Puo ya ga Moporesitente Cyril Ramaphosa e e ka ga Kgatelopele e e Dirilweng go Samagana le Leroborobo la COVID-19

MaAforika Borwa a gaetsho,

Mo dibekeng di le pedi tse di fetileng ke itsisitse dikgato tse re tla di tsayang go thibela go anama ga mogare wa corona.

Mo go tseyeng ditshweetso tseno tsa go gagamatsa dikiletso, Kabinete e latetse dikeletso tsa lephata la saense tse di tlang le Komiti e e Eletsang Ditona ka matsapa a COVID-19 mmogo le go sekegela tsebe dikeletso tsa Lekgotla la Naga le le Jarileng Maikarabelo ka Mogare wa Corona (NCCC) .

Dikgato tseno di ne di tlhoka go tsewa ka lepotlapotla e bile di ne di tlhoka go tsewa gore re kgone go mekamekana le lekhubu la boraro, le le fetlhiwang ke mogare wa Delta.

Re santse re eme ka la gore re batla go fedisa ditshwaetsego ka go fokotsa go kopana ga batho.

Mo dibekeng di le pedi tse di fetileng, naga ya rona e ntse e beilwe mo kgato e e tlhatlhobilweng sešwa ya bone.

Seno se dirilwe ke dikgetse tse di kwa godimo tsa ditshwaetsego.

La bofelo fa ke ne ke le eme ka lefoko ke ne ka le tlhalosetsa gore re tla sekaseka seemo seno morago ga matsatsi a le 14 le go lebelela gore ke kgato efe e re tlhokang go e tsaya.

Mo nakong e re leng mo go yona eno ditshwaetso di ragetse kwa godimo tota.

Jaaka mogare ono wa Delta o tsweletse go gasagana ka lebelo, re itemogela lekhubu la boraro le le bogale go gaisa la ntlha le la bobedi.

Mo dibekeng tsa ntlha di le pedi, mo nageng ka tlhomamo re ntse re rekota dipalo tse dintšhwa tsa batho ba ba tshwaetsegang ba ka nna 20 000 ka letsatsi.

Mo motsotsong yono go setse go na le batho ba ba nang le COVID-19 ba le 200 000 ka fa nageng.

Mo dibekeng di le pedi tse di fetileng maAforika Borwa a feta a le 4 200 a lobetswe dintsi ke COVID-19.

Le fa palo e e fetang halofo ya balwetse botlhe ba e leng gona ba tshwaetsegang mo nageng ba le kwa porofenseng ya Gauteng, ditshwaetsego tse dingwe di tsweletse go oketsega ka lebelo mo porofenseng ya Kapa Bophirima, Limpopo, Bokone Bophirima, KwaZulu-Natal le Mpumalanga.

Mo nageng ka bophara maokelo a rona a tsweletse go goga boima.

Mo bekeng e e tlang batho ba ba amogelwang kwa maokelong letsatsi le letsatsi mo nageng go na le kgonagalo ya gore palo ya bona e tla rotoga go fitlhelela ya dipalo tse re di boneng mo lekhubung la ntlha le la bobedi a a fetileng.

Balwetse ba ba lobelwang dintshi ke COVID-19 ba ba leng kwa maokelong palo ya bona le yona e a tlhatloga, mme e setse e fetile ya dipalo tseno ya mo lekhubung la ntlha fa le ne le rotoga.

Kantlha ya ditiragalo tseno, Kabinete morago ga gore e sekegele tsebe diporofense tsa rona e tsere tshweetso ya gore e tswelele ka kgato e e tlhatlhobilweng sešwa ya bone sebaka sa matsatsi a le 14.

Seno se raya gore go tloga mo motsotsong one o go fitlha ka la bo 25 Phukwi dikgato tse di latelang tseno di tla tswelela go nna mo tirisong:

  • Dikopano tsotlhe tsa go ikentsha bodutu, tsa sepolotiki, tsa sedumedi le tse dingwe tsotlhe di santse di ileditswe.
  • Dikiletso tsa go ebela masigo di tla tswelela go nna mo tirisong go tloga ka ura ya borobongwe bosigo go fitlha ka ura ya bone mo matsheng, mme ke fela bao ba neilweng tetla bao ba letleletsweng go tswa mo malapeng a bona mo nakong eno.
  • Thekiso ya notagi e santse e ileditswe.
  • Dikolo di tla tswelela go tswalelwa go fitlha ka la bo 26 Phukwi 2021.
  • E santse e le segapeletsa gore batho botlhe fa ba le fa gare ga batho ba bangwe ba tshwanetse go apara dimaseke tse di thibang nko le molomo.
     

