Pegelo ya Kopano ya Kabinete e e Tshwerweng ka Laboraro, 30 Ngwanaitseele 2022

A. Merero ya ga Jaanong

1. Dipatlisiso tsa Kgweditharo tsa Dipalopalo tsa Badiri (QLFS)

1.1. Kabinete e itumedisitswe ke dipalopalo tsa naga ya Aforika Borwa tsa Dipatlisiso tsa Kgweditharo tsa Dipalopalo tsa Badiri (QLFS) tse di dirilweng ke ba Setheo sa Dipatlisiso tsa Dipalopalo sa Aforika Borwa (StatsSA) mo kotareng ya boraro ya ngwaga wa 2022, mme tsona di bontsha gore batho ba le 204 000 ba iponetse ditiro mo kotareng ya bobedi le ya boraro ya ngwaga wa 2022. 

1.2. Dipatlisiso tseno gape di bontsha gore palo ya batho botlhe ba ba iponetseng ditiro mo kotareng ya boraro ya ngwaga wa 2022 e ne e tsamaela mo go ba le dimilione di le 15,8. 

1.3. Seno se raya gore palo ya semmuso ya batho ba ba senang ditiro e wetse kwa tlase ka phesente e le nngwe go tloga mo go ba ba ka dirang diphesente di le 33,9% mo kotareng ya bobedi mme ga jaanong e mo go di le 32,9% mo kotareng ya boraro ya ngwaga wa 2022.Go ya gape le ka tlhaoloso ya dipalo tsotlhe tsa batho ba ba tlhokang ditiro palo ya batho ba ba senang ditiro e fokotsegile gape le ka phesente e le nngwe mme jaanong e mo go diphesente di le 43,1% mo kotareng ya boraro ya ngwaga wa 2022 mme e botoka fa e bapisiwa le eo botlhokatiro bo neng bo le mo go bona mo kotareng ya bobedi ya ngwaga wa 2022. Le fa tota go tokafala ga maemo ano go bonagala e kete ga go gokalo go go fetogileng, se sno se bonagalang ke gore maano a go leka go oketsa dipalo tsa batho ba ba nang le ditiro a setse a simolotse go re tswela molemo. 

1.4. Ditiro tse re nnileng le tsona bontsi jwa tsona bo tlhageletse mo lephateng la tlhagisong ya dikuno (moo go dirilweng ditiro di le 123 000), mme lona la latelwa ke la kgwebisano (moo go dirilweng ditiro di le 82 000), la dikoterana tsa kago (moo go dirilweng ditiro di le 46 000), la dipalangwa (moo go dirilweng ditiro di le 33 000),mmogo le mo lephateng la ditiro tsa mo metseng le la tlhokomelo ya baagi (moo go dirilweng ditiro di le 27 000). Kabinete e ikuetse mo baaging gore ba se tšhe legano fa go tla mo kemonokeng ya Leano la Itharabologelo le Kagosešwa ya Ikonomi (ERRP) go dira bonnete jwa gore re le naga ga re tšhwe mafoko fa go tla mo go godiseng ikonomi le mo go tlholeng ditiro tse di tlhokagala. 

1.5. Kabinete e itse sentle gore naga ya rona e santse e saletse morago mo dilong di le dintsi bogolosegolo mo tirong ya go rarabolola bothata jwa botlhokatiro. 

2. Leeto la Moporesitente go Etela ka Mabaka a Tiro Naga ya United Kingdom kwa Great Britain le kwa Northern Ireland (UK)

2.1. Kabinete e itumedisiwa ke Leeto la maemo a a kwa godimo la Moporesitente go Etela ka Mabaka a Tiro Naga ya UK go simolola ka la bo 22 go fitlha ka la bo 23 Ngwanaitseele 2022. Motlotlegi Moporesitente Cyril Ramaphosa ke ene wa ntlhantlha mo lefatsheng jaaka tlhogo ya puso go amogelwa ke Bogosi jwa naga ya Britain fa e sale bo okanngwa ke Motlotlegi Kgosi Charles III, fa e sale a namela setilo sa bogosi ka kgwedi ya Lwetse 2022. 

2.2. Leeto la Moporesitente go Etela ka Mabaka a Tiro Naga ya Bogosi ke tlotla e e seng kana ka sepe mo nageng jaaka e thusa gore botsalano jwa naga eo le jwa UK bo tswelele go gola e bile gape seno ke sesupo sa ka fao UK e tsayang botsalano jwa yona le naga e e rileng jaaka jo bo botlhokwa ka gona.

2.3. Leeto la Moporesitente go Etela ka Mabaka a Tiro Naga eno, e leng se se gagamatsang botsalano jo bogolo magareng ga naga ya Aforika Borwa le ya UK, le dirile gore go thankgololwe kgato e e tla latelang ya tirisanommogo mo mererong ya mafaratlhatlha magareng ga UK le Aforika Borwa. Mo tirisanongmmogo eno Aforika Borwa e tla enngwa nokeng mo kgodisong ya mafaratlhatlha a ikonomi ya ona mmogo le go dira gore ditlamo tsa naga ya UK di tsenye letsogo mo diporojekeng tsa boleng jwa madi a le kana ka £5.37 bilione mo dingwageng di le tharo tse di tlang. 

2.4. Mosola wa leeto leno ke go godisa kgwebisano le dipeeletso magareng ga dinaga ka bobedi, mmogo le go godisa maraka mo nageng ya Britain o Aforika Borwa e o rekisetsang ditlhagisiwa tsa yona. Mo Foramong ya Beng ba Dikgwebo ba Naga ya UK le ya Aforika Borwa, babeeletsi ba naga ya UK bao ba neng ba dira boikano jwa gore ba tla tswelela go dirisana le naga ya Aforika Borwa ba ne ba bontshiwa ditšhono tse dintsinyana tseo dikgwebo tsa bona di ka beeletsang mo go tsona.

2.5. Naga ya Aforika Borwa le ya UK di saenile gape le Tokomane ya Tirisanommogo mabapi le go Dirisana Mmogo mo Mererong ya Saense le ya Boitlhamedi mmogo le go Dirisana Mmogo le mo Mererong ya Boitekanelo mo go tla tsepamiswang mogopolo mo go direng meento, go abelana ka tshedimosetso ya matshwao a bolwetse mmogo le go dirisana le ka merero ya maemo a loapi. 

2.6. Tse dingwe tsa dilo tse di tlhageletseng mo leetong leno ke go totobatsa gore dinaga tseno di tla dirisana mo mafaratlhatlheng, mo dithekenolojing tse di sa kgotlheleng tikologo mmogo le mo metsweding ya motlakase o o fetlhiwang ka ditsela tse dintšhwa o o sa kgotlheleng tikologo. Ditšhono tseno tsotlhe di na le bokgoni jwa gore di ka bulela kgwebisano ka fa nageng, dipeeletso mmogo le go oketsa tlholego ya ditiro. 

3. Lefelo la Teropo ya Tshwane la Ikonomi e e Itlhophileng e e Itshetlegileng mo Dijanageng (TASEZ)

3.1. Kabinete e itumedisitswe ke dikgato tsa Ford Motor Company of South Africa (FMCSA) tsa go tlhagisa sejanaga sa Ford Ranger, mo re boneng go diriwa dipeeletso tsa matlole a le kanaka R15.8 bilione. 

3.2. Seno se dirile gore ditlamo tsotlhe di le 10 tsa go aga dikarolo tsa dijanaga tse di leng mo lefelong leno la TASEZ di tsene tirong semmuso ka botlalo. Dipeeletso tse di dirilweng ke ditlamo tseno tsa go aga dikarolo tsa dijanaga di ne tsa fitlha go R3.62 bilione mme ga tlhodiwa ditiro di le 1 259 tsa letsatsi le letsatsi tseo di unngwetseng bašwa ba le kanaka 76% le basadi ba le kanaka 32%. 

