Thulaganyo ya Tlhabololo le Tsweletso ya Thuo ya Ditshedi tsa Metsi kgotsa

Thulaganyo ya Tlhabololo le Tsweletso ya Thuo ya Ditshedi tsa Metsi (ADEP) ke thulaganyo ya tlhotlheletso e e leng teng go ditheo tse di kwadisitsweng mo Aforikaborwa tse di dirang ditiragalo tsa motheo, tsa sekontari le tsa tlaleletso tsa thuo ya ditshedi tsa metsi. Ditiragalo tse ke tsa mawatle le metsi a a foreše (mafelo a tsadiso ya ditlhapi le dipolase tsa ditlhapi) le ntshodikuno, tiragatso le go bolokwa ga ditlhapi. Thuso e e neelwa ka tlhamalalo mo dikopong tse di dumeletsweng tsa diporojeke tse dišwa, tse di tokafadiwang le tse di okediwang.

Thulaganyo e e neelana ka thuso ya karololanoditshenyegelo ka go busediwa madi a ditshenyegelo go fitlha go bogolo jwa R40 dimilione mo metšhining le didiriswa, mafaratlhatlha a bontsi, lefatshe le/kgotsa dikago tsa mong, ditokafatso tsa mafelo a a hirilweng, le ditiragalo tse di botlhokwa tsa tokafatso jaaka di tlhagelela mo karolong 8 ya dikaedi tsa ADEP.

Bona go le gontsi ka thulaganyo e go tswa go Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri (the dti).

the dti Customer Contact Centre
Tel: 0861 843 384

 

Share this page