re na le bokgoni jwa go laola tsela e naga ya rona e tla e tsayang.

Mongwe le mongwe wa rona o tlhoka go tlhabiwa moento.

Mongwe le mongwe wa rona o tlhoka go latela dikgato tsa go tila ditshwaetso, tse di jaaka go rwala mmaseke, go tlhapa kgotsa go tsikitletsa diatla tsa rona ka sebolayamegare, le go tila mafelo a a tletseng e bile a tswalegile.

Mongwe le mongwe wa rona o tlhoka go tsaya maikarabelo a boitekanelo jwa gagwe le boitekanelo jwa bao a phelang le bona.

Mongwe le mongwe wa rona o na le karolo e a e tshamekang.

Ga re kitla re fenngwa ke leroborobo leno.

Re setse re simolotse go ithuta go tshela le lona.

Re tla kgotlhelele, re tla fenya e bile re tla atlega.

Modimo a tshegofatse Aforika Borwa le go go sireletsa batho ba yona.

Ke a leboga.
 

Share this page

Similar categories to explore