3.3. Lefelo la TASEZ le tlhomilwe ka maitlhomo a gore e nne lefelo le le tlhagisang dijanaga tse di agiwang go dira tiro e e rileng mme maitlhomo e ne e le go tlhola ditiro mmogo le go thusa gore dikgwebopotlana, tse dikgolwane le tse dikgolo di nne le seabe mo ikonoming ya kgaolo eo. La ntlha fa sejanaga seno se ne se agiwa maitlhomo e ne e le go oketsa mafaratlhatlha le bokgoni mo setlamong sa FMCSA ka go dira gore naga ya Aforika Borwa e nne e nngwe ya mafelo a le mararo fela mo lefatsheng a a tlhagisang Ford Ranger e ntšhwa. 

4. Khonferense e e Buang ka Thekenoloji ya Naga le Bokgoni jwa Kamoso 

4.1. Kabinete e itumedisitswe ke Khonferense e e Buang ka Thekenoloji ya Naga le Bokgoni jwa Kamoso e e neng e tshwaretswe kwa Umhlanga, KwaZulu-Natal go tloga ka la bo 22 go fitlha ka la bo 23 Ngwanaitseele 2022, eo maitlhomo a yona e leng go matlafatsa dikgato tse naga ya rona e gatetseng pele mo go tsona mo mererong e e buang ka thekenoloji le bokgoni jwa kamoso. 

4.2. Gareng ga dilo tse dingwe tse dintsi, maitlhomo a Khonferense eno, e e neng e tshwerwe ke Lefapha la Ditlhaeletsano le Thekenoloji ya Dijithale (DCDT) ka tirisanommogo le Deutsche Gesellschaft für Internationale Zusammenarbeit (GIZ), e ne e le go matlafatsa tirisanommogo mo mererong e e buang ka thekenoloji le bokgoni jwa kamoso mo nageng ya Aforika Borwa, go dira gore batho ba nne le phisegelo ya go dira ka thekenoloji le bokgoni jwa kamoso mmogo le go tlhotlhomisa ditšhono tsa katiso ya tlhatlhelelo ka bokgoni jwa go dirisa didirisiwa tsa thekenoloji tse bašwa ba nang le tsona tse di tlhagisiwang ka ntlha ya Diintaseteri tsa Thekenoloji. 

4.3. Mo khonferenseng eno go dumelanwe gore puso, dikgwebo, mekgatlho ya baagi, mekgatlho ya lefatshe e e samaganang le merero ya tlhabologo mmogo le mekgatlho ya bašwa e tla nna bona ba ba isang naga eno pele mo lefatsheng la thekenoloji. 

5. Lefelo le Lentšhwa la kwa Porofenseng ya Limpopo la go Tlhokomela Basadi ba ba Bogisiwang

5.1. Kabinete e itumedisitswe ke go bulwa ga Lefelo la go Tlhokomela Basadi ba ba Bogisiwang kwa Bookelong jwa Dilokong mo Motseng wa Dilokong, kwa porofenseng ya Limpopo ka Labobedi, 22 Ngwanaitseele 2022. Lefelo leno la ditirelontsi le ema nokeng basadi ba ba bogisiwang le ba ba sutlhileng leso ka mosobana wa nalete (GBVF) mmogo le bao ba kileng ba betelelwa. 

5.2. Lefelo leno ke la bo 62 la mafelo a mofuta ono a a butsweng naga ka bophara mme le go bontsha gore puso e diragatsa seo e se solofeditseng ka ngwaga wa 2018 kwa Samiting ya Moporesitente e e ka ga go Nna Kgatlhanong le GBVF mo e solofeditseng gore e tla aga mafelo a mangwe a mantsinyana a mothale ono.

6. Pegelo ya Tiro Yotlhe ya Morunikakaretso ya Ngwaga wa 2021/22 

6.1. Kabinete e itumedisitswe ke dipoelo tsa ngwaga wa 2021/22 tsa tiro ya moruni mo go lekoleng gore Molao wa Botsamaisi jwa Madi a Puso (PFMA) o a obamelwa, mme dipoelo tseno di phasaladitswe ke Morunimogolo wa naga ya rona e bong Mme Tsakani Maluleke ka Laboraro, 23 Ngwanaitseele 2022 ka molaetsamogolo yo o reng: “Go itlwaetsa go dira tiro ka maikarabelo go tla thusa gore kabo ya ditirelo mo setšhabeng e tokafale”.

6.2. Kabinete e etse tlhoko gore go ya ka dipoelo tsa tiro ya boruni go ditheo tsa puso ya naga le tsa diporofense tse di itsotsoropang mme le fa go le jalo, e santse e tshwenngwa ke gorego dikarolo tsa kabo ya ditirelo tse di botlhokwa tse di tswelelang go goga maoto.

6.3. Go ya ka tiro ya boruni jwa mafapha a le 160, go bonagetse gore a le 47 a itsotsoropile mo go tokafatseng maemo a ona fa a le 12 a boetse morago. Go fela jalo le ka tiro ya boruni jwa dikgwebo tsa puso di le 238, mo go bonagetse gore a le 67 a itsotsoropile mo go tokafatseng maemo a ona fa a le 34 a boetse morago.

6.4. Kabinete e amogetse boikano jo bo dirilweng ke puso jwa gore e tla tsaya dikgato go baakanya matsapa a a dirang gore maphata a puso a se nne le dipholo tse di itumedisang tsa boruni mme e tla fedisa matsapa ano gore dipholo tsa ona tsa boruni e nne tse di itumedisang.

7. Letsholo la Pabalesego mo Pakeng ya Dikeresemose

7.1. Mo malobanyaneng puso e thankgolotse Letsholo la Pabalesego mo Pakeng ya Dikeresemose la ngwaga wa 2022 ka molaetsamogolo yo o reng: “Go oketsa palo ya mapodisi go dira gore tirelo ya mapodisi e bonagale.”

7.2. Go dira gore baagi botlhe mmogo le bajanala ba se belaele le gore ba babalesege ka fa nageng ya rona mo pakeng ya dikeresemose le fa di setse di fetile, re tla dira gore tirelo ya mapodisi e bonagale ka go gagamatsa matsholo a go lwantshana le bosenyi ka go dirisana le maphata a sepodisi le a twantsho ya bosenyi mo a tla gogwang kwa pele ke Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) le ditheo tse dingwe tsa twantsho ya bosenyi. Kabinete e ikueala mo baaging botlhe go dirisana le mapodisi go dira gore metse ya rona e babalesege. 

7.3. Jaaka mo mebileng ya naga ya rona pharakano e simolola go susumoga, botlhe ba ba dirisang mebila go ikuelwa mo go bona gore ba ntshe matlho dinameng, mmogo le go obamela melao le melawana ya tsela e e jaaka go se siane ka lebelo le le fetang leo ba le kwadileng mo mmileng oo. Go se itshiele fa o kganna, go apara lepanta fa o le ka fa sejanageng, go bula sekgala se se lekaneng fa pele ga sejanaga se o se setseng morago mmogo le go ikhutsa morago ga diura tse dingwe le tse dingwe di le tharo mo lefelong le o itseng gore le bolokesegile gore o goge mowa fa e le gore o a kganna. Ela tlhoko badirisi ba bangwe ba ditsela gore lotlhe le goroge koo le yang le babalesegile. 

