Tsela ya go bona tshedimosetso kwa Boikwadisetsong jwa Makwalotulo

Kantoro ya Makwalotulo e na le maikarabelo a kwadiso, tsamaiso le tlhokomelo ya bokwadise jwa dintlo le meago mo Aforika Borwa. Gape e tshola dikhopi tsa dikonterata tsa pele ga lenyalo.

O ka bona tshedimosetso go tswa mo Boikwadisetsong jwa Makwalotulo malebana le tse di latelang:

  • mong wa ntlo/moago yo o kwadisitsweng
  • dipeelo tse di amang ntlo/moago oo
  • ditaelo le dikonteraka malebana le ntlo/moago
  • tlhotlhwa ya go reka ntlo/moago
  • melawana ya sekema sa go nna mong mo karolong e e rileng
  • khopi ya konteraka ya pele ga lenyalo (ANC), dithata tse di abetsweng mongwe mo ntlong/moagong, dikoloto tsa dibonto, jalojalo.
  • khopi ya polane ya karolo e e rileng gongwe melawana ya Karolo

Pele o ka bona tshedimosetso, o tshwanetse go bo o na le tse di latelang:

  • maina ka botlalo le/gongwe nomoroitshupo ya mong wa kago, gongwe letlha la botsalo bogolo. (Malebana le motho wa semolao, leina le nomoro ya kwadiso, fa di le teng, di botlhokwa)
  • nomoro e e nepileng ya setsha le leina la motsesetoropo gongwe polase le nomoro, e seng aterese ya mmila. (Malebana le sekema sa go nna mong wa karolo e e rileng, go tlhokega karolo le leina la sekema).

Go bona khopi ya lekwalotulo gongwe lekwalo go tswa kwa boikwadisetsong jwa makwalotulo, o tshwanetse:

  • go ya kwa kantorong nngwe le nngwe ya makwalotulo (mafelo a boikwadisetso jwa makwalotulo ga a tshwanela go go naya tshedimosetso a tsibogela lekwalo gongwe mogala)
  • Etela tafole ya tshedimosetso koo motlhankedi a tla go thusang go tlatsa foromo le go go tlhalosetsa ka thulaganyo
  • ikopele go sekaseka ntlo/moago, mme
  • o duele tuelo e e tlhokegang kwa kantorong ya baduedise. Nomoro ya tshupatefo e tla abelwa tsengwa mo khophing ya gago ya lekwalotulo.

Tshedimosetso e ka fitlhelelwa gape ka tsela ya eleketeroniki ka webesaete makwalotulo.

Go bona tshedimosetso ka botlalo mabapi le boikwadisetso jwa makwalotulo, letsetsa 0800 007 095 gongwe etela kantoro e e gaufi le wena ya Kantoro ya Makwalotulo.

 

Share this page