Tsela ya go dira kopo ya go busediwa Lekgetho la Tlaleletso (VAT)

Baeti ba ba tswang kwa dinageng di sele ba le mo Aforika Borwa ba ka dira kopo ya go busediwa VAT e e dueletsweng dilwana tse ba tswang ka tsona mo nageng fa boleng jwa tsona bo feta R250. Kopo ya go busediwa madi e ka dirwa kwa dikantorong tsa Botsamaisi jwa Pusetso ya VAT. Dikantoro tseno di kwa Maemelafofaneng a Boditšhabatšhaba a Johannesburg le Cape Town, kwa melelwaneng e e farologaneng ya ditsela tsa fa fatshe mmogo le kwa maemelakepeng a a rileng a bogwebi.

Fa o reka dilwana, o itsise bathusi ba mabentlele gore o mojanala o o tswang kwa dinageng di sele, mme o kope setlankana sa lekgetho sa bopaki jwa dilo tse o di rekileng. setlankana sa lekgetho se tshwanetse go nna le tshedimosetso e e latelang yotlhe:

  • boleng jwa VAT jo bo lefisitsweng, gongwe sesupo sa gore VAT e akareditswe mo tuelong yotlhe ya dilwana tse o di rekileng
  • palo le tlhaloso ka botlalo ya dilwana tse di rekilweng
  • nomoro ya tshupamolato ya lekgetho e e kgethegileng mme e na le sirele
  • leina le aterese ya moreki
  • boleng jwa VAT e e lefisitsweng, gongwe sesupo sa gore go akareditswe VAT ya seelo sa 15% mo palogotlheng ya tuelelo ya dilwana tse di rekilweng.

O tshwanetse go tlhagisa setlankana sa lekgetho seo e seng khophi, mmogo le dilwana tse di rekilweng.

 

 

 

Postal address  

The VAT Refund Administrator
PO Box 107
OR Tambo International Airport
South Africa
1627

E-mail addresses  

Botswana : botswana@taxrefunds.co.za
Swaziland : swaziland@taxrefunds.co.za
Namibia : namibia@taxrefunds.co.za
Other countries : generalqueries@taxrefunds.co.za

Website: www.taxrefunds.co.za

Tel: + 27 11 979 0055

Share this page