Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang
Ka ga kopo ya go rebolelwa setifikheiti sa tsholo ya dijalo ka maikaelelo a thekisontle ya dijalo le dikumo tsa dijalo
Go rekisantle dijalo le dikumo tsa dijalo ba tshwanetse go dira kopo ya phemiti ya tsholo ya dijalo le dikumo tsa dijalo go tswa kwa go Basireletsi ba Dijalo ba Bosetšhaba (National Plant Protection Organisation) (NPPO) ba naga e o romelang dijalo kwa go yona ga mmogo.
O tshwanetse go batlisisa ka ga dipeelo tsa thekontle le tsholo ya dijalo tsa naga e o romelang kwa go yona tse di malebana le dikumo tsa gago tsa dijalo. Fa dithoto di ikobela ditlhokego tsa thekontle, NPPO e tla go rebolela setifikheiti sa tsholo ya dijalo.
Dikumo tsa dijalo di tshwanetse go romelwantle mmogo le setifikheiti sa tota sa tsholo ya dijalo.
Se o tshwanetseng go se dira
- O tshwanetse go tlatsa foromo ya thebolo ya setifikheiti sa tsholo ya dijalo, mme o e romele go: National Plant Protection Organisation ,Department of Agriculture, Forestry and Fisheries (DAFF), Private Bag X258, Pretoria, 0001 kgotsa Harvest House, 30 Hamilton Street, Arcadia, Pretoria 0083
- Duela tlhotlhwa e e beilweng ka mokgwa wa ileketeroniki kgotsa kwa lefapheng: Dintlha tsa banka ke:
Standard Bank
Leina la akhaonto: Department of Agriculture, Forestry and Fisheries: Import of controlled goods
Nomoro ya akhaonto: 011251735
Leina la lekala: Arcadia
khoutu ya lekala: 01-08-45 - O tshwanetse go tsamaya le dijalo le dikumo tsa dijalo kwa NPPO go sekasekwa le go tlhatlhojwa kwa kantorong e e gaufi nao ya Ditirelo tsa Tlhatlhobo.
- Netefatsa gore setifikheiti sa tota sa tsholo ya dijalo se tsamaya le dithoto fa di romelwantle.
Nako ya tiragatso
It might take about 48 hours to process your application provided there are no additional activities.
Diforomo tse di tladiwang
Application for a permit for the importation of controlled goods
Postal address:
National Plant Protection Organisation of South Africa (NPPOZA)
Department of Agriculture, Forestry and Fisheries
Plant Health Import Permit Office
P.O Box 40024
Arcadia
0007
Physical address:
Harvest House
30 Hamilton Street
Arcadia
Pretoria.
Contact numbers:
Tel: +27 12 319 6130/6102/6396/6383/6207
Fax: +27 12 329 8292