Kabinete e Kopane ka Labotlhano, la bo 08 Sedimonthole 2023 go Atlhaatlha Dintlha tse di Neng di Saletse Morago fa go Tshwarwa Kopano ya la bo 29 Ngwanaitseele 2023

A. Merero ya ga Jaanong

1. Kopano ya Imbizo ya bao 11 ya Moporesitente ya Leano la Tiragatso ya Kabo ya Ditirelo le le Ikaegileng ka Ditikologo - e e tla Tshwarelwang kwa Tikologong ya Lejweleputswa kwa porofenseng ya Foreistat

1.1 Kgatotharabololo ya puso e nopotse kgatelopele e e iketlileng e e ntseng e diriwa mo go rarabololeng dikgwetlho tsa kabo ya ditirelo tse baagi ba naga ya rona ba tobaneng le tsona mmogo le tshedimoso eo baagi ba re nayang yona ka ga seo se setseng se dirilwe fa re tshwere dikobano tsa Moporesitente tsa di-Imbizo. Kgatelopele e kgolo e e dirilweng ke eo e dirilweng ke Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe jaaka le thapile setlamo sa Vaal Central Water go nna sona se se diragatsang thomo ya tiro e e tshwanetsweng go diriwa ya go tlhokomela Dikgwetlho tsa Mafaratlhatlha a Tsamaiso ya Kgeleloleswe kwa Masepaleng wa Selegae wa Matjhabeng, mme mafaratlhatlha ano a setse a na le dingwaga di feta di le 10 a sa dirisiwe. Tiro e go tshwanetsweng go go samaganwa nao e kgaogantswee ka dikarolo di le tharo, mme tsona ke (i) Tiro ya go Tlhatswa Metsi a Kgeleloleswe (WWTWs), (ii) Diteišene tsa go Pompa Metsi mmogo le (iii) Mafaratlhatlha a Dipeipi tsa Kgeleloleswe. Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe le ntshitse madi a a tla dirisiwang mo dingwageng di le nne go garela tiro e e tlhokagalang. Go fitlha mo motsing wa ga jaana Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe le setse le dirisitse madi a le kanaka dimilione di le R394 mo:

1.2 Go Tsosoloseng Kgotsa go Tlhabololeng Mafelo a go Tlhatswa Metsi a Kgeleloleswe (di-WWTW) 

  • Mafelo ano otlhe di-WWTW a kanaka 11 mme mo go ona a le robongwe ga a dire 
  • Le le lengwe la mafelo ano a diWWTW le le bediwang Theronia le garetswe go agiwa ka Motsheganong 2023.
  • Borakonteraka ba le babedi ba neilwe dithendara tsa dikonteraka tsa go tlhabolola lefelo leno la di-WWTW la Thabong mmogo le la Kutlwanong. 
  • Go setse go garetswe bokana ka diphesente di le 50 tsa tiro ya go tlhabololwa ga lefelo leno la Thabong
  • Go setse go garetswe bokana ka diphesente di le 20 tsa tiro ya go tlhabololwa ga lefelo leno la Kutlwanong

1.3 Go tlhabololwa ga Dipompo tsa Diteišene tsa Kgeleloleswe: 

  • Tsotlhe fa dikopane di kanaka 57 mme mo go tsona di le 52 ga di dire. 
  • Go neilwe borakonteraka dithendara tsa dikonteraka di le 10 gore ba baakanye dipompo tsa diteivene di le 26 mme tiro e e setseng e garetswe ga jaana e ka dira diphesente di le 34.

1.4 Go thibolola dipeipi tsa kgeleloleswe tse di pipitletsweng mmogo le mesima ya teng:

  • Dipeipi tsotlhe tse di pipitletsweng di ka dira botelele jwa dikhilomitara di le 1 543.
  • Go neilwe borakonteraka dithendara tsa dikonteraka di le supa go thibolola lefelo la Kutlwanong le Thabong kwa ext 1,2,3 le 4, mmogo le lefelo la Henneman.
  • Dipeipi tsa botelele jwa dikhilomitara di le 128 mo go tsa botelele jwa dikhilomitara di le 463 tse di neng di sa tlhole di dira di setse di thibolotswe.
  • Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe le sekaseka kgonagalo ya go ka thusa go rekela masepala didirisiwa le dijanaga gore o kgone go ka diragatsa tiro ya go tlhokomela le go tsosolosa mafaratlhatlha ano gore go se tlhole go nna le mantle a a gasaganang.