7.4. Kabinete e ikuela mo bathong botlhe go ntsha matlho dinameng mo pakeng eno ya dikeresemose go dira bonnete jwa gore bona le batho ba bangwe ba babalesegile, segolobogolo bana ba ba tlhokang go tlhokomelwa ka leitlho le le ntšhotšho. Ka go ntsha matlho dinameng le go nna le maikarabelo, re ka kgona go dira gore rona le balelapa le masika mmogo le ditsala re nne le mekete e e monate.

8. Samiti ya Aforika Borwa e e ka ga Leokwane la Gase le le sa Kgotlheleng Tikologo (SAGHS)

8.1. Kabinete e itumedisiwa ke ka fao go garetsweng ka katlego mokete wa SAGHS 2022 o o neng o tshwaretswe kwa Motsekapa ka la bo 28 le la bo 30 Ngwanaitseele 2022, o o dirileng gore naga ya rona e itlhagise jaaka lefelo le le ka kgonang go nna lefelo la maemo a a kwa godimo mo lefatsheng la tlhagiso ya leokwane la gase le le sa kgotlheleng tikologo.

8.2. Mo go direng gore naga ya rona e nne le matshwanedi a go nna le lekala le le dirang bontle la leokwane la gase le le sa kgotlheleng tikologo, puso e kwadile Leano la Naga ya Aforika Borwa la Merero ya Leokwane la Gase e leng le le buang ka maikemisetso a naga mo motlakaseng wa go fetlhiwa ka ditsela tse dintšhwa mmogo le mo polatinamong, e leng yona e e botlhokwa mo thulaganyong ya motlakase wa leokwane la gase, e leng seo se tla bayang naga ya Aforika Borwa mo maemong a a kwa godimo mo go gogeng kwa pele maraka o montšhwa ono. 

8.3. Ikonomi ya tshomarelo ya tlhago ke enngwe ya ditiro tse re samaganeng le tsona mo Leanong la Itharabologelo le Kagosešwa ya Ikonomi (ERRP) mo re samaganang le go ribolola ditsela tse dintšhwa tsa go godisa ikonomi ya naga rona tse go nang le kgonagalo ya gore di ka fetola ikonomi ya naga ya rona le go tlhola ditiro tse dintšhwa.

9. Go Thankgololwa ga Setheo sa Naga ya Aforika Borwa sa Dithekenoloji tsa Maemo a a kwa Godimo tse di Dirang Ditiro tse di Diriwang ke Batho

9.1. Kabinete e itumedisitswe ke tirisanommogo e e nnileng teng magareng ga DCDT, Tshwane University of Technology mmogo le University of Johannesburg e leng se se dirileng gore go thankgololwe Setheo sa Naga ya Aforika Borwa sa AI kwa Johannesburg Business Schoo ka Laboraro, 30 Ngwanaitseele 2022. 

9.2. Sekolo seno se se tshwanang se le esi se tlisa diphetogo tse dintšhwa ka fa nageng ya Aforika Borwa ka maitlhomo a go tlhabolola thekenoloji. Se tla dira gore ikonomi e gole, sa samagana le matsapa a botlhokatiro mmogo le go tlisa dilo tse dintle mo baaging. Setheo seno sa AI se tla godisa dithuto tsa go betla diroboto le tsa dipuo tsa go naya didirisiwa tsa thekenoloji ditaelo tse ga jaana e leng dithuto tse di rebolelwang baithuti mo dikolong tsa ka fa nageng.

9.3. Maitlhomo a setheo seno ke go dira bonnete jwa gore puso le ditheo tsa thuto e kgolwane mmogo le diintaseteri botlhe ba tshwaraganela tiro e le seoposengwe gore botlhe ba dirise kitso e ba nang le yona, bokgoni le maitemogelo gore go tliwe ka ditharabololo tse di tsamaisanang tsa matsapa a magolo le a e leng kgale a le teng a naga ya Aforika Borwa le kontinente ya Aforika di tobaneng le ona mmogo le go dira gore kontinente eno e gatele pele.

9.4. Dikgato tsa puso tsa go tsepamisa mogopolo mo bokgoning jwa go dirisa didirisiwa tsa thekenoloji di tsenyeletsa gape le maitlhomo a go tshegetsa bašwa le go tlotlomatsa bokgoni jwa bona, mmogo le dikgwebopotlana le tse dikgolwane, segolobogolo tse e leng gona di simolola, go di rotloetsa gore ba dirise didirisiwa tsa thekenoloji go tlhagisa seo ba se dirang.

B. Ditshwetso tsa Kabinete

1. Pegelo ya Dipatlisiso mabapi le Madi a a Dirisiwang mo Mererong ya Bana le Batho ba ba Tshelang ka Bogolofadi ka fa Nageng ya Aforika Borwa

1.1. Kabinete e atlhaatlhile mmogo le go nesetsa pula Pegelo ya Dipatlisiso e e Tlhagisitsweng ke Lefapha la Merero ya Basadi, Bašwa le Batho ba ba Tshelang ka Bogolofadi (DWYPD), mo le neng le dirisana mmogo le Letsholo la Dinagakopano la Merero ya Ditlhabologo (UNDP). Dipatlisiso tseno di neelana ka tshedimosetso e e buang gore lelapa le dirisa madi a le kanakang go tlhokomela bana ba ba nang le bogolofadi mmogo le batho ba bagolo ba ba nang le bogolofadi. 

1.2. Tshedimosetso e e tswang mo dipatlisisong tseno e neelana ka bopaki jwa madi a a dirisiwang, jo gareng ga tse dingwe tse dintsi bo tla dirisiwang go thusa go tla ka palo e e tlhokagalang ya megolo ya go thusa batho ba ba nang le bogolofadi. Pegelo eno e akgola gape le dipatlisiso tse di dirilweng ke UNDP mo ngwageng wa 2013 le wa 2015 tse di neng di sekaseka ka fao malapa a a nang le batho ba ba nang le bogolofadi a kakatletseng ka gona mo nageng ya Aforika Borwa fa go tla mo mererong ya matlole. Pegelo eno e tla phasaladiwa morago ga gore e gatisiwe mo lekwalong la melao ya puso.

2. Tshekatsheko e e Potlakileng ye e ka ga go Tsenya Tirisong Pholisi ya Puso e e Buang ka go Tsaya Letlhakore fa go Rebolelwa Basadi, Bašwa le Batho ba ba Nang le Bogolofadi Dithendara tsa Puso

2.1. Kabinete e reboletswe pegelo e e sekasekang fa e le gore mafapha a puso ya naga le ya porofense a ikobela ditaolelo tsa pholisi ya puso e e buang ka go tsaya letlhakore fa go rebolelwa dikgwebo tse di laolwang ke basadi, bašwa le batho ba ba nang le bogolofadi dithendara tsa puso. Tiro eno ya go sekaseka mafapha ano e simolotse mo ngwageng wa 2018 mme ya garela mo ngwageng wa 2021.

2.2. Tshedimosetso eno e tserwe mo Sefalaneng sa Tshedimosetso ya Baabi ba Ditirelo mo Ditheong tsa Puso (CSD) seo se laolwang ke Lefapha la Matlotlo a Naga mmogo le mo mafapheng ao a arabileng dipotso tseo di neng di rometswe mo go ona mabapi le ntlha eo.

