Teko ya boimana

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Kaga go dira teko ya boimana

Fa o belaela gore o imile o tshwanetse go ya kwa tleliniking e e gaufi nao kgotsa kwa ngakeng go dira teko ya boimana. O ka reka didirisiwa tsa go dira teko ya boimana kwa gae kwa khemising.

Fa o na le matshwao a a jaaka:
 

  • go tlolwa ke kgwedi
  • go sellega
  • mabele a a boleta
  • letsapa

Teko ya boimana e ka fedisa dipelaelo tse o nang le tsona.

Ela tlhoko: Teko ya boimana e ka dirwa fa go tlhatlhetswe kgetse ya petelelo.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Etela tleliniki e e gaufi nao kgotsa ngaka
  2. Tlatsa foromo ya teko ya boimana
  3. Fa o batla:
    • teko ya madi, ngaka ya gago e tla tsaya sampole ya madi mo go wena mme e e romele kwa laboratoring go sekasekwa
    • teko ya moroto, ngaka ya gago e tla go naya kopi ya diteko e o tla ba nayang sampole ya moroto wa gago ka yona.

Ela tlhoko: O ka reka didirisiwa tsa go dira teko ya boimana kwa gae kwa khemising.

Go tsaya nako e e kana kang

  • Dipoelo tsa teko ya moroto – ka gangwe
  • Dipoelo tsa teko ya madi- diura di le mmalwa kgotsa matsatsi

Go ja bokae

Tirelo e ke mahala kwa ditleliniking le kwa maokelong a puso. Ditheo tsa boitekanelo tsa poraefete di ka duedisa tlhotlhwa e e rileng.

Ela tlhoko: O ka reka didiriswa tsa go dira teko ya boimana kwa gae kwa khemising

Diforomo tse o tshwanetseng go di tlatsa

Foromo ya teko ya boimana.

Ke mang yo o ka ikgolaganyang le ena

Etela bookelo, tleliniki kgotsa setheo sa boitekanelo se se gaufi nao.

 

Share this page