1. 5. Mo ntlheng ya go se tlamele baagi ka metsi kwa Masepaleng wa Selegae wa Matjhabeng le wa Nala ka ntlha ya mafaratlhatlha a a sa bolong go onala le ka ntlha ya go dutla ga metsi a mantsi mmogo le ka ntlha ya mafaratlhatlha a a ntseng a sa tlhokomelwe sebaka sa dingwaga di ka nna 10, mmogo le ka ntlha ya go se duelwe ga ditirelo, Lefapha ka Diphalane 2023 le ntshitse matlole a le kanaka dimilione di le R243, 7 gore a dirisediwe go tsosolosa mafelo a di-WWTW a kwa Balkfontein mmogo le a kwa Virginia mmogo le go dirisediwa go tsenya mafaratlhatlha a go tsamaisa metsi a mantsi. Go setse go filwe borakonteraka ba le batlhano dithendara tsa dikonteraka tsa go baakanya dipompo tsa diteišene tsa kgeleloleswe mmogo le phaposi ya tlelorine mo mafelong ano a di-WWTW.

2.  Go Tshabisiwa ga MaAforika Borwa kwa Gaza 

2.1 Kabinete e itumeletse dikgato tsa go tlisa gae maAforika Borwa a le 19 a a neng a sa kgone go sutlha jaaka ba ne ba le kwa Gaza. Kabinete e leboga puso ya Egepeta jaaka e letleletse baagi ba naga ya rona gore ba dirise lefelo la yona la Rafah Crossing gore ba tshabele kwa nageng eo.

2.2. Aforika Borwa e dira boikuelo jwa gore ntwa e e tsweletseng eno e fedisiwe ka gangwe le gore e se tlhole e faga gape mme go buisanwe ka dintlha tseo di tla dirang gore marumo a bewe fatshe mme go utlwanelwe ditharabololo tsa go tlisa kagiso tse di tla nnelang ruri. 

3. Ngwaga wa bo 10 wa fa e sale Moporesitente Nelson Mandela a Tlogela Lefatshe Leno

3.1 Kabinete le yona e eme ka lefoko la baagi fa ba ikgopotsa botshelo le lefa la rre wa setšhaba sa naga eno yo gape e leng Moporesitente wa ntlha wa puso ya temokerasi go ka tlhophiwa, e bong Nelson Mandela.

3.2 Jaaka re fisegela go tshwara Dingwaga di le 30 re le mo Kgololesegong fa ngwaga wa 2024 o roga, mmogo le go tshwara ditlhopho tsa bosupa tsa go tlhopha mmuso wa Naga le wa Diporofense, re ka ikotla sehuba ka gore fa e le temokerasi ya rona yona ga e na bana ba phefo. 

B. Go Baya Ditokololo tsa Kabinete mo Dinakong

1.  Se se fetotsweng mo Sekemeng sa Naga sa Thuso ya Baithuti ka Ditšhelete tsa go Tsweletsa Dithuto (NSFAS)

1.1  Mo dikgatong tsa go ipaakanyetsa ngwaga wa sekolo wa 2024 mo baithuting bao ba tla bong ba leba kwa ditheong tsa thuto le katiso tse dikgolwane, Kabinete e tsibositswe gore go dikgato tse go samaganweng le tsona go dira gore dikgwetlho tse NSFSA e kopaneng le tsona mo ngwageng wa 2023 wa fa go sena go konosediwa dithuto tsa materiki di se ipoe sebedi. Tona ya Lefapha la Ditheo tsa Thuto le Katiso tse Dikgolwane o tla tlhalosa ka botlalo dikgato tseno go dira gore maemo a go diragatsa tiro ya NSFAS a tokafale.

2. Go Tsenya Tirong Lekgetlo le Lengwe gape ga Porojeke ya PetroSA GTL

2.1 Kabinete e beilwe mo dinakong ka seo se setseng se dirilwe mabapi le thulaganyo ya go tsenya tirong lekgetlo le lengwe gape ga Porojeke ya GTL kwa bodutelong jwa Mossel Bay jaaka seno se le botlhokwa thata mo leanong la go tokafatsa maemo a PetroSA. Kabinete e sedimoseditswe ka thulaganyo e e latetsweng ke CEF ya go batlana le batho bao ba ka dirisanang mmogo le yona ba ba nang le kitso le bokgoni jo bo tlhokagalang mmogo le matlole a a lekaneng go ka ema nokeng PetroSA gore e kgone go tsosolosa bodutelo jono gore bo boele bo dire tiro ya jona ka botlalo. Badirisanimmogo bano ba ba tla tlhophiwang ba tla samagana le matshosetsi a bodutelo jono bo tla kopanang le ona mmogo le go itatswa ka merokotso e e tla tswang mo bodutelong jono.