2.3. Kabinete e neseditse pula dikgato tsotlhe tse di tshitshintsweng tse di tla dirang gore puso e obamele taolelo e e reng e tshwanetse go neela bontsi jo bo ka dirang diphesente di le 40 tsa dithendara go dikgwebo bogolosegolo tsa basadi. Tse dingwe tsa dikgato tse di tshitshintsweng ke tsa go tlhabolola CSD, go katisa batlhankedi ba ba rwalang maikarabelo mmogo le Batlhankedi ba ba Rweleng Maikarabelo a Tiriso ya Matlole a Puso le Theko ya Dithoto le Ditirelo mo Pusong mo mafapheng a puso mmogo le go ba tlhaba botlhale. Pegelo e e feletseng e tla phasaladiwa mo webesaeteng ya lefapha ya: www.dwypd.gov.za 

3. Leano la go Diragatsa Matsholo a Ngwagasome a Saense le Thekenoloji (Leano la Ngwagasome la STI)

3.1. Kabinete e neseditse pula Leano la Ngwagasome la STI, le le dirisiwang jaaka tokomane e e thusitseng go kwala Sekwalwa sa Masupatsela sa 2019 sa STI. Kabinete ka Mopitlwe 2021 e ne ya nesetsa pula sekwalwa sa ntlha se se santseng se tlhoka gore se sekasekwe sa leano leno mme go tloga mo motsing oo le ne la fetisiwa le mo matlhong a bannaleseabe ba ba matshwanedi gore ba konopele tlhware logong.

3.2. Leano leno le na le dikarolo di le tlhano tse go tshwanetsweng go tsepamisiwa mogopolo mo go tsona: (1) go dira gore lephata la temothuo, la tlhagisodikuno le la moepo le tsamaisane le dinako tsa segompieno; (2) go sola mosola metswedi e mentšhwa ya kgodiso ya ikonomi, segolobogolo ya didirisiwa tsa thekenoloji le ya go dirisa didirisiwa tse di neng di latlhilwe; (3) matsholo a magolo a dipatlisiso le a boitlhamedi mo maphateng a maokelo le a metlakase; (4) Go sola mosola STI gore e kgone go dira gore re nne le puso e e dirang ka botswapelo mme ya bo (5) e ka ga go samagana le dikgwetlho di le tharo tse dikgolo mo setšhabeng e leng, ya go fetoga ga maemo a loapi le go somarela tikologo, bokamoso jwa thuto, tlhatlhelelo ka bokgoni le ka kitso ya tiro, mmogo le isago ya setšhaba.

3.3. Leano la ntlhantlha la go Diragatsa Matsholo a Ngwagasome a Saense le Thekenoloji go tloga ka ngwaga wa 2008 go fitlha ka wa 2018, mmogo le Leano la Naga la Dipatlisiso le la Tlhabololo la ngwaga wa 2002, ke ona a a dirisitsweng gore go tsweng mo go ona go tlhodiwe Leano le re nang le lona ga jaana la go Diragatsa Matsholo a Ngwagasome a Saense le Thekenoloji. Maano ano a godisa dikgato tsa puso tsa go tlisa boitlhamedi mo nageng ya Aforika Borwa. Tokomane eno e tla phasaladiwa mo webesaeteng ya Lefapha la Saense le Boitshimololedi ya: www.dst.gov.za

4. Leano la Naga la go Sekaseka Matshosetsi a a Leng Teng Mabapi le Dikgato tsa go Lwantshana le Ditiragalo tsa go Tlhatswa Tšhelete ya Bogodu, go Lwantshana le Ditiragalo tsa go Tlamela Digongwana tsa Menolopuso ka Madi mmogo le go Lwantshana le Ditiragalo tsa go Tlamela Digongwana tsa go Reka Dilwana le Didiriswa tsa Maaka tse di Rekisiwang (AML/CFT/CPF)

4.1. Kabinete e neseditse pula Leano la Naga la AML/CFT/CPF mmogo le Dikgato tsa go Sekaseka Matshosetsi a a Leng Teng ka fa nageng. Leano leno le kwadilwe go latela gore go kwadiwe dikgato tsa tshekatsheko ya matshosetsi tse di kwadilweng ke ditheo tsotlhe tse di amegang tsa pabalesego le tsa matlole.

4.2. Go tsenya tirisong leano leno – le le nang le dipeelo di le tharo tsa maemo a a kwa godimo a a tla samaganang le maano a le 13 a ditharabololo – gareng ga ba bangwe ba bantsi go tla tlhokagala thuso ya ditheo tsa molao, tsa go lwantshana le bosenyi, ditheo tsa matlole le tseo e seng tsa matlole mmogo le batlhankedi ba ba direlang makala a poraefete.

4.3. Go tsenngwatirisong ga leano leno go tla thusa naga gore e kgone go gagamatsa dithulaganyo tsa yona tsa matlole gore e kgone go ema nokeng dikgato tsa yona tsa go thusa go godisa ikonomi ka go fokotsa bontsi jwa ditiragalo tsa bosenyi tse di amanang le tiriso ya madi. Leano leno gape le samagana le tse dingwe tsa ditshitshinyo di le 40 tse di tshitshintsweng morago ga gore naga ya Aforika Borwa e sekasekiwe ke Sepodisi sa Ditirelo tsa Matlole, e leng mokgatlho o o dirilweng ke ditheo tse di farologaneng tsa puso tse di kwalang dipholisi tse maitlhomo a tsona e leng go lwantshana le ditiragalo tsa tlamelo ya digongwana tsa menolopuso ka ditšhelete mmogo le go lwantshana le ditiragalo tsa go tlhatswa tšhelete ya bogodu. Dipegelo tse di sosobanngweng ka bobedi jwa tsona tseno di tla phalsaladiwa mo webesaeteng ya Lefapha Lefapha la Matlotlo a Naga ya: www.treasury.gov.za.

5. Leano la go Rekisa Leokwane la Gase le le sa Kgotlheleng Tikologo (GHCS)

5.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa GHCS gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga lona. Maitlhomo a leano leno ke go dira bonnete jwa gore naga e sola mosola ditšhono tse di tlisiwang ke diintaseteri tse di dirisang motlakase o o sa kgotlheleng tikologo. 
5.2. GHCS e tla dira bonnete jwa gore naga ya Aforika Borwa e nna yona e e gogang kwa pele tlhagiso le thekiso ya leokwane la gase le le sa kgotlheleng tikologo. E tla thusa go godisa ikonomi ya naga ya rona mmogo le go ema nokeng dikgato tsa naga tsa go fetola metlakase eo e e dirisang gore e kgone go gokotsa mesi e e kuelelang e e kgotlhelang tikologo.
5.3. Naga ya Aforika Borwa ga e a bolo go tlhoma Leano le le Buang ka Leokwane la Gase le le sa Kgotlheleng Tikologo le Kabinete e le neseditseng pula mo ngwageng wa 2021. Maraka o o leng teng ga jaana o o goletseng ruri wa leokwane la gase le le sa kgotlheleng tikologo o tla neela naga ya Aforika Borwa ditšhono tse di seng kana ka sepe. 

6. Leano la Puso la go Samagana le Ditiragalo tsa go Isana kwa Kgotlatshekelo la go Tloga ka Ngwaga wa 2021 go Fitlha ka wa 2026 

6.1. Kabinete e neseditse pula Leano la Puso la go Samagana le Ditiragalo tsa go Isana kwa Kgotlatshekelo la go Tloga ka Ngwaga wa 2021 go Fitlha ka wa 2026. Maitlhomo a leano leno ke go fetola lephata la tsa melao ka mokgwa o o rulaganngweng. Leano leno le laela maphata a puso gore a tshwanetse go rebola jang dithendara tse di mabapi le ditirelo tsa molao go di neela ditlamo tsa babueledi; ka fao puso e tla laolang madi a a dirisiwang fa e ya kgotlatshekelo; ka fao go ka tlhokomelwang bannaleseabe; go letlelela gore dithulaganyo le thekenoloji di dirisiwe ka bontsi jo bo kgonagalang. 

6.2. Leano leno le samagana gape le go tlhatlhelela batho ka bokgoni jwa go diragatsa tiro ya go tlhatlhelela batho ba bangwe. Le tla thusa ditheo tsotlhe tsa puso mo ditirelong tsa puso tsa go isana kwa kgotlatshekelo.

