Go tsenya ngongorego ka ga maitsholo a a sa siamang a mapodise

O ka tsenya ngongorego le Lephata la Bokaedi jo bo Ikemetseng jwa Patlisiso ya Mapodise (IPID) fa o ba batla gore ba batlisise tse di latelang:The cases IPID investigates: poster

  • dintsho mo tisong ya mapodise
  • dintsho ka ntlha ya ditiro tsa mapodise
  • ngongorego epe e e amanang le go ntshiwa ga sethunya sa semmuso ke motlhankedi yo mongwe le yo mongwe wa sephodisa
  • petelelo ka motlhankedi wa sepodise, go sa kgathalesege gore a motlhankedi wa sepodise o mo tirong kana nnyaa
  • petelelo ka motho yo mongwe le yo mongwe fela fa motho a le mo tisong ya mapodise
  • ngongorego e nngwe le e nngwe ya tlhokofatso kgotsa tlhaselo kgatlhanong le motlhankedi wa sephodise mo tiragatsong ya ditiro tsa gagwe

Bona dintlha ka botlalo mabapi le go tsenya ngongorego kgotsa ikgolaganye le Bokaedi jo bo Ikemetseng jwa Patlisiso ya Mapodise mo go 012 399 0000.

 

Share this page