2.2 ​​​​​​​Go tsosolosiwa ga bodutelo jono go na le kgonagalo ya gore go ka somarela ditiro di ka nna di le 2 000 tse di tobaneng le intaseteri eno, mmogo le ditiro tse dingwe gape tsa nakwana di ka nna 4 000 tse di tsamaisanang le tsa dikonteraka tsa go agiwa le go baakanngwa ga bodutelo.

​​​​​​​2.3 Kabinete e neseditse pula ditshitshinyo tsa PetroSA tsa gore go tlhophiwe GazpromBank Africa go nna modirisanimmogo wa yona mo mererong ya dipeeletso mo go tsosoloseng bodutelo jono le mo ditlhagisong tsa yona. Kabinete e nopotse gore kgato eno ya go tlhophiwa ga GazpromBank Africa e santse e tshwareletswe ke tshwetso ya bofelo ya go beeletsa e e tla kaelwang ke mabaka a a utlwagalang a maitemogelo a kgolagano mo kgwebong, mmogo le melao le melawana e go solofetsweng gore e tla garelwa go kwalwa ka Moranang 2024.

C. Ditshwetso tsa Kabinete

1.  Leano la Dijanaga tse di Rwalang Dithoto

1.1 Kabinete e atlhaatlhile mmogo le go nesetsa pula dikgato tsa go gatisiswa ga Leano la Dijanaga tse di Rwalang Dithoto mme lona le bontsha ka tlhamalalo ka fao go tla samaganwang le dikgwetlho tse go tobanweng le tsona ga jaana mo lephateng la dijanaga tse di rwalang dithoto mme gape le tla dira gore mo nakong e e tlang lephata leno le fetolwe. Dikgwetlho tse lephata la dijanaga tse di rwalang dithoto le tobaneng le tsona ka fa nageng ta Aforika Borwa di baya mo kotsing kgolo ya ikonomi le go tlhodiwa ga ditiro. Ga jaanong seno se bonagala mo palong ya batho ba ba latlhegelwang ke ditiro mo lephateng la meepo le mo lephateng la tlhagiso ya dikuno.

1.2 Se se botlhokwa ga jaanong ke go dira gore tiro mo lephateng leno e tokafadiwe, jaaka e dira gore go nne boima mo dikgwebong tse di gwebisanang le dikgwebo tsa kwa ntle ga naga. Kgato e kgolo go tsenngwa tirisong mo nakong e khutshwanyana e tla tshwanela go nna e e disang fa go nna le tlhabololo mo maemelakepeng a le matlhano, mme yona e tla tshwanelwa ke go tsamaisana le Leano la go Fetola Kgwebo ya Transnet jaaka leano leno le tlhagisa dikgato tse di tshwanetsweng go tsewa mo nakong e khutshwanyane le mo nakong e teletšane go tokafatsa tiro ya setheo seno mmogo le go dira gore matlole a setlamo seno a se dirisiwe botlhaswa. Leano leno le tlhagisa dikarolo di le tharo tse go tshwanetsweng go samaganwa natso go tlhabolola tiro ya go tsamaisa lephata la diterene.

1.2.1 Go baakanya tsamaiso ya tiro le ya go nna le didirisiwa tse di tlhokagalang: Kgato eno e tsenyeletsa gape le ya go busetsa mo tirong diterene tse di sa bolong go emisiwa mme go tshwanetswe go nne le ditumelano le Baagi ba Ntlha ba Didirisiwa tseno (di-OEM) go dira bonnete jwa gore diphatse fa di tlhokagala ba tlamelwa ka tsona, kgotsa mo legatong la baagi ba diterene tseno go ka thapiwa mothusi wa Baagi ba Ntlha ba Didirisiwa tseno.

1.2.2 Pabalesego le tshireletsego ya diterene, mme yona e tlhoka gore go nne le tirisanommogo le ditheo tsa molao.

1.2.3 Matsholo a peeletso ya matlole a go dirisediwa maano a go godisa kgwebo le go dira gore e tswelele go dira.

1.3 Mo godimo ga tseno tsotlhe, Leano leno le tlhagisa gape le tsela eo maikano a a dirilweng mo Pholising ya Diterene tsa Naga mmogo le mo Pholising ya Kgwebo ya Mafelo a Naga a Boemelakepe mmogo le mo maanong a go fetola lephata la dijanaga tse di rwalang dithoto a ka tsenngwang tirisong.

2. Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Leano la go Tsamaisa Tiro mo Ditlamong tsa Diterene tsa Lekala la Poraefete

2.1 Kabinete e sekasekile mmogo le go nesetsa pula Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Leano la go Tsamaisa Tiro mo Ditlamong tsa Diterene tsa Lekala la Poraefete. Maitlhomo ke go tla ka dikgato tsa nakwana mmogo le mokgwa o o ka dirisiwang mo go tseyeng ditshweetso mo nakong e e tlang go dira gore ditlamo tsa poraefete di kgone go letlelelwa gore le tsona di nne le seabe mo kagong ya mafaratlhatlha a diterene. Ka ntlha ya dikgwetlho tse mafaratlhatlha a diterene a tobaneng le tsona ga jaana, Leano la go Tsamaisa Tiro mo Ditlamong tsa Diterene tsa Lekala la Poraefete (PSP) le tshitshinya gore ditlamo tsa poraefete di ka simolola go nna le seabe mo go seno ka go nna le seabe mo matsholong a go baakanya mafaratlhatlha a diterene pele di ka simolola go nna le seabe sa go feta seno.

​​​​​​​2.2 Leano la go Tsamaisa Tiro la PSP mo Ditlamong tsa Diterene le tshitshinya gore go latelwe thulaganyo e e tshwanang le ya tirisano ya ditheo tsa puso mmogo le go tsenya tirisong dikgato tsa go golaganya lekala la poraefete la diterene. Ka ntlha ya fa kgato eno e tsamaisana ka botlalo le Molao wa Tiriso ya Madi a Puso (PFMA) mmogo le Molao wa Kwadiso ya Ditlamo, go tla tshwanelwa gore go bulwe kantoro ya PSP e e tla nnang ka fa tlase ga Lefapha la Dipalangwa mmogo le Setheo sa Ditlamo tsa Puso (di-SOC) tsa Diterene ba phasalatse molaetsa o o tshwanetsweng go nesediwa pula ke ba setheo sa nakwana sa Tirelo ya Melawanataolo ya go Dira Letseno ka Diterene.​​​​​​​

2.3 Jaaka Leano la go Tsamaisa Tiro la PSP mo Ditlamong tsa Diterene le neseditswe pula, Lefapha la Dipalangwa le tla bula kantoro ya PSP mme yona e tla nopola le go potlakisa go tsenngwatirisong ga diporojeke mmogo le go kwala leano la go rulaganya matsholo a PSP.

3. Leano la Pokeletso ya Metswedi ya Motlakase la 2023

​​​​​​​3.1 Kabinete e sekasekile le go neseditse pula dikgato tsa gore go phasaladiwe Leano la Pokeletso ya Metswedi ya Motlakase la 2023 (IRP 2023) gore baagi ba ntshe maikutlo a bona ka leano leno. Sekwalwa se Iseng se Butswe seno sa IRP 2023 se kwalola sešwa IRP ya 2019 mme le samagana le dipaka di le pedi e bong ya 2030 mmogo le ya 2050. Dintlha di le dintsinyana tse di neng di tsenyeleditswe mo go IRP 2019 di kwalolotswe sešwa, mmogo le tse di ka ga porojeke ya motlakase o o tlhokagalang, tsa Eskom tsa go dira bonnete jwa gore motlakase o nna o le gone, tsa maano a go tima diteišene tsa Eskom tsa motlakase o o fetlhiwang ka malatlha mmogo le madi a a tla tlhokagalalng go simolola dithekenoloji tsa go fetlha motlakase ka ditsela tse dintšhwa.

3.2 Paka ya ngwaga wa 2030 (Paka ya Ntlha) e tsepamisitse mogopolo mo go samaganeng le tlhaelo e e tsweletseng ya motlakase o o tlhokagalang, mme paka ya 2031 – 2050 (eo e leng Paka ya Bobedi) e tsepamisa mogopolo mo go sekasekeng metswako ya motlakase gore go nne le tlamelo e e sa sitisegeng ya motlakase.

3.3 Mo Pakeng ya Ntlha go tlilwe ka dintlha di le tlhano mmogo le go di sekaseka gore di siametse go ka tsenngwa tirisong go samagana le diporojeke tse go ipaakanyetswang tsona. Sa ntlha, go atlhaatlhilwe dintlha tse di jaaka RMIPPPP, REIPPPP 5 mmogo le diporojeke tsa dikgwebo tse go samaganweng natso ga jaana. Sa bobedi, e tla nna matsholo otlhe a diporojeke a a nang le letlha la gore a tshwanetse go simolola go dira neng (COD) le gore a tla bo a le kwa mafelong afe. Sa boraro, ke matsholo otlhe a diporojeke a tsenyeletsa le a a senang motlakase, letlha la gore a tshwanetse go simolola go dira neng le a a senang mafelo a gore a tla bo a le kwa mafelong afe. Mo godimo ga tseno tsotlhe, go na gape le dintlha di le pedi tse di tsentshitsweng mo leanong leno, e nngwe e ka ga go ithuta mo go tseo go fetilweng mo go tsona mmogo le ka ga letsholo la ga jaana la leokwane la gase mme e nngwe e tsamaisana le go tlhabolola tiro ya mafelo a bodutelo jwa motlakase gore a tsamaisane le leano la go busetsa sekeng maemo a tiro ya go tlhagisa motlakase.

3.4 Mo Pakeng ya Bobedi go atlhaatlhilwe dintlha di le thataro tsa thulaganyo ya motlakase gore go dirisiwe seno go sekaseka seabe se dithekenoloji tsa metlakase e e farologaneng e tla nnang le sona mo go direng gore tlamelo ya motlakase wa ka fa nageng o o sa tlhaeleng e se je mo potaneng ya ikonomi ya naga. Go ithuta mo go babangwe go re thusa gore re itepatepanye le maitemogelo a ba bangwe mme seno ga se je go le go kalo ka fa potaneng. Maitemogelo a ba bangwe a le matlhano a tsamaisana le dintlha tsa pholisi ya mosupatsela mme e bile di tlhagisitswe ka tsela e motho a ka ithutang ka tsona. Dintlha tseno tsa pholisi di kwadilwe go lebeletswe gore di tla thusa go fokotsa kueletso ya mesi e e diriwang ke ditheo tsa metlakase, go tswalela diteišene tsotlhe tse di gotetsang malatlha go fetlha motlakase fa ngwaga wa 2035 o roga, mmogo le go dirisa dithekenoloji tsa phepafatso ya malatlha mmogo le didirisiwa tsa go soreletsa mesi e e kuelelang.

4. Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Pholisi ya go Rebola Dilaesense tsa Dikgwebo

4.1 Kabinete e atlhaatlhile le go neseditse pula Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Pholisi ya go Rebola Dilaesense tsa Dikgwebo gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga sona. Gare ga a mangwe a mantsi maitlhomo a sekwalwa seno ke: <34/34/57% >

4.1.1 Go abelana ka dilaesense tsa go tsamaisa dikgwebo ka mokgwa o o sa tseeng letlhakore, o o tlhokang lehunelo le ka mokgwa o o nang le maitseo e leng tsela e e tla kgontshang baagi go nna le seabe mo ikonoming.

4.1.2 Go tsholetsa le go totobatsa tshwanelo ya boipuso ya Aforika Borwa gore ka bo yona e sekaseke dintlha tse di tla laolang gore dikgwebo tsa dinaga tsa kwa ntle di rebolelwe dilaesense tsa go tsamaisa dikgwebo mme seno se tla tsamaisana le dikgatlhegelo tse naga e nang le tsona.

4.1.3 Go tla ka mekgwa e e dirang ka bonako le e e dirang ka tshwanelo mo go rulaganyeng dilaesense ka mokgwa o o sa fokotseng fela go sitisa tsamaiso eno ka ntlha ya ntletsentletse ya melao e e tshwanetsweng go latelwa, mme gape le ka go rotloetsa matlafatso ya batho ba mo malobeng ba neng ba ilediwa ditšhono tsa mothale ono, fa ka fa letlhakoreng le lengwe e tla bo e fokotsa ntletsentletse eno ya melao e e tshwanetsweng go ikobela mmogo le go dira gore go nne bonolo go simolola kgwebo ka fa nageng.