6.3. Kabinete e neseditse pula pula gape le dipholisi tse dingwe gape di le pedi tse di tshegetsang tiro ya go tsenya tirisong leano leno. Pholisi e e Buang ka go Loma Tsebe le go Rebolela Thendara ya Tiro ya go Isana kwa Kgotlatshekelo Dikgetse tsa Puso e tla dira gore tiro e ntshiwe ntle le go tsaya letlhakore mmogo le go dira gore go nne le diphetogo mo tirong e e neelwang ditlamo tsa molao e go sa kgonagaleng gore e ka diriwa ke kantoro ya molao ya setheo seo sa puso. Pholisi e e buang ka go Tshwarisa, go Lwantshana le Ditatofatso le go Ganetsana le Ditatofatso kwa Kgotlatshekelo e tla tlhalosa ka botlalo dikgato tse lefapha le le ntshitseng thendara le tshwanetseng go di tsaya mmogo le Kantoro ya Motlhankedimogolo wa Molao mo Pusong.

6.4. Dipholisi ka bobedi jwa tsona – mmogo le dipholisi tse dingwe tse di neseditsweng pula ke Kabinete ka Ngwanaitseele 2021 mmogo le Molao wa Lekala la Ditirelo tsa Molao – di tla ema nokeng tiro ya go tsenya tirisong leano leno. Ditokomane tseno di tla dira bonnete jwa gore go nna le phetogo e e utlwagalang mo go rarabololeng matsapa a lekala la ditirelo tsa molao go dira gore go nne le kgolo e e utlwagalang mo ikonoming ka ntlha ya dikgetse tsa Puso tsa go isana kwa kgotlatshekelo.

7. Pholisi ya go Tlhokomela Maikarabelo a Dikgetse tsa go Isana le Puso kwa Kgotlatshekelo 

7.1. Kabinete e neseditse pula Pholisi ya go Tlhokomela Maikarabelo a Dikgetse tsa go Isana le Puso kwa Kgotlatshekelo, e leng yona e e tlhagisang ditharabololo tse di ka dirisiwang mo go tlhokomeleng maikarabelo a dikgetse tsa go isana le puso kwa kgotlatshekelo. E tlhagisa gore go tshwanetswe go tlhomiwe sefalanatshedimoso se segolo se le sengwe se se tla dirisiwang ke botlhe mmogo le ditsela tsa go abelana ka tshedimosetso mo go sona sefalana seno ya gore ke eng se se setseng se dirilwe mabapi le kgetse e nngwe le e nngwe e e sekiwang.

7.2. Pholisi eno e letlelela gore go nne le dikgato tse di ka latelwang gore go tswalelwe kgetse e e santseng e butswe mme go se ko e yang teng ka ntlha ya dikgato tse di senang bokao jo bo utlwagalang jwa tlhokomelo ya maikarabelo. 

C. Melaotlhomo

1. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Naga wa Merero ya Metshameko le Boitapoloso wa Ngwaga wa 2022

1.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Naga wa Merero ya Metshameko le Boitapoloso wa Ngwaga wa 2022 gore o ye go sekasekiwa ka tsenelelo. Molaotlhomo yono o kwalola sešwa Molao wa Naga wa Merero ya Metshameko le Boitapoloso wa Ngwaga wa 1998 (Molao wa bo 110 wa 1998). 

1.2. Molaotlhomo yono o kwalola sešwa dikarolo tse dingwe tsa ditlhaloso tsa molao ono mme gareng ga tse dingwe tsa ditsereganyo tse o di tlhagisang, o tshitshinya gore go tlhomiwe Lekgotla la go Sekela Dikgetse tse di Amanang le Merero ya Metshameko tse di leng teng magareng ga ditheo tsa metshameko le tsa boitapoloso. O tlhagisa thulaganyo e e tshwanetsweng go latelwa fa go tshwanetswe go tsewe karolo mo metshamekong e e tla tshamekiwang mo maemong a boditšhabatšhaba. Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tseno di neala gape Tona ya Metshameko, Botsweretshi le Setso maatla a go ka kwala melawanataolo e e tla emelelang batho ba ba palelwang ke go ikemelela gore le bona ba kgone go nna le seabe mo metshamekong le go sirelediwa gore ba se batliwe dikobo kgotsa go jewa ntshu.

2. Molaotlhomo wa Lekgotlakgaso la Aforika Borwa (SABC) wa Ngwaga wa 2022

2.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Molaotlhomo wa SABC wa Ngwaga wa 2022 gore o ye go sekasekiwa. Molaotlhomo yono o ne wa phasaladiwa ka kgwedi ya Seetebosigo mo ngwageng wa 2021 gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga ona. Fa molaotlhomo yono o sena go amogelwa ke Palamente gore jaanong e ka nne ya nna molao, molaotlhomo yono o tla tsena mo legatong la Molao wa Kgaso wa Ngwaga wa 1999 (Molao wa bo 4 wa 1999) yo o dirisiwang ga jaanong go nna ona molao wa komang ka nna. 

2.2. Gareng ga tse dingwe Molaotlhomo yono o tshitshinya gore palo ya batlhankedi ba Maloko ao e Seng a Khuduthamaga mo Botong e fokodiwe go tloga mo go ba le 12 gore e nne ba le 11 mmogo le go fokotsa palo ya batlhankedi ba Maloko a Khuduthamaga mo Botong go tloga mo go ba le bararo gore e nne ba le babedi. Molaotlhomo yono o kwalolotse le dikarolo tse di mabapi le ka fao sebopego se se busang SABC se tshwanetsweng go rulaganngwa ka teng mmogo le ka fao se tshwanetsweng go tlamelwa matlole ka gone.

3. Molaotlhomo wa Ngwaga wa 2022 wa go Phimola Molao wa Puso ya Transkei wa go Tlhaolwa Kgomo

3.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Molaotlhomo wa Ngwaga wa 2022 wa go Phimola Molao wa Puso ya Transkei wa go Tlhaolwa Kgomo gore o ye go sekasekiwa ka tsenelelo. Molaotlhomo yono o phimola Molao wa Puso ya Transkei wa go Tlhaolwa Kgomo wa Ngwaga wa 1983 (Molao wa bo 9 wa 1983) yo o neng wa dira gore molao wa botlhokotsebe e nne selo se se tshelang mo pusong ya mo malobeng ya Transkei (e ga jaanong e itseweng ka gore ke porofense ya Kapa Botlhaba). 

3.2. Molaotlhomoyo o tshitshinngwang ono o letla gore molao yo o dirisiwang ke dikgotlatshekolo ga jaana e nne ona o tsenang mo legatong la melao e e neng e dirisiwa ke puso ya mo malobeng ya Transkei gore e tsamaisane le dikgotlatshekelo tsa naga go dira gore re nne seoposengwe. 

3.3. Molao wa Puso ya Transkei wa go Tlhaolwa Kgomo o thulana le molao yo o dirisiwang ga jaaka ka fa nageng go samagana le botlhokotsebe mo dikarolong tse di farologaneng ka fa nageng jaaka o laola selo se le sengwe se se tshwanang le seo molao yono o se laolang. Go fedisiwa ga molao yono go tla dira gore melao ya puso ya tlhaolele e e santseng e le teng le gompieno mo mafelo a mo malobeng a neng a bediwa Puso ya Transkei e fedisiwe mme go fetolwe ditsela tsa go samagana le melato e go neng go samaganwa le yona ka molao yono.

4. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Bosomeleborobedi wa Ngwaga wa 2022 wa go Kwalola Sešwa Molaotheo

4.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Bosomeleborobedi wa Ngwaga wa 2022 wa go Kwalola Sešwa Molaotheo gore o ye go sekasekiwa ka tsenelelo. Molaotlhomo yono o kwalola sešwa Karolo ya bo 6 ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996 go dira gore Puo ya Diatla ya Naga ya Aforika Borwa gore go nne mo molaong semmuso gore le yona ke e nngwe ya dipuo tsa naga.

4.2. Mo kgweding ya Motsheganong monongwaga wa 2022 Kabinete e ne ya nesetsa pula dikgato tsa go phasalatsa le tsa go tsibosa setšhaba ka Molaotlhomo yono, mme bobedi ditiragalo tseno di ne tsa gatisiwa mo lekwalong la go gatisa Melao ya puso mo kgweding ya Phukwi gona monongwagwa wa 2022.

5. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Botlhokotsebe (wa go Lwantshana le Ditiro tsa Petelelo le Melato ya Mothale oo) wa Ngwaga wa 2022

5.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Molaotlhomo yono gore setšhaba se ntshe se se mo mafatlheng a sona ka ga ona. Molaotlhomo yono o phimola Molao wa Ditlolo tsa Molao wa Thobalano (o mo pusong ya tlhaolele o neng o bediwa gore ke Molao wa Maitshwaro a a Tswileng mo Tseleng) wa Ngwaga wa 1957 (Molao wa bo 23 wa 1957). Molaotlhomo yono o kwalola sešwa gape le Molao o o Kwalolotsweng Sešwa wa Ditiro tsa Botlhokotsebe (wa go Lwantshana le Ditiro tsa Petelelo le Melato ya Mothale oo) wa Ngwaga wa 2007 (Molao wa bo 32 wa 2007) ka go dira gore fa batho ba bagolo ba rekisetsana ditiro tsa thobalano tiro eo e se nne tlolo ya molao.

5.2. Ditshitshinyo tse di leng mo Molaotlhomong yono di samagana le lenaane la dintlha tse di tshitshintsweng mo Kgaolong ya boraro ya Leano la Naga la go Loga Maano mo Mererong ya go Lwantshana le go Bogisiwa le go Bolawa ga Basadi (GBVF) (kgaolo eno e bua ka go Sireletsa Setšhaba, go se Babalela le go se Phimolakeledi),mme di tla dira gore lephata lotlhe la go samagana le botlhokotsebe le phimolakeledi le dirisane mmogo gore le kgone go sireletsa, go babalela le go phimola keledi batho ba ba fetileng mo mathateng a GBVF, mmogo le go dira gore ditlhokotsebe tse di amegang di digame di sa di tlhapela. Ka gang fa molaotlhomo ono o amogelwa go nna molao o tla emelela batho ba ba rekisang mebele mo ditirelong tsa thobalano gore ba se tlhole ba bogisiwa le go jewa ntshu.

6. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Poso ya Aforika Borwa (SAPO) 

6.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa SAPO gore o ye go sekasekiwa ka tsenelelo. Molaotlhomo yono, yo o neseditsweng pula gore o ka phasaladiwa gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga ona mo ngwageng ono kwa tshimologong, o kwalola sešwa Molao wa SAPO wa Ngwaga wa 2011 (Molao wa bo 22 wa 2011).

6.2. Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tseno di batla go dira gore SAPO mo ditirelong tsa yona tsa go tsamaisa merwalo e simolole go dirisa dithekenoloji tse di dirisiwang mo lephateng la go tsamaisa merwalo tse di leng teng mmogo le go godisa tiro ya yona. Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tseno di tsamaisana le Sekwalwa sa Masupatsela sa Pholisi ya Naga e e ka ga Kgolaganngo ya Thekenoloji ya Didirisiwa tsa Tshedimosetso le Ditlhaeletsano ya Ngwaga wa 2016.

D. Ditiragalo tse di Tlang
1. Foramo ya Lefatshe ya Merero ya Saense (WSF) ya Ngwaga wa 2022 

1.1. Aforika Borwa e tla dirisa Lefapha la Saense le Boitshimololedi go tshwarela WSF kwa Cape Town International Convention Centre go simolola ka la bo 06 go fitlha ka la bo 09 Sedimonthole 2022 ka molaetsamogolo yo o reng: “Re Dirisa Saense go Phimola Baagi Keledi”. 

1.2. Foramo eno ke e nngwe ya dirala tseo di di gogang kwa pele mo lefatsheng tseo di rotloetsang gore go nne le dipuisano mabapi le gore saense e tshwanetse go nna le seabe se se botlhokwa mo setšhabeng sa rona. Leno ke letsholo le le simolotsweng ke mekgatlho ya lefatshe ya saense mme e bile gape le tsenyeletsa le Mokgatlho wa Dinagakopano (UN) wa Merero ya Thuto, Saense le Setso. 

1.3. Baeteledipele ba ba itsegeng mo lefatsheng ba tla atlhaatlha ditlhogo tse di farologaneng tse di tsenyeletsang le tse di buang ka go dirisa saense go busetsa batho seriti; go dirisa saense go baakanya maemo a loapi, go dirisa saense mo mererong ya botipolomate go dira gore naga e nne le botsalano jo bo edileng le dinaga tse dingwe tsa boditšhaba, mmogo le go dirisa saense mo mererong ya Aforika le ya lefatshe ka bophara. 

1.4. Dikopano di le dintsinyana tsa ka fa thoko le tse di tla tshwariwang ka mafaratlhatlha a dikgokagano di tla tshwariwa ka go latelana, mme tse dingwe tsa tsona di tla tshwariwa ke mokgatlho wa Kopano ya Kgothakgothe ya Batho ba Aforika ya Barutegi ba Aforika mo Mererong ya Saense mme ponelopele ya mokgatlho ono ke go fetola matshelo a batho mo kontinenteng ya Aforika ka go dirisa saense.

2. Letsatsi la Lefatshe la go Tlhotlheletsa Twantsho ya AIDS 

2.1. Naga ya Aforika Borwa e tla keteka le lefatshe mmogo le go nna le seabe mo ditiragalong tsa go bontsha tlotlo Letsatsi la Lefatshe la go Tlhotlheletsa Twantsho ya AIDS ka la bo 01 Sedimonthole 2022 ka molaetsamogolo yo o reng: “Dira Gore Maemo a Batho a Lekalekane le go Golagana mo Mererong ya go Fedisa AIDS”. Mokete wa tlotlo o o tla tshwarelwang kwa Lebaleng la Metshameko la Dr Petrus Molemela kwa Bloemfontein mo porofenseng ya Foreistata mo go ona batho botlhe ba tla gakololwa gore ba tshwanetse go nna le maikarabelo ka go dira bonnete jwa gore ba a itlhatlhoba gore ba itse gore ba phetse sentle kgotsa jang e leng seo se tla ba thusang gore ba tsaye ditshweetso ka maikarabelo. 

2.2. Mokete ono o tshwariwa mo nakong eo Aforika Borwa e ipaakanyetsang go thankgolola letsholo la go lekelela moento wa melemo ya thibelotshwaetso (PrEP) mo tshimologong ya ngwaga yo o tlang, jaaka Mokgatlho wa Lefatshe wa Merero ya Boitekanelo (WHO) o eleditse tiriso ya molemo ono. Moento ono wa PrEP, o o tla tshwanelwang ke go tlhabiwa kgwedi e nngwe le e nngwe, o ka kgona go thibela bontsi jo bo kanaka batho ba le 52 000 go ka tshwaediwa ke HIV. 

3. Letsatsi la Poelano 

3.1. Ka Labotlhano, 16 Sedimonthole 2022 naga e tla keteka Letsatsi la Poelano go gagamatsa maikano a rona mabapi le go nna seoposenngwe le go aga setšhaba. Ngwaga yo mongwe le yo mongwe re bona tšhono ya go kopana le go boelana le go itshwarelana mo diphosong tseo di dirilweng mo nakong e e fetileng le go aga setšhaba se se ntšhwa. 

