Kgwedi Ya Temososetšhaba Ka Ga Ditshwanelo Tsa Batho Ba Ba Nang Le Bogolofadi

By Nomonde Mnukwa

a e sale temokerasi ya rona e simolola, e nngwe ya dintlha tse di botlhokwa mo setšhabeng sa rona e ntse e le go dira gore batho botlhe ba fitlhelele ditšhono, segolobogolo batho ba ba tlhokang tlhokomelo e e tseneletseng ba ba jaaka ba ba nang le bogolofadi.

Gompieno, Aforika Borwa o mo go yona go renang temokerasi, ditshwanelo tsa batho ba ba nang le bogolofadi di sireleditswe, di a tlotlomadiwa le go godisiwa go ya ka molao le Molaotheo, e leng seo se sa letleng gore go nne le ope yo a tlhaolwang.

Jaaka go na le melao le dipholisi tse maitlhomo a tsona e leng go tsholetsa seriti sa batho ba ba nang le bogolofadi, ba lephata la poraefete mmogo le la puso ga ba tshwanela go tsaya melao eno le dipholisi tseno fela jaaka dilo tse ba tshwanetseng go ikobela tsona.

Go tshwara batho ba ba nang le bogolofadi ka tekatekano fela jaaka batho ba bangwe e tshwanetse go nna setlwaedi se se diragadiwang gore megopolo mo setšhabeng e fetoge gore batho ba ba nang le bogolofadi e tle ba kgone go nna le seabe ka botlalo ka fa nageng fa go tla mo go godiseng koketso ya dithuso tsa ikonomi le baagi.

Jaaka re tla bo re keteka Kgwedi ya Bosetšhaba ya Temososetšhaba ka ga Ditshwanelo tsa Batho ba ba nang le Bogolofadi go tloga ka la bo 03 Ngwanaitseele go fitlha ka la bo 03 Sedimonthole, go maleba gore re ipatle re ipatlisise gore re ka dira jang gore re kgone go atlega mo go godiseng ditshwanelo tsa batho ba ba nang le bogolofadi mmogo le go dira gore batho ba ba nang le bogolofadi ba nne le seabe ka botlalo mo go sengwe le sengwe se se diriwang mo setšhabeng.

Puso ga e okaoke fa go tla mo boikanong jwa yona jwa go tlotlomatsa le go tokafatsa matshelo a batho ba ba nang le bogolofadi. Mo go direng bonnete jwa gore batho ba ba nang le bogolofadi ba nna le seabe ka botlalo mo go sengwe le sengwe se se diriwang mo setšhabeng, mafelo a boitapoloso jwa baagi a baakangwa gore a siamele batho ba ba nang le bogolofadi gore le bona ba itapolose mo go ona, go tshwana le go dira gore mo mafelong ano ditiloteti tse ba di dirisang di kgone go tsamaya mo go ona bonolo.

Mafelo ano a dira gore boleng jwa maphelo a batho ba ba nang le bogolofadi bo fetoge jaaka a ba kgontsha gore le bona e nne batho mo bathong ka go dira gore le bone ba kgone go a dirisa. Seno se ema nokeng dintlha tse di botlhokwa tsa puso tsa go golaganya setšhaba gore se ipope seoposengwe mmogo le go tsholetsa ditshwanelo tsa batho ba ba nang le bogolofadi.

Tiragalo ya sešweng jaana ya go dira gore Puo ya Diatla ya Naga ya Aforika Borwa (SASL) e nne puo ya semmuso ya bo 12 ke karolo e e botlhokwa thata mo go tseeng tsia ditshwanelo tsa batho ba ba nang le bomumu le bosusu.

Ka go dira gore SASL e nne puo ya semmuso, batho ba ba nang le bosusu le bomumu ditlhokwa tsa bona di tla diragadiwa, seno se tla thusa go dira gore ditšhono tsa bona tsa go fitlhelela ditšhono tsa go itirela letseno le go ithuta di oketsege. Mme se se botlhokwa go gaisa ke gore, go ya ka molao seno se dira bonnete jwa gore le bona ba nna le tshireletso le merokotso go tshwana fela le batho ba bangwe.

Lefapha la Thuto ya Motheo le dirisa puo ya diatla go ruta barutwana ba ba nang le bomumu le bosusu mme le bona ba ithuta ka yona puo eno. Kgato eno e mosola thata mo go matlafatseng le mo go tlhatlheleleng barutwana bano mo go tokafatseng mtshelo a bona gore ba se kgobelelwe ke seemo se ba iphitlhelang ba le mo go sona.

Puso e samagane le go dira gore batho ba ba nang le bogolofadi ba bulelwe ditšhono tsa go itirela letseno gore ba tle ba kgone go nna le seabe mo ikonoming le go dira gore ba kgone go iphepa mmogo le ba malapa a bona. Ditšhono tseno di dira gape gore le bona ba ikutlwe e le batho.

Ba Lefapha la Merero ya Basadi, Bašwa le Batho ba ba Nang le Bogolofadi mmogo le ba Lefapha la Temothuo, Pusetsomafatshe le Tlhabololo ya Metsemagae ba dirisana mmogo go oketsa lebelo la go akaretsa basadi, bašwa le batho ba ba nang le bogolofadi mo lephateng la temothuo.

Mogolo wa batho ba ba nang le bogolofadi wa SASSA o thusa batho ba le milione mme o dira gore le bona ba latlhele tlhware logong mo setšhabeng sa bona.

Le fa puso e semeletse mo go tokafatseng matshelo a batho ba ba nang le bogolofadi, re ikuela mo mekgatlhong, mo Mekgatlhong e e sa Direng Letseno le mo mekgatlhong ya baagi go dirisana mmogo le rona mo go direng gore re nne le tikologo e e bulelang batho ba ba nang le bogolofadi dikgoro.

Mono re bua ka go nna le mafelo a a nang le mebila ya ditiloteti, go nna le didirisiwa tsa go thusa batho ba ba nang le bogolofadi, go nna le bathusi ba ba dirisang puo ya diatla go thusa batho ba ba nang le bosusu le bomumu mmogo le go nna le dikgatiso tse di gatisitsweng ka mokwalo wa batho ba ba foufetseng.

Motho mang le mang a ka nna le mosola mo go thuseng batho ba ba nang le bogolofadi. E ka tswa e le ka go thusa motho yo a nang le bogolofadi go kgabaganya mmila, go ithaopa go thusa mo mafelong a a thusang batho ba ba nang le bogolofadi kgotsa ka go ithuta puo ya diatla.

Seo re se dirang se rotloediwa ke seo Moporesitente wa mo malobeng Nelson Mandela a neng a se lwela e leng ditshwanelo tsa batho ba ba nang le bogolofadi. Madiba o ne a eme ka le le reng: “Aforika Borwa yo montšhwa yo re mo agang o tshwanetse go nna legae la batho botlhe... fa fela re agile Aforika Borwa yono ke teng mo re ka reng ditshwanelo tsa batho ba ba nang le bogolofadi tsa go bulelwa dikgoro tsa ditšhono ke ditshwanelo tsa boammaruri”.

Le fa tota re tswa kgakala fa go tla mo go phuaganyeng dikgwetlho tse di thibelang batho ba ba nang le bogolofadi go fitlhelela ditšhono, go santse go le dilo di le dintsi tse di fatlhang letsatsi tse re santseng re tlhoka go samagana natso go dira gore matsapa a bogolofadi a tswelele mo pepeneneng. Mmogo re ka godisetsa kwa pele temokerasi ya rona ka go dira gore ditšhono di fitlhelesege, segolobogolo mo bathong ba ba tlhokang tlhokomelo e e tseneletseng ba ba jaaka ba ba nang le bogolofadi.

Nomonde Mnukwa is Acting Director General of GCIS 

img

Share this page