Go itlhokomelea ngwana kgotsa ya botsadi ka kgodiso

Ka ga 
Se o tshwanetseng go se dira 
Nako ya tiragatso 
Tuelo ke bokae 
Diforomo tse di tladiwang 
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go dira kopo ya bosetšhaba ya botsadi-ka-tsholo   

Fa o batla go nna motsadi-ka-tsholo wa ngwana mo Aforika Borwa, o tshwanetse go golagana le setheo se se tla go sekasekang go go thusa go tlhokomela ngwana yo o ka mo newang.

O ka dira kopo ya bosetšhaba ya botsadi-ka-tsholo fa o le moagi wa Aforika Borwa e bile o nna mo Aforika Borwa o rata go tshola ngwana wa Moaforika Borwa.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Etela setheo sa botsadi-ka-tsholo mo porofenseng efe fela go dira kopo
  2. Setheo sa botsadi-ka-tsholo se tla sekaseka legae go bona gore a o tshwanelwa ke go ka nna motsadi wa ngwana ka tsholo
  3. Fa setheo se se kgotsofalela dipoelo, ba tla go tsenya mo teng ga Lenane la Bana ba ba Tsholwang le Batsadi-ka-Tsholo (RACAP) ba ntse ba go thusa go batlana le ngwana yo o ka tsholwang
  4. Fa ngwana a le teng, ba tla go biletsa kwa dikantorong go tla go bona ngwana yoo le go go botsa gore a o na le kgatlhego mo ngwaneng yoo
  5. Fa o dumela, ba tla romela pegelo ya gago go Kgotlatshekelo ya Bana go konosetsa ntlha ya botsadi-ka-tsholo le go rebola taelo ya botsadi-ka-tsholo
  6. Pegelo ya kgotlatshekelo e tla romelwa go Lefapha la Tlhabololo ya Loago gore ba bone gore a tsamaiso yotlhe e latetswe le go rekota dintlha tsa gago le tsa ngwana.

Nako ya tiragatso

Go farologana go ya ka dikgetse

Tuelo ke bokae

O ka duela go mokgatlo o o maleba wa tshireletso ya bana mabapi le botsadi-ka-tsholo ya boditšhaba.

Diforomo tse di tladiwang

Diforomo tsotlhe di teng kwa kantorong e e e gaufi nao ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago.

O ka golagana le mang

Lefapha la Tlhabololo ya Loago

 

Share this page