3.2. Leeto la rona le re sa bolong go le thankgolola fa re ne re iponela kgololesego le temokerasi mo ngwageng wa 1994 le re bontshitse gore ga go na pelaelo epe gore fa re le ngatananngwe jaaka setšhaba re na le maatla le go feta. Maitlhomo a rona re le maAforika Borwa e tshwanetse go nna mabapi le go tsholetsa dikgato tsa go aga setšhaba le go nna ngatana e le nngwe. 

3.3. Rotlhe re ka kgona go dira gore isago ya rona le batho ba bangwe botlhe e nne e e botoka go gaisa gompieno ka go dira ka natla gore re nne le setšhaba se se itumelelang go buisana fa go na le se ba sa utlwaneng ka sona, se se ipopang ngatana e le nngwe, se se tlotlomatsang dikgato tsa go aga setšhaba le go keteka go farologana ga sona.

3.4. Kabinete e ikuela mo bathong botlhe go dirisana sentle mmogo re le setšhaba, mme re kopanye maatla a rona gore re kgone go aga setšhaba sa Aforika Borwa se se tshwaraganeng e bile se dira bontle.

4. Letsholo la Naga la go Thibela Botsofe 

4.1. Lefapha la Thuso ya Baagi le tla tshwara Letsholo la Naga la go Thibela Botsofe kwa Germiston, Gauteng go tloga ka la bo 5 go fitlha ka la bo 7 Sedimonthole 2022. Letsholo leno le kopanya batsofe go tswa mo diporofenseng tsotlhe di le robongwe mme maitlhomo a lona ke go dira gore batsofe ba tshele botshelo jo ba ikatisang gore ba kgone go nna le seabe mo metseng e ba tswang mo go yona. 

4.2. Letsholo la Naga la go Thibela Botsofe le tla bula ka dipuisano ka go letlelela batsofe gore ba thube seo se leng mo dipelong tsa bona ka go bua ka matsapa ao ba kopanang le ona mo matshelong a bona. Seno se tla latelwa ke Metshameko e e Monate mo batsofe ba tla ntshang bokgoni jwa bona mo metshamekong ya diatleletiki. 

4.3. Molao wa Batsofe wa Ngwaga wa 2006 (Molao wa bo 13 wa 2006) o gatelela botlhokwa jwa go tlhokomela le go tsholetsa ditshwanelo tsa batsofe, tlotlo ya bona, maemo a bona, seriti sa bona, pabalesego ya bona, tlhokomelo ya bona le boitekanelo jwa bona. Ka mafoko ano, Kabinete e ikuela mo baaging botlhe mo setšhabeng go tlhokomela batsofe, go ba tlotla le go ba ema nokeng, segolo jang fa e le gore ba a boga, ba tshwarwa makgwakgwa, ga ba tlhokomelwe e bile ba itemogela ditiragalo tsa GBV. 

E. Melaetsa
Melaetsa ya go Akgola 
1. Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go: 

• Bafenyi ba Dikabo tsa Bobegakgang tsa SADC. Rre Sandile Stevenson Ndlovu wa Lekwalodikgang la Sunday Times jaaka a fentse maemo a ntlha jaaka motsei wa ditshwantsho wa maemo a a kwa godimo, Mme Zinhle Makhosazane Mugabe wa lekgotlakaso la SABC jaaka a fentse maemo a bobedi mo kgasong ya dithelebišene mmogo le Mme Melinda Shaw wa Makasine wa Dikgang tsa Dikgogo jaaka a fentse maemo a boraro mo makwalong a a gatisiwang.

Melaetsa ya Matshediso
2. Kabinete e romela matshediso a yona kwa ba lelapa le ditsala tsa:
• Rre John Henry Ernstzen, yo a neng a na le dingwaga di le 82, yo e neng e le segatlhamelamasisi mo mererong ya mekgatlho ya badiri le ya dipolotiki yo gape a dirileng le mo pusong jaaka moeletsi wa Tona ya Tirelo le Tsamaiso ya Puso, Ngaka Zola Skweyiya. O ne gape a direla Khomišene ya Tirelo ya Puso e le Motlatsamonnasetulo mmogo le go direla Khomišene ya Ditirelo tsa Baatlhodi ba Dikgotlatshekelo.
• Vho-Rashaka Frank Ratshitanga, yo a neng a na le dingwaga di le 89, yo e neng e le segatlhamelamasisi mo mererong ya go lwantshana le puso ya tlhaolele yo a neng a bogisiwa thata ke Mapodisi a Puso ya Tlhaolele. Jaaka e le mokwadi yo dibuka tsa gagwe di phasaladitsweng, tse dingwe tsa dibuka tse dintsi tsa dipoko tse a di phasaladitseng di ne tsa tseewa gore di dirisiwe kwa dikolong go ruta baithuti ba dikolo tse di godimo. Morago ga ngwaga wa 1994 o ne a direla Ntlo ya Limpopo ya Theomolao. O ne a neelwa Kabo ya Tlotla ya Baobab e e betlilweng ka boronse mo leboga “go ikentsha setlhabelo ga gagwe ka go dira ka boineelo mo go emeng kgatlhanong le ditiro tse di busula tsa tsa tlhaolele mmogo le go nneng le seabe ga gagwe mo go ageng Aforika Borwa”.

F. Go Thapiwa
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.
1. Mme Funani Josephine Malatsi yo a thapilweng go nna Motlhankedimogolo wa Matlole kwa Lefapheng la Pusotshwaraganelo. 
2. Ngaka Marcia Mabel Socikwa o thapilwe go nna Motlatsamokaedikakaretso (DDG): mo lekaleng la Thuto le Katiso kwa Diyunibesiti mo Lefapheng la Ditheo tse Dikgolwane tsa Thuto le Katiso. 
3. Ngaka Lisolomzi Assaph Fikizolo o thapilwe go nna DDG: mo lekaleng la Mawatle le Mabopo a Mawatle mo Lefapheng la Merero ya Dikgwa, ya Botshwaro jwa Ditlhapi le ya Tikologo. 
4. Mme Boipuso Mmasediba Modise o thapilwe go nna DDG: mo lekaleng la Dipholisi tsa Ikonomi mo Lefapheng la Matlotlo a Naga. 
5. Ngaka Kefiloe Doris Masiteng o thapilwe go nna Mokwaledi mo lekaleng la Togo ya Maano mo Lefapheng la Tiromaano, Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro. 
6. Mme Jodi-Lynne Scholtz o thapilwe go nna Mokhomišenara wa Khomišene ya Naga ya Dilotho. 
7. Ngaka Phakamani Buthelezi o thapilwe go nna Mokaedikhuduthamagamogolo (CEO) mo Botong ya Metsi ya Overberg (Konteraka ya gagwe e ntšhwafaditswe). 
8. Ngaka Bongani Andy Mabaso o thapilwe go nna CEO mo Setheong sa Puso sa Thekenoloji ya Tshedimosetso.
9. Ngaka Gibson Mashilo Simon Boloka o thapilwe go nna CEO mo Botong ya Ditshwantsho tsa Difilimi le tsa Makwalokgatiso (FPB).
10. Rre Mandisi Nkuhlu o thapilwe go nna CEO mo Koporasing ya Inšorense ya Dikoloto tsa Diromelwantle. 

Kabinete e dumelane le ditshwetso tsa go thapa batho ba ba latelang:
1. Setheo sa Melao ya go Laola Dithulaganyo tsa go Agela Setšhaba Dintlo:
a. Rre Sandile Luthuli (o thapilwe go nna Mokaedikhuduthamagamogolo).

