Kopo ya Botsadi-ka-tsholo jwa selegae ka elemente ya boditšhaba

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go dira kopo ya Botsadi-ka-tsholo jwa selegae ka elemente ya boditšhaba

Fa o le moditšhaba o nna mo Aforika Borwa mme o batla go nna motsadi-ka-tsholo wa ngwana wa Moaforika Borwa, o tshwanetse go golagana le modirediloago yo o maleba kgotsa mokgatlo le fa e se o o dumeletsweng go go diragatsa botsadi-ka-tsholo tsa boditšhaba.

O tshwanetse go bo o ntse mo nageng mo pakeng ya dingwaga tse tlhano mme o ise bopaki jwa bonno le jwa tiro ya gago. O ka dira kopo ya botsadi-ka-tsholo mme e tla tsewa jaaka kopo ya bosetšhaba.

Se o tshwanetseng go se dira

  • Golagana le mokgatlo wa botsadi-ka-tsholo o o gaufi nao.
  • Mokgatlo wa botsadi-ka-tsholo o tla tlhatlhoba le go bona gore a o tshwanelwa ke go nna motsadi-ka-tsholo.
  • Fa setheo se se kgotsofalela dipoelo, ba tla go tsenya mo teng ga Lenane la Bana ba ba Tsholwang le Batsadi-ka-Tsholo (RACAP) ba ntse ba go thusa go batlana le ngwana yo o ka tsholwang.
  • Fa ngwana a le teng, ba tla go biletsa kwa dikantorong go tla go bona ngwana yoo le go go botsa gore a o na le kgatlhego mo ngwaneng yoo.
  • Fa o dumela, ba tla romela pegelo ya gago go Kgotlatshekelo ya Bana go konosetsa ntlha ya botsadi-ka-tsholo le go rebola taelo ya botsadi-ka-tsholo.
  • Pegelo ya kgotlatshekelo e tla romelwa go Lefapha la Tlhabololo ya Loago gore ba bone gore a tsamaiso yotlhe e latetswe le go rekota dintlha tsa gago le tsa ngwana.

Nako ya tiragatso

Go farologana go ya ka dikgetse.

Tuelo ke bokae

O ka duela dituelo tse di latelang, tse di sekasekwang ngwaga le ngwaga, go mokgatlo o o maleba wa tshireletso ya bana mabapi le kgodiso ya bana go ya ka Tumalano ya Hague

Diforomo tse di tladiwang

Diforomo tsotlhe di teng kwa kantorong e e e gaufi nao ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago.

O ka golagana le mang

Lefapha la Tlhabololo ya Loago

Share this page