Mo godimo ga dikiletso tseno re repisa gape le dikiletso tse di latelang mo melawanataolong ya kgato e e tlhatlhobilweng sešwa ya bone:

  • Mabentlele a a rekisang dijo tse di apeilweng a tla letlelelwa go bula mme a tshwanetse go ikobela dikgato tse di gagamaditsweng tsa go tila ditshwaetso. Mabentlele ano ga a tshwanela gore ka fa teng ga meago ya ona a bo a na le batho ba feta ba le 50 kgotsa, fa e le gore meago ya ona ke e mennye ga a tshwanela go metsa batho ba ba fetang halofo ya palogotlhe e ka gale lefelo leno le e metsang.
  • Mafelo a mangwe gape a a jaaka a boikatiso le ona a tla letlelelwa gore a bule, mme le ditiro tse di jaaka temothuo le go tsoma diphologolo tsa naga le tsona di tla letlelelwa, mme seno se tla diragadiwa go ya ka dintlha tse di totobaditsweng mo melawanataolong.
     

Fa e sale leroborobo leno le nna teng, dikgato tsa naga ya rona tsa go samagana le lona di ntse di gogwa kwa pele ke bopaki jo bo ribololwang ke baitseanape mmogo le dikeletso tsa bona.

Go fitlha ga jaana se re se itseng ke se:

Re a itse gore fa re fokotsa kgonagalo ya gore batho ba atumelane seno se re thusa gore re kgone go thibela ditshwaetsego.

Re a itse gore mogare wa corona o ijala mo masong, mo dikopanong kwa tirong, mo menateng, mo meletlong ya malapa le masika le mo mabentleleng a a rekisang dijo tse di apeilweng le mo mafelong a go welwang mo nkgong kwa go ona.

Ke ka ntlha ya bopaki jono mo re boneng gore mo kgatong e e tlhatlhobilweng sešwa ya bone re tshwanetse go iletsa ditiragalo tsotlhe tsa go bokana ga batho mabapi le merero ya sedumedi, ya setso le ya sepolotiki.

Re a itse gape le gore mogare ono ga o na dinao, o rwalwa ke batho gotlhe ko ba yang.

Ka ntlha ya gore bontsi jwa batho ba ba nang le mogare ono ba mo porofenseng ya Gauteng, mo dibekeng di le pedi tse di fetileng re ne ra fokotsa maeto a a tlang le a a tswang mo porofenseng eno go leba kwa dikarolong tse dingwe tsa naga maitlhomo e le go fokotsa go anama ga mogare ono.

Re a itse gore go tsenya mo tirisong dikiletso tsa go ebela masigo go fokotsa metsamaong le menate ya masigo e leng tse dingwe tse di tlhotlheletsang koketsego ya ditshwaetso.

Re a itsi gore go iletsa thekiso ya notagi go fokotsa dipalo tsa balwetse ba ba amogelwang kwa maokelong le ba ba amogelwang mo diphaposing tsa balwetse ba ba bobolang mo ba ka ikelang badimong ba dikgobalo tse di bakilweng ke notagi tse di jaaka tsa dikotsi tsa dijanaga le tsa go gobatsana ga batho.

Ka go fokotsa tlhakantsuke e e dubiwang ke notagi re kgona go fokotsa balwetse mo maokelong gore re kgone go amogela balwetse ba COVID-19.

Tirisobotlhaswa ya notagi gape e tsamaelana le ditiragalo tsa go bokana ga batho le tsa go ikgatolosa melaokiletso ya go tila ditshwaetsego.

Le fa go le jalo, re a itse e bile re tlhaloganya mosola o intaseteri ya notagi o nang le ona mo ikonoming ya naga ya rona.

Kwa bokhutlhong dikgato tse di mosola go gaisa tse di kgonang go thibela go anama ga ditshwaetso ke tseo re kgonang go di laola

Ka ntlha ya gore mogare wa Delta o fetelana ka bonako, re tshwanetse go itlhokomela thata ka go latela dikgato tsa go tila ditshwaetso tse ga jaanong re setseng re di itse le fa re tuntubetse.

Fa ka fa letlhakoreng le lengwe re samagane le go tsaya dikgato tsa go fokotsa ditshwaetso, ka fa go le lengwe re dira seno ka go boloka bontsi jwa batho ka fao go kgonagalang ka go ba tlhabela moento.

Letsholo la naga ya rona la go tlhabela moento le ntse le oketsa lebelo.

Go fitlha mo motsing yo re leng mo go ona, batho ba feta ba le dimilione di le 4.2 mo nageng ya Aforika Borwa ba setse ba entilwe, mme milione ya bona ke ba ba entilweng mo bekeng e e fetileng.

Palo ya batho ba ba tlhabetseng moento mo kgweding e e fetileng e oketsegile ka go menagana go feta gabedi mme e bile e tla tswelela go gola fela jalo.

Ga jaanong batho ba ka nna 190 000 ba entiwa beke e nngwe le e nngwe.

Puso le lekala la poraefete ba tshwarisane mmogo tiro ka tsela e e sa tlwaelegang go oketsa mafelo a go tlhabela batho ba le bantsi moento ka letsatsi.

Ga jaanong re samagane le go enta batho ba ba nang le dingwaga di le 60 le go feta mmogo le ba ba nang le dingwaga di le 50 le go feta.

Mo Laboneng yo re mo lebileng wa la bo 15 Phukwi 2021, batho ba ba nang le dingwaga di le 35 le go feta ba tla kgona go ikwadisetsa go tlhabela moento mo Sefalanatshedimosetsong sa Ikwadisetso ya go Tlhaba Moento sa Ileketeroniki (EVDS).

Ka la bo 1 Phatwe 2021 re solofela gore re tla bo re ithulagantse sentle go ka simolola ka letsholo la rona la go tlhabela moento batho ba ba nang le dingwaga di le 35 le go feta.

Go matsholo a a setseng a ragogile a go enta batlhankedi bao tiro ya bona e leng botlhokwa mme ga jaanong go setse go entiwa batlhankedi ba tirelo ya thuto ya motheo, mapodisi mmogo le masole.

Lefapha la Boitekanelo gape le dirisana le maokelo a poraefete go diragatsa letsholo la go enta badiri e leng se se ka oketsang mafelo a go entela gore e se nne fela a maokelo a puso.

Re samagane le go dira gore mafelo a go entelwang kwa go ona a se nne kgakala le mafelo a baagi ba nnang mo go ona gore go nne bonolo mo go bona go a etela.

Re tla tswelela go dira mmogo le baagi, badumedi le baeteledipele ba merero ya setso mo go tlhotlheletseng baagi gore ba tlhabele meento.

Re setse re tsentse maano mo tirisong mo diporofenseng tsotlhe go oketsa mafelo a go entelwang kwa go ona gore a bule matsatsi a le thataro kgotsa a le supa mo bekeng.

Seno se tla diragadiwa ka go beela thoko madi a go duelela badiri fa ba dira mo matsatsing a boikhutso mmogo le a go thapa baoiki ba bangwe gape mmogo le go thapa baithuti ba dithuto tsa ‘kokelo.

Batho botlhe ba ba nang le matshwanedi a go tlhabela moento ba rotloediwa go ikwadisa go thusa gore thulaganyo ya go tlhabela moento kwa mafelong a go entelwang kwa go ona e tsamaele ka bonako.

Le fa go le jalo, mafelo otlhe a go entelwang kwa go ona a letlelela batho ba ba sa ikwadisang go tla kwa go ona go tlela go ikwadisa.

Ke batla go rotloetsa maAforika Borwa otlhe a a letleletsweng go ikwadisa go dira jalo le go tlhabela moento.

Re tshwanetse go gasa molaetsa wa gore meento e re e dirisang e a dira e bile e babalesegile.

E nngwe ya dikgwetlho tse di namagadi tse re tobaneng le tsona fa re atolosa letsholo la rona la go tlhabela moento ke tlhaelo ya meento.

Eno e ntse e le kgwetlho e naga ya rona ya Aforika Borwa mmogo le kontinente ya Aforika ka bophara e kopaneng le yona.

Mo matsatsing a le mmalwa a a fetileng Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU), ka go sola mosola kantoro ya rona ya AU jaaka e le rona re gogang kwa pele merero ya COVID-19, mmogo le Dinagakopano tsa Yuropa (EU) go saenetswe tumelano e e iseng e bonwe mo hisetoring ya rona e e tla tokafatsang thata tlamelo ya meento mo nageng ya rona le mo dinageng tse dingwe mo kontinenteng ya rona ya Aforika.

Go ya ka tumelano eno, setlamo sa Aspen se tla tlamela naga ya Aforika Borwa le dinaga tse dingwe tsa Aforika ka meento e le dimilione di le 17 ya setlamo sa Johnson & Johnson sebaka sa go feta dikgwedi di le tharo tse di tlang, mme se tla simolola tiro eno mo bokhutlhong jwa kgwedi ya Phukwi.

Palo eno e tla menagana gabedi kgwedi e nngwe le e nngwe go simolola ka kgwedi ya Diphalane.

Meento ya ntlha, e bontsi jwa yona bo ka dirang dimilione, e tla romelwa mo nageng ya Aforika Borwa le mo dinageng tse dingwe tsa Aforika go simolola ka kgwedi ya Phukwi.

Jaaka e le dikgato tsa go gagamatsa pabalesego ya ‘itekanelo mo kontinenteng, setlamo sa Johnson & Johnson se solofeditse gore se tla fetola ditumelano tse di leng teng ga jaana gore re kgone go rebolelwa laesense ya go itirela moento wa rona ka fa nageng ya Aforika Borwa go na le go re neela fela konteraka, mme seno se tla thusa naga le kontinente ya rona go laola meento ya rona.

Ga jaanong re santse re tšhotlhana le kgang eno mme mo tsamaong ya nako molemo ono o tla diriwa mo nageng eno ya rona ya Aforika Borwa, mme seno se tla dira gore re nne le moento wa mmatota yo e leng wa Aforika yo o dirilweng ka botlalo mo dinageng di le dintsinyana tsa kontinente ya Aforika.

Re leboga botho jo Moporesitente Joe Biden wa naga ya Amerika a nnileng le bona jaaka a tlhalositse gore o tla abela dinaga tsa kontinente ya Aforika meento ya Pfizer e ka nna dimilione di le 15 go fitlha go di le 20 ka go di abela letsholo la COVAX.

Ditiragalo tseno mmogo le ditumelano tsa rona tsa ga jaana le batlhagisi di re raya di re Aforika Borwa e tshwanetse go nna le motswedi o o sa kgaotseng wa tlamelo ya meento gore re kgone go fitlhelela dipeelo tsa rona.

Ka fa letlhakoreng le lengwe re samagane le go oketsa mefuta ya meento e re e dirisang mo nageng ya rona.

Re nesetsa pula tshweetso ya Bothati jwa Aforika Borwa jwa Taolo ya Melemo ya Boitekanelo (SAHPRA) ya go atlenegisa gore moento wa CoronaVac wa kwa nageng ya China o ka dirisiwa mo nageng ya Aforika Borwa.

Komiti e e Eletsang ka Merero ya Meento e samagane le ntlha ya gore letsholo la go tlhabela moento wa CoronaVac le tla simolola neng.

Re ne ra tshwanelwa ke go tsaya ditshweetso tse di bokete, ka re ne re itse gore tshweetso nngwe le nngwe e re e tsayang e na le ditshenyegelo tsa matlole mo ikonoming le mo setšhabeng.

Le fa dikiletso tseno di na le seabe se se sa itumediseng mo ikonoming, re tshwanetse go amogela gore leroborobo leno ke lona le le nang le seabe se se golo go gaisa se se sa itumediseng mo go itharabologelweng ga ikonomi ya rona.

Fa re ka diega go laola ditshwaetso re tla nna le ditshenyegelo tse dikgolo tsa ikonomi go gaisa tseo di bakiwang ke dikiletso tse di leng mo tirisong, e leng tse di tla kgoreletsang tlhagisodikuno le tseo di tla kgoreletsang batho go tlhaba kgobe ka mmutla mo mafelong a boitapoloso.

Le fa go le jalo, re a itse gore dikiletso tseno di nnile le ditlamorago tse di sa jeseng diwelang mo bathong, mo malapeng le mo dikgwebong tseo di neng di setse di ntse di rwele boima le pele leroborobo leno le ne le ka goroga.

Re santse re eme ka la gore re tla dira sengwe le sengwe se re ka se kgonang go fokotsa boima jo batho ba bo jarileng jwa gore ba iphedisa jang ka ntlha ya dikgato tsa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng.

Morago ga gore re baye naga mo maemong a kgato ya bone, setheo sa Letlole la go Kgaolwa kwa Tirong (UIF) se ne sa simolola go buisana le badirisanimmogo mo mererong ya loago go thusa badiri ba ba latlhegetsweng ke ditiro ka ntlha ya dikiletso tseno.

Go latela dipuisano tseno, UIF e tsere tshweetso ya gore nako ya go nna mo tirisong ga sekema sa matsadi a COVID-19 e bong Sekema sa Nakwana sa go Thusa Bathapi/Bathapiwa (TERS) se se itsegeng ka gore ke COVID-19 TERS e tshwanetse go okediwa le gore se tshwanetse gape se isiwe le mo makaleng a a amilweng ke dikiletso tsa kgato eno e e lekotsweng sešwa ya bone.

Dintlha ka botlalo mabapi le go okediwa ga nako le tiro ya sekema seno di tla tle di phasaladiwa mo nakong e e sa fediseng pelo morago ga gore go konosediwe dithulaganyo tsotlhe tsa sekema seno, mo gape go tla tlhalosiwang ka botlalo gore ke bo mang ba ba tla nnang le matshwanedi a go bona thuso eno.

Fa e sale se tsenngwa mo tirisong mo ngwageng yo o fetileng, sekema seno sa COVID-19 TERS se setse se tlametse ka madi a le kanaka R60 bilione go thusa go boloka ditiro tsa badiri ba le dimilione di le 5.5.

Mo godimo ga dikgato tseno, Kabinete e tsere tshweetso ya gore dikgwebo tsotlhe tse dilaesense le diphomete tsa tsona di feletsweng ke nako magareng ga paka ya Mopitlwe 2020 le Seetebosigo 2021 nako ya tsona ya go felelwa ke nako e tla isiwa kwa pele mme di tla felelwa ke nako ka la bo 31 Sedimonthole 2022.

Mo godimo ga seno, dilaesense tsotlhe tse di rebolwang ka la bo 1 Phukwi le tsona di tla felelwa ke nako ka la bo 31 Sedimonthole 2022, e bile ba ka se duedisiwe dituelelo tsa dilaesense tseno.

Seno se tla imolola boima jo dikgwebo dingwe di bo jarileng mo magetleng a tsona.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Go na gape le ntlha nngwe e e botlhokwa ka fa nageng e ke batlang go e tšhotlha le lona.

Mo matsatsing a le mmalwa a a fetileng re iponetse ka matlho a rona ditshupetso tse di runtseng go sa lebelelwa tse di tswelelang go oketsega tse mo go tsona go dirisiwang dikgoka mo dikarolong dingwe tsa naga ya rona.

Mafaratlhatlha a naga a a botlhokwa thata a a jaaka mebila ya naga a a dirang gore ikonomi ya naga ya rona e tswelele go dira a amegile thata, mme seno se dirile gore ditirelo tsa go rwala dithoto di fokotsege.

Meago e sentswe. Dijanaga di konopilwe ka matlapa. Batho ba modimo ba bogisiwa le go tshosediwa, mme e bile ba bangwe ba gobaditswe.

Ditiragalo tseno di baya matshelo a batho mo kotsing le go busetsa kwa morago maiteko a rona a go tsosolosa ikonomi ya rona.

Molaotheo wa naga ya rona o ema nokeng tshwanelo ya gore mongwe le mongwe o letleletswe go ka ntsha se se mo mafatlheng a gagwe le go dira ditshupetso tse mo go tsona go renang kagiso.

Le fa go na le ba ba utlwileng botlhoko le ba ba tšhakgetseng, mo nakong e re leng mo go yona eno ga go sepe se se ka emelelang ditiragalo tse re di bonang tsa tirisodikgoka, tsa ditshenyo le go sitisa ditirelo.

Ke selo se se tshwanetseng go re tshwenya re le maAforika Borwa otlhe gore tse dingwe tsa ditiragalo tseno tsa tirisodikgokga di susumediwa ke bosemorafe.

Rotlhe re le maAforika Borwa re tshwanetse go kgalema ditiragalo tseno ka mafoko a a bogale gonne re le naga re ikemiseditse go fedisa tlhaolele le bosemorafe mo re batlang go nna le naga e e nang le batho ba merafe e e farologaneng ba e leng seoposengwe sa batho ba Aforika Borwa, go sa kgathalesege gore ba bua puo efe, setso sa bona ke sefe, tumelo ya bona ke e fe le gore ke ba lotso lefe.

Molaotheo wa temokerasi ya naga ya rona maitlhomo a ona ke go ikobela motheo o o botlhokwa wa gore batho botlhe mo matlhong a molao ba a lekalekana, e bile batho botlhe ba tla sirelediwa ka go tshwana mo matlhong a molao.

Molao o disa gore batho ba se dirise botlhaswa maatla a ba a rwesitsweng.

O sireletsa bahumanegi le ba ba sa kgoneng go itshireletsa.

Fa e sale go roga temokerasi ka fa nageng ditheo tse di jaaka Kgotlatshekelo ya Molaotheo e ntse e le tsona tse di gogang kwa pele dikgato tsa go tokafatsa matshelo a maAforika Borwa.

Nte ke tlhamalaleng, re le naga ga re kitla re itshokela botlhokotsebe mo nageng ya rona.

Botlhe ba ba nang le seabe mo ditiragalong tseno tsa tirisodikgoka ba tla di gama ba sa di tlhapela.

Ba go ka fitlhelwang ba nnile le seatla mo go robeng melawanataolo ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng ba tla nkgelwa ke seroba jaaka go tlhalositswe mo dikotlong tsa molao.

Seno se tla diriwa ntle le go tshaba ope kana go tsaya letlhakore la ope.

Re kgalema gape le maiteko a go tlhakantsha ditlhogo setšhaba sa rona ka go romela batho ditshwantsho le dibidio tsa maaka, bontsi jwa tsona ke tsa ditiragalo tse di diragetseng mo dingwageng tse di fetileng.

Ke ikuela mo go lona gore le ikakanye sentle ka se le se dirang pele le romela batho ba bangwe sengwe le sengwe mo mafaratlhatlheng a ditlhaeletsano kgotsa mo diraleng dingwe fela mme selo seo e se nnete kgotsa e se sa boammaruri.

Bontsi jwa baagi mo nageng eno ba itshupile gore ba batla go tshela mo nageng e mo go yona go renang kagiso le khutso.

Ba batla go ya ditirong le gore ba kgone go iphedisa. Ba batla go bona naga ya rona le yona e itharabologelwa mo leroborobong le le re aparetseng.

Mmogo le bona re tlampuretse dingana tsa phage ya leroborobo la COVID-19.

Re samagane le go tsosolosa ikonomi ya rona gore ditiro di tle di tlhodiwe, gore dikgwebo tse dingwe gape di enngwe nokeng, gore re tle re kgone go fepa malapa a rona, re ise bana ba rona sekolong le go tlhokomela malapa a rona.

Re tsosolosa naga, ga re e phutlhamise.

Re tla tswelela go tsepamisa mogopolo wa rona mo go bolokeng boitekanelo jwa batho le mo go babaleleng matshelo a bona.

Re tla ntsha ga tshwene go gaisa mo malobeng go netefatsa gore batho botlhe ba a entiwa.

Re tla tsosolosa ikonomi ya naga ya rona le go tlhola ditiro.

Ka gale re tshwanetse go gakologelwa gore le fa go ka nna boima jang, pele gona ke ko re yang.

A Modimo a tswelele go tshegofatsa naga ya Aforika Borwa le go boloka setšhaba sa yona.

Ke a leboga.

Share this page

Similar categories to explore