D. Melaotlhomo

1.   Molaotlhomo wa Setlamo se Segolo sa Ditlamo tsa Puso (di-SOC)

1.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Molaotlhomo wa Setlamo se Segolo sa di-SOC. Molaotlhomo ono o tshitshinya gore:

1.1.1 Go bokelediwe dišere tse puso e nang le tsona mo ditlamong tse di botlhokwa tsa ditheo tsa dikgwe tsa puso

1.1.2 Go tlhoma Setlamo sa Puso se se tla Laolang Dithoto tsa Puso SOC Ltd mme e tla nna sona se se tsholang dišere tsa puso mo Ditheo tsa Dikgwe tsa Puso, mme puso e tla nna yona fela e le esi e e tshwereng dišere tseno.

E. Ba Ba Thapilweng

Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.

1.  Mokaedikhuduthamagamogolo wa Setheo sa Koporasi ya Taolo ya Pharakano ya Mebila (RTMC):

1.1 Go thapiwa gape ga Moatefokate Makhosini Msibi go nna Mokaedikhuduthamagamogolo wa Setheo sa Koporasi ya Taolo ya Pharakano ya Mebila (RTMC) sebaka sa dingwaga di le tharo.

2. Batlhankedi ba Setheo sa Taolo ya Pokeletso ya Metsi ya Vaal-Orange:

2.1 Rre Desmond Solomon Fransman (Monnasetulo);

2.2 Mme Tsakane Zwane (Motlatsamonnasetulo);

2.3 Rre Hubert Thompson;

2.4 Mme Nontuthuzelo Njeza;

2.5 Rre Nakana Lazarous Masoka;

2.6 Mme Ponatshego Lizzy Mothibi; 

2.7 Mme Doris Liana Theresia Dondur; 

2.8 Mme Dichikane Rachel Mashego; mmogo le 

2.9 Rre Louis Van Oudtshoorn. 

3. Mokaedi yo e Seng wa Khuduthamaga yo a Thapilweng mo Botong ya Setheo sa Matlole a Dikgobalo mo Dikotsing tsa Dijanaga mo Mebileng ya ka fa Nageng (RAF):

3.1 ​​​Rre Khotso James Sello. 

4. Bakaedi bao e Seng ba Khuduthamaga bao ba Thapilweng mo Botong ya Setheo sa Ditlolo tsa Molao mo Mebileng:

4.1 Rre Bonolo Molemo Ramokhele o thapilwe gape go nna Monnasetulo;

4.2 Ngaka Dorcus Khosa-Shikwambana (o thapilwe gape);

4.3 Moatefokate Sibongile Mzinyathi (o thapilwe gape).

5. Batlhankedi bao ba thapilweng mo Botong ya Setheo sa Motlhokomedi wa Pabalesego mo Ditereneng

5.1 Mme Nompumelelo Sibongile Ekeke o thapilwe gape go nna Monnasetulo;

5.2 Rre Sisa Lunga Mtwa o thapilwe gape go nna Motlatsamonnasetulo;

5.3Moatefokate Johannes Collen Weapond (o thapilwe gape)

5.4 Mme Zamakhanya Makhanya;

5.5 Mme Nolitha Pieterson;

5.6 Moporofesara Tshepo Herbet Mongalo;

5.7 Rre Lungi Maminza;

5.8 Rre Tawana Mopeli; 

5.9 Mme Sibusisiwe Nomfundo Molefe 

5.10 Mme Xoliswa Njokweni - Mlotywa

6. Bakaedi bao e Seng ba Khuduthamaga ba Boto ya Bolaodi jwa Setheo sa Banamedi ba Diterene sa Aforika Borwa (Prasa)

6.1 Mme Nosizwe Nokwe-Macamo (o thapilwe gape)

6.2 Moatefokate Simanga Sethene (o thapilwe gape)

6.3 Rre Mukhuba Matodzi (o thapilwe gape)

6.4 Mme Thinavhuyo N Mpye (o thapilwe gape)

6.5 Ngaka Reabetswe Kgoroeadira

6.6 Moporofesara Jan Havenga

6.7 Mme Happy Ralinala

6.8 Rre Johannes Boy Nobunga

F. Ditiragalo tse di Tlang

1. Letsatsi la Poelano la Setšhaba

1.1 Moporesitente Ramaphosa e tla re kwa meletlong ya Letsatsi la Poelano la Setšhaba e e tla tshwarwang ka la bo 16 Sedimonthole 2023 kwa Lebaleng la Metshameko la Thohoyandou mo Masepaleng wa Thulamela mo Tikologong ya Vhembe kwa porofenseng ya Limpopo a ema setšhaba ka lefeko.