2. Boto ya Setlamo sa Setheo sa Ditsela tsa Naga ya Aforika Borwa: 
a. Rre Themba Barrange Mhambi (o thapilwe sešwa go nna Monnasetulo);
b. Rre Robert Alderman Haswell (o thapilwe sešwa);
c. Rre Thamsanqa Piet Matosa (o thapilwe sešwa);
d. Mme Refilwe Buthelezi; mmogo le
e. Mme Noluphumzo Leonora Noxaka.

3. Bakaedi bao e seng ba khuduthamaga kwa Setheong sa Ditirelo tsa Taolo le Phofiso ya Difofane:
a. Rre Zola Majavu (o thapilwe go nna Monnasetulo);
b. Rre Khulile Sympathy Boqwana;
c. Mme Nomathemba Kubheka (o thapilwe sešwa);
d. Mogeneralemogolo Nhlanhla Lucky Ngema (o thapilwe sešwa);
e. Rre Christiaan Rudolph Burger (o thapilwe sešwa);
f. Ngaka Malindi Joy Neluheni;
g. Rre Muhammed Ameen Ebrahim Amod;
h. Rre Siyabonga Gcina Kudumela;
i. Mme Precious Nompumelelo Sibiya; mmogo le
j. Mme Princess Mngoma.

4. Boto ya Koporasi ya Motlakase wa Nyutlelia ya Aforika Borwa: 
a. Rre David Nicholls (o thapilwe sešwa go nna Monnasetulo);
b. Rre Leshoene Joseph Shayi (o thapilwe sešwa);
c. Mme Senamile Masango (o thapilwe sešwa);
d. Mme Elsie Monale (o thapilwe sešwa);
e. Rre Charles Leornad Mavuso;
f. Rre Hilton Darryl Lazarus;
g. Rre Ashley Latchu;
h. Ngaka Mosidi Makgae;
i. Rre Suren Maharaj; mmogo le
j. Mme Bessie Makgopa (o thapilwe sešwa go nna tokololo e e tsenang mo legatong la yo mongwe fa a se teng).

5. Boto ya Setheo sa Matlole a go Tshegetsa Maano a Merero ya Leokwane:
a. Rre Sipho Mkhize (o thapilwe go nna Monnasetulo);
b. Rre Mmete Petrus Fusi;
c. Mme Nosizwe Nokwe-Macamo;
d. Mme Mary-Jane Morifi;
e. Mme Samela Titus-Nabe (o thapilwe sešwa); mmogo le
f. Rre Sechaba Thole (o thapilwe sešwa).

6. Boto ya Setheo sa Isimangaliso Wetland Park: 
a. Rre Israel Mabhudu Tembe (o thapilwe sešwa go nna Monnasetulo);
b. Mme Thulile Memory Sosibo (o thapilwe go nna Motlatsamonnasetulo);
c. Rre Peter Christopher Small (o thapilwe sešwa);
d. Rre Gonesagren Ganesh Nair (o thapilwe sešwa);
e. Mme Maureen Sibusisiwe Ngcobo;
f. Mme Nombuso Mlambo;
g. Rre Boy Daniel Ngobeni; mmogo le
h. Rre Bongani Mzwakhe Mhlongo.

7. Ditokololo tsa Lekgotla la Madirelo a Dikago:
a. Mme Holovisa Amelia Mtshali (o thapilwe sešwa go nna Monnasetulo)
b. Mme Vangile Petronella Nene;
c. Rre Anele Mahlawe;
d. Mme Elizabeth Faith Nyaka;
e. Mme Tinyiko Laurel Palesa Shipalana;
f. Mme Mandisa Princess Pepeta-Daki;
g. Ngaka Sitsabo Dlamini (o thapilwe sešwa);
h. Rre Thembinkosi Cedric Madikane;
i. Mme Molefi Kubuzie;
j. Rre Christopher Kobla Gavor;
k. Rre Ngwako Edward Hutamo (o thapilwe sešwa);
l. Rre Chris Steynberg;
m. Rre Ashley Latchu (o thapilwe sešwa);
n. Mme Ditaba Maraka (o thapilwe sešwa);
o. Mme Sinehlanhla Mthembu (o thapilwe sešwa);
p. Mme Salome Mabilane;
q. Mme Snowy Makhudu;
r. Ngaka Khangwelo Desmond Musetsho;
s. Mme Modiehi Elisa Molebatsi;
t. Rre Craig Silva;
u. Rre Tshepo Albia Monakedi; mmogo le
v. Mme Seemole Angela Mohopo.

8. Boto ya Setheo sa Metsi sa Magalies: 
a. Ngaka Keneilwe Sebego (o thapilwe sešwa go nna Monnasetulo);
b. Mme Yvonne Malebo Motolong (o thapilwe go nna Motlatsamonnasetulo);
c. Rre Stanley Ngobeni;
d. Mme Yongama Pamla;
e. Mme Priscilla Nomsa Mashaba;
f. Ngaka Mosidi Makgae;
g. Rre Muzuvukile Wiseman Mkhize;
h. Mme Tebogo Magogodi Elizabeth Malaka (o thapilwe sešwa);
i. Rre Rudolph Martin Le Roux; mmogo le
j. Rre Itumeleng Mosala.

9. Bakomišenara ba Khomišene ya Taolo ya Melao ya Metsi
a. Mme Davishinee Padayachee;
b. Mme Mampiti Matsabu;
c. Mme Nolubabalo Sondlo;
d. Mme Karen van der Merwe;
e. Rre Rolfe Eberhard;
f. Ngaka Binganidzo Muchara;
g. Rre John Alexander Conolly;
h. Mme Karen Breytenbach;
i. Rre Junior Potloane;
j. Rre Itumeleng Brian Modiba; mmogo le
k. Mme Ntombokuqala Nokulunga Mnqeta.

10. Bakaedi bao e Seng ba Khuduthamaga mo Botong ya Bankatlhabololo ya Dinaga tsa Borwa jwa Aforika:
a. Mme Martie Jansen van Rensburg (o thapilwe sešwa);
b. Mme Dinao Lerutla;
c. Mme Tasneem Essop;
d. Rre Kenneth Brown; mmogo le
e. Rre Ebrahim Rasool.

11. Boto ya Setheo sa Aforika Borwa sa Pabalesego ya kwa Mawatleng (SAMSA):
a. Rre Tau Morwe (o thapilwe go nna Motlatsamonnasetulo).

12. Ditokololo tsa Setheo sa Banamedi ba Diterene sa Aforika Borwa (Prasa):
a. Mme Sibongile Luthuli; mmogo le
b. Moatefokate Johnny Motlogelwa.
13. Boto ya Setheo sa Aforika Borwa sa Merero ya Leokwane: 
a. Rre Satish Roopa (o thapilwe go nna Monnasetulo);
b. Mme Carmen Mpelwane;
c. Ngaka Salome Chiloane-Nwabueze; mmogo le
d. Rre Xolile Sizani.

14. Boto ya Setheo sa Metsi sa Trans-Caledon Tunnel: 
a. Mme Precious Nompumelelo Sibiya (o thapilwe go nna Monnasetulo);
b. Rre Gerald Dumas (o thapilwe go nna Motlatsamonnasetulo); 
c. Rre Gregory Nigel Joseph White; 
d. Mme Zelda Ncedekile-Tshabalala;
e. Mme Vidhu Nardev Vedalankar;
f. Rre Neo Mooketsi Tladinyane;
g. Mme Mmanare Evelyn Mamabolo;
h. Rre Patrick Roy Mnisi; mmogo le
i. Rre Pule Johannes Mofokeng.

Dipotsolotso:
Mme Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete 
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore