Dira kopo ya go neelwa sešwa lekwalonetefaletso la materiki

Lefapha la Thuto ya Motheo kgotsa lefapha la thuto la porofense le tla go neela sešwa lekwalonetefaletso la materiki ka fa tlase ga maemo a a rileng.

Go fetola dntlha tse di tlhagelelang molekwalonetefaletsong la gago la materiki, o tshwanetse go dira kopo kwa Lefapheng la Thuto ya Motheo kgotsa kwa lefapheng la thuto la porofense la gaeno ka go tlatsa foromo e e matshwanedi (Kopo ya Diphetogo/Ditshiamiso tsa dintlha tse di ka ga bowena: Diphoso tsa Botsamaisi kgotsa kopo ya go neelwa sešwa lekwalonetefaletso la materiki (NSC) ka ntlha ya diphetogo tsa dintlha tse di ka ga bowena: Diphetogo tsa Semolao). O tshwanetse go leba kwa kantorong ya lefapheng le le gaufi nao la thuto ka bowena gore modiredipuso a go botsolotse dipotso pele ba ka diragatsa diphetogo tseo.

O ka ikopela gape le lekwalo la dipholo tsa gago tsa materiki fa o santse o letile gore go gololwe lekwalonetefaletso la gago.

Go bona tshedimosetso ka botlalo ka ga kopo ya go neelwa sešwa lekwalonetefaletso la materiki ikgolaganye le Lefapha la Thuto ya Motheo.

 

  • National office: 012 357 4511/13
    E-mal: certification@dbe.gov.za
  • Eastern Cape: (043) 604 7709/73
  • Free State: (051) 404 8000
  • Gauteng: (011) 355 0588
  • KwaZulu Natal: (031) 327 0538/0331
  • Limpopo: (015) 290 7747/7830
  • Mpumalanga: (013) 766 0033
  • Northern Cape: (053) 839 6585
  • North West: (018) 384 3100/51
  • Western Cape: (021) 467 2483

Share this page