G. Melaetsa

Melaetsa ya go Akgola

Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go:

1. Rre Dan Marokane jaaka a thapilwe go okama maemo a Mokaedikhuduthamagamogolo wa Setlamo sa Eskom. 

2. Rre Othniel Tshepo Monaheng jaaka a thapilwe go okama maemo a Mokaedikhuduthamagamogolo wa Setlamo sa DENEL 

3. Setlhopha sa Blitzboks jaaka se fentse metshameko ya Dubai Sevens mme re ba eletsa masego jaaka ba ipaakanyetsa go tsenela metshameko ya Cape Town Sevens ka la bo 09 le la bo 10 Sedimonthole 2023.

Melaetsa ya Matshediso

Kabinete e romela matshediso a yona kwa ba lelapa le ditsala tsa:

1. Modiredi wa moepo wa bo 13 yo kwa bofelong a feleditseng a neetse mowa wa gagwe ka ntlha ya dikgobalo tse di masisi tse a nnileng le tsona mo kotsing ya kwa moepong wa Impala Platinum. Maina a badiredi bano ba le 13 ba ba latlhegetsweng ke matshelo a bona ka ntlha ya kotsi eno ke: Khayalethu Joel Bhekamane, Vuyani Dangazele, Mgcineni Dlabone, Mncedisi Hukwana, Eric Fanisile Libada, Morena Mohlomi, Petrus Nare, Mandisi Nkulwana, Zwelethu Nomsuka, Reselebedi Elias Ntoi, Siyabulela Nzume, Lethola Qeba, and Marumo Shasha.

2. Moitseanape yo o diphatsai mo tirong ya bookelo, modiradipatlisiso yo gape e neng e le serutegi se se masisi, Moporofesara Harry Seftel, yo a diretseng Lefapha la Dithuto tsa Bookelo la Yunibesiti ya Witwatersrand sebaka sa dingwaga di feta di le 50, mme o rutile ka lerato baithuti ba le bantsi ba dithuto le dipatlisiso tsa bookelo.

3. Jermaine Craig, yo e neng e le ngaka e e itsegeng, mmegadikgang e bile gape o kile a dira jaaka tlhogo ya lephata la ditlhaeletsano la Komiti ya ka fa Nageng e e Neng e Dira Dithulaganyo tsa go Baakanyetsa Metshameko ya Kgwele ya Dinao ya Sejana sa Lefatshe sa Ngwaga wa 2010 ya FIFA.

Molaetsa wa Keresemose

Kabinete e eletsa maAforika Borwa otlhe mmogo le baeng ka fa nageng matsatsi a boikhutso a meletlo ya keresemose. Baagi ba gakololwa gore ba tlhokomele matshelo a bona fa ba dirisa mebila ya ka fa nageng ka go netefatsa gore ba ikobela melao lebelo le le letleletsweng mo mebileng, ka go se atumelane thata fa ba kganna mmogo le go tsamaya ba ntse ba ikhutsa fa e le gore ba kganna maeto a maleele. Re batla gape le go ikuela mo go maAforika Borwa otlhe gore ba iphemele le go femela dithoto tsa bona, mme le fa go le jalo, puso e santse e eme ka la gore maano a e a tsentseng tirisong a go babalela maAforika Borwa mmogo le baeng botlhe ba naga ya rona mo pakeng eno ya meletlo a santse a tla nna le mosola o o bonagalang.

Mo go botlhe ba bobegadikgang ba ba re thusitseng gore re kgone go ntsha melaetsa le ditshweetso tsa Kabinete gore baagi ba itseele ka tsebe re re mo go bona, re lebogela tirisanommogo ya lona mo ngwageng ono go menagane mme re fela pelo gore ngwaga wa 2024 o goroga neng gore re tle re simolole tirisanommogo e ntšhwa le lona.

Dipotsolotso:

Mme Nomonde Mnukwa
Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere
Mogala: 083 653 7485

E rebotswe ke: Setheo sa Puso sa Tlhaeletsano le Tshedimosetso (GCIS)
Letlha: Labone, 11 Sedimonthole 2023

www.gcis.gov.za; www.gov.za

Share this page

Similar categories to explore